LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 330-ts. 334
  • Poloko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Poloko
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Go Pholosiwa go Kaya Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Jesu Keresete
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Gapiwa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Seo re Tshwanetseng go se Dira Gore re Bolokwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 330-ts. 334

Poloko

Tlhaloso: Pabalelo kana kgololo mo kotsing kana tshenyegong. Kgololo eo e ka nna ya go tswa mo diatleng tsa bagateledi kana babogisi. Ka Bakeresete botlhe ba boammaaruri, Jehofa o baakanyetsa kgololo go tswa tsamaisong ya jaanong e e boikepo ya dilo ga mmogo le poloko mo bokgobeng jwa boleo le loso ka Morwawe. Go boidiidi jo bogolo jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bao jaanong ba tshelang mo “metlheñ ea bohèlō,” poloko e tla akaretsa go ba babalela go ralala sepitla se segolo.

A e tla re kgabagare, Modimo ka boutlwelo botlhoko jwa gagwe jo bogolo, a boloke setho sotlhe?

A 2 Petere 3:9 e supa gore go tla bolokwa mongwe le mongwe? E re: “[Jehofa] ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè [“ga a batle gore ope a senngwe,” TEV], ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” Ke keletso e e boutlwelo botlhoko ya ga Jehofa gore ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame di ikotlhae, mme o ile a dira paakanyetso e e bopelontle ya boitshwarelo jwa maleo a bao ba dirang jalo. Mme ga a patelele mongwe le mongwe go amogela paakanyetso eo. (Bapisa Duteronome 30:15-20.) Bantsi ba a e gana. Ba tshwana le monna yo a reng a betwa ke metsi a bo a kgarameletsa kwa thoko selo se se ka mo falotsang fa se latlhetswe mo metsing ke mongwe yo o eletsang go mo thusa. Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe ga elwatlhoko, gore fa motho a sa ikotlhae jaanong he o tla ya mo molelong wa dihele ka bosakhutleng. Jaaka 2 Petere 3:9 e bontsha, bao ba ganang go ikotlhaya ba tla nyelela, kana ‘ba senngwa.’ Temana 7 gape e lebisa go “tshenyègō ea baikepi.” Ga go na kgopolo epe fano ya gore go tla bolokwa mongwe le mongwe.—Bona gape setlhogo se segolo “Dihele.”

A 1 Bakorintha 15:22 e supa gore batho botlhe e tla re kgabagare ba bolokiwe? E re: “Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.” Jaaka go supilwe mo ditemaneng tse di mo tikologong, se go tlotliwang ka sone fano ke tsogo. Ke bafe ba ba tla tsosiwang? Botlhe bao loso lwa bone lo tsileng ka boleo jwa ga Adame (bona temana 21) mme e le bao ka bobone ba se kang ba dira ditlolo tsa ka bomo tse di tlhalositsweng mo go Bahebera 10:26-29. Jaaka Jesu a ne a tsosiwa mo lebitleng (Hades) (Dit. 2:31), jalo botlhe ba bangwe bao ba leng mo lebitleng (Hades) ba tla “tshedisiwa” ka tsogo. (Tshen. 1:18; 20:13) A bano botlhe ba tla bona poloko ya bosakhutleng? Sebaka seo se tla bo se ba bulegetse, mme ga se gore ke mongwe le mongwe yo o tla se solang molemo, jaaka go supilwe mo go Yohane 5:28, 29, e e bontshang ka gore bangwe ba tla bona “tshekishō” e e botlhoko.

Go tweng ka mekwalo e e jaaka Tito 2:11, e e lebisang go ‘poloko ya batho botlhe,’ go ya kafa e balegang ka teng mo Bibeleng e e Boitshèpō? Dikwalo tse dingwe, tse di jaaka Yohane 12:32, Baroma 5:18, le 1 Timotheo 2:3, 4, di neela kgopolo e e tshwanang go RS, KJ, NE, TEV, jalo jalo. Dipolelwana tsa Segerika tse di lebisang go “botlhe” le “leha e le mañ” mo ditemaneng tseno ke mareo a a latlhegetsweng ke boemo a lefoko pas. Jaaka go supilwe go Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine (London, 1962, Bol. I, ts. 46), pas e ka raya gape “mofuta mongwe le mongwe kana sebopego sengwe le sengwe.” Jalo, mo ditemaneng tse di fa godimo, mo boemong jwa “botlhe,” polelwana “mofuta mongwe le mongwe” e ka dirisiwa; kana “mefuta yotlhe ya,” jaaka go dirwa go NW. Ke efe e e siameng—“botlhe” kana kgopolo e e neelwang ka “mefuta yotlhe ya”? Tota, ke phetolelo efe e gape e dumalanang le Bibela yotlhe? Ke ya bobedi mo go tse di fa godimo. Akanyetsa Ditihō 10:34, 35; Tshenolō 7:9, 10; 2 Bathesalonia 1:9. (Elatlhoko: Baranodi ba bangwe gape ba lemoga kutlwalo ya lefoko leno la Segerika, jaaka e supiwa ke diphetolelo tsa bone mo go Mathaio 5:11—“ditso tsotlhe tsa,” RS, TEV; “mofuta mongwe le mongwe wa,” NE; “sebopego sotlhe sa,” KJ.)

A go na le dikwalo dingwe tseo ka papamalo di supang gore bangwe ga ba ketla ba bolokwa?

2 Bathes. 1:9: “E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ ea go tlogèla rure mo sehatlhogoñ sa Morèna le mo kgalaleloñ ea nonohō ea gagwè.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.)

Tshen. 21:8: “Me kaga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumeleñ, le ba ba mashwè, le babolai, le bagokahadi, le baloi, le ba ba dihèlañ medimo ea disètwa, le baaki botlhe, kabèlō ea bōnè e tla nna mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura; mo e leñ losho loa bobedi.”

Math. 7:13, 14: “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.”

A fa fela motho a bolokilwe, o boloketswe ruri?

Yude 5: “Me yana ke eletsa go lo gakolola, leha dilō cotlhe lo nntse lo di itsetse rure hèla, yaka e rile Morèna a sena go golola chaba ñwe mo lehatshiñ ya Egepeto, moragō a senya ba ba se kañ ba dumèla.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.)

Math. 24:13: “Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Jalo poloko ya bofelo ya motho ga e tlhomamisiwe ka nako eo a simololang go dumela mo go Jesu ka yone.)

Bafil. 2:12: “Hèla yaka lo nntse lo utlwa galè, e señ kwa ke leñ gōna go le gosi, me bogolo thata gompiyeno ke seeō, lo itiheleñ polokō ka losi, ka poihō le ka thoromō.” (Mafoko ano a ne a lebisitswe go “baitshepi,” kana baitsheki, kwa Filipi, jaaka go tlhalosiwa go Bafilipi 1:1. Paulo o ne a ba kgothaletsa go sa ipegele kwa godimo mme ba lemoge gore poloko ya bone ya bofelo e ne e ise e tlhomamisiwe.)

Baheb. 10:26, 27: “Gonne ha re leoha ka boomo re sena go amogèla kicō ea boamarure, ga go tlhole go na le setlhabèlèlō sepè sa dibe, Ha e se tebèlèlō e e boitshègañ ea tshekishō, le ea bogale yoa molelō o o tla lailañ baganetsi.” (Ka gone Bibela ga e dumelane le kgopolo ya gore go sa kgathalesege maleo ao motho a ka a dirang morago ga a se na go “bolokwa” ga a ketla a latlhegelwa ke poloko ya gagwe. E kgothaletsa boikanyegi. Bona gape Bahebera 6:4-6, koo e bontshang gore le eleng motho yo o tloditsweng ka moya o o boitshepo o ka latlhegelwa ke tsholofelo ya gagwe ya poloko.)

A go na le sengwe se se fetang tumelo se se tlhokafalang e le gore go bonwe poloko?

Baef. 2:8, 9: “Gonne lo nntse lo bolokilwe ka tshegōhaco [“bopelonomi jo bo sa tshwanelang,” NW] ka tumèlō; me le gōna go bile go sa cwe mo go lona: me ke nèō ea Modimo: Go sa cwe mo ditihoñ, gore go se nne motho opè eo o tla ipelahatsañ.” (Paakanyetso yotlhe ya poloko ke tshupo ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo. Ga go na ka tsela eo ka yone setlogolwana sa ga Adame se ka bonang poloko ka bogasone, go sa kgathalesege gore ditiro tsa gagwe di ka tlhola di le bobebe go le kae. Poloko ke neo e e tswang Modimong e e neelwang bao ba bontshang tumelo mo molemong o o tlosang boleo wa setlhabelo sa ga Morwawe.)

Baheb. 5:9: “Me e rile [Jesu] a sena go dihwa boitekanèlō, a cwa mosimolodi oa poloka e e sa khutleñ mo go botlhe ba ba mo utlwañ.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (A seno se thulana le polelwana ya gore Bakeresete ba ‘bolokwa ka tumelo’? Gotlhelele nnyaa. Kutlo e supa fela gore tumelo ya bone ke ya mmatota.)

Yak. 2:14, 26: “Go thusañ, ba ga echo, ha motho a re, o na le tumèlō, me a sena ditihō? a tumèlō eo e ka mmoloka? Gonne yaka mmele ha o sena mōea o shule, go nntse hèla yalo, tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Motho ga a bapale poloko ka ditiro tsa gagwe. Mme ope fela yo o nang le tumelo ya mmatota o tla nna le ditiro tse di tsamaelanang le yone—ditiro tsa kutlo mo ditaolong tsa Modimo le Keresete, ditiro tse di supang tumelo ya gagwe le lorato. Kwantle ga ditiro tse di ntseng jalo, tumelo ya gagwe e sule.)

Dit. 16:30, 31: “Barèna, ke tla dihañ gore ke bolokwè? Me [Paulo le Silase] ba re, Dumèla mo go Morèna Yesu, me o tla bolokwa, wèna le ba ntlo ea gago.” (Fa monna yoo le ba ntlo ya gagwe eleruri ba ne ba dumela, a ba ne ba se ketla ba dira tumalanong le go dumela ga bone? Eleruri.)

Fa Mongwe A Re—

‘Ke bolokilwe’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go itse seo, ka go bo o mpolelela gore o dumela mo go Jesu Keresete. Tiro eo ke abalanang mo go yone ke yone e Jesu a neng a e abela balatedi ba gagwe go e dira, ke gore, go bolelela ba bangwe ka ga go tlhomiwa ga Bogosi jwa gagwe. (Math. 24:14)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Bogosi joo ke eng? Go tla ga jone go tla raya eng mo lefatsheng? (Dan. 2:44)’ (2) ‘Ke maemo afe a a tla bong a le teng mo lefatsheng tlase ga puso eo ya selegodimo? (Pes. 37:11; Tshen. 21:3, 4)’

Kana o ka nna wa re: ‘He o lemoga se moaposetoloi Petere a neng a se bua, fano mo go Ditihō 4:12, a ga go jalo? . . . A o kile wa ipotsa gore leina la ga Jesu re ne ra le neelwa ke mang go dumela mo go lone?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Jesu o a re bolelela ka boene. (Yoh. 17:3)’ (2) ‘Tlhokomela gore Jesu o ne a dira gore leina la ga Rraagwe le itsiwe. (Yoh. 17:6) Leina la Gagwe la botho ke mang? Le go akantshang? (Ekes. 3:15; 34:5-7)’

‘A o bolokilwe?’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Go tla go fitlha jaana, ee. Ke bua jalo ka go bo ke ntse ke lemoga ka metlha yotlhe kgakololo ya Bibela ya go sa ipegele kwa godimo ka boemo jwa rona. A o tlwaelane le lokwalo lono? (1 Bakor. 10:12)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Lebaka la seo ke eng? Go batho bao ba tsetsweng sesha mme ba na le tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo (Baheb. 3:1), moaposetoloi Paulo o kwadile ka go re . . . (Baheb. 3:12-14) Ke ka go gola ga rona ka kitso ya Lefoko ja Modimo mo go tla nonotshang tumelo ya rona.’

Kana o ka nna wa re: ‘Ke ka arabela seo motlhofo fela, ka re, Ee. A mme o ne o itse gore Bibela e bua ka poloko e e fetang e le nngwe? Ka motlhala, a o kile wa akanyetsa bokao jwa ga Tshenolō 7:9, 10, 14? . . . Jalo, go tla nna le batho bao ba tla bolokwang ka go tla ga sepitla se segolo, go tshela teng mono mo lefatsheng. (Math. 5:5)’

‘A o amogela Jesu jaaka Mmoloki wa gago sebele?’

Bona ditsebe 206, 207, tlase ga setlhogo “Jesu Keresete.”

‘La re go tla bolokwa fela ba ba 144 000’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go bo o ile wa bua kaga seo e le gore ke tle ke kgone go go bolelela se tota re se dumelang. Poloko e bulegetse batho ba bantsi ka mo go kgonegang bao ba tla bontshang tumelo ya boammaaruri mo paakanyetsong e Modimo a e dirileng ka Jesu. Mme Bibela e re ke ba ba 144 000 fela ba ba tla yang kwa legodimong go nna le Keresete. A o kile wa bona seo mo Bibeleng? . . . Ke seno mo go Tshenolō 14:1, 3.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ba tla dira eng kwa legodimong? (Tshen. 20:6)’ (2) ‘Go a utlwala gore ba tla bo ba busa godimo ga mongwe. Yoo e ka tswa e le mang? . . . (Math. 5:5; 6:10)’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela