Moya (Spirit)
Tlhaloso: Lefoko la Sehebera ruʹach le la Segerika pneuʹma, a gantsi a ranolelwang “moya” (spirit), a na le bokao bo le bontsinyana. Otlhe a lebisa go se se sa bonaleng mo matlhong a motho le seo se neelang bosupi jwa go tshikinyega ga nonofo. Mafoko a Sehebera le a Segerika a a dirisiwa go supa (1) phefo, (2) maatla a botshelo a a dirang mo dibopiweng tsa selefatshe, (3) maatla a a tlhotlheletsang a a tswang mo pelong ya tshwantshetso ya motho le ao a dirang gore a bue le go dira dilo ka tsela e e rileng, (4) dipuo tse di tlhotlheleditsweng go tswa mo motsweding o o sa bonaleng, (5) batho ba semoya, le (6) maatla a a dirang a Modimo, kana moya o o boitshepo. Ditiriso di le mmalwa tsa tseno di tlotliwa fano malebana le dikgang tseo di tsogang mo bodiheding jwa tshimo.
Moya o o boitshepo ke eng?
Papiso ya ditemana tsa Bibela tseo di lebisang go moya o o boitshepo e bontsha gore o buiwa jaaka o o ‘tlatsang’ batho; ba ka ‘kolobediwa’ ka one; le gore ba ka ‘tlodiwa’ ka one. (Luke 1:41; Math. 3:11; Dit. 10:38) Ga go epe ya dipolelwana tseno e e tla bong e tshwanela fa moya o o boitshepo e ka bo e ne e le motho.
Jesu gape o ne a lebisa go moya o o boitshepo jaaka “mogomotsi” (Segerika, pa·raʹkle·tos), mme o ne a re mogomotsi yono o ne a tla “ruta,” a “shupa,” a ‘bua’ le go ‘utlwa.’ (Yoh. 14:16, 17, 26; 15:26; 16:13) Ga se mo go sa tlwaelegang ka Dikwalo go re sengwe se kaiwe jaaka motho. Ka sekai, botlhale go bolelwa bo na le “bana.” (Luke 7:35) Boleo le loso di buiwa jaaka dikgosi. (Bar. 5:14, 21) E re ntswa gone ditemana dingwe di bolela gore moya o ne wa “bua,” dikarolo tse dingwe di go papamatsa gore seno se ne sa dirwa ka baengele kana batho. (Dit. 4:24, 25; 28:25; Math. 10:19, 20; bapisa Ditihō 20:23 le 21:10, 11.) Mo go 1 Yohane 5:6-8, ga se moya fela mme gape, “metse, le madi” le tsone di bolelwa di ‘neela bosupi.’ Jalo, ga go epe ya dipolelo tseno e e fitlhelwang mo ditemaneng tseno e ka boyone e supang gore moya o o boitshepo ke motho.
Se tota moya o o boitshepo e leng sone se tshwanetse sa lomagana le dikwalo tsotlhe tse di lebisang go moya oo. Ka pono eno, go a utlwala go feleletsa ka gore moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a Modimo. Ga se motho mme ke nonofo e e maatla e Modimo a dirang gore e tswe mo go ene ka sebele go diragatsa thato ya gagwe e e boitshepo.—Pes. 104:30; 2 Pet. 1:21; Dit. 4:31.
Bona gape ditsebe 372, 373 tlase ga setlhogo “Tharo-nngwe.”
Ke eng se se supang gore tota motho o na le moya o o boitshepo?
Luke 4:18, 31-35: “[Jesu o ne a bala mo momenong wa ga moperofeti Isaia:] Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō . . . Me a hitlha kwa Kaperenama, motse oa Galilea. Me a bo a ba ruta ka letsatsi ya sabata: Me ba gakgamalèla thutō ea gagwè: ka gonne lehoko ya gagwè le ne le na le thata. Me mo tluñ ea thutō ga bo go le motho eo o nañ le mōea o o mashwè oa badimo, me a goa ka lencwe ye legolo, . . . Me Yesu a o kgalemèla, a re, Didimala, me u cwè mo go èna. Me ea re badimo ba sena go mo piriganya ha gare, ba cwa mo go ènè, me ba se ka ba mo utlwisa botlhoko.” (Ke eng se se neng sa neela bosupi jwa gore Jesu o ne a na le moya wa Modimo? Pego ga e bolele gore o ne a roroma kana a goa kana a tetesela a tshogile. Go na le moo, e bolela gore o ne a bua ka thata. Lefa go ntse jalo, go tshwaega sentle gore mo pakeng eo, moya wa bodimona o ne wa dira gore motho yoo a goe le go wela fa fatshe mo bodilong.)
Ditihō 1:8 e re fa balatedi ba ga Jesu ba se na go amogela moya o o boitshepo e ne e tla nna basupi ba gagwe. Go ya ka Ditihō 2:1-11, fa ba ne ba se na go amogela moya oo, balebeledi ba ne ba kgatlhwa ke lebaka la gore e re ntswa bone ba ba buang bao e ne e le Bagalalea botlhe, ba ne ba bua dilo tse dikgolo tsa Modimo ka dipuo tse di neng di tlwaetswe ke baeti ba bantsi ba ba neng ba le teng. Mme pego ga e re go na le phahamogo epe ya maikutlo mo letlhakoreng la bao ba neng ba amogela moya.
Go tshwaega sentle gore fa Elisabetha a ne a amogela moya o o boitshepo mme go tswa foo a bua ka “lencwe le legolo” o ne a se mo pokanong epe ya kobamelo mme o ne a dumedisa wa losika yo o etileng. (Luke 1:41, 42) Fa moya o o boitshepo o tla mo barutweng ba ba phuthegileng, jaaka go begiwa mo go Ditihō 4:31, lefelo le ne la tekuma, mme moya oo wa dira gore barutwa ba ‘bue lefoko la Modimo ka bopelokgale,’ mme e seng gore ba tetesele le go bidikama. Ka mo go tshwanang gompieno, go bua lefoko la Modimo ka bopelokgale, go tsenelela ka tlhagafalo mo tirong ya go neela bosupi—tseno di neela bosupi jwa gore motho o na le moya o o boitshepo.
Bagal. 5:22, 23: “Me louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō.” (Ke loungo lono, go na le go phahamoga ga teteselo ya bodumedi, tse di tshwanetseng go lebelelwa fa go senkwa batho bao eleruri ba nang le moya wa Modimo.)
A go kgona go bua ka kgogomogo ya maikutlo e kgolo ka loleme loo motho le ka motlha a iseng a ke a le ithute go supa gore o na le moya wa Modimo?
Bona setlhogo se segolo “Diteme, Go bua ka.”
A phodiso ya dikgakgamatso e e dirwang gompieno e dirwa ka moya wa Modimo?
Bona setlhogo se segolo “Phodiso.”
Ke mang yo o kolobediwang ka moya o o boitshepo?
Bona tsebe 221, tlase ga “Kolobetso,” gape le setlhogo se segolo “Tsalo Sesha.”
A go na le karolo ya moya wa motho e e falolang loso lwa mmele?
Esek. 18:4: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (RS, NE, KJ, le Dy tsotlhe di fetola lefoko la Sehebera neʹphesh mo temaneng eno ka go re “moya” (soul), ka gone di bolela gore moya o a swa. Dithanolo tse dingwe tse di fetolelang neʹphesh jaaka“moya” (soul) mo ditemaneng tse dingwe di dirisa polelwana “motho” kana “ene” mo temaneng eno. Jalo, neʹphesh, (soul), ke motho, eseng karolo e e sa bonaleng mo go ene e e falolang fa mmele wa gagwe o o swa.) (Bona setlhogo se segolo “Moya” (Soul) go bona ditlhaloso tse di oketsegileng.)
Pes. 146:4: “Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (Lefoko la Sehebera fano le le ranoletsweng “moya” (spirit) le tswa mo go ruʹach. Baranodi bangwe ba le fetolela “mohemo.” Fa ruʹach eo, kana maatla a botshelo a a dirang a tlogela mmele, dikakanyo tsa motho di a nyelela; ga di sa tlhole di tswelela mo sebakeng se sengwe.)
Mor. 3:19-21: “Gonne se se dihalèlañ bana ba batho se dihalèla diphōlōhōlō; ke go re, selō se le señwe hèla sea di dihalèla: yaka se señwe se shwa, se señwe le shōna sea shwa; E, di mōea moñwe hèla cotlhe; me motho ga a na tlotlomalō epè go heta diphōlōhōlō: gonne gotlhe ke boithamakō hèla. Cotlhe hèla di ea heloñ go le goñwe hèla; cotlhe di cwa mo mbuñ, me cotlhe di hetoge mbu gapè. Emañ eo o itseñ mōea oa motho, bo o ea kwa godimo, le mōea oa phōlōhōlō, bo o ea kwa tlhatse kwa mbuñ?” (Ka ntlha ya go rua boleo le loso mo go Adame, batho botlhe ba a swa le go boela mo loroleng, jaaka diphologolo di dira. Mme a mongwe le mongwe o na le moya (spirit) o o tswelelang go tshela jaaka motho yo o botlhale fa o se na go khutlela go dira mo mmeleng? Nnyaa; temana 19 e araba ka gore batho le diphologolo di “mōea moñwe hèla cotlhe.” Fa go iwa fela kafa batho ba buang ka teng, ga go ope yo tota a ka arabelang potso e e boditsweng mo temaneng ya 21 malebana le moya. Mme Lefoko la Modimo le arabela gore ga go na sepe seo batho ba nang le sone ka ntlha ya botsalo se se dirang gore ba tlotlomale go feta diphologolo fa ba swa. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya boutlwelo botlhoko jwa paakanyetso ya Modimo ka Keresete, tebelelo ya go tshelela ruri e ile ya bulegela batho bao ba bontshang tumelo mme eseng go diphologolo. Go bontsi jwa setho, seo se tla kgonega ka tsogo fa maatla a botshelo a a dirang a a tswang Modimong a tla bo a ba shafatsa gape.)
Luke 23:46: “Me e rile Yesu a sena go goa ka lencwe ye legolo, a re, Rra, ke neèla mōea [Segerika, pneuʹmaʹ] oa me mo diatleñ tsa gago; me a re a sena go bua yalo, a ntsha mōea [a swa, NW].” (Elatlhoko gore Jesu o ne a swa. Fa moya wa gagwe o ne o tswa mo go ene o ne a sa ye kwa legodimong. O ne a tsosiwa fela ka letsatsi ja boraro mo baswing. Go tswa foo, jaaka Ditihō 1:3, 9 e bontsha, go ne go sa ntse go na le malatsi a mangwe a a 40 pele ga a tlhatlogela legodimong. Jalo, ke eng se se neng se kaiwa ke se Jesu a se buileng ka nako ya loso lwa gagwe? O ne a bolela gore o ne a itse gore, fa a se na go swa, tebelelo ya botshelo jwa gagwe jwa isagwe e ne e ikaegile gotlhelele mo Modimong. Ka dikakgelo tse dingwe tse di oketsegileng malebana le ‘moya o boela kwa Modimong’ bona tsebe 298, tlase ga setlhogo “Moya” [Soul].)
Fa Mongwe A Re—
‘A o na le moya o o boitshepo?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ee, mme ke ka gone moo ke tsileng mo ntlong ya gago gompieno. (Dit. 2:17, 18)’
Kana o ka nna wa re: ‘Seo ke sone se se nkgonisang gore ke tlhakanele mo bodiheding jwa Bokeresete. Mme ke fitlhela gore batho ga ba na megopolo e e tshwanang ka ga gore ke eng seo se neelang bosupi jwa gore motho tota o na le moya o o boitshepo. O senkang?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (Motlotlo wa boikitsiso bongwe mo ditsebeng 301, 302.)