Kgaolo 19
Fa Lefatshe Le Tla Bo Le Tletse Kitso Ya Modimo
1, 2. Popo ya ga Jehofa e ile ya senyega jang?
A RE re motaki mongwe yo mogolo o sa tswa go fetsa setshwantsho sengwe se sentle thata. Tota o se leba se le sentle thata—se dirilwe ka botswerere! Mme mmaba mongwe yo o lefufa o se senya ka bosigo bo le bongwe fela. Go a utlwala go bo seno se utlwisa motaki yono botlhoko thata. A bo a eletsa thata jang ne go bona sesinyi seno se tsentswe mo kgolegelong! E bile o ka akanya fela kafa motaki yono a eletsang ka teng go bona setshwantsho sa gagwe se boetse se le sentle gape.
2 Fela jaaka motaki yole, Jehofa o ne a dirile lefatshe le le lentle tota a bo a baya motho mo go lone. Fa a sena go bopa monna le mosadi, o tlhalosa gore tiro yotlhe e a e dirileng mo lefatsheng e “molemo thata.” (Genesise 1:31) Adame le Efa e ne e le bana ba Modimo tota e bile o ne a ba rata. O ne a bonela pele isagwe ya bone e e itumedisang, e ntle thata. Ke boammaaruri gore Satane o ne a ba dira gore ba tsuologe mme popo e ntle ya Modimo e ne e sa senngwa mo e ka se kang ya tlhola e baakanngwa.—Genesise 3:23, 24; 6:11, 12.
3. “Botshelo ruri” ke eng?
3 Modimo o batla go baakanya dilo. O batla go re bona re ntse ka tsela e a neng a ikaeletse gore re nne ka yone kwa tshimologong. Botshelo jwa rona jo bokhutshwane le jo bo tletseng mathata ga se jone “botshelo ruri,” gonne ruri ga bo tshwane ka gope le jo Jehofa a neng a ikaeletse gore re bo tshele. “Jo e leng botshelo ruri” jo Modimo a batlang re bo tshela ke “botshelo jo bo sa khutleng” mo maemong a a itekanetseng.—1 Timotheo 6:12, 19.
4, 5. (a) Tsholofetso ya Paradaise e tlile go diragadiwa jang? (b) Ke eng fa re tshwanetse go akanya ka tsholofelo ya rona ya isagwe?
4 Kitso ya Modimo e re rwesa boikarabelo mo go Jehofa. (Jakobe 4:17) Lefa go ntse jalo, akanya ka masego a o tla a bonang fa o dirisa kitso eo o bo o gagamalela go bona botshelo jo bo sa khutleng. Jehofa Modimo mo Lefokong la gagwe, Baebele o takile setshwantsho se sentle thata sa kafa botshelo bo tla nnang ka teng mo lefatsheng la Paradaise le le setseng le le gaufi fela thata. Gone mme, jaaka batho ba ga Jehofa ga re direle Modimo fela ka go bo re batla tuelo. Re direla Modimo ka gonne re mo rata. (Mareko 12:29, 30) Mo godimo ga moo, botshelo ga re bo bone ka gore re direla Jehofa. Botshelo jo bo sa khutleng ke mpho e e tswang mo Modimong. (Baroma 6:23) Go tla nna molemo mo go rona fa re ka tlhatlhanya ka botshelo joo ka go bo tsholofelo ya Paradaise e re gakolola gore Jehofa ke Modimo wa mofuta ofe—“moduedi wa ba ba o batlang” yo o lorato. (Bahebere 11:6) Tsholofelo e e phatsimang mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona e tla re thusa go itshokela mathata mo lefatsheng leno la ga Satane.—Jeremia 23:20.
5 A jaanong re tlhomeng mogopolo wa rona mo tsholofelong e e bolelwang ke Baebele ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tla tlang mo isagweng la Paradaise. Botshelo bo tlile go nna jang fa lefatshe le tla bo le tletse kitso ya Modimo?
MORAGO GA HARAMAGETONE —LEFATSHE LA PARADAISE
6. Haramagetone ke eng, mme e tlile go kaya eng mo bathong?
6 Jaaka go setse go bontshitswe, Jehofa Modimo o tla tloga a senya tsamaiso e e boikepo eno ya jaanong ya dilo. Lefatshe le atamela ka bonako se Baebele e se bitsang Haramagetone, kana Aramagetone. Lefoko leo le ka nna la dira gore bangwe ba akanye ka polao ya kgailo ya nuklea e e ka leriwang ke ditšhaba tse di lwang, mme gone Haramagetone ga se selo se se ntseng jalo. Jaaka Tshenolo 16:14-16 e supa, Haramagetone, ke ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ Ke ntwa e e akaretsang ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ kana tsa ditšhaba. Morwa wa ga Jehofa Modimo, Kgosi e e tlhomilweng, o tla tloga a pagama pitse ya gagwe a tsena mo ntweng. Se se tla diragalang se tlhomame. Botlhe ba ba ganetsang Bogosi jwa Modimo le ba e leng karolo ya tsamaiso e e boikepo ya ga Satane ba tla nyelediwa. Go tla falola fela ba ba ikanyegang mo go Jehofa.—Tshenolo 7:9, 14; 19:11-21.
7. Satane le badimona ba gagwe ba tla bo ba le kae ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, mme seno se tla solegela batho molemo jang?
7 Ikakanye fela o falotse masetlapelo ao. Botshelo bo tlile go nna jang mo lefatsheng le lesha le Modimo o le solofeditseng? (2 Petere 3:13) Ga go tlhokege gore re fopholetse, ka go bo Baebele e a re bolelela e bile se e se bolelang se kgatlha tota. Re bolelelwa gore Satane le badimona ba gagwe ba tla tlogedisiwa tiro ya bone, ba bo ba golegwa mo moleteng ba sa dire sepe mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete. Dibopiwa tse di boikepo tseo, tse di peloetlhoi ga di kitla di lalela batho di iphitlhile, di ba direla mathata le go leka go ba dira gore ba se ka ba ikanyega mo Modimong. A kgololesego ruri!—Tshenolo 20:1-3.
8, 9. Go tlile go diragala eng ka matlhoko, bolwetse le botsofe mo lefatsheng le lesha?
8 Fa nako e ntse e tsamaya, malwetse otlhe a tla nyelela. (Isaia 33:24) Digole di tla ema, di tsamaya, di taboga le go bina di na le maoto a a nonofileng. Morago ga go tshela dingwaga tse dintsi mo tidimalong, bosusu ba tla utlwa medumo e e itumedisang mo tikologong. Difofu di tla tshoga tota fa di bona lefatshe le le mebalabala le dibopego tse di sa tshwaneng ka matlho a bone. (Isaia 35:5, 6) Kgabagare ba tla bona difatlhego tsa bao ba ba ratang! Gongwe e bile ba tla thibiwa matlho ke dikeledi tsa boitumelo ka lobakanyana.
9 Akanya fela! Go sa tlhole go na le digalase tsa matlho, dikotana tse di thusang go tsamaya le dithobane, go sena melemo, go sena ditleliniki tsa meno kana dikokelo! Batho ga ba kitla ba tlhola ba amogiwa boitumelo ke go lwala mo maikutlong le go tshwenyega thata mo tlhaloganyong. Ga go na bana bape ba ba tla lwalang. Botlhoko jwa go tsofala bo tla bo bo seyo. (Jobe 33:25) Re tlile go itekanela botoka, re nonofa thata. Re tla tsoga letsatsi le letsatsi re lapologetswe e bile re na le nonofo, re na le maatla e bile re tlhagafaletse go bona letsatsi le lengwe gape re tshela re itekanetse re dira tiro e e kgotsofatsang.
10. Batho ba ba falotseng Haramagetone ba tlile go dira tiro efe?
10 Ba ba tla falolang Haramagetone ba tla nna le tiro e ntsi e e monate. Ba tla fetola lefatshe leno paradaise. Masalela ape fela a kgotlelo ya tsamaiso e kgologolo eno a tla bo a tlositswe. Go tla nna le diparaka le ditshingwana mo boemong jwa ditakana le naga e e sentsweng. Batho botlhe ba tla nna le magae a a siameng a a itumedisang. (Isaia 65:21) Fa nako e ntse e tsamaya, dikarolo tseo tsa lefatshe tse e leng paradaise di tla anama le go kopana go fitlha kgolokwe yotlhe e nna ntle ka selekanyo se Mmopi a neng a se tlhomile bogologolo kwa tshimong ya Edene. A bo go tla bo go kgotsofatsa jang ne go nna le seabe mo tirong eo ya go busetsa dilo mo maemong!
11. Batho ba tlile go tshwara tikologo ya bone jang mo isagweng mme e bile ba tlile go tshela jang le diphologolo?
11 Dilo tseno tsotlhe di tla bo di dirwa kafa tlase ga kaelo ya bomodimo gore tikologo e se ka ya senngwa. Batho ba tla nna ka kagiso le diphologolo. Go na le gore ba tsamaye ba di ganyaola, batho ba tla sikara boikarabelo jwa bone gape jwa go nna batlhokomedi ba lefatshe, ba di babalela sentle. Akanya fela o bona diphiri le dikonyana, ditau le dinamane, di fula mmogo—diphologolo tsa mo gae di babalesegile. Le ngwana yo monnye ga a kitla a boifa dibatana, le yone thetebalo ya lefatshe le lesha ga e kitla e senngwa ke batho ba ba setlhogo ba ba dipelo di maswe. (Isaia 11:6-8) Abo seo e tlile go nna lefatshe le lesha le le tletseng kagiso jang ne!
BATHO BA TLA BO BA FETOGILE
12. Isaia 11:9 e diragadiwa jang gompieno, mme e tlile go diragadiwa jang mo Paradaiseng?
12 Isaia 11:9 e re bolelela lebaka la go bo go se kitla go senngwa sepe mo lefatsheng. E bolela jaana: “Lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” Seno se raya batho gonne diphologolo di ka se ka tsa kgona go nna le “kitso ya go itse Jehofa” mme tsa fetoga, ka gonne di dira dilo ka tlholego fela. Mme gone kitso ya Mmopi yone e fetola batho. Ga go belaetse gore o setse o dirile diphetogo dingwe gonne o dirisa kitso ya Modimo mo botshelong jwa gago. Dimilione tse dintsi di setse di dirile seno. Ka gone, boperofeti jono bo setse bo simolotse go diragala mo bathong ba ba direlang Jehofa. Lefa go ntse jalo, bo bua ka nako ya fa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba latlhile mekgwa yotlhe ya bophologolo kana ya thubakanyo mme ba na le kagiso ka bosakhutleng.
13. Ke thulaganyo efe ya go ruta batho e e tlileng go nna teng mo lefatsheng?
13 A bo go tlile go kgatlha jang ne fa kitso ya Modimo e tla bo e tletse mo lefatsheng! Go tlile go nna le thulaganyo e kgolo ya go ruta batho e kaelwa ke Kgosi Jesu Keresete le babusikaene ba ba 144 000. Go tla dirisiwa “dikwalo” tse disha. Go bonala tseno e le dikaelo tse di kwadilweng tsa Modimo tse di tla dirisiwang go ruta baagi ba lefatshe. (Tshenolo 20:12) Batho ba tla ithuta go tshela ka kagiso eseng ntwa. Ditlhabano tsotlhe tse di senyang di tla bo di nyeletse ka bosakhutleng. (Pesalema 46:9) Baagi ba lefatshe le lesha ba tla rutiwa go tshela le batho ba bangwe ka lorato, ba ba tlotla le go ba tseela kwa godimo.
14. Lefatshe le tlile go nna ka tsela efe e e farologaneng fa batho e tla bo e le lelapa le le lengwe le le utlwanang?
14 Losika lwa motho e tla nna lelapa le le utlwanang. Ga go na sepe se se tla kgoreletsang kutlwano le bokaulengwe. (Pesalema 133:1-3) Ga go na ope yo o tla lotlelang ntlo ya gagwe gore magodu a se ka a tsena. Pelo ya mongwe le mongwe, ntlo nngwe le nngwe mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe e tla bo e na le kagiso.—Mika 4:4.
TSOGO YA BASWI E E ITUMEDISANG
15. Go tlile go tsosiwa ditlhopha dife tse pedi mo lefatsheng?
15 Batho ba tla tsosiwa mo baswing mo Mileniamong oo. Ba ba neng ba leofetse moya o o boitshepo kana maatla a a dirang a Modimo ka boomo, ka go dira kgatlhanong le one kana le ketelelopele ya one ba sa ikwatlhae ga ba kitla ba tsosiwa mo baswing. (Mathaio 23:15, 33; Bahebere 6:4-6) Gone mme, Modimo ke ene a tlileng go swetsa gore ke bomang ba ba leofileng ka tsela eo. Mme go na le ditlhopha tse pedi tse di sa tshwaneng tse di tlileng go tsosiwa mo baswing—‘basiami le basiamolodi.’ (Ditiro 24:15) E re ka go tla bo go na le thulaganyo e e siameng, go a utlwala go swetsa ka gore basiami, e leng batho ba ba ileng ba direla Jehofa ka boikanyegi, e tlile go nna bone ba ntlha go amogelwa gape mo lefatsheng.—Bahebere 11:35-39.
16. (a) Ke bomang ba ba tla bong ba le gareng ga “basiami” ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng? (b) Ke batho bafe ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo ba o eletsang thata go kopana le bone, mme ka ntlha yang?
16 Go na le go utlwa dikgang tsa dintwa, dikotsi tsa masetlapelo le dintsho, batlhanka ba ga Jehofa ba tla utlwa dipego tse di itumedisang tsa batho ba ba tsositsweng mo baswing. Go tla bo go itumedisa tota go utlwa ka go tsosiwa ga banna le basadi ba ba ikanyegang jaaka Abele, Enoke, Noa, Aberahame, Sara, Jobe, Moshe, Rahabe, Ruthe, Dafite, Elija, Esethere. Abo ba tlile go re bolelela dintlha tsa hisitori tse di kgatlhang thata jang ne fa ba ntse ba bolela dintlha dingwe tsa dipego tse dintsi tsa Baebele! Ga go belaetse gore bone le ba bangwe gape ba ba suleng mo metlheng eno ya morago ba tla bo ba batla go itse kaga bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane le kafa Jehofa a ileng a itshekisa leina la gagwe le le boitshepo ka teng le kafa a ileng a tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka teng.
17. Batho ba ba ikanyegang ba tlile go thusa jang ba ba tsositsweng mo baswing?
17 A bo batho ba ba ikanyegang bao ba tlile go thusa thata jang ne mo karolong e e latelang ya go tsosiwa ga baswi, fa dimilione tse di diketekete tsa “basiamolodi” di gololwa mo dikgoleng tsa loso! Batho ba bantsi ga ba a ka ba nna le sebaka sa go itse Jehofa. Satane o ne a ‘foufaditse megopolo ya bone.’ (2 Bakorinthe 4:4) Mme sepe se Diabolo a se dirileng se tla dirololwa. Basiamolodi ba tla tsogela mo lefatsheng le lentle la kagiso. Ba tla amogelwa ke batho ba ba rulagantsweng sentle gore ba ba rute kaga Jehofa le Jesu Keresete, Morwawe yo o busang. Jaaka fa dimilione di le diketekete tsa ba ba tsositsweng di simolola go itse Mmopi wa bone le go mo rata, kitso ya ga Jehofa e tla tlala lefatshe go gaisa nako epe pele.
18. O akanya gore o tlile go ikutlwa jang fa o amogela batho ba o ba ratang ba ba tsositsweng mo losong?
18 A bo tsogo ya baswi e tlile go lere boitumelo jang ne mo dipelong tsa rona! Ke mang tota yo a iseng a utlwe botlhoko ka ntlha ya mmaba wa rona loso? Eleruri, ke mang tota yo a ileng a se ka a remega ditokololo fa lorato kana botsalano bo ne bo fela fa yo o mo ratang a ne a bolawa ke bolwetse, botsofe, kotsi kana thubakanyo? Akanya fela he, ka boitumelo jwa fa lo tla bo lo kopana gape mo Paradaiseng. Bommè le borre, barwa le barwadi, ditsala le ba losika, ba tla siana ba atlana ba tshega e bile ba lela ke boitumelo.
KGABAGARE BOITEKANELO!
19. Ke kgakgamatso efe e e tlileng go diragala mo Mileniamong?
19 Go tla bo go diragala kgakgamatso nngwe e e itumedisang go ralala Mileniamo. Gongwe seo e tla bo e le karolo e e kgatlhang batho go gaisa tsotlhe mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Jehofa o tla laela Morwawe gore a dire gore monna le mosadi mongwe le mongwe yo o ikanyegang le yo o nang le kutlo a solegelwe molemo ke setlhabelo sa thekololo. Boleo jotlhe bo tla tlosiwa ka sone le batho ba tla itekanela.—1 Johane 2:2; Tshenolo 21:1-4.
20. (a) Re tlile go nna jang fa re itekanetse? (b) Bafalodi ba Haramagetone le ba ba tsositsweng ba tla simolola go tshela leng ka botlalo?
20 Boitekanelo! Bo tla dira dilo gore di nne jang? Bo tla dira gore re tshele ka tsela e Adame le Efa ba neng ba tshela ka yone pele ba leofela Jehofa Modimo. Batho ba ba itekanetseng ba tla dira dilo tsotlhe kafa Modimo o laotseng ka teng ka botlalo ka mebele, ditlhaloganyo, maikutlo, boitsholo, semoya—ka ditsela tsotlhe tse o ka di akanyang. Mme gone a batho botlhe ba tla tshwana? Ga go a nna jalo tota! Dilo tse Jehofa a di bopileng—ditlhare, dithunya, diphologolo—tsotlhe di re ruta gore o rata dilo tse di mefutafuta. Batho ba ba itekanetseng ba tla nna le botho le dikgono tse di sa tshwaneng. Mongwe le mongwe o tla itumelela botshelo kafa Modimo o neng o batla bo nna ka teng. Tshenolo 20:5 ya re: “Baswi ba ba setseng ba se ka ba tshela, ga ba ga tla ga tsamaya dinyaga tse di sekete tsa feta pele.” Fela jaaka boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tla falolang Haramagetone, batho ba ba tsositsweng ba tla tshela tota ka botlalo fa ba setse ba itekanetse ba sa tlhole ba leofa.
21. (a) Go tlile go diragala eng kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete? (b) Go tlile go diragala eng kwa bokhutlong ka Satane le botlhe ba ba mo latelang?
21 Batho ba ba itekanetseng ba tla lekwa gape la bofelofelo. Kwa bokhutlong jwa Mileniamo, Satane le badimona ba gagwe ba tla gololwa mo moleteng ka lobakanyana mme ba tla letliwa gore ba leke go kgaoganya batho le Jehofa labofelofelo. Bangwe ba tla baya dikeletso tse di bosula kwa pele go na le go rata Modimo, mme botsuolodi jono ga bo ne bo nna lobaka. Jehofa o tla bolaya batho bano ba ba pelotshetlha le Satane le badimona botlhe ba gagwe. Badirabosula botlhe ba tla bo ba nyeletse ka bosakhutleng.—Tshenolo 20:7-10.
O TLILE GO DIRA ENG?
22. Ke eng se o lebileng pele go se dira mo Paradaiseng?
22 Batho ba ba ratang Jehofa Modimo ba tla nnela ruri e bile ba tshela mo lefatsheng la Paradaise ka bosakhutleng. Ga re kgone go lekanya tota gore ba tla itumela jang mme le wena o ka nna le seabe mo go seno. Mmino, botaki, tiro ya diatla—ee ruri, dilo tse di tla dirwang ke batho ba ba itekanetseng di tla feta ditiro dipe fela tse dintlentle tse di dirilweng ke ditswerere tse dikgolo tsa lefatshe le legologolo leno! Gone mme, batho ba tla bo ba itekanetse ba na le nako e ntsi e e sa feleng fa pele ga bone. Akanya fela dilo tse o tla kgonang go di dira jaaka motho yo o itekanetseng. Akanya gape ka se wena le batho ba bangwe lo tla se ithutang ka popo ya ga Jehofa—go tloga ka dimilione tse di diketekete tsa masagaripa a dinaledi a a tletseng mo lobopong go ya go dikarolwana tse dinnyennye mo atomong. Sengwe le sengwe se motho a tla kgonang go se dira se tla bo se itumedisa pelo ya ga Jehofa, Rraarona yo o lorato wa selegodimo.—Pesalema 150:1-6.
23. Ke ka ntlha yang fa botshelo bo se kitla bo lapisa pelo mo Paradaiseng?
23 Botshelo ga bo kitla bo lapisa pelo. Bo tla nna bo ntse bo itumedisa le go feta fa nako e ntse e tsamaya. O a bona he, kitso ya Modimo ga e fele. (Baroma 11:33) Go ralala bosakhutleng go tla nna go na le dilo tse di ka ithutiwang le dilo tse disha tse di ka lekelediwang. (Moreri 3:11) Mme fa o ntse o tswelela o ithuta ka Jehofa Modimo o tla tswelela o tshela—eseng dingwaga di le mmalwanyana fela mme ka bosakhutleng!—Pesalema 22:26.
24, 25. Ke eng fa o tshwanetse go tshela tumalanong le kitso ya Modimo gone jaanong?
24 A ga o a tshwanela go dira maiteko a a nonofileng kana go intsha setlhabelo ka ntlha ya isagwe eno e e kgatlhang ya lefatshe la paradaise? Go ntse fela jalo! Mme e bile, Jehofa o go neile selotlele sa go bona isagwe eo e ntle thata. Selotlele seo ke kitso ya Modimo. A o tla se dirisa?
25 Fa e le gore o rata Jehofa, o tla itumelela go dira thato ya gagwe. (1 Johane 5:3) Fa o ntse o tsweletse ka tsela eo, o tla bona masego eleruri! Fa o dirisa kitso ya Modimo, e ka dira gore o tshele ka boitumelo le mo go lone lefatshe le le tletseng mathata leno. Tuelo ya mo isagweng le yone e kgolo thata, ka go bo eno ke kitso e e isang botshelong jo bo sa khutleng! Eno ke nako e e siameng thata ya gore o tseye kgato. Ititeye sehuba gore o tla tshela go dumalana le kitso ya Modimo. Supa gore o rata Jehofa. Tlotla leina la gagwe le le boitshepo mme o supe gore Satane ke moaki. Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo, Motswedi wa botlhale le kitso ya boammaaruri, o tla go itumelela mo pelong ya gagwe e e siameng thata le e e lorato. (Jeremia 31:3; Sefania 3:17) E bile o tla go rata ka bosakhutleng!
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
“Botshelo ruri” ke eng?
Go tlile go diragalang mo lefatsheng morago ga Haramagetone?
Go tlile go tsosiwa bomang mo lefatsheng?
Batho ba tlile go itekanediwa jang mme kwa bofelong ba tla lekiwa jang?
Ke eng se o solofetseng go se bona mo Paradaiseng?
[Setshwantsho mo go tsebe 188, 189]
A o solofetse go tshela mo Paradaiseng, fa lefatshe le tla bo le tletse kitso ya Modimo?