Kgaolo ya Botlhano
Tumelo ya Bone E ne Ya Falola Teko e e Maswe Thata
1. Ba le bantsi ba ikutlwa jang ka go ineela mo Modimong le mo nageng ya bone?
A O TSHWANETSE go ineela mo Modimong kana mo nageng e o nnang mo go yone? Ba le bantsi ba ne ba ka araba ka gore, ‘Ke ineetse mo go tsone tsoopedi. Ke obamela Modimo go ya ka tsela e bodumedi jwa me bo laelang ka yone; mme gape, ke ikana gore ke tla ikanyega mo nageng ya me.’
2. Kgosi ya Babelona e ne e le moeteledipele wa bodumedi le wa dipolotiki ka tsela efe?
2 Pharologanyo fa gare ga go ineela mo bodumeding le boratanaga e ka nna ya bo e sa bonale go le kalo gompieno, mme kwa Babelona wa bogologolo e ne e batla e seo gotlhelele. Ee, dilo tsa setšhaba le tsa bodumedi di ne di kopakopane fela thata mo e leng gore ka dinako tse dingwe go ne go sa kgonege go di farologanya. Moporofesara Charles F. Pfeiffer o kwala jaana: “Kwa Babelona wa bogologolo, kgosi e ne e direla e le Moperesiti yo Mogolo le mmusi wa setšhaba. E ne e dira ditlhabelo e bile e laola le tsela e batho ba e ba busang ba tshwanetseng ba tshela ka yone mo bodumeding.”
3. Ke eng se se bontshang gore Nebukadenesare e ne e le motho yo o ineetseng thata mo bodumeding?
3 A ko o akanye ka Kgosi Nebukadenesare. Leina la gagwe le bolela “Nebo Tlhe, Sireletsa Mojaboswa!” Nebo e ne e le modimo wa Babelona wa botlhale le temothuo. Nebukadenesare e ne e le motho yo o ineetseng thata mo bodumeding. Jaaka go tlhalositswe pelenyana, o ne a aga ditempele tsa medimo e le mmalwa ya Babelona a ba a di kgabisa mme o ne a ineetse thata mo go Maraduke, yo a neng a bolela gore ke ene yo o dirileng gore a bone diphenyo tse a di boneng.a Gape go bonala Nebukadenesare a ne a ikantse dilo tsa boitseanape thata fa a rulaganya dintwa tsa gagwe.—Esekiele 21:18-23.
4. Tlhalosa seemo sa Babelona sa bodumedi.
4 Eleruri go ne go rena moya wa bodumedi mo Babelona yotlhe. Motse ono o ne o na le ditempele di feta 50, tse go neng go obamelwa medimo e le mentsintsi le medimo ya sesadi kwa go tsone, go akaretsa le modimo o o dikarolo di tharo wa Anu (modimo wa loapi), Enlil (modimo wa lefatshe, moya le sefefo) le Ea (modimo o o laolang metsi). Modimo o mongwe wa tharonngwe e ne e le Sin (modimo wa ngwedi), Shamash (modimo wa letsatsi), le Ishtar (modimo wa sesadi wa tsalo). Boselamose, boloi le bolepa dinaledi e ne e le dilo tse dikgolo thata mo kobamelong ya Babelona.
5. Boemo jwa bodumedi jwa Babelona bo ne jwa leretse Bajuda ba batshwarwa kgwetlho efe?
5 Go tshela mo gare ga batho ba ba neng ba tlotla medimo e mentsintsi go ne go leretse Bajuda ba batshwarwa kgwetlho e e seng kana ka sepe. Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, Moshe o ne a ile a tlhagisa Baiseraele gore go ne go tla nna le ditlamorago tse di maswe tota fa ba ne ba ka tlhopha go tsuologela Moneimolao yo Mogolo Thata. Moshe o ne a ba bolelela jaana: “Jehofa o tlaa go isa le kgosi e o tlaa e ipeelang, a go isa kwa morafeng o o sa o itseng, wena le fa e le borraeno; o tlaa direla medimo e sele gone, ya logong le ya lentswe.”—Duteronome 28:15, 36.
6. Ke ka ntlha yang fa go nna kwa Babelona go ne ga lere kgwetlho e kgolo thata mo go Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria?
6 Jaanong Bajuda ba ne ba iphitlhela ba le mo go jone bothata joo. Go boloka bothokgami mo go Jehofa go ne go tla nna thata, bogolo jang mo go Daniele, Hanania, Mishaele, le Asaria. Basha bano ba banè ba Bahebera ba ne ba tlhophilwe ka mo go kgethegileng gore ba thapisediwe go direla mo pusong. (Daniele 1:3-5) Gakologelwa gore e bile ba ne ba neilwe le maina a Sebabelona—Beleteshasare, Shaderake, Meshake le Abedenego—gongwe e le go dira gore ba fetogele mo tikologong ya bone e ntšha.b Maemo a a kwa godimo a banna bano a ne a ka dira gore fa ba ka gana go obamela medimo ya naga eno, seno se itsiwe ke batho botlhe—go bo go tsewe e le go tsuologela puso.
SETSHWANTSHO SA GOUTA SE BA TSENYA MO KOTSING
7. (a) Tlhalosa setshwantsho se se neng se tlhomilwe ke Nebukadenesare. (b) Setshwantsho seno se ne se diretsweng?
7 Ka fa go bonalang ka teng, Nebukadenesare o ne a emisa setshwantsho sa gouta mo lobaleng lwa Dura e le fa a ne a leka go dira gore mmuso wa gagwe o mogolo o nne seoposengwe. Se ne se le bogodimo jwa mabogo a le 60 (dimetara di le 27) le bophara jwa mabogo a le 6 (dimetara di le 2,7).c Bangwe ba dumela gore setshwantsho seno e ne e le pilara fela, kana sefikantswe. Se ka tswa se ne se na le motheo o o agetsweng kwa godimo thata o go neng go na le setshwantsho se segolo thata sa motho mo godimo ga one, gongwe e le setshwantsho sa ga Nebukadenesare ka boene kana sa modimo Nebo. Lefa se ka tswa se ne se ntse jang, setshwantsho seno se se goletseng kwa godimo thata e ne e le letshwao la Mmusomogolo wa Babelona. Ka gone, se ne se diretswe gore se bonwe mme se sisimogwe.—Daniele 3:1.
8. (a) Ke bomang ba ba neng ba lalediwa moletlong wa go kgakolwa ga setshwantsho, mme botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba tlhokwa gore ba direng? (b) Kotlhao ya go gana go obama fa pele ga setshwantsho e ne e le eng?
8 Ka gone, Nebukadenesare o ne a rulaganyetsa gore go tshwarwe moletlo wa go se kgakola semmuso. O ne a phutha dikgosana tsa gagwe tsa kgaolo ya naga, balaodisiwa, balaodi, bagakolodi, babolokamatlotlo, baatlhodi, ditlhogo tsa maotlana le balaodi botlhe ba dikgaolo tsa lefatshe. Go ne ga tlhabiwa mokgosi o o reng: “Lona ditšhaba, le merafe, le ba dipuo lo a laolwa, ga twe: Mogang lo utlwang tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe, le diphare, le dikwadi, le meropana, le diletso tsotlhe, lo wele fa fatshe, lo obamele setshwantsho sa gouta se Nebukatenesare kgosi o se tlhomileng. Le fa e le mang yo o sa weleng fa fatshe a se obamela, fela ka lobaka loo a latlhelwe mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang.”—Daniele 3:2-6.
9. Go bonala go obama fa pele ga setshwantsho se Nebukadenesare a neng a se tlhomile go ne go bolelang?
9 Bangwe ba dumela gore Nebukadenesare o ne a rulaganya moletlo ono go leka go patelela Bajuda gore ba tlogele go obamela Jehofa. Ga go bonale fa seno se le boammaaruri, ka gonne go bonala e ne e le badiredi ba puso fela ba ba neng ba laleditswe go nna gone mo moletlong ono. Ka gone, Bajuda ba ba neng ba tla bo ba le gone e ne e tla nna fela ba ba direlang mo pusong. Ka gone, go bonala go obama fa pele ga setshwantsho e ne e le selo se boikaelelo jwa sone e neng e le go nonotsha go nna seoposengwe ga ba ba mo setlhopheng sa puso. Mokanoki John F. Walvoord o bolela jaana: “Go supa badiredi ba puso ka tsela eno, kafa letlhakoreng le lengwe, e ne e le tsela ya go bontsha maatla a mmuso o mogolo wa ga Nebukadenesare ka tsela e e kgatlhang, mme kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go le botlhokwa ka e ne e le go tlotla medimo e go ya ka bone e leng yone e ba neileng diphenyo.”
BATLHANKA BA GA JEHOFA BA GANA GO INEELA
10. Ke ka ntlha yang fa batho ba e seng Bajuda ba ne ba se kitla ba nna le bothata ka go dira se Nebukadenesare a se laetseng?
10 Le fa ba ne ba ineetse mo medimong e e farologaneng e ba reng e a ba sireletsa, bontsi jwa ba ba neng ba phuthegile fa pele ga setshwantsho sa ga Nebukadenesare ba ne ba sa tshwenngwe le go tshwenngwa ke segakolodi fa ba obama. “Botlhe ba ne ba tlwaetse go obamela medingwana, mme go obamela ga bone modimo o mongwe go ne go sa ba thibele go ineela le mo go o mongwe gape,” go ne ga tlhalosa jalo mokanoki mongwe wa Baebele. O ne a tswelela jaana: “Go ne go dumalana le pono e baobamedi ba le bantsi ba medingwana ba neng ba na le yone ya gore go ne go na le medimo e le mentsi . . . le gore go ne go se phoso go ineela mo modimong wa setšhaba se sengwe kana wa naga e nngwe.”
11. Ke ka ntlha yang fa Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba gana go ikoba fa pele ga setshwantsho?
11 Le fa go ntse jalo, go ne go sa nna jalo ka Bajuda. Modimo wa bone e bong Jehofa o ne a ba laetse jaana: “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa.” (Ekesodo 20:4, 5) Ka jalo, e rile fa mmino o simolola mme ba ba neng ba phuthegile ba ikoba fa pele ga setshwantsho, Bahebera ba bararo ba ba botlana—Shaderake, Meshake le Abedenego—ba sala ba eme fela.—Daniele 3:7.
12. Bakaladia bangwe ba ne ba latofatsa Bahebera ba bararo ka gore ba dirileng, mme ka ntlha yang?
12 Go gana ga badiredi bano ba puso ba bararo ba Bahebera go obamela setshwantsho go ne ga gakatsa Bakaladia bangwe. Ka yone nako eo, ba ne ba atamela kgosi mme ba “naya Bajuta molato.”d Ba ne ba sa kgatlhegele go utlwa lebaka. E re ka ba ne ba batla gore Bahebera bano ba otlhaelwe go se ikanyege le go tsuologela puso, balatofatsi bano ba ne ba bolela jaana: “Go na le Bajuta bangwe ba o ba laodisit[s]eng ditiro tsa kgaolo ya Babilone e bong Shaterake, le Mešake, le Abetenego; banna bao, kgosi, ga ba a go tlhokomela; ga ba a direla medimo ya gago, le fa e le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.”—Daniele 3:8-12.
13, 14. Nebukadenesare o ne a tsibogela jang se se dirilweng ke Shaderake, Meshake le Abedenego?
13 A bo go tshwanetse ga bo go ile ga kgoba Nebukadenesare marapo jang ne go utlwa gore Bahebera ba bararo bano ga baa ka ba utlwa taelo ya gagwe! Go ne go phepafetse gore ga a ka a kgona go dira gore Shaderake, Meshake le Abedenego ba nne batshegetsi ba ba ikanyegang ba Mmusomogolo wa Babelona. A o ne a sa ba ruta botlhale jwa Bakaladia? Ebu, o ne e bile a fetotse le maina a bone! Mme fa e le gore Nebukadenesare o ne a itheile a re thuto ya maemo a a kwa godimo e ne e tla ba ruta tsela e ntšha ya kobamelo kana gore go fetola maina a bone go ne go tla ba fetola le bone, o ne a fositse fela thata. Shaderake, Meshake, le Abedenego ba ne ba nna e ntse e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.
14 Kgosi Nebukadenesare o ne a galefa fela thata. Ka yone fela nako eo, a bitsa Shaderake, Meshake le Abedenego. A botsa a re: “Lona, Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, a lo dira ka bomo, fa e bo ne ne lo sa direle modimo wa me jaana, lo sa obamele setshwantsho se ke se tlhomileng?” Ntle le pelaelo Nebukadenesare o ne a bua mafoko ano a sa dumele se se diragetseng. Mo godimo ga moo, o tshwanetse a bo a ile a akanya jaana, ‘Go tla jang gore banna ba bararo bano ba ba itekanetseng sentle jaana mo mogopolong ba itlhokomolose taelo e e phepafetseng jaana—e bile go sa e utlwe go ne go ka leretse motho kotlhao e e botlhoko jaana?’—Daniele 3:13, 14.
15, 16. Nebukadenesare o ne a neela Bahebera ba bararo bano sebaka sefe?
15 Nebukadenesare o ne a iketleeditse go naya Bahebera ba bararo bano sebaka se sengwe gape. O ne a re: “Jaana fa e tlaa re lo utlwa tumo ya dinaka, le ditlhaka, le diharepe, le diphare, le dikwadi, le meropana le diletso tsotlhe, lo bo lo iketleeditse go wela fa fatshe lo obamela setshwantsho se ke se dirileng, go molemo; mme fa lo sa se obamele, lo tlaa latlhelwa ka lobaka loo fela mo gare ga bokepiso jo bo molelo, jo bo tukang; mme modimo e be e le ofe o o tlaa lo gololang mo diatleng tsa me?”—Daniele 3:15.
16 Go bonala thuto ya setshwantsho sa toro (e e kwadilweng mo go Daniele kgaolo 2) e se kile ya ama Nebukadenesare go le kalo mo mogopolong le mo pelong. Gongwe o ne a setse a lebetse se a kileng a se bolelela Daniele: “Modimo wa lona ke Modimo wa medimo, le Morena wa dikgosi.” (Daniele 2:47) Jaanong go ne go bonala Nebukadenesare a gwetlha Jehofa, a bolela gore tota le eleng Ene o ne a ka se ka a golola Bahebera mo kotlhaong e e ba letetseng.
17. Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba arabela jang mo go se kgosi e neng ya se ba bolelela?
17 Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba sa tlhoke go akanyetsa ntlha eno gape. Gone fela foo ba ne ba araba jaana: “Nebukatenesare, ga re na tshwanelo ya go go fetola mo selong se. Fa go ka nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang, o nonofile go re golola mo bokepisong jo bo molelo, jo bo tukang; mme o tlaa re golola mo seatleng sa gago, kgosi. Fa go sa nna jalo, o tle o itse kgosi, fa re gana go direla medimo ya gago, le go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.”—Daniele 3:16-18.
MO BOKEPISONG JO BO MOLELO!
18, 19. Go ne ga diregang fa Bahebera ba bararo ba ne ba latlhelwa mo bokepisong jo bo molelo?
18 A shakgetse, Nebukadenesare o ne a laela gore batlhanka ba gagwe ba gotetse bokepiso, bo fise ga supa go feta jaaka gale. Morago ga moo a laela “banna bangwe ba diganka ba mephato ya gagwe,” gore ba bofe Shaderake, Meshake le Abedenego mme ba ba latlhele mo “bokepisong jo bo molelo.” Ba ne ba dira jaaka fa kgosi e laetse, ba latlhela Bahebera ba bararo bano mo molelong, ba bofilwe e bile ba ntse ba apere—gongwe e le gore ba ke ba jewe ke molelo ka bonakonako. Le fa go ntse jalo, e ne e le diganka tsa ga Nebukadenesare ka botsone tse di neng tsa bolawa ke malakabe a molelo.—Daniele 3:19-22.
19 Mme go ne go direga sengwe se se sa tlwaelegang. Lefa Shaderake, Meshake, le Abedenego ba ne ba le mo garegare ga bokepiso jo bo molelo, malakabe a molelo a ne a sa ba fise. Akanya fela gore Nebukadenesare o ne a gamaregile jang! Ba ne ba latlhetswe mo molelong o o tutumang, ba bofilwe sentle, mme ba ne ba sa ntse ba tshela. Ebu, ba ne ba itsamatsamaela fela mo molelong! Mme Nebukadenesare a lemoga sengwe gape. “A ga re a latlhela batho ba le bararo mo gare ga molelo, ba bofilwe?” o ne a botsa badiredibagolo ba gagwe ba segosi jalo. “Go ntse jalo, kgosi,” ba araba jalo. Nebukadenesare a kua a re: “Bonang, ke bona banna ba le bane ba ba sa bofiwang, ba tsamaya fela mo teng ga molelo, mme ga ba a utlwa botlhoko bope; ponalo ya wa bone e ntse jaaka ya mongwe morwa medimo.”—Daniele 3:23-25.
20, 21. (a) Nebukadenesare o ne a lemoga eng ka Shaderake, Meshake le Abedenego fa ba tswa mo bokepisong? (b) Nebukadenesare o ne a patelesega go dumela eng?
20 Nebukadenesare a atamela setswalo sa bokepiso jo bo molelo. A goa a re: “Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, lona batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, tswang lo tle kwano.” Bahebera ba bararo bano ba tswa mo molelong. Kwantle ga pelaelo, botlhe ba ba neng ba lebeletse kgakgamatso eno—go akaretsa le dikgosana tsa kgaolo ya naga, balaodisiwa, balaodi le badiredi ba ba kwa godimo—ba ne ba gamaregile. Ee, go ne go ntse jaaka e kete makau a mararo ano a ne a ise a ko a tsamaye a tsene mo bokepisong! Ba ne ba se na le fa e le monkgo wa molelo, mme le meriri ya ditlhogo tsa bone e ne e sa baboga.—Daniele 3:26, 27.
21 Jaanong Kgosi Nebukadenesare o ne a patelesega go amogela gore Jehofa ke Modimo Mogodimodimo. O ne a bolela jaana: “A go bakweng Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, o o romileng moengele wa one, mme wa golola batlhanka ba one ba ba ikantseng mo go one, mme ba fetotse lefoko la kgosi, ba ineetse ka mebele ya bone gore ba se direle modimo ope, le fa e le go o obamela, fa e se Modimo o e leng wa bone fela.” Go tswa foo kgosi e ne ya oketsa ka tlhagiso eno e e gagametseng: “Ke gone ke dira molao wa go re, ba [setšhaba sengwe le sengwe, le ba morafe monwe le mongwe, le ba puo nngwe le nngwe, ba ba ka buang sengwe se se sokameng ka ga Modimo wa ga Shaterake, le Mešeke, le Abetenego, ba remaganngwe, le matlo a bone a dirwe dithotobolo, ka gonne ga go na modimo ope o sele o o nonofileng go golola ka fa mokgweng o o ntseng jaana.” Foo Bahebera ba bararo bano ba busediwa gape mo maemong a bone a segosi mme ba ‘nna kwa pele mo kgaolong ya Babelona.’—Daniele 3:28-30.
TUMELO LE TEKO E E MASWE THATA GOMPIENO
22. Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba lebane jang le boemo jo bo tshwanang le jwa ga Shaderake, Meshake le Abedenego?
22 Gompieno, baobamedi ba ga Jehofa ba lebana le boemo jo bo tshwanang le jwa ga Shaderake, Meshake le Abedenego. Ke boammaaruri gore batho ba Modimo ba ka nna ba bo ba se batshwarwa ka tsela ya mmatota. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba se kitla ba ‘nna karolo ya lefatshe.’ (Johane 17:14) Ke “batswakwa” ka gore ga ba amogele ditlwaelo, maikutlo le mekgwa e e seng ya Dikwalo ya batho ba ba nnang le bone. Jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala, Bakeresete ba tshwanetse go ‘tlogela go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.’—Baroma 12:2.
23. Bahebera ba bararo ba ne ba bontsha jang gore ba nitame, mme Bakeresete gompieno ba ka latela jang sekao sa bone?
23 Bahebera ba bararo ba ne ba gana go bopega jaaka tsamaiso ya Sebabelona. Tota le eleng go rutiwa botlhale jwa Bakaladia ka botlalo ga go a ka ga ba faposa. Boemo jwa bone mo kgannyeng ya kobamelo e ne e se selo se go ka rerisanwang ka sone, mme ba ne ba ineetse mo go Jehofa fela. Bakeresete gompieno ba tshwanetse ba nna ba nitame fela jalo. Ga ba a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke gore ba farologane le batho ba lefatshe. Eleruri, “lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone.” (1 Johane 2:17) Ka jalo e tla bo e le boeleele e bile go sa thuse sepe go tshela go ya ka tsamaiso eno e e swang ya dilo.
24. Boemo jwa Bakeresete ba boammaaruri bo tshwana jang le jwa Bahebera ba bararo bano?
24 Bakeresete ba tshwanetse go nna ba iketse tlhoko mo mofuteng le fa e le ofe wa kobamelo ya medingwana, go akaretsa le mefuta ya yone e e bofitlha.e (1 Johane 5:21) Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba ema mo pele ga setshwantsho ka kutlo le ka tlotlo, mme ba ne ba lemoga gore go obama mo pele ga sone e ne e se go bontsha tlotlo fela mo go sone. E ne e le go obamela, mme fa ba ne ba ka nna le seabe, seno se ne se tla dira gore Jehofa a ba galefele. (Duteronome 5:8-10) John F. Walvoord o kwala jaana: “Go ne go tshwana le go dumedisa folaga, le mororo, ka ntlha ya go bo go ineela mo bodumeding go tshwana le go ineela mo setšhabeng, e ka nna ya bo e ne e le selo se se amanang le bodumedi.” Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba ema ba nitame fela jalo ba sa obamele medingwana.
25. O ithutile thuto efe mo go se se diragaletseng Shaderake, Meshake le Abedenego?
25 Pego ya Baebele kaga Shaderake, Meshake le Abedenego e re naya thuto nngwe e e botlhokwa thata e botlhe ba ba ititeileng sehuba gore ba tla ineela mo go Jehofa fela ba ka ithutang sengwe mo go yone. Go bonala moaposetoloi Paulo a ne a akantse ka Bahebera ba bararo bano fa a ne a bua ka batho ba bantsintsi ba ba neng ba bontsha tumelo, go akaretsa le ba ba neng “ba itshokela maatla a molelo.” (Bahebera 11:33, 34) Jehofa o tla duela botlhe ba ba etsang tumelo e e ntseng jalo. Bahebera ba bararo ba ne ba gololwa mo bokepisong jo bo molelo, mme re ka tlhomamisega gore o tla tsosa botlhe ba ba ikanyegang ba ba swang e le babolokabothokgami mme o tla ba segofatsa ka botshelo jo bo sa khutleng. Le fa go ka tswa go diregang, Jehofa “o tlamela mewa ya baitshepi ba gagwe; o ba golola mo seatleng sa baikepi.”—Pesalema 97:10.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bangwe ba dumela gore Maraduke, yo o neng a tsewa e le mosimolodi wa Mmusomogolo wa Babelona, o tshwantshetsa Nimerode yo o neng a dirilwe modimo. Le fa go ntse jalo, ga go tlhomamisiwe gore a seno ke boammaaruri.
b “Beleteshasare” o bolela “Sireletsa Botshelo Jwa Kgosi.” “Shaderake” a ka bolela “Taolo ya ga Aku,” e bong modimo wa ngwedi wa kwa Sumer. Gongwe “Meshake” ene o lebisitse go modimo mongwe wa kwa Sumer, mme “Abedenego” o bolela “Motlhanka wa ga Nego,” kana Nebo.
c Fa go lejwa tsela e setshwantsho seno se neng se boitshega ka yone, bakanoki bangwe ba Baebele ba dumela gore se ne se dirilwe ka logong mme se bo se manegwa gouta fa godimo.
d Lefoko la Searamaika le le ranotsweng ka gore ‘naya molato’ le bolela ‘go ja motho dikarolwana’—jaaka e kete o a mo tšhotlha, ka go mo senya leina.
e Ka sekai, Baebele e tsaya go ja bobe le bopelotshetlha e le kobamelo ya medingwana.—Bafilipi 3:18, 19; Bakolosa 3:5.
O LEMOGILENG?
• Ke ka ntlha yang fa Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba gana go obama fa pele ga setshwantsho se se tlhomilweng ke Nebukadenesare?
• Nebukadenesare o ne a tsibogela jang kgato e e tserweng ke Bahebera ba bararo bano?
• Jehofa o ne a duela Bahebera ba bararo bano jang ka ntlha ya tumelo ya bone?
• O ithutileng ka go ela tlhoko dilo tsa mmatota tse di diragetseng mo botshelong jwa ga Shaderake, Meshake le Abedenego?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 68]
[Ditshwantsho mo go tsebe 70]
1. Tora ya tempele (“ziggurat”) kwa Babelona
2. Tempele ya ga Maraduke
3. Setshwantsho sa boronse se se bontshang medimo Maraduke (kafa molemeng) le Nebo (kafa mojeng) e eme mo godimo ga dikgogela
4. Lebenya la ga Nebukadenesare, yo o neng a itsege ka dikago tse a di agileng
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 76]
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 78]