Boperofeti
Tlhaloso: Molaetsa o o tlhotlheleditsweng; tshenolelo ya thato ya bomodimo le boikaelelo. Boperofeti e ka nna polelelo-pele ya sengwe se se tlang, kana thuto ya boitsholo e e tlhotlheleditsweng, kana polelo ya taolo ya bomodimo kana katlholo.
Ke dipolelelo-pele dife tse di begilweng mo Bibeleng tseo di setseng di diragetse?
Go bona dikai di se kae, bona ditlhogo tse dikgolo “Bibela,” “Metlha ya Bofelo,” le “Metlha,” gape le buka ya “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” ditsebe 343-346 .
Ke boperofeti bofe jo bongwe jo bo tlhomologileng jwa Bibela jo bo sa ntseng bo tla diragadiwa?
1 Bathes. 5:3: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.”
Tshen. 17:16: “Me dinaka tse shomè tse u di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka [Babelona o Mogolo] seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.”
Esek. 38:14-19: “U reè Gōga u re, Morèna Modimo o bua yana: a re, E tla re mo motlheñ ouō mogañ batho ba me ba Iseraela [wa semoya] ba agileñ ka thagamō, a ga u ketla u go itse? Me u tla cwa kwa heloñ ga gago, kwa dikhutloñ tsa ntlha ea botsheka, wèna le dichaba di le dintsi di na nau, . . . Me go tla dihala mo motlheñ ouō, go re, mogañ Gōga a bololèlañ lehatshe ya ba Iseraela, go bua Morèna, cararègō ea me e tla gola mo dinkoñ tsa me. Gonne ke buile mo lehuheñ ya me, le mo moleloñ oa bogale yoa me.”
Dan. 2:44: “Bogosi [jo bo tlhomilweng ke Modimo] . . . bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō [a batho] aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”
Esek. 38:23: “Me ke tla itlotlomatsa, ke tla iitshepisa, ke tla itiha gore ke itsiwe mo matlhoñ a merahe e le mentsi; me ba tla itse ha ke le Yehofa.”
Tshen. 20:1-3: “Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè. Me a mo latlhèla mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala, a ba a o kana mo godimo ga gagwè, gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele: me moragō ga mouō o tla bōna go gololwa ka lobakanyana.”
Yoh. 5:28, 29: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”
Tshen. 21:3, 4: “Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”
1 Bakor. 15:24-28: “Me hoñ go tle bokhutlō, yo o tla neèlañ Modimo, eboñ Rara, bogosi ka yōna, . . . Me e tla re dilō cotlhe di sena go beèwa mo taoloñ ea gagwè, hoñ Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.”
Ke goreng Bakeresete ba tshwanetse go kgatlhegela thata-thata dipolelelo-pele tsa Bibela?
Math. 24:42: “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”
2 Pet. 1:19-21: “Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo [ka ntlha ya seo se neng sa diragala kwa kgalalelong ya ga Jesu]; ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla, . . . Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.”
Dia. 4:18: “Me tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegareñ o mogolo.”
Math. 4:4: “Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Seo se akaretsa le ditsholofetso tsa gagwe tse di molemo-lemo tsa boperofeti.)
2 Tim. 3:16: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” (Ka gone Lefoko jotlhe je le kwadilweng ja Modimo le tlhoka gore re le ithute ka tlhoafalo.)
Fa Mongwe A Re—
‘Le rata go bua bobe ka boperofeti. Se se tlhokafalang fela ke go amogela Keresete jaaka Mmoloki wa gago le go tshela botshelo jo bo molemo jwa Bokeresete’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Kanaanelo ya seabe sa ga Jesu Keresete eleruri e botlhokwa-tlhokwa. A mme o ne o itse gore lebaka le lengwe la go bo Bajuda ba ile ba palelwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga ke go mo amogela e ne e le gone gore ga ba a ka ba tlhokomela thata-thata boperofeti?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Boperofeti mo Dikwalong tsa Sehebera bo ne jwa bolelela pele gore Mesia (Keresete) o tla bonala leng le gore o ne a tla dirang. Mme Bajuda ka kakaretso ba ne ba se ka ba tsaya-tsia seo boperofeti joo bo neng jwa se bolela. Ba ne ba na le dikgopolo tsa bone kaga seo Mesia o tshwanetseng go se dira, mme ka ntlha ya gone moo ba ne ba gana Morwa Modimo.’ (Bona tsebe 198, tlaseng ga “Jesu Keresete.”) (2) ‘Rona gompieno re tshela mo nakong e Keresete a setseng a simolotse go busa jaaka Kgosi ya selegodimo mme o kgaoganya batho ba merafe yotlhe, ka boikaelelo jwa botshelo kana tshenyego. (Math. 25:31-33, 46) Mme bontsi jwa batho bo lebeletse sengwe se sele.’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke dumela gore go nna Mokeresete yo o molemo go botlhokwa. A mme ke tla bo ke le Mokeresete yo o siameng fa ke dira dilo dingwe tseo Jesu a di rutileng mme ke tlhokomologa se a rileng re tshwanetse ra se baya pele mo botshelong? . . . Elatlhoko seo a neng a se bua se se begilweng fano mo go Mathaio 6:33.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘A ga go boammaaruri gore Jesu o ne a re ruta go rapelela Bogosi joo, le eleng go bo baya kwa pele pele mo go kopeng go itshwarelwa ka ntlha ya tumelo ya rona mo go ene jaaka Mmoloki? (Math. 6:9-12)’