LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 223-ts. 226
  • Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bafalodi Ba se Nne ‘Karolo ya Lefatshe’
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Go Nna mo Lefatsheng Mme re se Karolo ya Lone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Mmusi wa Lefatshe yo o Fitlhang se a Leng Sone o a Senoga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 223-ts. 226

Lefatshe

Tlhaloso: Fa le ranolwa go tswa lefokong la Segerika koʹsmos, “lefatshe” le ka raya (1) lotso lwa motho ka kakaretso, kwantle ga boemo jwa bone jwa boitsholo kana tsela ya bone ya botshelo, (2) mokgwa wa botshelo jwa batho o motho a tsalelwang le go tshelelang go one, kana (3) setho sotlhe ka bontsi jwa sone kwantle ga batlhanka ba ba amogelwang ke Jehofa. Baranodi bangwe ba Bibela ba ile ba tlisa dipolelo tse e seng tsa boammaaruri ka go dirisa lereo “lefatshe” ka go tshwana fela le a Segerika a a rayang “kgolokwe-lefatshe,” “kgolokwe e e agilweng,” le “tsamaiso ya dilo.” Puisano e e latelang e itebagantse thata-thata le tlhaloso ya boraro mo go tse di fa godimo tse di buang kaga “lefatshe.”

A lefatshe le tla senngwa ka molelo?

2 Pet. 3:7: “Magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō [ja Modimo], ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” (Elatlhoko gore ke “baikepi,” ba ba tla senngwang, e seng lotso lotlhe lwa motho. Ka mo go tshwanang, temana 6 e lebisa go tshenyego ya “lehatshe” ja motlha wa ga Noa. Baikepi ba ne ba senngwa, mme kgolokwe-lefatshe ga mmogo le Noa le ba ntlo ya gagwe ba ba boifang Modimo ba ne ba sala. A “molelō” mo letsatsing je le tlang ja katlholo o tla nna wa sebele, kana ke o o tshwantshetsang tshenyego e e feletseng? Tota molelo wa sebele o ne o ka dirang mo dipopong tsa selegodimo tse di setseng di bile di le mogote gale jaaka letsatsi le dinaledi? Kaga kakanyetso e nngwe gape ya ditemana tseno, bona ditsebe 209, 210, tlaseng ga “Kgolokwe-Lefatshe.”)

Dia. 2:21, 22: “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”

Ke mang yo o busang lefatshe leno—Modimo kana Satane?

Dan. 4:35: “[Modimo Mogodimodimo, Jehofa] o diha kaha go rateñ ga gagwè mo ntweñ ea legodimo, le mo banniñ ba lehatshe: me ga go na opè eo o ka thibañ seatla sa gagwè, kgotsa a mo raea, a re, U dihañ?” (Ka mokgwa o o tshwanang, Yeremia 10:6, 7 e lebisa Jehofa jaaka “Kgosi ea merahe” ka go bo e le Kgosi e Kgolo thata, ene yo o ka dirang gore dikgosi tsa batho le merafe e di e busang di ikarabele ebile a tla dira jalo. Jaaka fa e le Mmopi wa kgolokwe-lefatshe, Jehofa ke Mmusi wa lone yo o tshwanetseng; ga a ise a ke a tlogele boemo joo jwa gagwe.)

Yoh. 14:30: “[Jesu o ne a re:] Kgōsana ea lehatshe ee tla: me ga e na sepè mo go nna.” (Kgosana eo go phepafetse gore ga se Jehofa Modimo, yoo Jesu a diragatsang thato ya gagwe ka boikanyegi ka metlha. “Kgōsana ea lehatshe” eno e tshwanetse go nna “eo o boshula,” Satane Diabolo, yo ‘lefatshe lotlhe le namaletseng mo thateng ya gagwe,’ jaaka go supilwe go 1 Yohane 5:19. Lemororo setho se tshela mo polaneteng eo eleng ya Modimo, lefatshe leo le dirilweng ka bao e seng batlhanka ba ba kutlo ba ga Jehofa le tlaseng ga taolo ya ga Satane ka go bo batho ba ba ntseng jalo ba utlwa ene. Bao ka pelo yotlhe ba ineelang go bobusi jwa ga Jehofa ga se karolo ya lefatshe leo. Bapisa 2 Bakorintha 4:4.)

Tshen. 13:2: “Me kgōgèla [Satane Diabolo] ea se naea thata ea eōna, le setulō sa eōna sa bogosi, le taolō e kgolo.” (Papiso ya tlhaloso ya “sebatana” seno le Daniele 7 e supa gore se emela puso ya batho, e seng e le nngwe fela mme tsamaiso ya kgolokwe ya bobusi jwa sepolotiki. Gore Satane ke kgosana ya lone go dumalana le Luke 4:5-7, gape le Tshenolō 16:14, 16, eo e tshwantshang dipuo tsa bodimona jaaka tseo di gogelang babusi ba kgolokwe-lefatshe yotlhe go tlhabantshana le Modimo ka Hara-Magedona. Bobusi jwa ga Satane jwa lefatshe ke joo fela bo ileng jwa itshokelwa ke Modimo go tla go fitlhelela nako ya Gagwe e e tlhomilweng e goroga ya go rarabolola kgang kgolo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe.)

Tshen. 11:15: “Ga tloga ga nna mancwe a magolo mo legodimoñ, a re, Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè.” (Fa seno se ne se diragala ka 1914, ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno e e boikepo ya jaanong e ne ya simologa. Pontsho e ntšha ya bolaodi jwa ga Jehofa e ne ya bonala, ka nako eno e le ka Morwawe sebele jaaka Mmusi wa Bomesia. Ka bofefo lefatshe le le boikepo le tla senngwa, mme Satane, kgosana ya lone ya moya o o boikepo, e tla tswalelwa, e sa kgone go tlhotlheletsa setho.)

Boikutlo jwa Bakeresete ba boammaaruri ke bofe tebang le lefatshe le tebang le batho bao eleng karolo ya lefatshe?

Yoh. 15:19: “Me ereka lo [balatedi ba ga Jesu] se ba lehatshe, . . . ke lo itshenketse mo lehatshiñ.” (Ka gone Bakeresete ba boammaaruri ga se karolo ya boidiidi jwa mokgatlho wa batho o o kgaoganeng le Modimo. Ba tlhokomela ditiro tsa botho fela tsa gale, mme ba ganana le maikutlo, puo, le boitshwaro tseo di bopang lefatshe leo le thulanang le ditsamaiso tse di tshiamo tsa ga Jehofa.) (Bona ditsebe 104-110, gape le 304-308.)

Yak. 4:4: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Ka go bo Bakeresete ba sa itekanela, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba leswefadiwa ke go kopana ga bone le lefatshe. Mme fa ba gakololwa go tswa Lefokong la Modimo, ba a ikotlhaya le go siamisa ditsela tsa bone. Lefa go ntse jalo, fa bangwe, ka bomo fela, ba ikgethela go itsalanya le lefatshe kana ba etsa moya wa lona, ba bontsha gore ga ba sa tlhole ba le Bakeresete ba boammaaruri mme ba ntse karolo ya lefatshe leo le leng mo bobabeng le Modimo.)

Bar. 13:1: “A motho moñwe le moñwe a ineèle mo go utlweñ babusi ba bagolo: gonne ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ; me babusi ba ba leñ gōna, ba beilwe ke Modimo.” (Bao ba tsayang-tsia kgakololo eno ga se dirukhutlhi, ba leka go thankgola mebuso ya lefatshe. Ba ineela go babusi ba sepolotiki ba ba nang le taolo, ba ba utlwa fa fela ditopo tsa babusi ba ba ntseng jalo di sa thulane le dipatlafalo tsa Modimo. Bogoromente ba ba ntseng jalo ba ile ba bonelwa pele le go bolelelwa pele ke Modimo. Ba na le thata, e seng ka ntlha ya go bo a ba e neile, mme ka tumelelo ya gagwe. Ka nako e e leng ya gagwe gape o tla ba tlosa.)

Bagal. 6:10: “Yalo, ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba ikgogone mo go direleng batho ka bone se se molemo. Ba etsa Modimo, yo o tlhabisetsang baikepi le basiami letsatsi.—Math. 5:43-48.)

Math. 5:14-16: “Ke lona lesedi ya lehatshe. . . . A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Gore ba bangwe ba galaletse Modimo ka ntlha ya se Bakeresete ba se dirang, go phepafetse gore bao eleng Bakeresete ba tshwanetse ya bo e le basupi ba ba tlhaga mo lefatsheng malebana le leina le boikaelelo jwa Modimo. Tiro eno ke yone e Bakeresete ba boammaaruri ba e beileng kwa pele pele.)

Maemo a lefatshe a jaanong a kayang?

Bona setlhogo se segolo “Metlha ya Bofelo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela