LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 163-ts. 167
  • Go Boa ga ga Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boa ga ga Keresete
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Phatsimisa Lesedi Mabapi le Go Nna Gone Ga Ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Nna Gone ga Mesia le Go Busa ga Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A ke Go Tla ga ga Jesu Kana ke go Nna Gone ga ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 163-ts. 167

Go Boa ga ga Keresete

Tlhaloso: Pele ga a tlogela lefatshe, Jesu Keresete o ne a solofetsa go boa. Ditiragalo tse di kgatlhisang malebana le Bogosi jwa Modimo di nyalanngwa le tsholofetso eo. Go tshwanetse ga elwatlhoko gore go na le pharologanyo magareng ga go tla le go nna gone. Ka gone, e re ntswa go tla ga motho (go nyalanngwa le go goroga ga gagwe kana go boa ga gagwe) go diragala ka nako e e beilweng, go nna gone ga gagwe go ka nna ga tswelela le eleng morago ga lobaka lwa dingwaga. Mo Bibeleng lefoko la Segerika erʹkho·mai (le le rayang “go tla”) le dirisiwa gape mo go lebiseng ka ga Jesu go kaela tlhokomelo ya gagwe go tiro e e botlhokwa ka nako e e tsepameng ya go nna gone ga gagwe, eleng, tiro ya gagwe jaaka moatlhodi wa ga Jehofa ka nako ya ntwa ya letsatsi je legolo la Modimo Mothatayotlhe.

A ditiragalo tse di nyalanngwang le go nna gone ga ga Keresete di diragala ka lobaka lo lo khutshwane lwa nako kana ka lobaka lwa dingwaga?

Math. 24:37-39: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla [“go nna gone,” NW, Yg, Ro, ED; Segerika, pa·rou·siʹa] ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. Gonne yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.” (Ditiragalo tsa “metlha ea ga Noa” tse di tlhalosiwang fano di ne tsa diragala ka lobaka lwa dingwaga tse dintsi. Jesu o ne a bapisa go nna gone ga gagwe le se se neng sa diragala morago koo.)

Mo go Mathaio 24:37 lefoko la Segerika le le dirisitsweng ke pa·rou·siʹa. Tota tota le raya “go nna le motho yo mongwe.” Greek-English Lexicon ya ga Liddell le Scott (Oxford, 1968) e bua ka “go nna gone, ga batho,” jaaka tlhaloso ya yone ya ntlha ya pa·rou·siʹa. Tlhaloganyo ya lefoko e papamadiwa sentle mo go Bafilipi 2:12, koo Paulo a fapaanyang go nna gone ga gagwe (pa·rou·siʹa) le go sa nne gone ga gagwe (a·pou·siʹa). Mo letlhakoreng le lengwe, mo go Mathaio 24:30, eo e re bolelelang ka “Morwa motho a tla ka maru a legodimo, le ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo” jaaka moatlhodi wa ga Jehofa kwa ntweng ya Hara-Magedona, go dirisiwa lefoko la Segerika er·khoʹmenon. Baranodi bangwe ba dirisa ‘go tla’ ka bobedi mo mafokong a Segerika, mme bao ba leng kelotlhoko thata ba dira pharologanyo magareng ga mafoko a mabedi ano.

A Keresete o tla boa ka mokgwa oo a tla bonwang ke batho ka matlho?

Yoh. 14:19: “E tla re kwa pelenyana, lehatshe le bo le sa tlhole le mpōna; me lona [baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu] lo bo lo nntse lo mpōna: ereka ke tshedile, le lona lo tla tshela.” (Jesu o ne a solofetsa baaposetoloi ba gagwe gore o ne a tla tla gape mme a ba tseele kwa legodimong go nna le ene koo. Ba ne ba tla mmona ka go bo e ne e tla bo e le dibopiwa tsa moya jaaka ene. Mme lefatshe le ne le se ketla le mmona gape. Bapisa 1 Timotheo 6:16.)

Dit. 13:34: “Me kaga go cosa Yesu mo bashwiñ ga ōna [Modimo], [ga a na] go tlhōla a boèla mo go boleñ.” (Mebele ya batho ka tlholego fela e a bola. Ke ka gone moo 1 Bakorintha 15:42, 44 e dirisang lefoko ‘go bola’ go tsamaelana le “mmele oa tlhōlègō.” Jesu le ka motlha ga a ketla a nna le mmele o o ntseng jalo.)

Yoh. 6:51: “Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ: E, le gōna senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nne botshelō yoa lehatshe.” (Fa a se na go o ntsha, Jesu ga a sa tlhole a o tsaya gape. Mme ka gone he a sa batle go amoga setho melemo ya setlhabelo sa botshelo jwa gagwe jwa botho jo bo itekanetseng.)

Bona gape ditsebe 169, 170, tlaseng ga “Go Gapiwa.”

Go kaiwang ka go tla ga ga Jesu “yalo hèla” jaaka a tlhatlogetse legodimong?

Dit. 1:9-11: “[Baaposetoloi ba ga Jesu] ba nntse ba lebile, a tlhatlosiwa; me leru ya mo chola mo ponoñ ea bōnè. Me ea re ba sa nntse ba lebile thata kwa loapiñ, yaka a tsamaea, bōnañ, banna ba le babedi ba èma ha go bōnè, ba apere diaparō tse di chweu; Ba ba bileñ ba bua, ba re, Lona banna ba Galilea, lo emetseñ lo lebile kwa loapiñ? Yesu eo, eo o choleledicweñ kwa legodimoñ a cwa mo go lona, o tla tla yalo hèla, yaka lo mmonye a ea kwa legodimoñ.” (Elatlhoko seno gore e re “yalo hèla,” e seng ka mmele o o tshwanang. ‘Tsela’ e a neng a tlhatloga ka yone e ne e le efe? Jaaka temana 9 e bontsha, o ne a nyelela mo ponong, tlhatlogo ya gagwe e bonwa ke barutwa ba gagwe fela. Lefatshe ka kakaretso le ne le sa itse se se neng se diragala. Go tla bo go tshwana fela ka go boa ga ga Keresete.)

Go kaiwang ka go ‘tla ga gagwe a le mo marung’ le gore ‘matlho otlhe a tla mmona’?

Tshen. 1:7: “Bōnañ, oè tla a le mo maruñ; me matlhō aotlhe a tla mmōna, le ba ba mo tlhabileñ; le dicō cotlhe tsa lehatshe di tla mo leba di lela.” (Gape Mathaio 24:30; Mareko 13:26; Luke 21:27)

Ke eng se se supiwang ke ‘maru’? Go sa bonale. Fa sefofane se le mo marung a mantsho kana se le kwa godimo ga maru, batho ba ba fa fatshe ga se gantsi ba ka se bona, lefa gone ba ka utlwa go duma ga dienjene. Jehofa o ne a bolelela Moshe: “Bōna, ke ea koñ go wena ka leru ye le kwenneñ.” Moshe ga a ka a bona Modimo, mme leru leo le ne la supa go nna gone ga Modimo mo go sa bonaleng. (Ekes. 19:9; bona gape Lefitiko 16:2; Dipalō 11:25.) Fa e le gore Keresete o ne a ka bonala mo magodimong, go phepafetse gore ga se “matlhō aotlhe” a a neng a tla mmona. Ka sekai, fa a ne a ka bonala kwa Australia, o ne a se ketla a bonala kwa Yuropa, Aferika, le mo Boamerika, a gago jalo?

“Matlhō aotlhe” a ne a tla mmona ka tlhaloganyo efe? Ba tla lemoga ka ditiragalo mo lefatsheng gore o gone lefa a sa bonale. Gape mo go lebiseng mo ponalong e e seng ya nama, Yohane 9:41 e bega ka gore: “Yesu a ba raea [Bafarasai], a re, Ha lo ka bo lo no lo houhetse lo ka bo lo sena boleo: me ke ha, loa re, Loa bōna: boleo yoa lona bo sale gōna.” (Bapisa Baroma 1:20.) Morago ga go boa ga ga Keresete, batho bangwe ba bontsha tumelo; ba lemoga sesupo sa go nna gone ga gagwe. Ba bangwe ba gana bosupi, mme fa Keresete a tla bo a tsaya kgato jaaka moatlhodi wa Modimo wa baikepi, le eleng bone ka sebele ba tla lemoga mo pontshong ya maatla a gagwe gore tshenyego ga e tswe mo bathong fela mme e tswa legodimong. Ba tla itse se se diragalang ka go bo ba ne ba tlhagisiwa go sa le pele. Ka ntlha ya seo se ba fekeetsang, ba tla “lela.”

“Ba ba mo tlhabileñ” ke bomang? Tota, masole a Roma ke one a neng a dira seno ka nako ya polao ya ga Jesu. Mme ba sa le ba sule bogologolo. Ka jalo seno se tshwanetse go lebisiwa go batho bao ka go tshwana ba tshwarang makgwakgwa, kana ba ‘tlhabang,’ balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete mo “metlheñ ea bohèlō.”—Math. 25:40, 45.

A go ka bolelwa tota gore motho o ‘tsile’ kana gore o ‘gone’ fa a sa bonale mo matlhong?

Moaposetoloi Paulo o ne a bua kaga gagwe a “seeō mo mmediñ, me [a] le gōna mo moeeñ” le phuthego ya Korintha.—1 Bakor. 5:3.

Jehofa o ne a bua ka go ‘fologela ga gagwe tlase’ go petekanya dipuo tsa baagi ba tora ya Babela. (Gen. 11:7) Gape o ne a re o ne a tla ‘fologela tlase’ go golola Iseraele mo bokgobeng jwa Egepeto. Mme Modimo o ne a tlhomamisetsa Moshe, “Go tla ea Sebōnalō sa me nau” go etelela Iseraele go ya Lefatsheng ja Tsholofetso. (Ekes. 3:8; 33:14) Mme ga go motho ope yo le ka motlha a kileng a bona Modimo.—Ekes. 33:20; Yoh. 1:18.

Ke ditiragalo dife tseo Bibela e di tshwaraganyang le go nna gone ga ga Keresete?

Dan. 7:13, 14: “Ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho [Jesu Keresete], me a tla hèla kwa go eo mogologolo [Jehofa Modimo], me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.”

1 Bathes. 4:15, 16: “Gonne se, re se bua le lona ka lehoko ya [ga Jehofa], go re, rona ba re tla boñ re tshedile, ba e tla reñ mo go tleñ ga Morèna re hitlhèlwa re setse, ga re ketla re ètèlèla ba ba shuleñ pele. Gonne Morèna ka esi o tla hologa kwa legodimoñ ka loshalaba, le ka lencwe ya moengele eo mogolo, le ka go galaotèga ga lonaka loa Modimo: me bashwi ba ba shwetseñ mo go Keresete ba tla coga pele.” (Ka jalo, bao ba tla busang le Keresete ba tla tsosiwa go nna le ene kwa legodimong—sa ntlha e le bao ba ileng ba swa dingwaga tse di fetileng mme go tswa foo ba ba tla swang morago ga go boa ga Morena.)

Math. 25:31-33: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”

2 Bathes. 1:7-9: “Le go naea lona ba lo pitlagañwañ tapologō le rona, mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineèleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ ea go tlogèla rure mo sehatlhogoñ sa Morèna le mo kgalaleloñ ea nonohō ea gagwè.”

Luke 23:42, 43: “Me [modira-bosula yo o pelotlhomogi yo a neng a bapotswe go bapa le Jesu] a re, Yesu, a u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago. Me Yesu a mo raea, a re, Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” (Tlaseng ga puso ya ga Jesu, lefatshe lotlhe le tla nna paradaise; baswi ba ba mo kgakologelong ya Modimo ba tla tsosiwa ka sebaka sa go ipelela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng ka bosakhutleng.)

Bona gape ditsebe 274-279, tlaseng ga “Metlha ya Bofelo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela