Ditso tsa Setho
Tlhaloso: Jaaka lo dirisitswe fano, lotso lo raya mophato o o rileng wa batho bao ba nang le dipopego dingwe tsa mmele tse di tshwanang tse di ruilweng mo go ba bangwe mme e le tseo di lekanetseng go farologanya setlhopha seo jaaka mofuta o o tlhomologileng wa batho. Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe ga elwatlhoko gore, lebaka la go bo ditso di ka kgona go nyalana le go tsala bana mmogo le bontsha gore eleruri ke ba ‘losika’ lo le longwe, botlhe e le maloko a lelapa la setho. Ka jalo ditso tse di farologaneng ke dikarolonyana fela tsa kakaretso yotlhe ya dipharologano tse di ka nnang gone mo sethong.
Ditso tse di farologaneng di tswa kae?
Gen. 5:1, 2; 1:28: “Tsatsiñ ye Modimo o tlhodileñ motho ka yeōna, oa mo diha mo sechwanoñ sa ōna Modimo: Oa ba tlhōla nona le tshadi, me oa ba segohatsa, oa ba raea leina, oa re, Adame [kana, Setho], ka letsatsi ye ba tlhodilweñ ka yèona.” “Me Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe.” (Ka gone setho sotlhe ke ditlogolwana tsa batho ba babedi ba ntlha, Adame le Efa.)
Dit. 17:26: “[Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ [Adame] a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.” (Ka jalo, go sa kgathalesege gore tšhaba e ka tswa e dirwa ka ditso dife, botlhe fela ke ditlogolwana tsa ga Adame.)
Gen. 9:18, 19: “Me bomorwa Noa ba ba duleñ mo tluñ e e kokobalañ e ne e le Sheme, le Hame, le Yafethe . . . Ba bararo bauō e ne e le bomorwa Noa: me ga cwa mo go bōnè ba ba harahereñ lehatshe yeotlhe.” (Morago ga Modimo o se na go senya lefatshe la batho ba ba boikepo ka morwalela wa kgolokwe mo motlheng wa ga Noa, batho ba basha ba lefatshe, go akareletsa le ditso tsotlhe tse di itsegeng gompieno, ba ne ba tswa mo ditlogolwaneng tsa barwa ba bararo ba ga Noa le basadi ba bone.)
A Adame le Efa e ne e le batho ba dikinane (mainane) fela?
Bibela ga e tshegetse pono e e ntseng jalo; bona gape setlhogo se segolo “Adame le Efa.”
Kaene o tsere kae mosadi fa e le gore go ne go na le lelapa le le lengwe fela?
Gen. 3:20: “Me monna a raea mosadi oa gagwè leina, a re, Efe; ka go bo e le mma-batshedi botlhe.” (Ka jalo batho botlhe e ne e tla nna ditlogolwana tsa ga Adame le Efa.)
Gen. 5:3, 4: “Me Adame a tshela dinyaga di le lekgolo le mashomè mararo, me a tsala ñwana oa mosimane eo o chwanañ naè, a nntse yaka sechwanō sa gagwè, me a mo raea leina, a re, Sethe. Me Adame a re a sena go tsala Sethe, malatsi a gagwe a nna dinyaga di le makgolo a a herañ mebedi: me a tsala tshimane le tshetsana.” (Mongwe wa barwa ba ga Adame e ne e le Kaene, mme mongwe wa barwadia Adame o tshwanetse a bo a ile a nna mosadi wa ga Kaene. Mo nakong eo mo ditsong tsa setho fa batho ba sa ntse ba na le boitekanelo le nonofo tsa mmele tse di tlhomologileng thata, jaaka go supiwa ke boleele jwa matshelo a bone, kgonego ya go fetisetsa bogole ka ntlha ya lenyalo la losika e ne e se kgolo. Lefa go ntse jalo, morago ga dingwaga tse di ka nnang 2 500 tsa ditiragalo tsa setho, fa boemo jwa mmele jwa batho bo ne bo koafetse fela thata, Jehofa o ne a neela Iseraele melao e e neng e iletsa lenyalo la bolosika.)
Gen. 4:16, 17: “Me Kaene a cwa ha pele ga Yehofa, a aga mo lehatshiñ ya Nōda [kana Bohaladi], go pōta Edena kaha botlhabatsatsi. Me Kaene a itse mosadi oa gagwè [a robala le mosadi wa gagwe, NE]; me a ithwala, a bōna Enōke.” (Elatlhoko gore Kaene ga a ka a kopana lwantlha le mosadi wa gagwe mo lefatsheng leo a neng a tshabela go lone, jaaka ekete o ne a tswa mo lelapeng le lengwe. Go na le moo, e ne e le gone koo ko ba neng ba tlhakanela dikobo le go tshola morwa gone.)
Ke eng se se ikarabelelang mo go nneng gone ga dipopego tse di farologaneng tsa ditso?
“Batho botlhe ba ba tshelang gompieno ba tswa mo losikeng lo le longwe, Homo sapiens, mme ba tswa mo motsweng o le mongwe. . . . Dipharologanyo tsa botshelo magareng ga batho ke fela dipharologanyo tsa segotso se se anameng le tlhotlheletso ya tikologo ya dibopapopego tseno tse di ka nnang gone. Mo makgetlong a mantsi, dipharologanyo tseo di nna gone ka ntlha ya go logakana ga mefuta eno e mebedi. . . . Dipharologanyo magareng ga batho ka bongwe ba ba rileng moteng ga lotso kana le eleng moteng ga batho botlhe gantsi di dikgolwane thata go na le dipharologano ka kakaretso magareng ga ditso kana batho botlhe.”—Phuthego ya merafe-rafe ya baitseanape e e neng e biditswe ke UNESCO, e e tsopotsweng go Statement on Race (New York, 1972, third ed.), Ashley Montagu, dits. 149, 150.
“Lotso ke nngwe fela ya dibopapopego tsa batho tse di tshwanang tse di kwa bothokong tseo go tsone mefuta ya batho e neng ya tla go kgaogana ka tsone ka nako le morago ga kanamo ya bone le lefatshe. Tota lotso lo le longwe lo ile lwa kgona go gola mo go nngwe le nngwe ya dikgaolo tse dikgolo tse tlhano tsa dikontinente tsa lefatshe. . . . Mo lobakeng lono lwa ditiragalo batho ba ile ba kgona go falala ka dibopapopego tsa bone mme re ka lekanyetsa le go ithuta matswela a phalalo eno ka masalelanyana a segompieno ao eleng ditso tsa bogologolo tsa lefatshe. Jaaka re ne re ka solofela, phalalo eno e bonala e bapile thata le bogolo joo ka jone batho ba neng ba ikarola. . . . Fa tshimologo ya ditso e ne e nna gone mo dikontinenteng, ka diketekete tsa batho di kokoanela golo go le gongwe go ya ka dibopapopego tsa bone tse di tshwanang tse di kwa bothokong go dikologa lefatshe lotlhe, dipharologanyo tsa gangwe le gape tsa dibopapopego tseo jaanong re di bonang di ne tsa thaega. . . . Boikgakantshi jo re lebaneng le jone ke gore setlhopha sengwe le sengwe sa batho se bonala se farologane ka kwantle mme lefa go le jalo kafa teng ga dipharologano tseno go na le tshwano ya konokono.” (Heredity and Human Life, New York, 1963, H. L. Carson, dits. 151, 154, 162, 163) (Ka gone, kwa tshimologong fela mo ditiragalong tsa setho, fa setlhopha sengwe sa batho se ne se kgaogana le tse dingwe mme ba setlhopha seo ba bo ba nyalana, mekgwa e e rileng e e tlhomologileng ya dibopapopego tse di tshwanang e ne e iponatsa thata jaanong mo ditlogolwaneng tsa bone.)
A Bibela e ruta gore bantsho ba hutsegile?
Kgopolo eo e ikaegile ka tlhoka kutlwisiso ya ga Genesise 9:25, koo Noa o bolelwang a ne a re: “A go hutsègè Kanane; o tla nna motlhanka oa batlhanka mo go bomorwa rragwè.” E bale ka kelotlhoko; ga e bue sepe ka mmala wa letlalo. Phutsego e e ne e le ka go bo Kanane morwa Hame ka phepafalo a ne a dirile tiro nngwe e e kgopisang mo a neng a tshwanelwa ke phutso. Mme ditlogolwana tsa ga Kanane e ne e le bomang? Eseng bantsho, mme batho ba mmala o mosetlhana ba ba neng ba nna mo botlhaba jwa Lewatle ja Mediterranean. Ka ntlha ya ditlwaelo tsa bone tsa bofafalele, mekete ya sedimona, kobamelo ya medimo ya disetwa, le go ntsha bana ditlhabelo, ba ne ba otlhaiwa ke Modimo mme Modimo a neela Baiseraele lefatshe leo le neng le nniwa ke Bakanana. (Gen. 10:15-19) Ga se Bakanana botlhe ba ba neng ba senngwa; bangwe ba bone ba ne ba berekisiwa ka thata, tiragatsong ya phutso eo.—Yosh. 17:13.
Bantsho ba tswa mo ditlogolwaneng dife tsa ga Noa? “Le bomorwa Kushe [mongwe wa barwa rra Hame]; ke Sebe, le Hafile, le Sabeta, le Raama, le Sabeteka.” (Gen. 10:6, 7) Direkoto tsa Bibela kaga Kushe moragonyana di ne di nyalanngwa thata-thata le Ethiopia. Sebe moragonyaneng go buiwa kaga gagwe fa go lebisitswe go batho ba bangwe ba karolo ya botlhaba jwa Aferika mme go bonala ba atamalane thata le Ethiopia.—Isa. 43:3, mantswe a a kwa tlasenyana ga Reference edition ya NW.
A batho botlhe ke bana ba Modimo?
Go nna bana ba Modimo ga se sengwe seo rona jaaka batho ba ba sa itekanelang eleng sesa-rona ka botsalo. Mme rotlhe re ditlogolwana tsa ga Adame, yo e neng ya re a se na go bopiwa a bo a itekanetse jaaka “morwa Modimo.”—Luke 3:38.
Dit. 10:34, 35: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”
Yoh. 3:16: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Go bontsha tumelo ya boammaaruri mo go ene go a tlhokafala ka ope fela wa rona go bona mofuta wa kamano e e ntseng jalo le Modimo e Adame a neng a e latlha. Tshiamelo eo e bulegetse batho ba ditso tsotlhe.)
1 Yoh. 3:10: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō.” (Ka jalo Modimo ga a lebe batho botlhe e le bana ba gagwe. Go tswa ponong ya semoya, bao ka bomo ba dirang sengwe seo Modimo a se nyatsang rraabo ke Diabolo. Bona Yohane 8:44. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha dinonofo tsa bomodimo. Gareng ga bano, Modimo o ikgethetse palo e e rileng go busa le Keresete jaaka dikgosi mo legodimong. Bano ba lebisiwa jaaka “bana” ba Modimo kana ‘bomorwawe.’ Go bona ditlhaloso tse di oketsegileng, bona setlhogo se segolo sa “Tsalo Sesha.”)
Bar. 8:19-21: “Gonne tlhologèlèlō ea lobopō e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. . . . lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” (Kgololo ya setho e tla tla fa “bana ba Modimo,” morago ga go amogela botshelo jwa selegodimo, ba ‘senolwang’ jaaka bao ba tsayang kgato e e tlhamaletseng mo boemong jwa setho tlaseng ga kaelo ya ga Keresete. Morago ga fa baikanyegi mo lefatsheng [ba ba lebisiwang jaaka “lobopō” mo lokwalong lono] ba se na go bona boitekanelo jwa setho le go supa boikanyego jo bo sa reketleng go Jehofa jaaka Molaodi wa Lobopo, go tswa foo le bone ba tla ipelela kamano e e molemo ya bana ba Modimo. Batho ba ditso tsotlhe ba tla tlhakanela mo go seno.)
A batho ba ditso tsotlhe ba tla ke ba tsamae ka boammaaruri ba utlwane jaaka barwa-rra-motho le bokgaitsadi-a-motho?
Go bao e neng e tla nna barutwa ba boammaaruri ba gagwe, Jesu o ne a re: “Me lona lotlhe lo bana ba monna.” (Math. 23:8) Moragonyana o ne a oketsa ka gore: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yoh. 13:35.
Go sa kgathalesege go sa itekanela ga batho, boikutlo joo jwa bongwefela e ne e le selo sa mmatota gareng ga Bakeresete ba pele. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu.”—Bagal. 3:28.
Bokaulengwe jwa Bokeresete jo bo sa kgotlelweng ke dipharologano tsa lotso ke selo sa mmatota gareng ga Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong la dingwaga la bo-20. Mokwadi William Whalen o ne a re go U.S. Catholic: “Ke dumela gore maitseo a a gogelang thata-thata a [phuthego ya Basupi ba ga Jehofa] e ile ya nna motheo wa bone wa kono-kono wa bolekane jwa ditso.” Morago ga go dira patlisiso e e atlabetseng ya Basupi ba ga Jehofa mo Aferika, moithuta matshelo a batho wa Unibesithi ya Oxford Bryan Wilson o ne a re: “Basupi ka gongwe ba atlega fela thata-thata go na le setlhopha sefe fela mo bofefong joo ka jone ba nyeletsang kgethololo ya semorafe gareng ga basokologi ba bone.” Fa e ne e bega ka kokoano ya merafe-rafe ya Basupi go tswa mafatsheng a le 123, The New York Times Magazine e ne ya re: “Basupi ba ne ba kgatlha batho ba New York e seng fela ka dipalo tsa bone, mme ka tswakatswakano ya bone (ba akareletsa batho ba ba tswang mefuteng yotlhe ya botshelo), go sa tshwenyege ga bone ka lotso lwa bone (Basupi ba bantsi ke Bantsho) le tidimalo ya bone, maitseo a bone a mantle-ntle.”
Gautshwanyane Bogosi jwa Modimo bo tla senya tsamaiso ya jaanong ya dilo e e senang bomodimo, go akareletsa le botlhe bao ba sa rateng ka bopelo-e-phepa Jehofa Modimo le bangwe ka bone. (Dan. 2:44; Luke 10:25-28) Lefoko ja Modimo le solofetsa gore bafalodi e tla nna batho ba “morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le ba dipuō.” (Tshen. 7:9) Ba bopagantswe mmogo ke kobamelo ya Modimo wa boammaaruri, ka tumelo mo go Jesu Keresete, le ka go ratana ga bone, eleruri ba tla bopa lelapa la setho le le kutlwano.