LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 242-ts. 248
  • Loso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loso
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Baswi ba Kae?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?
    Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • A o Tshwanetse go Boifa Baswi?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 242-ts. 248

Loso

Tlhaloso: Go khutla ga ditiro tsotlhe tsa botshelo. Morago ga go hema, go itaya ga pelo le go bereka ga boboko, di se na go ema go dira, maatla a botshelo ka bonya a khutla go dira mo diseleng tsa mmele. Loso ke phapaang ya botshelo.

A Modimo o ne a bopetse motho go swa?

Phapaanong le seo, Jehofa o ne a tlhagisa Adame kgatlhanong le botlhoka kutlo, joo bo neng bo tla felela ka loso. (Gen. 2:17) Moragonyana, Modimo o ne a tlhagisa Iseraele kgatlhanong le boitshwaro jo bo neng bo tla gogela le eleng kwa losong lwa pele ga nako. (Esek. 18:31) Fa nako e ntse e ya o ne a romela Morwawe go swela setho gore bao ba tla dumelang mo go ene mo paakanyetsong eno ba tle ba ipelele botshelo jo bosakhutleng.—Yoh. 3:16, 36.

Pesalema 90:10 e bolela gore lobaka lwa botshelo jwa motho gantsi ke dingwaga tse 70 kana tse 80. Seo se ne se ntse jalo nakong ya fa Moshe a ne a kwala, mme go ne go sa nna jalo kwa tshimologong. (Bapisa Genesise 5:3-32.) Bahebera 9:27 e re “ereka go laocwe gore batho ba shwè gañwe hèla.” Seno, gape, se ne se ntse jalo nakong ya fa e ne e kwalwa. Mme go ne go sa nna jalo pele ga Modimo o atlhola Adame yo o leofileng.

Ke goreng re tsofala re bo re e swa?

Jehofa o ne a bopa banyalani ba ntlha ba batho ba itekanetse, ka tebelelo ya go tshelela ruri. Ba ne ba filwe boikgethelo. A ba ne ba tla utlwa Mmopi wa bone ka ntlha ya lorato le kanaanelo ya tsotlhe tse a ba di diretseng? Ba ne ba ka kgona go dira jalo ka botlalo. Modimo o ne a bolelela Adame: “Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u seka oa se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” A dirisa noga jaaka mmueledi wa gagwe, Satane o ne a hepisa Efa mme a tlola taolo ya ga Jehofa. Adame o ne a se ka a kgalemela mosadi wa gagwe mme o ne a kopanela le ene mo go jeng loungo loo lo lo ileditsweng. Boammaaruring jwa lefoko ja gagwe, Jehofa o ne a fetisetsa katlholo ya loso mo go Adame, mme pele ga a bolaya baleofi ba babedi, Jehofa ka boutlwelo botlhoko o ne a ba dumelela go tsala bana.—Gen. 2:17; 3:1-19; 5:3-5; bapisa Duteronome 32:4 le Tshenolō 12:9.

Bar. 5:12, 17, 19: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile—. . . . Losho lo laotse ka eo moñwe hèla, ka ntlha ea tlolō ea eo moñwe hèla eouō; . . . Yaka ba ba leñ bantsi ba dihilwe baleohi ka go tlhōka go utlwa ga motho eo moñwe hèla.”

1 Bakor. 15:22: “Botlhe ba shwa ka Adame.”

Bona gape setlhogo se segolo “Tlholelo.”

Ke goreng masea a swa?

Pes. 51:5: “Bōna, ke ne ka bopègèla mo boikepoñ; me mmè o na a inthwalèla mo boleuñ.” (Bona gape Yobe 14:4; Genesise 8:21.)

Bar. 3:23; 6:23: “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo. . . . Maduō a boleo ke losho.”

Modimo ga o “tsee” bana mo batsading ba bone, jaaka bangwe ba ile ba bolelelwa. Lemororo lefatshe le ntsha dijo tse di lekanetseng, dikarolo tse di bogagapa tsa sepolotiki le tsa kgwebo gantsi di kgoreletsa kabo ya tsone go bao ba di tlhokang tota, go felela ka loso ka ntlha ya tlhaelo ya dikotla. Bana bangwe ba swela mo dikotsing, jaaka bagolo le bone ba dira. Mme rotlhe re jele boleo boswa; rotlhe ga re a itekanela. Re tsaletswe mo tsamaisong eo go yone mongwe le mongwe—ka bobedi ba ba molemo le ba ba bosula—kgabagare ba swang. (Mor. 9:5) Mme Jehofa o ‘eletsa’ go kopanya bana le batsadi ba bone ka tsogo, mme ka lorato o dirile paakanyetso ya go dira jalo.—Yoh. 5:28, 29; Yobe 14:14, 15; bapisa Yeremia 31:15, 16; Mareko 5:40-42.

Baswi ba kae?

Gen. 3:19: “U tla ya diyō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.”

Mor. 9:10: “Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo bobipoñ [“Sheol,” NW “lefatshe la baswi,” TEV], kwa u eañ gōna.”

Boemo jwa baswi ke eng?

Mor. 9:5: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.”

Pes. 146:4: “Mōea [“spirit,” NW] oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō [“megopolo,” NW, “go akanya gotlhelele ga gagwe,” NE; “maano,” RS] a gagwè a nyèlèle.”

Yoh. 11:11-14: “Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ. . . . Hoñ Yesu a ba bolèlèla ka thanolō, a re, Lasaro o shule.” (Gape Pesalema 13:3)

A go na le karolo nngwe ya motho eo e tswelelang go tshela fa mmele o o swa?

Esek. 18:4: Mōea [“soul”, RS, NE, KJ, Kx; “motho,” JB] o o leohañ, go tla shwa ōna.”

Isa. 53:12: “Ka gonne o na a goromeletsa mōea [“botshelo,” TEV] oa gagwè mo loshuñ.” (Bapisa Mathaio 26:38.)

Bona gape ditlhogo tse dikgolo “Moya” (Soul) le “Moya” (Spirit).

A baswi ba ka kgona go thusa kana go gobatsa batshedi ka tsela epe?

Mor. 9:6: “Go le loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla; le gōna ga ba tlhole ba na le kabèlō epè ka bosakhutleñ mo go señwe se se dihwañ tlhatse ga letsatsi.”

Isa. 26:14: “Bōnè ba shule, ga ba ketla ba tshela; ba nyeletse, ga ba ketla ba coga.”

Gotweng ka dipego tsa botshelo jo bongwe tseo di boletsweng ke batho bao ba neng ba rulwa go se na go bolelwa fa ba sule mme ba ne ba bua ka botshelo bongwe?

Gantsi, morago ga motho a se na go ema go hema le pelo e se na go khutlela go betsa, go tsaya metsotso e le mmalwa pele ga go fela ka bonya ga maatla a botshelo mo diseleng tsa mmele go ka simologang. Fa mmele o ne o gatseditswe fela thata thata ke serame, tiragalo eo e ka diega ka dioura. Ka lebaka leno, gantsi go a kgonega go ka tshedisa batho ka go hemela moya mo pelong le mo makgwafong. Ba ne ba le mo go seo se bidiwang “loso lwa kgonogo,” mme disele tsa mebele ya bone di ne di sa ntse di tshela.

Batho ba bantsi ba ba neng ba tshedisiwa mo “losong lwa kgonogo” ga ba gakologelwe sepe. Bangwe ba bega maitemogelo a go phadimoga. Bangwe ba bolela gore ba ne ba bona dilo tse dintle; ba bangwe ba ne ba boifisiwa ke boitemogelo jwa bone.

A go na le tlhaloso nngwe ya tsa kalafi ka maitemogelo ape ano?

Morulaganyi wa kalafi wa The Arizona Republic o kwadile jaana: “Fa natlafalo ya mmele e le kwa tlase fela thata, jaaka tlase ga kidibalo, kana ka ntlha ya bolwetsi kana kgobalo, taolo e e itlelang fela ya go dira ga mmele e ngotlega kafa tshwanelong. Ka gone, dihomone tsa tsamaiso ya ditshika tsa tlhogo di a dutlisiwa mme di bo di porometsa ka bogolo jo bo sa laolesegeng. Matswela, gareng ga ditshupo tse dingwe, ke dipono tsa tlhaloganyo tseo morago, di tsewang jaaka ekete ke tsa motho a ne a sule, mme jaanong a tshedile gape.”—May 28, 1977, ts. C-1; gape le koranta ya tsa botsogo ya Sejeremane Fortschritte der Medizin, No. 41, 1979; Psychology Today, January 1981.

A mme bosupi jwa bao ba neng ba rulwa ga bo rurifadiwe ke batho bao ba bonweng ke baratiwa ba ba suleng le go bua le bone gape?

Bala gape, tswee-tswee, dikwalo tse di tsopotsweng go le pelenyana malebana le boemo jwa baswi. Lefoko ja Modimo ja boammaaruri le re bolelela eng kaga boemo jwa baswi?

Ke mang yo o batlang gore batho ba dumele ka go sele? Morago ga fa Jehofa a se na go tlhagisa batsadi ba rona ba ntlha gore tlhoko-kutlo e tla tlisa loso, ke mang yo o neng a ganetsa seo? “Me noga [e e neng e dirisiwa ke Satane; bona Tshenolō 12:9] ea raea mosadi, ea re, Rure ga lo ketla lo shwa.” (Gen. 3:4) Moragonyana, legale, Adame le Efa ba ne ba a swa. Ka mo go utlwalang, he, kgopolo ya gore karolo ya semoya ya motho e falola loso lwa mmele e simolotswe ke mang? Mme, jaaka re setse re bone, seno ga se se Lefoko la Modimo le se buang. Molao wa Modimo go Baiseraela ba bogologolo o no o nyatsa tlwaelo ya go buisanya le baswi jaaka e e ‘boitshekologo’ le “makgapha.” (Lefi. 19:31; Dute. 18:10-12; Isa. 8:19) A Modimo o o lorato o no o ka nyatsa tlwaelo eno fa e le gore batshedi ga motlhofo fela ba ne ba buisana le baratiwa ba bone bao ba ileng ba ba tlogela? Mo letlhakoreng le lengwe, fa meya ya sedimona e ne e itira batho ba ba suleng mme e tsietsa setho ka go tlisa mo megopolong ya bone dintlha tse di neng di tla tsweledisa maaka, a go ne go se ketla go tshwanela ka Modimo o o lorato go sireletsa batlhanka ba gagwe kgatlhanong le tsietso e e ntseng jalo?—Baef. 6:11, 12.

Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa tlhakanele mo dingwaong tsa go hutsafalela baswi?

Bohutsana mo losong lwa moratiwa bo tlwaelegile mme bo ka nna jwa bontshiwa kafa tshwanelong

Morago ga loso lwa tsala ya gagwe e kgolo Lasaro, “Yesu a lela.” (Yoh. 11:35) Ka dinako tse dingwe khutsafalo e e itemogelwang ke batlhanka ba Modimo malebana le loso e ile ya nna mahehe.—2 Sam. 1:11, 12.

Mme ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo, Bakeresete ba a bolelelwa: “Me ga re rate loa tlhōka go itse, ba ga echo, kaga ba ba rōbalañ; gore lo se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.”—1 Bathes. 4:13.

Batlhanka ba ga Jehofa ga ba gane dingwao tsotlhe tse di amanang le loso

Gen. 50:2, 3: “Me Yosefe a laola batlhanka ba gagwè ba e leñ diñaka, gore ba omise rragwè ka boñaka: . . . Me ga heta malatsi a le mashomè manè kaga gōna; gonne malatsi a [ngwao ya, NW] go omisa motho ka boñaka a tla a hete a le kalo.”

Yoh. 19:40: “Yalo ba tsaea setoto sa ga Yesu, ba se phuthèla mo letseleñ ya leloba, le ka malaō yaka e le tlwaèlō ea phitlhō ea Bayuda.”

Dingwao tse di thulanang le Lefoko ja Modimo di tilwa ke bao ba senkang go mo itumedisa

Dingwao dingwe di anamisa phatlalatsa ka khutsafalelo ya mongwe. Mme Jesu o ne a re: “E re ha lo ikitsa go ya [ka ntlha ya khutsafalo], lo se ka loa itlhontsha dihatlhōgō yaka baitimokanyi: ka go bo bōnè ba itlhontsha dihatlhōgō, gore ba bōnwè ke batho yaka ba ikiditse go ya. Amarure kea lo raea, tuèlō ea bōnè ba setse ba e amogetse. Me wèna, e re ha u ikitsa go ya, u itlotsè tlhōgō, u tlhapè mo sehatlhogoñ; Gore u se bonwe ke batho ha u ikiditse go ya, ha e se ke Rrago eo o mo sephiriñ: me Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ, o tla gu duèla.”—Math. 6:16-18.

Dingwao dingwe di bontsha tumelo ya gore motho o na le moya o o sa sweng o o falolang loso lwa mmele ka gone o itse gore ba ba setseng ba dira eng. Mme Bibela e re: “Bashwi ga ba itse sepè.” (Mor. 9:5) Gape, “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.”—Esek. 18:4.

Dingwao tse dintsi di tsoga mo tumelong ya gore baswi ba tlhoka thuso ya batshedi kana poifo ya gore ba ka gobatsa batshedi fa ba sa kokobediwe. Mme Lefoko ja Modimo le bontsha gore baswi ga ba itemogele kutlo botlhoko epe lefa e le monate. “Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (Pes. 146:4; bona gape 2 Samuele 12:22, 23.) “Go le loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla; le gōnè ga ba tlhole ba na le kabèlō epè ka bosakhutleñ mo go señwe se se dihwañ tlhatse ga letsatsi.”—Mor. 9:6.

Fa Mongwe A Re—

‘Ke thato ya Modimo’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Eo ke tumelo e e tlwaelegileng thata. Mme ke ile ka go bona go thusa go batlisisa seo Modimo ka boone a se bolelang ka ga seno.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘(Bala Genesise 2:17.) Fa rre a tlhagisa morwawe gore go dira sengwe se se rileng go tla mo amoga botshelo jwa gagwe, a o ne o tla re rre o ne a batla gore morwawe a dire jalo?’ (2) ‘Tota he ke eng seo thato ya Modimo ka ga batho eleng sone? Jesu o ne a re: “Gonne go rata ga Rrè ke mo, gore moñwe le moñwe eo o bōnañ Morwa Modimo [ke gore, a mo lemoga le go dumela gore Jesu eleruri ke Morwa Modimo], a mo dumèla, a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.” (Yoh. 6:40)’

‘Batho ba tla nna ba ntse ba a swa’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Seo eleruri ke seo se ileng sa diragalela batho nako kgolo ke eno, a gago jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Mme elatlhoko tsholofetso eno e e gakgamatsang e e neng ya dirwa ke Modimo mo go Tshenolō 21:3, 4 (kana Isaia 25:8).’

‘Lobaka lwa gago lo a bo lo fitlhile’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Batho ba bantsi ba ikutlwa ka tsela e o ikutlwang ka yone. A o ne o itse gore Bagerika ba bantsi ba bogologolo ba ne ba na le pono eo e e tshwanang? Ba ne ba dumela gore go na le medimo e le meraro ya sesadi e e neng e lekanyetsa boleele jwa botshelo jo motho mongwe le mongwe o tla nnang najo. Mme Bibela e neela pono e e farologaneng gotlhelele ya botshelo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘(Bala Moreri 9:11.) Tshwantshetso: Lekwete la konkoreite le ka nna la phomega mo kagong mme la wela mofeti ka tsela. A ke Modimo yo o neng a le dirisa? Fa go ntse jalo, a go tla bo go siame go pega mong wa kago molato wa botlhaswa? . . . Jaaka Bibela e bolela, fa e le kaga motsamai wa tsela, go ne go sa rulaganngwa jalo ebile e ne e le tiragalo e e sa itsegeng gore e ne e tla re a le fela foo konkoreite e bo e wa.’ (2) ‘Bibela e re bolelela gore fa re tila boitshwaro jo bo maswe re sireletsa botshelo jwa rona. (Dia. 16:17) Fa o le motsadi, ke tlhomamisega gore o dirisa molao motheo oo mo baneng ba gago. O ba tlhagisa kgatlhanong le dilo tseo di ka felelang ka tatlhegelo ya botshelo. Jehofa o dira se se tshwanang go setho sotlhe gompieno.’ (3) ‘Jehofa o itse seo isagwe e se tshotseng. Ka Bibela o re bolelela kafa re ka ipelelang botshelo jo boleele go na le joo jwa batho ba ba tlhokomologang se a se bolelang. (Yoh. 17:3; Dia. 12:28)’ (Bona gape setlhogo se segolo “Tlholelo.”)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela