LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 410-ts. 415
  • Tirisa-badimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tirisa-badimo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
    Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
  • Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo
    Tsogang!—2000
  • Ganana Le Masomosomo A Meya E E Boikepo
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • A Ruri-Ruri ba Bua le Baswi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 410-ts. 415

Tirisa-badimo

Tlhaloso: Tumelo ya gore karolo nngwe mo bathong e e leng moya e falola mo losong lwa mmele mme o bo o buisanya le batshedi, gantsi e le ka motho yo o direlang jaaka mophekodi. Batho bangwe ba dumela gore selo sengwe le sengwe se se bonalang le dikgakgamatso tsotlhe tsa tlholego di na le meya e e nnang mo go tsone. Boloi ke tiriso ya maatla a go dumelwang a tswa mo meyeng e e bosula. Dibopego tsotlhe tsa tirisa-badimo di kgalwa gotlhelele mo Bibeleng.

A eleruri go ka kgonega ka motho go buisana le “moya” (spirit) wa moratiwa yo o suleng?

Mor. 9:5, 6, 10: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè, . . . Go le loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla; le gōna ga ba tlhole ba na le kabèlō epè ka bosakhutleñ mo go señwe se se dihwañ tlhatse ga letsatsi. Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.”

Esek. 18:4, 20: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Jalo moya (soul) ga se sengwe se se falolang loso lwa mmele mme e re morago batho ba ba tshelang ba bo ba ka buisana le sone.)

Pes. 146:4: “Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (Fa go bolelwa gore moya (spirit) o a ‘tswa’ mo mmeleng, seno ke tsela e nngwe fela ya go bolela gore maatla a botshelo a khutletse go tlhola a dira. Ka gone, morago ga motho a se na go swa, moya wa gagwe ga o sa tlhole o le teng jaaka selo se se sa bonaleng seo se ka akanyang le go tsweledisa dithulaganyo kwantle ga mmele. Ga se sengwe se e leng gore batshedi ba ka buisana le sone morago ga loso lwa motho.)

Bona gape ditsebe 245-246, tlase ga setlhogo “Loso.”

A Bibela ga e supe gore Kgosi Saule o ne a buisana le moperofeti Samuele morago ga loso lwa ga Samuele?

Pego eno e bonwa mo go 1 Samuele 28:3-20. Ditemana 13, 14 di bontsha gore Saule ka boene o ne a se ka a bona Samuele mme o ne a ikakanyetsa fela go tswa tlhalosong e e neng e neelwa ke yo o buang le badimo fa a re o bonye Samuele. Saule o ne a batla ka ditsela tsotlhe go dumela gore e ne e le Samuele mme jalo a iteseletsa gore a tsiediwe. Temana 3 e re Samuele o ne a sule mme a fitlhilwe. Dikwalo tse di tsopotsweng mo setlhogwaneng se se fa godimo di papamatsa gore ga go na karolo epe ya ga Samuele e e neng e tshela mo sebakeng sengwe ebile e le mo Saule a neng a ka buisana le yone. Lentswe le le neng le itira jaaka ekete ke la ga Samuele e ne e le leo la motsietsi.

Bao ba gakaletseng go bua le baswi tota ba buisana le mang?

Boammaaruri kaga boemo jwa baswi bo tlhalositswe ka phepafalo mo Bibeleng. Mme ke mang yo a neng a leka go tsietsa batho ba babedi ba ntlha kaga loso? Satane o ne a ganetsa tlhagiso ya Modimo ya gore tlhoka-kutlo e ne e tla lere loso. (Gen. 3:4; Tshen. 12:9) Legale, fa nako e ntse e ya, go ne ga bonala sentle gore batho ba ne ba a swa jaaka Modimo a ne a rile ba tla swa. Ka mo go utlwalang he, ke mang yo a neng a itshimololela kgopolo ya gore batho eleruri ga ba swe mme ke fela gore karolo nngwe ya moya (spirit) wa motho e falola loso lwa mmele? Boferefere jo bo ntseng jalo bo tshwanela Satane Diabolo, yo Jesu a neng a mo tlhalosa jaaka “rra ōna maaka.” (Yoh. 8:44; bona gape 2 Bathesalonia 2:9, 10.) Tumelo ya gore baswi eleruri ba a tshela mo sebakeng sengwe le gore re ka buisana le bone ga e ya ka ya solegela setho molemo. Phapaanong le seo, Tshenolō 18:23 e bolela gore, ka ditlwaelo tsa tirisa-badimo tsa Babelona o Mogolo, “merahe eotlhe [e ne ya] tsiediwa.” Tlwaelo ya tirisa-badimo ya ‘go buisana le baswi’ tota ke tsietso e e boferefere e e ka dirang gore batho ba amane le badimona (baengele ba ba neng ba nna ditsuolodi tse di bogagapa kgatlhanong le Modimo) mme gantsi e gogela mo goreng motho a utlwe mantswe a a sa batlegeng le go tshwenngwa ke meya eo e e boikepo.

A go na le kgobalo mo go senkeng phodiso kana tshireletso ka tirisa-badimo?

Bagal. 5:19-21: “Me yana ditihō tsa nama dia bōnala, tse e leñ boaka, le bomashwè, le bopèpè, Le tihèlō ea medimo ea disètwa, le boloi [tirisa-badimo], . . . Me ke lo tlhagisa kaga cōna, hèla yaka nkile ka lo tlhagisa, go re, ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (Go retologela tirisa-badimong go bona thuso go raya gore motho o dumela maaka a ga Satane kaga loso; o batla kgakololo go tswa bathong bao ba lekang go bona nonofo go tswa go Satane le badimona ba gagwe. Motho yo o ntseng jalo ka gone o ikgetholola ka boene le bao ba tshwailweng e le baba ba ga Jehofa Modimo. Go na le gore eleruri a thusiwe tota, ope fela yo o ganelelang mo tseleng e e ntseng jalo o tla gobala go ya go ile.)

Luke 9:24: “Gonne leha e le mañ eo o ratañ a ka bo a boloka botshelō yoa gagwè bo tla mo latlhègèla; me leha e le mañ eo o tla latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me [ka go bo e le molatedi wa ga Jesu Keresete], eouō, o tla bo boloka.” (Fa motho ka bomo a tlola ditaolo tse di papamaditsweng sentle tsa Lefoko ja Modimo ka boikaelelo jwa go sireletsa kana go boloka botshelo jwa gagwe jwa jaanong, o tla latlhegelwa ke tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Abo e le boramatla!)

2 Bakor. 11:14, 15: “Gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō.” (Jalo ga re a tshwanela go tsiediwa fa dilo dingwe tse di dirwang ka ditsela tsa tirisa-badimo go bonala ka nakonyana di le mosola.)

Bona gape ditsebe 318-322, tlase ga “Phodiso.”

A go botlhale go retologela mo tirisa-badimong go itse ka se isagwe e se tshotseng kana go itlhomamisetsa katlego mo tirong nngwe e e dirwang?

Isa. 8:19: “Me e tla re ha ba tla lo raea, ba re, Botsañ ba ba buañ le badimo, le mo go ba e leñ baloi, ba ba cwirinyañ, le ba ba pepedumañ; a chaba ga e ke e lōpa mo go o e leñ modimo oa eōna?”

Lefi. 19:31: “Se hapogeleñ kwa go bōnè ba ba buañ le badimo, leha e le kwa go bōnè ba ba lōañ; lo se ka loa ba batla, go tla lo itshekololwa ke bōnè; Ke nna Yehofa Modimo oa lona.”

2 Dikg. 21:6: “[Kgosi Manase] a shwaba ka maru, a diha ka merèō, a diha le bōnè ba ba buañ le badimo, le ba ba lōañ: a diha boshula bo le bogolo mo ponoñ ea ga Yehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleñ.” (Ditlwaelo tse di ntseng jalo tsa tirisa-badimo tota di kopanyeletsa go retologela go Satane le badimona ba gagwe go bona thuso. Ga go gakgamatse go bo di ne di le “boshula [jo] bogolo mo ponoñ ea ga Yehofa,” mme o ne a gamola Manase ka kotlhao e e botlhoko ka ntlha ya gone. Mme fa a ne a ikotlhaya mme a latlha ditlwaelo tseno tse di boshula, o ne a segofadiwa ke Jehofa.)

Go ka nna le kgobalo efe mo go tshamekeng metshameko e e kopanyeletsang sebopego sengwe sa boloi kana go senka tlhaloso ya sengwe se se lebegang e le moreo o o molemo?

Dute. 18:10-12: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè . . . eo o moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.” (Boitseanape bo senka go bipolola kitso nngwe e e fitlhegileng kana go bolelela pele ditiragalo dingwe, e seng ka ntlha ya patlisiso, mme ka ntlha ya tlhaloso ya mereo kana ka thuso ya maatla a a fetang motho ka nonofo. Jehofa o ne a iletsa ditlwaelo tse di ntseng jalo mo batlhankeng ba gagwe. Ka baka lang? Ditlwaelo tseno tsotlhe ke taletso ya go buisana le kana go tshwaragana le meya e e leswe, kana badimona. Go tshwarega mo dilong tse di ntseng jalo e ne e tla bo e le boikanyologi jo bo maswe tebang le Jehofa.)

Dit. 16:16-18: “Morweetsana moñwe eo o tsenyweñ ke mōea oa tōō, a re kgatlhantsha, e le eo o bapalelañ beñ ba gagwè ka go bolèla dilō tsa boitseyoanape.” (Ka phepafalo, ga go ope yo o ratang tshiamo yo o tla batlang motswedi wa boikitsiso jo bo ntseng jalo, e ka tswa e le ka boikaelelo jo bo tlhoafetseng kana e le motshameko. Paulo ka go lapisiwa ke go bokolela ga gagwe, o ne a laela moya go tswa mo go ene.)

A meya e e bosula e ka kgona go nna le sebopego sa motho?

Mo metlheng ya ga Noa, baengele ba ba sa utlweng ba ne ba tsaya sebopego sa batho. Tota ba ne ba nyala, mme ba tshola bana. (Gen. 6:1-4) Lefa go ntse jalo, fa Morwalela o ne o tla, baengele bao ba ne ba patelesega go boela kwa sebakeng sa moya. Malebana le bone, Yude 6 e re: “Le baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè, me ba tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè, o ba letisitse letsatsi ye legolo ya tshèkō, ba le mo dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi.” Ga se gore Modimo o ba beetse kwa tlase fela mo ditshiamelong tsa bone tsa pele tsa selegodimo le go ba tsenya mo lefifing le le ntsho-ntsho malebana le maikaelelo a ga Jehofa, mme go lebisiwa ga dikgolego go supa gore o ba thibetse. Mo go eng? Ka mo go phepafetseng, e le gore ba se ikapese mebele e le gore ba tle ba tlhakanele dikobo le basadi, jaaka ba ne ba dira pele ga Morwalela. Bibela e bega gore baengele ba ba ikanyegang, jaaka barongwa ba Modimo, ba ne ba ikapesa mebele mo go diragatseng ditiro tsa bone go fitlhelela lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Mme morago ga Morwalela, baengele bao ba ileng ba dirisa dikabelo tsa bone ka boatla ba ne ba amogiwa kgono ya go iphetola go nna jaaka batho.

Lefa go ntse jalo, go a kgatlhisa, go re badimona go bonala ba ka dira gore batho bangwe ba bone diponatshegelo, mme seo ba ka se bonang se ka bonala e le sa mmatota. Fa Diabolo a ne a raela Jesu, go bonala a ne a dirisa dilo tse di ntseng jalo e le gore a tle a bontshe Jesu “magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea ōna.”—Math. 4:8.

Motho o ka gololwa jang mo tlhotlheletsong ya tirisa-badimo?

Dia. 18:10: “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.” (Seno ga se reye gore go dirisa leina la botho la Modimo go direla jaaka pheko ya go tlosa bosula. “Leina” la ga Jehofa le emela Motho ka boene. Re a sirelediwa fa re tla go mo itse le go ikanya gotlhelele mo go ene, re ineela mo taolong ya gagwe le go utlwa ditaolo tsa gagwe. Fa re dira seno, fa re goela kwa go ene go bona thuso, re dirisa leina la gagwe la botho, o baakanyetsa ka tshireletso e a e solofeditseng ka Lefoko ja gagwe.)

Math. 6:9-13: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, . . . Me a u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ, me u re gololè mo go eo o boshula.” Mme o tshwanetse gape wa nnela “rure mo thapeloñ.” (Bar. 12:12) (Modimo o utlwa dithapelo tse di ntseng jalo go bao eleruri ba eletsang go itse boammaaruri le go mo obamela ka mokgwa o o mo itumedisang.)

1 Bakor. 10:21: “Ga lo kake loa nwa senwèlō sa [ga Jehofa], le senwèlō sa badimo.” (Bao ba batlang botsala le tshireletso tsa ga Jehofa ba tshwanetse go ikgaola mo go tseneleleng mo dikokoanong tsa tirisa-badimo. Tumalanong le sekao se se begilweng go Ditihō 19:19, go botlhokwa gape go senya kana go tlosa gotlhelele dilo tseo motho a nang natso tse di amanang le tirisa-badimo.)

Yak. 4:7: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.” (Go dira seno, nna matsetseleko mo go ithuteng thato ya Modimo le go e dirisa mo botshelong jwa gago. Ka lorato lwa Modimo le go thekeletsa kgatlhanong le poifo ya motho, ganana gotlhelele le go tlhakanela mo dingwaong dipe tse di amanang le tirisa-badimo kana go utlwa ditaelo dipe tse di neelwang ke mophekodi.)

Apara “diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo” tse di tlhalosiwang mo go Baefesia 6:10-18 mme o tlhagafalele go boloka karolo nngwe le nngwe ya tsone e le mo seemong se se molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela