LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 402-ts. 410
  • Thuto-tlhagelelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto-tlhagelelo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 402-ts. 410

Thuto-tlhagelelo

Tlhaloso: Tlhagelelo ya ditshedi ke kgopolo ya gore setshedi sa ntlha se ne sa gola go tswa sebopegong se se se nang botshelo. Go tswa foo, jaaka go bolelwa, fa se ntse se tsala, se ne sa fetoga sa nna mefuta e e farologaneng ya dilo tse di tshelang, mme kgabagare sa tsala dibopego tsotlhe tsa botshelo jwa dimela le diphologolo tsotlhe-tsotlhe tse di sa leng di le teng mo lefatsheng leno. Seno sotlhe go bolelwa se ile sa fitlhelelwa kwantle ga gore Mmopi a tsenye letsogo. Batho bangwe ba leka go tswakanya tumelo mo Modimong le thuto-tlhagelelo, ba re Modimo o ne wa bopa dilo ka tlhagelelo, gore o ne a bopa dibopego tsa pele tsa tshimologo ya botshelo mme go tswa foo dibopego tse di kwa godingwana tsa botshelo, go akareletsa le motho, di ne tsa nna gone ka tlhagelelo. Ga se thuto ya Bibela.

A thuto-tlhagelelo eleruri ke ya seitseanape?

“Mokgwa wa seitseanape” ke ono: Elatlhoko se se diregang; go ikaegile ka se o se lemogileng, bopa kgopolo ya seo se ka tswang se le boammaaruri; lekeletsa kgopolo eo ka kelo-tlhoko e nngwe le ditekeletso tse dingwe; mme o bone fa e le gore a ditebelelo pele tse di theilweng mo kgopolong eo di a diragadiwa. A mokgwa o ke o o latelwang ke ba ba dumelang le go ruta thuto-tlhagelelo?

Molepa-dinaledi Robert Jastrow o re: “Tshwabong ya bone [baitseanape] ga ba na karabo e e papametseng, ka go bo baithuta-dikhemikhale le ka motlha ga ba ise ba ke ba atlege mo go ntsheng ditekeletso kaga tlholego ya botshelo mo dilong tseo di se nang botshelo. Baitseanape ga ba itse kafa seo se diragetseng ka teng.”—The Enchanted Loom: Mind in the Universe (New York, 1981), ts. 19.

Rathuto-tlhagelelo Loren Eiseley o ne a bolela ka go re: “Morago ga go kgala moruti ka go bo a ikantse tlhamane le kgakgamatso, boitseanape bo iphitlhetse bo tshwere phage ka mangana ka go re bo ipopele tlhamane e e leng ya jone fela: eleng, go dumela gore, seo morago ga boiteko jo boleele, go ileng ga pala gore se ka supiwa gore se ka diragala gompieno, tota-tota se ile sa diragala mo dingwageng tsa pele pele tse di fetileng.”—The Immense Journey (New York, 1957), ts. 199.

Go ya ka New Scientist: “Palo e e oketsegang ya baitseanape, segolo bogolo palo e e golang ya borathuto-tlhagelelo . . . ba ganetsana ka kgopolo ya thuto-tlhagelelo ya ga Darwin go re ga e na kgopolo ya boitseanape e e popota gotlhelele. . . . Baganetsi ba bantsi ba na le dithutego tse dikgolo fela thata thata.”—June 25, 1981, ts. 828.

Moitseanape wa tsa boranyane H. S. Lipson o ne a re: “Tlhaloso e le yosi fela e e amogelesegang ke ya popo. Ke itse gore seno ke tlhapa go baitseanape ba tsa boranyane, jaaka eleruri go ntse jalo ka nna, mme ga re a tshwanela go gana kgopolo eo eleng gore ga re e rate fa e le gore tshupo ya tekeletso e e ema nokeng.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.)—Physics Bulletin, 1980, Bol. 31, ts. 138.

A bao ba buelelang thuto-tlhagelelo ba a dumalana? Mabaka ano a dira gore o ikutlwe jang kaga seo ba se rutang?

Ketapele ya kgatiso ya lekgolo la dingwaga ya Origin of Species ya ga Darwin (London, 1956) e re: “Jaaka re itse, go na le phapaano e kgolo fela thata ya mogopolo ka baitseanape ba matshelo, e seng fela ka tlhagelelo ya dilo mme eleng kaga motlhala wa yone. Pharologanyo eno e gone ka go bo bosupi ke jo bo sa kgotsofatseng ebile ga bo dumelele phetso epe e e utlwalang. Ka gone he go a tshwanela ebile go siame go lemotsha batho bao eseng ba boitseanape ka go sa dumalane mo go teng ka thuto-tlhagelelo.”—Ka W. R. Thompson, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Commonwealth Institute of Biological Control, Ottawa, mo Canada.

“Lekgolo la dingwaga morago ga loso la ga Darwin, re sa ntse le jaana re ise re bone lesedinyana je le ka supegang kana le eleng kgopolo e e utlwalang ya kafa thuto-tlhagelelo tota e diragetseng ka teng—mme mo dingwageng tsa bosheng seno se ile sa gogela mo tlhomaganong ya dikgogakgogano tse dikgolo thata kaga kgang e yotlhe. . . . Go tsogile mokubukubu o mogolo mo go borathuto-tlhagelelo ka bobone, ka mofuta mongwe le mongwe wa lekoko la [thuto-tlhagelelo] le kgothaletsa gore go baakanngwe sesha.”—C. Booker (Mokwadi wa Times ya London), The Star, (Gauteng), April 20, 1982, ts. 19.

Makasine wa boitseanape Discover o ne wa re: “Thuto-tlhagelelo . . . ga e ya tlhaselwa fela ke Bakeresete ba ba tlhogo e thata, mme gape e belaelwa le ke eleng baitseanape ba ba tlotlegang. Gareng ga baithuta tlholego ya mmu, baitseanape bao ba ithutang dilo tsa bogologolo, go na le kgaogano e e golang.”—October 1980, ts. 88.

Rekoto ya dilo tsa bogologolo e ema nokeng pono efe?

Darwin o ne a dumela ka gore: “Fa ditshedi di le mmalwa . . . tota di ne di simolotse botshelo ka nako e le nngwe, kgang eo e ka ema kgopolo ya thuto-tlhagelelo boatla thata.” (The Origin of Species, New York, 1902, Part Two, ts. 83) A bosupi bo supela gore “ditshedi di le mmalwa” di ne tsa nna gone ka nako e le nngwe, kana di supela go kgolo ya bonya ka bonya, jaaka thuto-tlhagelelo e dumela?

A dilo tsa bogologolo tse di lekanetseng di ile tsa bonwa go ka fitlha phetsong e e utlwalang?

Moitseanape wa Smithsonian Institution Porter Kier o re: “Go na le dilo tsa bogologolo di le dimilione tse di lekgolo, tsotlhe di rulagantswe le go lemogiwa, mo dimusiamong go dikologa lefatshe.” (New Scientist, January 15, 1981, ts. 129) A Guide to Earth History e oketsa ka gore: “Ka thuso ya dilo tsa bogologolo baithuta tlholego ya mmu ba ka kgona jaanong gore ba re neele tlhaloso e ntle-ntle ya botshelo jwa dingwaga tse di fetileng.”—(New York, 1956), Richard Carrington, kgatiso ya Mentor, ts. 48.

Rekoto ya dilo tsa bogologolo tota e bontshang?

Bulletin ya Lefelo la Musiamo la Chicago la Ditso tsa Tlholego e ne ya re: “Kgopolo ya ga Darwin ya [thuto-tlhagelelo] ka metlha e ile ya nyalanngwa thata le bosupi jwa dilo tsa bogologolo, mme ka gongwe bontsi jwa batho ba gopola gore dilo tsa bogologolo di baakanyetsa ka karolo e e botlhokwa ya kgang e e itsiweng e e tshegetsang ditlhaloso tsa ga Darwin tsa ditshimologo tsa botshelo. Ka maswabi, seno ga se boammaaruri mo go kalo. . . . rekoto ya kanoko mmu ga ya ka ka nako eo ebile ga e ise e senole mo go kalo kalo tlhomagano eo e utlwalang ya tlhagelelo e e bonya le e e tswelelang pele.”—January 1979, Bol. 50, No. 1, dits. 22, 23.

A View of Life e tlhalosa jaana: “Go tswa fela kwa lobakeng lwa Cambrian le go tswelela pele mo dingwageng tse di ka nnang dimilione tse 10, ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa ditshedinyana tse di marapo a a se nang lerapo la mokwatla di ne tsa iponatsa ka tlhagogo e e gakgamatsang fela thata le ka pharologano e e iseng e ke e nne gone mo polaneteng ya rona.”—(California, 1981), Salvador E. Luria, Stephen Jay Gould, Sam Singer, ts. 649.

Alfred Romer moithuta tlholego ya mmu o kwadile ka go re: “Kwa tlase ga seno [lobaka lwa Cambrian], go na le masalela a mantsi fela thata a a sehiphanyana ao go one dibopego tsa lobaka lwa Cambrian di neng di ka lebelelwa. Mme ga re di bone; makidi a magologolo ano a setse a le logapa fela mo go seng tshupo ya botshelo, mme tlhaloso e e tumileng go ka utlwala fa go ka twe e dumalana le kgopolo ya popo e e kgethegileng kwa tshimologong ya dipaka tsa Cambrian.”—Natural History, October 1959, ts. 467.

Moithuta matshelo a diphologolo Harold Coffin o re: “Fa e le gore thuto-tlhagelelo e e tswelelang pele go tswa go tse di motlhofo go ya go tse di raraaneng e boammaaruri, bagologolwane ba dibopiwa tseno tse di tshelang tse di godileng sentle mo lobakeng lwa Cambrian ba tshwanetse go bonwa; mme ga di ise di ke di bonwe ebile baitseanape ba dumela gore ga go dumelesege mo go kalo gore di tla tsamaya di bonwa. Mo motheong wa mabaka ano fela, le mo motheong wa seo tota gantsi se bonwang mo lefatsheng, kgopolo ya tiro ya go bopa e e bofefo eo go yone dipopego tse dikgolo tsa botshelo di ileng tsa tlhomiwa e utlwala sentle.”—Liberty, September/October 1975, ts. 12.

Carl Sagan, mo bukeng ya gagwe Cosmos, ka boammaaruri o dumela ka gore: “Bosupi jwa dilo tsa bogologolo bo ka utlwala fela ka kgopolo ya Modiri yo Mogolo.”—(New York, 1980), ts. 29.

A e ka tswa e le gore motlhala wa tlhagelelo o nnile gone ka baka la phetogo ya dilaola-bong, ke gore, diphetogo tse dikgolo mo dibopa-popegong?

Science Digest e re: “Baetleetsi ba thuto-tlhagelelo ba dumela gore dilaola-bong mo dibopa-popegong tse dikgolo tse e leng tsa konokono e ka tswa e le tsone fela ditlhatlhamolodi tse di tlhokwang ke kgopolo ya bone e e anameng.” Lefa go ntse jalo, makasine gape o tsopola moithuta diphologolo wa Moesemane Colin Patterson a re: “Go hopholetsa ke ga ga mang le mang. Ga re itse sepe kaga dibopa-popego tse tsa konokono tse dikgolo.” (February 1982, ts. 92) Ka mantswe a mangwe, tota ga go na bosupi jwa go tshegetsa kgopolo e.

Encyclopedia Americana e dumela jaana: “Lebaka la go bo diphetogo tse dintsi ke tseo di senyang ditshedi go bonala go le bokete go le nyalanya le kgopolo ya gore phetogo ke motswedi wa dilo tse di leng gone go diragatsa tlhagelelo. Tota, diphetogo tseo di tshwantsheditsweng mo dibukeng tsa thuto ya botshelo ke dilo tsa boeleele le tse di sa tlwaelegang mme phetogo e bonala e le motlhala o o senyang go na le o o dirang.”—(1977), Bol. 10, ts. 742.

Gotweng ka “batho-seka-ditshwene” bao ba supilweng mo dibukeng tsa sekolo, dibuka tsa ditso le dimusiamo?

“Nama le maodi tse di mo ditshwantshong tse di ntseng jalo di ile tsa tladiwa ka dilo tse di ikgopolelwang fela. . . . Mmala wa letlalo; mmala, sebopego, le maodi a a mo mmeleng; sebopego sa dikarolo; le kafa sefatlhego se ntseng ka teng—mo dilong tseno re itse go se na sepe se se ntseng jalo sa batho ba gotweng ba kile ba nna teng pele ga ditiragalo.”—The Biology of Race (New York, 1971), James C. King, dits. 135, 151.

“Dikgopolo tsa bataki ba bagolo ba bantsi di theilwe fela mo kakanyetsong go na le mo bosuping. . . . Bataki ba tshwanetse ba ipopela sengwe magareng ga seka-tshwene le motho; fa selo se kaiwa e le sa bogologolo thata, ba se dira gore se lebege thata-thata jaaka tshwene.”—Science Digest, April 1981, ts. 41.

“Fela jaaka ka bonya re ithuta gore batho ba bogologolo ga se diphologolo tota, re tshwanetse ra ithuta gape go lemoga gore le eleng batho ba Fatshe le Tobetsega tota e ne e se dibatana tse di setlhogo kana batho-seka-ditshwene le eleng dimatla fela. Ka jalo ke maiteko a boeleele gotlhelele a go leka go tshwantsha “Neanderthal” le eleng motho wa kwa Peking.”—Man, God and Magic (New York, 1961), Ivar Lissner, ts. 304.

A mme dibuka ga di supe thuto-tlhagelelo jaaka ya mmatota?

“Baitseanape ba bantsi ba ganelela mo thaelong ya go robelela, . . . gangwe le gape go ile ga buiwa kgang ya tshimologo ya ditshedi jaaka ekete e setse e rarabolotswe tota. Ga go na se se ka tswang se se boammaaruri. . . . Mme tshekamelo ya go ganelela mo go robeleleng e ya tswelela, mme seno ga se solegele tsela ya boitseanape molemo ka sepe.”—The Guardian, London, England, December 4, 1980, ts. 15.

A mme go a utlwala go dumela gore sengwe le sengwe mo lefatsheng se ne sa bopiwa mo malatsing a le marataro?

Go na le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tseo di rutang gore Modimo o ne wa bopa sengwe le sengwe mo malatsing a marataro a dioura tse 24. Mme seo ga se se Bibela e se buang.

Genesise 1:3-31 e bolela kafa Modimo o neng wa baakanya lefatshe le le neng le setse le le gone gore motho a nne mo go lone. E bolela gore seno se ne sa dirwa ka lobaka lwa malatsi a le marataro, mme ga e re ano e ne e le malatsi a dioura tse 24. Ke mo go tlwaelegileng ka motho gore a lebise go “letsatsi la ga rraagwe mogolo,” a raya botshelo jotlhe jwa gagwe. Jalo, gape, Bibela gantsi e dirisa lereo “letsatsi” go tlhalosa lobaka lo lo atolositsweng lwa nako. (Bapisa 2 Petere 3:8.) Ka gone ‘malatsi’ a ga Genesise kgaolo 1 a utlwala sentle fa e ka nna dikete tsa dingwaga ka boleele.

Ka ditlhaloso tse di oketsegileng, bona ditsebe 338, 339.

Fa Mongwe A Re—

‘Ke dumela thuto-tlhagelelo’

O ka nna wa araba ka gore: ‘A o dumela gore Modimo o ne wa tsenya letsogo mo dikgannyeng, kana o dumela gore go tloga fela kwa tshimologong botshelo bo ne jwa itlhagelela fela fela? (Go tswa foo tswelela go ikaegile ka seo mong wa ntlo a se buang.)’

Kana o ka nna wa re: ‘Gone go ka se nne botlhale go ganana le sengwe seo se ileng sa supiwa ka botlalo e le kgang ya boitseanape, a ga go jalo? . . . Ke na le dikakgelo tsa baitseanape fano tseo di kgatlhisang fela thata malebana le ntlha eno. (Dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 402, 403, tlase ga setlhogwana thuto-tlhagelelo eleruri ke ya seitseanape?” kana ditsebe 403, 404, tlase ga “A bao ba buelelang thuto-tlhagelelo ba a dumalana? . . .”)’

Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Fa go na le bosupi jo bo popota jo bo supang sengwe, seo ke sone se rotlhe re tshwanetseng go se dumela, a gago jalo? . . . Ke gakologelwa mo dibukeng tsa me tsa sekolo gore go ne go na le ditshwantsho tsa dilo tsa bogologolo tseo di neng di baakanyeditswe go tshegetsa thuto-tlhagelelo. Mme fa e sa le go tswa foo ke ile ka bala dikakgelo dingwe tse di kgatlhisang fela thata tsa baitseanape malebana le rekoto ya dilo tsa bogologolo. Ke na le dingwe tsa tsone fano. (Dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 404, 405, tlase ga setlhogwana “Rekoto ya dilo tsa bogologolo e ema nokeng pono efe?”)’

Kakantsho e nngwe gape: ‘A ke bua boammaaruri fa ke re o motho yo o ratang go lebana le botshelo kafa tota bo ntseng ka teng? . . . Le nna ke ntse jalo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Fa e ka re ke tsamaya mo sekgweng mme ka fitlhela dikgong dingwe le matlapa di ile tsa bopiwa go dira ntlo, go tshwanetse ga phepafala mo go nna gore mongwe o ne a le koo pele ga me mme a e aga; a gago jalo? . . . Mme, jaanong, a go tla bo go utlwala ka nna go feleletsa ka gore dithunya tse di tlhogileng go dikologa ntlo di ile tsa itlela fela? Fa e le gore ke ikutlwa ka tsela eo ke tshwanetse ka lebelela ka kelotlhoko mme ke lemoge togwa e e raraaneng, ka go bo ke itse gore ke boammaaruri jwa motheo gore koo go nang le se se tlhamilweng go tshwanetse ga bo go na le motlhami. Seo ke sone se Bibela e se re bolelelang mo go Bahebera 3:4.’

Kana o ka nna wa araba (motho yo mogolo): ‘E nngwe ya dikgopolo tsa motheo tsa thuto-tlhagelelo ke gore ke yone e ikarabelelang mo go tlhabologeng ga motho, go tswelela ga gagwe mo go seo a leng sone gompieno, a ga go a nna jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘O motho yo o setseng a ile a tshela ka dingwaganyana jaanong. A o gakologelwa kafa dilo di neng di ntse ka teng fa o ne o sa ntse o le ngwana? A go ne go na le bokebekwa jo bontsi jaaka go ntse gompieno? . . . A o ne o lotlela lebati ka metlha yotlhe? . . . A o ne o ka re batho morago koo ba ne ba supa kamego e kgolo ka bangwe ka bone, le batho ba bagolo, go na le jaaka ba dira gompieno? . . . Jalo, e re ntswa gone go ile ga nna le kgatelo pele mo mafelong a tsa boranyane, batho ka bobone go bonala ba ile ba latlhegelwa ke dinonofo dingwe tse di tshwanetseng tsa bo di le botlhokwa thata. Ke goreng go ntse jalo?’ (2) ‘Ke fitlhela gore mabaka ano a botshelo ao nna le wena re ileng ra a bona a dumalana le seo se kwadilweng fano mo Bibeleng mo go Baroma 5:12. . . . Jalo, eleruri go ile ga nna le kwelotlase e kgolo thata mo boitsholong.’ (3) ‘Mme Bibela e bontsha kafa seo se tla fetogang ka teng. (Dan. 2:44; Tshen. 21:3, 4)’

Ke dumela gore Modimo o bopile motho ka tsela ya ‘thuto-tlhagelelo’?

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke ile ka bua le ba bangwe ba ba buang jaaka wena. A ke tla bo ke bua boammaaruri fa ke feleletsa ka gore o motho yo o nang le tumelo e e nonofileng mo Modimong? . . . Ka jalo tumelo ya gago e tla pele pele mo botshelong jwa gago; ereka e le mokaedi wa gago, o lekela go tlhatlhoba dilo tse dingwe ka yone, a ga go jalo? . . . Le nna ke leba dilo fela jalo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ke itse gore fa seo ke se dumelang e le boammaaruri tota ga se na go thulana le mabaka a boitseanape a a supilweng. Ka nako e e tshwanang ke itse gore e tla bo e le boeleele ka nna go tlhokomologa seo Lefoko ja Modimo le se bolelang, ka go bo Modimo o itse ditiro tsa gagwe botoka thata go na le rona jaaka re dira. Ke kgatlhiwa ke seo se Bibela, Lefoko ja Modimo je le tlhotlheleditsweng, le se buang fano mo go Genesise 1:21 (otlelela “kaha ditshikeñ tsa cōna”).’ (2) ‘Go tswa foo mo go Genesise 2:7 re ithuta kafa Modimo o bopileng motho ka gone, eseng go tswa mo diphologolong tsa pele, mme ka lorole.’ (3) ‘Mme mo ditemaneng 21, 22 re bona gore Efa o ne a bopiwa, e seng ka phologolo, mme ka logopo lo longwe lwa ga Adame jaaka tshimologo ya popo.’

Kana o ka nna wa re: ‘(Morago ga go tlhomamisa fa le ka dumalanang teng, jaaka kwa godimo . . .) Bangwe ba re pego ya Bibela kaga Adame e ne e le tlhamane fela. Mme fa e le gore seo se ne se le boammaaruri, seo se gogela phetsong efe?’ (1) ‘Tota, elatlhoko seo se tlhalositsweng fano mo go Baroma 5:19: “Gonne yaka ba ba leñ bantsi ba dihilwe baleohi ka go tlhōka go utlwa ga motho [Adame] eo moñwe hèla, go nntse yalo ba ba leñ bantsi ba tla dihwa tshiamō ka go utlwa ga motho [Jesu Keresete] eo moñwe hèla.” Ka mo go tshwanang, 1 Bakorintha 15:22 e re: “Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.” Mme fa e le gore ruri ga go ise go ke go nne le “motho eo moñwe hèla” yo o neng a bidiwa Adame, motho yo o ntseng jalo ga a ise a ke a leofe le ka motlha. Fa e le gore ga a ise a leofe mme a fetisetsa boswa jwa boleo mo ditlogolwaneng tsa gagwe, ka jalo he go ne go sa tlhokafale ka Keresete gore a ntshetse setho botshelo jwa gagwe. Fa e le gore Keresete tota ga a ise a ke a re ntshetse botshelo jwa gagwe, ka jalo he ga go na tebelelo ya botshelo go pota ka kwa dingwaga tse di seng kae fela tsa rona tsa jaanong. Seo se ne se tla raya gore tota ga go sepe se se saletseng Bokeresete.’ (2) ‘Lefa go le jalo, Bokeresete bo sobokantse melao-metheo e e kwa godimo ya boitsholo eo e ka bonwang gongwe le gongwe. A go ka kgonega gore dithuto tse di molemo-lemo kaga boammaaruri le boikanyegi di ka nna mo sengweng seo tota-tota e leng maaka?’ (Bona gape ditsebe 25-27, tlase ga setlhogo se segolo “Adame le Efa.”

‘Mme batho ba ba rutegileng thata ba a e dumela’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Go boammaaruri, lefa go le jalo ke ile ka lemoga gore le eleng bao ba reng ba a e dumela ba ka nna ba se dumalane gotlhelele le ba bangwe ba ba dumelang thuto-tlhagelelo. (Umaka dikai go tswa boikitsisong jo bo mo ditsebeng 403, 404.) Jalo, re tshwanetse ka sebele ra tlhatlhoba bosupi go bona seo re tshwanetseng go se dumela—thuto-tlhagelelo kana popo.’

Kana o ka nna wa re: ‘Moo go boammaaruri. Mme lefa go le jalo ke ile ka tla go lemoga gore go na le batho ba bangwe ba ba rutegileng thata bao ba sa e dumeleng. Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ke goreng go na le pharologanyo? Botlhe ba tlwaelane le bosupi jo bo tshwanang. A e ka tswa e le sengwe se se ba tlhotlheletsang jalo? Ka gongwe.’ (2) ‘O ka swetsa jang gore ke bafe ba o ka ba dumelang? Mme kana, fa o lebelela setlhopha sotlhe (mme o sa kgale batho ka bongwe), ke setlhopha sefe se o neng o tla se tsaya se ikanyega thata—bao ba dumelang gore motho o ne a bopiwa ke Modimo mme ka jalo ba ikutlwa gore ba ikarabelela go ene, kana bao ba reng ke ba ba itlhageletseng fela mme ka gone go itebile bone ba le bosi fela?’ (3) ‘Jalo, he, rona ka sebele re tlhoka go tlhatlhoba bosupi jwa go bona boo popo kana thuto-tlhagelelo e baakanyetsa ka dikarabo tse di kgotsofatsang thata tsa botshelo.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela