Ditshwantsho
Tlhaloso: Gantsi, ke ditshwano tse di bonalang tsa batho kana dilo. Setshwantsho seo eleng sa kobamelo ke modimo wa disetwa. Bao ba obamang fa pele ga ditshwantsho gantsi ba re kobamelo ya bone tota e lebisitswe go setshedi sengwe sa moya se se emelwang ke setshwantsho. Tiriso e e ntseng jalo ya ditshwantsho e tlwaelegile mo ditumelong di le dintsi tseo eseng tsa Bokeresete. Malebana le tlwaelo ya Roma Katoliki New Catholic Encyclopedia (1967, Bol. VII, ts. 372) e re: “Ereka kobamelo e e neelwang setshwantsho e fitlha le go felela mo mothong yo o emelwang, mofuta o o tshwanang wa kobamelo e e tshwanelang motho o ka neelwa setshwantsho jaaka se se emelang motho yoo.” Ga se thuto ya Bibela.
Lefoko la Modimo la reng kaga go dirwa ga ditshwantsho tseo di dirisiwang jaaka dilo tsa kobamelo?
Ekes. 20:4, 5: “U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe, U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla: [“ikoba fa pele ga tsone kana go di obamela,” NAB]. Ka gonne Nna, Yehofa, Modimo oa gago, ke Modimo o o lehuha.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (Tlhokomela gore kiletso e ne e le kgatlhanong le go dira ditshwantsho le go obama fa pele ga tsone.)
Lefi. 26:1: “Lo se ka loa itihèla medimo ea disètwa, le gōna lo se ka loa ikemisetsa sechwanchō se se setilweñ, leha e le sehikancwe se se motloutlō [lekotwana je le boitshepo, NW], le gōna lo se ka loa baea lencwè lepè ye le chwantshicweñ ka señwe mo lehatshiñ ya lona, go tla lo le ōbamèla: gonne Ke nna Yehofa Modimo oa lona.” (Go ne go sa tshwanela go ka tlhongwa setshwantsho sepe gore batho ba se obamele.)
2 Bakor. 6:16, JB: “Tempela ya Modimo ga e na tumalano epe le medimo ea disetwa mme re tempele ya one,—tempele ya Modimo o o tshedileng.”
1 Yoh. 5:21: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa [“medimo ya maaka,” JB].”
A ditshwantsho di ka dirisiwa jaaka dithuso fela mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri?
Yoh. 4:23, 24, JB: “Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le ka boammaaruri: oo ke mofuta wa baobamedi o Rara a o batlang. Modimo ke moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obama ka moya le ka boammaaruri.” (Bao ba ikaegileng ka ditshwantsho jaaka dithuso mo borapeding ga ba obamele Modimo ka “moya” mme ba ikanya mo go se ba se bonang ka matlho a bone a senama.)
2 Bakor. 5:7: “Re sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō.”
Isa. 40:18: “Loa bo lo ka chwantsha Modimo le mañ? goñwe sechwanchō ke sehe se lo tla boñ lo se chwantsha le ōna?”
Dit. 17:29, JB: “Ereka re le bana ba Modimo, ga re na seipato sa go akanya gore Modimo o tshwana le sengwe fela sa gouda, selefera kana lentswe le le betlilweng ka botswerere ke motho.”
Isa. 42:8: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ [“dilo tse di betlilweng,” Dy].”
A re tshwanetse go sisimoga “baitshepi” jaaka babueledi ba rona le Modimo, gongwe re dirisa ditshwantsho tsa bone jaaka dithuso mo kobamelong ya rona?
Dit. 10:25, 26: “Ea re Petere a tsèna, Korenelio a mo kgatlhantsha, me a wèla ha dinaoñ tsa gagwè, a mo ōbamèla. Me Petere a mo kakatlolola, a re, Èma; le nna ka nosi ke motho.” (Fa Petere a ile a gana tlotlo eo a sa ntse a le gone ka sebele, a o ne a tla re kgothaletsa go khubama fa pele ga setshwantsho sa gagwe? Bona gape Tshenolō 19:10.)
Yoh. 14:6, 14: “Yesu . . . a re, Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna. Ha lo ntōpa señwe hèla ka leina ya me, shōna ke tla se diha.” (Jesu fano ka phepafalo o tlhalosa gore re ka atamela Rara fela ka ene le gore ditopo tsa rona di dirwe mo leineng la ga Jesu.)
1 Tim. 2:5: “Go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu. (Ga go sebaka sepe fano sa gore bangwe ba ka direla jaaka motsereganyi go maloko a phuthego ya ga Keresete.)
Bona gape ditsebe 33, 34, tlaseng ga setlhogo “Baitshepi.”
A baobamedi ba akanya fela thata-thata ka motho yo o emelwang ke setshwantsho, kana a ditshwantsho dingwe di lejwa jaaka tse dikgolo mo go tse dingwe?
Boikutlo jwa baobamedi ke lebaka le le botlhokwa go le akanyetsa. Ka ntlha yang? Ka gonne pharologanyo e kgolo magareng a “setshwantsho” le “modimo wa disetwa” ke ya gore setshwantsho se dirisiwa mo go eng.
Mo mogopolong wa moobamedi, a setshwantsho sa motho mongwe se na le mosola o mogolwane kana se botlhokwa go na le setshwantsho se sengwe sa motho yo mongwe? Fa go ntse jalo, ke setshwantsho, eseng motho, se moobamedi a se akantseng thata mo mogopolong. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba tsaya maeto a maleele go ya go obama kwa dihikantsweng dingwe tse di boitshepo? A ga se setshwantsho ka bosone se se lejwang jaaka se se nang le dinonofo tse di “gakgamatsang”? Ka sekai, mo bukeng Les Trois Notre-Dame de la Cathédrale de Chartres, ka mokwadi Yves Delaporte, re bolelelwa jaana malebana le ditshwantsho tsa ga Marea mo kerekeng mo Chartres, mo Fora: “Ditshwantsho tseno, tse di betlilweng, tse di takilweng kana tse di bonalang mo digalaseng tse di mebalabala tsa difensetere, ga di a tuma ka go tshwana. . . . Ke tse tharo fela tse eleng tsa kobamelo ya mmatota: “Our Lady of the Crypt,” “Our Lady of the Pillar” le “Our Lady of the ‘Belle Verriere.’” Mme fa baobamedi ba ne ba akantse thata ka motho, eseng setshwantsho, setshwantsho se sengwe se ne se tla tsewa e le se se tshwanang fela le se sengwe, a go ne go ka se nne jalo?
Modimo o leba jang ditshwantsho tseo eleng dilo tsa kobamelo?
Yer. 10:14, 15: “Mothudi oa gouda moñwe le moñwe o tlhabisiwa ditlhoñ ke sechwanchō sa gagwè se se setilweñ: gonne sechwanchō sa gagwè se se thecweñ ke maaka, go bile go sena mōea mo go cōna. Di boithamakō, ke tihō ea phorō.”
Isa. 44:13-19: “Mmetli oa dikgoñ oa tla a ñamole thapō, a lo rale ka lekgabana ya lecoko, a lo sète ka mesètō, a lo ralarale ka tshicwana ea kompase, a lo etse sechwanō sa motho, kaha bontleñ yoa motho, gore se nnè mo tluñ. O tla a ithèmèle masedara, a tsèe setlhare sa moholoma, kgotsa sa mooka, a ithatahaletse señwe sa ditlhare tsa sekgwa: oa tla a tlhōme setlhare sa mofira, me pula e se otle. Hoñ e tla bo e le sa motho go se hisa; a tseè ga shōna a ōre; E, a se gotse molelō a bese senkgwè ka shōna; E, a se dihe modimo a o obamèle; a se dihe sechwanchō se se setilweñ, me a wèle ha pele ga shōna; Ntlha ñwe a se hise mo moleloñ; a ye nama ka ntlha ñwe ea shōna; a bese, a kgore; E, a ōre, me a re, Ehè! Ke orile, ke bonye molelō; Me ka mo go setseñ a dihe modimo, eboñ sechwanchō se se setilweñ sa gagwè; a tloge a wèle ha pele ga shōna, a se ōbamèle, a se rapèle, a re, Nkgolola tlhè, gonne u modimo oa me. Ga ba itse, le gōna ga ba gopole, gonne o ba buduladitse matlhō, yalo ba sa kake ba bōna: le dipelo tsa bōnè, yalo ba sa kake ba tlhaloganya. Me ga go opè eo o ikgopodisañ, le gōna ga go kicō leha e le tlhaloganyō ea go re, ke hisitse ntlha ñwe ea shōna mo moleloñ; E, le gōna ke besitse senkgwè mo magaleñ a shōna: ke besitse nama ka e ya: me a ke tla tloga ke diha makgapha ka mo go setseñ; a ke tla wèla ha pele ga sesana sa setlhare?”
Esek. 14:6: “Morèna Modimo o bua yana: a re, Boeañ, me lo ichokololè mo medimoñ ea lona ea disètwa [medimo ya disetwa e e ferosang sebete,” NW]; lo hularèlè dilō tsa lona cotlhe tse di makgapha.”
Esek. 7:20: “Kaga bontlè yoa mokgabō oa gagwè, o na a bo hetola boikgodishō; ba diha tse di makgapha tsa bōnè le dilō tse di tlhoelesegileñ tsa bōnè ka yōna: ke gōna ka mouō ke bo dihileñ selō se se itshekologileñ [“maswe,” Dy; “malele,” NAB] mo go bōnè.”
Re tshwanetse go ikutlwa jang ka ditshwantsho tseo pele re neng re di sisimoga?
Dute. 7:25, 26: “Dichwanchō tse di setilweñ tsa medimo ea eōna lo e hisè ka molelō: u se ka ua eletsa selefera kgotsa gouda tse di mo go eōna, leha e le go di itseèla; u ka tla ua raèlwa ke cōna; gonne ke makgapha mo go Yehofa Modimo oa gago: Le gōna u se ka ua isa se se makgapha mo tluñ ea gago, me ua cwa selō se se neèlècweñ yaka shōna: u se ilèlè rure, [“o se befele thata le go se ila tota,” NW].” (Lefa gone batho ba ga Jehofa gompieno ba sa laelwa go senya ditshwantsho tseo eleng tsa batho ba bangwe, taolo eno go Iseraele e baakanyetsa ka motlhala wa ka moo ba tshwanetseng go leba ditshwantsho dingwe le dingwe tse ba nang natso tse gongwe ba neng ba di sisimoga. Bapisa Ditihō 19:19.)
1 Yoh. 5:21: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa [“medimo ya maaka,” JB].”
Esek. 37:23: “Ga ba ketla ba tlhōla ba itshèkolola ka medimo ea bōnè ea disètwa, . . . Ba tla nna batho ba me, le nna ke tla nna Modimo oa bōnè.”
Ke phelelo efe eo tiriso ya ditshwantsho e ka nnang le yone mo isagweng ya rona?
Dute. 4:25, 26: “[Fa] lo ipodisa lo diha sechwanchō se se setilweñ mo popegoñ ea señwe [“modimo mongwe wa disetwa,” Kx; “setshwano sengwe,” Dy], me lo diha se se boshula mo ponoñ ea ga Yehofa Modimo oa lona, go mo tlhotlheletsa mo bogaleñ: Ke lo biletsa legodimo le lehatshe gompiyeno go shupa kaga lona, go re, . . . lo tla senyediwa rure.” (Pono ya Modimo ga e a fetoga. Bona Malaki 3:5, 6.)
1 Bakor. 10:14, 20: “Ke gōna baratwa ba me, tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa. . . . dilō tse . . . ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo.”
Tshen. 21:8: “Me kaga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumeleñ, le ba ba mashwè, le babolai, le bagokahadi, le baloi, le ba ba dihèlañ medimo ea disètwa, le baaki botlhe, kabèlō ea bōnè e tla nna mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura; mo e leñ losho loa bobedi.”
Pes. 115:4-8: “Medimo ea bōnè ea disètwa ke selefera le gouda, ke tihō ea diatla tsa batho hèla. E na le melomo, me ga e bue; e na le matlhō, me ga e bone; E na le ditsèbè, me ga e utlwe; e na le dinkō, me ga e dupe; E na le diatla, me ga e chware; e na le dinaō, me ga e tsamaee; le gōna ga e bue ka memecō ea eōna. Ba ba e dihañ ba tla chwana naeō hèla, E, le moñwe le moñwe eo o ikanyañ mo go eōna.”