Tharo-Nngwe E Tlhalosiwa Jang?
KEREKE ya Roma Katoliki e bolela jaana: “Tharo-Nngwe ke lefoko le le dirisediwang go bontsha thuto ya konokono ya bodumedi jwa Bokeresete . . . Ka jalo, mo mafokong a Tumelo ya Motheo ya ga Athanasius: ‘Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya O O Boitshepo ke Modimo, mme lefa go le jalo ga se Medimo e le meraro mme ke Modimo o le mongwe fela.’ Mo Tharo-Nngweng eno . . . Batho bano ba nnetse ruri ka bosakhutleng botlhe ebile ba lekana botlhe: botlhe ka go tshwana ga ba a bopiwa mme ke bomothatayotlhe.”—The Catholic Encyclopedia.
Mo e ka nnang dikereke tsotlhe tse dingwe tsa La-Bodumedi di dumalana le seno. Ka sekai, Kereke ya Greek Orthodox le yone e bitsa Tharo-Nngwe e re ke “thuto ya motheo ya Bokeresete,” mo eleng gore ebile e bolela gore: “Bakeresete ke bao ba dumelang gore Keresete ke Modimo.” Mo bukeng ya Our Orthodox Christian Faith, yone kereke eo e bolela jaana: “Modimo o gararo. . . . Rara ke Modimo ka mo go feletseng. Morwa ke Modimo ka mo go feletseng. Moya O O Boitshepo ke Modimo ka mo go feletseng.”
Ka jalo, Tharo-Nngwe e tsewa gore ke “Modimo o le mongwe mo Bathong ba bararo.” Mongwe le mongwe wa bone go bolelwa gore ga a na tshimologo, fa esale a ntse a le teng ka bosenangbokhutlo. Mongwe le mongwe wa bone go bolelwa gore ke mothatayotlhe, mme ga go ope wa bone yo mogolo mo go ba bangwe kana yo monnye mo go ba bangwe.
A go thata go tlhaloganya kgopolo ya go nna jalo? Badumedi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba e fitlhela e ba tlhakanya tlhogo, e farologanye le tsela e e tlwaelegileng eo re akanyang ka yone, e sa tshwane le sepe fela seo ba kileng ba se itemogela. Ba botsa gore, go ka diragala jang gore Rara e nne Modimo, Jesu e nne Modimo, le moya o o boitshepo e nne Modimo, lefa go le jalo e sanne Medimo e le meraro mme e bo e nna Modimo o le mongwe fela?
“Ga E Kake ya Tlhaloganngwa ke Motho”
SELO seno se se tlhakanyang tlhogo se aname thata. The Encyclopedia Americana e bolela gore thuto eno ya Tharo-Nngwe e tsewa jaaka e “motho a se kakeng a e tlhaloganya.”
Ba le bantsi bao ba amogelang Tharo-Nngwe ba e leba ka tsela e e tshwanang. Monsignor Eugene Clark o bolela jaana: “Modimo o mongwe, mme Modimo o gararo. Ereka go sena sepe se se ntseng jalo mo tlholegong, ga re kake ra e tlhaloganya, fa e se go e dumela fela.” Mokadinale John O’Connor o bolela jaana: “Re a itse gore ke bosaitsiweng jo bo leng thata tota go bo tlhaloganya, jo re sa bo tlhaloganyeng lefa go le kananyana.” Mme Mopapa John Paul II o bolela ka “bosaitsiweng jo bo sa tlhaloganyesegeng jwa Modimo wa Tharo-Nngwe.”
Ka jalo, A Dictionary of Religious Knowledge e bolela jaana: “Batho ba Tharo-Nngwe ka bobone ga ba dumalane malebana le seo tota-tota thuto eo eleng sone, kana gore tota-tota e tshwanetse ya tlhalosiwa jang.”
Ka jalo, re ka tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa New Catholic Encyclopedia e akgela jaana: “Go na le barutisi ba se bakae fela ba thuta-bomodimo ba Tharo-Nngwe ba kwa diseminareng tsa Roma Katoliki bao ba iseng ba ko ba tshwenngwe ka nako nngwe ke potso e e reng, ‘Tota motho a ka ruta jang Tharo-Nngwe?’ Mme fa e le gore potso eno e supa go tlhakana tlhogo ga baithuti, gongwe e supa go tlhakana tlhogo ga boporofesara ba bone ka mo go tshwanang.”
Boammaaruri jwa polelo eo bo ka tlhomamisiwa ka go ya kwa laeboraring o bo o tlhatlhoba dibuka tse di tshegetsang Tharo-Nngwe. Go ile ga kwalwa ditsebe di le dintsi-ntsi go lekwa go e tlhalosa. Lefa go le jalo, morago ga gore ba tshware phage ka mangana ka go raraana ga mafoko a thuta-bomodimo a a tlhakanyang tlhogo le ditlhaloso tsa one, babatlisisi ba santse ba tswa ba sa kgotsofala.
Mo ntlheng eno, Mo-Jesuit ebong Joseph Bracken o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya What Are They Saying About the Trinity?: “Baruti bao ka maiteko a magolo ba neng ba ithuta . . . Tharo-Nngwe ka dingwaga tsa bone tsa kwa seminareng ka tlholego fela ba ne ba okaoka go e ruta batho ba bone fa ba ba rerela, tota le eleng ka Sontaga wa Tharo-Nngwe. . . . Ke ka ntlhayang fa tota motho a tshwanetse a lapisa ba bangwe ka selo seo kwa bokhutlong ba se kitlang ba se tlhaloganya sentle?” Gape o bolela jaana: “Tharo-Nngwe ke selo seo se dumelwang fela, mme ga e [ame] botshelo jwa Mokeresete jwa letsatsi le letsatsi le kobamelo ya gagwe ka gope.” Lefa go le jalo, ke “thuto ya konokono” ya dikereke!
Moithuta-bomodimo wa Katoliki ebong Hans Küng o bolela mo bukeng ya gagwe ya Christianity and the World Religions gore Tharo-Nngwe ke sengwe sa dilo tseo di dirang gore dikereke di seka tsa kgona go nna le botswelelopele bope jo bo bonalang mo bathong bao eseng Bakeresete. O bolela gore: “Tota le eleng Mamoselema a a rutegileng sentle ga ba kgone go tlhaloganya kgopolo eno ya Tharo-Nngwe fela jaaka Bajuda go tla go fitlhelela jaanong le bone ba ile ba palelwa ke go e tlhaloganya. . . . Dipharologanyo tseo di dirwang ke thuto eno ya Tharo-Nngwe magareng ga Modimo o le mongwe le batho ba le bararo ga di kgotsofatse Mamoseleme, bao ba tlhakanngwang tlhogo ke mafoko a thuta-bomodimo ao a neng a tsewa go tswa go Searamaia, Segerika, le Selatina, go na le gore a ba sedimosetse. Mamoseleme ba fitlhela gotlhe gono e le go tshameka ka mafoko fela. . . . Ke ka ntlhayang fa motho a tshwanetse a batla go oketsa ka sengwe mo tumelong ya gore Modimo o mongwe fela le gore ke wa mofuta o eleng wa gagwe fela seo se ka koafatsang go nna mongwe goo le go nna a tlhomologile gono ga gagwe kana ga dira gore e nne go go sa kaeng sepe?”
“Ga Se Modimo wa Dilo Tse Di Tlhakanyang Tlhogo”
THUTO eno e e tlhakanyang tlhogo e ne e ka simolola jang tota? The Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Thuto e e tletseng ka masaitsiweng jaana e ipontsha e le e e senotsweng ke Modimo.” Bakanoki ba Bakatoliki ebong Karl Rahner le Herbert Vorgrimler ba bolela jaana go Theological Dictionary ya bone: “Tharo-Nngwe ke masaitsiweng . . . fa e tsewa kafa e ntseng ka teng tota . . . , ao a neng a ka seka a itsiwe kwantle ga gore a senolwe, mme tota le eleng morago ga gore a senolwe, ga a kake a tlhaloganngwa ka botlalo.”
Lefa go le jalo, fa re bolela gore ereka Tharo-Nngwe e le masaitsiweng a a tlhakanyang tlhogo jaana, a tshwanetse a bo e le selo se se senotsweng ke Modimo seo se baka bothata jo bongwe jo bogolo. Ka ntlhayang? Ka gonne selo se se senotsweng ke Modimo ka bosone ga se letlelele gore Modimo a lebiwe ka tsela eno: “Modimo ga se Modimo wa dilo tse di tlhakanyang tlhogo.”—1 Bakorintha 14:33, Revised Standard Version (RS).
Ka ntlha ya seo se bolelwang fano, a Modimo e ne e ka nna ene yo o ntshitseng thuto eno ka ga gagwe eo e tlhakanyang tlhogo jaana mo eleng gore tota le eleng le bakanoki ba Bahebera, ba Bagerika, le ba Balatina ga ba kake tota ba e tlhalosa?
Go feta moo, a batho e tshwanetse ya bo e le baithuta-bomodimo e le gore ba tle ba ‘itse Modimo o o osi wa boammaaruri le Jesu Keresete yo a mo romileng’? (Yohane 17:3) Fa go ne go le jalo, ke ka ntlhayang fa go nnile le ba se bakae fela ba baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba rutegileng bao ba neng ba amogela Jesu jaaka Mesia? Go na le moo, barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang e ne e le balemi ba maemo a a kwa tlase, batshwara-ditlhapi, bakgethisi, bommamalapa. Batho bano ba e neng e le batho fela ba ba tlwaelegileng ba ne ba tlhomamisega tota kaga seo Jesu a neng a se ruta malebana le Modimo mo eleng gore ba ne ba ka ruta ba bangwe ka sone mme ebile ba ne ba iketleeleditse go swela seo ba se dumelang.—Mathaio 15:1-9; 21:23-32, 43; 23:13-36; Yohane 7:45-49; Ditihō 4:13.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Barutwa ba ga Jesu e ne e le batho fela ba ba tlwaelegileng ba maemo a a kwa tlase, eseng baeteledipele ba bodumedi