LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 2 ts. 12-29
  • Daniele—Buka E e Mo Tshekong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Daniele—Buka E e Mo Tshekong
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGANG YA KGOSI E GO SE NANG GOPE FA E UMAKIWANG GONE
  • DARIO WA MOMEDA E NE E LE MANG?
  • GO BUSA GA GA JEHOIAKIME
  • DINTLHA TSE DI ITLHALOSANG
  • A MABAKA A A KWA NTLE A SUPA GORE DANIELE E ITLHAMETSWE?
  • BOSUPI JO BO KWA NTLE BO TSHEGETSA DANIELE
  • BOSUPI JO BOGOLO GO GAISA JOTLHE
  • Buka ya Bibela ya bo 27—Daniele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 2 ts. 12-29

Kgaolo ya Bobedi

Daniele—Buka E e Mo Tshekong

1, 2. Buka ya Daniele e latofadiwa ka kgopolo efe, mme ke ka ntlha yang fa o akanya gore go botlhokwa go tlhatlhoba bosupi jwa go e femela?

A KO o ikakanye o le mo kgotlatshekelo, o tlile go reetsa tsheko ya sengwe se se botlhokwatlhokwa. Monna mongwe o latofadiwa ka gore ke lenweenwee. Mosekisi o gatelela gore monna yono o molato. Le fa go ntse jalo, molatofadiwa ga a bolo go itsege e le motho yo o thokgameng. A o ne o se kitla o rata go utlwa bosupi jo bo ntshiwang ke mmueledi wa gagwe?

2 O mo seemong se se tshwanang ka buka ya Baebele ya Daniele. Mokwadi wa yone e ne e le motho yo o itsiweng e le mothokgami. Buka e e bidiwang ka leina la gagwe e ntse e tlotlwa ka diketekete tsa dingwaga. E itshupa e le hisitori e e boammaaruri, e e kwadilweng ke Daniele, moporofeti wa Mohebera yo o tshedileng mo lekgolong la bosupa le la borataro la dingwaga B.C.E. Pego e e ikanyegang e e tlhalosang ditiragalo tsa Baebele le nako e di diregileng ka yone e bontsha gore buka eno e tlotla ka ditiragalo tse di diregileng go tloga mo e ka nnang ka 618 go fitlha ka 536 B.C.E. mme e ne ya wediwa go kwalwa ka letlha leno la bobedi. Mme buka eno e a latofadiwa. Disaetlopedia dingwe le dibuka tse dingwe di bua puo phaa fela di re e na le bonweenwee.

3. The New Encyclopædia Britannica ya reng malebana le go ikanyega ga buka ya Daniele?

3 Ka sekai, The New Encyclopædia Britannica e bolela gore buka eno ya Daniele e kile ya bo “e tsewa e le hisitori e e boammaaruri, e e nang le boporofeti jo bo boammaaruri.” Britannica eno e bolela gore le fa go ntse jalo, totatota Daniele “e ne ya kwalwa moragonyana fa setšhaba se ne se le mo mathateng—fa Bajuda ba ne ba bogisiwa botlhoko thata ke [Kgosi ya Siria] Antiochus IV Epiphanes.” Saetlopedia eno e bolela gore letlha la go kwalwa ga yone ke magareng ga 167 le 164 B.C.E. Yone buka eno e gatelela gore mokwadi wa buka ya Daniele ga a bolelele isagwe pele mme se a se dirang fela ke go kwala “ditiragalo tse mo go ene e leng hisitori ya nako e e fetileng, a re ke boporofeti jwa dilo tse di tla diregang mo isagweng.”

4. Buka ya Daniele e ne ya simolola leng go tshwaiwa diphoso, mme ke eng se se neng sa dira gore go tshwaya diphoso go go tshwanang go oketsege mo makgolong a dingwaga a bosheng jaana?

4 Megopolo eno yotlhe e tswa kae? Go tshwaya buka ya Daniele diphoso ga se selo se se simololang jaanong. Go simologile moragorago, kwa lekgolong la boraro la dingwaga C.E., ka motlhalefi mongwe yo o neng a bidiwa Porphyry. Jaaka ba le bantsi mo Pusong ya Roma, o ne a ikutlwa a tshosediwa ke tlhotlheletso e Bokeresete bo nang le yone. O ne a kwala dibuka di le 15 go leka go phutlhamisa bodumedi jono jo “bosha.” Ya bo12 e ne e kwadilwe go tlhasela buka ya Daniele. Porphyry o ne a bolela gore buka eno ga e boammaaruri, e kwadilwe ke Mojuda mongwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. E ne ya tlhaselwa ka tsela e e tshwanang le mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga. Go ya ka batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo le batho ba ba ratang go akanyetsa dilo thata, boporofeti—go bolelela pele ditiragalo tsa mo isagweng—ga bo kgonege. Ba ne ba rata go dirisa buka ya Daniele go supa ntlha eno. Ka go dira jalo ba ne ba sekisa Daniele le buka ya gagwe. Batshwayadiphoso ba bolela gore ba na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore buka eno ga ya kwalwa ke Daniele ka nako ya fa Bajuda ba ile botshwarwa kwa Babelona, mme e kwadilwe ke mongwe o sele makgolokgolo a dingwaga moragonyana.a Ba ne ba simolola go e tlhasela thata mo e leng gore mokwadi mongwe o ne a bo a kwala buka ya go e femela e e bidiwang Daniel in the Critics’ Den.

5. Ke ka ntlha yang fa kgang ya go ikanyega ga Daniele e le e e botlhokwa thata?

5 A go na le bosupi bongwe jwa se batshwayadiphoso bano ba se buang ba gatelela jaana? Kana a bosupi jo bo leng teng bo tshegetsa jwa tshireletso? Eno ke ntlha e e botlhokwa thata. Go amega, e seng fela leina la buka eno ya bogologolo, mme gape le isagwe ya rona. Fa e le gore buka ya Daniele e itlhametswe, he go raya gore se e se solofetsang ka isagwe ya batho ke toro fela. Mme fa e le gore e na le boporofeti jo bo boammaaruri, ga go na pelaelo gore o tla rata go itse gore bo bolelang mo go rona gompieno. Re akantse ka ntlha eno, a re tlhatlhobe ditsela dingwe tse Daniele e tlhaselwang ka tsone.

6. Ka dinako tse dingwe, go dirwa tatofatso efe malebana le hisitori e e mo go Daniele?

6 Ka sekai, tsaya tatofatso e e bolelwang mo go The Encyclopedia Americana: “Dintlha di le dintsi tsa hisitori ya dinako tsa bogologolo [tse di jaaka go isiwa botshwarwa kwa Babelona] di ile tsa fetolwa fela thata” mo go Daniele. A ruri go ntse jalo? A re sekasekeng di le tharo tsa diphoso tse go bolelwang gore di ile tsa dirwa mo go yone, re tshware e le nngwe ka nako.

KGANG YA KGOSI E GO SE NANG GOPE FA E UMAKIWANG GONE

7. (a) Ke ka ntlha yang fa go umaka ga ga Daniele Beleshasare go ile ga kgatlha batshwayadiphoso ba Baebele ka lobaka lo loleele? (b) Go diragetseng ka kgopolo ya gore Beleshasare e ne e le motho fela wa tlhamane?

7 Daniele o ne a kwala gore Beleshasare, “morwa” Nebukadenesare, o ne a busa e le kgosi kwa Babelona fa motse ono o ne o thankgolwa. (Daniele 5:1, 11, 18, 22, 30) Batshwayadiphoso ga ba bolo go tlhasela ntlha eno, ka gonne leina la ga Beleshasare ga le fitlhelwe gope fela mo metsweding e mengwe kwa ntle ga Baebele. Go na le moo, bakwalahisitori ba bogologolo ba bolela gore Nabonidase, yo o neng a tlhatlhama Nebukadenesare mo bogosing, e ne e le ene kgosi ya bofelo ya Babelona. Ka gone, ka 1850, Ferdinand Hitzig o ne a bolela gore go phepafetse gore Beleshasare e ne e le motho fela yo o itlhametsweng ke mokwadi. A mme pono eno ya ga Hitzig ga e utlwale mo go wena e le go itlhaganelela go dira tshwetso o ise o akanye pele? Mo godimo ga moo, a ntlha fela ya go bo go se na gope kwa go umakiwang kgosi eno gone—bogolo jang ka nako ya fa go ne go se na dipego tse dintsi jalo tsa hisitori—ruri e ka supa gore ga a ise a ko a nne gone? Le fa go ntse jalo, ka 1854 go ne ga epololwa diselennere dingwe tse dinnye tsa letsopa mo maropeng a motse wa bogologolo wa Babelona wa Ure mo go se gompieno e leng Iraq borwa. Dikwalo tseno tsa mokwalo wa cuneiform tse di tswang kwa go Kgosi Nabonidase di ne di na le thapelo e e neng e rapelelwa “Bel-sar-ussur, morwaake yo mogolo.” Tota le eleng bone batshwayadiphoso ba ne ba tshwanelwa ke go dumela ba re: Yono ke ene Beleshasare yo buka ya Daniele e buang ka ene.

8. Tsela eo Daniele a neng a tlhalosa Beleshasare ka yone a re ke kgosi e e busang e ile ya supiwa jang gore e boammaaruri?

8 Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba ne ba sa ntse ba sa kgotsofala. “Seno ga se ntshe bosupi jwa sepe,” go ne ga kwala jalo mongwe yo o bidiwang H. F. Talbot. O bolela gore morwa yo go buiwang ka ene mo mokwalong ono e ka tswa e ne e le ngwana fela yo monnye, mme Daniele ene o mo tlhalosa e le kgosi e e busang. Le fa go ntse jalo, ngwaga fela morago ga gore dintlha tsa ga Talbot di gatisiwe, go ne ga epololwa matlapanakwalelo a mangwe a mokwalo wa cuneiform a a neng a bua ka Beleshasare gore o na le bakwaledi le ba ntlo ya gagwe. Ga se ngwana motho yo! Labofelo, matlapanakwalelo a mangwe a ne a tlhomamisa ntlha eno, a bega gore Nabonidase o kile a bo a seyo mo Babelona ka dingwaga di le dintsinyana. One matlapanakwalelo ano a bontsha gape gore ka nako eo, o ne a “naya puso” ya Babelona go morwawe yo mogolo (Beleshasare). Ka dinako tseo, tota Beleshasare e ne e le kgosi—e le mmusi mmogo le rraagwe.b

9. (a) Daniele o ka tswa a ne a rile Beleshasare e ne e le morwa Nebukadenesare ka kgopolo efe? (b) Ke ka ntlha yang fa batshwayadiphoso ba le phoso fa ba gatelela gore Daniele ga a bue le go bua gore Nabonidase o kile a nna gone?

9 Ba sa ntse ba sa kgotsofala jalo, batshwayadiphoso bangwe ba ngongoregela gore Baebele ga e re Beleshasare ke morwa Nabonidase, mme ya re ke morwa Nebukadenesare. Bangwe ba gatelela gore e bile Daniele ga a bue le go bua gore Nabonidase o kile a nna gone. Le fa go ntse jalo, dintlha tseno ka bobedi jwa tsone ga di kgone go ikemela fa di tlhatlhobiwa. Go bonala Nabonidase a ne a nyala morwadia Nebukadenesare. Seo se ne se tla dira gore Beleshasare a nne setlogolo sa ga Nebukadenesare. Puo ya Sehebera le ya Searamaika ka bobedi ga di na mafoko a a bolelang “rremogolo” kana “ngwana wa ngwana wa ga”; “morwa wa ga” a ka bolela “ngwana wa ngwana wa ga” kana le e leng “setlogolo sa ga.” (Bapisa Mathaio 1:1.) Mo godimo ga moo, pego ya Baebele e a letla gore Beleshasare a tsewe e le morwa Nabonidase. Fa a ne a tshositswe ke mokwalo o o gakgamatsang mo loboteng, Beleshasare yo o neng a feletswe ke tsholofelo o bolela gore mongwe le mongwe yo o ka kgonang go tlhalosa mafoko ano, o tla mo naya maemo a boraro mo bogosing. (Daniele 5:7) Ke ka ntlha yang a boraro mme e seng a bobedi? Seno se bontsha gore maemo a ntlha le a bobedi a ne a setse a na le beng. Tota e bile a ne a na le beng—bone e ne e le Nabonidase le morwawe, e bong Beleshasare.

10. Ke ka ntlha yang fa pego ya ga Daniele malebana le kgosi ya Babelona e na le dintlha tse dintsi go feta ya bakwalahisitori ba bangwe ba bogologolo?

10 Ka jalo ntlha ya go bo Daniele a umakile Beleshasare ga se bosupi jwa gore hisitori eno “e fetotswe fela thata.” Go na le moo, Daniele—le mororo a ne a sa kwale hisitori ya Babelona—o re naya dintlha tse di feletseng ka kgosi ya Babelona go feta jaaka bakwala hisitori ya lefatshe bangwe ba bogologolo ba ba tshwanang le Herodotus, Xenophon, le Berossus ba dira. Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a kgona go kwala dintlha tse bone ba sa di kwalang? Ka gonne o ne a le gone koo kwa Babelona. Buka ya gagwe ke buka ya mosupi yo o boneng ka matlho, e seng ya lenweenwee lengwe le le neng la tlhaga makgolokgolo a dingwaga moragonyana.

DARIO WA MOMEDA E NE E LE MANG?

11. Go ya ka Daniele, Dario wa Momeda e ne e le mang, mme go ile ga bolelwang ka ene?

11 Daniele o bega gore fa Babelona e ne e thankgolwa, kgosi nngwe e e bidiwang “Dario wa Momeda” e ne ya simolola go busa. (Daniele 5:31) Dario wa Momeda o sa ntse a ise a bonwe ka leina mo dibukeng tsa lefatshe kgotsa tsa boithutamarope. Ka gone, The New Encyclopædia Britannica e gatelela gore Dario yono ke “motho wa tlhamane fela.”

12. (a) Ke ka ntlha yang fa batshwayadiphoso ba Baebele ba tshwanetse go itse botoka go na le go bua fela ba re Dario wa Momeda ga a ise a ko a nne gone? (b) Go ka direga gore Dario yono wa Momeda e bo e le mang, mme ke bosupi bofe jo bo bontshang seno?

12 Bakanoki bangwe ba ile ba nna kelotlhoko thata. Mo godimo ga moo, batshwayadiphoso bangwe ba kile ba bua le ka Beleshasare ba re ke “motho wa tlhamane.” Kwantle ga pelaelo, kgang ya ga Dario le yone e tla itshupa e tshwana. Matlapanakwalelo a mokwalo wa cuneiform a setse a bontshitse gore Kurose wa Peresia o ne a sa newa sereto “Kgosi ya Babelona” ka bonako fela fa a sena go fenya. Mmatlisisi mongwe o akantsha jaana: “Le fa e le mang yo o neng a bidiwa ‘Kgosi ya Babelona’ e ne e le kgosi e e kwa tlase ka maemo mo go Kurose, e seng Kurose ka boene.” A Dario e ka tswa e ne e le mongwe yo o busang, kgotsa sereto sa modiredimogolo yo o maatla wa Momeda yo o neng a tlogetswe gore a sale a tlhokometse Babelona? Bangwe ba bolela gore Dario a ka tswa e ne e le monna yo o neng a bidiwa Gubaru. Kurose o ne a tlhoma Gubaru gore e nne mmusi wa Babelona, mme dipego tsa lefatshe di tlhomamisa gore o ne a busa ka maatla a magolo. Letlapanakwalelo lengwe la cuneiform le bolela gore o ne a tlhoma babusi ba babotlana mo Babelona. Se se kgatlhang ke gore, Daniele o bontsha gore Dario o ne a tlhoma dikgosana tsa kgaolo ya naga di le 120 gore di buse mo bogosing jwa Babelona.—Daniele 6:1.

13. Lebaka le le utlwalang la go bo Dario wa Momeda a umakiwa mo bukeng ya Daniele mme a sa umakiwe mo dibukeng tse dingwe tsa lefatshe ke lefe?

13 Fa nako e ntse e tsamaya, go ka nna ga tlhaga bosupi jo bongwe jo bo tlhamaletseng jwa gore tota kgosi eno e ne e le mang. Le fa go ntse jalo, lebaka fela la go bo boithutamarope bo sa bue sepe ka ntlha eno ga le bolele gore Dario ke “motho wa tlhamane,” e bile ga le a tshwanela go dira gore re itlhokomolose buka yotlhe ya Daniele ka la gore e itlhametswe. Go utlwala thata go leba pego ya ga Daniele e le bosupi jwa motho yo o boneng ka matlho jo bo nang le dintlha tse dintsi go feta jwa dipego tse dingwe tsa lefatshe tse di leng gone.

GO BUSA GA GA JEHOIAKIME

14. Ke ka ntlha yang fa go se na go ganetsana fa gare ga ga Daniele le Jeremia malebana le dingwaga tsa puso ya ga Kgosi Jehoiakime?

14 Daniele 1:1 e balega jaana: “E rile ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime kgosi ya Juta, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla mo Jerusalema, mme a o tlhasela.” Batshwayadiphoso ba bona temana eno molato ka gonne e bonala e sa dumalane le Jeremia, yo o bolelang gore ngwaga wa bonè wa ga Jehoiakime e ne e le ngwaga wa ntlha wa ga Nebukadenesare. (Jeremia 25:1; 46:2) A Daniele o ne a ganetsa se Jeremia a se buileng? Kgang eno e tlhalosiwa fela kwantle ga go senya nako go dirisiwa tshedimosetso e e oketsegileng. Fa Faro Neko a ne a dira Jehoiakime kgosi lekgetlho la ntlha ka 628 B.C.E., o ne a nna mpopi fela wa mmusi yoo wa Egepeto. E ne e le mo e ka nnang dingwaga di le tharo pele Nebukadenesare a tlhatlhama rraagwe mo setulong sa bogosi sa Babelona, ka 624 B.C.E. Ka bonakonyana fela morago ga moo (ka 620 B.C.E.), Nebukadenesare a tlhasela Juda mme a dira Jehoiakime kgosi e e ka fa tlase ga Babelona. (2 Dikgosi 23:34; 24:1) Mo Mojudeng yo o nnang kwa Babelona, ‘ngwaga wa boraro’ wa ga Jehoiakime e ne e tla nna ngwaga wa boraro wa fa e sa le kgosi eo e le mo maemong a a kwa tlase a go direla Babelona. Daniele o ne a kwala a lebile dilo ka tsela eno. Le fa go ntse jalo, Jeremia ene o ne a kwala a lebile dilo ka tsela ya Bajuda ba ba nnang kwa Jerusalema. Ka jalo, o ne a bua ka bogosi jwa ga Jehoiakime jaaka jo bo simololang fa Faro Neko a ne a mo dira kgosi.

15. Ke ka ntlha yang fa go sa utlwale go tshwaya letlha le le mo go Daniele 1:1 phoso?

15 Ka jalo he, selo seno se go tweng ke go ganetsana se nonotsha bosupi jwa gore Daniele o kwadile buka ya gagwe a le kwa Babelona, a le mo gare ga batshwarwa ba Bajuda. Mme go na le bothata jo bongwe gape jo bo bokoa fela mo kgannyeng eno e e dirisiwang go tshwaya buka ya Daniele diphoso. Gakologelwa gore go phepafetse gore mokwadi wa Daniele o ne a na le buka ya Jeremia e bile o ne a tsaya dintlha mo go yone. (Daniele 9:2) Fa mokwadi wa Daniele a ka bo a ne a le motlhami wa lenweenwee, jaaka fa batshwayadiphoso bangwe ba bolela, a o ne a tla ipaya mo bothateng jwa go ganetsa buka e e tlotlwang thata jaana jaaka ya Jeremia—le gone a dira jalo mo temaneng ya ntlha fela ya buka ya gagwe? Le e seng!

DINTLHA TSE DI ITLHALOSANG

16, 17. Bosupi jwa baithutamarope bo ile jwa tshegetsa jang pego ya ga Daniele ya (a) go tlhoma ga ga Nebukadenesare setshwantsho sa bodumedi gore batho botlhe ba gagwe ba se obamele? (b) go ikgantsha ga ga Nebukadenesare ka dikago tse a di agileng kwa Babelona?

16 A jaanong re tswe mo dintlheng tse di e ganetsang re ye kwa go tse di dumalanang le yone. Akanya ka dintlha tse dingwe mo bukeng ya Daniele tse di bontshang gore mokwadi wa yone o ne a itse sentle ka dinako tse a neng a kwala ka tsone.

17 Go itse ga ga Daniele dintlhanyana tse di fitlhegileng ka Babelona wa bogologolo ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore pego ya gagwe e boammaaruri. Ka sekai, Daniele 3:1-6 e bega gore Nebukadenesare o ne a tlhoma setshwantsho se se boitshegang gore batho botlhe ba se obamele. Baithutamarope ba ne ba bona bosupi jo bongwe gape jwa gore kgosi eno e ne e batla go dira gore batho ba yone ba nne le seabe ka mo go tseneletseng mo ditirong tsa boratanaga le tsa bodumedi. Ka tsela e e tshwanang, Daniele o bega ka go ikgantsha ga ga Nebukadenesare ka dikago tse dintsintsi tsa gagwe tse a neng a di agile. (Daniele 4:30) E nnile bosheng fela jaana baithutamarope ba neng ba tlhomamisa gore eleruri Nebukadenesare o ne a tshegetsa tiro e kgolo ya go aga e e neng ya dirwa kwa Babelona. Fa e le ka boikgantsho jwa gagwe—aitsane, monna yono o ne e bile a dirile gore leina la gagwe le kwalwe le mo diteneng ka botsone! Batshwayadiphoso ba Daniele ga ba kgone go tlhalosa gore motho yono yo ba reng ke motlhami wa yone wa metlha ya ga Makabise (167-63 B.C.E.) o itsile jang ka dikago tseno—dingwaga di le makgolo a manè morago ga gore di agiwe le dingwaga di le dintsintsi pele ga baithutamarope ba di senola.

18. Pego ya ga Daniele ya mefuta e e farologaneng ya kotlhao mo pusong ya Babelona le puso ya Peresia e bontsha jang gore e boammaaruri?

18 Buka ya Daniele gape e senola dikarolo tse dikgolo tse molao wa Babelona o neng o farologana le molao wa Bameda le Baperesia mo go tsone. Ka sekai, tlase ga molao wa Babelona ditsala tse tharo tsa ga Daniele di ne tsa latlhelwa mo bokepisong jwa molelo ka ntlha ya go gana go utlwa taolo ya kgosi. Masomesome a dingwaga moragonyana, Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau ka ntlha ya go gana go utlwa molao wa Peresia o o neng o le kgatlhanong le segakolodi sa gagwe. (Daniele 3:6; 6:7-9) Bangwe ba ile ba leka go kgaphela kwa thoko kgang ya bokepiso jwa molelo ba re ke tlhamane fela, mme baithutamarope ba ne ba bona lekwalo la mmatota le le tswang kwa Babelona wa bogologolo le ka mo go kgethegileng le neng le bua ka mofuta ono wa kotlhao. Le fa go ntse jalo, mo go Bameda le Baperesia, molelo e ne e le selo se se boitshepo. Ka jalo ba ne ba dirisa mefuta e mengwe e e setlhogo ya kotlhao. Ka gone, ga go re gakgamatse go bona ba dirisa mongobo wa ditau.

19. Buka ya Daniele e bontsha go se tshwane gofe mo gare ga tsamaiso ya molao ya Babelona le ya Bameda le Baperesia?

19 Karolo e nngwe e melao eno e farologanang mo go yone ke e. Daniele o bontsha gore Nebukadenesare o ne a ka phamoga fela a tlhome molao a bo a o fetole. Dario o ne a ka se dire sepe go fetola ‘melao ya Bameda le Baperesia’—tota le e leng e e tlhomilweng ke ene ka boene! (Daniele 2:5, 6, 24, 46-49; 3:10, 11, 29; 6:12-16) Mokwalahisitori John C. Whitcomb o kwala jaana: “Hisitori ya bogologolo e tlhomamisa go farologana gono fa gare ga Babelona, koo molao o neng o laolwa ke kgosi, le Bameda le Baperesia, koo kgosi e neng e laolwa ke molao gone.”

20. Ke dintlha dife malebana le mokete wa ga Beleshasare tse di bontshang gore Daniele o ne a itse ditlwaelo tsa Sebabelona sentle?

20 Kgang e e kgatlhang ya modiro o o neng o dirilwe ke Beleshasare e e kwadilweng mo go Daniele kgaolo 5, e na le dintlha tse dintsi thata. Go bonala o ne wa simolola go ijelwanyana fela e bile go inwelwa, ka gonne go umakiwa beine gangwe le gape. (Daniele 5:1, 2, 4) Tota e bile, ditshwantsho tse di setilweng tsa mediro e e tshwanang le eo di bontsha go inwelwa beine fela. Ka jalo he, go bonala beine e ne e le botlhokwa thata mo meketeng e e tshwanang le eo. Daniele gape o bontsha gore basadi ba ne ba le teng mo moketeng ono—basadi ba bannye ba kgosi le bagadingwana ba yone. (Daniele 5:3, 23) Boithutamarope bo tshegetsa ntlha eno ya tlwaelo eno ya Sebabelona. Kgang ya gore basadi ba ye le banna kwa moketeng e ne e se selo se se amogelegang mo Bajudeng le mo Bagerikeng ba motlha wa ga Makabise. Gongwe ke lone lebaka la go bo dibuka tsa ntlha tsa thanolo ya Septuagint ya Segerika ya Daniele di tila go bua ka basadi bano.c Le fa go ntse jalo, motho yono yo go tweng o itlhametse buka ya Daniele o ne a tla bo a ile a tshela le bone batho bano ba Bagerika, e bile gongwe e le ka one motlha oo, wa go kwalwa ga Septuagint!

21. Lebaka le le utlwalang tota la go bo Daniele a itse dinako le ditlwaelo tsa motlha wa go isiwa botshwarwa kwa Babelona ke lefe?

21 Go ya ka dintlha tseno, go bonala go gakgamatsa tota gore Britannica e bo e tlhalosa gore mokwadi wa buka ya Daniele o na le kitso “e nnye fela le e e sa opang kgomo lonaka” e e malebana le metlha ya go isiwa botshwarwa. Motlhami ope fela yo o tlileng makgolokgolo a dingwaga moragonyana o ne a ka itse jang ditlwaelo tsa Bababelona le Baperesia sentle jaana? Gakologelwa gape gore mebuso e megolo eno ka bobedi jwa yone e ne ya wa bogologolo pele ga lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Go phepafetse gore baithutamarope ba ne ba seyo ka nako eo; mme le Bajuda ba motlha oo ba ne ba sa ipelafatse ka gore ba itse ditso le hisitori ya ditšhaba di sele. Ke Daniele wa moporofeti fela, yo e leng mosupi yo o iponetseng ka matlho wa metlha le ditiragalo tse a di tlhalosang, yo o ka tswang a kwadile buka eno ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe.

A MABAKA A A KWA NTLE A SUPA GORE DANIELE E ITLHAMETSWE?

22. Batshwayadiphoso ba bolelang malebana le karolo e Daniele e beilweng mo go yone mo Dikwalong Tsa Sehebera?

22 Lengwe la mabaka a a dirisiwang thata go ganetsa buka eno ya Daniele le akaretsa karolo e e beilweng mo go yone mo lenaaneng la Dikwalo Tsa Sehebera. Borabi ba bogologolo ba ne ba rulaganya Dikwalo Tsa Sehebera ka dikarolo di le tharo: Molao, Baporofeti le Mekwalo. Ba ne ba tsenya Daniele, e seng mo karolong ya Baporofeti, mme mo karolong ya Mekwalo. Batshwayadiphoso ba re seno se bontsha gore buka eno e ne e sa itsiwe ka nako ya fa dibuka tsa baporofeti ba bangwe di ne di phuthwa mmogo. E tsentswe mo karolong ya Mekwalo ka gonne go tsewa gore yone e ne ya phuthwa moragonyana.

23. Bajuda ba bogologolo ba ne ba leba jang buka ya Daniele, mme re itse seno jang?

23 Le fa go ntse jalo, ga se babatlisisi botlhe ba Baebele ba ba dumelang gore borabi ba bogologolo ba ne ba kgaoganya lenaane la dibuka tseno ka tsela e e gagametseng jalo kana gore ba ne ba se ka ba tsenya Daniele mo dibukeng tsa Baporofeti. Mme le eleng le fa borabi bano ba ne ba tsenya Daniele mo go tse e leng Mekwalo, a seno se ne se tla bo se supa gore e kwadilwe moragonyana? Nnyaa. Bakanoki bangwe ba ba itsegeng ba ile ba bolela mabaka a le mmalwa a go bo borabi ba se kile ba tsenya Daniele mo lenaaneng la tsa Baporofeti. Ka sekai, ba ka tswa ba dirile jalo ka gonne buka eno e ne e ba kgopisa kana ka gonne ba ne ba leba Daniele a sa tshwane le baporofeti ba bangwe ka gonne a ne a na le maemo mo dilong tsa lefatshe mo nageng e sele. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa ke gore: Bajuda ba bogologolo ba ne ba tlotla buka eno ya Daniele thata e bile ba ne ba dumela gore ke nngwe ya dibuka tse di boitshepo. Mo godimo ga moo, bosupi bo bontsha gore lenaane la Dikwalo Tsa Sehebera le ne la wediwa bogologolo pele ga lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Dibuka tse di tlileng morago di ne tsa se ka tsa amogelwa, go akaretsa le dibuka dingwe tse di kwadilweng mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E.

24. Buka nngwe e go sa tlhomamisiweng gore e boammaaruri go le kana kang ya Ecclesiasticus e ile ya dirisiwa jang go tshwaya buka ya Daniele phoso, mme ke eng se se bontshang gore tsela eno ya go akanya e phoso?

24 Se se gakgamatsang ke gore, nngwe ya dibuka tseno tse di neng tsa se ka tsa amogelwa e ne ya dirisiwa go ganetsa buka ya Daniele. Buka nngwe e go sa tlhomamisiweng gore e boammaaruri go le kana kang ya Ecclesiasticus, e e kwadilweng ke Jesus Ben Sirach, go bonala e ne ya kwalwa mo e ka nnang ka 180 B.C.E. Batshwayadiphoso ba rata go tlhalosa gore Daniele ga a tsenngwa mo lenaaneng le leleele la buka eno la banna ba ba siameng. Ba bolela gore Daniele o tshwanetse a bo a ne a sa itsiwe ka nako eo. Bakanoki ba le bantsi ba amogela kgopolo eno. Mme ako o akanye ka ntlha eno: Lone lenaane leo ga le na Esera le Moredekai (ba ka bobedi jwa bone e neng e le bagale ba bagolo mo matlhong a Bajuda ba morago ga go isiwa botshwarwa), Kgosi Jehoshafate yo o molemo le Jobe yo o siameng; mo baatlhoding botlhe, e umaka fela Samuele.d A lebaka fela la go bo banna bano ba seo mo lenaaneng leno le le iseng le ke le iphake gore le buile dilo tsotlhe ka botlalo, le le mo bukeng e e seng ya dikwalo tse di boitshepo, le tshwanetse go re dira gore re ba latlhe botlhe re re ke batho ba tlhamane fela? Ga go utlwale tota gore re bo re ka akanya ka tsela eo.

BOSUPI JO BO KWA NTLE BO TSHEGETSA DANIELE

25. (a) Josephus o ne a supa jang gore pego ya ga Daniele e boammaaruri? (b) Pego ya ga Josephus malebana le Alexander yo Mogolo le buka ya Daniele di dumalana jang le hisitori e e itseweng? (Bona ntlhanyana ya bobedi e e kwa tlase.) (c) Bosupi jwa puo bo tshegetsa jang buka ya Daniele? (Bona tsebe 26.)

25 Mma re tlotle ka ntlha e nngwe gape e e tshegetsang buka eno. Go ile ga bolelwa gore ga go na buka epe e nngwe mo Dikwalong Tsa Sehebera e e ileng ya tlhomamisiwa gore e boammaaruri jaaka ya Daniele. Ka sekai: Mokwalahisitori yo o itsegeng thata wa Mojuda e bong Josephus o ne a supa fa buka eno e le boammaaruri. O bolela gore Alexander yo Mogolo, fa a ne a lwantsha Peresia mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., o ne a tla mo Jerusalema, koo baperesiti ba neng ba mmontsha khopi ya buka ya ga Daniele gone. Alexander ka boene o ne a konela ka gore mafoko a boporofeti jwa ga Daniele a a neng a a bontshiwa a ne a lebisitse go letsholo la gagwe la sesole kgatlhanong le Peresia.e Seno se diragetse mo e ka nnang lekgolo la dingwaga le sephatlo pele ga go “itlhamelwa” jaaka fa batshwayadiphoso ba bolela. Mme gone, batshwayadiphoso ba ile ba tlhasela Josephus ka polelo eno. Gape ba mo tlhaselela go kwala a re boporofeti bongwe jo bo mo bukeng eno ya Daniele bo ne jwa diragadiwa. Le fa go ntse jalo, jaaka fa mokwalahisitori e bong Joseph D. Wilson a ne a bolela, “Go bonala [Josephus] a ne a itse go le gontsi ka kgang eno go feta batshwayadiphoso botlhe mo lefatsheng.”

26. Memeno ya Lewatle le le Suleng e ile ya tshegetsa jang boammaaruri jwa buka ya Daniele?

26 Go nna boammaaruri ga buka ya Daniele go ne ga tshegediwa gape ke fa go ne go bonwa Memeno ya Lewatle le le Suleng kwa dikgageng tsa Qumran, kwa Iseraele. Dingwe tsa dilo tse di neng tsa bonwa di le dintsi ka tsela e e gakgamatsang mo dilong tse di neng tsa ribololwa ka 1952 e ne e le memeno le dikapetla tsa buka eno ya Daniele. Ya bogologolo mo go tsone ke ya letlha le le elang kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Ka jalo, mo nakong eo ya bogologolo buka ya Daniele e ne e setse e itsege thata e bile e tlotlwa ke ba le bantsi. The Zondervan Pictorial Encyclopedia of the Bible e bega jaana: “Letlha la Ba-makabise le le beetsweng Daniele jaanong le ka tlogelwa fa fela e le gore ga go kgonege gore go nne le sebaka se se lekaneng magareng ga go kwalwa ga ga Daniele le go tlhaga ga yone ka dikhopi tsa yone kwa laeboraring ya lekoko la bodumedi la Ba-makabise.”

27. Bosupi jwa bogologolo jo bo bontshang gore Daniele e ne e le motho wa mmatota yo o neng a itsewe thata ka nako ya fa go ne go ilwe botshwarwa kwa Babelona ke bofe?

27 Le fa go ntse jalo, go na le bosupi bongwe jwa bogologolo jo bo ikanyegang thata jo bo bontshang gore buka ya Daniele e boammaaruri. Mongwe wa batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Daniele e ne e le moporofeti Esekiele. Le ene o ne a dira e le moporofeti ka nako ya fa go ne go ilwe botshwarwa kwa Babelona. Buka ya Esekiele e umaka Daniele ka leina makgetlo a le mmalwa. (Esekiele 14:14, 20; 28:3) Dintlha tseno di bontsha gore tota le ka nako ya fa a ne a sa ntse a tshela, mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., Daniele o ne a setse a itsiwe thata e le monna yo o siameng le yo o botlhale, yo go tshwanelang go mo umaka mmogo le banna ba ba boifang Modimo e bong Noa le Jobe.

BOSUPI JO BOGOLO GO GAISA JOTLHE

28, 29. (a) Bosupi jo bo tlhatswang pelo go bo feta jotlhe jwa gore buka ya Daniele e boammaaruri ke bofe? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amogela bosupi jwa ga Jesu?

28 Le fa go ntse jalo, a labofelo re tlhatlhobeng bosupi jo bogolo go gaisa jotlhe jwa gore Daniele e boammaaruri—ga se bope fa e se Jesu Keresete. Fa a ne a tlotla ka metlha ya bofelo, Jesu o umaka “Daniele moporofeti” le bongwe jwa boporofeti jwa ga Daniele.—Mathaio 24:15; Daniele 11:31; 12:11.

29 Jaanong fa e le gore kgopolo ya Bamakabise ya batshwayadiphoso e boammaaruri, sengwe sa dilo tse pedi tseno se tshwanetse sa bo se le boammaaruri. E ka tswa e le gore Jesu o tsieditswe ke tlhamane eno kana gore ga a ise a ko a bue se Mathaio a mo nopolang gore o se buile. Ga go epe ya dintlha tseno e e leng boammaaruri. Fa e le gore ga re kgone go ikanya pego ya Efangele ya ga Mathaio, re ka ikanya jang dikarolo tse dingwe tsa Baebele? Fa re ntsha dipolelo tseo, re tla ntsha mafoko afe a mangwe gape mo ditsebeng tsa Dikwalo Tse di Boitshepo? Moaposetoloi Paulo ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, . . . mo go tlhamalatseng dilo.” (2 Timotheo 3:16) Ka jalo, fa e le gore Daniele e ne e le motho wa tlhamane, he Paulo le ene e ne e le motho yo mongwe wa tlhamane! A Jesu a ka tswa a tsieditswe? Nnyaa le e seng. O ne a tshela kwa legodimong fa buka ya Daniele e ne e kwalwa. Jesu o ne a bo a re: “Pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.” (Johane 8:58) Mo bathong botlhe ba ba kileng ba tshela, Jesu ke ene motho yo re ka mmotsang tshedimosetso kaga go nna boammaaruri ga buka ya Daniele. Mme ga re tlhoke go botsa. Jaaka re bone, bosupi jwa gagwe bo utlwala sentle tota.

30. Jesu o ne a supa jang gape gore buka ya Daniele e boammaaruri?

30 Jesu gape o ne a supa fa buka ya Daniele e le boammaaruri ka nako ya fa a ne a kolobediwa. Morago ga moo o ne a nna Mesia, a diragatsa boporofeti jo bo mo go Daniele jo bo malebana le dibeke di le 69 tsa dingwaga. (Daniele 9:25, 26; bona Kgaolo 11 ya buka eno.) Tota le fa kgopolo eno ya gore buka eno e kwadilwe moragonyana ga letlha le go bolelwang gore e kwadilwe ka lone e ne e le boammaaruri, he mokwadi wa Daniele o ne a itse isagwe dingwaga di le 200 go sa le gale. Tota e bile, Modimo o ne o ka se ka wa tlhotlheletsa moitlhamedi wa yone gore a bue boporofeti jo bo boammaaruri a dirisa leina le e seng lone. Nnyaa, bosupi jwa ga Jesu bo amogelwa ka pelo yotlhe ke batho ba ba ikanyegang mo Modimong. Fa bomankge botlhe, batshwayadiphoso botlhe mo lefatsheng, ba ne ba ka nna seoposengwe botlhe mo go ganetseng Daniele, bosupi jwa ga Jesu bo ne bo tla ba supa fa ba le phoso, ka gonne ke “mosupi yo o boikanngo le yo o boammaaruri.”—Tshenolo 3:14.

31. Ke ka ntlha yang fa batshwayadiphoso ba le bantsi ba Baebele ba sa ntse ba ise ba tlhatswege pelo gore buka ya Daniele e boammaaruri?

31 Le eleng jone bosupi jono ga bo a lekana mo batshwayadiphosong ba le bantsi ba Baebele. Fa motho a sena go sekaseka kgang eno ka botlalo, o ipotsa fela gore a go na le bosupi bope fela jo bo ka lekanang go ba tlhatswa pelo. Moporofesara mongwe kwa Yunibesithing ya Oxford o ne a kwala jaana: “Go araba fela dikganetso ga go thuse sepe, fa fela maikutlo a a sa siamang a batho ba ileng ba nna le one kwa tshimologong a gore ‘boporofeti jo e seng jwa tlholego ga bo yo,’ a sa ntse a le gone.” Ka gone, maikutlo a a sa siamang ano a ba nang le one a a ba foufatsa. Mme legale seo ke se ba se itlhophetseng—e bile ba a latlhega.

32. Ke eng se re tlileng go se bona fa re ntse re ithuta Daniele?

32 Go tweng ka wena? Fa e le gore o kgona go bona gore ga go na lebaka lepe la mmatota la go belaela gore buka ya Daniele e boammaaruri, he go raya gore o siametse go tsaya loeto lo lo kgatlhang tota lwa go ribolola. O tla fitlhela dipolelo tse di mo go Daniele di anelwa ka tsela e e gapang maikutlo, boporofeti jwa yone e le jo bo kgatlhang thata. Se se botlhokwa le go feta ke gore, o tla fitlhela tumelo ya gago e nonofa go ya pele fa o ntse o bala kgaolo nngwe le nngwe. Ga o kitla o bo o ikwatlhaela go ela tlhoko boporofeti jwa ga Daniele!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Batshwayadiphoso bangwe ba leka go nolofatsa tatofatso eno ya gore ke buka e e itlhametsweng ka go bolela gore mokwadi wa yone o ne a dirisa Daniele e le leina fela la tlhamane, fela jaaka dibuka dingwe tsa bogologolo tse e seng tsa Baebele di ne tsa kwalwa go dirisiwa maina mangwe a e seng one. Le fa go ntse jalo, motshwayadiphoso mongwe wa Baebele e bong Ferdinand Hitzig o ne a bolela jaana: “Kgang ya buka ya Daniele, fa go bolelwa gore e kwadilwe ke [mokwadi] mongwe o sele, e nna kgang e sele. Fa go nna jalo he e nna buka e e itlhametsweng, mme boikaelelo jwa yone ke go tsietsa batho ba ba tla balang buka ya gagwe, le fa gone e tla ba tlhotlheletsa ka tsela e e molemo.”

b Nabonidase o ne a seyo fa Babelona e wa. Ka gone, Beleshasare o tlhalosiwa sentle go twe ke kgosi ka nako eo. Batshwayadiphoso ba ngongoregela gore dibuka tsa lefatshe ga di neye Beleshasare sereto sa semmuso sa gore ke kgosi. Le fa go ntse jalo, bosupi jwa bogologolo bo bontsha gore tota le eleng molaodi, batho ba ne ba ka mmitsa kgosi mo metlheng eo.

c Mokanoki wa Mohebera e bong C. F. Keil o kwala jaana ka Daniele 5:3: “Mo temaneng eno le mo go ya 23, LXX e tila go bua ka basadi bano, e le go ya ka tlwaelo ya Bamakedonia, Bagerika le Baroma.”

d Phapaanong le seo, lenaane le le tlhotlheleditsweng la ga moaposetoloi Paulo la banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba umakilweng mo go Bahebera kgaolo 11, le bonala le umaka ditiragalo tse di kwadilweng mo go Daniele. (Daniele 6:16-24; Bahebera 11:32, 33) Le fa go ntse jalo, lenaane leno la ga moaposetoloi le lone ga le bue dilo tsotlhe. Go na le ba le bantsi ba ba sa bidiwang mo lenaaneng leno, go akaretsa le Isaia, Jeremia le Esekiele, mme seno ga se bontshe gore ga ba ise ba ko ba nne gone.

e Bakwalahisitori bangwe ba ile ba bolela gore leno e ka tswa e le lebaka la go bo Alexander a ne a le pelonomi thata jaana mo Bajudeng, ba ba feditseng lobaka lo loleele e le ditsala tsa Baperesia. Ka nako eo, Alexander o ne a dule letsholo la go senya ditsala tsotlhe tsa Peresia.

O LEMOGILENG?

• Buka ya Daniele e latofaditswe ka eng?

• Ke ka ntlha yang fa go tlhasela buka ya Daniele ga batshwayadiphoso go se na mabaka a a utlwalang?

• Ke bosupi bofe jo bo tshegetsang go nna boammaaruri ga pego ya ga Daniele?

• Ke bosupi bofe jo bo tlhatswang pelo go bo feta jotlhe jwa gore buka ya Daniele e boammaaruri?

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Kgang ya Puo

GO KWALWA ga buka ya Daniele go ne ga wediwa mo e ka nnang ka 536 B.C.E. E ne ya kwalwa ka dipuo tsa Sehebera le Searamaika, mme e na le mafoko a sekae a Segerika le Seperesia. Go kopakopanya dipuo ka tsela eno ga go a tlwaelega mme gone go a direga mo Dikwalong. Buka ya Baebele ya ga Esera le yone e ne ya kwalwa ka Sehebera le Searamaika. Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso bangwe ba gatelela gore mokwadi wa Daniele o dirisitse dipuo tseno ka tsela e e bontshang gore o ne a kwala ka letlha la morago ga 536 B.C.E. Motshwayadiphoso mongwe o nopotswe thata a bolela gore go dirisiwa ga mafoko a Segerika mo go Daniele go gatelela gore e kwadilwe moragonyana. O gatelela gore Sehebera se tshegetsa go kwalwa ga yone moragonyana, le gore Searamaika se letla go kwalwa ga yone moragonyana—gore e ka tswa e kwadilwe le eleng mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E.

Le fa go ntse jalo, ga se bakanoki botlhe ba dipuo ba ba dumalanang le ntlha eno. Dibuka dingwe di boletse gore Sehebera se se dirisitsweng mo go Daniele se tshwana le se se dirisitsweng mo go Esekiele le Esera mme ga se tshwane le se se fitlhelwang mo dibukeng tse go sa tlhomamisegeng gore di boammaaruri go le kana kang tse di kwadilweng moragonyana tse di tshwanang le Ecclesiasticus. Malebana le go dirisa ga ga Daniele Searamaika, akanyetsa dikwalo tse pedi tse di bonweng mo gare ga Memeno ya Lewatle le le Suleng. Le tsone di kwadilwe ka Searamaika mme ke tsa lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga B.C.E.—e seng letlha la bogologolo thata morago ga le go tweng Daniele o ne a itlhamelwa ka lone. Mme bakanoki ba ile ba bona pharologano e kgolo thata fa gare ga Searamaika se se dirisitsweng mo dikwalong tseno le se se fitlhelwang mo go Daniele. Ka gone bangwe ba bolela gore buka ya Daniele e tshwanetse ya bo e le ya bogologolo ka makgolokgolo a dingwaga go feta kafa batshwayadiphoso ba yone ba gatelelang ka gone.

Go tweng ka mafoko “a a tshwarisang bothata” a Segerika a a mo go Daniele? Mangwe a one go fitlhetswe e le a Seperesia, e seng Segerika gotlhelele! Mafoko a go sa ntseng go akanngwa gore ke one fela a Segerika ke maina a diletswa di le tharo tsa mmino. A go nna gone ga mafoko a mararo ano tota go gatelela gore Daniele e tshwanetse ya bo e kwadilwe moragonyana? Nnyaa. Baithutamarope ba fitlhetse gore setso sa Segerika se nnile le tlhotlheletso le eleng makgolo a dingwaga pele ga Gerika e nna mmuso wa lefatshe. Mo godimo ga moo, fa e le gore buka ya Daniele e kwadilwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., fa setso sa Segerika le puo ya teng di ne di dirisiwa gongwe le gongwe, a e ne e tla nna le mafoko a le mararo fela a Segerika? Nnyaa le e seng. Ruri a ne a tla nna mantsi. Ka gone bosupi jwa puo ruri bo tshegetsa ntlha ya gore Daniele ke buka e e boammaaruri.

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 12]

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

(Kwa tlase) Selennere sa tempele ya Babelona se se umakang Kgosi Nabonidase le morwawe e bong Beleshasare

(Kwa godimo) Mokwalo ono o bua ka go ikgantsha ga ga Nebukadenesare malebana le ditiro tsa gagwe tsa go aga

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Go ya ka Pego ya ga Nabonidase, masole a ga Kurose a ne a tsena mo Babelona kwantle ga go lwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

(Kafa mojeng) “Pego ya Temana Kaga Nabonidase” e bega gore Nabonidase o ne a naya leitibolo la gagwe bogosi

(Kafa molemeng) Pego ya Babelona ya go tlhasela Juda ga ga Nebukadenesare

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela