LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 22 ts. 444-461
  • Karolo 3—Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 3—Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a Magolo a go Bolelela Batho Ba Bantsi Mafoko A A Molemo
  • Go Rera ka Bopelokgale
  • Go Rera kwa Yuropa Le Mororo Ba Ne Ba Bogisiwa ka Nako ya Ntwa
  • Mafelo A Mangwe Kwantle ga Yuropa ka Dinako Tseo tsa Ntwa
  • Boidiidi Jo Bogolo Bo Simolola go Itshupa kwa Latin America
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 2—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 22 ts. 444-461

Kgaolo 22

Karolo 3—Go Neela Bosupi go Fitlha Kwa Dintlheng Tsotlhe Tsa Lefatshe

Pego ya lefatshe lotlhe ya go rerwa ga molaetsa wa Bogosi go tloga ka 1935 go fitlha ka 1945 e kwadilwe mo go tsebe 444 go fitlha ka 461. Ngwaga wa 1935 o kaya go le gontsi thata gonne ka nako eo matshutitshuti, kana boidiidi jo bogolo, jwa Tshenolō 7:9 bo ile jwa supiwa gore ke bomang. Fa e le kaga go phutha setlhopha seo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore Bibela e ne e ba naya tiro e kgolo go gaisa epe e e kileng ya dirwa. Ba ne ba e dira jang ka nako ya fa merafe e ne e lwa ka Ntwa ya Lefatshe II le dinaga tse dintsi di ba thibetse kana di thibetse dibuka tsa bone tsa Bibela?

BOIKAELELO jwa Basupi ba ga Jehofa e ne e le go bolelela batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang molaetsa wa Bogosi fa ba ne ba dira tiro ya bone ka bo1930. Fa ba ne ba bona batho ba ba neng ba kgatlhega thata, bangwe ba bone ba ne ba tle ba nne lobaka lo loleele bosigo ba tlhalosa boammaaruri jwa Bibela le go araba dipotso go kgotsofatsa ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya. Mme mo mabakeng a mantsi Basupi ba ne ba bua ka bokhutshwane ka boikaelelo jwa go dira gore beng ba matlo ba kgatlhege, morago ba bo ba ba tlogelela dibuka kana ba neela dipuo tsa Bibela tsa phatlalatsa go wetsa tiro. Tiro ya bone e ne e le go itsise batho eleng go jala peo ya boammaaruri jwa Bogosi.

Maiteko a Magolo a go Bolelela Batho Ba Bantsi Mafoko A A Molemo

Tiro e ne e dirwa go gabilwe nako. Ka sekai, kwa tshimologong ya bo1930, Armando Menazzi, wa kwa Córdoba, kwa Argentina, o ne a tsaya kgato fa a sena go bala tlhaloso e e phepafetseng ya boammaaruri jwa Bibela mo dibukaneng tse go tweng Hell le Where Are the Dead? (Pes. 145:20; Mor. 9:5; Dit. 24:15) O ne a rekisa karatšhe ya gagwe ya go baakanya dikoloi mme a ineela mo go rereng mafoko a a molemo jaaka mmulatsela gonne a ne a tlhotlhelediwa ke se a neng a se ithuta le tsela e a neng a bona Nicolás Argyrós a tlhoafetse ka yone. Kwa tshimologong ya bo1940, Basupi ba Córdoba ba ne ba kgothadiwa ke ene gore ba reke bese e kgologolo, ba e tsenye malao, ba bo ba dirisa koloi eno go rwala baboledi ba ka nna lesome kgotsa go feta mo maetong a a tsayang beke, kana tse pedi, kana le e leng dikgwedi tse tharo go ya go rera. Jaaka fa maeto ano a ne a ntse a rulaganngwa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng go tswa mo phuthegong ba ne ba fiwa tshono ya go tsamaya. Mongwe le mongwe mo setlhopheng o ne a na le tiro e a abetsweng go e dira—go phepafatsa, go apaya, kgotsa go tshwara ditlhapi le go tsoma go bona dijo. Setlhopha seno se se tlhaga se ne sa rera ka ntlo le ntlo mo dikgaolong tse di seng kafa tlase ga lesome tsa Argentina, ba rera mo ditoropong le mo metseng ba bo ba ya le kwa dipolasing tse di gasameng gotlhe.

Moya o o tshwanang le oo o ne wa itshupa le kwa tshimong ya kwa Australia. Bosupi jo bogolo bo ne jwa neelwa mo ditoropong tse di mo lotshitshing lwa lewatle tse di nang le baagi ba bantsi thata. Mme ebile Basupi ba koo ba ne ba ikaeletse go fitlha le kwa bathong ba ba neng ba nna kwa mafelong a a kwa kgakala. Ke gone ka moo, erileng ka March 31, 1936, Arthur Willis le Bill Newlands ba neng ba tsaya mosepele wa boleele jwa dikilometara di le 19 710 ka boikaelelo jwa go fitlha kwa bathong ba ba kwa merakeng ya dikgomo le ya dinku e e neng e gasame kwa kgakala. Mme bogolo jwa loeto lwa bone ba ne ba le tsamaya fa go senang ditsela teng—e ne e le mebila fela mo sekakeng se se senang ditlhare se se mogote le se se nang le phefo e e lorole. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tswelela pele. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba bona ba ba kgatlhegang teng, ba ne ba tshameka dipuo tsa Bibela tse di gatisitsweng ba bo ba tlogela le dibuka. Mo makgetlong mangwe, John E. (Ted) Sewell o ne a tle a ba pate; mme go tswa foo o ne a ithaopela go ya go dira kwa Borwabotlhaba jwa Asia.

Tshimo e e neng e okametswe ke lekala la Mokgatlho la Australia e ne e akaretsa dinaga tse di ka kwantle ga Australia ka boyone. E ne e akaretsa China le ditlhopha tsa ditlhaketlhake le merafe e e neng e nna kafa botlhaba jwa Tahiti go fitlha kwa bophirima kwa Burma (e jaanong e bidiwang Myanmar), e e leng sekgala sa dikilometara di le 13 700. Naga eo e ne e akaretsa mafelo a a etsang bo Hong Kong, Indochina (e jaanong e bidiwang Cambodia, Laos, le Vietnam), Netherlands East Indies (go akaretsa le ditlhaketlhake tse di tshwanang le Sumatra, Java, le Borneo), New Zealand, Siam (e jaanong e bidiwang Thailand), le Malaya. Mookamedi wa lekala ebong Alexander MacGillivray, monna wa kwa Scotland, o ne a tlhola a biletsa mmulatsela ope fela yo mmotlana yo o tlhaga mo ofising ya gagwe, a bo a mmontsha mmapa wa tshimo e e welang kafa tlase ga lekala leo, a bo a mmotsa jaana: ‘A o ka rata go nna morongwa?’ Morago a bo a supa lefelo le e leng gore ga le a rerelwa thata kgotsa le sa rerelwa gotlhelele, a bo a botsa jaana: ‘Go ka nna jang fa o ka ya go simolola tiro mo tshimong eno?’

Kwa tshimologong ya bo1930, bangwe ba babulatsela bano ba ne ba setse ba dirile tota kwa Netherlands East Indies (e jaanong e bidiwang Indonesia) le kwa Singapore. Ka 1935, Frank Dewar, wa kwa New Zealand, o ne a tsamaya le setlhopha seno sa babulatsela ba pagame mokoro wa Lightbearer go ya kwa Singapore. Mme erile pele fela fa sekepe se leba kwa lotshitshing lo lo kwa bokonebophirima jwa Malaya, Captain Eric Ewins o ne a re: “Eh, Frank, re gorogile. Re boa fano. O rile o ya kwa Siam. O ka fologa jaanong!” Mme Frank o ne a batlile a lebala ka Siam. O ne a itumelela tirelo ya gagwe le setlhopha se a neng a tsamaya le sone mo sekepeng. Jaanong o ne a le nosi.

O ne a nnanna pele kwa Kuala Lumpur go fitlha a nna le madi a a lekaneng go tswelela le mosepele otlhe, mme erile a santse a le koo, o ne a tlhagelwa ke kotsi ya koloi—o ne a thulwa ke llori a pagame baesekele ya gagwe. Fa a sena go fola, o ne a pagama terena e e tswang Singapore e ya Bangkok, a na le didolara tse tlhano fela mo kgetsing. Mme ka ntlha ya tumelo e a neng a na le yone ya gore Jehofa o tla mo tlamela, o ne a tswelela ka tiro. Claude Goodman o ne a setse a kile a rera koo ka lobaka lo lokhutshwane ka 1931; mme fa Frank a goroga teng ka July 1936, go ne go sena Basupi bape. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di sekae tse di latelang, ba bangwe ba ne ba nna le seabe mo tirong—Willy Unglaube, Hans Thomas, Kurt Gruber go tswa kwa Jeremane le Ted Sewell go tswa kwa Australia. Ba ne ba tsamaisa dibuka tse dintsi, mme bontsi jwa tsone e ne e le tsa Seesemane, Se-China, le Sejapane.

Fa go ne go romelwa lekwalo kwa ntlokgolo ya Mokgatlho le le neng le bontsha fa bakaulengwe ba tlhoka dibuka ka Se-Thai mme go sena moranodi, Mokaulengwe Rutherford o ne a araba jaana: “Nna ga ke koo kwa Thailand; ke lona ba lo leng koo. Dumelang mo go Jehofa lo dire ka natla, mme lo tla bona moranodi.” Go ne ga nna fela jalo. Chomchai Inthaphan, yo e neng e kile ya bo a le mogokgo wa Presbyterian Girls’ School kwa Chiang Mai, o ne a amogela boammaaruri, mme erile ka 1941 a bo a setse a ranolela dibuka tsa Bibela mo puong ya Se-Thai.

Beke morago ga fa Frank Dewar a sena go simolola go rera kwa Bangkok, Frank Rice, yo o neng a simolola tiro ya Bogosi kwa Java (e jaanong e leng karolo ya Indonesia), o ne a feta ka ene a ya kwa kabelong ya gagwe e ntšha koo ka nako eo go neng go bidiwa French Indochina. Fela jaaka a ne a dirile kwa tshimong ya gagwe ya pele, o ne a rerela ba ba buang Seesemane fa a ntse a ithuta puo ya lefelo leo. Fa a sena go akaretsa Saigon (e jaanong e bidiwang Ho Chi Minh City), o ne a ruta Seesemane gore a tle a kgone go reka koloi e kgologolo e a neng a ka e dirisa go ya kwa dikarolong tse di kwa bokone tsa naga eo. O ne a tshwenyegile ka dilo tsa Bogosi go na le ka manobonobo a dilo tse di bonalang. (Baheb. 13:5) O ne a dirisa koloi e a neng a e rekile go neela bosupi mo ditoropong le mo metseng le kwa magaeng a a kwa thoko go ya go fitlha fela kwa Hanoi.

Go Rera ka Bopelokgale

Basupi ba ne ba dirisa mekgwa e e kgatlhang thata mo dinageng tse dintsi ka boikaelelo jwa gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi le go supetsa batho gore ba tshwanetse go tsaya kgato. Go simolola ka 1936 kwa Glasgow, Scotland, Basupi ba ne ba itsise dipolelo tsa kopano ka go apara dipolakate le go gasa dipampitshana tsa go laletsa batho mo mafelong a marekelo. Dingwaga tse pedi morago ga foo, ka 1938, go ne ga dirwa sengwe gape se se kgatlhang mabapi le kopano ya kwa Lontone, kwa Engelane. Nathan H. Knorr le Albert D. Schroeder, ba erileng kwa morago ba direla mmogo mo Setlhopheng Se Se Laolang, ba ne ba etelela mokoloko wa Basupi ba ba ka tshwarang sekete go ralala karolo e kgolo ya mafelo a dikgwebo kwa Lontone. A le mongwe mo go bangwe le bangwe ba babedi o ne a tsamaya a apere dipolakate tse di itsiseng puo ya phatlalatsa e e reng “Lebana le Boammaaruri,” e e neng e tla neelwa ke J. F. Rutherford kwa Royal Albert Hall. Ba ba neng ba tsamaya fa gare ba ne ba tshotse tse di neng di re “Bodumedi Ke Serai le Kgwebo ya Boferefere.” (Ka nako eo ba ne ba tsaya gore bodumedi ke kobamelo yotlhe e e sa dumalaneng le Lefoko la Modimo ebong Bibela.) Moragonyana mo bekeng eo, go leka go reba bogale jwa batho bangwe ba ba neng ba kgopisegile thata ba ne ba tsenya tse dingwe gape fa gare tse di neng di balega di re “Direla Modimo le Kgosi Keresete.” Tiro eno e ne e se motlhofo mo Basuping ba bantsi ba ga Jehofa, mme lefa go ntse jalo ba ne ba e tsaya e le tsela e nngwe ya go direla Jehofa, tsela e nngwe e e neng e ba leka gore a ba ikanyega mo go ene.

Ga se botlhe ba ba neng ba itumedisiwa ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba anamisa molaetsa wa bone ka bopelokgale ka yone. Kwa Australia le kwa New Zealand baruti ba ne ba tlhotlheletsa baokamedi ba diteishane tsa radio gore ba kgoreletse dikgaso tsotlhe tse di dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ka April 1938, fa Mokaulengwe Rutherford a ne a le mo tseleng go ya go neela puo kwa radiong kwa Australia, badiredi ba teng ba ne ba itetla go tlhotlhelediwa go senya dithulaganyo tse a neng a di diretswe tsa go dirisa Sydney Town Hall le diteishane tsa radio. Ka bofefo fela go ne ga hirwa Sydney Sports Grounds, mme dikgang tse di neng di anamisitswe thata tse di neng di le kgatlhanong le loeto lwa ga Mokaulengwe Rutherford di ne tsa kgona fela go dira gore batho ba bantsi le go feta ba tle go reetsa puo ya gagwe. Mo makgetlong a mangwe, fa Basupi ba ne ba idiwa go dirisa diteishane tsa radio, ba ne ba itsise thata ka dipokano tse kwa go tsone dipuo tsa ga Mokaulengwe Rutherford di neng di tla tshamekiwa ka metšhine e e kgonang go gatisa modumo.

Kwa Belgium baruti ba ne ba romela bana gore ba konope Basupi ka maje, mme baruti ba ne ba ikisa ka namana mo malapeng go ya go tsaya dibuka tse di tlogeletsweng batho. Mme bangwe ba baagi ba motse ba ne ba rata se Basupi ba ga Jehofa ba neng ba se ba ruta. Gantsi ba ne ba tle ba re: “Mpha dibukana di le dintsinyana; gore fa moruti a tla, ke mo neele e le nngwe fela go mo kgotsofatsa mme tse di setseng ke di ipalele!”

Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa le molaetsa wa bone wa Bogosi o ba neng ba o bolela ba ne ba ganediwa fela thata.

Go Rera kwa Yuropa Le Mororo Ba Ne Ba Bogisiwa ka Nako ya Ntwa

Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Austria, Belgium, Fora, Jeremane, le Netherlands di ne tsa tsenngwa mo kgolegelong kana tsa romelwa kwa dikampeng tsa Bo-Nazi tsa pogisetso. Koo ba ne ba bogisiwa botlhoko letsatsi le letsatsi. Ba ba neng ba ise ba tsenngwe mo kgolegelong ba ne ba tsweledisa bodihedi jwa bone ka go itisa. Gantsi ba ne ba dirisa Bibela fela mme ba tsamaisa dibuka fa ba setse ba boela kwa go ba ba kgatlhegang. Go tila go tshwarwa, Basupi ba ne ba tsena mo ntlong e le nngwe fela mo foleteng mme fa gongwe go tswa foo ba bo ba ya kwa kagong e nngwe, kana fa ba sena go tsena mo ntlong e le nngwe fela mo mmileng ba ne ba ya kwa mmileng o mongwe pele ba ya kwa ntlong e nngwe gape. Lefa go ntse jalo ba ne ba sa boife go neela bosupi.

Ka December 12, 1936, dikgwedi di sekaenyana fela morago ga gore Ma-Gestapo a tshware diketekete tsa Basupi le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang ka maiteko a go fedisa tiro ya bone mo nageng eo yotlhe, Basupi le bone ba ne ba tswa letsholo. Ba ne ba tsenya dikopi tsa maitlamo mo dibokoseng tsa poso le kafa tlase ga mabati a batho go ralala Jeremane yotlhe ka bofefo jo bo gakgamatsang. Maitlamo ano a ne a ngongoregela tsela e e setlhogo e bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba neng ba tshwerwe ka yone. Mo lobakeng lwa ura fela fa ba sena go simolola, mapodisi a ne a siana a batla go tshwara baanamisi ba tsone, mme ba ne ba tshwara ba sekae fela mo nageng eo yotlhe.

Badiredi ba puso ba ne ba tshositswe ke go bona gore letsholo le le kalo le ne la dirwa morago ga se puso ya Bo-Nazi e neng e se dirile go kganela tiro eo. Mo godimo ga moo ba ne ba simolola go tshaba batho. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore fa mapodisi le badiredi ba bangwe ba puso ba ba sa aparang diaparo tsa bone tsa tiro ba ne ba tsena mo magaeng mme ba bo ba botsa beng ba matlo gore a ba amogetse dipampitshana tseo, bontsi jwa batho bo ne jwa araba ka gore nnyaa. Tota gone, bontsi jwa bone bo ne bo sa di amogela. Dikopi di ne di tlogetswe mo malapeng a mabedi kana a mararo fela mo kagong nngwe le nngwe. Mme legale mapodisi a ne a sa itse. A ne a gopola gore di ne di tlogetswe mo mojakong mongwe le mongwe.

Mo dikgweding tse di neng tsa latela, badiredi ba Ba-Nazi ba ne ba itatola ditatofatso tse di neng di kwadilwe mo maitlamong ao ba utlwiwa ke botlhe. Ka jalo, e rile ka June 20, 1937, Basupi ba ba neng ba ise ba tshwarwe ba ne ba anamisa molaetsa o mongwe gape, lekwalo la botlhe le le neng le tlhalosa ka botlalo tsela e ba neng ba bogisiwa ka yone le bolela badiredi ba puso ka maina ebile le tsopola dinako le mafelo a di neng di dirwa kwa go one. Ma-Gestapo a ne a galefisiwa ke seno thata ba bo ba galefisiwa gape thata ke go bo Basupi ba kgonne go anamisa seno thata jaana.

Dilo tse dintsi tse di diragaletseng lelapa loorra Kusserow, go tswa kwa Bad Lippspringe, kwa Jeremane, di ne tsa supa gore ba ne ba iketleeditse tota go neela bosupi. Sekai seno se akaretsa se se ileng sa diragala fa Wilhelm Kusserow a sena go kalediwa phatlalatsa kwa Münster ke puso ya Bo-Nazi ka go bo a ne a gana go latola tumelo ya gagwe. Mmaagwe Wilhelm ebong Hilda, o ne a ya kwa kgolegelong ka bonako go ya go kopa gore a neelwe setopo gore a se fitlhe. O ne a bolelela balelapa la gagwe jaana: “Re tla neela bosupi jo bogolo mo go botlhe ba ba neng ba mo itse.” Kwa phitlhong, rraagwe Wilhelm ebong Franz, o ne a rapela thapelo e e neng e bontsha gore o dumela dilo tse di lorato tse Jehofa a tlileng go di re direla. Kwa lebitleng la gagwe, monnawe Wilhelm ebong Karl-Heinz o ne a bua mafoko a kgomotso go tswa mo Bibeleng. Ba ne ba otlhaelwa go dira jalo, mme legale se se neng se le botlhokwa mo go bone e ne e le go tlotla Jehofa ka go neela bosupi kaga leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe.

Jaaka mathata a ntwa a ne a ntse a gola, Basupi ba kwa Netherlands ba ne ba fetola dithulaganyo tsa bone tsa dipokano ka botlhale. Dipokano tsa bone di ne jaanong di tshwarelwa mo magaeng ka ditlhopha tsa batho ba le lesome kgotsa kwa tlase. Mafelo a go kopanelwang kwa go one a ne a fetolwa gangwe le gape. Mosupi mongwe le mongwe o ne a kopanela fela le setlhopha sa gagwe, mme go ne go se ope yo a neng a ka bolela aterese ya lefelo leo, tota lefa e le go e bolelela tsala e a e ikanyang. Ka nako eo ya fa baagi ba bantsi ba ne ba fuduga ka ntlha ya ntwa, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itse gore batho ba ne ba tlhoka molaetsa wa kgomotso o o bonwang fela mo Lefokong la Modimo, mme ba ne ba o ba bolelela ka bopelokgale. Mme lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala le ile la gakolola bakaulengwe ka tsela e Jesu a neng a itisa ka yone mo makgetlong a mantsi fa a ne a kopana le baganetsi. (Math. 10:16; 22:15-22) Ka gone, fa ba ne ba kopana le motho yo o ba galefelang, ba ne ba kwala aterese ya gagwe gore ba nne kelotlhoko mo nakong e e tlang fa ba dira tshimo eo gape.

Batho ba ne ba boga botlhoko thata kwa Greece ka nako ya fa e ne e gapilwe ke Jeremane. Lefa go ntse jalo, tsela e e botlhoko go gaisa e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bogisiwa ka yone, e ne e bakiwa ke go buiwa maswe ke baruti ba Kereke ya Greek Orthodox, ba ba neng ba gatelela gore mapodisi le dikgotla di ba tseele dikgato. Basupi ba bantsi ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong kgotsa ba kobelwa kwa metseng e e kwa kgakala kana ba patelelwa go nna mo maemong a a seng monate mo ditlhaketlhakeng tse di lokgere. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ka go rera. (Bapisa Ditihō 8:1, 4.) Gantsi seno se ne se dirwa ka go bua le batho mo diparakeng le mo ditshingwaneng tsa botlhe, ka go nna le bone mo dibankeng ba bo ba ba bolelela ka Bogosi jwa Modimo. Fa go ne go bonwa mongwe yo o kgatlhegang tota, o ne a adimiwa bukana nngwe ya botlhokwa ya Bibela. Dibuka tse di ntseng jalo di ne di busiwa di bo di dirisiwa gape. Bontsi jwa batho ba ba ratang boammaaruri bo ne jwa amogela ka boipelo thuso e bo neng bo e neelwa ke Basupi le go dira le bone mo go boleleleng ba bangwe mafoko a a molemo, le mororo seno se ne se dira gore ba bogisiwe botlhoko.

Ntlha ya botlhokwa ya go nna pelokgale le go itshoka ga Basupi e ne e le ka go bo ba ne ba agiwa ke dijo tsa semoya. Le mororo dibuka tse di tsamaisiwang di ne tsa fela mo dikarolong dingwe tsa Yuropa ka nako ya ntwa, ba ne ba kgona go amogana tshedimosetso e e agang tumelo e Mokgatlho o neng o e rulagantse gore Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe ba e ithute. August Kraft, Peter Gölles, Ludwig Cyranek, Therese Schreiber, le ba bangwe ba bantsi ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ka go gatisa le go anamisa tshedimosetso e e ithutiwang e e neng e tsenngwa ka bokukuntshwane kwa Austria go tswa kwa Czechoslovakia, Italy, le Switzerland. Kwa Netherlands, Arthur Winkler o ne a thusiwa ke modisakgolegelo mongwe yo o botsalano go bona Bibela. Le mororo mmaba a ne a disitse thata, metsi a a lapolosang a boammaaruri jwa Bibela a Tora ya Tebelo a ne a tsena le kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane tota mme a neelwa Basupi teng koo.

Go tsenngwa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso ga go a ka ga thibela Basupi ba ga Jehofa go neela bosupi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana fa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma: ‘Ke tshwere bothata mo go one, ke ba ke tsena mo dikgoleng . . . mme lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.’ (2 Tim. 2:9) Go ile ga nna fela jalo le ka Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Badisa ba ne ba ela tlhoko gore ba itshwara jang; ba bangwe ba bone ba ne ba botsa dipotso, mme ba sekae ba ne ba fetoga badumedi, lefa seo se ne se raya gore jaanong ba tla latlhegelwa ke kgololesego ya bone. Bontsi jwa magolegwa a a neng a tlhatlhetswe le Basupi a ne a tswa kwa dinageng tse di tshwanang le Russia, koo mafoko a a molemo a neng a sa rerwa thata teng. Morago ga ntwa bangwe ba bano ba ne ba boela kwa dinageng tsa bone e le Basupi ba ga Jehofa, mme ba tlhoafaletse go anamisa molaetsa wa Bogosi teng koo.

Pogiso e e botlhoko le dilo tse di bakilweng ke ntwa ga di a ka tsa thibela go phuthelwa ga batho kwa ntlong e kgolo ya ga Jehofa ya semoya gore ba e go mo obamela jaaka go boleletswe pele. (Isa. 2:2-4) Palo ya ba ba neng ba nna le seabe mo go obameleng phatlalatsa ka go itsise Bogosi jwa Modimo kwa dinageng tsa Yuropa e ne ya oketsega thata go tloga ka 1938 go fitlha ka 1945. Kwa Borithane, Finland, Fora, le Switzerland, Basupi ba ne ba oketsega ka mo e ka nnang 100 lekgolong. Kwa Greece ba ne ba batla ba oketsega ka makgetlo a le supa a menagane. Kwa Netherlands, ka makgetlo a le lesome le bobedi. Mme go ya kwa bofelong jwa 1945, dipego ka botlalo di ne di ise di goroge go tswa kwa Jeremane kana Romania, mme go ne go amogetswe dipego tse di fopholetsang fela go tswa kwa dinageng tse dingwe di le mmalwa.

Mafelo A Mangwe Kwantle ga Yuropa ka Dinako Tseo tsa Ntwa

Le kwa Botlhaba, ntwa eo ya lefatshe e ne ya tlisetsa Basupi ba ga Jehofa mathata a a seng kana ka sepe. Kwa Japane le kwa Korea, ba ne ba tshwarwa ba bo ba betswa le go bogisiwa ka go bo ba ne ba buelela Bogosi jwa Modimo mme ebile gape ba gana go obamela mmusimogolo wa Japane. Kgabagare ba ne ba kgaoganngwa gotlhelele le Basupi ba bangwe ba dinaga tse dingwe. Mo go ba le bantsi ba bone, ba ne ba kgona go neela bosupi fela ka nako ya fa ba bodiwa dipotso kgotsa fa ba ne ba sekisiwa kwa kgotlatshekelo. Fa ntwa e fela, go rera phatlalatsa ga Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tseno go ne go eme tsi.

Fa ntwa e fitlha kwa Philippines, Basupi ba ne ba bogisiwa ke matlhakore otlhe a a lwang gonne ba ne ba sa tshegetse Bajapane ebile ba sa tshegetse masole a a neng a lwa kgatlhanong le yone. Basupi ba bantsi ba ne ba sia ba tswa mo magaeng a bone ba tila go tshwarwa. Mme jaaka fa ba ne ba ntse ba ya le mafelo, ba ne ba ntse ba rera—ba ne ba adima ba bangwe dibuka fa di le teng, mme kwa morago ba ne ba dirisa Bibela fela. Fa ntwa e bepa, ba ne ba baakanya mekoro e le mmalwa go tsaya ditlhopha tse dikgolo tsa Basupi go ya kwa ditlhaketlhakeng tse go neng go sa rerwa thata gongwe go sa rerwa gotlhelele kwa go tsone.

Kwa Burma (e jaanong e bidiwang Myanmar), go tlhasela ga Majapane ga se gone go dirileng gore dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa di thibelwe ka May 1941, go na le moo baruti ba Anglican, Methodist, Roma Katoliki, le American Baptist ba ne ba tlhotlheletsa babusi ba dikolone go dira jalo. Basupi ba babedi ba ba neng ba direla mo ofising ya megala ba ne ba bona thelekeramo e e neng ya ba tsibosa ka se se tla tlogang se diragala, mme ka bofefo fela bakaulengwe ba ne ba fudusa dibuka kwa mabeelong a Mokgatlho go itsa gore di se ka tsa gapiwa. Morago ga foo go ne ga dirwa maiteko a gore bontsi jwa dibuka bo romelwe kwa China.

Ka nako eo mmuso wa U.S. o ne o rwala mekoakoa ya didirisiwa tsa ntwa ka dillori o dirisa Burma Road go ya go tshegetsa puso ya Chinese Nationalists. Bakaulengwe ba ne ba leka go kopa phatlha mo go nngwe ya dikoloi tseo mme go ne ga ganwa. Ba ne ba se ka ba kgona go bona koloi go tswa kwa Singapore. Lefa go ntse jalo, fa Mick Engel, yo ka nako eo a neng a tlhokometse mabeelo a Mokgatlho a kwa Rangoon (e jaanong e bidiwang Yangon), a ne a bua le modiredi wa puso wa maemo a a kwa godimo wa U.S., o ne a fiwa tetla ya go pega dibuka mo dikoloing tsa masole.

Lefa go ntse jalo, morago ga moo fa Fred Paton le Hector Oates ba ne ba bua le modiredi wa puso yo o laolang mokoloko o o yang kwa China ba kopa phatlha, o ne a galefa fela thata! O ne a tlhaeletsa jaana, “Lo a reng? Nka lo fa jang phatlha ya go pega dipampitshanyana tsa lona fa nna ke tlhoka le phatlha ya go pega dilo tsa bosole le tsa kalafi tse di tlhokegang ka potlako tse gompieno di senyegelang mo lebaleng le?” Fred o ne a didimala go sekae, a bo a bula kgetsi ya gagwe, a ntsha lekwalo le le ba fang tetla, a bo a mo lemotsha gore e tla bo e le kgang e e masisi thata fa a ka itlhokomolosa taelo e e tswang kwa badireding ba puso ba ba kwa Rangoon. Molaodi yoo wa mokoloko ga a ka a pega fela ditone tse pedi tsa dibuka mme o ne gape a adima bakaulengwe koloi e potlana, e na le mokgweetsi le dilo tse di tlhokegang. Ba ne ba leba kwa bokonebotlhaba ba feta ka tsela e e diphatsa e e ralalang dithaba go tsena mo China ka dithoto tsa bone tsa botlhokwa. Fa ba sena go rera mo Pao-shan, ba ne ba tswelela pele ba ya kwa Chungking (Pahsien). Diketekete tsa dibuka tse di buang ka Bogosi jwa ga Jehofa di ne tsa anamisiwa mo ngwageng o ba neng ba o nna kwa China. Mo go ba ba neng ba ba rerela ka namana e ne e le Chiang Kai-shek, tautona wa puso ya Chinese Nationalists.

Ka nako eo, jaaka fa Burma e ne e tlhaselwa thata ka dibomo, Basupi botlhe ba ne ba tshaba, mme bontsi jwa bone bo ne jwa ya kwa India, mme go ne ga sala ba le bararo fela. Ka ntlha ya seo, tiro ya Basupi ba bararo ba ba neng ba sala e ne e se kalo. Lefa go le jalo ba ne ba tswelela ba rera ka mokgwa o e seng wa ka tlwaelo, mme maiteko a bone a ne a ungwa morago ga ntwa.

Le kwa Amerika Bokone, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgoreletsega thata ka nako ya ntwa. Go tlhaselwa ke digopa le go sokamisiwa ga melao ya mafelo go fapogiwa molaotheo go ne ga kgoreletsa tiro ya go rera thata. Diketekete di ne tsa latlhelwa mo kgolegelong ka go bo ba ne ba bolokile boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Lefa go ntse jalo, seno ga se a ka sa ama lobelo lo bodihedi jwa ntlo le ntlo jwa Basupi bo dirwang ka lone. Mo godimo ga moo, go simolola ka February 1940, ba ne ba tlhola ba bonwa ba eme mo mebileng mo mafelong a kgwebo ba tsamaisa Tora ya Tebelo le Consolation (e jaanong e bidiwang Tsogang!). Ba ne ba tlhoafala le go feta. Le mororo ba ne ba bogisiwa ka tsela e e botlhoko go gaisa jaaka go kile ga dirwa mo karolong eo ya lefatshe, palo ya Basupi e ne ya menagana go feta gabedi kwa United States le kwa Canada go tloga ka 1938 go fitlha ka 1945, mme nako e ba neng ba e dirisa mo bodiheding jwa phatlalatsa e ne ya menagana gararo.

Mo dinageng tse dintsi tse e neng e le maloko a Dinaga tsa Kgolagano ya Borithane (kwa Amerika Bokone, Afrika, Asia, le ditlhaketlhake tsa Caribbean le tsa Pacific) fa puso e ne e sa thibele Basupi ba ga Jehofa e ne e thibela dibuka tsa bone. Nngwe ya dinaga tseo e ne e le Australia. Kitsiso ya semmuso e e neng ya phasaladiwa koo ka January 17, 1941, ka taolo ya mmusikakaretso, e ne ya bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba tla bo ba tlola molao fa ba ka kopana go obamela, fa ba ka tsamaisa dibuka dipe tsa bone, tota le eleng gone go nna natso. Go ya ka molao oo go ne go kgonega go ka ikuela kgatlhanong le thibelo kwa kgotlatshekelo, mme seno se ne sa dirwa kwantle ga tiego. Mme go ne ga tsaya dingwaga tse di fetang pedi pele Mr. Justice Starke, moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo a tlhalosa gore thibelo eo e ne e “dirilwe kwa ntle ga mabaka a a utlwalang, e sa latele thulaganyo, ebile e gatelela.” Ka gone baatlhodi botlhe ba Kgotlatshekelokgolo ba ne ba tlosa thibelo eo. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba dirang ka nako eo?

Ba ne ba etsa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, ba ‘utlwa Modimo go na le batho.’ (Dit. 4:19, 20; 5:29) Ba ne ba tswelela ka go rera. Le mororo go ne go na le dikgoreletsi tse dintsi, ba ne ba rulaganyetsa kopano kwa Hargrave Park, gaufi le kwa Sydney, ka December 25-29, 1941. Fa goromente a ne a gana go pega bangwe ba batho ba ba neng ba ya kwa kopanong mo tereneng, setlhopha sengwe go tswa kwa Bophirima jwa Australia se ne sa gokelela didirisiwa tse di dirisang magala go dira lookwane lwa gase mo dikoloing tsa bone, sa bo se simolola loeto lwa malatsi a le 14 go ralala naga, lo lo neng lo akaretsa go tsaya beke go ralala sekaka sa Nullarbor Plain. Ba ne ba goroga ka pabalesego mme ba itumelela thulaganyo le ba bangwe ba le dikete tse thataro. Ba ne ba nna le kopano e nngwe gape mo ngwageng o o latelang, mme legale mo nakong eno e ne e kgaogantswe ka ditlhopha tse dinnye di le 150 mo ditoropong tse supa tse dikgolo tsa naga eo, mme dibui di ne di tsamaya mo go tsone tsotlhe.

Jaaka fa maemo a ne a ntse a senyegela pele kwa Yuropa ka 1939, badihedi ba bangwe ba babulatsela ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ithaopela go ya go direla kwa ditshimong tse dingwe. (Bapisa Mathaio 10:23; Ditihō 8:4.) Babulatsela ba bararo ba Bajeremane ba ne ba romelwa go tswa kwa Switzerland go ya kwa Shanghai, kwa China. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba ya kwa Amerika Borwa. Mo go ba ba neng ba isiwa kwa Brazil go ne go na le Otto Estelmann, yo o neng a ntse a etela le go thusa diphuthego kwa Czechoslovakia, le Erich Kattner, yo o neng a direla kwa ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Prague. Kabelo ya bone e ntšha e ne e se motlhofo. Ba ne ba lemoga gore mo mafelong mangwe a dipolasi, Basupi ba ne ba tsoga esale gale mme ba ye go rera go fitlha ka 7:00 a.m. go tswa foo ba bo ba tla go dira tshimo gape go fitlha bosigo. Mokaulengwe Kattner o gakologelwa gore jaaka fa a ne a ntse a etela mafelo ka go tlhomagana ga one, gantsi o ne a tle a robale kwa ntle, a samile kgetsana ya gagwe ya dibuka.—Bapisa Mathaio 8:20.

Mokaulengwe Estelmann le Mokaulengwe Kattner ba ne ba tsongwa jaaka dinokwane ke mapodisi a sephiri a Ba-Nazi kwa Yuropa. A go ya ga bone kwa Brazil go ne ga ba golola mo pogisong? Le eseng, morago ga ngwaga fela, ba ne ba thibelwa go tswa ka dikgoro tsa matlo a bone le go latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya tlhotlheletso ya badiredi ba puso ba go bonalang ba ne ba dumalana le Ba-Nazi! Baruti ba Katoliki le bone ba ne ba ganetsa thata, mme lefa go ntse jalo Basupi ba ne ba tshwarelela mo tirong eno e ba e abetsweng ke Modimo. Ba ne ba ya ka metlha kwa ditoropong tse dikgolo le tse dipotlana tsa Brazil koo molaetsa wa Bogosi o neng o ise o rerwe teng.

Fa go sekasekiwa seemo sa lefatshe go fitlhelwa gore dinaga tse dintsi tse di neng di na le Basupi ba ga Jehofa ka Ntwa ya Lefatshe II, di ne di thibelwa ke puso ka tsela nngwe, fa e sa thibele phuthego e ne e thibela dibuka tsa bone. Le mororo ba ne ba rera mo dinageng di le 117 ka 1938, mo dingwageng tsa ntwa (1939-45) go ne ga thibelwa phuthego ya bone kana dibuka tsa bone, kana badihedi ba bone ba ne ba kobiwa, mo dinageng tse di fetang 60 tsa tseo. Le kwa ba neng ba sa thibelwa teng, ba ne ba tlhaselwa ke digopa le go tshwarwa gantsintsi. Lefa ba ne ba dirwa jaana, go rerwa ga mafoko a a molemo go ne ga se ka ga ema.

Boidiidi Jo Bogolo Bo Simolola go Itshupa kwa Latin America

Mo dingwageng tseo tsa ntwa ka February 1943, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa simolola Sekolo sa Gileade kwa Nageng ya New York go thapisa barongwa ba ba tla yang go direla kwa dinageng di sele, go akantswe thata ka tiro e e neng e tla dirwa morago ga ntwa. Pele ngwaga oo o fela, ba le 12 ba barongwa bao ba ne ba setse ba simolotse tiro kwa Cuba. Tshimo ya koo e ne e ungwa thata.

Bogologolo ka 1910, peonyana ya boammaaruri jwa Bibela e ne e setse e jadilwe kwa Cuba. C. T. Russell o ne a neela puo koo ka 1913. J. F. Rutherford o ne a neela puo mo radiong kwa Havana ka 1932, mme go ne ga gasiwa puo ya gagwe gape ka Se-Spain. Lefa go ntse jalo ba ne ba sa oketsege ka bofefo. Ka nako eo batho ba le bantsi ba ne ba sa itse go bala le go kwala mme ebile ditumelo di ne di ilana. Kwa tshimologong bontsi jwa ba ba neng ba kgatlhega e ne e le ba ba buang Seesemane ba ba tswang kwa Jamaica le kwa mafelong a mangwe. Ka 1936, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 40 fela kwa Cuba. Mme legale go jalwa le go nosediwa ga peo ya boammaaruri jwa Bogosi go ne ga simolola go ungwa fela thata.

Ka 1934 go ne go setse go kolobeditswe Ba-Cuba ba ntlha; ba bangwe ba ne ba latela. Go simolola ka 1940, kgaso ya letsatsi le letsatsi ya radio mmogo le go rera ka bopelokgale mo mebileng go ne ga nonotsha fela thata bodihedi jwa ntlo le ntlo. Le pele barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba goroga ka 1943, go ne go na le ba le 950 kwa Cuba ba ba neng ba amogetse mafoko a a molemo ebile ba rerela ba bangwe, ntswa e ne e se botlhe ba ba neng ba dira jalo ka metlha. Mo dingwageng tse pedi fa barongwa ba sena go tla, dipalo di ne tsa oketsega ka lobelo lo logolo le go feta. Ka 1945, palo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Cuba e ne e le 1 894. Le mororo bontsi jwa bone bo ne bo tswa mo ditumelong tse di neng di ruta gore botlhe ba ba emang kereke nokeng ka boikanyegi ba tlile go ya legodimong, bontsi jwa ba e neng ya nna Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itumelela go lebelela go tla go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise e e tsosolositsweng. (Gen. 1:28; 2:15; Pes. 37:9, 29; Tshen. 21:3, 4) E ne e le 1,4 lekgolong fela ya bone e e neng e ipolela e le bomonnaa Keresete ba ba tloditsweng ka moya.

Ka tsela e nngwe gape, ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho e ne ya thusa tshimo ya Latin America. Fa 1944 e simologa, N. H. Knorr, F. W. Franz, W. E. Van Amburgh, le M. G. Henschel ba ne ba fetsa malatsi a le lesome kwa Cuba go nonotsha bakaulengwe semoyeng koo. Ka nako eo go ne ga tshwarwa kopano kwa Havana, mme go ne ga rulaganngwa kafa tiro ya go rera e ka dirwang botoka ka teng. Loeto lono lo ne gape lwa isa Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Henschel kwa Costa Rica, Guatemala, le Mexico go ya go thusa Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tseo.

Ka 1945 le 1946, N. H. Knorr le F. W. Franz ba ne ba tsaya maeto a a neng a dira gore ba kgone go neela dipuo le go dira le Basupi mo dinageng tse 24 mo karolong ya Mexico go ya kwa ntlheng e e kafa borwa ya Amerika Borwa le go fitlha kwa Caribbean. Ba ne ba tsaya dikgwedi di le tlhano mo karolong eo ya lefatshe, ba thusa le go kaela ka lorato. Mo mafelong a mangwe ba ne ba kopana le batho ba ba kgatlhegang ba sekae fela. E le gore go tle go nne le thulaganyo e e tlhomameng ya dipokano le ya tirelo ya tshimo, ba ne ba thusa go rulaganya diphuthego tsa ntlha kwa Lima, Peru, le kwa Caracas, kwa Venezuela. Ba ne ba ya gongwe le gongwe kwa go neng go setse go tshwarwa dipokano teng, mme mo makgetlong a mangwe, ba ne ba ba gakolola kafa di ka tokafadiwang ka teng gore di thuse mo tirong ya go rera.

Kwa go neng go kgonega teng, go ne go rulaganyediwa gore go nne le dipuo tsa phatlalatsa tsa Bibela mo maetong ano. Dipuo di ne di itsisiwe batho ba le bantsi fela thata ka dipolakate tse Basupi ba neng ba di ipofelela le ka dipampitshana tse di neng di newa batho mo mebileng. Ka ntlha ya seo, Basupi ba le 394 ba kwa Brazil ba ne ba itumelela ba ba 765 ba ba neng ba le teng kwa kopanong ya bone kwa São Paulo. Kwa Chile, koo go neng go na le baboledi ba Bogosi ba le 83 fela teng, ba le 340 ba ne ba tla go reetsa puo e e neng e itsisitswe batho ka tsela e e kgethegileng. Basupi ba kwa Costa Rica ba ba neng ba le 253 ba ne ba itumelela go nna le palokakaretso ya ba le 849 ba ba neng ba le teng kwa dikopanong tsa bone tse pedi. Tseno e ne e le dinako tse ba neng ba bontsha ba bangwe lorato lo lo boteng lwa bokaulengwe.

Lefa go ntse jalo, boikaelelo e ne e se go nna le dikopano tse ba ka se kang ba di lebala. Mo maetong ano baemedi ba ba tswang kwa ntlokgolo ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang le go ithuta Bibela nabo kwa magaeng a bone. Batho ba ne ba tlhoka go rutwa Lefoko la Modimo ka metlha gore ba tle ba nne barutwa ba boammaaruri. Go ne ga felela ka gore dithuto tsa legae tsa Bibela di oketsege ka bofefo mo karolong eno ya lefatshe.

Ka nako ya fa Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Franz ba ne ba dira maeto ano a tirelo, barongwa ba ba oketsegileng ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba ne ba goroga kwa dikabelong tsa bone. Fa 1944 e fela, bangwe ba bone ba ne ba direla kwa Costa Rica, Mexico, le Puerto Rico. Ka 1945, barongwa ba bangwe ba ne ba thusa go rulaganya tiro ya go rera kwa Barbados, Brazil, British Honduras (e jaanong e bidiwang Belize), Chile, Colombia, El Salvador, Guatemala, Haiti, Jamaica, Nicaragua, Panama, le Uruguay. Fa barongwa ba ntlha ba babedi ba ne ba goroga kwa Dominican Republic ka 1945, e ne e le bone Basupi fela mo nageng eo. Matswela a bodihedi jo bo neng bo dirilwe ke barongwa bao ba pele a ne a bonala ka bofefo. Trinidad Paniagua o ne a bolela jaana ka barongwa ba ntlha ba ba neng ba romelwa kwa Guatemala: “Seo e ne e le sone se re neng re se tlhoka tota—barutisi ba Lefoko la Modimo ba ba neng ba tla re thusa go tlhaloganya kafa re tshwanetseng go dira tiro ka teng.”

Ka jalo motheo wa gore ba oketsege o ne wa thaiwa mo karolong eno ya tshimo. Fa 1945 e ya go fela go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 3 394 kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean. Kwa Mexico, go ne go na le ba le 3 276, le ba bangwe gape ba le 404 kwa Amerika Bogare. Kwa Amerika Borwa, ba le 1 042. Go ne go raya gore karolo eno ya lefatshe, e ne ya nna le koketsego ya 386 lekgolong mo dingwageng tse supa tse di fetileng eleng ka nako e e neng e tletse dikgoberego thata mo ditsong tsa motho. Legale dilo di ne di santse di simologa. Ba ne ba santse ba tla oketsega ka selekanyo se segolo thata! Bibela e ne e boleletse pele gore “boidiidi yo bogolo yoa . . . morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” bo ne bo tla kokoanngwa go obamela Jehofa pele sepitla se segolo se tla.—Tshen. 7:9, 10, 14.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e tlhagoga ka 1939, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 72 475 ba ba neng ba rera mo dinageng tse 115 (fa di balwa go ya kafa merafe e neng e kgaoganngwa ka teng kwa tshimologong ya bo1990). Le mororo ba ne ba bogisiwa botlhoko mo lefatsheng lotlhe, ba ne ba oketsega go menagane gabedi morago ga ntwa. Ka jalo, pego ya 1945 e ne ya bontsha Basupi ba le 156 299 ba ba neng ba tlhagafetse mo dinageng di le 107 tse di neng di kgonne go romela dipego. Lefa go ntse jalo, ka nako eo molaetsa wa Bogosi o ne o setse o rerwa mo dinageng di le 163.

Bosupi jo bo neng jwa neelwa go tloga ka 1936 go fitlha ka 1945 bo ne bo gakgamatsa eleruri. Mo dingwageng tse di lesome tseo, tsa fa lefatshe le ne le tletse dikhuduego, Basupi bano ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa ba ne ba dirisa diura di le 212 069 285 go itsise lefatshe gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo e le yosi ya batho. Ba ne gape ba anamisa dibuka, dibukana, le dimakasine di le 343 054 579 go thusa batho go tlhaloganya kafa Dikwalo di tshegetsang tsholofelo eo ka teng. Go thusa ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri, ka 1945 ba ne ba tshwara palogare ya dithuto tsa legae tsa Bibela tsa mahala di le 104 814.

[Mafoko a a mo go tsebe 455]

Le mororo maemo a ntwa a ne a ba pateletsa gore ba tswe ba sie, ba ne ba nna ba rera

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 451-453]

Ba Ne Ba Se Ka Ba Emisa go Neela Bosupi Lefa Ba Ne Ba Latlhetswe mo Dikgolegelong

Fano go supilwe ba sekae mo diketeketeng tse di neng tsa bogisediwa tumelo kwa dikampeng tsa pogisetso ka Ntwa ya Lefatshe II

1. Adrian Thompson, New Zealand. O ne a tsenngwa mo kgolegelong ka 1941 kwa Australia; kopo ya gagwe ya gore a se ka a tsenngwa mo bosoleng e ne ya ganwa fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa kwa Australia. Fa a sena go gololwa, o ne a direla jaaka molebedi yo o etang mme a nonotsha diphuthego gore di tswelele ka bodihedi phatlalatsa. O ne a dira jaaka morongwa ebile e ne ya nna molebedi wa ntlha yo o etang kwa Japane morago ga ntwa; o ne a tswelela a rera a le tlhaga go fitlha a swa ka 1976.

2. Alois Moser, Austria. O ne a tsenngwa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso di le supa. O ne a santse a tsweletse jaaka Mosupi yo o tlhaga ka 1992 a na le dingwaga di le 92.

3. Franz Wohlfahrt, Austria. Franz ga a ka a boela kwa morago fa rraagwe le morwarraagwe yo mmotlana ba ne ba bolawa. O ne a tsenngwa kwa Rollwald Camp kwa Jeremane ka dingwaga di le tlhano. O ne a santse a ntse a tsweletse go neela bosupi ka 1992 a na le dingwaga di le 70.

4. Thomas Jones, Canada. O ne a tshwarwa ka 1944. O ne a tlhophiwa jaaka leloko la Komiti ya Lekala e e neng e okametse tiro kwa Canada yotlhe ka 1977 a setse a na le dingwaga di le 34 a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

5. Maria Hombach, Jeremane. O ne a tshwarwa kgapetsakgapetsa; a golegwa a beilwe a le nosi ka dingwaga di le tharo le sephatlo. O ne a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go tsamaisa dibuka tsa Bibela ka sephiri a di isa kwa Basuping ba bangwe. E ne e santse e le leloko la lelapa la Bethele ka 1992 a na le dingwaga di le 90.

6. Max le Konrad Franke, Jeremane. Ke rre le morwawe, ba ne ba tshwarwa kgapetsakgapetsa, ka dingwaga tse dintsi. (Mosadi wa ga Konrad ebong Gertrud le ene o ne a tshwarwa.) Ba ne ba nna e ntse e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ba tlhaga ba ga Jehofa, ebile Konrad o ne a etelela pele mo go tsosoloseng tiro ya go rera ya Basupi morago ga ntwa kwa Jeremane.

7. A. Pryce Hughes, Engelane. O ne a atlholelwa go nna mo kgolegelong gabedi kwa Wormwood Scrubs, kwa Lontone; gape o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe ka Ntwa ya Lefatshe I. O ne a tswelela a rera ka Bogosi kwa Borithane go fitlha a swa ka 1978.

8. Adolphe le Emma Arnold le morwadiabone Simone, Fora. Fa Adolphe a sena go tsenngwa mo kgolegelong, Emma le Simone ba ne ba tswelela ba neela bosupi, gape ba ne ba isetsa Basupi ba bangwe dibuka. Fa Emma a ne a le mo kgolegelong, o ne a bewa a le nosi ka go bo a ne a sa kgaotse go neela bagolegwa ba bangwe bosupi. Simone o ne a romelwa kwa sekolong sa bana ba diganana. Botlhe ba ne ba tswelela e le Basupi ba ba tlhaga.

9. Ernst le Hildegard Seliger, Jeremane. Ka bobedi jwa bone, ba ne ba nna dingwaga di le 40 mo kgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya tumelo ya bone. Le ka nako ya fa ba ne ba le mo kgolegelong ba ne ba nnela go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bibela. Fa ba sena go gololwa ba ne ba dirisa nako yotlhe ya bone mo go rereng mafoko a a molemo. Mokaulengwe Seliger o ne a swa e ntse e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo ka 1985; Kgaitsadi Seliger o ne a swa ka 1992.

10. Carl Johnson, United States. O ne a tshwarwa le makgolokgolo a Basupi ba bangwe kwa Ashland, kwa Kentucky a na le dingwaga di le pedi fela a kolobeditswe. O ne a dira jaaka mmulatsela le jaaka molebedi yo o etang; o ne a santse a etelela pele mo bodiheding jwa tshimo jaaka mogolwane ka 1992.

11. August Peters, Jeremane. O ne a kgaoganngwa le mosadi wa gagwe le bana ba gagwe, fa a ne a le mo kgolegelong ka 1936-37, gape le ka 1937-45. Go na le gore a fokotse go rera mo tirelong ya nako e e tletseng fa a sena go gololwa, o ne a go oketsa. O ne a santse a dira jaaka leloko la lelapa la Bethele ka 1992, a na le dingwaga di le 99, mme o ne a bona Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ba oketsega go nna 163 095.

12. Gertrud Ott, Jeremane. O ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Lodz, kwa Poland, morago kwa kampeng ya pogisetso ya Auschwitz; kwa Gross-Rosen le kwa Bergen-Belsen kwa Jeremane. O ne a dira a le tlhaga jaaka morongwa kwa Indonesia, Iran, le Luxembourg.

13. Katsuo Miura, Japane. Morago ga dingwaga di le supa a sena go tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong kwa Hiroshima, karolo e kgolo ya kgolegelo e a neng a le mo go yone e ne ya senngwa ke bomo ya atomo e e neng ya senya motse oo. Lefa go ntse jalo, dingaka di ne tsa fitlhela go sena sepe se se neng se supa fa a gobaditswe ke marang ao. O ne a bula tsela ka dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa gagwe.

14. Martin le Gertrud Poetzinger, Jeremane. Fela fa ba sena go nyalana ba ne ba tshwarwa mme ba kgaoganngwa ka dingwaga di le robong. Martin o ne a romelwa kwa Dachau le kwa Mauthausen; Gertrud, kwa Ravensbrück. Tumelo ya bone e ne ya nna e nonofile le mororo ba ne ba tshwarwa makgwakgwa. Fa ba sena go gololwa ba ne ba direla Jehofa ka maatla otlhe a bone. O ne a dira jaaka molebedi yo o etang ka dingwaga tse 29 go ralala Jeremane yotlhe; morago, o ne a dira jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang go fitlha a swa ka 1988. Gertrud o ne a santse a rera a le tlhaga ka 1992.

15. Jizo le Matsue Ishii, ba kwa Japane. Ba ne ba tshwarwa ba na le dingwaga di le lesome ba ntse ba anamisa dibuka tsa Bibela mo Japane yotlhe. Lefa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Japane e ne ya ema ka nako ya ntwa, Mokaulengwe le Kgaitsadi Ishii ba ne ba neela bosupi ka botlhaga morago ga ntwa. Ka 1992, Matsue Ishii o ne a bona palo ya Basupi ba ba tlhaga kwa Japane e oketsega go fitlha go ba ba fetang 171 000.

16. Victor Bruch, Luxembourg. O ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Buchenwald, Lublin, Auschwitz, le Ravensbrück. O ne a santse a dira a le tlhaga jaaka mogolwane wa Basupi ba ga Jehofa a na le dingwaga di le 90.

17. Karl Schurstein, Jeremane. E ne e le molebedi yo o etang mo nakong ya fa Hitler a ne a ise a buse. O ne a tlhatlhelwa mo kgolegelong ka dingwaga tse robedi mme morago o ne a bolawa ke Ma-SS kwa Dachau ka 1944. O ne a aga ba bangwe semoyeng gone mo kampeng.

18. Kim Bong-nyu, Korea. O ne a tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga tse thataro. O na le dingwaga di le 72 mme o santse a bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo.

19. Pamfil Albu, Romania. Fa a sena go bogisiwa botlhoko o ne a romelwa kwa kampeng ya magolegwa a a dirang tiro e e bokete kwa Yugoslavia ka dingwaga tse pedi le sephatlo. O ne a tshwarwa gape ka makgetlo a mabedi morago ga ntwa ka lobaka lwa dingwaga di le 12. Ga a ka a kgaotsa go bua ka boikaelelo jwa Modimo. O ne a thusa diketekete kwa Romania go dira le phuthego e e mo lefatsheng lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa pele a swa.

20. Wilhelm Scheider, wa kwa Poland. Kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi ka 1939-45. O ne a nna mo dikgolegelong tsa Bokomonisi ka 1950-56, gape le ka 1960-64. O ne a dirisa maatla otlhe a gagwe mo go rereng kaga Bogosi jwa Modimo go fitlha a swa ka 1971.

21. Harald le Elsa Abt, Poland. Fa ntwa e ntse e lowa le morago ga yone Harald o ne a fetsa dingwaga di le 14 mo kgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya tumelo ya gagwe mme o ne a tswelela a rera fa a le koo. Elsa o ne a kgaoganngwa le morwadie wa lesea mme o ne a tsenngwa mo dikampeng di le thataro kwa Poland, Jeremane le Austria. Lefa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Poland ba ne ba thibelwa ka dingwaga di le 40 morago ga ntwa, botlhe ba ne ba tswelela e le batlhanka ba ba tlhaga ba ga Jehofa.

22. Ádám Szinger, Hungary. O ne a atlholelwa dingwaga di le 23 mo ditshekong tse thataro mme o ne a nna mo kgolegelong le mo dikampeng tsa magolegwa a a dirang tiro e e bokete ka dingwaga di le 8 1/2. Fa a sena go gololwa o ne a nna molebedi yo o etang ka dingwaga di le 30. O na le dingwaga di le 69 mme e santse e le mogolwane yo o ikanyegang thata.

23. Joseph Dos Santos, Philippines. O ne a rera molaetsa wa Bogosi ka nako e e tletseng ka dingwaga di le 12 pele a tsenngwa mo kgolegelong ka 1942. O ne a tsosolosa tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines morago ga ntwa mme o ne a tswelela e ntse e le mmulatsela go fitlha a swa ka 1983.

24. Rudolph Sunal, wa kwa United States. O ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Mill Point, kwa West Virginia. Fa a sena go gololwa o ne a dirisa nako yotlhe ya gagwe mo go anamiseng kitso ya Bogosi jwa Modimo—jaaka mmulatsela, leloko la lelapa la Bethele, le jaaka molebedi yo o etang. O ne a santse a ntse a tsweletse ka go bula tsela ka 1992 a na le dingwaga di le 78.

25. Martin Magyarosi, Romania. Fa a tswa kwa kgolegelong, 1942-44, o ne a tswelela pele a kaela go rerwa ga mafoko a a molemo kwa Transylvania. Fa a sena go gololwa o ne a tsaya maeto a maleele a kgothatsa Basupi ba bangwe gore ba rere mme ene ka boene e ne e le Mosupi yo o pelokgale. O ne a tshwarwa gape ka 1950, mme a swela kwa kampeng ya magolegwa a a dirang tiro e e bokete ka 1953, e ntse e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa.

26. R. Arthur Winkler, Jeremane le Netherlands. La ntlha o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso ya Esterwegen; o ne a nna a rera mo kampeng. Moragonyana, fa a le kwa Netherlands, Ma-Gestapo a ne a mo itaya mo o neng o ka se ka wa mo itse. Kwa bofelong o ne a romelwa kwa Sachsenhausen. O ne a tswelela e le Mosupi yo o ikanyegang go fitlha a swa ka 1972.

27. Park Ock-hi, Korea. O ne a nna dingwaga di le tharo kwa Kgolegelong ya Sodaemun, kwa Seoul; o ne a utlwisiwa botlhoko ka tsela e e setlhogo tota. O ne a na le dingwaga di le 91 ka 1992 mme a santse a neela bosupi a le tlhaga jaaka mmulatsela yo o kgethegileng.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 446]

Jaaka molebedi wa lekala la Australia, Alexander MacGillivray, o ne a thusa go rulaganya maeto a go ya go rera kwa dinageng tse dintsi le ditlhaketlhake

[Mmapa]

(For fully formatted text, see publication)

AUSTRALIA

NEW ZEALAND

TAHITI

TONGA

FIJI

NEW GUINEA

JAVA

BORNEO

SUMATRA

BURMA

HONG KONG

MALAYA

SINGAPORE

SIAM

INDOCHINA

CHINA

PACIFIC OCEAN

Ano ke Maina a Mafelo A A Neng A Dirisiwa ka bo1930

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 460]

Go ya kwa bofelong jwa 1945, barongwa ba ba tswang kwa Sekolong sa Gileade ba ne ba setse ba dira mo dinageng di le 18 mo karolong eno ya lefatshe

Charles le Lorene Eisenhower

Cuba

John le Adda Parker

Guatemala

Emil Van Daalen

Puerto Rico

Olaf Olson

Colombia

Don Burt

Costa Rica

Gladys Wilson

El Salvador

Hazel Burford

Panama

Louise Stubbs

Chile

[Mmapa]

(For fully formatted text, see publication)

BARBADOS

BELIZE

BOLIVIA

BRAZIL

CHILE

COLOMBIA

COSTA RICA

CUBA

DOMINICAN REPUBLIC

EL SALVADOR

GUATEMALA

HAITI

JAMAICA

MEXICO

NICARAGUA

PANAMA

PUERTO RICO

URUGUAY

[Setshwantsho mo go tsebe 444]

Bangwe ba barekisi ba dibuka ba ne ba tsamaisa dibokose tse dintsi tsa dibuka; beng ba matlo ba ne ba bona dithero tse dintsi tsa Bibela mo bukeng nngwe le nngwe

[Setshwantsho mo go tsebe 445]

Armando Menazzi (yo o fa gare kwa pele) le setlhopha se se itumetseng se se neng se tsamaya le ene mo maetong a go ya go rera ba tsamaya ka “ntlo ya babulatsela e e nang le maotwana”

[Setshwantsho mo go tsebe 445]

Arthur Willis, Ted Sewell, le Bill Newlands—boraro jo bo neng jwa isa molaetsa wa Bogosi kwa dikgaolong tsa Australia tse di kwa kgakala tsa magae

[Setshwantsho mo go tsebe 447]

Frank Dewar, (o supilwe fano a na le mosadi wa gagwe le barwadie ba babedi) o ne a ya kwa Thailand a le esi e le mmulatsela ka 1936 mme e ne e santse e le mmulatsela yo o kgethegileng ka 1992

[Setshwantsho mo go tsebe 447]

Chomchai Inthaphan, yo o neng a dirisa nonofo ya gagwe ya go ranola go fitlhisa mafoko a a molemo a Bibela kwa bathong ba Thailand

[Setshwantsho mo go tsebe 448]

Kwa Jeremane, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba anamisa lekwalo leno la botlhe thata ka 1937 le mororo kobamelo ya bone e ne e thibetswe ke puso

[Setshwantsho mo go tsebe 449]

Lelapa la ga Franz le Hilda Kusserow—botlhe ke Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, le mororo lelapa lotlhe (fa e se morwa yo o neng a swa mo kotsing fela) ba ne ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso, mo dikgolegelong, kgotsa mo dikolong tsa bana ba diganana ka ntlha ya tumelo ya bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 450]

Bangwe ba bao ba neng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go gatisa le go anamisa tshedimosetso e e botlhokwa ya go ithuta Bibela kwa Austria le kwa Jeremane jaaka e e tshwantshitsweng kwa morago

Therese Schreiber

Peter Gölles

Elfriede Löhr

Albert Wandres

August Kraft

Ilse Unterdörfer

[Setshwantsho mo go tsebe 454]

Basupi ba le mo kopanong kwa Shanghai, kwa China, ka 1936; ba le robonngwe mo setlhopheng seno ba ne ba kolobediwa ka nako eo

[Setshwantsho mo go tsebe 456]

Le mororo kobamelo ya bone e ne e thibetswe, Basupi bano ba ne ba tshwara kopano kwa Hargrave Park, gaufi le Sydney, kwa Australia, ka 1941

[Setshwantsho mo go tsebe 458]

Basupi ba kwa Cuba ba le mo kopanong kwa Cienfuegos ka 1939

[Setshwantsho mo go tsebe 459]

N. H. Knorr (kafa molemeng) a le mo kopanong kwa São Paulo ka 1945, a ranolelwa ke Erich Kattner

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela