Bonna le Bosadi
Tlhaloso: Dirwe tsa dibopiwa tsa selefatshe tseo di direlang jaaka tsela ya go atisa lotsalo morago ga bokopano jwa batsadi ba babedi. Dipharologanyo magareng ga dirwe tsa lotsalo tsa banna le basadi di na le matswela a a kwa godimo thata mo botshelong jwa batho. Ereka Modimo ka boene e le Motswedi wa botshelo mme ebile ereka batho ba diretswe go supa dinonofo tsa gagwe, kgono ya go fetisa botshelo ka go tlhakanela dikobo e tshwanetswe go tshwarwa ka tlotlo e kgolo thata.
A Bibela e ruta gore go tlhakanela dikobo ke boleo?
Gen. 1:28: “Me Modimo oa ba segōhatsa [Adame le Efa]; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe.” (Go diragatsa taolo eno ya bomodimo go ne go tla tlhoka gore ba tlhakanele dikobo, a ga go jalo? Go dira jalo e ne e se ketla e nna boleo mme go ne go tla bo go le tumalanong le boikaelelo jwa Modimo jwa go tlatsa lefatshe. Batho bangwe ba ile ba akanya gore ‘loungo lo lo ileditsweng’ mo Edena ka gongwe e ne e le tshwantshetso e e neng e kaya fa Modimo a kganela kana le e leng go thibela Adame le Efa go ka tlhakanela dikobo. Mme seo se thulana le taolo ya Modimo e e tsopotsweng fa godimo. Gape se thulana le lebaka la gore, e re ntswa Adame le Efa ba ne ba ja loungo lo lo ileditsweng mo Edena, kumako ya ntlha ya go tlhakanela dikobo ga bone e ne ya nna morago ga ba sena go kojwa koo.—Gen. 2:17; 3:17, 23; 4:1.)
Gen. 9:1: “Me Yehofa a segohatsa Noa le bomorwawè, me a ba raea, a re, Atañ lo ntsihalè, lo tlalè ka lehatshe.” (Tshegofatso eno gape, gammogo le go bolelwa gape ga taolo ya bomodimo ya go tsala, e ne ya neelwa morago ga Morwalela wa kgolokwe wa motlha wa ga Noa. Pono ya Modimo malebana le go tlhakanela dikobo ga kafa molaong ga e a ka ya fetoga.)
1 Bakor. 7:2-5: “Ka ntlha ea maakahalō, a monna moñwe le moñwe a nnè le mosadi oa gagwè, le mosadi moñwe le moñwe a nnè le monna oa gagwè. A monna a neèlè mosadi chwanèlō ea gagwè; mosadi le èna a a dihèlè monna yalo. . . . Lo se ka loa ikgogonèlana, ha e se ka go dumalana ka sebaka, . . . gore Satane a se bone kgōrō ea go lo raèla ka go retelèlwa ga lona ke go ichōka.” (Ka gone seo se supiwang se le phoso ke boaka, e seng go tlhakanela dikobo mo go tshwanetseng magareng ga monna le mosadi.)
A go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go phoso?
1 Bathes. 4:3-8: “Gonne mo ke go rata ga Modimo, . . . ke go re, lo ithibè mo boakeñ; Gore moñwe le moñwe oa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo dithatoñ tse di mashwè, hèla yaka Badichaba ba ba sa itseñ Modimo: Go re opè motho a se ka a tlola, me a herekanèla oa ga gabō mo seoñ se: gonne [Jehofa] ke èna mmusholosi mo diloñ cotlhe tse, yaka re kile ra lo tlhagisa galè, ra ba ra shupa. Gonne Modimo ga oa re biletsa bomashwè, o re bileditse mo boitshepishoñ hèla. Ke gōna eo o ganañ, ga a gane motho, ha e se Modimo, o o lo naeañ Mōea oa ōna o o Boitshèpō.” (Lefoko la Segerika por·neiʹa, le le ranoletsweng “boaka,” le lebisa go go tlhakanela dikobo magareng ga batho ba ba sa nyalanang, gape le go tlhakanela dikobo ka kwantle ga thulaganyo ya lenyalo mo gareng ga batho ba ba nyetseng.)
Baef. 5:5: “[Ga] go seaka, leha e le motho eo o mashwè, leha e le moiphetlhi, eo e leñ moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo o ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.” (Seno ga se reye gore lefa e le mang yo mo nakong e e fetileng a neng a le moakahadi a ka se ka a ipelela masego a Bogosi jwa Modimo, mme o tshwanetse gore a khutlele tsela ya botshelo jwa gagwe e le gore a tle a bone kamogelo ya Modimo. Bona 1 Bakorintha 6:9-11.)
A Bibela e dumelela go tshela mmogo jaaka monna le mosadi kwantle ga lenyalo la semolao?
Bona ditsebe 234-236, tlaseng ga setlhogo “Lenyalo.”
Bibela e reng kaga bosodoma?
Bar. 1:24-27: “Ke gōna ka mouō, Modimo o ba lesitseñ ba inèla mo mashweñ, kaha dithatoñ tsa pelo tsa bōnè, ba ba ba tla ba tlontlololana mebele ea bōnè ka boatla, . . . Ke gōna ka mouō, Modimo o ba leseleditseñ ba inèla mo dithatoñ tse di tlhabisañ ditlhoñ: gonne mokgwa o e leñ oa tlhōlègō, basadi ba bōnè ba o hetola o e señ oa tlhōlègō: Hèla yalo banna le bōnè ba khutlèla mosadi go tlhōla ba diha ka èna yaka mokgwa oa tlhōlègō, me ba gakalèlana mo dikgatlhegoñ tsa bōnè, banna ba diha le banna ba bañwe mo go tlhabisañ ditlhoñ, me ba ipōnèla mo go bōnè tuèlō e e chwanetseñ timèlō ea bōnè.”
1 Tim. 1:9-11: “Molaō ga oa beèlwa motho eo o siameñ, ha e se ba ba iphèhèrañ mo molaoñ, le ba ba ganañ taolō, le ba ba sa boiheñ Modimo, le baleohi, . . . Le bagokahadi, le basodoma, . . . leha go ka bo go na le selō se sele se se tlhabanañ le thutō e e itekanetseñ; Kaha Mahokuñ a a Molemō a kgalalèlō ea Modimo o o bakwañ.” (Bapisa Lefitiko 20:13.)
Yude 7: “Hèla yaka metse ea Sodoma le Gomora, le metse e e neñ e le mo tikologoñ ea eōna, ka e ile ea . . . ineèla mo kgokahaloñ, ea latèla mokgwa oa nama e sele, e beilwe sekaō, ka go bediwa ka molelō o o sa khutleñ.” (Leina Sodoma e ile ya nna lone motheo wa lefoko la “bosodoma,” leo gantsi le supelang tlwaelo ya thobalano ya batho ba bong jo bo tshwanang. Bapisa Genesise 19:4, 5, 24, 25.)
Bakeresete ba boammaaruri ba ikutlwa jang malebana le bao botshelo jwa bone e neng e le bosodoma?
1 Bakor. 6:9-11: “Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo. Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa, loa itshepisiwa, loa siamisiwa mo ineñ ya Morèna Yesu Keresete, le mo Moeeñ oa Modimo oa rona.” (Go sa kgathalesege botshelo jwa mofuta o o neng o ntse jalo, fa batho ba huralela ditlwaelo tsa bone tse di leswe tsa pele, ba dirisa ditekanyetso tse di tshiamo tsa ga Jehofa, le go supa tumelo mo paakanyetsong ya gagwe ya go itshwarela maleo ka Keresete, ba ka ipelela kemo e ntle fa pele ga Modimo. Morago ga go fetoga, ba ka amogelwa mo phuthegong ya Bokeresete.)
Bakeresete ba boammaaruri ba itse gore le eleng dikeletso tse di itsetsepetseng kwa teng teng tse di phoso, go akareletsa le tseo di ka tswang di le mo motheong wa dilaola-bong kana tseo di kopanyeletsang mekgwa ya nama kana e e laolwang ke ditikologo, ga se e e ka se fenngweng ke batho bao eleruri ba batlang go itumedisa Jehofa. Batho bangwe ka tlholego fela ba kgopega go sa twe sepe. Ka gongwe mo nakong e e fetileng ba ne ba gakala bobe; mme kitso ya thato ya Modimo, keletso ya go mo itumedisa, le thuso ya moya wa gagwe di ba kgonisa go tlhagolela boikgapo. Motho a ka tswa e le letlhapelwa, mme, morago ga tlhotlheletso e e tshwanetseng, a ka ikeha mo go nweng mme ka gone a tila go nna letagwa. Ka mo go tshwanang, motho a ka tswa a ikutlwa a gapiwa maikutlo ke batho ba bong jo bo tshwanang, mme ka go tsaya-tsia kgakololo ya Lefoko ja Modimo a ka felela a le phepa mo ditlwaelong tsa bosodoma. (Bona Baefesia 4:17-24.) Jehofa ga a re letlelele go tswelela re ikakanyetsa ka gore boitshwaro jo bo phoso eleruri ga bo maswe-maswe; ka bopelontle mme le ka tsepamo o a re tlhagisa ka matswela le go baakanyetsa ka thuso e ntsi ka bao ba batlang go apola “motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, me [ba] aparè motho eo mosha.”—Bakol. 3:9, 10.
A pono ya Bibela malebana le go tlhakanela dikobo ka gongwe e siilwe ke nako le go thibela ka mo go sa tlhokafaleng?
1 Bathes. 4:3-8: “Gonne mo ke go rata ga Modimo, . . . ke go re, lo ithibè mo boakeñ; . . . Ke gōna eo o ganañ, ga a gane motho, ha e se Modimo, o o lo naeañ Mōea oa ōna o o Boitshèpō.” (Pono ya Bibela malebana le go tlhakanela dikobo ga se sengwe fela seo se ileng sa itlhagela ka batho bangwe ba ba ileng ba tshela dingwaga tse dintsi tse di fetileng. E tswa go Mmopi wa setho; e papamatsa se a se batlang e le gore go tle go nniwe le kamogelo ya gagwe; gape e baakanyetsa ka melao e e thusang malapa go nna a a ritibetseng le go nna le dikamano tse di phepa le tse di itumedisang ka kwantle ga lelapa. Bao ba dirisang kgakololo eno ba ipabalela kgatlhanong le go nna le maikutlo a a tshwenyegileng a a sa nyeleleng le go nna le malwetsi a a ferosang sebete a a tsamaelanang le boitshwaro jo bo repileng. Kgakololo ya Bibela e mo nakong fela thata mo go fitlheleleng ditlhokafalo tsa bao ba batlang segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le botshelo jo bo gololesegileng mo tlalelong e e sa tlhokafaleng.)
Fa Mongwe A Re—
‘O ikutlwa jang malebana le bosodoma?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke pono e e tlhalosiwang fano mo Bibeleng. Ke dumela gore se e se buang ke se se botlhokwa thata go na le pono epe ya motho, ka go bo e re neela megopolo ya Mmopi wa setho. (1 Bakor. 6:9-11) O tla elatlhoko gore bangwe ba bano ba ba neng ba nna Bakeresete pele ba ne ba dira ditlwaelo tsa bosodoma. Mme ka ntlha ya lorato lwa bone go Modimo, le ka thuso ya moya wa gagwe, ba ile ba fetoga.’
Kana o ka nna wa re: ‘Fa ke go araba, ke ka nna ka bolela gore ke ile ka elatlhoko gore bantsi bao ba ikutlwang gore ga go a tshwanelwa go tlhoiwa mokgwa wa botshelo jwa bosodoma ka tsela epe ga ba dumele gore Bibela ke Lefoko ja Modimo. A ke ka go botsa kafa o lebang Bibela ka teng?’ Fa motho a ipolela ka gone go dumela Bibela, gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Bosodoma ga se kgang e ntšha. Bibela e tlhoma pono e e sa fetogeng ya ga Jehofa Modimo ka puo e e papametseng sentle-ntle. (Ka gongwe dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 116, 117.)’ Fa motho a lebega a na le dipelaelo kaga go nna gone ga Modimo kana kaga Bibela, o ka oketsa ka go re: ‘Fa go ne go se na Modimo, go utlwala sentle gonne re ne re se ketla re ikarabelela mo go ene ka jalo re ne re tla tshela jaaka re rata. Ka jalo potso e eleng yone tota ke gore, A go na le Modimo mme ebile a re gone ka ntlha ya gagwe [gape, ka gongwe, A Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo]? (Dirisa dikakantsho tse di mo ditsebeng 287-294 kana 62-72.)’