Moya O O Boitshepo—Maatla a Modimo A A Dirang
GO YA ka thuto ya Tharo-Nngwe, moya o o boitshepo ke motho wa boraro wa Modimo o o Gararo, yo o lekanang le Rara le Morwa. Jaaka fa buka ya Our Orthodox Christian Faith e bolela jaana: “Moya O O Boitshepo ke Modimo ka mo go feletseng.”
Mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko leo gantsi le dirisediwang go raya “moya” ke ruʹach, leo le rayang “mohemo; phefo; moya.” Mo Dikwalong tsa Segerika, ke lefoko pneuʹma, leo le nang le bokao jo bo tshwanang. A mafoko ano a bontsha gore moya o o boitshepo ke karolo ya Tharo-Nngwe?
Maatla A A Dirang
MO BIBELA e dirisang “moya o o boitshepo” gone go bonala e le maatla a a laolwang a Jehofa Modimo a a dirisetsang go diragatsa maikaelelo a gagwe a a farologaneng. Go ya bokgakaleng jo bo rileng, o ka tshwantshiwa le motlakase, ke maatla ao a ka dirisiwang go diragatsa dilo tseo di farologaneng thata.
Mo go Genesise 1:2 (NW) Bibela e tlhalosa gore “maatla a Modimo a a dirang [eleng “moya” (Sehebera, ruʹach)] a ne a tsamaya tsamaya mo godimo ga metsi.” Fano, moya wa Modimo e ne e le maatla a gagwe a a dirang ao a neng a berekisiwa go bopa lefatshe.
Modimo o dirisa moya wa gagwe go sedifaletsa bao ba mo direlang. Dafide o ne a rapela jaana: “Nthutè go diha go rata ga gago; gonne u Modimo oa me: mōea [ruʹach] oa gago o molemō; u nkgogè mo lehatshiñ ya thōkgamō.” (Pesalema 143:10) Fa go ne go tlhophiwa banna ba le 70 ba ba dinatla gore ba thuse Moshe, Modimo o ne wa mo raya wa re: “Ke tla tsaea ga mōea [ruʹach] o o mo go wèna ke o baea mo go bōnè.”—Dipalō 11:17.
Polelelopele ya Bibela e ne ya begwa fa batho ba Modimo ba ne ba “tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō [Segerika, go tswa go pneuʹma].” (2 Petere 1:20, 21) Ka jalo Bibela e ne ya ‘tlhotlhelediwa ke Modimo,’ eo lefoko la yone la Segerika e leng The·oʹpneu·stos, leo le rayang “eo e buduletsweng ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Ebile moya o o boitshepo o ne wa kaela batho bangwe gore ba bone dipono kana gore ba nne le ditoro tsa dipolelelopele.—2 Samuele 23:2; Yoele 2:28, 29; Luke 1:67; Ditihō 1:16; 2:32, 33.
Moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa Jesu gore a ye kwa sekakeng morago ga gore a kolobediwe. (Mareko 1:12) Moya ono o ne o tshwana le molelo mo batlhankeng ba Modimo, o dira gore ba dirwe matlhagatlhaga ke maatla ao. Ebile o ne wa ba kgontsha gore ba bue ka bopelokgale le ka sebete.—Mika 3:8; Ditihō 7:55-60; 18:25; Baroma 12:11; 1 Bathesalonia 5:19.
Ka moya wa gagwe, Modimo o diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo bathong le mo merafeng. (Isaia 30:27, 28; 59:18, 19) Ebile moya wa Modimo o ka fitlha gongwe le gongwe, o dira mo boemong jwa batho kana o dira kgatlhanong le bone.—Pesalema 139:7-12.
‘Maatla a Mogolo go Feta A A Tlwaelegileng’
MOYA wa Modimo gape o kgona go neela bao ba mo direlang “maatla a magolo go feta a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7, NW) Seno se ba dira gore ba kgone go itshokela diteko tsa tumelo kana gore ba dire dilo tseo ba neng ba ka seka ba di dira ka tsela epe e nngwe.
Ka sekai, malebana le Samesone, Baatlhodi 14:6 e bolela jaana: “Moya wa ga Yahweh wa dira mo go ene, mme lemororo a ne a sena sebolao mo seatleng sa gagwe o ne a gagolaka tau a e dira makgaoganyane.” (JB) A motho mongwe wa bomodimo o ne a tsena mo go Samesone kana a dira mo go ene, a laola mmele wa gagwe gore o dire seo a neng a se dira? Nnyaa, eleruri e ne e le “maatla a MORENA [ao] a neng a dira gore Samesone a nne maatla.”—TEV.
Bibela e bolela gore fa Jesu a ne a kolobediwa, moya o o boitshepo o ne wa fologela mo go ene o ntse jaaka lephoi, eseng o le mo sebopegong sa motho. (Mareko 1:10) Maatla ano a a dirang a Modimo a ne a kgontsha Jesu gore a fodise balwetsi a bo a tsose baswi. Jaaka fa Luke 5:17 e bolela: “Nonofo ya Morena [Modimo] e ne e le yone e dirang gore a dire ditiro tsa gagwe [tsa ga Jesu] tsa go fodisa.”—JB.
Moya wa Modimo gape o ne wa naya barutwa ba ga Jesu maatla a go dira dilo tse di gakgamatsang. Ditihō 2:1-4 e bolela gore barutwa ba ne ba kokwane mmogo ka Pentekosete mme “ka choganeco ga cwa moshumō kwa legodimoñ, ekete oa sehehō se segolo se se cubutlañ, . . . Me botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna.”
Ka jalo moya o o boitshepo o ne wa naya Jesu le batlhanka ba bangwe ba Modimo maatla a go dira seo batho ba neng ba ka seka ba se dira ka bobone fela.
Ga Se Motho
LEFA go le jalo, a ga go na ditemana tsa Bibela tseo di buang ka moya o o boitshepo jaaka motho? Ee, mme tlhokomela seo moithuta-bomodimo wa Mokatoliki ebong Edmund Fortman a se bolelang kaga seno go The Triune God: “Lemororo moya ono gantsi o tlhalosiwa jaaka motho, go bonala go utlwala ka phepafalo gore bakwadi ba ba boitshepo [ba Dikwalo tsa Sehebera] ga ba ise ba ke ba tsamaye ba akanye gore moya o o boitshepo ke motho yo o kwa thoko kana ba o tlhalose jalo.”
Mo Dikwalong ga se selo se se sa tlwaelegang gore selo sengwe se mothofadiwe. Botlhale go bolelwa fa bo na le bana. (Luke 7:35) Boleo le loso di bidiwa dikgosi. (Baroma 5:14, 21) Mo go Genesise 4:7 The New English Bible (NE) e bolela jaana: “Boleo ke ledimona le le laletseng fa kgorong,” e mothofatsa boleo jaaka moya o o boikepo o o laletseng fa kgorong ya ga Kaine. Mme, jaaka re itse, boleo ga se motho wa moya; ebile go mothofatsa moya o o boitshepo ga go o dire gore e nne motho wa moya.
Ka mo go tshwanang, mo go 1 Yohane 5:6-8 (NE) ga se moya fela mme gape le “metsi, le madi” go bolelwa fa e le “basupi.” Mme kwa ntle ga pelaelo metsi le madi ga se batho, ebile moya o o boitshepo le one ga se motho.
Se se dumalanang le seno ke tsela eo Bibela ka kakaretso e dirisang “moya o o boitshepo” ka yone e sa o dirise jaaka motho, jaaka fa e o bapisa le metsi le molelo. (Mathaio 3:11; Mareko 1:8) Batho ba kgothalediwa gore ba tladiwe ka moya o o boitshepo go na le gore ba tladiwe ka bojalwa. (Baefesia 5:18) Go buiwa ka bone jaaka ba ba tletseng ka moya o o boitshepo ka tsela e e tshwanang le eo ba tletseng ka dinonofo tse di jaaka botlhale, tumelo, le boipelo ka tsone. (Ditihō 6:3; 11:24; 13:52) Mme mo go 2 Bakorintha 6:6 moya o o boitshepo o balelwa mo gare ga dinonofo di le mmalwa. Dipolelo tse di ntseng jaaka tseno di ka bo di se dintsi jaana fa e le gore tota moya o o boitshepo ke motho.
Mme, gape, lemororo ditemana dingwe tsa Bibela di bolela gore moya o a bua, ditemana tse dingwe di bontsha gore seno totatota se ne se dirwa go dirisiwa batho kana baengele. (Mathaio 10:19, 20; Ditihō 4:24, 25; 28:25; Bahebera 2:2) Seo moya o se dirang mo mabakeng a a tshwanang le ano se tshwana le seo se dirwang ke makhubu a seyalemoya a a fetisetsang melaetsa go tswa mo mothong yo mongwe go ya kwa go yo mongwe yo o kgakalakgakala.
Mo go Mathaio 28:19 go buiwa ka “mo ineñ ya . . . Mōea o o Boitshèpō.” Mme lefoko ‘leina’ ga se ka metlha le rayang leina la motho mo Segerikeng. Fa, ka Segerika re re “mo leineng la molao,” re a bo re sa bue ka motho. Re a bo re bolela ka seo molao o se emetseng, taolo ya one. Word Pictures in the New Testament ya ga Robertson e bolela jaana: “Go dirisiwa ga leina (onoma) fano ke go go tlwaelegileng go Septuagint le mo mekwalong ya papyrus le dirisediwa maatla kana taolo.” Ka jalo go kolobediwa ‘mo leineng la moya o o boitshepo’ ke go lemoga taolo e moya o nang nayo, gore e tswa mo Modimong le gore e dira ka thato ya Modimo.
“Mothusi”
JESU o ne a bua ka moya o o boitshepo a o bitsa “mothusi,” mme o ne a bolela gore o ne o tla ruta, o kaela, o be o bua. (Yohane 14:16, 26, NW; 16:13) Lefoko la Segerika leo le diriseditsweng go raya mothusi (pa·raʹkle·tos) ke la bongtona. Ka jalo fa Jesu a ne a bua ka seo mothusi a neng a tla se dira, o ne a dirisa maemedi a bongtona. (Yohane 16:7, 8) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go dirisiwa lefoko la Segerika leo le senang bong go raya moya (pneuʹma), ka tshwanelo go dirisiwa leemedi leo le senang bong eleng “o.”
Baranodi ba le bantsi ba Badumela Tharo-Nngwe ba fitlha ntlha eno, jaaka fa New American Bible ya Katoliki e dumalana le seno jaana malebana le Yohane 14:17: “Lefoko la Segerika le le rayang ‘Moya’ ga le na bong, mme lemororo re dirisa maemedi a batho mo Seesemaneng (‘he,’ ‘his,’ ‘him’), bontsi jwa mekwalo ya Segerika e dirisa ‘o.’”
Ka jalo fa Bibela ya Seesemane e dirisa maemedi a batho a bonna malebana le pa·raʹkle·tos mo go Yohane 16:7, 8, e dira seo tumalanong le melao ya thuto-puo, eseng go bontsha thuto epe.
Ga Se Karolo ya Tharo-Nngwe
METSWEDI e e farologaneng ya tshedimosetso e dumela gore Bibela ga e tshegetse kgopolo ya gore moya o o boitshepo ke motho wa boraro wa Tharo-Nngwe. Ka sekai:
The Catholic Encyclopedia: “Ga go na gope mo Tesetamenteng E Kgologolo mo re bonang bosupi bope jo bo phepafetseng teng jwa Motho wa Boraro.”
Moithuta-bomodimo wa Katoliki ebong Fortman: “Bajuda ga ba ise ba ko ba bo ba tsamaye ba bitse moya ba re ke motho; ebile ga go na bosupi bope jo bo tiileng jwa gore mokwadi ope wa Tesetamente E Kgologolo o ne a na le pono eno. . . . Moya O O Boitshepo ka tlwaelo go buiwa ka one mo Dikwalong tsa Efangele le mo go Ditihō jaaka maatla a Modimo kana nonofo ya gagwe.”
New Catholic Encyclopedia: “T[esetamente] E K[gologolo] ka phepafalo ga e lebe moya wa Modimo jaaka motho . . . moya wa Modimo ke fela maatla a Modimo. Fa ka dinako tse dingwe o bolelwa jaaka o o farologaneng le Modimo, ke ka gonne mohemo wa ga Yahweh o dira o se moteng ga gagwe.” Gape e bolela jaana: “Bontsi jwa ditemana tsa T[esetamente] E N[tšha] di bontsha moya wa Modimo e le sengwe, eseng mongwe; seno se bonwa thatathata mo moya ono o emelang maatla a Modimo teng.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
A Catholic Dictionary: “Mo makgetlong a le mantsi Tesetamente E Ntšha, jaaka E Kgologolo, e bua ka moya ono jaaka maatla a Modimo kana nonofo ya one.”
Ka ntlha ya moo, Bajuda lefa e le Bakeresete ba pele ba ne ba sa lebe moya o o boitshepo jaaka karolo ya Tharo-Nngwe. Thuto eo e ile ya tla makgolokgolo a dingwaga morago ga moo. Jaaka fa A Catholic Dictionary e tlhalosa: “Motho wa boraro o ne a tsenngwa kwa Lekgotleng la Alexandria ka 362 . . . mme kgabagare a tsenngwa ke Lekgotla la Constantinople la ka 381”—mo e ka nnang makgolo a le mararo le sephatlho a dingwaga morago ga gore barutwa ba tladiwe ka moya o o boitshepo ka Pentekosete!
Nnyaa, moya o o boitshepo ga se motho ebile ga se karolo ya Tharo-Nngwe. Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang ao a a dirisang go diragatsa thato ya gagwe. Ga o lekane le Modimo mme ka metlha o a o laola ebile o kafa tlase ga taolo ya gagwe.
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
“Mo makgetlong a le mantsi, Tesetamente E Ntšha, jaaka E Kgologolo, e bua ka moya ono jaaka maatla a Modimo kana nonofo ya gagwe.”—A Catholic Dictionary
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Ka nako nngwe moya o o boitshepo o ne wa tlhaga o ntse jaaka lephoi. Ka nako e nngwe o ne wa tlhaga o ntse jaaka diteme tsa molelo—ga o ise o ko o tsamaye o tlhage o ntse jaaka motho le ka motlha ope