LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 227-ts. 234
  • Legodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Legodimo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsalo-Sesha
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Boidiidi Jo Bogolo Bo Tla Tshela kwa Legodimong? Kana mo Lefatsheng?
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Bogosi
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 227-ts. 234

Legodimo

Tlhaloso: Lefelo la bonno la ga Jehofa Modimo le dibopiwa tsa moya tse di ikanyegang; sebaka se se sa bonaleng matlhong a motho. Bibela gape e dirisa lereo “legodimo” kana “magodimo” ka ditlhaloganyo tse dingwe tse di farologaneng; ka sekai: go emela Modimo ka sebele, phuthego ya gagwe ya dibopiwa tsa moya tse di ikanyegang, seemo sa go amogelwa ke Modimo, lobopo lo lo bonalang re sa balele lefatshe, phuthologo e e dikologileng polanete Lefatshe, mebuso ya batho tlaseng ga bolaodi jwa ga Satane, le goromente wa selegodimo yo mosha wa tshiamo yoo go ene Jesu Keresete le baruaboswa mmogo ba neilweng thata ke Jehofa go busa.

A rotlhe re kile ra nna gone mo sebakeng sa moya pele ga botsalo jwa rona jaaka batho?

Yoh. 8:23: “[Jesu Keresete a ba raya] a re, Lona lo cwa kwa tlhatse; nna ke cwa kwa godimo: lona lo ba lehatshe yeno; nna ga ke oa lehatshe yeno.” (Jesu o ne a tswa sebakeng sa moya. Mme, jaaka Jesu a ne a bolela, batho ba bangwe ga ba ise ba nne koo.)

Bar. 9:10-12: “Me Rebeka le èna, o rile a ithwadisicwe ke moñwe, . . . Gonne e rile bana ba e se ba bonwe, le gōna ba e se ba dihe sepè se se molemō leha e le se se boshula, me e le gore boikaèlèlō yoa Modimo yoa boitshenkèlō bo tlè bo èmè, e señ ka ditihō, me e le ka èna eo o bitsañ, Rebeka a rèwa, ga twe, Eo mogolo o tla dihèla eo mmōtlana.” (Tota, fa e le gore mawelana Jakobe le Isawe ba ne ba ile ba tshela go le pele mo sebakeng sa moya ba ka bo ba ile ba itirela rekoto e e ikaegileng ka boitshwaro jwa bone koo, a go ne go ka se nne jalo? Mme go ne go se na rekoto e e ntseng jalo go fitlhelela morago ga botsalo jwa bone jaaka batho.)

A batho botlhe ba ba molemo ba ya legodimong?

Dit. 2:34: “Gonne Dafide [yoo Bibela e mo lebisang jaaka ‘monna yo o ntseng kaha pelong ya ga Jehofa’] ga a ka a tlhatlogèla magodimoñ.”

Math. 11:11: “Amarure kea lo raea, ka re, Mo go ba ba tsecweñ ke basadi ga goa coga opè eo mogolo go heta Yohane Mokolobetsi; leha go nntse yalo, eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna.” (Ka jalo Johane ga a ka a ya legodimong fa a se na go swa.)

Pes. 37:9, 11, 29: “Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe . . . Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”

Fa Adame a ne a se ka a leofa, a e ne e ka bo e rile kgabagare a ya legodimong?

Gen. 1:26: “Me Modimo oa re, A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona; me a ba laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le dikgomo, le lehatshe yeotlhe, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe.” (Ka jalo, boikaelelo jwa Modimo ka Adame e ne e le gore a nne motlhokomedi wa lefatshe le diphologolo koo. Ga go sepe se se buiwang ka go ya ga gagwe kwa legodimong.)

Gen. 2:16, 17: “Me Yehofa Modimo a laola monna, a re, U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (E ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong gore motho ka letsatsi lengwe a swe. Taolo ya Modimo e e tsopotsweng fano e bontsha gore o ne a mo tlhagisa ka tsela eo e neng e tla gogela losong. Loso e ne e tla nna kotlhao ya botlhoka kutlo, eseng kgoro ya go ya botshelong jo bo botoka mo legodimong. Kutlo e ka bo e ile ya lefiwa ka botshelo jo bo tswelelang, botshelo jo bosakhutleng, mo Paradaiseng e Modimo a neng a e neile motho. Bona gape Isaia 45:18.)

A motho o tshwanetse go ya legodimong go nna le bokamoso jo bo itumedisang?

Pes. 37:11: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatihisa mo letlotloñ ya kagishō.”

Tshen. 21:1-4: “Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; . . . Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”

Mika 4:3, 4: “Morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”

A Jesu o ne a bulela bao ba neng ba a swa pele ga loso lwa gagwe tsela go ya legodimong?

Petere wa Ntlha 3:19, 20 e raya eng? “O e leñ ōna [mo moyeng, morago ga tsogo ya gagwe] o ileñ a [Jesu] rèrèla meōea e e mo tluñ ea kgolegèlō ka ōna, E e rileñ mo metlheñ ea pele ea bo e gana go utlwa, yale ka bopelotelele yoa Modimo bo ba lebeletse mo metlheñ ea ga Noa, ntlo e e kokobalañ e sa nntse e baakañwa, e bobōtlana, eboñ batho [“souls,” KJ, Dy; “batho,” TEV, JB], ba ba herañ mebedi, ba bolokilweñ mo go eōna ka metse.” (A “meōea e e mo tluñ ea kgolegèlō” e ne e le meya ya batho ba ba neng ba gana go tsaya-tsia thero ya ga Noa pele ga Morwalela, mme jaanong a ba ne ba buletswe kgoro go ya legodimong? Papiso ya 2 Petere 2:4 le Yude 6 le Genesise 6:2-4 e bontsha gore meya eo e ne e le barwa ba baengele ba Modimo bao ba neng ba ikapesa ka nama le go nyala mo motlheng wa ga Noa. Mo go 1 Petere 3:19, 20 lefoko la Segerika le le ranoletsweng “meōea” (spirits, NW) ke pneuʹma·sin, fa lefoko le le ranoletsweng “meōea” (souls, NW) e le psy·khaiʹ. “Meōea” (spirits) e ne e se meya e e se nang mebele mme e ne e le baengele ba ba se nang kutlo; “meōea” (souls) e go lebisitsweng go yone fano e ne e le batho ba ba tshelang, batshedi, Noa le bantlo ya gagwe. Seo se neng sa rerelwa “meōea [spirits] e e mo tluñ ea kgolegèlō” e tshwanetse ka gone ya bo e ne e le molaetsa wa katlholo.)

Petere wa Ntlha 4:6 e raya eng? “Gonne ke ka gōna mouō Mahoko a a Molemō a rerecweñ le e leñ bashwi, gore ba tlè ba atlholwè yaka batho mo nameñ, me ba tshelèlè Modimo mo moeeñ.” (A “bashwi” bano e ne e le batho bao ba neng ba a swa pele ga loso lwa ga Keresete? Jaaka go setse go bontshitswe, baswi ga se “meōea e e mo tluñ ea kgolegèlō.” Meya eo e ne e le baengele ba ba sa utlweng. Mme go rera go ka bo go ile ga se solegele batho ba ba suleng mo nameng molemo ka go bo, jaaka Moreri 9:5 e bolela, “ga ba itse sepè,” mme Pesalema 146:4 e oketsa ka gore ka nako ya loso la motho ‘maikaelelo a gagwe a a nyelela.’ Mme Baefesia 2:1-7, 17 e lebisa go batho bao ba neng ba sule kafa moyeng mme ba ile ba tshela semoyeng ka ntlha ya go amogela mafoko a a molemo.)

A botshelo jwa selegodimo jo bo tlhalosiwang mo “Testamenteng e Ntšha” ke tsholofelo ya Bakeresete botlhe?

Yoh. 14:2, 3: “Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi; ha go no go sa nna yalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ea go lo baakanyetsa bonnō. Me ha ke ea go lo baakanyetsa bonnō, ke tla tla gapè, me ke tla lo icholèla; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.” (Jesu fano o ne a bontsha gore baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, bao a neng a bua le bone, e ne e tla re, kgabagare, ba nne mo “tluñ” ya ga Rraagwe, mo legodimong, le Jesu. Mme fano ga a bolele ka palo ya ba bangwe gape ba ba tla yang legodimong.)

Yoh. 1:12, 13: “Me botlhe ba ba mo chotseñ [Jesu], a ba naea tshiamèlō ea go nna bana ba Modimo, eboñ bōnè ba ba dumetseñ mo ineñ ya gagwè: E le ba ba se kañ ba tsalwa ke madi, leha e le ke go rata ga nama, leha e le ke go rata ga motho, ha e se ke Modimo.” (Elatlhoko ditemana tse dingwe, temana 11, e lebisa go “ba ga gabō” Jesu, Bajuda. Botlhe bao ba ileng ba mo amogela fa a tla go bone mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne ya nna bana ba Modimo, ka tebelelo ya botshelo jwa selegodimo. Madiri mo mokwalong ono a kaya lobaka lo lo fetileng, ka jalo polelwana eno ga e ya lebisa go batho botlhe bao ba neng ba nna Bakeresete fa e sa le go tswa foo.)

Bar. 8:14, 16, 17: “Gonne botlhe ba ba gōgwañ ke Mōea oa Modimo, bauō ke bana ba Modimo. Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo: Me ha re le bana, hoñ re baruaboshwa; re baruaboshwa ba Modimo, re baruaboshwa mmōgō le Keresete; ke raea ha re bogisiwa naè, gore le gōna re tlè re galalediwè naè.” (Ka nako ya go kwalwa ga seno go ne go le boammaaruri gore botlhe bao ba neng ba gogwa ke moya wa Modimo e ne e le barwa ba Modimo bao tsholofelo ya bone e neng e le ya go galalediwa le Keresete. Mme seno ga se a ka sa nna boammaaruri ka metlha. Luke 1:15 e re Johane Mokolobetsi o ne a tla tladiwa ka moya o o boitshepo, mme Mathaio 11:11 e go papamatsa sentle gore o ne a se ketla a tlhakanela mo kgalalelong ya Bogosi jwa selegodimo. Ka jalo, gape, morago ga go phuthiwa ga baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo go ne go tla nna le ba bangwe ba ba neng ba tla direla Modimo jaaka balatedi ba Morwawe mme ba se ketla ba tlhakanela mo kgalalelong ya selegodimo.)

Ke ditshupiso dife tse di tlhamaletseng go “Testamente e Ntšha” ka paakanyetso ya Bakeresete go duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng?

Math. 5:5: “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.”

Math. 6:9, 10: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Thato ya Modimo ka lefatshe ke eng? Genesise 1:28 le Isaia 45:18 di supa eng?)

Math. 25:31-33, 40, 46: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma. . . . Me Kgosi e tla ba [dinku] hetola, e ba raea, e re, Amarure kea lo raea, Ereka lo go dihetse moñwe oa bōnè ba, bonnake, ba ba bōtlana ba, lo go dihetse nna. Me bauō [dipodi] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami [dinku] ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Elatlhoko gore “dinku” tseno ga di tshwane le tseo e leng bonnake ba ga Kgosi, bao eleng “baabedwi ba picō ea selegodimo.” [Baheb. 2:10–3:1] Mme batho bano ba seka dinku ba tla bo ba tshela ka nako ya fa Keresete a le mo setulong sa bogosi sa gagwe mme e le ka nako ya fa “bonnake” ba gagwe ba tla bo ba sa ntse ba lebane le mathata mo lefatsheng.)

Yoh. 10:16: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (“Dinku di sele” tseno ke bomang? Ke balatedi ba Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, mme ga ba mo lesakeng la dinku la “kgōlaganō e ncha,” ka tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo. Lefa go le jalo ba atamelana fela thata thata le bao ba leng mo lesakeng leo la dinku.)

2 Petere 3:13: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (Gape le Tshenolō 21:1-4)

Tshen. 7:9, 10: “Moragō ga dilō tse [morago ga moaposetoloi Johane a se na go bona palo e e tletseng ya ba ba “chwailweñ” bao ba ileng ba “rèkwa mo lehatshiñ” go nna le Keresete mo Thabeng ya Siona ya selegodimo; bona Tshenolō 7:3, 4; 14:1-3] ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.”

Bibela e tsholetse ba le kae tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo?

Luke 12:32: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.”

Tshen. 14:1-3: “Me ka leba, me bōnañ, Kwana [Jesu Keresete] a bo a eme mo thabeñ ea Siona [mo legodimong; bona Bahebera 12:22-24], a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, ba ba kwadilweñ leina ya gagwè, le leina ya ga Rragwè, mo diphatleñ tsa bōnè. . . . Me ba ōpèla ekete sehela se sesha . . . me go bo go se motho opè eo o ka ithutañ sehela seuō, ha e se ba ba bothousanda ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, eboñ ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ.”

A ba ba 144 000 ke Bajuda ba tlholego fela?

Tshen. 7:4-8: “Me ka utlwa palō ea bōnè ba ba chwailweñ, e le bothousanda ba le lekgolo, le ba mashomè a manè le ba le banè, e le ba locō loñwe le loñwe loa bana ba Iseraela. . . . Yuda . . . Reubena . . . Gada . . . Ashera . . . Nafetali . . . Manasa . . . Simeona . . . Lefi . . . Isakara . . . Sebulona . . . [Josefa] . . . Benyamina.” (Bano e ka se ka ya nna ditso tsa Iseraele wa tlholego ka go bo le ka motlha ga go ise go nne le lotso lwa Josefe, ditso tsa Eferaime le Dane ga di a akarelediwa mo lenaneong fano, mme Balefi ba ne ba beetswe kwa thoko go direla mo tempeleng mme ba ne ba sa tsewe jaaka bangwe ba ditso tse 12. Bona Dipalō 1:4-16.)

Bar. 2:28, 29: “Gonne eo o leñ Moyuda ka bokahantlè hèla, e be e se èna; le go rupa mo go leñ kaha ntlè, eboñ mo nameñ hèla, e be e se gōna; Me Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.”

Bagal. 3:26-29: “Gonne lo bana ba Modimo lotlhe, mo go Keresete Yesu, ka tumèlō. . . . Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu. Me ha lo le ba ga Keresete, hoñ lo losika loa ga Aberahame, lo baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco.”

A palo ya 144 000 ke ya tshwantshetso fela?

Karabo e supiwa ke lebaka la gore, morago ga go umaka palo e e tsepameng ya 144 000, Tshenolō 7:9 e lebisa go “boidiidi yo bogolo, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ.” Fa e le gore palo ya 144 000 e ne e se ya sebele e ne e tla tlhaela bokao fa e bapisiwa le “boidiidi yo bogolo.” Go leba palo eo jaaka e le ya sebele go dumalana le polelo ya ga Jesu mo go Mathaio 22:14 malebana le Bogosi jwa magodimo: “Gonne ba ba bidicweñ ba bantsi, me ba ba itshenkecweñ ba bōtlana.”

A ba “boidiidi yo bogolo” ba ba lebisitsweng go Tshenolō 7:9, 10 le bone ba ya legodimong?

Tshenolō ga e bue ka bone jaaka e dira ka ba ba 144 000, gore ba ne ba “rèkwa mo lehatshiñ” go nna le Keresete mo Thabeng ya Siona ya selegodimo.—Tshen. 14:1-3.

Tlhaloso ya bone ya gore “ba eme ha pele ga setulō sa bogosi le ha pele ga Kwana” tota-tota ga se gore e supa lefelo le le rileng, mme eleng boemo jo bo amogelegang. (Bapisa Tshenolō 6:17; Luke 21:36.) Polelwana “pele ga setulō sa bogosi” (Segerika e·noʹpi·on tou throʹnou; tota tota, “mo ponong ya setulo sa bogosi”) ga e tlhoke gore ba bo ba le mo legodimong. Boemo jwa bone ke fela “mo ponong” ya Modimo, yo o re bolelelang gore go tswa legodimong o kgona go bona bana ba batho.—Pes. 11:4; bapisa Mathaio 25:31-33; Luke 1:74, 75; Ditihō 10:33.

“Boidiidi yo bogolo yoa batho mo legodimoñ” jo bo bolelwang go Tshenolō 19:1, 6 ga bo tshwane le “boidiidi yo bogolo” jwa ga Tshenolō 7:9. Bao ba leng mo legodimong ga ba tlhalosiwe jaaka bao ba tswang go “morahe moñwe le moñwe” kana bao ba kayang fa poloka ya bone e tswa go Kwana; ke baengele. Polelwana “boidiidi yo bogolo” e dirisiwa ka dikgopolo tse di farologaneng mo Bibeleng.—Mar. 5:24; 6:34; 12:37.

Bao ba yang legodimong ba ya go dirang koo?

Tshen. 20:6: “Me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.” (Gape Daniele 7:27)

1 Bakor. 6:2: “Kgotsa a ga lo itse ha baitshepi ba tla atlhola lehatshe?”

Tshen. 5:10: “Me ua ba diha gore ba nnè bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna; me ba busa mo lehatshiñ.” (Lefoko la Segerika le le tshwanang le sebopego sa kerama le fitlhelwa go Tshenolō 11:6.)

Ke mang yo o kgethang bao ba tla yang legodimong?

2 Bathes. 2:13, 14: “Me lona ba ga echo, baratwa ba [ga Jehofa], re na le go leboga Modimo ka metlha eotlhe kaga lona, ka Modimo o sa le o le itshenkèla mo tshimologoñ, gore lo bolokwè ka go itshepisiwa ke Mōea, le ka go dumèla boamarure; Mo o lo go bileditseñ ka Mahoko a a Molemō a rona, gore lo bōnè kgalalèlō ea Morèna oa rona Yesu Keresete.”

Bar. 9:6, 16: “Gonne ga se go re, ba ba cwañ mo go Iseraela, ke Baiseraela botlhe . . . Me yalo ga se ga eo o ikaèlèlañ, leha e le ga eo o sianañ, ha e se ga Modimo o o utlwèlañ botlhoko.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela