LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sp ts. 11-12
  • Badimona Ke Babolai!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Badimona Ke Babolai!
  • Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Maatla go Feta Madimona
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Barongwa Ba Ba Bosula
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Itse Boammaaruri ka Baengele
    Baebele e re Ruta Eng?
  • A Ruri Badimona ba Teng?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
sp ts. 11-12

Badimona Ke Babolai!

Satane le badimona ga ba bolo go nna setlhogo ebile ba kotsi thata. Satane o ne a bolaya leruo le batlhanka botlhe ba ga Jobe yo o ikanyegang. Morago o ne a bolaya bana ba ba lesome ba ga Jobe ka go tsosa “sehehō se segolo” gore se senye ntlo e ba neng ba le mo go yone. Morago ga foo Satane o ne a itaya Jobe ka “dishō tse di boshula, go simolola ka sebete sa lonaō go ea phugoñ ea gagwè.”—Yobe 1:7-19; 2:7.

Mo motlheng wa ga Jesu, badimona ba ne ba dira batho ba bangwe dimumu bangwe ba ba foufatsa. (Mathaio 9:32, 33; 12:22) Ba ne ba bogisa monna mongwe mme ba mo dira gore a itshegake ka maje. (Mareko 5:5) Gape ba ne ba dira gore mosimanyana mongwe a nnele go goa, a itatlhele fa fatshe, “ba mo piriganya ba mo tsibiketsa mo go botlhoko.”—Luke 9:42.

Satane le madimona a gagwe ba ne ba dira gore Jobe a tshware ke dintho tse di botlhoko a bo a nne le ditlhabi mo mmeleng

Bogologolo, badimona ba ne ba lwatsa batho ba bangwe mme ba bangwe ba ba piriganya fa fatshe

Gompieno, Satane le badimona ba gagwe ba baka polao e e seng kana ka sepe. Ebile tota, ditiro tsa bone tse di boikepo di oketsegile tota fa ba sale ba kobiwa kwa legodimong. Dipego tse di tswang mo lefatsheng lotlhe di naya bosupi jwa gore ba setlhogo. Ba tlhasela batho ba bangwe ka malwetsi. Ba bangwe ba ba tlhasela bosigo, ba dira gore ba se ka ba kgona go robala ka ditoro tse di maswe tota. Ba bangwe ba tlhakanela dikobo nabo ka tsela e e sa tshwanelang. Ba bangwe gape ba ba dira ditsenwa, ba ba dira gore ba bolaye ba bangwe, kana ba ipolaye.

Madimona a dira gore monna a rate ntwa a bo a dira gore yo mongwe a lore toro e e tshosang

Gompieno badimona ba dira batho ba bangwe gore ba rate ntwa; ba tlhasela ba bangwe bosigo, ba ba lorisa ditoro tse di tshosang

Lintina, yoo a nnang kwa Suriname, o bolela gore ledimona lengwe, kana moya mongwe o o bosula, le ne la bolaya maloko a le 16 a lelapa la gaabo la bo la mo tlhasela mo mmeleng le go mmogisa mo tlhaloganyong ka dingwaga di le 18. Go ya ka se se mo diragaletseng o bolela gore badimona ba “itumelela go bogisa batho ba ba sa ineeleng mo go bone go fitlha ba ba bolaya.”

Mme Jehofa o kgona go sireletsa batlhanka ba gagwe gore ba se ka ba tlhaselwa ke Satane.—Diane 18:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela