LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 196-ts. 207
  • Jesu Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Tharo-nngwe
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Gapiwa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Poloko
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Modimo Ka Metlha O Mogolo mo go Jesu?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 196-ts. 207

Jesu Keresete

Tlhaloso: Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, Morwa a le esi fela yo o neng a tsalwa ke Jehofa ka sebele. Morwa yono ke motsalwapele wa lobopo lotlhe. Dilo tsotlhe tse dingwe mo legodimong le mo lefatsheng di ne tsa bopiwa ka ene. Ke motho wa bobedi yo mogolo thata mo lobopong. Ke ene Morwa yono yo Jehofa a neng a mo romela mo lefatsheng go neela botshelo jwa gagwe jaaka thekololo ya setho, ka gone a bulela ditlogolwana tsa ga Adame tse di neng di tla bontsha tumelo botshelo jo bo sa khutleng. Morwa yono yo o tshwanang, yo o buseditsweng kgalalelong ya selegodimo, jaanong o busa jaaka Kgosi, ka taolo ya go senya baikepi botlhe le go diragatsa boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa ga Rraagwe ka lefatshe. Leina la ga Jesu ka Sehebera le raya “Jehofa Ke Poloko”; leina Keresete le tshwana fela le la Sehebera Ma·shiʹach (Mesia), leo le rayang “Motlodiwa.”

A Jesu Keresete e ne e le motho wa mmatota, yo o kileng a tshela?

Bibela ka boyone ke tshupo ya konokono ya gore Jesu Keresete ke motho wa mmatota. Rekoto ya Diefangele ga se tlhaloso e e lolea ya ditiragalo tsa lobaka lo lo sa tsepamisiwang lwa nako mme di le mo lefelong le le sa itsiweng. Di tlhalosa sentle-ntle nako le lefelo ka botlalo. Ka sekai, bona Luke 3:1, 2, 21-23.

Raditiragalo wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga Josephus o ne a lebisa go go kgobotlediwa ka maje ga ga “Jakobe, monnawe Jesu yo o neng a bidiwa Keresete.” (The Jewish Antiquities, Josephus, Book XX, karolo 200) Pego e e tlhamaletseng le e e rategang ka Jesu, e e fitlhelwang go Book XVIII, dikarolo 63, 64, e ile ya gwetlhiwa ke bangwe ba ba iphakang gore e tshwanetse ya bo e ne ya okediwa moragonyaneng kana ya kgabisiwa ke Bakeresete; mme go dumelwa gore puo ya teng le mokgwa wa go kwala ka tlhamalalo ke tsa ga Josephus, mme kgang eo e fitlhelwa mo mekwalong yotlhe e e gone.

Tacitus, raditiragalo wa Roma yo o neng a tshela mo karolong ya bofelo ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o ne a kwala ka gore: “Christus [“Keresete” ka Selatine], yo leina [Mokeresete] le duleng mo go ene, o ne a boga pogo e e botlhoko ka nako ya puso ya ga Tiberio mo diatleng tsa mongwe wa balaodi ba rona, Ponto Pilatwe.”—The Complete Works of Tacitus (New York, 1942), “The Annals,” Book 15, ser. 44.

Fa e ne e bolela ka ditlhaloso tsa ditiragalo tsa ga Jesu tsa bao eseng Bakeresete tsa pele, The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa ka gore: “Dipego tseno ka botsone fela di supa gore mo metlheng ya bogologolo le eleng baganetsi ba Bokeresete le ka motlha ga ba ise ba ke ba belaele go tshela ga ga Jesu, mo go neng ga kgalwa lwa ntlha mme e le mo mabakeng a a sa utlwaleng a bakwadi ba le mmalwa kwa bokhutlong jwa lekgolo la dingwaga la bo-18, le ka lekgolo la bo-19, le kwa bosimologong jwa lekgolo la dingwaga la bo-20.”—(1976), Macropædia, Bol. 10, ts. 145.

A Jesu Keresete e ne e le motho fela yo o molemo?

Ka mo go kgatlhisang, Jesu o ne a kgalemela monna yo a neng a mmitsa “Moruti eo o molemō,” ka gobo Jesu a ne a sa itseye a le jalo fa e se gore Rraagwe o ne a le mo seemong seo sa bomolemo. (Mar. 10:17, 18) Lefa go ntse jalo, go lekanyetsa go ya ka seo batho ka kakaretso gantsi ba se rayang fa ba re motho o molemo, Jesu eleruri o tshwanetse a bo a ne a le boammaaruri. Tota, le eleng baba ba gagwe ba ne ba dumela gore o ne a le jalo. (Mar. 12:14) Ene ka boene o ne a re o ne a nna teng pele ga a nna motho, le gore e ne e le Morwa yo o tlotlegang segolo wa Modimo, le gore o ne a le Mesia, yo go tla ga gagwe go neng go boleletswe pele mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera. E ka nna fela gore o ne a le seo a neng a le sone kana o ne a le moikaketsi yo o maswe, mme ga go kgopolo epe ya tse e e dumelang gore a lejwe fela jaaka motho yo o molemo.—Yoh. 3:13; 10:36; 4:25, 26; Luke 24:44-48.

A Jesu e ne e le moperofeti fela yo taolo ya gagwe e neng e tshwana le ya ga Moshe, Buda, Mohamede le baetapele ba bangwe ba bodumedi?

Jesu ka boene o ne a ruta gore e ne e le Morwa yo o tlotlegang segolo wa Modimo (Yoh. 10:36; Math. 16:15-17), Mesia yo o boleletsweng pele (Mar. 14:61, 62), le gore o ne a nna teng kwa legodimong pele ga a nna motho (Yoh. 6:38; 8:23, 58), gore o ne a tla bolawa mme e re go tswa foo a tsosediwe botshelong mo letsatsing ja boraro mme e re morago ga foo a boele magodimong. (Math. 16:21; Yoh. 14:2, 3) A maiphako ano a ne a le boammaaruri, le gore ka gone eleruri o ne a farologane le baperofeti botlhe ba bangwe ba boammaaruri ba Modimo ebile a fapaane gotlhelele le baetapele botlhe ba ba ikaketsang ba bodumedi? Boammaaruri jwa kgang bo ne bo tla itshupa mo letsatsing la boraro go tlogeng losong lwa gagwe. A Modimo he o ne a mo tsosa mo baswing, ka gone a rurifatsa gore Jesu Keresete o ne a bua boammaaruri le gore eleruri e ne e le Morwa wa Modimo yo o tlotlegang segolo bogolo? (Bar. 1:3, 4) Basupi ba ba fetang 500 tota ba ne ba bona Jesu a tshela morago ga tsogo ya gagwe, mme baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba bona ka matlho jaaka a ne a simolola go tlhatlogela kwa legodimong mme ya re gone foo a nyelelela mo lerung mo ponong ya bone. (1 Bakor. 15:3-8; Dit. 1:2, 3, 9) Ba ne ba tlhatswegile pelo fela thata thata gore o ne a tsositswe mo baswing mo eleng gore bantsi ba bone ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing go bolelela ba bangwe kaga gone.—Dit. 4:18-33.

Ke goreng Bajuda ka kakaretso ba ne ba sa amogele Jesu jaaka Mesia?

Encyclopaedia Judaica e re: “Bajuda ba motlha wa Roma ba ne ba dumela [Mesia] gore o tla emisiwa ke Modimo go roba jokwe ya baheitane le go busa godimo ga bogosi jo bo tsosolositsweng jwa Iseraela.” (Jerusalem, 1971, Bol. 11, kol. 1407) Ba ne ba batla kgololo go tswa jokweng ya Roma. Ditiragalo tsa Sejuda di supela gore mo motheong wa boperofeti jwa ga Mesia jo bo begilweng go Daniele 9:24-27 go ne go na le Bajuda ba ba neng ba lebeletse Mesia mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. (Luke 3:15) Mme boperofeti joo gape bo ne bo nyalanngwa le go tla ga gagwe go ‘khutlisa boleo,’ mme Isaia kgaolo 53 e ne ya supa gore Mesia ka boene o ne a tla a swa e le gore seno se tle se kgonagale. Lefa go ntse jalo, Bajuda ka kakaretso ba ne ba sa bone go tlhokafala gore ope a swele maleo a bone. Ba ne ba dumela gore ba ne ba na le kemo e e siameng le Modimo mo motheong wa go nna ga bone ditlogolwana tsa ga Aberahame. Go bolela jaana A Rabbinic Anthology, “[Bomolemo] jwa ga Aberahame bo bogolo fela thata mo eleng gore o ka tlosa maithamako otlhe a a dirilweng le maaka otlhe a a builweng ke Iseraele mo lefatsheng leno.” (London, 1938, C. Montefiore le H. Loewe, ts. 676) Ka go gana ga bone Jesu jaaka Mesia, Bajuda ba ne ba diragatsa boperofeti jo bo ileng jwa bolelelwa pele malebana le ene: “O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho.”—Isa. 53:3.

Pele ga loso lwa gagwe, Moshe o ne a bolelela pele gore morafe oo o ne o tla furalela kobamelo ya boammaaruri le gore ka gone moo, bomadimabe bo ne bo tla ba wela. (Bala Duteronome 31:27-29.) Buka ya Baatlhodi e supela gore seno se ne sa diragala gangwe le gape. Mo metlheng ya moperofeti Jeremia, boikanyologi jwa tšhaba bo ne jwa gogela mo go reng ba isiwe botshwarweng kwa Babelona. Ke goreng Modimo gape o ne wa dumelela Baroma gape go senya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E.? Morafe o ne o le molato wa boikanyologi jo bo ntseng jang mo eleng gore Modimo o ne wa se ka wa ba sireletsa jaaka a ne a dira fa ba ne ba baya ikanyo mo go ene? E ne e le fela pele ga seno ba se na go gana Jesu jaaka Mesia.

A Jesu Keresete tota ke Modimo?

Yoh. 17:3: “[Jesu a rapela Rraagwe:] Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Elatlhoko gore Jesu o ne a se ka a lebisa go ene mme go Rraagwe yo o kwa magodimong jaaka “Modimo o o osi, o o boamarure.”)

Yoh. 20:17: “Yesu a mo raea [Marie Magadalene], a re, Se nkame; gonne ga ke e se ke tlhatlogele kwa go Rara: me u eè kwa go bana ba ga Rrè, u ba reè, u re, Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.” (Ka jalo Modimo e ne e le Rragwe Jesu yo o tsositsweng, fela jaaka Modimo e ne e le Rragwe Marie Magadalene. Ka mo go kgatlhisang, ga go le fa e le gangwe mo Dikwalong mo re fitlhelang Rara a lebisang Morwa jaaka “Modimo oa me.”)

Bona gape ditsebe 376, 377, 381-383, tlase ga setlhogo “Tharo-nngwe.”

A Yohane 1:1 e supa fa Jesu e le Modimo?

Yoh. 1:1: “E rile mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō, me Lehoko a bo a nntse a na le Modimo, me Lehoko ea bo e le èna Modimo.” NE e balega ka gore “se Modimo a leng sone, Lefoko a bo a le sone.” Mo e re “Logos o ne a na le bomodimo.” AT le Sd di re bolelela gore “Lefoko a bo a na le bomodimo.” Phetolelo e e kwadilweng ka dipuo tse dintsi ya ED e re “Lefoko a bo a le modimo.” NW e balega ka gore “Lefoko o ne a le modimo;” NTIV e dirisa mafoko a a tshwanang.

Ke eng seo baranodi bano ba se bonang mo mokwalong wa Segerika seo se ba tlhotlheletsang gore ba iphaphe mo goreng ba re “Lehoko ea bo e le èna Modimo”? Lereo le le tsepameng la (ho) le bonala pele ga tlhagelelo ya the·osʹ (Modimo) mme eseng morago ga ya bobedi. Tiriso (fa lereo le tlhagelela) ya leina e supela go go tlhaola, botho, fa gone le go se nang tlhakana eo e e bopagantsweng e latela lediri (jaaka seele se dirisitswe mo Segerikeng) e supela go boleng kaga motho mongwe. Ka jalo mokwalo ga o re Lefoko (Jesu) o ne a tshwana fela le Modimo yo o neng a na le ene mme, go na le moo, gore Lefoko o ne a le seka-modimo, a na le bomodimo, e le modimo mongwe. (Bona kgatiso ya Reference ya 1984 ya NW, ts. 1579.)

Moaposetoloi Johane o ne a raya eng fa a ne a kwala Yohane 1:1? A o ne a raya gore Jesu ka boene ke Modimo kana gore Jesu ke Modimo o le mongwe le Rara? Mo kgaolong e e tshwanang, temana 18, o ne a re: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè; Morwa [“modimo yo o tsetsweng a le esi,” NW] ōna eo o tsecweñ a le esi, eo o mo sehubeñ sa ga Rara, ke èna eo o o boletseñ.” A tota go na le motho yo o kileng a bona Jesu Keresete, Morwa? Ammaaruri! Ka jalo he, a Johane o ne a raya gore Jesu ke Modimo? Tota nnyaa. Go ya bowelong jwa Efangele ya gagwe, Johane o ne a sobokanya dikgang, ka gore: “Me tse, di kwadilwe gore lo dumèlè ha Yesu e le Keresete [eseng Modimo, mme], Morwa Modimo.”—Yoh. 20:31.

A kgakgamalo ya ga Thomase mo go Yohane 20:28 e supa gore Jesu eleruri ke Modimo?

Yoh. 20:28: “Thomase a mo hetola, a re, Morèna oa me, le Modimo oa me.”

Ga go na kgano epe ya go lebisa Jesu jaaka “Modimo,” fa e le gore seno ke sone se Thomase a neng a se gopotse. Seo se ne se tla bo se le tumalanong le tsopolo ya ga Jesu ka boene mo go Dipesalema koo banna ba ba nonofileng, baatlhodi, ba neng ba lebisiwa jaaka “medimo.” (Yoh. 10:34, 35; Pes. 82:1-6) Tota, Keresete o na le boemo jo bogolo thata thata go na le banna ba ba ntseng jalo. Ka ntlha ya boemo jwa gagwe jo eleng jwa mofuta wa jone fela mo kamanong le Jehofa, mo go Yohane 1:18 (NW) Jesu o lebisiwa jaaka “modimo yo o tsetsweng a le esi.” (Bona gape Ro, By) Isaia 9:6 gape ka seporofeto e tlhalosa Jesu jaaka “Modimo Mothata,” mme eseng Modimo Mothatayotlhe. Seno sotlhe se tumalanong le go tlhalosiweng ga ga Jesu jaaka “modimo,” kana “yo o nang le bomodimo,” mo go Yohane 1:1 (NW, AT).

Ditemana tse di mo tikologong di re thusa go tla mo phetsong e e siameng ya seno. Pele fela ga loso lwa ga Jesu, Thomase o ne a utlwa mo thapelong ya ga Jesu eo go yone a neng a lebisa go Rragwe jaaka “Modimo o o osi, o o boamarure.” (Yoh. 17:3) Morago ga tsogo ya ga Jesu, Jesu o ne a romela molaetsa kwa baaposetoloing ba gagwe, go akareletsa le Thomase, oo go one o neng a re: “Ke tlhatlogèla kwa go . . . Modimo oa me, le Modimo oa lona.” (Yoh. 20:17) Morago ga go bega seo Thomase a neng a se bolela fa tota a ne a bona le go ama Keresete yo o tsositsweng, moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa ka gore: “Me tse, di kwadilwe gore lo dumèlè ha Yesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bōnè botshelō mo ineñ ya gagwè ka go dumèla.” (Yoh. 20:31) Ka jalo, fa ope a ile a feleletsa ka gore go tswa kgakgamalong ya ga Thomase Jesu ka boene ke “Modimo o o osi, o o boamarure” kana gore Jesu ke “Modimo Morwa” wa Tharo-nngwe, o tshwanetse go leba gape kwa go seo Jesu a neng a se bolela (tem. 17) le kwa bowelong jo bo tlhalositsweng sentle ke moaposetoloi Johane (tem. 31).

A Mathaio 1:23 e supa gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng e ne e le Modimo?

Math. 1:23: “Bōnañ, kgarebane e tla ithwala, me e tla bōna ñwana oa mosimane, me ba tla mo raea leina, ba re, Imanuele; ke go re, Modimo o mo go rona, ha go phuthololwa.”

Mo go itsiseng ka botsalo jo bo tlang jwa ga Jesu, a moengele wa ga Jehofa o ne a re ngwana o ne a tla nna Modimo ka boene? Nnyaa, kitsiso e ne ya re: “O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo.” (Luke 1:32, 35, Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) Mme Jesu ka boene le ka motlha ga a ise a ke a iphake go nna Modimo mme, go na le moo, “Morwa Modimo.” (Yoh. 10:36, Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) Jesu o ne a rometswe mo lefatsheng ke Modimo; ka jalo ka Morwa yono yo o tsetsweng a le esi, Modimo o ne a na le setho.—Yoh. 3:17; 17:8.

Go ne go tlwaelegile ka maina a Sehebera go akareletsa mo go one leina la Modimo kana le eleng sebopego se se khutshwafaditsweng sa leina la botho la Modimo. Ka sekai, Eliathe le raya “Modimo O Tlile”; Jehu le raya “Jehofa Ke Ene”; Elija le raya “Modimo Wa Me Ke Jehofa.” Mme ga go lepe la maina ano le le neng le akantsha gore mong wa lone e ne e le Modimo ka sebele.

Yohane 5:18 e kaya eng?

Yoh. 5:18: “Bayuda ba gakalèla bogolo go mmolaea ka mouō, ka go bo ga se go re, o tlola sabata go le gosi, me le gōna, a re, Modimo ke Rragwè tōta, a itekanya le Modimo.”

E ne e le Bajuda ba ba sa dumeleng ba ba neng ba akanya gore Jesu o ne a leka go itekanya le Modimo ka gore Modimo e ne e le Rraagwe. E re ntswa gone ka tshwanelo a ne a lebisa Modimo jaaka Rraagwe, Jesu le ka motlha ga a ise a ke a iphake go lekana le Modimo. O ne a araba Bajuda ka tlhamalalo a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se a bōnañ Rara a se diha.” (Yoh. 5:19; bona gape le Yohane 14:28; Yohane 10:36.) E ne e le bone Bajuda ba ba sa dumeleng, gape, ba ba neng ba iphaka gore Jesu o ne a roba Sabata, mme ba ne ba le phoso le gone kaga seo. Jesu o ne a boloka Molao ka mo go itekanetseng, mme o ne a re: “Go letlelecwe go diha molemō ka letsatsi ya sabata.”—Math. 12:10-12.

A lebaka la go bo Jesu a obamelwa le supa gore ke Modimo?

Mo go Bahebera 1:6, baengele ba laelwa go ‘obamela’ Jesu, go ya ka phetolelo ya Bibela e e Boitshèpō ya Setswana. NW e re “go mo khubamela.” Mo go Mathaio 14:33, barutwa ba ga Jesu go bolelwa ba ne ba mo “ōbamèla,” go ya ka Bibela e e Boitshèpō ya Setswana; dithanolelo tse dingwe di re ba ne ba “mmontsha tlotlo” (NAB), “ba mo inamela” (JB), “ba wela mo dinaong tsa gagwe” (NE), “ba ne ba mo khubamela” (NW).

Lefoko la Segerika le le fetoletsweng “kobamelo” ke prosky·neʹo, leo A Greek-English Lexicon of the New Testament and Other Early Christian Literature di bolelang gape gore le ne le “dirisediwa go tshwaya mokgwa wa go itatlhela fa pele ga motho le go atla dinao tsa gagwe, momeno wa seaparo sa gagwe, mmu.” (Chicago, 1979, Bauer, Arndt, Gingrich, Danker, kgatiso ya bobedi ya Seesemane; ts. 716) Leno ke lereo le le dirisitsweng mo go Mathaio 14:33 go supa seo barutwa ba neng ba se dira malebana le Jesu; mo go Bahebera 1:6 go supa seo baengele ba neng ba se dira malebana le Jesu; mo go Genesise 22:5 go Septuagint ya Segerika go tlhalosa se Aberahame a neng a se dira malebana le Jehofa mme mo go Genesise 23:7 go tlhalosa seo Aberahame a neng a se dira, tumalanong le ngwao ya nako eo, malebana le batho ba a neng a dira kgwebo le bone; mo go 1 Dikgosi 1:23 go Septuagint go tlhalosa mokgwa wa ga moperofeti Nathane mo go atameleng Kgosi Dafide.

Mo go Mathaio 4:10, Jesu o ne a re: “U ōbamèlè [go tswa go pro·sky·neʹo] Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Mo go Duteronome 6:13, e ka phepafalo Jesu a neng a tsopola yone fano, leina la Modimo ka sebele le a bonala, ditlhaka tse nne tsa Sehebera.) Tumalanong le seo, re tshwanetse go tlhaloganya gore pro·sky·neʹo wa boikutlo jo bo rileng jwa pelo le tlhaloganyo tseo e leng tsone fela di tshwanetseng tsa lebisiwa go Modimo fela.

A dikgakgamatso tse di neng tsa dirwa ke Jesu di supa gore ke Modimo?

Dit. 10:34, 38: “Petere a cwa molomo, a bua, a re, . . . Ke raea Yesu oa Nasaretha, yaka Modimo o mo tloditse ka Mōea o o Boitshèpō le ka nonohō: eo o na a nna a dikologa a diha molemō, a hodisa botlhe ba ba patikwañ ke diabolo; gonne Modimo o no o nna naè.” (Ka jalo Petere ga a ka a feleletsa ka gore Jesu e ne e le Modimo go tswa dikgakgamatsong tseo a neng a di bona mme, go na le moo, gore Modimo o no o na le Jesu. Bapisa Mathaio 16:16, 17.)

Yoh. 20:30, 31: “Me Yesu a diha dichupō [“dikgakgamatso,” TEV, Kx] di le dintsi di sele ha pele ga barutwa ba gagwè, tse di sa kwalwañ mo lokwaloñ lo: Me tse, di kwadilwe gore lo dumèlè ha Yesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bōnè botshelō mo ineñ ya gagwè ka go dumèla.” (Ka jalo phetso e re tshwanetseng ra e dira go tsweng dikgakgamatsong tseo ke gore Jesu ke “Keresete,” Mesia, “Morwa Modimo.” Polelwana ya “Morwa Modimo” e farologanye thata thata le “Modimo Morwa.”)

Baperofeti ba pele ga Bokeresete jaaka bo Elija le Elisha ba ne ba dira dikgakgamatso tse di tshwanang le tseo tsa ga Jesu. Lefa go le jalo seo eleruri ga se supe gore e ne e le Modimo.

A Jesu o tshwana le Jehofa mo “Testamenteng e Kgologolo”

Bona ditsebe 195, 196, tlase ga setlhogo se segolo “Jehofa.”

A go dumela mo go Jesu Keresete ke gone gotlhe mo go tlhokafalelang poloko?

Dit. 16:30-32: “Barèna, ke tla dihañ gore ke bolokwè? Me ba re [Paulo le Silase], Dumèla mo go Morèna Yesu, me u tla bolokwa, wèna le ba ntlo ea gago. Me ba bua lehoko ya Morèna [“Modimo,” NAB, gape le JB le NE footnotes; “Molaetsa wa Modimo,” AT] naè le botlhe ba ba mo tluñ ea gagwè.” (A go ‘dumela ga monna yoo mo go Morena Jesu’ e ne e le fela kgang ya go bolela ka bopelo-e-phepa gore o ne a dumela? Paulo o ne a bontsha gore mo gontsi go ne go tlhokafala—eleng, kitso le kamogelo ya Lefoko ja Modimo, jaaka Paulo le Silase jaanong ba ne ba tswelela go le rerela modisa-kgolegelo. A go dumela ga motho mo go Jesu go no go tla nna ga mmatota fa a ne a sa obamele Modimo oo Jesu a neng a o obamela, fa a ne a sa dirise seo Jesu a neng a se ruta kaga mofuta wa batho bao barutwa ba gagwe ba tshwanetseng go nna one, kana fa a ne a sa dire tiro eo Jesu a neng a laetse barutwa ba gagwe go e dira? Ga re ka ke ra duelwa ka poloko; e ka kgonega fela mo motheong wa tumelo mo bomolemong jwa setlhabelo sa botshelo jwa botho jwa ga Jesu. Mme matshelo a rona a tshwanetse go tsamaelana le tumelo eo re e iphakang, le eleng fa seo se ka kopanyeletsa mathata. Mo go Mathaio 10:22 Jesu o ne a re: “Eo o ichōkèlañ bokhutloñ, èna o tla bolokwa.”

A Jesu o ne a nna gone kwa legodimong pele a nna motho?

Bakol. 1:15-17: “Èna [Jesu] eo e leñ sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ, e le èna motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe; . . . Dilō cotlhe di bopilwe ka èna, di bile di bopecwe èna; E bile èna o nntse pele ga dilō cotlhe.”

Yoh. 17:5: “[Mo thapelong Jesu o ne a re:] Rara, A u ko u nkgalaletse nau, ka kgalalèlō e ke ne ke nntse ke na naeō nau pele lehatshe le e se le nne.” (Gape Yohane 8:23)

A Jesu o mo legodimong ka mmele wa gagwe wa nama?

1 Bakor. 15:42-50: “Go coga ga bashwi le gōna go nntse yalo. Go yalwa e le mo go bōlañ, go cosiwe e le mo go sa boleñ: . . . Go yalwa e le mmele oa tlhōlègō; go cosiwe e le mmele oa semōea. . . . Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō [Jesu Keresete, yoo e neng e le motho yo o itekanetseng jaaka Adame a ne a ntse kwa tshimologong] a dihwa mōea o o tshedisañ. . . . Me yana, ba ga echo, ke bua lehoko ye, ka re, nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo; le gōna go bōla ga go kake ga rua bosaboleñ.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.)

1 Pet. 3:18: “Keresete le èna o bogile botlhoko gañwe hèla ka ntlha ea maleo, . . . a bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ.” (Bona tsebe 428.)

Tshwantshetso: Fa motho a ka duelela tsala ya gagwe sekoloto mme ka bofefo fela a bo a tsaya tuelo eo, ka phepafalo sekoloto seo se tla tswelela. Ka mo go tshwanang, fa e ne e ka re a se na go tsosiwa, Jesu a bo a ile a tsaya gape mmele wa gagwe wa botho wa nama le madi, o o neng o ntshitswe jaaka setlhabelo go duela tlhotlhwa ya thekololo, seo se ne se ka bo se nnile le matswela afe mo paakanyetsong eo a neng a e dira ya go golola batho ba ba ikanyegang mo sekolotong sa boleo?

Go boammaaruri gore Jesu o ne a bonala ka sebopego sa nama go barutwa ba gagwe morago ga tsogo ya gagwe. Mme mo makgetlong a a rileng, ke goreng ba ne ba sa mo lemoge lwantlha? (Luke 24:15-32; Yoh. 20:14-16) Mo pakeng e nngwe, molemong wa ga Thomase yo o belaelang, Jesu o ne a bonala ka nama e e mabadi a dipekere mo diatleng tsa gagwe le ntho ya segai mo letlhakoreng la gagwe. Mme go ne ga kgonega jang ka paka eo gore a bonale ka ponyo ya leitlho mo gareng ga bone le eleng fa mabati a ne a tswetswe? (Yoh. 20:26, 27) Jesu ka phepafalo o ne a ikapesa mebele e e bonalang mo dipakeng tseno, jaaka baengele ba ne ba dira mo dinakong tse di fetileng fa ba ne ba iponatsa mo bathong. Go nyeletsa mmele wa nama wa ga Jesu ka nako ya tsogo ya gagwe go ne go se na bothata bope mo Modimong. Ka mo go kgatlhisang, lemororo mmele wa nama o ne wa se ka wa tlogelwa ke Modimo mo phupung (ka phepafalo e le go nonotsha tlhatswego pelo ya barutwa ba gagwe gore Jesu eleruri o tsositswe), matsela a masweu ao a neng a phuthilwe ka one a ne a tlogelwa koo; le fa go le jalo, Jesu yo o tsositsweng ka metlha o ne a bonala a apere sentle.—Yoh. 20:6, 7.

A Jesu Keresete e ntse ke ene Mikaele moengele yo mogolo?

Leina la Mikaele yono le bonala makgetlo a le matlhano fela mo Bibeleng. Motho wa semoya yo o galaleditsweng yo o sikereng leina leno o lebisiwa jaaka “moñwe oa dikgōsana tse dikgolo,” “kgōsana e kgolo e e emèlañ bana ba batho ba ga eno [ba ga Daniele]” le “moengele eo mogolo.” (Dan. 10:13; 12:1; Yude 9) Mikaele le raya “Ke Mang Yo O Tshwanang le Modimo?” Leina leno ka phepafalo le tlhaola Mikaele jaaka ene yo o etelelang pele mo go tlotlomatseng bolaodi jwa ga Jehofa le go senya baba ba Modimo.

Mo go 1 Bathesalonia 4:16, taolo ya ga Jesu Keresete ya gore tsogo e simolole e tlhalosiwa jaaka “lencwe ya moengele eo mogolo,” mme Yude 9 ya re moengele yo mogolo yoo ke Mikaele. A go tla bo go tshwanela go tshwantsha lentswe la taolo la ga Jesu le la mongwe yo mmotlana ka taolo? Go a utlwala he, gore Mikaele moengele yo mogolo ke Jesu Keresete. (Ka mo go kgatlhisang, polelwana “moengele eo mogolo” le ka motlha ga e ke e fitlhelwa e le mo bontsing mo Dikwalong, ka gone e akantsha gore go na le a le mongwe fela.)

Tshenolō 12:7-12 e re Mikaele le baengele ba gagwe ba ne ba tla tlhabana le Satane le baengele ba gagwe ba ba boikepo ba ba piriganyetsa fa fatshe go tswa kwa legodimong fa Keresete a newa thata ya bogosi. Morago ga foo Jesu o tshwantshiwa jaaka yo o eteletseng masomosomo a legodimo mo ntweng kgatlhanong le merafe ya lefatshe. (Tshen. 19:11-16) A ga go utlwale gore Jesu gape o ne a tla tsaya kgato kgatlhanong le ene yo a neng a mmitsa “kgōsana ea lehatshe yeno,” Satane Diabolo? (Yoh. 12:31) Daniele 12:1 e nyalanya ‘Mikaele yo o emeng’ le go dira ka thata mo motlheng ‘wa khuduego, o o sa leng ka go nna morafe le go tla mo go lona lebaka lo go ise go ke go nne ope yo o ntseng jalo.’ Seo eleruri se tla bo se tshwanela boitemogelo jwa merafe fa Keresete jaaka moatlhodi wa selegodimo a tsaya kgato kgatlhanong le bone. Ka jalo bosupi bo supela gore Morwa wa Modimo o ne a itsiwe jaaka Mikaele pele ga a tla mo lefatsheng mme gape o ntse a itsiwe ka leina leo fa e sa le poelong ya gagwe kwa legodimong koo a nnang gone jaaka Morwa Modimo wa semoya yo o galaleditsweng.

Fa Mongwe A Re—

‘Ga o dumele mo go Jesu’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ka phepafalo o motho yo o dumelang mo go Jesu. Mme go ntse jalo le ka nna; go sa nneng jalo ke ka bo ke sa tla mo ntlong ya gago gompieno.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Tota, botlhokwa jwa tumelo mo go Jesu bo tlhalosiwa sentle mo dikgatisong tsa rona. (Bula mo kgaolong e e tshwanelang ya buka epe fela eo o ka tswang o e neela mme o dirise seno jaaka motheo wa motlotlo, o tlotlomatsa seabe sa gagwe jaaka Kgosi. Kana bala seo se tlhalosiwang mo tsebeng 2 ya Tora ya Tebelo mabapi le boikaelelo jwa makasine o.)’

Kana o ka nna wa re: ‘A o ka ntumelela gore ke go botse gore ke eng fa o ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo?’

Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Go bonala mongwe a ile a go bolelela seo, mme ke ka go bolelela gore ga go a nna jalo tota, ka go bo re na le tumelo e e nonofileng mo go Jesu Keresete.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Mme ga re dumele sengwe le sengwe seo batho ba se buang kaga Jesu. Ka sekai, bangwe ba re Jesu e ne e le motho yo o molemo fela, eseng Morwa Modimo. Ga re dumele seo, wena? . . . Seo ga se se Bibela e se rutang.’ (2) ‘Mme gape ga re dumele dithuto tsa ditlhopha tseo di fapaaneng le seo Jesu ka boene a neng a se bua malebana le kamano ya gagwe le Rraagwe. (Yoh. 14:28) Rraagwe o mo neile thata ya go busa eo e amang matshelo a rona rotlhe gompieno. (Dan. 7:13, 14)’

‘A o amogela Jesu jaaka Mmoloki wa gago wa sebele’?

O ka nna wa araba ka gore: ‘Bibela ka tlhamalalo e re . . . (tsopola Ditihō 4:12). Ke dumela seo. Mme ke ithutile sengwe gape gore maikarabelo a a masisi a tsamaelana le seo. Seo se ntse jalo jang? Tota, fa e le gore eleruri ke dumela mo go Jesu, he ke ka se ke ke dumele mo go ene fa ke bona ekete go ntshiametse fela.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jo bo neng jwa ntshiwa jaaka setlhabelo bo kgonisa gore maleo a rona a itshwarelwe. Mme ke itse gape gore go botlhokwa-tlhokwa go reetsa ka kelotlhoko ditaolo tsa gagwe malebana le maikarabelo a rona jaaka Bakeresete. (Dit. 1:8; Math. 28:19, 20)

Kana o ka nna wa re: ‘(Morago ga go netefatsa lebaka la gore o dumela mo go Jesu jaaka Mmoloki, eseng fela wena, mme le botlhe bao ba supang tumelo mo go ene . . .) Go botlhokwa gore re arabele ka kanaanelo, eseng fela ka seo a neng a se dira mo nakong e e fetileng, mme le gape ka seo a se dirang jaanong. (Math. 25:31-33)’

‘Ke amogetse Jesu jaaka Mmoloki wa me wa sebele’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go utlwa gore o dumela mo go Jesu, ka go bo go na le batho ba le bantsi gompieno bao ba se keng ba akanyetsa lefa go le kana kaga seo Jesu a se re diretseng. Kwantle ga pelaelo o itse lokwalo lwa ga Yohane 3:16, a ga go jalo? . . . Mme batho ba go nna jalo ba tla tshelela kae ruri? Bangwe ba tla bo ba na le Keresete kwa legodimong. A mme Bibela e bontsha gore batho botlhe ba ba molemo ba tla ya koo? (Math. 6:10; 5:5)’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela