Sabata
Tlhaloso: Sabata e tsewa go sha·vathʹ ka Sehebera, mo go rayang “boikhutso, go wetsa, go khutla.” Tsamaiso ya sesabata e e tlhalosiwang mo Molaong wa ga Moshe e ne e akareletsa letsatsi la Sabata mo bekeng nngwe le nngwe, malatsi a mangwe gape a le mmalwa a a neng a laotswe go ralala ngwaga nngwe le nngwe, ngwaga ya bosupa, le ngwaga ya bomasome a matlhano. Sabata wa beke le beke wa Bajuda, letsatsi ja bosupa ja beke ya khalendara ya bone, ke go tloga kotlomelong ya letsatsi ka Labotlhano go fitlhelela kotlomelong ya letsatsi ka Matlhatso. Ba bantsi ba ba iphakang gore ke Bakeresete ba ile ba boloka mokgwa wa gore Sontaga e nne letsatsi la bone la boikhutso le la kobamelo; ba bangwe ba ile ba ngaparela letsatsi le le neng la beelwa kwa thoko mo khalendareng ya Sejuda.
A Bakeresete ba tlamega go boloka sabata wa beke le beke?
Ekes. 31:16, 17: “Ke gōna ka mouō a bana ba Iseraela ba bolokè sabata, go tlhōkōmèla sabata, go ea le dikokomana cotlhe tsa bōnè, gore e nnè kgōlaganō e e sa khutleñ [kgolagano e e sa kgaotseng,” RS]. Ke seshupō gare ga me le bana ba Iseraela ka bosakhutleñ.” (Elatlhoko gore go bolokwa ga sabata e ne e le sesupo magareng ga Jehofa le Iseraele; seno se ne se se ketla se nna jalo fa mongwe le mongwe kae le kae a ne a tlamega gape go boloka Sabata. Lefoko la Sehebera le le fetoletsweng ka gore “e e sa kgaotseng” mo go RS ke ‛oh·lamʹ, leo tota le rayang lobaka lwa nako leo, go tswa nakong eo ya jaanong, lo sa khutleng kana lo fitlhegileng mo ponong mme e le ka lobaka lo loleele. Seo se ka raya bosaengkae, mme e seng jalo thata. Mo go Dipalō 25:13 lefoko le le tshwanang la Sehebera le dirisediwa go boperesiti, joo moragonyana bo neng jwa khutla, go ya ka Bahebera 7:12.)
Bar. 10:4: “Gonne Keresete ke bowèlō yoa molaō go isa tshiamoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ.” (Go boloka sabata e ne e le karolo ya Molao oo. Modimo o ne a dirisa Keresete go khutlisa Molao oo. Go nna le kemo e e tshiamo le Modimo go ikaegile ka tumelo mo go Keresete, e seng ka go boloka sabata wa beke le beke.) (Gape Bagalatia 4:9-11; Baefesia 2:13-16)
Bakol. 2:13-16: “[Modimo] o re ichwaretse ditlolō cotlhe tsa rona; Oa senya lokwalō loa kgolegō lo lo kwadilweñ mo melaoñ, lo lo re pègañ molato loa re sekisa . . . Me ke gōna a opè a se ka a lo nyatsa kaga go ya, leha e le go nwa, leha e le kaga letsatsi ya modihō, leha e le kaga kgwedi e e rogwañ, leha e le kaga letsatsi ya sabata.” (Fa motho a ne a le tlase ga Molao wa ga Moshe mme a atlholelwa molato wa go tlola Sabata, o ne a tshwanetse go kgobotlediwa ka maje ke phuthego yotlhe gore a swe, go ya ka Ekesodo 31:14 le Dipalō 15:32-35. Bantsi bao ba ganelelang mo goreng go bolokwe sabata ba tshwanetse ba itumela ka jaana ga re kafa tlase ga Molao oo. Jaaka go bontshitswe mo lokwalong lo lo tsopotsweng fano, go nna yo o amogelwang ke Modimo ga go sa tlhole go tlhokega gore o boloke sabata e e neng e neilwe Baiseraele.)
Go tsile jang gore Sontaga e nne letsatsi le legolo la kobamelo go bontsi jwa La-Bodumedi?
Lemororo Keresete a ne a tsosiwa mo letsatsing ja ntlha ja beke (leo jaanong le bidiwang Sontaga), Bibela ga e ntshe taetso epe kaga go beela letsatsi leo la beke kwa thoko jaaka le le itshepileng.
“Go tshwarelela mo leineng la bogologolo la Seheitane la ‘Dies Solis,’ kana ‘Sontaga,’ go tshwara modiro wa beke le beke wa Bokeresete, segolo bogolo ke ka ntlha ya go kopanngwa ga Seheitane le tlwaelo e [go tweng] ke ya Bokeresete eo ka yone letsatsi la ntlha la beke le neng la hakiwa ke Constantine [mo taolong ya 321 C.E.] go babusiwa ba gagwe, ba Boheitane le ba Bokeresete ka mo go tshwanang, jaaka ‘motlha o o tlotlegang wa Letsatsi.’ . . . E ne e le mokgwa wa gagwe wa go dumalanya ditumelo tse di sa tshwaraganang tsa Puso-kgolo tlase ga lekgotla le le lengwe le le dumalanang.”—Lectures on the History of the Eastern Church (New York, 1871), A. P. Stanley, ts. 291.
A patlafalo ya go boloka sabata e ne ya neelwa Adame mme ka gone ya dirwa e e tlamang mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa gagwe?
Jehofa Modimo o ne a ikhutsa mo ditirong tsa popo ya selefatshe e e bonalang morago ga go baakanya lefatshe gore le nniwe ke batho. Seno se tlhalosiwa mo go Genesise 2:1-3. Mme ga go sepe mo pegong ya Bibela se se reng Modimo o ne a laela Adame gore a boloke letsatsi ja bosupa la beke nngwe le nngwe jaaka sabata.
Dute. 5:15: “Le gōna o gakologèlwè ha wèna [Iseraele] u nu u le motlhanka mo lehatshiñ ya Egepeto, me Yehofa Modimo oa gago a go ntsha gōna ka lecōgō ya nonohō, le ka lecōgō ye le otlologileñ: ke gōna ka mouō Yehofa Modimo oa gago a gu laotseñ, go re, u ilèlè letsatsi ya sabata.” (Jehofa fano o nyalanya go ntsha ga gagwe molao wa sabata le kgololo ya Iseraele go tswa bokgobeng mo Egepeto, e seng le ditiragalo tsa mo Edena.)
Ekes. 16:1, 23-29: “Me phuthègō eotlhe ea bana ba Iseraela ea hitlha mo nageñ ea Sina, . . . e le ka letsatsi ya leshomè le botlhano ya kgwedi ea bobedi moragō ga ba sena go cwa mo lehatshiñ ya Egepeto. . . . Me [Moshe] a ba raea, a re, Se ke shōna se Yehofa o se buileñ, a re, Ka moshō e tla bo e le boikhucō yo bo masisi, ke sabata eo o itshepileñ oa ga Yehofa . . . Lo tla . . . gola [mana] ka malatsi a le marataro; me ka letsatsi ya boshupa go sabata, ga go ketla go nna sepè ka yeōna. . . . Me Yehofa a raea Moshe, a re, . . . Yehofa [o] lo neile sabata.” (Pele ga seno, go ile ga nna le go tshwaiwa ga dibeke tsa malatsi mangwe le mangwe a supa, mme eno ke pego ya ntlha ya go boloka sabata.)
A Molao wa ga Moshe o arogantswe ka dikarolo tsa “mediro” le “boitsholo,” a mme “molao wa boitsholo” (Melao e e Lesome) o tlama Bakeresete?
A Jesu o ne a lebisa go Molao ka mokgwa o o neng o supa kgaogano ya one ka dikarolo tse pedi?
Math. 5:17, 21, 23, 27, 31, 38: “Lo se ka loa itlhoma, go re, Ke tsile go senya molaō leha e le baperofeti: ga kea tla go senya, ha e se go tlhōmamisa hèla.” Jaanong, tlhokomela se Jesu a neng a se akareletsa mo dikakgelong tsa gagwe tse dingwe. “Lo utlwile ha go reilwe ba bogologolo, ga twe, U se ka ua bolaea motho [Ekes. 20:13; Molao wa Borataro] . . . Me ke gōna, ha u isa nèō ea gago u le ha sebeshoñ [Dute. 16:16, 17; ga se karolo ya Melao e e Lesome], . . . Lo utlwile ha go tulwe, U se ka ua diha boaka [Ekes. 20:14; Molao wa Bosupa]. Le gona go no go tulwe, Leha e le mañ eo o tlhalañ mosadi oa gagwè a a mo neè lokwalō loa go mo tlhala [Dute. 24:1; ga se karolo ya Melao e e Lesome]. Lo utlwile ha go tulwe, A leitlhō le cwèlwè ke leitlhō, le leinō ke leinō [Ekes. 21:23-25; ga se karolo ya Melao e e Lesome].” (Jalo, Jesu o ne a kopanya dipego tsa Melao e e Lesome le dikarolo tse dingwe tsa Molao, a sa dire pharologanyo epe magareng ga tsone. A re tshwanetse ra e tshwara ka mo go farologaneng?)
Fa Jesu a ne a bodiwa, “Moruti, taolō e kgolo mo molaoñ ke ehe?” a o ne a tlhaola Melao e e Lesome? Go na le moo, o ne a araba ka go re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago. E ke eōna taolō e kgolo le ea ntlha. Me e ñwe ea bobedi e e chwanañ naeō ke e, U ratè oa ga eno yaka u ithata. Mo ditaoloñ tse pedi tse, go tshegelecwe molaō otlhe le baperofeti mo go cōna.” (Math. 22:35-40) Fa e le gore bangwe ba ngaparela Melao e e Lesome (Dute. 5:6-21), ba bolela gore e tlama Bakeresete mme ba re e mengwe yotlhe ga e ya nna jalo, a ga ba gane tota se Jesu a neng a se bua (a tsopola Dute. 6:5; Lefi. 19:18) gore ditaolo tse dikgolo ke dife?
Fa e lebisa go go nyelela ga Molao wa ga Moshe, a Bibela e bolela ka tlhamalalo gore Melao e e Lesome e ne ya akarelediwa mo go se se neng sa khutla?
Bar. 7:6, 7: “Me yanoñ re golocwe mo molaoñ, ka re shule kaga se re ne re golegilwe ke shōna; . . . Yalo re tla reñ? A molaō ke boleo? A go se tualo. Leha go nntse yalo, nkabo ke se ka ka itse boleo ha e se ka molaō; gonne nkabo ke se ka ka itse boiphètlhō, ha molaō o se ka oa re, u se ka ua iphètlha.” (Fano, morago ga go kwalela Bakeresete ba Bajuda gore ba “golocwe mo molaoñ,” Paulo o ne a tsopola sekao sefe mo Molaong? Molao wa Bolesome, ka gone a bontsha gore o ne o akarelediwa mo Molaong oo ba neng ba golotswe mo go one.)
2 Bakor. 3:7-11: “Me ha tihèlō ea losho, e e kwadilweñ; ea sètwa mo matlapeñ, ha e tsile ka kgalalèlō, bana ba Iseraela ba ba ba tla ba retelèlwa ke go leba sehatlhōgō sa ga Moshe ka tlhōmamō, ka ntlha ea kgalalèlō ea sehatlhōgō sa gagwè; me euō ea bo e le kgalalèlō e e hetañ hèla: Tihèlō ea mōea eōna e tla tlhōka yañ go nna le kgalalèlō bogolo? . . . Gonne ha se se hetañ se ne se nntse ka kgalalèlō, bogolo thata se se salañ se eme mo kgalaleloñ.” (Go buiwa fano ka molao o o neng wa “sètwa mo matlapeñ” mme go ne ga bolelwa gore “bana ba Iseraela ba ba ba tla ba retelèlwa ke go leba sehatlhōgō sa ga Moshe ka tlhōmamō” mo pakeng ya fa ba ne ba o neelwa. Seno se tlhalosa eng? Ekesodo 34:1, 28-30 e bontsha gore e ne e le go neelwa ga Melao e e Lesome; ditaolo tseno di ne di gabilwe mo letlapeng. Ka phepafalo tseno di akarelediwa go seo dikwalo fano di reng ke “se se hetañ.”)
A go nyeletsa Molao wa ga Moshe, go akareletsa le Melao e e Lesome, go kaya go tlosiwa ga boitsholo jotlhe jo bo tshwanetseng?
Gotlhelele nnyaa; bontsi jwa ditekanyetso tsa boitsholo tse di tlhomilweng mo Melaong e e Lesome di ne tsa boelediwa gape mo dibukeng tse di tlhotlheleditsweng tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete. (Lefa go ntse jalo, molao wa sabata one o ne wa se ka wa boelediwa.) Mme go sa kgathalesege gore molao o ka tswa o le molemo go le kana kang, fa fela ditshekamelo tsa boleo di laola dikeletso tsa motho, go tla nna le boiphefero mo molaong. Lefa go ntse jalo, malebana le kgolagano e ntšha e e neng ya tseela kgolagano ya Molao boemo, Bahebera 8:10 e re: “Gonne e ke eōna kgōlaganō e ke tla e dihañ le ba ntlo ea Iseraela moragō ga metlha euō, go bua Yehofa; ke tla tsenya melaō ea me mo mogopoloñ oa bōnè, ke e kwala le mo peduñ tsa bōnè; me ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me.” Abo melao e e ntseng jalo e nonofile go le kana kang go na le eo e gabilweng mo dimatleng tsa matlapa!
Bar. 6:15-17: “A re tla leoha ka go bo re se mo thateñ ea molaō, me re le mo thateñ ea tshegōhaco? A go se tualo. A ga lo itse ha eo lo mo ineèlañ yaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwè eo lo mo utlwañ; kgotsa ba boleo yo bo isañ loshoñ; kgotsa ba kutlō e e isañ tshiamoñ? Me a go lebogwè Modimo, ka gonne, leha lo kile loa ne lo le batlhanka ba boleo, loa tla loa nna ba ba utlwañ ka pelo mokgwa wa thutō e lo e neecweñ.” (Bona gape Bagalatia 5:18-24.)
Sabata ya beke le beke e na le botlhokwa bofe go Bakeresete?
Go na le “boikhucō yoa sabata” joo Bakeresete ba tlhakanelang mo go jone letsatsi le letsatsi
Bahebera 4:4-11 e re: “Gonne [Modimo] o buile golō goñwe [Genesise 2:2] kaga letsatsi ya boshupa ka mo go nntseñ yana, oa re, Modimo oa ikhutsa ka letsatsi ya boshupa mo ditihoñ cotlhe tsa ōna; Gapè le mo heloñ ha [Pesalema 95:11], ha go twe, Ga ba ketla ba tsèna mo boikhucoñ yoa me. Me ke gōna, ereka go saletse bañwe, go re, ba tla tsèna mo go yōna, me ba ba rerecweñ Mahoko a a Molemō galè ba tlhaetse go tsèna ka ntlha ea go gana go utlwa; O bile o kaea letsatsi leñwe, ka o bua mo go Dafide [Pesalema 95:7, 8], lobaka lo lo kalo lo sena go heta, oa re, Gompiyeno, yaka go builwe galè, Gompiyeno, ha lo utlwa lencwe ya ōna, se kgwaralatseñ dipelo tsa lona. Gonne ha Yoshue a ka bo a na a ba neile boikhucō, o ka bo o se ka oa bua kwa moragō kaga letsatsi le sele. Me ke gōna, boikhucō yoa sesabata bo nntse bo saletse batho ba Modimo. Gonne eo o tsenyeñ mo boikhucoñ yoa gagwè, le èna o bile o ikhutsitse mo tihoñ ea gagwè, yaka Modimo mo go tsa ōna. Me ke gōna, a re tlhōahaleleñ go tsèna mo boikhucoñ yo, gore motho opè a se ka a wèla mo go shōna sekaō seuō sa go gana go utlwa.”
Bakeresete ba kgothalediwa go ikhutsa mo go eng fano? Mo ‘ditirong tsa bone.’ Ditiro dife? Ditiro tseo pele ba neng ba batla go itshiamisa ka tsone. Ga ba sa tlhole ba dumela gore ba ka bona kamogelo ya Modimo le go bona botshelo jo bosakhutleng ka go utlwa le melao e e rileng le go tshegetsa dilo tse di rileng. Eo e ne e le phoso e Bajuda ba ba se nang tumelo, ka go ‘batla go itlhomela tshiamo e e leng ya bone, ba neng ba se ka ba ineela mo go batleng tshiamo ya Modimo.’ (Bar. 10:3) Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore rotlhe re tsetswe jaaka baleofi mme le gore ke ka tumelo fela mo setlhabelong sa ga Keresete gore ope a ka nna le boemo jo bo tshiamo le Modimo. Ba lekela go tsenya mo pelong le go dirisa dithuto tsotlhe tsa Morwa Modimo. Ka boikokobetso ba amogela kgakololo le kgalemo go tswa Lefokong ja Modimo. Seno ga se reye gore ba akanya gore ba ka duelwa ka kamogelo ya Modimo ka tsela eno; go na le moo, seo ba se dirang ke tshupo ya lorato lwa bone le tumelo ya bone. Ka tsela e e ntseng jalo ya botshelo ba tila “sekaō seuō sa go gana go utlwa” sa tšhaba ya Sejuda.
“Letsatsi ya boshupa,” je le lebisiwang go Genesise 2:2, e ne e se letsatsi la dioura tse 24 fela. (Bona tsebe 338, tlase ga setlhogo “Popo.”) Ka mo go tshwanang, “boikhucō yoa sesabata” joo Bakeresete ba boammaaruri ba tlhakanelang mo go jone ga bo a lekanyediwa letsatsi la dioura tse 24. Ka go bontsha tumelo le go utlwa kgakololo ya Bibela, ba ka bo ba ipelela letsatsi lengwe le lengwe, mme segolo bogolo ba tla dira jalo mo tsamaisong e ntšha ya Modimo.
Go na le “sabata” ya boikhutso ya dingwaga tse di sekete e e kwa pele ga setho
Mar. 2:27, 28: “[Jesu] a ba raea, a re, Sabata e dihecwe motho, motho ga aa dihèlwa sabata: Yalo Morwa Motho ke morèna le oa sabata le ōna.”
Jesu o ne a itse gore Jehofa o ne a tlhomile Sabata jaaka sesupo magareng ga Modimo le Iseraele, le gore e ne e diretswe go ba golola mo ditirong tsa bone. Jesu gape o ne a itse gore loso lwa gagwe le ne le tla baakanyetsa ka motheo wa go beela kwa thoko Molao wa ga Moshe jaaka e le o o boneng tiragatso ya one mo go ene. O ne a lemoga gore Molao, ka patlafalo ya one ya sabata, o ne o baakanyetsa ka “moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla.” (Baheb. 10:1; Bakol. 2:16, 17) Malebana le “dilō tse di molemō” tseo go na le “sabata” eo a tla nnang Morena wa yone.
Jaaka Morena wa barena, Keresete o tla busa lefatshe lotlhe ka dingwaga tse di sekete. (Tshen. 19:16; 20:6; Pes. 2:6-8) Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu ka kutlwelo botlhoko o ne a dira dingwe tsa ditiro tse di gakgamatsang thata tsa go fodisa ka Sabata, ka gone a bontsha mofuta wa kgololo o a tla o tlisetsang batho ba ditso tsotlhe ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya gagwe. (Luke 13:10-13; Yoh. 5:5-9; 9:1-14) Bao ba anaanelang bokao jwa mmatota jwa Sabata ba tla nna le sebaka gape sa go ipelela boikhutso joo jwa “sabata.”
Fa Mongwe A Re—
‘Bakeresete ba tshwanetse go boloka Sabata’
O ka nna wa araba ka gore: ‘A ke ne ke ka botsa gore ke ka baka lang fa o ikutlwa ka tsela eo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Seo Bibela e se buang kaga yone eleruri se tshwanetse sa laola go akanya ga rona mo kgannyeng eno, a ga go jalo? . . . Go na le mekwalo e mengwe ya Bibela e ke fitlhetseng e thusa mo kgannyeng eno. Tswee-tswee a ke o mma ke di abalane le wena. (Go tswa foo o bo o dirisa dikarolo tse di tshwanetseng tsa boikitsiso jo bo mo ditsebeng tse di fetileng.)’
‘Ke goreng lo sa boloke Sabata?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Karabo ya me e tla ikaega ka gore ke sabata ofe yo o mo gopotseng. A o ne o itse gore Bibela e bolela kaga sabata yo o fetang a le mongwe? . . . Modimo o ne a neile Bajuda melao ya sabata. A mme o ne o itse gore Bibela e bua ka mofuta mongwe wa sabata o Bakeresete ba tshwanetseng go o boloka?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ga re boloke letsatsi le le lengwe mo bekeng jaaka Sabata ka gobo Bibela e re patlafalo eo ‘e ne e le e e fetang.’ (2 Bakor. 3:7-11; bona dikakgelo malebana le seno mo ditsebeng 342, 343.)’ (2) ‘Mme go na le sabata yo re tshwanetseng go mmoloka ka metlha. (Baheb. 4:4-11; bona gape ditsebe 343, 344.)’