LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 7 ts. 98-113
  • Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MODIRO O TSWA MO TAOLONG
  • MOKWALO MO LOBOTENG
  • GO BIDIWA MONNA YO O NANG LE TEMOGO
  • THAMALAKANE E A RARABOLOLWA!
  • GO WA GA BABELONA
  • GO ITHUTA GO TSWA MO MOKWALONG O O MO LOBOTENG
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Letona le le Ikgogomosang le Latlhegelwa ke Puso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Mokwalo mo Loboteng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Buka ya Bibela ya bo 27—Daniele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 7 ts. 98-113

Kgaolo ya Bosupa

Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe

1. Mafoko a manè a a neng a kwalwa bogologolo tala mo loboteng a ne a nna le tlhotlheletso e kgolo go le kanakang?

MAFOKO a manè a a sa raraanang a kwadilwe mo loboteng lo lo ditsweng. Le fa go ntse jalo, mafoko ao a manè a ne a tshosa mmusi yo o nonofileng yono mo a neng a batla a tlhakana tlhogo. A ne a itsise ka go thankgolwa ga dikgosi tse pedi, loso lwa mongwe wa bone, le go khutla ga mmuso o o nonofileng wa lefatshe. Mafoko ao a ne a felela ka go kokobediwa ga thulaganyo ya bodumedi e e neng e sisimogwa. Se se botlhokwa le go feta ke gore a ne a tlotlomatsa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa a ba a tlhomamisa sesha bolaodi jwa gagwe ka nako e bontsi jwa batho ba neng ba di nyatsa ka yone. Aitsane, mafoko ao e bile a re naya lesedi ka ditiragalo tsa lefatshe gompieno! Mafoko a manè a ka dira sotlhe seno jang? A re boneng.

2. (a) Go ne ga diregang kwa Babelona morago ga loso lwa ga Nebukadenesare? (b) Ke mmusi ofe yo jaanong a neng a busa?

2 Go fetile masome a dingwaga fa e sa le ditiragalo tse di tlhalosiwang mo kgaolong ya bo4 ya buka ya Daniele di diragala. Puso ya ga Kgosi Nebukadenesare yo o ikgogomosang ya dingwaga di le 43 mo Babelona e khutlile fa a ne a swa ka 582 B.C.E. Go ne ga latela batlhatlhami ba le mmalwa go tswa mo lelapeng la gagwe, mme puso ya mongwe le mongwe wa bone ka go latelana e ne ya khutliswa ke go swa pele ga nako kana go bolawa ka go tlhaselwa. La bofelo, monna mongwe yo o bidiwang Nabonidase o ne a tsaya setulo sa bogosi ka borukhutlhi. Nabonidase yono, yo e neng e le morwa moperesiti yo mogolo wa mosadi, wa modimo wa ngwedi e bong Sin, go bonala a ne a sa amane gope ka losika le bantlo ya segosi ya Babelona. Bakwadi bangwe ba akanya gore o ne a nyala morwadia Nebukadenesare go dira gore puso ya gagwe e nne ya kafa molaong, a dira morwa wa bone e bong Beleshasare mmusi mmogo le ene, mme a mo tlogela gore a sale a tlhokometse Babelona dingwaga di le mmalwa. Ka tsela eno Beleshasare o nna setlogolo sa ga Nebukadenesare. Go tswa mo go se se diragaletseng rraagwemogolo, a o ne a ithutile gore Jehofa ke Modimo yo o kwa Godimodimo, yo o kgonang go kokobetsa kgosi nngwe le nngwe? Legoka!—Daniele 4:37.

MODIRO O TSWA MO TAOLONG

3. Modiro wa ga Beleshasare o ne o ntse jang?

3 Kgaolo ya bo5 ya Daniele e simolola go le moletlo. “Kgosi Belešasare a direla bagolwane ba gagwe ba 1000 modiro o mogolo, mme a nwa bojalwa jwa mofine fa pele ga ba ba 1000 bao.” (Daniele 5:1) O ka akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ile ga tlhoka holo e kgolo thata go tsenya banna bano botlhe, go akaretsa le basadi ba maemo a bobedi ba kgosi le bagadingwana ba yone. Mokanoki mongwe o bolela jaana: “Meletlo ya Babelona e ne e le ya maemo a a kwa godimo tota, le mororo gantsi e ne e felela ka tlhapelo. Mo tafoleng go ne go tlala beine e e neng e rometswe go tswa kwa dinageng di sele, le mefutafuta ya dijo tse di dirang gore motho a ikgore menwana. Holo e ne e tlala ka dinkgisamonate; mme baopedi ba mantswe le ba diletswa ba ntse ba itumedisa balalediwa ka mmino.” Beleshasare, yo o neng a okametse mo mongwe le mongwe a neng a kgona go mmona sentle gone, o ne a nwa beine ya gagwe—a ba a nwa, a sa tswa go nwa gape.

4. (a) Ke ka ntlha yang fa go bonala go gakgamatsa go bo Bababelona ba ne ba ja modiro mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E.? (b) Go bonala e ne e le eng se se neng se dira gore Bababelona ba itshepe fa ba ne ba lebane le baba ba ba ba tlhaselang?

4 Go bonala go gakgamatsa gore Bababelona ba bo ba ne ba le mo moketeng o o jaaka ono mo bosigong jono—October 5/6, 539 B.C.E. Morafe wa bone o ne o le kwa ntweng, mme dilo di ne di sa o tsamaele sentle. Nabonidase o ne a sa tswa go fenngwa ke masole a a neng a tlhasetse a Bameda le Baperesia mme o ne a tshabetse kwa Borsippa, kwa borwabophirima jwa Babelona. Mme jaanong masole a ga Kurose a ne a thibeletse kafa ntle fela ga Babelona. Le fa go ntse jalo, ga go bonale Beleshasare le bagolwane ba gagwe ba ne ba tshwenyegile. Mo godimo ga moo, motse wa bone e ne e le Babelona yo go sa kgonegeng go tsena mo go one! Dipota tsa one tse dikgolo di ne di okametse mesele e e boteng e e neng e tladiwa ke Noka e kgolo ya Euferatese jaaka fa e ntse e elela go kgabaganya motse. Mo dingwageng tse di sekete, ga go na mmaba ope yo o kileng a tla go gapa Babelona ka go e tshoganyetsa. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go tshwenyega? Gongwe Beleshasare o ne a akanya gore modumo wa tlhapelo ya bone o ne o tla bontsha baba ba ba kwa ntle gore ga ba boife sepe mme o ne o tla ba kgoba marapo.

5, 6. Beleshasare o ne a dirang fa a sena go tagwa ke beine, mme ke ka ntlha yang fa seno e ne e le go tlhapatsa Jehofa ka tsela e e masisi jaana?

5 Go ise go ye kae, Beleshasare o ne a simolola go tagwa ka ntlha ya go nwa go feta selekanyo. Jaaka fa Diane 20:1 e bolela, “bojalwa jwa mofine ke mosotli.” Mo ntlheng eno, beine e ne ya dira gore kgosi e dire phoso e e masisi thata. O ne a laela gore dijana tse di boitshepo tsa tempele ya ga Jehofa di leriwe mo modirong ono. Dijana tseno, tse di tserweng e le thopo ka nako ya fa Nebukadenesare a ne a fenya Jerusalema, di ne di tshwanetse go dirisiwa fela mo kobamelong e e boitshepo. Tota le baperesiti ba Bajuda ba ba neng ba neilwe tetla ya go di dirisa mo tempeleng ya Jerusalema mo nakong e e fetileng ba ne ba ile ba tlhagisiwa gore ba ipoloke ba le phepa.—Daniele 5:2; bapisa Isaia 52:11.

6 Le fa go ntse jalo, Beleshasare o ne a sa ntse a akantse go dira lenyatso le le fetang leo. “Mme kgosi le bagolwane ba yone, le basadi ba yone, le bagadingwana ba yone, ba . . . nwa bojalwa jwa mofine, mme ba baka medimo ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya tshipi, le ya logong, le ya lentswe.” (Daniele 5:3, 4) Ka jalo Beleshasare o ne a batla go tlotlomatsa medimo ya gagwe ya maaka go feta Jehofa! Go bonala mokgwa ono e ne e le selo se se tlwaelegileng mo Bababeloneng. Ba ne ba nyatsa batshwarwa ba bone ba Bajuda, ba sotla kobamelo ya bone mme ba ba tlhobosetsa gore ba ka se tlhole ba boela gape kwa nagagaeng ya bone e e rategang thata. (Pesalema 137:1-3; Isaia 14:16, 17) Gongwe kgosi e e tagilweng eno e ne e akanya gore go tlontlolola batshwarwa bano le go tlhapatsa Modimo wa bone go ne go tla kgatlha basadi ba gagwe le badiredi ba gagwe, go dira gore a bonale e le motho yo o thata.a Mme fa e le gore Beleshasare o ne a itumelela go nna le thata nngwe, ga go a ka ga tsaya lobaka lo loleele.

MOKWALO MO LOBOTENG

7, 8. Modiro wa ga Beleshasare o ne wa kgaosediwa jang, mme seno se ne sa ama kgosi jang?

7 Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “Ya re ka lone lobaka loo fela ga tswa menwana ya seatla sa motho, mme ya kwala bolebana le setlhomo sa lobone mo bodilong jwa lomota lwa ntlo ya kgosi; mme kgosi ya bona ntlha ya seatla se se kwalang.” (Daniele 5:5) A bo e ne e le pono e e tshosang jang ne! Go bonwa fela seatla go sa itsiwe kwa se tswang teng, se kokobetse mo moyeng gaufi le karolo e e bonesitsweng sentle ya lobota. Akanya fela gore go ne ga sala go tuuletse jang mo moletlong ono fa balalediwa ba ne ba retologa go se leba ka kakabalo. Seatla seno se ne sa simolola go kwala molaetsa mo loboteng o go sa itsiweng bokao jwa one.b Tiragalo eno e ne e tshosa tota, e sa lebalege gotlhelele mo e leng gore le go tla go fitlha gompieno, batho ba dirisa polelwana e e reng “mokwalo mo loboteng” go tlhagisa ka kotsi e e gaufi.

8 Seno se ne sa ama jang kgosi eno e e ikgogomosang e e neng e lekile go itlotlomatsa le medimo ya yone go feta Jehofa? “Foo sefatlhogo sa kgosi sa khwata, megopolo ya yone ya e hudua; malokololo a dinoka tsa yone a repa, le mangole a yone a ntaana.” (Daniele 5:6) Beleshasare o ne a batla gore a bonale a le mogolo e bile a tlotlometse mo matlhong a batho ba gagwe. Go na le moo, o ne a bonala sentle gore fa a tshogile tota o nna jang—sefatlhego sa gagwe sa hibila, dinōka tsa gagwe tsa repa, mmele otlhe wa gagwe o ne o roroma thata mo e leng gore mangole a gagwe a ne a ntaana. Eleruri mafoko a ga Dafide a a neng a a opelela Jehofa a ne a le boammaaruri: “Matlho a gago a mo go ba ba ipegang, gore o tle o ba kokobetse.”—2 Samuele 22:1, 28; bapisa Diane 18:12.

9. (a) Ke ka ntlha yang fa poifo ya ga Beleshasare e ne e sa tshwane le poifo ya bomodimo? (b) Kgosi e ne ya solofetsa banna ba ba botlhale ba Babelona eng?

9 Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore poifo ya ga Beleshasare e ne e sa tshwane le poifo ya bomodimo, go tlotla Jehofa thata, go e leng tshimologo ya botlhale. (Diane 9:10) Nnyaa, seno e ne e le poifo e e reregisang, mme ga ya ka ya dira gore kgosi eno e e roromang e nne le botlhale bope.c Mo boemong jwa gore e kope maitshwarelo mo Modimong yo e sa tswang go mo tlhapatsa, e ne ya tlhaeletsa kwa godimo gore go leriwe “dingaka, le Bakalatea, le baloi.” E ne ya ba ya bolela jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa balang lokwalo lo, mme a ntshupetsa phuthololo ya lone, o tlaa apesiwa bohibidu jo bo mokgona, o tlaa apara mpolokwane wa gouta mo thamong, mme o tlaa nna molaodi wa boraro mo bogosing.” (Daniele 5:7) Mmusi wa boraro mo bogosing o ne a tla bo a nonofile e le ruri, a fetwa fela ke dikgosi tse pedi tse di busang, e bong Nabonidase le Beleshasare ka boene. Ka tlwaelo, boemo joo bo ka tswa bo ne bo beetswe morwa yo mogolo wa ga Beleshasare. Kgosi e ne e tlaletswe tota e batla go tlhalosetswa molaetsa ono wa dikgakgamatso!

10. Banna ba ba botlhale ba ne ba dira jang mo maitekong a bone a go tlhalosa mokwalo o o mo loboteng?

10 Banna ba ba botlhale ba ne ba tsena ba tlhomagane mo teng ga holo. Ba ne ba sa tlhaele, ka gonne Babelona e ne e le motse o o nweleletseng mo bodumeding jwa maaka e bile o na le ditempele tse dintsintsi. Banna ba ba neng ba bolela gore ba kgona go bala ditshupo tsa botlhodi le gore ba kgona go tlhalosa mokwalo o go sa itsiweng bokao jwa one ba tshwanetse ba bo ba ne ba le bantsi tota. Banna bano ba ba botlhale ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakaletse tshono eno e ba neng ba e solofeditswe. Ba ne ba neilwe sebaka fano sa go dirisa botswerere jwa bone fa pele ga batho ba maemo, ba ratwe ke kgosi, ba bo ba tlhatlhosediwe kwa boemong jwa go nna le thata e kgolo. Mme a bo ba ne ba retelelwa jang ne! “Ba retelelwa ke go bala lokwalo, le fa e le go itsise kgosi phuthololo ya lone.”d—Daniele 5:8.

11. Ke ka ntlha yang fa banna ba ba botlhale ba Babelona ba ka tswa ba ne ba sa kgone go bala mokwalo?

11 Gore a banna ba ba botlhale bano ba Babelona ba ne ba sa kgone go tlhalosa bokao jwa mokwalo ka boone—ditlhaka ka botsone—ga re itse. Fa e le gore go ne go le jalo, banna ba ba bosula bano ba tshwanetse ba bo ba ne ba ka kgona go itlhamela tlhaloso le fa e le efe fela ya maaka, gongwe e bile e le ya go fora kgosi. Selo se sengwe e ka nna gore ditlhaka tsone di ne di balega sentle. Le fa go ntse jalo, e re ka dipuo tse di tshwanang le Searamaika le Sehebera di ne di kwalwa kwa ntle ga ditumanosi, lefoko lengwe le lengwe le ka tswa le ne le na le ditsela di le mmalwa tsa go le tlhalosa. Fa go ntse jalo, go ka direga gore banna bano ba ba botlhale ba ne ba se kitla ba kgona go bona gore ditlhaka tseno di kaya mafoko afe. Tota le fa ba ne ba ka kgona go dira jalo, ba ne ba santse ba ka se kgone go tlhaloganya gore mafoko ao a bolelang gore ba kgone go a tlhalosa. Le fa seemo e ka tswa e ne e le sefe, re tlhomamisega ka ntlha e le nngwe fela: Banna ba ba botlhale ba Babelona ba ne ba palelwa—mo go maswe!

12. Go palelwa ga banna ba ba botlhale bano go ne ga supa eng?

12 Ka jalo banna ba ba botlhale bano ba ne ba senoga gore ke magwaragwara, gore thulaganyo ya bone ya bodumedi, e e neng e sisimogwa jaana ke tsietso. A bo ba ne ba swabisa jang ne! Fa Beleshasare a bona gore tsholofelo ya gagwe mo banneng bano ba bodumedi e ntse e le ya lefela, a tshoga le go feta, a hibila le go feta, tota le bagolwane ba gagwe ba ne ba “tseana.”e—Daniele 5:9.

GO BIDIWA MONNA YO O NANG LE TEMOGO

13. (a) Ke ka ntlha yang fa kgosigadi e ne ya akantsha gore go bidiwe Daniele? (b) Daniele o ne a tshela botshelo jwa mofuta ofe?

13 Mo nakong eno e e maswe, kgosigadi ka boyone—gongwe mmaagwe kgosi—o ne a tsena mo holong e go diretsweng moletlo mo go yone. O utlwile ka khuduego e e kwa modirong, mme o ne a itse ka motho yo o neng a ka kgona go tlhalosa bokao jwa mokwalo o o mo loboteng. Masome a dingwaga pelenyana rraagwe kgosigadi eno, e bong Nebukadenesare, o ne a tlhoma Daniele go nna tlhogo ya banna ba gagwe botlhe ba ba botlhale. Kgosigadi e ne e mo gakologelwa e le monna yo o nang le “mowa o o dimang, le kitso, le tlhaloganyo.” E re ka go bonala Beleshasare a ne a sa itse Daniele, go ka direga gore moporofeti yono a bo a ile a latlhegelwa ke boemo jwa gagwe jo bo kwa godimo mo pusong morago ga loso lwa ga Nebukadenesare. Le fa go ntse jalo go nna le maemo e ne e se selo se se tshwenyang mo go Daniele. Go bonala mo nakong eno a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo90, a sa ntse a direla Jehofa ka boikanyegi. Le fa a ne a na le masome a le robedi a dingwaga e le motshwarwa kwa Babelona, o ne a sa ntse a itsiwe ka leina la gagwe la Sehebera. Tota le yone kgosigadi e ne e mmitsa Daniele, e sa dirise leina la Sebabelona le a neng a le neilwe. Ee, o ne a kgothatsa kgosi jaana: “Mme jaana a Daniele a ye go bidiwa, mme o tlaa supa phuthololo.”—Daniele 1:7; 5:10-12.

14. Daniele o ne a tsena mo bothateng bofe fa a bona mokwalo o o mo loboteng?

14 Daniele o ne a bidiwa mme a tla fa pele ga ga Beleshasare. Go ne go tlhabisa ditlhong go kopa thuso mo Mojudeng yono, yo kgosi e sa tswang go tlhapatsa Modimo wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Beleshasare a leka go fora Daniele, a solofetsa gore o tla mo naya one maduo ao—go nna wa boraro mo bogosing—fa a ne a ka kgona go bala le go tlhalosa mafoko ano a go sa itsiweng bokao jwa one. (Daniele 5:13-16) Daniele a tsholetsa matlho go leba mokwalo o o mo loboteng, mme moya o o boitshepo wa mo kgontsha go lemoga bokao jwa one. E ne e le molaetsa wa katlholo go tswa kwa go Jehofa Modimo! Daniele o ne a ka itsise kgosi e e iponang eno jang katlholo ya yone e e botlhoko jaana, a e bolelela fela mo matlhong—le gone a dira jalo mo pele ga basadi ba yone le bagolwane ba yone? Akanya fela ka bothata jo Daniele a neng a tsene mo go jone! A o ne a ya le mafoko a a borethe a kgosi le go mo solofetsa ga yone dikhumo le maemo a a kwa godimo? A moporofeti yono o ne a tla tshela dikatlholo tsa ga Jehofa metsi?

15, 16. Beleshasare o ne a palelwa ke go ithuta thuto efe e e botlhokwa go tswa mo go se se diragetseng mo nakong e e fetileng, mme batho ba palelwa go le kana kang go dira se se tshwanang le gompieno?

15 Daniele o ne a bua ka bopelokgale a re: “A dineo tsa gago e nne tsa gago, mme o neye o sele dituelo tsa gago; le fa go ntse jalo ke tlaa balela kgosi lokwalo, ke ba ke e itsise phuthololo.” (Daniele 5:17) Morago ga moo, Daniele o ne a bolela ka bogolo jwa ga Nebukadenesare, kgosi e e neng e le maatla thata mo e neng e kgona go bolaya, go itaya, go tlotlomatsa, kana go tlontlolola mongwe le mongwe fela yo e neng e tlhopha go mo dira jalo. Le fa go ntse jalo, Daniele o ne a gakolola Beleshasare gore Jehofa, “Modimo wa Mogodimodimo,” o ne a dirile Nebukadenesare mogolo. E ne e le Jehofa yo o neng a kokobetsa kgosi eo e e nonofileng fa e ne e nna mabela. Ee, Nebukadenesare o ne a patelesega go ithuta gore “Modimo o o Mogodimodimo o busa mo bogosing jwa batho, le go re, o bo laodisa mongwe fela yo o mo ratang.”—Daniele 5:18-21.

16 Beleshasare o “itsile dilo tsotlhe tse.” Le fa go ntse jalo, ga a ka a ithuta go tswa mo go se se diragetseng mo nakong e e fetileng. Tota e bile, o ne a dirile boleo jo bo fetang jwa ga Nebukadenesare jwa go ikgantsha a ne a sa tshwanela a ba a nyatsa Jehofa ka tlhamalalo. Daniele o ne a senola boleo jwa kgosi. Mo godimo ga moo, mo pele ga phuthego eo ya baheitane, o ne a bolelela Beleshasare ka bopelokgale gore medimo ya maaka e ne e ‘sa bone sepe, e sa utlwe sepe e bile e sa itse sepe.’ Moporofeti yono yo o pelokgale wa Modimo o ne a oketsa ka gore go farologana le medimo eo e e sa thuseng sepe, Jehofa ke Modimo “o go hema ga gago go leng mo seatleng sa one.” Go tla go fitlha mo motlheng ono, batho ba dira dilo tse di sa tsheleng medimo, ba obamela madi, ditiro, maemo, le go ijesa monate. Mme ga go na sepe sa dilo tseno se se kgonang go naya botshelo. Jehofa ke ene fela yo rotlhe re leng gone ka ntlha ya gagwe, yo re lebang kwa go ene go bona mohemo mongwe le mongwe o re o hemang.—Daniele 5:22, 23; Ditiro 17:24, 25.

THAMALAKANE E A RARABOLOLWA!

17, 18. Mafoko a manè a a neng a kwadilwe mo loboteng a ne a reng, mme fa a tsewa jaaka a ntse a bolelang?

17 Moporofeti yo o tsofetseng jaanong o tswelela pele go dira se banna botlhe ba ba botlhale ba Babelona ba paletsweng ke go se dira. O ne a bala a ba a tlhalosa mokwalo o o mo loboteng. Mafoko ao a ne a re: “MENE, MENE, TEKELE, UFARESINE.” (Daniele 5:24, 25) A kayang?

18 Mafoko ano fa a tsewa jaaka a ntse a bolela “mina, mina, shekele, le halofo ya dishekele.” Lefoko lengwe le lengwe e ne e le tekanyo e go lekanngwang bokete jwa madi ka yone, a latelana ka boleng jwa one go ya kwa tlase. A bo e ne e le selo se se raraaneng jang ne! Tota le fa banna ba ba botlhale ba Babelona ba ne ba kgona go bona gore ditlhaka tseno e ne e le eng, go sa ntse go sa gakgamatse go bo ba ne ba sa kgone go di tlhalosa.

19. Tlhaloso ya lefoko “MENE” e ne e reng?

19 Ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo wa Modimo, Daniele o ne a tlhalosa jaana: “Phuthololo ya selo se ke e: MENE! Modimo o sekaseka bogosi jwa gago, mme o bo khutlisitse.” (Daniele 5:26) Ditumammogo tsa lefoko la ntlha di ne di letla gore di ka balwa e le “mina” e bile di letla sebopego sa lefoko la Searamaika le le kayang “go tsewa ga palo ya” kana “go balwa,” go ya ka gore mmadi o tsenya ditumanosi dife. Daniele o ne a itse sentle gore botshwarwa jwa Bajuda bo ne bo tloga bo ya bokhutlong. Go ne go setse go fetile dingwaga di le 68 tsa jone tsa di le 70 tse di boleletsweng pele. (Jeremia 29:10) Mmolokanako yo Mogolo, e bong Jehofa, o ne a badile malatsi a go busa ga Babelona e le mmuso wa lefatshe, mme bokhutlo jwa gone bo ne bo le gaufi go feta kafa ope yo o neng a le mo modirong ono wa ga Beleshasare a neng a akanya ka gone. Tota e bile, nako e ne e setse e ile—e seng mo go Beleshasare fela mme le mo go rraagwe, e bong Nabonidase. E ka tswa e le lone lebaka la go bo lefoko “MENE” le ne le kwadilwe gabedi—go itsise bokhutlo jwa puso ya dikgosi tse pedi tseno.

20. Tlhaloso ya lefoko “TEKELE” e ne e reng, mme e ne e dira jang mo go Beleshasare?

20 Kafa letlhakoreng le lengwe, lefoko “TEKELE,” le ne le kwadilwe gangwe fela le gone le le mo bongweng. Seno se ka nna sa bo se bontsha gore le ne le lebisitswe thatathata mo go Beleshasare. Mme seno se ne se tla bo se tshwanela, ka gonne ene ka boene o tlontlolotse Jehofa ka tsela e e tlhabisang ditlhong. Lefoko leno ka bolone le bolela “shekele,” mme ditumammogo gape di letla gore le balege e le “go lekanngwa bokete.” Ka gone, Daniele o ne a raya Beleshasare a re: “TEKELE: O lekantswe mo dilekanyong tsa pego, mme o fitlhetswe o tlhaetse.” (Daniele 5:27) Mo go Jehofa, merafe yotlhe e tshwana fela le lorole mo dikaleng tsa go lekanya. (Isaia 40:15) Ga e na maatla a go senya maikaelelo a gagwe. Jaanong kgosi e le nngwe fela e e ikgantshang yone e ka dirang? Beleshasare o ne a lekile go itlotlomatsa go feta Molaodi wa lobopo. Mothonyana yono o nnile pelokgale go tlhapatsa Jehofa le go sotla ka kobamelo e e itshekileng mme o ‘fitlhetswe a tlhaela.’ Ee, Beleshasare o ne a tshwanelwa sentle ke katlholo e e neng e atamela ka bofefo!

21. “UFARESINE” ke lefoko le le nang le ditlhaloso tse tharo ka tsela efe, mme seno se ne se bolelang ka isagwe ya Babelona jaaka mmuso wa lefatshe?

21 Lefoko la bofelo mo loboteng e ne e le “UFARESINE.” Daniele o ne a le bala le le mo bongweng, “PERESE,” gongwe e le ka gonne a ne a bua le kgosi e le nngwe mme e nngwe e seyo. Lefoko leno le ne la konela thamalakane e kgolo ya ga Jehofa ka go nna le ditsela tse tharo tsa go le tlhaloganya. Fa le tsewa jaaka le ntse, “paresine” e bolela “halofo ya dishekele.” Mme ditlhaka tseno di ka tlhaloganngwa ka ditsela tse dingwe gape tse pedi—“go kgaoganngwa” le “Baperesia.” Ka jalo Daniele o ne a bolelela pele jaana: “PERESE; Bogosi jwa gago bo kgaogantswe, mme bo neilwe Bamete le Baperesia.”—Daniele 5:28.

22. Beleshasare o ne a arabela jang go rarabololwa ga thamalakane eno, mme a ka tswa a ne a solofetse eng?

22 Thamalakane e ne ya rarabololwa ka tsela eo. Babelona yo o nonofileng o ne a tloga a digwa ke mephato ya Bameda le Baperesia. Le fa a ne a sulafetse ka ntlha ya molaetsa ono wa katlholo, Beleshasare o ne a dira jaaka a ne a solofeditse. O ne a dira gore batlhanka ba gagwe ba apese Daniele bohibidu jo bo mokgona, a bewe mpolokwane wa gouta mo thamong, a ba a itsisiwe gore ke mmusi wa boraro mo bogosing. (Daniele 5:29) Daniele ga a ka a gana ditlotla tseno, a lemoga gore di bontsha ditlotla tse di neng di tshwanela Jehofa. Gone mme, Beleshasare a ka tswa a ne a solofetse gore o tla nolofatsa dikatlholo tsa ga Jehofa ka go tlotla moporofeti wa Gagwe. Fa e le gore go ne go ntse jalo, go ne go sa thuse sepe gonne go ne go setse go le thari.

GO WA GA BABELONA

23. Ka yone nako ya fa modiro wa ga Beleshasare o ntse o tsweletse, ke boporofeti bofe jwa bogologolo jo bo neng bo ntse bo diragadiwa?

23 Ka yone nako eo ya fa Beleshasare le badiredi ba gagwe ba ntse ba nwa ba nwela medimo ya bone le go sotla ka Jehofa, go ne go direga dilo tse dikgolo mo lefifing kafa ntle ga ntlo ya segosi. Boporofeti jo bo neng jwa buiwa ka Isaia mo e ka nnang makgolo a le mabedi a dingwaga a a fetileng bo ne bo diragadiwa. Malebana le Babelona, Jehofa o ne a ile a bolelela pele jaana: “Ke khutlisitse phegelo yotlhe ya teng.” Ee, go gatelela baitshenkedwi ba Modimo go go neng go dirwa ke motse oo o o boikepo go ne go tshwanetse ga fela. Jang? Jone boporofeti joo bo ne jwa bolela jaana: “Bolola, wena Elame; dika wena Media.” Elama e ne ya nna karolo ya Peresia morago ga motlha wa ga moporofeti Isaia. Ka nako ya modiro wa ga Beleshasare, oo le one go neng ga bolelelwa pele ka one mo go jone boporofeti joo jwa ga Isaia, Peresia le Media eleruri di ne di le ngatana e le nngwe go ‘bololela’ Babelona le go e “dika.”—Isaia 21:1, 2, 5, 6.

24. Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa bolelela pele dintlha dife malebana le go wa ga Babelona?

24 Tota e bile, go ne go boleletswe pele le leina la moeteledipele wa masole ano, fela jaaka dintlhakgolo tsa leano la gagwe le a rulaganyang ntwa ka lone. Dingwaga di ka nna 200 go sa le gale, Isaia o ne a ile a porofeta gore Jehofa o ne a tla tlotsa mongwe yo o bidiwang Kurose gore a tsogologele Babelona. Fa a ntse a tlhasetse, dikgoreletsi tsotlhe di ne di tla tlosiwa fa pele ga gagwe. Metsi a Babelona a ne a tla ‘kgala,’ le dikgoro tsa gagwe tse di thata di ne di tla tlogelwa di sa tswalwa. (Isaia 44:27–45:3) Mme go ne ga direga fela jalo. Masole a ga Kurose a ne a faposa Noka ya Euferatese, a dira gore metsi a teng a ye kwa tlase gore ba tle ba kgone go tsamaya mo losing lwa noka. Badisa ba ba botlhaswa ba ne ba tlogetse dikgoro tsa dipota tsa Babelona di sa tswalwa. Jaaka fa bakwalahisitori ba lefatshe ba dumalana, motse o ne wa tlhaselwa fa baagi ba one ba ne ba le mo tlhapelong. Babelona e ne ya gapiwa kwantle ga gore e itwele. (Jeremia 51:30) Le fa go ntse jalo, go nnile le bobotlana motho a le mongwe yo go itsiweng a sule. Daniele o ne a bega jaana: “E rile mo bosigong joo fela Belešasare kgosi ya seKalatea a bolawa. Mme Dario wa Momete a tsaya bogosi, a le dinyaga [di] ka ne [di] le 62.”—Daniele 5:30, 31.

GO ITHUTA GO TSWA MO MOKWALONG O O MO LOBOTENG

25. (a) Ke ka ntlha yang fa Babelona wa bogologolo e le letshwao le le tshwanelang la tsamaiso ya gompieno ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka? (b) Batlhanka ba Modimo ba segompieno ba ne ba le mo botshwarong jwa Babelona ka kgopolo efe?

25 Pego e e tlhotlheleditsweng e e mo go Daniele kgaolo 5 e bolela go le gontsi thata mo go rona. Jaaka lefelo la konokono la bodumedi jwa maaka, Babelona wa bogologolo ke letshwao le le tshwanelang la mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Mokgatlho ono wa lefatshe lotlhe o o tletseng ka tsietso ya mefuta yotlhe, o mo go Tshenolo o tshwantshediwang ke seaka se se nyoretsweng madi, o bidiwa “Babelona o Mogolo.” (Tshenolo 17:5) E re ka a sa tseye tsia ditlhagiso tsotlhe tse di malebana le dithuto tsa gagwe tsa maaka le ditiro tsa gagwe tse di tlontlololang Modimo, o ile a bogisa ba ba rerang boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Jaaka baagi ba Jerusalema le Juda wa bogologolo, masalela a a ikanyegang a Bakeresete ba ba tloditsweng a ne a le mo botshwarong tota mo “Babelona o Mogolo” fa pogiso e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti e ne e batla e tswalela tiro ya go rera ka Bogosi ka 1918.

26. (a) “Babelona o Mogolo” o ole jang ka 1919? (b) Ke tlhagiso efe e rona ka borona re tshwanetseng ra e tsaya tsia le go e bolelela ba bangwe?

26 Le fa go ntse jalo, “Babelona o Mogolo” o ne a wa ka tshoganyetso fela! Ee, o ole a sa dira modumo le eseng—fela jaaka fa Babelona wa bogologolo le ene a ole ka tidimalo fela, ka 539 B.C.E. Le fa go ntse jalo, go wa gono ga tshwantshetso e nnile go go botlhoko eletota. Go diragetse ka 1919 C.E. fa batho ba ga Jehofa ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa Babelona mme ba segofadiwa ka go amogelwa ke Modimo. Seno se ne sa fedisa maatla a “Babelona o Mogolo” mo bathong ba Modimo mme sa tshwaya tshimologo ya go senolwa ga gagwe phatlalatsa gore ke motsietsi yo o sa ikanyegeng. Go wa goo go ne ga itshupa e le go go ka se keng ga tlhola go dirololwa, mme go senngwa ga gagwe ga bofelo go gaufi thata. Ka gone batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba bolela tlhagiso eno: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe.” (Tshenolo 18:4) A o tsere tlhagiso eo tsiya? A o e bolelela ba bangwe?f

27, 28. (a) Daniele ga a ise a ke a lebale boammaaruri bofe jo bo botlhokwa? (b) Re na le bosupi bofe jwa gore Jehofa o tloga a tsaya kgato go senya lefatshe le le boikepo la gompieno?

27 Ka jalo mokwalo o mo loboteng gompieno—mme e seng mo go “Babelona o Mogolo” fela. Gakologelwa boammaaruri jo bo botlhokwatlhokwa, jo e leng setlhogo sa konokono sa buka ya ga Daniele: Jehofa ke Molaodi wa Lobopo. Ke ene, ene a le nosi fela yo o nang le tshwanelo ya go tlhoma mmusi yo o tla busang setho. (Daniele 4:17, 25; 5:21) Sengwe le sengwe se se emelaneng le boikaelelo jwa ga Jehofa se tla tlosiwa. Go setse nako e khutshwane fela pele Jehofa a tsaya kgato. (Habakuke 2:3) Mo go Daniele, nako eo kgabagare e ne ya tla mo ngwagasomeng wa bolesome wa botshelo jwa gagwe. Ka nako eo o ne a bona Jehofa a tlosa mmuso wa lefatshe—o o neng o ntse o gatelela batho ba Modimo go tloga fela fa ene Daniele a ne a sa ntse a le mosimane.

28 Go na le bosupi jo bo ka se ganediweng jwa gore Jehofa Modimo o tlhomile Mmusi wa batho mo setulong sa bogosi se se kwa legodimong. Ntlha ya go bo lefatshe le itlhokomolositse Kgosi eno e bile le ganeditse bobusi jwa gagwe ke bosupi jo bo tlhomamisegang jwa gore go ise go ye kae Jehofa o tla tlosa baganetsi botlhe ba puso ya Bogosi jwa gagwe. (Pesalema 2:1-11; 2 Petere 3:3-7) A o dira dilo ka tsela e e bontshang gore metlha ya rona e potlakile le go baya tsholofelo ya gago mo Bogosing jwa Modimo? Fa e le gore o dira jalo, ruri o ithutile go tswa mo mokwalong o o mo loboteng!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo mokwalong mongwe wa bogologolo, Kgosi Kurose o ne a bua jaana ka Beleshasare: “Go tlhomilwe sekoa gore se nne [mmusi] wa naga ya sone.”

b Tota le e leng karolwana e nnye eno ya pego ya ga Daniele e ne ya itshupa e le boammaaruri. Baithutamarope ba fitlhetse gore dipota tsa ntlo ya segosi tsa Babelona wa bogologolo di ne di dirilwe ka ditena tse di neng di didilwe.

c Go bonala tumelabotlhodi ya Babelona e ne ya dira gore kgakgamatso eno e tshose le go feta. Buka ya Babylonian Life and History e bolela jaana: “Mo godimo ga medimo e mentsintsi e Bababelona ba neng ba e obamela, re ba fitlhela ba ineetse thata mo go dumeleng mo badimong, mme ba dumela mo go bone thata mo e leng gore dibuka tsa bone tsa bodumedi di ne di tletse thata ka dithapelo le puisano ya bone le badimo.”

d Lokwalopaka lwa Biblical Archaeology Review lo bolela jaana: “Bomankge ba Babelona ba ne ba na le dibuka tse di nang le lenaane la ditshupo di le diketekete tsa botlhodi. . . . Fa Beleshasare a ne a batla go itse gore mokwalo o o mo loboteng o bolelang, ntle le pelaelo, banna ba ba botlhale ba Babelona ba ne ba leba mo teng ga disaetlopedia tseno tsa botlhodi. Mme ga di a ka tsa ba thusa ka sepe.”

e Bakwadi ba didikishinare ba bolela gore lefoko le le dirisitsweng mo, la go “tseana” le bolela khuduego e kgolo, jaaka e kete go ne ga tsoga tlhakatlhakano mo kokoanong eno.

f Bona ditsebe 205-71 tsa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O LEMOGILENG?

• Modiro wa ga Beleshasare o ne wa kgaosediwa jang mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E.?

• Tlhaloso ya mokwalo o o mo loboteng e ne e reng?

• Ke boporofeti bofe jo bo malebana le go wa ga Babelona jo bo neng bo ntse bo diragadiwa fa modiro wa ga Beleshasare o ntse o tsweletse?

• Pego ya mokwalo o o mo loboteng e na le bokao bofe mo motlheng wa rona?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 98]

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 103]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela