LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 110-ts. 114
  • Boleo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boleo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boleo Jwa Ntlha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Fa Boleo bo sa Tlhole bo le Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Boleo Jwa Ntlha E ne E le Eng?
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 110-ts. 114

Boleo

Tlhaloso: Tota tota, ke go fosa lotshwao, go ya ka mekwalo ya Bibela ya Sehebera le Segerika. Modimo ka boene o tlhoma “lotshwao” loo dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di tla lo fitlhelelang. Go fosa lotshwao loo ke boleo, moo gape eleng tshiamololo kana boiphefero mo molaong. (Bar. 3:23; 1 Yoh. 5:17; 3:4) Boleo ke sengwe le sengwe se se sa dumalaneng le botho jwa Modimo, ditekanyetso, ditsela, le thato, tseo tsotlhe di leng boitshepo. Bo ka kopanyeletsa boitshwaro jo bo phoso, go tlhaela go dira se se tshwanetsweng sa dirwa, puo e e sa reng Modimo sepe, dikakanyo tse di leswe, kana dikeletso kana ditlhotlheletso tseo di leng bogagapa. Bibela e farologanya magareng ga boleo jo bo jelweng boswa le boleo jwa ka bomo, magareng ga tiro nngwe ya boleo eo ka yone motho a ka e ikwatlhaelang le go nna le tlwaelo ya boleo.

Fa e le gore Adame o ne a itekanetse go ne go ka kgonega jang gore a leofe?

Fa e le ka ga go itekanela ga ga Adame, bala Genesise 1:27, 31 le Duteronome 32:4. Fa Jehofa Modimo a ne a bolela ka popo ya gagwe ya selefatshe, go akareletsa le monna le mosadi, go nna “molemō thata,” go ne go raya eng? Go bolela ga Ene yo tiro ya gagwe e itekanetseng gore seo a se dirileng se ne se le “molemō thata,” go raya gore se tshwanetse sa bo se ile sa fitlhelela ditekanyetso tsa gagwe tse di itekanetseng.

A boitekanelo bo ne bo raya go re Adame le Efa ba ne ba ka se kgone go dira phoso? Modiri wa roboto (setshwantsho sa motho) o lebeletse gore e dire fela se a e rulaganyeditseng gore e se dire. Mme roboto e e itekanetseng e ka se nne motho yo o itekanetseng. Dinonofo tse di lejwang e le tsa botlhokwa ga di tshwane. Adame le Efa e ne e le batho, e seng diroboto. Modimo o ne a file setho, nonofo ya go ikgethela magareng ga se se siameng le se se sa siamang, gareng ga kutlo le botlhoka-kutlo, go dira diphetso tsa boitsholo. Ereka eno e le tsela e batho ba dirilweng ka yone, go sa kgone go dira diphetso tse di ntseng jalo (mme eseng phetso e e seng botlhale) ke sone seo se neng se ka supa bosaitekanelang.—Bapisa Duteronome 30:19, 20; Yoshue 24:15.

Gore Adame le Efa ba tshwanelege jaaka ba ba bopilweng ba itekanetse, a go raya gore ka gone diphetso tsa bone tsotlhe di ne di tshwanetse go siama morago ga moo? Seo se ne se tla tshwana fela le go bolela gore ba ne ba sena boikgethelo bope. Mme Modimo o ne a sa ba dira ka tsela eo mo eleng gore kutlo ya bone e ne e itlela fela. Modimo o ne a ba neela kgono ya go ikgethela, e le gore ba tle ba mo utlwe ka go bo ba mo rata. Kana, fa ba dumeletse dipelo tsa bone go nna bogagapa, ba ne ba tla nna ba ba senang tsebe. Mo go leng botlhokwa thata mo go wena ke eng—fa mongwe a go direla sengwe ka go bo a patelediwa go se dira kana fa a rata go se dira?—Bapisa Duteronome 11:1; 1 Yohane 5:3.

Batho ba ba itekanetseng ba ba ntseng jalo ba ne ba ka nna digagapa jang, go gogela kwa ditirong tsa boleo? Lemororo ba ne ba bopilwe ba itekanetse, mebele ya bone ya nama e ne e se ketla e tswelela go dira ka boitekanelo fa e ne e sa baakanyediwa ka dijo tse di siameng. Jalo, gape, fa ba ne ba letlelela tlhaloganyo ya bone go otlwa ka dikakanyo tse di phoso, seno se ne se tla lere go bola mo boitsholong, boseng boitshepo. Yakobe 1:14, 15 e tlhalosa jaana: “Me motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo.” Mo kgannyeng ya ga Efa, dikeletso tse di phoso di ne tsa simologa fa a ne a reetsa Satane ka kgatlhego, yo a neng a dirisa noga jaaka mmueledi wa gagwe. Adame o ne a sekegela tsebe tlhotlheletso ya mosadi wa gagwe go kopanela le ene mo go jeng loungo lo lo ileditsweng. Go na le gore ba gane dikakanyo tse di phoso, ka bobedi jwa bone ba ne ba otla dikeletso tse di bogagapa. Go ne ga felela ka gore ba dire boleo.—Gen. 3:1-6.

A boleo jwa ga Adame e ne e le “leano la Modimo”?

Bona tsebe 27, tlaseng ga setlhogo “Adame le Efa,” gape le tsebe 419, tlaseng ga setlhogo “Tlholelo.”

A tota mo malatsing ano go na le golo mo go tweng “boleo”?

Ditshwantshetso: Fa motho yo o lwalang a ne a ka roba themometara, a seo se ne se tla supa go re o ne a se na letshoroma? Fa legodu le ne le ka bolela gore le ne le sa dumele dibuka tsa molao tse di kwadilweng, a seo se ne se tla dira gore a tlhoke molato wa borukutlhi? Ka mo go tshwanang, lebaka la go bo batho ba bantsi ba sa dumele gore go a tlhokafala go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Modimo ga le fedise boleo.—Bona 1 Yohane 1:8.

Batho bangwe ba ka ikgethela go dira seo Lefoko la Modimo le se iletsang. Mme seo ga se supe gore Bibela e phoso. Bagalatia 6:7, 8 e a tlhagisa: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ.” Leroborobo la malwetsi a a tshelanwang a dikobo, malapa a a thubegileng, jalo le jalo, di neela bosupi jwa boammaaruri jwa se Bibela e se buang. Modimo o dirile motho; O itse seo se tla re tlisetsang boitumelo jwa go ya go ile; O se re bolelela mo Bibeleng. A go a utlwala go Mo reetsa? (Ka bosupi jwa go nna gone ga Modimo, bona setlhogo se segolo “Modimo.”)

A bogolo jwa seo gotweng ke boleo ga se fela go dira dilo tsa tlholego mo bathong?

A go tlhakanela dikobo ke boleo? A Adame le Efa ba ne ba leofa ka go tlhakanela dikobo? Seo ga se se Bibela e se buang. Genesise 1:28 ya re Modimo o ne a raya Adame le Efa a re ba ‘ate ba ntsifale ba tlale ka lefatshe.’ Seo se ne se tla raya gore ba tlhakanele dikobo, a ga go jalo? Mme ebile Pesalema 127:3 ya re “bana ke boshwa yoa ga Yehofa,” “louñō.” Go tshwanetswe ga elwatlhoko go re Efa o ne a ja loungo lo lo ileditsweng mme o ne a dira jalo a le esi ka bogagagwe; ke moragonyana fela a neng a neela Adame bontlhanngwe jwa lone. (Gen. 3:6) Ka mo go utlwalang, setlhare seo loungo lo lo neng lo ileditswe lo neng lwa ungwa mo go sone e ne e le setlhare sa sebele. Seo Bibela e se iletsang ga se go tlhakanela dikobo ga kafa tshwanelong magareng ga monna le mosadi mme ke ditlwaelo tse di jaaka boaka, bogokahadi, bosodoma, le go robala le diphologolo. Loungo lo lo bosula lwa ditlwaelo tse di ntseng jalo lo bontsha gore kiletso ke tshupo ya kamego e e lorato mo letlhakoreng la Ene yo o itseng kafa re dirilweng ka teng.

Gen. 1:27: “Me Modimo oa tlhōla motho [Adame] mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo.” (Ka gone, selo se se utlwalang fela, ka Adame e ne e le gore a bontshe dinonofo tse di boitshepo tsa Modimo, go arabela ka kanaanelo kaelong ya Modimo. Go tlhaela seno e ne e tla bo e le go fosa lotshwao, go leofa. Bona Baroma 3:23, gape le 1 Petere 1:14-16.)

Baef. 2:1-3: “Le lona [Bakeresete] o lo rudisitse, yale ka lo no lo shule ka ditlolō tsa lona le dibe, Tse e rileñ galè loa sepela mo go cōna kaha mokgweñ oa lehatshe yeno, kaha taoloñ ea kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō; Ba le rona rotlhe re kileñ ra tshela nabō mo dithatoñ tsa nama ea rona, ra diha dikeleco tsa nama le tsa megopolō, me mo tlholegoñ ea rona re le bana ba re chwanetseñ bogale, hèla yaka ba bañwe.” (Jaaka ditlogolwana tsa ga Adame wa moleofi, re tsaletswe mo boleong. Go tloga botsalong go ya pele, pelo ya rona e sekametse mo bosuleng. Fa re sa kganele ditshekamelo tseo tse di phoso, re ka re nako e ntse e ya ra tlwaelana le tsela eo ya botshelo. E ka nna le e leng go bonala e le e e “itshiametseng” fela ka go bo ba bangwe go re dikologa ba dira dilo tse di tshwanang. Mme Bibela e kgetholola se se siameng le se se sa siamang mo ponong ya Modimo, ka tsela eo a dirileng motho ka teng le boikaelelo jwa gagwe ka setho. Fa re reetsa Mmopi wa rona mme ka lorato re mo utlwa, botshelo bo tla nna le bokao jo bo humileng jo re iseng re ke re bo itse le eleng pele mme re tla nna le isagwe e e sa khutleng. Ka bothito Mmopi wa rona o re laleletsa go lekeletsa le go bona boo o molemo.—Pes. 34:8.)

Boleo bo ama jang kamano ya motho le Modimo?

1 Yoh. 3:4, 8: “Moñwe le moñwe eo o dihañ boleo o diha boiphèhèrō mo molaoñ: me boleo ke boiphèhèrō mo molaoñ. Eo o dihañ boleo ke eo oo ra diabolo.” (Abo seno se tsepame jang ne! Bao ka bomo ba ikgethelang go tsaya tsela ya boleo, ba bo dira tlwaelo, ba lebiwa ke Modimo jaaka dinokwane. Tsela eo ba e ikgethetseng ke eo e neng ya tsewa pele ke Satane.)

Bar. 5:8, 10: “E rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla. . . . E rile re sa nntse re le baba ra letlañwa le Modimo ka losho loa Morwa ōna.” (Elatlhoko gore baleofi ba lebisiwa jaaka baba ba Modimo. Abo go le botlhale jang he go ikatametsa paakanyetso eo Modimo a e dirileng ya go letlanngwa le ene!)

1 Tim. 1:13: “Leha go nntse yalo ka bōna [go bolela moaposetoloi Paulo] boutlwèlō botlhoko ka ke go dihile ka go tlhōka go itse, ke sa dumèla.” (Mme fa a se na go supegediwa tsela e e siameng ke Morena, ga a ka a ikgogona mo go e saleng morago.)

2 Bakor. 6:1, 2: “Me ereka re diha mmōgō naè, rea rapèla le gōna, gore lo se amogelele tshegōhaco ea Modimo lehèla,— Gonne oa re, Ke gu utlwile mo motlheñ o o lebosègañ, le mo letsatsiñ ya polokō ka gu thusa: bōna, yanoñ ke motlha o o lebosègañ; bōna, yanoñ ke letsatsi ya polokō.” (Jaanong ono ke motlha o sebaka sa go bona poloko se leng gone. Modimo ga o ketla ka metlha yotlhe o nna o atolosetsa go batho ba ba leofileng bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bo ntseng jalo. Jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko e le gore re tle re se ka ra latlhegelwa ke boikaelelo jwa gone.)

Kgololo mo boemong jwa rona jwa boleo e ka kgonega jang?

Bona setlhogo se segolo “Thekololo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela