Bogosi
Tlhaloso: Bogosi jwa Modimo ke pontsho ya bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa tebang le dibopiwa tsa gagwe, kana tsela eo a e dirisang go bontsha bolaodi joo. Lereo leno le dirisiwa thata-thata go kaya go bonadiwa ga bolaodi jwa Modimo ka goromente wa segosi yo o eteletsweng pele ke Morwawe, Jesu Keresete. “Bogosi” bo ka lebisa go bobusi jwa ene yo o tloditsweng jaaka Kgosi kana go sebaka se se mo lefatsheng se se busiwang ke goromente yoo wa selegodimo.
A Bogosi jwa Modimo ke goromente wa mmatota?
Kana, go na le moo, ke boemo jwa dipelo tsa batho?
Luke 17:21: “Le gōna ga ba ketla ba re, Bōnañ hano! kgotsa, Bōnañ hale! gonne bōnañ, bogosi yoa Modimo bo mo teñ ga lona [gape TEV, Dy; mme “gareng ga lona,” KJ “margin,” NE, JB; “fa gare ga lona,” RS; “mo gare ga lona,” NW].” (Elatlhoko gore, jaaka go supilwe ke temana 20, Jesu o ne a bua le Bafarasai, bao gape a ileng a ba nyatsa jaaka baitimokanyi, jalo o ka bo a ne a sa reye gore Bogosi bo ne bo le mo dipelong tsa bone. Mme Bogosi jo bo neng bo emetswe ke Keresete bo ne bo le mo gare ga bone. Ka gone The Emphatic Diaglott e balega ka gore: “Borena jwa Modimo jo bo tlotlometseng bo gareng ga lona.”)
A Bibela tota ya re Bogosi jwa Modimo ke goromente?
Isa. 9:6, 7, RS: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe morwa; mme goromente [gape KJ, AT, Dy; “mmuso,” JB, NE; “puso ya morwa-kgosi,” NW] o tla nna mo legetleng la gagwe, mme leina la gagwe le tla bidiwa ‘Mogakolodi yo o Molemo, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.’ Go tota ga goromente wa gagwe le ga kagiso ga go ketla go khutla.”
Go busa bomang mo Bogosing?
Tshen. 15:3: “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morèna, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamō le boamarure, Kgosi ea metlha.”
Dan. 7:13, 14: “Ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho, [Jesu Keresete; bona Mareko 14:61, 62] me a tla hèla kwa go eo mogologolo [Jehofa Modimo], me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me [Jesu Keresete] a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.”
Tshen. 5:9, 10: “U nu u [Jesu Keresete] bolailwe, me ua rèkèla Modimo batho ba dicō cotlhe, le ba dipuō cotlhe, le ba batho botlhe, le ba merahe eotlhe, ka madi a gago, Me ua ba diha gore ba nnè bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna; me ba busa mo lehatshiñ.” (Mo go Tshenolō 14:1-3 bano “ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ” go nna babusi le Kwana mo Thabeng ya Siona ya selegodimo ga twe palo ya bone ke 144 000.)
Bogosi jono bo tla dira eng ka bogoromente ba batho?
Dan. 2:44: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”
Pes. 2:8, 9: “Ntōpa, me ke tla gu naea merahe go nna boshwa yoa gago, le dikhutlō tsa lehatshe go nna thuō ea gago. U tla ba thubakanya ka tsamma ea tshipi; u tla ba phatlakanya yaka seyana sa mmopi.”
Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng?
Bo tla itshepisa leina la ga Jehofa le go tshegetsa bolaodi jwa gagwe
Math. 6:9, 10: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tle.” (Fano go itshepisiwa leina la Modimo go nyalanngwa thata le go tla ga Bogosi jwa gagwe.)
Esek. 38:23: “Ke tla itlotlometsa, ke tla iitshepisa, ke tla itiha gore ke itsiwe mo matlhoñ a merahe e le mentsi; me ba tla itse ha ke le Yehofa.” (Leina la Modimo le tla ntlafadiwa mo kgobong yotlhe; le tla tsewa jaaka le le boitshepo mme le tshwanelwa ke tlotlo, mme botlhe ba ba tla bong ba tshela ba tla nna batho ba ba ratang go tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa, ba natefelelwa ke go dira thato ya gagwe. Kagiso le go nna gone mo go itekanetseng ga lobopo lotlhe di ikaegile ka go itshepisiwa mo go ntseng jalo ga leina la ga Jehofa.)
Bo tla khutlisa bobusi jo bo ileng jwa itshokelwa jwa ga Satane mo lefatsheng
Tshen. 20:2, 3: “Me [Kgosi ya selegodimo, Jesu Keresete] a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè. Me a mo latlhèla mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala, a ba a o kana mo godimo ga gagwè, gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele: me moragō ga mouō o tla bōna go gololwa ka lobakanyana.” (Ka gone setho se tla bo se golotswe go tswa tlhotlheletsong ya ga Satane e e ileng ya dira botshelo bokete go batho bao ba batlang go dira se se siameng. Tlhotlheletso e e bosula e tla bo e ile e e ileng ya tlhagisa ditiro tsa bosetlhogo jo bo feteletseng le tlhotlheletso ya bodimona e e ileng ya tsenya matshelo a ba le bantsi mo poifong.)
Bo tla kopanya popo yotlhe mo kobamelong ya Modimo o o osi wa boammaaruri
Tshen. 5:13; 15:3, 4: “Me sebopiwa señwe le señwe se se mo legodimoñ, le se se mo lehatshiñ, le se se kwa tlhatse ga lehatshe, le se se mo lewatleñ, le dilō cotlhe tse di mo go cōna, ka di utlwa di re, Pakō, le tlotlō, le kgalalèlō, le pushō, a di nnè kwa go èna eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi [Jehofa Modimo], le kwa go Kwana [Jesu Keresete], ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morèna, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamō le boamarure, Kgosi ea metlha. Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne u boitshèpō u le wesi: gonne merahe eotlhe e tla tla e ōbamèla ha pele ga gago; gonne ditihō tsa gago tsa tshiamō di bōnadicwe.”
Bo tla busetsa batho gape mo kamanong e e molemo le Modimo
Bar. 8:19-21: “Gonne tlhologèlèlō ea lobopō [losika lwa motho] e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo [bosupi jwa gore bao ba tsoseditsweng botshelong jwa selegodimo le Jesu Keresete ba tsene mo tirong jaaka babusi]. Gonne lobopō lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō, e señ ka go rata ga lōna, me e ne e le ka ntlha ea ōna o o lo beileñ mo taoloñ, Ka cholohèlō ea go re, lobopō le lōna [setho ka kakaretso] lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”
Bo tla golola batho mo matshosetsing otlhe a ntwa
Pes. 46:8, 9: “Tlañ, lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa, eboñ dichwahaco tse o di dihileñ mo lehatshiñ. O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.”
Isa. 2:4: “Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”
Bo tla tlosa babusi ba ba bodileng le kgatelelo mo lefatsheng
Pes. 110:5: “Yehofa, a le kaha lecogoñ ya gago ye legolo, o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè.”
Pes. 72:12-14: “O [Kgosi ya Bomesia ya ga Jehofa] tla golola motlhoki mogañ o lelañ; le mohumanegi eo o senañ mothusi. O tla tlhomogèla bahumanegi le batlhoki pelo; me meōea ea batlhoki o tla e boloka. O tla golola meōea ea bōnè mo pogishoñ le mo thubakoñ; me madi a bōnè a tla tlotlèga mo matlhoñ a gagwè.”
Bo tla baakanyetsa ka letlotlo la dijo go batho botlhe
Pes. 72:16: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.”
Isa. 25:6: “Me mo thabeñ e [Thaba ya Siona ya selegodimo, bonno jwa Bogosi jwa Modimo, go tla dirwa paakanyetso go babusiwa ba jone ba lefatshe], Yehofa oa mashomōshomō o tla baakanyetsa dichaba cotlhe modihō oa dilō tse di nonneñ, modihō oa mayalwa a mafine a a itshekileñ, oa dilō tse di nonneñ tse di tletseñ mōkō, oa mayalwa a a itshekileñ a a tlhōtlhegileñ sentlèntlè.”
Bo tla tlosa bolwetsi le dikgolafalo tsa mefuta yotlhe
Luke 7:22; 9:11: “Tsamaeañ, lo eè lo bolèlèlè Yohane dilō tse lo di bonyeñ, le tse lo di utlwileñ; lo re, dihohu dia bōna, batlhotsi baa tsamaea, balepero baa ntlahadiwa, ba boshushu baa utlwa, bashwi baa cosiwa, bahumanegi ba rèrèlwa Mahoko a a Molemō.” “Me a [Jesu Keresete] ba chola, a bua nabō kaga bogosi yoa Modimo, a hodisa ba ba tlhōkañ phodishō.” (Ka gone Jesu o supile se ene jaaka Kgosi ya selegodimo a tla se direlang setho.)
Bo tla baakanyetsa mongwe le mongwe legae le le siameng
Isa. 65:21, 22: “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.”
Bo tla tlhomamisetsa mongwe le mongwe tiro e e kgotsofatsang
Isa. 65:23: “Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana; gonne bōnè ke losika loa basegōhadiwi ba ga Yehofa, le matlhogèla a bōnè nabō.”
Bo tla tiisetsa polokesego le gore motho le dithoto tsa gagwe ba se nne mo kotsing
Mika. 4:4: “Moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”
Pes. 37:10, 11: “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō. Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”
Bo tla dira gore tshiamiso le tshiamo di rene
2 Pet. 3:13: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”
Isa. 11:3-5: “Me ga a [Kgosi ya Bomesia] ketla a atlhola kaha ponoñ ea matlhō a gagwè, leha e le go kgalema kaha kutloñ ea ditsèbè tsa gagwè: Me o tla atlholèla bahumanegi ka tshiamō, a kgalemèlèle bakgōbaladi ba lehatshe ka tekatekanyō; . . . Me tshiamō e tla nna moitlamō oa lothèka loa gagwè, le boikañō bo nne motlesi oa motlhana oa gagwè.”
Bo tla sireletsa setho mo kgobalong ka ntlha ya maatla a tlholego
Mar. 4:37-41: “Me ga coga macubucubu a matona a phehō, me makhubu a metse a tlolèla mo mokoroñ; mokōrō oa ba oa rata go tlala. . . . Me a [Jesu] coga, a kgalemèla phehō, a raea lewatlè, a re, Kgaotsa, u sisibalè. Me phehō ea khutla, ga ba ga nna tuulalō e kgolo. . . . Me ba boiha thata thata, ba re, Ana motho eo ea bo e le mañ, ha e bo ne ne phehō e mo utlwa le lewatlè yana?” (Ka gone Keresete o ne a bontsha nonofo eo ene jaaka Kgosi ya selegodimo a tla e dirisang mo dilong tse di ntseng jalo tsa tlholego.)
Bo tla tsosa baswi
Yoh. 5:28, 29: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, [lentswe la ga Keresete Kgosi] Me ba tla cwa.”
Tshen. 20:12: “Me ka bōna bashwi, bagolo le bannye, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi; me dikwalō diñwe tsa menololwa: me lokwalō lo loñwe loa menololwa, lo e leñ lokwalō loa botshelō: me bashwi ba atlholwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè [tseo di dirilweng morago ga tsogo ya bone; bapisa Baroma 6:7].”
Bo tla tlosa loso lotlhe ka ntlha ya boleo jo bo ruilweng mo go Adame
Isa. 25:8: “O komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.”
Tshen. 21:4: “Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”
Bo tla baakanyetsa ka lefatshe leo mo go lone batho ba tla bong ba ratana tota-tota
Yoh. 13:35: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me [ka gone, ba nna tumalanong le go nna balekane ba ga Jesu mo Bogosing jwa selegodimo kana babusiwa ba jone ba selefatshe] ka mo, ha lo ratana.”
Bo tla dira gore diphologolo le batho di nne mmogo ka kutlwano
Isa. 11:6-9: “Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. Kgomo e namagadi e tla hula e na le bera; bana ba cōna ba tla botha mmōgō: me tau e tla ya motlhaka yaka kgomo. Me ñwanyana eo o anyañ o tla tshamèka ha mosimeñ oa kakè, ñwanyana eo o kgwisicweñ o tla baea seatla sa gagwè ha kutleñ ea shaushawane. Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō.” (Gape Isa. 65:25)
Hos. 2:18: “Me ke tla re mo motlheñ ouō ke ba dihèle kgōlaganō le diphōlōhōlō tsa naga, le dinōnyane tsa loapi, le dilō tse di gagabañ tsa lehatshe: . . . me ke tla ba rōbatsa ka polokègō.”
Bo tla dira lefatshe Paradaise
Luke 23:43: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.”
Pes. 98:7-9: “A lewatlè le shumè, le boyotlhe yoa yeōna; lehatshe, le ba ba agileñ mo go yeōna; A merwalèla e ōpaōpe diatla tsa eōna; a dithabana di ōpèlè mmōgō ka boitumèlō; Ha pele ga Yehofa, gonne o tla go atlhola lehatshe: o tla atlhola lobopō ka tshiamō, le dichaba ka tekatekanyō.”
Bapisa Genesise 1:28; 2:15; Isaia 55:11.
Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla simolola go busa leng?
A e ne e le mo lekgolong lantlha la dingwaga?
Bakol. 1:1, 2, 13: “Ke nna Paulo, moaposetoloi oa ga Keresete Yesu ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokauleñwe oa rona; Re kwalèla baitshepi [bao e neng e le barua-boswa ba Bogosi jwa selegodimo] . . . Eo o [Modimo] re golotseñ a re ntsha mo thateñ ya lehihi, me a re tlolagantshetsa mo bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna.” (Jalo he Keresete o ne, tota, a simolotse go busa mo phuthegong ya Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga pele ga seno se kwalwa, mme go tlhongwa ga Bogosi go busa mo lefatsheng lotlhe go ne go sa le mo isagweng.)
1 Bakor. 4:8: “Lo setse lo kgotshe, lo setse lo humile, lo busitse re seeō mo go lona: E, me ke rata loa bo lo busa, gore le rona re tlè re busè le lona.” (Go phepafetse gore moaposetoloi Paulo o ba kgalemelela go nna le pono e e phoso.)
Tshen. 12:10, 12: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna: gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse. Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Go tlhongwa ga Bogosi jwa Modimo fano go nyalanngwa le go piriganngwa ga ga Satane go tswa kwa legodimong. Seno ga se a diragala ka nako ya botsuolodi kwa Edena, jaaka go bontshitswe mo go Yobe dikgaolo 1, 2. Tshenolō e kwadilwe ka 96 C.E., mme Tshenolō 1:1 e bontsha gore e tlhalosa ka ditiragalo tse ka nako eo di neng di le mo isagweng.)
A go busa ga Bogosi jwa Modimo go tshwanetse ga letela go sokololwa ga lefatshe lotlhe?
Pes. 110:1, 2: “YEHOFA o raea morèna oa me, [Jesu Keresete] a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō. Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” (Jalo he go tla nna le baba bao a tla ba busang; ga se gore botlhe ba tla ineela mo pusong ya gagwe.)
Math. 25:31-46: “Me e tla re Morwa Motho [Jesu Keresete] a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; . . . Me bauō [bao ba sa bontshang lorato go bonnake ba gagwe ba ba tloditsweng] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Ka phepafalo, ga se gore setho sotlhe se ne se tla sokololwa pele ga Keresete a tsaya setulo sa gagwe sa bogosi; ga se gore botlhe ba ne ba tla itshupa ba le ba ba siameng.)
A Bibela e supa gore Bogosi bo tla simolola go busa leng?
Bona ditsebe 269-273, tlaseng ga setlhogo se segolo sa “Metlha,” le ditsebe 274-279, tlaseng ga “Metlha ya Bofelo.”
Fa Mongwe A Re—
‘Bo ka se tle ke sa ntse ke tshedile’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme bo tla tla mongwe a sa tshedile, a ga go jalo? . . . A go na le mongwe yo o neng a tla kgona go itse gore losika lwa bone e ne e le lone le le tla bo bonang? Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba batla go itse seo, mme karabo e a ba e neileng ke e e botlhokwa thata go rona gompieno. (Math. 24:3-14; Luke 21:29-32.)’
Kana o ka nna wa re: ‘Pono eo ke e e tlwaelegileng thata. Mme Basupi ba ga Jehofa ba dumela thata, mo motheong wa Bibela, gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo busa mo magodimong le gore go mo go rona go supa gore a re batla go tswelela re tshela mo lefatsheng tlaseng ga goromente yo o tshiamo wa Modimo kana nnyaa. Ke sone se ke tlileng mo legaeng la gago gompieno. Elatlhoko se se tlhalosiwang fano mo go Mathaio 25:31-33.’