Lenyalo
Tlhaloso: Kgolagano ya monna le mosadi go tshela mmogo jaaka rre le mmè go ya ka tekanyetso e e tlhomilweng mo Dikwalong tse di Boitshepo. Lenyalo ke thulaganyo ya bomodimo. Le baakanyetsa ka kamano e e atamalaneng magareng ga monna le mosadi gammogo le boikutlo jwa polokesego ka go bo go na le seemo sa lorato le ka go bo molekane yo mongwe a ineetse mo go yo mongwe ka bojotlhe jwa gagwe. Fa a ne a tlhoma lenyalo, Jehofa o ne a dira jalo eseng go baakanyetsa ka molekane yo o atamalaneng go le gosi yo o tla nnang mothusi wa monna, mme gape go dira paakanyetso ya go tsala batho ba bangwe mme go dirwa jalo moteng ga thulaganyo ya lelapa. Go kwadisa kafa molaong kamano ya lenyalo e e amogelesegang mo phuthegong ya Bokeresete go a tlhokafala gongwe le gongwe kwa go kgonegang.
A tota go botlhokwa go nyalana kafa dipatlafalong tsa semolao?
Tito 3:1: “U ba gakololè gore ba ineèlè mo balaodiñ, le gore ba nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō.” (Fa batho ba tsaya-tsia ditaelo tseno, leina la mongwe le mongwe mo kgolaganong le nna le le kgakala le kgobo, mme bana bape ba ba nnang gone ba ntshiwa mo kgobong eo e tla welang bao batsadi ba bone ba sa nyalanang. Gape-gape, kwadiso ya semolao ya lenyalo e babalela ditshwanelo tsa dithoto tsa maloko a lelapa fa mongwe wa balekane ba babedi a ka swa.)
Baheb. 13:4: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Go nyalana kafa molaong go na le seabe se se botlhokwa mo goreng lenyalo le amogelwe jaaka le le ‘tlotlegang.’ Fa re tlhalosa “boaka” le “bogokahadi” re tshwanetse ra gakologelwa se se tlhalositsweng mo go Tito 3:1, e e tsopotsweng fa godimo.)
1 Pet. 2:12-15: “Lo bo lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba; e tle e re mo ba lo bolèlañ yaka badiha boshula ka gōna, bo ba galaletsè Modimo mo motlheñ oa tekolō, ka ditihō tsa lona tse di molemō, tse ba di bōnañ. Lo ineèlè mo taoleloñ ñwe le ñwe ea motho ka ntlha ea Morèna: leha e le mo kgosiñ, ka e le tlhōgō; Leha e le mo balaodisiweñ, ka ba romilwe ke eōna go tla ba lehetsa badiha boshula, le go baka ba ba dihañ sentlè. Gonne go rata ga Modimo go nntse yalo, gore lo tlè lo didimatsè botlhōka go itse yoa ba ba dieleele ka go diha sentlè ga lona.”
A go ne go na le “mekgwa ya semolao” fa Adame le Efa ba ne ba simolola go nna mmogo?
Gen. 2:22-24: “Me logopō lo Yehofa Modimo o lo ntshitseñ mo monneñ [Adame], a lo diha mosadi, me a mo isa kwa monneñ. Me monna a re, Yana eo, ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ea me, o tla bidiwa Mosadi, ka a ntshicwe mo Monneñ. Ke gōna ka mouō monna o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla.” (Elatlhoko gore e ne e le Jehofa Modimo ka sebele, Molaodi wa Lobopo, yo a neng a kopanya Adame le Efa mmogo. Seno e ne e se kgang ya monna le mosadi ba tla mo phetsong ya gore ba tshwanetse ba dula mmogo ba sa itshwenye ka taolo ya semolao. Elatlhoko, gape, kgatelelo eo Modimo o e beileng mo go nneleng ruri ga kgolagano.)
Gen. 1:28: “Me Modimo oa ba segōhatsa [Adame le Efa]; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” (Fano tshegofatso ya Taolo ya semolao e kgolo thata e ne ya dirwa godimo ga kgolagano, ba ne ba laelwa go tlhakanela dikobo mme ba ne ba fiwa kabelo eo e neng e tla tlatsa matshelo a bone ka boipelo.)
A motho a ka nyala lefufa fa molao wa lefelo leo o go dumelela?
1 Tim. 3:2, 12: “Ke gōna mookami oa phuthègō o na le go nna motho eo o senañ mokgōbō, e le monna eo mosadi a le moñwe hèla, . . . A [batlhanka ba bodihedi] e nnè banna ba ba mosadi a le moñwe hèla.” (Ga se fela gore banna bano ba ne ba filwe boikarabelo mme gape ba ne ba le dikao tse di tshwanetsweng go ediwa ke ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete.)
1 Bakor. 7:2: “Ka ntlha ea maakahalō, a monna moñwe le moñwe a nnè le mosadi oa gagwè, le mosadi moñwe le moñwe a nnè le monna oa gagwè.” (Ga go na tumelelo fano ya balekane ba bantsi e ka tswa mo monneng kana mosading.)
Ke goreng Modimo o ne wa letlelela Aberahame, Jakobe le Solomone gore mongwe le mongwe wa bone a nne le basadi ba ba fetang a le mongwe?
Jehofa ga se Mosimolodi wa go nyala lefufa. O ne a neela Adame mosadi a le mongwe fela. Moragonyana, Lameke, setlogolwana sa ga Kaene, o ne a itseela basadi ba babedi. (Gen. 4:19) Fa nako e ntse e ya ba bangwe ba ne ba etsa sekao sa gagwe, mme ba bangwe ba ne ba itseela basetsana ba malata go nna bagadingwana. Modimo o ne a itshokela tlwaelo eo, mme tlase ga Molao wa ga Moshe o ne a simolodisa le eleng ditekanyetso tse di tlhomamisetsang go tshwarwa sentle ga basadi bao ba neng ba le mo kamanong e e ntseng jalo. O ne a dira seno go fitlhelela phuthego ya Bokeresete e ne e tlhongwa, mme go tswa foo o ne a tlhoka gore batlhanka ba gagwe ba boele mo tekanyetsong e ene ka boene a neng a e simolodisa mo Edena.
Fa e le kaga Aberahame, o ne a tsaya Sarai (Sara) jaaka mosadi wa gagwe. Fa a ne a ka nna dingwaga tse 75 mme a ne a akantse gore o ne a se ketla a tshola ngwana, Sarai o ne a kopa monna wa gagwe go tlhakanela dikobo le lelata la gagwe la mosetsana e le gore Sarai o ka nna le ngwana wa kafa molaong ka ene. Aberahame o ne a dira jalo, mme seno se ne sa gogela mo kgogakgoganong e e masisi mo ntlong ya gagwe. (Gen. 16:1-4) Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe go Aberahame malebana le “losika” fa e ne ya re moragonyana ka dikgakgamatso a dira gore Sara ka boene a ithwale. (Gen. 18:9-14) Aberahame o ne a tsaya mosadi yo mongwe gape morago fela ga loso lwa ga Sara.—Gen. 23:2; 25:1.
Jakobe o ne a nyala lefufa ka ntlha ya tsietso ya mogwagwadiagwe. E ne e se se Jakobe a neng a se gopotse fa a ne a ya go batla mosadi kwa Padana-arama. Pego ya Bibela e re bolelela ka botlalo thata kaga kgogakgogano e e sa itumediseng gareng ga basadi ba gagwe.—Gen. 29:18–30:24.
Go itsiwe fela sentle gore Solomone o ne a na le basadi ba bantsi gammogo le bagadingwana. Mme ga se gore mongwe le mongwe o itse gore ka go dira jalo, o ne a tlola taolo e e tlhalositsweng sentle-ntle ya ga Jehofa ya gore kgosi “a se ka a intsihaletsa basadi, gore pelo ea gagwè e se ka ea hapoga.” (Dute. 17:17) Go tshwanetse ga lemogiwa gape gore, ka ntlha ya tlhotlheletso ya basadi ba gagwe ba seeng, Solomone o ne a felela a obamela medimo ya maaka mme “a diha boshula mo ponoñ ea ga Yehofa, . . . Me Yehofa a nna bogale le Solomone.”—1 Dikg. 11:1-9.
Fa banyalani ba ka se nne mmogo fela ka kagiso, a kgaogano e a dumelesega?
1 Bakor. 7:10-16: “Me ba ba nyalaneñ kea ba laea, me e be e se nna, e le Morèna, gore, A mosadi a se tlogele monna oa gagwè. Me ha a mo tlogèla, a a nnè hèla a sa nyalwe; me ha go sa nna yalo, a a letlanè le monna oa gagwè; gape a monna a se tlogele mosadi oa gagwè. Ba bañwe ba reèwa ke nna, e señ Morèna, go re, [mme, jaaka temana 40 e bontsha, Paulo o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo], Ha monna eo e leñ modumedi a na le mosadi eo o sa dumeleñ, ha monna a itumèla go aga naè, a mosadi a se tlogele monna oa gagwè. Gonne monna eo o sa dumeleñ o itshepisiwa ka mosadi, le mosadi eo o sa dumeleñ o itshepisiwa ka monna eo o leñ modumedi: ha go no go sa nna yalo bana ba lona ba ka bo ba sa itshèka; me yanoñ ba itshepile. Leha go nntse yalo ha eo o sa dumeleñ a tsamaea, a a tsamaeè: go le monna eo o modumedi, go le mosadi eo o modumedi, ga ba mo kgolegoñ ka mo go nntseñ yalo: me Modimo o re biditse gore re nnè mo kagishoñ. Gonne wèna mosadi, u itse yañ ha e tla re goñwe u se ketla u boloka monna oa gago? le wèna monna, u itse yañ ha e tla re goñwe u se ketla u boloka mosadi oa gago?” (Ke goreng modumedi a ka itshokela bothata mme a leke ka bonatla jo bogolo go ngaparela lenyalo le le mmogo? Ka ntlha ya tlotlo ya thulaganyo ya bomodimo ya lenyalo le ka tsholofelo ya gore yo o sa dumeleng ka gongwe nako e ntse e ya o ka thusiwa go nna motlhanka wa Modimo wa boammaaruri.)
Pono ya Bibela ke efe kaga go tlhala ka maikaelelo a go nyalwa (nyala) gape?
Mal. 2:15, 16: “Ke gōna lo itisè mo moeèñ ea lona, me a go se nne opè eo o dihèlañ mosadi oa bokau yoa gagwè ka bonoñwane. Gonne ke ila tlhalō, go bua Yehofa, Modimo oa Iseraela.”
Math. 19:8, 9: “[Jesu] a ba raea, a re, Moshe a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ea bothata yoa dipelo tsa lona: me go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo. Le nna ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka [go tlhakanela dikobo kwantle ga lenyalo], me a nyala eo moñwe, o diha boaka.” (Ka jalo molekane yo o se nang molato o a dumelelwa, mme ga se patlafalo, go tlhala molekane yo o dirang “boaka.”)
Bar. 7:2, 3: “Gonne mosadi eo o nañ le monna, o golegelecwe ke molaō mo monneñ oa gagwè, monna a sa nntse a tshedile; me ha monna a shule, o golocwe mo molaoñ oa monna. Me yalo, ha a nyalwa ke monna o sele, monna oa gagwè a sa nntse a tshedile, o tla bidiwa moakahadi: me ha monna a shule, o golocwe mo molaoñ; me leha a nyalwa ke monna o sele oa ba a se moakahadi.”
1 Bakor. 6:9-11: “Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo. Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa, loa itshepisiwa, loa siamisiwa mo ineñ ya Morèna Yesu Keresete, le mo Moeeñ oa Modimo oa rona.” (Seno se otlelela bomasisi jwa kgang. Bagokahadi ba ba sa ikwatlhaeng ga ba ketla ba nna le karolo mo Bogosing jwa Modimo. Lefa go le jalo, batho bao pele ba neng ba dira bogokafadi, ka gongwe le eleng go rulaganyetsa go nyala gape ka mo go sa tshwanelang, ba ka bona boitshwarelo jwa Modimo mme le kemo e e phepa le ene fa e le gore ka boammaaruri ba a ikwatlhaya le go supa tumelo mo molemong o o tlosang boleo wa setlhabelo sa ga Jesu.)
Ke goreng Modimo o ne o dumelela lenyalo magareng ga motho le kgaitsadie mo nakong e e fetileng?
Pego ya Bibela e supa gore Kaene o ne a nyala mongwe wa bokgaitsadie (Gen. 4:17; 5:4), kgotsa gongwe motlogoloe, le gore Aberahame o ne a nyala kgaitsadie ka ntataagwe. (Gen. 20:12) Mme moragonyana, mo Molaong o o neilweng ka Moshe, dikgolagano tsa manyalo a a ntseng jalo di ne tsa thibelwa ka tlhamalalo. (Lefi. 18:9, 11) Ga di dumelelwe gareng ga Bakeresete gompieno. Lenyalo la masika a atamalaneng le ka felela ka gore go nne le mabaka a tsa segotso a a ka senyang a a ka fetisediwang mo ditlogolwaneng tsa bone.
Ke goreng lenyalo la motho le kgaitsadie le ne le dumelesega kwa tshimologong ya ditso tsa motho? Modimo o bopile Adame le Efa ba itekanetse mme a ikaelela gore setho sotlhe se tla tswa mo go bone. (Gen. 1:28; 3:20) Ka phepafalo, go nyalana ga masika a atamalaneng, segolo bogolo mo dikokomaneng di se kae tsa ntlha, go ne go tla direga. Le eleng morago ga boleo bo se na go itlhagisa, go ne go na le kotsi e nnyenyane thata ya bogole jo bo neng bo ka nna gone mo baneng kwa dikokomaneng tsa pele, ka gobo lotso lwa motho le ne le atamalane thata le boitekanelo joo bo neng jwa ipelelwa ke Adame le Efa. Seno se rurifadiwa ke boleele jwa dingwaga tsa batho ka nako eo. (Bona Genesise 5:3-8; 25:7.) Mme ka dingwaga tse di ka nnang 2 500 morago ga Adame a se na go leofa, Modimo o ne a iletsa lenyalo la balosika. Seno se ne sa direla go sireletsa ditlogolwana le go tlotlomatsa boitsholo jwa kafa dikobong jwa batlhanka ba ga Jehofa godimo ga batho ba ba neng ba ba dikologile bao ka nako eo ba neng ba kopanela mo mekgweng e e farologaneng e e boatla ya dikobo.—Bona Lefitiko 18:2-18.
Ke eng se se ka thusang go tokafatsa lenyalo?
(1) Go ithuta Lefoko ja Modimo mmogo ka metlha le go rapela Modimo go bona thuso mo go rarabololeng mathata.—2 Tim. 3:16, 17; Dia. 3:5, 6; Bafil. 4:6, 7.
(2) Go anaanela molao-motheo wa botlhogo. Seno se baya boikarabelo jo bogolo mo monneng. (1 Bakor. 11:3; Baef. 5:25-33; Bakol. 3:19) Gape go biletsa boiteko jo bo natlafetseng mo karolong ya mosadi.—Baef. 5:22-24, 33; Bakol. 3:18; 1 Pet. 3:1-6.
(3) Motho go kganelela kgatlhego ya dikobo mo molekaneng wa gagwe. (Dia. 5:15-21; Baheb. 13:4) Motho go nna le kamego e e lorato ya ditlhokafalo tsa molekane wa gagwe go ka thusa go sireletsa yo o ntseng jalo kgatlhanong le thaelo ya go dira phoso.—1 Bakor. 7:2-5.
(4) Go bua ka tsela e e bonolo, mokgwa o o akanyetsang yo mongwe, go tila dikgakalo tsa go goagoana, go ngongorega, le mafoko a kgalefo le a a nyatsang.—Baef. 4:31, 32; Dia. 15:1; 20:3; 21:9; 31:26, 28.
(5) Go nna senatla le go ikanyega mo go tlhokomeleng lefelo le go nniwang go lone le diaparo tsa lelapa, gammogo le go baakanyetsa ka dijo tse di siameng.—Tito 2:4, 5; Dia. 31:10-31.
(6) Ka boikokobetso o dirisa kgakololo ya Bibela boo o ikutlwa gore yo mongwe o dira sengwe le sengwe se a tshwanetseng go bo a se dira kana nnyaa.—Bar. 14:12; 1 Pet. 3:1, 2.
(7) Go neela tlhokomelo e kgolo go dinonofo tsa botho tsa semoya.—1 Pet. 3:3-6; Bakol. 3:12-14; Bagal. 5:22, 23.
(8) Go baakanyetsa ka lorato lo lo tlhokafalang, thapiso, le kotlhao mo baneng, fa ba le teng.—Tito 2:4; Baef. 6:4; Dia. 13:24; 29:15.