LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 10 ts. 164-179
  • Ke Mang Yo o Ka Emelanang le Kgosana ya Dikgosana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Ka Emelanang le Kgosana ya Dikgosana?
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • PHELEFU E E NANG LE DINAKA TSE PEDI
  • PHELEFU E IKGODISA THATA
  • PHOKO E TLHABA PHELEFU
  • LONAKA LO LONNYE LWA MASAITSIWENG
  • NONOFO YA LONAKA LO LONNYE E NNA KGOLO
  • “BONNO JWA FELO GA YONE GA BOITSHEPO” BO DIGELWA FA FATSHE
  • “FELO GA BOITSHEPO” GO A NTLAFADIWA
  • Ke Mang yo o Tla Busang Lefatshe?
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Buka ya Bibela ya bo 27—Daniele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Karolo 7—Mmuso wa Bofelo mo Mebusong e Megolo ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 10 ts. 164-179

Kgaolo ya Bolesome

Ke Mang Yo o Ka Emelanang le Kgosana ya Dikgosana?

1, 2. Ke ka ntlha yang fa ponatshegelo e Daniele a neng a e bona mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Beleshasare e le botlhokwa mo go rona?

GO FETILE dingwaga di le 57 fa e sa le tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema e senngwa. Beleshasare le rraagwe, e bong Nabonidase, ba busa Mmusomogolo wa Babelona mmogo, mmuso wa boraro wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele.a Moporofeti wa Modimo e bong Daniele o isitswe botshwarwa kwa Babelona. Mme ka “ngwaga wa boraro wa puso ya ga kgosi Belešasare,” Jehofa o romelela Daniele ponatshegelo e e senolang dintlha dingwe ka go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri.—Daniele 8:1.

2 Ponatshegelo ya boporofeti e Daniele a neng a e bona e ne ya mo ama fela thata, mme le rona ba re tshelang mo ‘motlheng wa bokhutlo,’ re kgatlhegela thata go itse ka yone. Moengele Gabariele o bolelela Daniele jaana: “Bona, ke tlaa go itsise se se tlaa nnang mo lobakeng lwa morago lwa tšhakgalo, gonne ke sa lobaka lo lo laotsweng lwa bokhutlo.” (Daniele 8:16, 17, 19, 27) Ka jalo, ka kgatlhego e kgolo, a re sekasekeng se Daniele a neng a se bona le gore se kayang mo go rona gompieno.

PHELEFU E E NANG LE DINAKA TSE PEDI

3, 4. Daniele o ne a bona phologolo efe e eme fa pele ga noka, mme e tshwantshetsang?

3 Daniele o kwala jaana: “Ka leba mo ponatshegelong; mme ga nna jaana: ga re e rile ke bona, ka bo ke le mo Shušane motse wa kgosi, o o mo kgaolong ya Elame ya lefatshe; mme ka bona mo ponatshegelong, ka bo ke le fa nokeng ya Ulai.” (Daniele 8:2) Gore a Daniele o ne a le kwa Shushana (Susa) ka boyone—motsemogolo wa Elame, o o dikilometara di ka nna 350 go ya kwa botlhaba jwa Babelona—kana gore a o ne a ile koo fela ka ponatshegelo, ga go tlhalosiwe.

4 Daniele o tswelela jaana: “Foo ka tsholetsa matlho, ka leba, mme bonang, ga bo go eme fa pele ga noka phelefu e e dinaka pedi.” (Daniele 8:3a) Se phelefu eno e se emelang ga se masaitsiweng mo go Daniele. Moengele Gabariele o bolela jaana moragonyana: “Phelefu e o e bonyeng e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia.” (Daniele 8:20) Bameda ba ne ba tswa mo mafelong a a dithaba tse di setlhaba tse di kwa botlhaba jwa Asiria, mme Baperesia bone ba simolotse ba tshela botshelo jwa bokgarakgatshegi mo kgaolong e e kafa bokone jwa Kgogometso ya Peresia. Le fa go ntse jalo, jaaka fa Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia o ntse o gola, baagi ba one ba ne ba simolola go rata botshelo jwa manobonobo fela thata.

5. Lonaka lo lo neng “lwa tswa morago ga lo longwe” lo ne lwa nna loleele ka tsela efe?

5 “Dinaka tse pedi tsa bo di le ditelele,” Daniele o a bega, “mme lo longwe lo feta lo longwe, lo lotelele lwa tswa morago ga lo longwe.” (Daniele 8:3b) Lonaka lo loleele lo lo neng lwa tswa moragonyana lo tshwantshetsa Baperesia, mme lo longwe lone lo emela Bameda. La ntlha, go ne go busa Bameda. Mme ka 550 B.C.E., Kurose mmusi wa Peresia o ne a fenya Kgosi Astyages wa Momeda kwantle ga mathata. Kurose o ne a kopanya dingwao le melao ya ditšhaba tse pedi tseno, a kopanya magosi a tsone, mme a atolosa diphenyo tsa one. Go tloga ka nako eo, mmusomogolo ono o ne wa nna mmuso o o tshwaraganetsweng.

PHELEFU E IKGODISA THATA

6, 7. Go ne ga direga jang gore go bo “go se na ditshedi dipe tse di ka emang fa pele” ga phelefu?

6 Fa Daniele a tswelela pele ka go tlhalosa phelefu eno, o bolela jaana: “Ka bona phelefu e segolela ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya botsheka, le ya borwa; mme go ne go se na ditshedi dipe tse di ka emang fa pele ga yone, le gone go no go se na ope yo o ka gololang mo go yone; ya dira se e se ratang, mme ya ikgodisa.”—Daniele 8:4.

7 Mo ponatshegelong e e fetileng e Daniele a neng a e newa, Babelona o ne a tshwantshediwa ke sebatana sa naga se se neng sa tlhatloga mo lewatleng mme se tshwana le tau e e nang le diphuka tsa ntsu. (Daniele 7:4, 17) Sebatana seo sa tshwantshetso se ne sa se ka sa kgona go ema fa pele ga “phelefu” ya ponatshegelo eno e ntšha. Babelona e ne ya fenngwa ke Kurose yo Mogolo ka 539 B.C.E. Mo e ka nnang dingwaga di le 50 morago ga moo, “go ne go se na ditshedi dipe tsa naga,” kana dipuso tsa sepolotiki, tse di neng di kgona go emelana le Mmusomogolo ono wa Bameda le Baperesia—mmuso wa bonè wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele.

8, 9. (a) “Phelefu” e ne ya “segolela ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya botsheka, le ya borwa” jang? (b) Buka ya Esethere ya reng malebana le motlhatlhami wa Moperesia wa ga Kgosi Dario I?

8 Mmuso wa Lefatshe wa Bameda le Baperesia, o o neng o tswa kwa “botlhabatsatsi,” o ne o dira jaaka o rata, o “segolela ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya botsheka, le ya borwa.” (Isaia 46:11) Kgosi Cambyses II, yo o neng a tlhatlhama Kurose yo Mogolo, o ne a fenya Egepeto. Ene o ne a tlhatlhangwa ke Kgosi Dario I wa Moperesia, yo o neng a ela kwa bophirima go kgabaganya kgogometso ya Bosporus ka 513 B.C.E. mme a tlhasela naga ya Yuropa ya Thrace, e motsemogolo wa yone e neng e le Byzantium (e jaanong e leng Istanbul). Ka ngwaga wa 508 B.C.E., o ne a fenya Thrace, a ba a fenya le Makedonia ka 496 B.C.E. Ka gone, ka nako ya ga Dario, “phelefu” ya Bameda le Baperesia e ne e gapile naga mo dintlheng tsa yone tse tharo tse dikgolo: kwa bokone kwa Babelonia le Asiria, kwa bophirima go ralala Asia Minor, le kwa borwa kwa Egepeto.

9 Fa Baebele e ntsha bosupi jwa kafa Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia o neng o le mogolo ka teng, e bua ka motlhatlhami wa ga Dario, e bong Serese I, e re ke “Ahasueruse yo o ne a busa dikgaolo tsa mafatshe di le 127, go tswa India go ya fela kwa Ethiopia.” (Esethere 1:1) Mme mmusomogolo ono o ne o tla sutela o mongwe, mme mo ntlheng eno, ponatshegelo ya ga Daniele e senola dintlha dingwe tse di kgatlhang tse di tshwanetseng go nonotsha tumelo ya rona mo lefokong la Modimo la boporofeti.

PHOKO E TLHABA PHELEFU

10. Mo ponatshegelong ya ga Daniele, ke phologolo efe e e neng ya tlhaba “phelefu”?

10 Akanya fela gore Daniele o tshwanetse a bo a ile a gakgamatswa jang ke se a se bonang jaanong. Pego ya re: “Ya re ke sa ntse ke akanya, bonang, ga tswa phoko ntlheng ya bophirimatsatsi ya tla godimo ga lefatshe lotlhe, mme e se ka ya ama lefatshe; phoko eo ya bo e na le lonaka longwe lo lo bonalesegang gare ga matlho a yone. Ya tla mo phelefung e e nang le dinaka tse pedi, e ke e bonyeng e eme fa nokeng, ya tabogela mo go yone ka tšararego yotlhe ya nonofo ya yone. Ka e bona e atamela thata fa phelefung, mme ya bo e tlhotlhelediwa ke bogale ka ga yone, ya segola phelefu, ya roba dinaka tsa yone tsoo pedi; mme go ne go se na thata mo phelefung ya go ema fa pele ga yone; mme ya e digela fa fatshe, ya e gataka; mme go ne go se na ope yo o ka gololang phelefu mo go yone.” (Daniele 8:5-7) Seno sotlhe se kayang?

11. (a) Moengele Gabariele o ne a tlhalosa jang “phoko e e maodi” le “lonaka lo logolo” lwa yone? (b) Ke mang yo o neng a tshwantshediwa ke lonaka lo lo bonalesegang?

11 Go le Daniele, le rona, ga re a tlogelwa re le mo lefifing malebana le gore ponatshegelo eno e kayang. “Phoko e e maodi, ke kgosi ya Gerika; mme lonaka lo logolo lo lo fa gare ga matlho a yone ke kgosi ya ntlha,” moengele Gabariele o bolelela Daniele jalo. (Daniele 8:21) Ka 336 B.C.E., kgosi ya bofelo ya Mmusomogolo wa Peresia, e bong Dario III (Codommanus), o ne a tlhongwa mo setulong sa bogosi. Mo go one ngwaga oo, Alexander o ne a nna kgosi kwa Makedonia. Hisitori e bontsha gore Alexander yo Mogolo o ne a itshupa e le ene ‘kgosi ya ntlha ya Gerika’ e e neng e boleletswe pele. Alexander o ne a tsamaya ka lobelo lo logolo “go tswa kwa bophirimatsatsi,” ka ngwaga wa 334 B.C.E. Jaaka e kete ‘o ne a sa ame lefatshe,’ o ne a fenya dinaga tse di farologaneng a ba a tlhaba “phelefu.” Fa Gerika e ne e khutlisa mmuso wa Bameda le Baperesia jalo o o neng o tsere mo e batlang e nna dingwaga di le makgolo a mabedi, o ne a nna mmuso wa botlhano wa lefatshe mo ditiragalong tsa Baebele. A bo boporofeti jwa Modimo bo ne jwa diragadiwa ka tsela e e tlhomologileng jang ne!

12. “Lonaka lo logolo” lwa phoko ya tshwantshetso lo ne lwa ‘robega’ jang, mme dinaka tse nnè tse di neng tsa tswa mo boemong jwa lone e ne e le eng?

12 Mme nonofo ya ga Alexander e ne e se kitla e tsaya lobaka lo loleele. Ponatshegelo eno e tswelela pele e senola jaana: “Phoko ya ikgodisa thata; e rile e le thata, lonaka lo logolo lwa robega; mme mo boemong jwa lone ga tlhoga dinaka di le nne tse di bonalesegang di lebanye le diphefo tsoo nne tsa legodimo.” (Daniele 8:8) Fa Gabariele a tlhalosa boporofeti jono, o bolela jaana: “Lo lo robegileng, lo dinaka di le nne tse di emeng mo boemong jwa lone, magosi a le mane a tlaa ema a tswa mo morafeng o le mongwe fela, mme e seng ka thata ya yone kgosi eo.” (Daniele 8:22) Jaaka go ne ga bolelelwa pele, e ne ya re fela fa Alexander a fitlha kwa setlhoeng sa diphenyo tsa gagwe, o ne a ‘robega,’ kana a swa, a na le dingwaga di le 32 fela. Mme mmuso wa gagwe o mogolo wa feleletsa o kgaoganyeditswe bajenerale ba gagwe ba banè.

LONAKA LO LONNYE LWA MASAITSIWENG

13. Go ne ga tlhoga eng mo go longwe lwa dinaka tse nnè, mme lo ne lwa itshwara jang?

13 Karolo e e latelang ya ponatshegelo eno e tsaya lobaka lo lo fetang dingwaga di le 2 200, mme go diragadiwa ga yone go tla go fitlha mo motlheng wa gompieno. Daniele o kwala jaana: “Mo go longwe lwa tsone [dinaka tse nnè] ga tswa lonakana lo lo golelang thata kwa ntlheng ya borwa, le ntlheng ya botlhabatsatsi, le ntlheng ya lefatshe le lentlentle. Mme lwa gola thata, lwa ba lwa fitlha le kwa bontsintsing jwa legodimo; mme dingwe tsa bontsintsi joo le tsa dinaledi ya di latlhela fa fatshe, ya ba ya di gataka. Ee, ya ikgodisa ya ba ya fitlha kwa kgosaneng ya bontsintsi; ya e tlosetsa tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le bonno jwa felo ga yone ga boitshepo jwa digelwa fa fatshe.Ya neelwa bontsintsi, le yone tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe ya e neelwa ka ntlha ya tlolo; ya digela boammaaruri fa fatshe, ya dira se e se ratang, mme ya tlhogonolofala.”—Daniele 8:9-12.

14. Moengele Gabariele o ne a reng ka se se neng sa dirwa ke lonaka lo lonnye lono lwa tshwantshetso, mme go ne go tlile go diregang ka lonaka loo?

14 Pele ga re ka tlhaloganya se se bolelwang ke mafoko a a sa tswang go nopolwa fano, re tshwanetse go tlhwaela moengele wa Modimo tsebe. Fa moengele Gabariele a sena go bua ka go busa ga magosi a le mane a a tswang mo mmusongmogolo wa ga Alexander, a re: “Mo motlheng wa morago wa bogosi jwa tsone, mogang batlodi ba sena go tlatsa ditlolo, kgosi nngwe e e sefatlhogo se se bogale, e e lepololang dinyoba tse di lefifi, e tlaa ema. Nonofo ya yone e tlaa nna kgolo, mme e seng ka nonofo ya yone tota; e tlaa senya kgakgamatso, mme e tlaa tlhogonolofala, e ba e dira se e se ratang; mme e tlaa senya banonofi le batho ba ba itshepileng. Boferefere bo tlaa tlhogonolofala mo seatleng sa yone ka botlhale jwa yone; e tlaa ikgodisa mo pelong, e tlaa senya batho ba le bantsi mo go iketleng ga bone, le gone e tlaa tsogela e emalana le kgosana ya dikgosana; mme e tlaa thujwa e seng ka letsogo.”—Daniele 8:23-25.

15. Moengele o ne a bolelela Daniele gore a direng ka ponatshegelo?

15 “Mme wena tswalela ponatshegelo,” moengele o bolelela Daniele jalo, “gonne ke ya metlha e le mentsi e e tlang.” (Daniele 8:26) Karolo eno ya ponatshegelo e ne e tla tsaya “metlha e le mentsi” e sa direge, mme Daniele o ne a tshwanetse a “tswalela ponatshegelo.” Go bonala se e se bolelang e ne ya nna e le masaitsiweng mo go Daniele. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ‘metlha eo e le mentsi’ e tshwanetse ya bo e fetile. Ka jalo re botsa jaana: ‘Hisitori ya lefatshe e senola eng malebana le go diragadiwa ga ponatshegelo eno ya boporofeti?’

NONOFO YA LONAKA LO LONNYE E NNA KGOLO

16. (a) Lonaka lo lonnye lo ne lwa tswa mo lonakeng lofe lwa tshwantshetso? (b) Go ne ga tla jang gore Roma e nne mmuso wa borataro wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele, mme ke ka ntlha yang fa e ne e se one lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso?

16 Go ya ka hisitori, lonaka lo lonnye e ne e le letlhogela la longwe lwa dinaka tse nnè tsa tshwantshetso—lo lo kgakala lo lo kwa bophirima. Lone e ne e le bogosi jwa Bagerika jwa ga Mojenerale Cassander yo o neng a busa Makedonia le Gerika. Moragonyana, bogosi jono bo ne jwa fenngwa ke bogosi jwa ga Mojenerale Lysimachus, kgosi ya Thrace le Asia Minor. Mo lekgolong la bobedi la dingwaga pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, dikarolo tseno tse di kwa bophirima tsa puso ya Bagerika di ne tsa fenngwa ke Roma. Mme ka ngwaga wa 30 B.C.E., Roma e ne ya gapa magosi otlhe a Bagerika, e itira mmuso wa borataro wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele. Mme Mmusomogolo wa Roma e ne e se lonaka lo lonnye lwa ponatshegelo ya ga Daniele, ka gonne mmuso oo ga wa ka wa tswelela go fitlha mo ‘lobakeng lo lo laotsweng lwa bokhutlo.’—Daniele 8:19.

17. (a) Boritane e ne e amana jang le Mmusomogolo wa Roma? (b) Mmusomogolo wa Boritane o amana jang le bogosi jwa Bagerika jwa Makedonia le Gerika?

17 Mme he, hisitori e bontsha gore “kgosi nngwe e e sefatlhogo se se bogale” e ne e le mang? Totatota, Boritane e ne e le letlhogela le le kafa bokone bophirima jwa Mmusomogolo wa Roma. Go tla go fitlha mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga C.E., go ne go na le diporofense tsa Roma mo go se gompieno e leng Boritane. Fa nako e ntse e tsamaya, Mmusomogolo wa Roma o ne wa koafala, mme tlhotlheletso ya batho ba Bagerika le Baroma e ne ya tswelela kwa Boritane le kwa dikarolong tse dingwe tsa Yuropa tse di neng di le kafa tlase ga mmuso wa Roma. “E ne ya re fa Mmusomogolo wa Roma o wa,” go ne ga kwala jalo Octavio Paz, mmoki le mokwadi wa kwa Mexico yo o neng a gapile Sekgele sa Nobel, “Kereke ya tsaya marapo.” O ne a oketsa jaana: “Borara ba Kereke, mmogo le bakanoki ba moragonyana, ba ne ba kokotelela filosofi ya Segerika mo dithutong tsa motheo tsa Bokeresete.” Mme rafilosofi wa lekgolo la bo20 la dingwaga e bile e le mankge wa dipalo e bong Bertrand Russell o ne a bolela jaana: “Tlhabologo ya kwa Bophirima e e tlholegileng kwa Gerika, e theilwe mo setsong sa filosofi le saense se se simolotseng kwa Miletus [motsemogolo mongwe kwa Gerika kwa Asia Minor] dingwaga di le dikete di le pedi le sephatlo tse di fetileng.” Ka gone, go ka buiwa ga twe setso sa Mmusomogolo wa Boritane se simolotse kwa bogosing jwa Bagerika jwa Makedonia le Gerika.

18. Lonaka lo lonnye lo lo neng lwa nna “kgosi nngwe e e sefatlhogo se se bogale” mo “lobakeng lo lo laotsweng lwa bokhutlo” ke eng? Tlhalosa.

18 Ka 1763 Mmusomogolo wa Boritane o ne o fentse baganetsi ba one ba ba nonofileng, e bong Spain le Fora. Go tloga ka nako eo o ne wa itshupa e le mohumagadi wa mawatle le mmuso wa bosupa wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele. Tota le eleng morago ga gore dikolone tse 13 tsa Amerika di kgaogane le Boritane ka 1776 gore di nne United States of America, Mmusomogolo wa Boritane o ne wa gola mme wa akaretsa nngwenneng ya lefatshe le nngwenneng ya batho ba ba mo go lone. Mmuso wa bosupa wa lefatshe o ne wa nonofa le go feta fa United States of America e ne e nna seoposengwe le Boritane go bopa mmuso o o tshwaraganetsweng wa lefatshe wa Maesemane le Maamerika. Mo go tsa ikonomi le tsa sesole, eleruri mmuso ono o ne o fetogile “kgosi nngwe e e sefatlhogo se se bogale.” Ka gone lonaka lo lonnye lo lo neng lwa fetoga mmuso o o bogale wa sepolotiki mo “lobakeng lo lo laotsweng lwa bokhutlo,” ke Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika.

19. “Lefatshe le lentlentle” le le umakiwang mo ponatshegelong eno ke eng?

19 Daniele o ne a bona gore lonaka lo lonnye lono lo ne ‘lo ntse lo golela thata kwa ntlheng ya borwa’ go ela ntlheng ya “lefatshe le lentlentle.” (Daniele 8:9) Naga e e Solofeditsweng, e Jehofa a neng a e naya batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng, e ne e le ntle thata mo e neng ya bidiwa “kgalalelo mo mafatsheng otlhe,” ke gore, ya lefatshe lotlhe. (Esekiele 20:6, 15) Ke boammaaruri gore Boritane e ne ya gapa Jerusalema ka December 9, 1917, mme ka ngwaga wa 1920, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la naya Great Britain taolo ya gore e buse Palesetina, e e neng ya tswelela go fitlha ka May 14, 1948. Mme ponatshegelo eno ke ya seporofeti, e na le ditshwantsho di le dintsi. Mme “lefatshe le lentlentle” le le umakiwang mo ponatshegelong eno le tshwantshetsa, e seng Jerusalema, mme boemo jwa selefatshe jwa batho ba Modimo a ba lebang ba le boitshepo mo nakong ya fa go busa mmuso wa bosupa wa lefatshe. Mma re bone gore Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika o leka jang go tshosetsa baitshepi.

“BONNO JWA FELO GA YONE GA BOITSHEPO” BO DIGELWA FA FATSHE

20. ‘Bontsintsi jwa legodimo’ le “dinaledi” tse lonaka lo lonnye lo lekang go di latlhela fa fatshe ke bomang?

20 Lonaka lo lonnye “lwa gola thata, lwa ba lwa fitlha le kwa bontsintsing jwa legodimo; mme dingwe tsa bontsintsi joo le tsa dinaledi ya di latlhela fa fatshe.” Go ya ka tlhaloso ya moengele, ‘bontsintsi jwa legodimo’ le “dinaledi” tse lonaka lo lonnye lo lekang go di latlhela fa fatshe ke “batho ba ba itshepileng.” (Daniele 8:10, 24) ‘Baitshepi’ bano ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Ka gonne ba dirilwe gore ba nne le kamano le Modimo ka kgolagano e ntšha, e e dirang ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete, ba itshekisitswe, ba tlhatswitswe, ba bo ba lomololelwa go direla Modimo ka mo go feletseng. (Bahebera 10:10; 13:20) E re ka Jehofa a ba abetse gore e nne baruaboswa mmogo le Morwawe mo bosweng jwa selegodimo, o ba leba ba le boitshepo. (Baefeso 1:3, 11, 18-20) Ka gone, mo ponatshegelong ya ga Daniele, ‘bontsintsi jwa legodimo’ ke masalela a a mo lefatsheng a “baitshepi” ba ba 144 000, ba ba tla busang le Kwana kwa legodimong.—Tshenolo 14:1-5.

21. Ke bomang ba ba mo ‘lefelong le le boitshepo’ le mmuso wa bosupa wa lefatshe o lekang go le kgakgabatsa?

21 Gompieno ba ba setseng ba 144 000 ke baemedi ba mo lefatsheng ba “Jerusalema wa selegodimo”—Bogosi jwa Modimo jwa sekamotse—le thulaganyo ya yone ya tempele. (Bahebera 12:22, 28; 13:14) Ka kgopolo eno ba mo ‘lefelong le le boitshepo’ le mmuso wa bosupa wa lefatshe o lekang go le gataka le go le kgakgabatsa. (Daniele 8:13) Fa Daniele a bitsa lefelo leo le le boitshepo gape a re ke “bonno jwa felo [ga ga Jehofa] ga boitshepo,” a re: “[“Ga tlosiwa,” NW] tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe [“mo go ene,” NW] [mo go Jehofa], le bonno jwa felo ga yone ga boitshepo jwa digelwa fa fatshe. Ya neelwa bontsintsi, le yone tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe ya e neelwa ka ntlha ya tlolo; ya digela boammaaruri fa fatshe, ya dira se e se ratang, mme ya tlhogonolofala.” (Daniele 8:11, 12) Seno se ne sa diragadiwa jang?

22. Ka Ntwa ya Lefatshe II, mmuso wa bosupa wa lefatshe o ne wa dira jang “tlolo” e kgolo?

22 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba diragalelwa ke eng ka Ntwa ya Lefatshe II? Ba ne ba bogisiwa fela thata! Pogiso e ne ya simolola mo dinageng tsa Bonasi le tsa bo-Fascist. Mme go ise go ye kae ‘boammaaruri bo ne jwa digelwa fa fatshe’ mo pusong yotlhe ya ‘lonaka lo lonnye lo nonofo ya lone e neng ya nna kgolo.’ “Bontsintsi” jwa baboledi ba Bogosi le tiro ya bone ya go rera “dikgang tse di molemo” bo ne jwa thibelwa mo e ka nnang mo Dinageng tsotlhe tse di dirileng Kgolagano le Boritane. (Mareko 13:10) Fa ditšhaba tseno di ne di patelela banna go ya bosoleng, di ne tsa gana go rebola Basupi ba ga Jehofa mo go seno gore bone ba tswelele ka bodiredi jwa bone, di bontsha gore ga di tlotle go tlhomiwa ga bone ke puso ya Modimo gore e nne badiredi ba Modimo. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa kwa United States ba ne ba tlhaselwa ke digopa ba bo ba tlontlololwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka go dira jalo, mmuso wa bosupa wa lefatshe, o ne wa leka go tsaya setlhabelo sa pako—“leungo la dipounama”—se batho ba ga Jehofa ba mo ntshetsang sone ka metlha e le “tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe” ya kobamelo ya bone. (Bahebera 13:15) Ka go dira jalo, mmuso oo wa lefatshe o ne wa dira “tlolo” ya go tlhasela lefelo le ka tshwanelo e leng la Modimo Mogodimodimo—“bonno jwa felo ga [gagwe] ga boitshepo.”

23. (a) Ka Ntwa ya Lefatshe II, Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika o ne wa “emalana le kgosana ya dikgosana” jang? (b) “Kgosana ya dikgosana” ke mang?

23 Ka go bogisa “baitshepi” ka Ntwa ya Lefatshe II, lonaka lo lonnye lono lo ne lwa ikgodisa thata “lwa ba lwa fitlha kwa kgosaneng ya bontsintsi.” Kana, jaaka fa moengele Gabariele a bolela, lo ne lwa “emalana le kgosana ya dikgosana.” (Daniele 8:11, 25) Sereto se se reng “kgosana ya dikgosana” se lebisitse mo go Jehofa Modimo fela. Lefoko la Sehebera sar, le le ranotsweng ka go re “kgosana,” le amana le lediri le le bolelang “go busa.” Mo godimo ga gore le bo le lebisitse go morwa kgosi kana motho wa maemo a segosi, lefoko leno gape le lebisitse mo mothong yo e leng tlhogo, kana yo mogolo mo go botlhe. Buka ya Daniele e bua ka dikgosana tse dingwe gape tsa baengele—ka sekai, Mikaele. Modimo ke Kgosana e Kgolo ya dikgosana tseno tsotlhe. (Daniele 10:13, 21; bapisa Pesalema 83:18.) A re ka akanya ka mongwe yo o ka kgonang go emelana le Jehofa—Kgosana ya dikgosana?

“FELO GA BOITSHEPO” GO A NTLAFADIWA

24. Daniele 8:14 e re tlhomamisetsa eng?

24 Ga go na ope yo o ka emelanang le Kgosana ya dikgosana—nnyaa, tota le yone ‘kgosi e e sefatlhogo se se bogale’ jaaka Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika ga e ka ke! Maiteko a kgosi eno a go kgakgabatsa lefelo le le boitshepo la Modimo ga a atlege. Morago ga lobaka lwa “maitsebowa le meso e le 2 300,” go rialo morongwa wa moengele, “felo ga boitshepo go tlaa ntlafadiwa,” kana “go tla tswa go fentse.”—Daniele 8:13, 14; The New English Bible.

25. Nako ya boporofeti ya malatsi a le 2 300 ke nako e e kana kang, mme e tshwanetse ya bo e amana le tiragalo efe?

25 Malatsi a le 2 300 ke nako ya boporofeti. Ka gone, e akaretsa ngwaga wa boporofeti wa malatsi a le 360. (Tshenolo 11:2, 3; 12:6, 14) Ka jalo malatsi ano a a 2 300 e tla nna dingwaga di le 6, dikgwedi di le 4, le malatsi a le 20. Lobaka lono lwa nako lo ne lwa nna leng? Ebu, ka dingwaga tsa bo1930, go bogisiwa ga batho ba Modimo go ne ga simolola ga gola mo dinageng tse di farologaneng. Mme ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko mo dinageng tsa mmuso o o tshwaraganetsweng wa lefatshe wa Maesemane le Maamerika. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla ‘utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.’ (Ditiro 5:29) Ka gone, malatsi a le 2 300 a tshwanetse a bo a amana le ntwa eo.b Mme go ka bolelwang ka tshimologo le bokhutlo jwa lobaka lono lwa boporofeti?

26. (a) Ke go tloga leng, lantlhantlha, re ka simololang go bala malatsi a le 2 300? (b) Lobaka lwa malatsi a le 2 300 lo ne lwa fela leng?

26 Gore “felo ga boitshepo” go ‘tlisiwe,’ kana go busediwe mo go tshwanetseng gone, malatsi a le 2 300 a tshwanetse a bo a ile a simolola fa le ne le ‘sa ntse le ntlafetse’ mo ponong ya Modimo. Lantlhantlha, e ne e le ka June 1, 1938, fa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne e gatisa karolo 1 ya setlhogo se se reng “Mokgatlho.” Karolo 2 e ne ya tlhaga mo makasineng wa June 15, 1938. Fa re bala malatsi a le 2 300 (dingwaga di le 6, dikgwedi di le 4, le malatsi a le 20 mo khalendareng ya Sehebera) go tloga ka June 1 kana 15, 1938, re fitlha mo go October 8 kana 22, 1944. Mo letsatsing la ntlha la kopano e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe kwa Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A., ka September 30 le October 1, 1944, moporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a bua ka setlhogo se se reng “Go Lolamisiwa ga Thulaganyo ya Puso ya Modimo Gompieno.” Kwa kokoanong ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho ka October 2, lekwalo la ditshwanelo la Mokgatlho le ne la tlhabololwa ka boiteko jwa go dira gore le dumalane thata le thulaganyo ya puso ya Modimo go ya kafa molao o letlang ka gone. Thulaganyo ya puso ya Modimo e ne ya simolola go dira ka bonako mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa fa go sena go gatisiwa dikgatiso tse di tlhalosang dipatlafalo tsa Baebele ka tsela e e utlwalang sentle.

27. Go na le bosupi bofe jwa gore “tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe” e ne e thibetswe mo dingwageng tsa pogiso tsa Ntwa ya Lefatshe II?

27 Fa malatsi a le 2 300 a ntse a tsweletse ka Ntwa ya Lefatshe II, e e neng ya simolola ka 1939, go ntshiwa ga “tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe” mo lefelong le le boitshepo la Modimo go ne go thibetswe thata ka ntlha ya pogiso. Ka 1938 Mokgatlho wa Watch Tower o ne o na le makala a le 39 a a neng a tlhokometse tiro ya Basupi mo lefatsheng lotlhe, mme ka 1943 go ne go na le makala a le 21 fela. Dikoketsego tsa dipalo tsa baboledi ba Bogosi le tsone di ne di le dinnye ka nako eo.

28, 29. (a) Jaaka fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e ela go fela, go ne ga diregang mo phuthegong ya ga Jehofa? (b) Go ka bolelwang ka maiteko a a bogale a mmaba a go kgakgabatsa le go senya “felo ga boitshepo”?

28 Jaaka fa re bone, mo dikgweding tsa bofelo tsa Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhomamisa maikemisetso a bone a go tlotlomatsa bobusi jwa Modimo ka go mo direla e le phuthego e e laolwang go ya ka thulaganyo ya puso ya Modimo. Ka 1944, ba ne ba simolola go rulaganya tiro ya bone sesha le tsela e ba tsamaisang dilo ka yone ka boitlhomo jono. Tota e bile, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya October 15, 1944, e ne e na le setlhogo se se reng “Go Rulaganyediwa Tiro ya Bofelo.” Sone le ditlhogo tse dingwe tse di neng di bua ka tirelo tsa lobaka loo di ne tsa bontsha gore malatsi a le 2 300 a ne a khutlile le gore “felo ga boitshepo” go ne go “ntlafaditswe.”

29 Maiteko a a bogale a mmaba a go kgakgabatsa le go senya “felo ga boitshepo” a ne a paletswe gotlhelele. Ee ruri, “baitshepi” ba ba setseng mo lefatsheng, mmogo le ditsala tsa bone tsa “boidiidi jo bogolo,” ba ne ba dule ba fentse. (Tshenolo 7:9) Mme lefelo le le boitshepo, le le mo boemong jwa lone jo bo tshwanetseng jwa puso ya Modimo, jaanong le tswelela pele go direla Jehofa tirelo e e boitshepo.

30. Ke eng se se tlogang se diragalela ‘kgosi e e sefatlhogo se se bogale’?

30 Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika o sa ntse o busa. “Mme e tlaa thujwa e seng ka letsogo,” go ne ga rialo moengele Gabariele. (Daniele 8:25) Go ise go ye kae, mmuso ono wa lefatshe wa bosupa wa boporofeti jwa Baebele—‘kgosi eno e e sefatlhogo se se bogale’—o tla thujwa, e seng ka diatla tsa motho, mme ka maatla a a fetang a motho ka Aramagedona. (Daniele 2:44; Tshenolo 16:14, 16) A bo go itumedisa jang ne go itse gore ka nako eo, bolaodi jwa ga Jehofa Modimo, Kgosana ya dikgosana, bo tla bo bo tlotlomaditswe!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mebuso e le supa ya lefatshe e e nang le bokao jo bo kgethegileng mo Baebeleng ke Egepeto, Asiria, Babelonia, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma, le mmuso wa lefatshe o o tshwaraganetsweng wa Maesemane le Maamerika. Mebuso eno yotlhe e tlhomologile ka gonne e nnile le ditirisano dingwe le batho ba ga Jehofa.

b Daniele 7:25 le yone e bua ka lobaka lwa nako ya fa ‘baitshepi ba Mogodimodimo ba tshwenngwa ka metlha.’ Jaaka fa go tlhalositswe mo kgaolong e e fetileng, tiragalo eno e ne e amana le ntwa ya ntlha ya lefatshe.

O LEMOGILENG?

• Ke eng se se tshwantshediwang ke

“phelefu” e e nang le “dinaka tse pedi”?

“phoko e e maodi” ka “lonaka lo logolo” lwa yone?

dinaka tse nnè tse di neng tsa tlhoga mo boemong jwa “lonaka lo logolo”?

lonaka lo lonnye lo lo neng lwa tswa mo go nngwe ya dinaka tse nnè?

• Ka Ntwa ya Lefatshe II, Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika o ne wa leka jang go kgakgabatsa “felo ga boitshepo,” mme a o ne wa atlega?

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 166]

(For fully formatted text, see publication)

Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia

MAKEDONIA

EGEPETO

Memphis

ETHIOPIA

Jerusalema

Babelona

Ekabatana

Susa

Peresepolisa

INDIA

[Mmapa mo go tsebe 169]

(For fully formatted text, see publication)

Mmusomogolo wa Gerika

MAKEDONIA

EGEPETO

Babelona

Noka ya Indus

[Mmapa mo go tsebe 172]

(For fully formatted text, see publication)

Mmusomogolo wa Roma

BRITANNIA

ITALY

Roma

Jerusalema

EGEPETO

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 164]

[Ditshwantsho mo go tsebe 174]

Batho bangwe ba ba neng ba di goga kwa pele mo Mmusongmogolo wa Maesemane le Maamerika:

1. George Washington, moporesidente wa ntlha wa United States (1789-97)

2. Queen Victoria wa Boritane (1837-1901)

3. Woodrow Wilson, moporesidente wa United States (1913-21)

4. David Lloyd George, tonakgolo ya Boritane (1916-22)

5. Winston Churchill, tonakgolo ya Boritane (1940-45, 1951-55)

6. Franklin D. Roosevelt, moporesidente wa United States (1933-45)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela