Kgaolo ya Bosomepedi
Go Nonotshiwa ke Morongwa wa Modimo
1. Daniele o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya go kgatlhegela ga gagwe go bona kafa maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwang ka teng?
TSELA e Daniele a neng a kgatlhegela ka yone go bona kafa maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwang ka teng e ne ya duelwa fela thata. O ne a newa boporofeti jo bo kukang maikutlo jwa dibeke di le 70 jo bo malebana le nako e Mesia a neng a tlile go tlhaga ka yone. Gape Daniele o ne a segofadiwa ka go bona masalela a a ikanyegang a batho ba gabone ba boela kwa nagagaeng ya bone. Seno se ne sa direga ka 537 B.C.E., go ela kwa bokhutlong jwa “ngwaga wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia.”—Esera 1:1-4.
2, 3. E ka tswa e le ka ntlha yang go bo Daniele a se kile a boela kwa lefatsheng la Juda le masalela a Bajuda?
2 Daniele o ne a se gareng ga ba ba neng ba boela kwa nageng ya Juda. Go tsaya loeto mo dingwageng tsa gagwe tsa botsofe go tshwanetse ga bo go ne go le boima. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a sa ntse a ikaeletse go mo naya tirelo e nngwe gape teng kwa Babelona. Go ne ga feta dingwaga di le pedi. Mme pego e re bolelela jaana: “E rile ka ngwaga wa boraro wa ga Kurose kgosi ya Peresia, selo sengwe sa senolelwa Daniele, yo leina la gagwe le ne le bidiwa Beletešasare; selo seo se ne se le boammaaruri, e bong sa dira tse dikgolo; mme a tlhaloganya selo seo, a ba a dira le tlhaloganyo ka ga ponatshegelo.”—Daniele 10:1.
3 “Ngwaga wa boraro wa ga Kurose” e ne e tla nna 536/535 B.C.E. Go fetile nako e e fetang dingwaga di le 80 fa e sa le Daniele a isiwa Babelona mmogo le ba losika lwa segosi le basha ba bagolwane ba Juda. (Daniele 1:3) Fa e le gore o ne a simolola dingwaga tsa bolesome fa a ne a fitlha lwa ntlha kwa Babelona, o tshwanetse a bo a ne a le gaufi le go tshwara dingwaga di le 100 jaanong. A bo a nnile le rekoto e ntle jang ne ya go direla ka boikanyego!
4. Le fa Daniele a ne a tsofetse, o ne a sa ntse a tla nna le seabe sefe sa botlhokwa mo tirelong ya ga Jehofa?
4 Le fa go ntse jalo, le fa Daniele a tsofetse, seabe sa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa se ne se ise se fele. Ka ene, Modimo o ne a sa ntse a tla bolela molaetsa wa boporofeti o o botlhokwa fela thata. E ne e tla nna boporofeti jo bo neng bo tla fitlha mo motlheng wa rona bo bo bo fetele le kwa isagweng. Go siamisetsa Daniele tiro eno e nngwe, Jehofa o ne a bona go tshwanela go mo thusa, go mo nonotshetsa tiro e e larileng kwa pele.
LEBAKA LA GO TLHOBAELA
5. Go bonala go ne go na le dipego dife tse di neng di tlhobaetsa Daniele?
5 Le mororo Daniele a ne a sa boela le masalela a Bajuda kwa lefatsheng la Juda, o ne a kgatlhegela thata go itse se se neng se direga kwa nagagaeng ya gabone e a e ratang thata. Go ya ka dipego tse a neng a di amogela, Daniele o ne a utlwa gore dilo di ne di sa tsamaye sentle koo. Sebeso se ne se sa tswa go tlhongwa gape mme go ne go sa tswa go thewa motheo wa tempele kwa Jerusalema. (Esera, kgaolo 3) Mme dinaga tsa boagelani di ne di ganetsa tiro eno ya go aga sesha, mme di ne tsa logela Bajuda ba ba boetseng gae maano a boferefere. (Esera 4:1-5) Ee, Daniele o ka tswa a ile a tlhobaela ka dilo di le dintsi.
6. Ke ka ntlha yang fa maemo a a kwa Jerusalema a ne a tshwentse Daniele?
6 Daniele o ne a itse boporofeti jwa ga Jeremia. (Daniele 9:2) O ne a itse gore go agiwa sesha ga tempele kwa Jerusalema le go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri koo di ne di amana thata le boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho ba Gagwe le gore gotlhe mono go ne go tla direga pele ga Mesia yo o solofeditsweng a tlhaga. Tota e bile, Daniele o nnile le tshiamelo e kgolo ya go amogela boporofeti jo bo tswang mo go Jehofa jo bo malebana le “dibeke di le 70.” Go ya ka jone o ne a tlhaloganya gore Mesia o ne a tla tla “dibeke” di le 69 morago ga go tsosolosiwa le go agiwa sesha ga Jerusalema. (Daniele 9:24-27) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go swafala ga Jerusalema le go diega ga go agiwa ga tempele, re kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a kgobegile marapo, a sulafaletswe, e bile a tshwenyegile thata mo maikutlong.
7. Daniele o ne a dirang ka dibeke di le tharo?
7 “Mo metlheng eo, nna Daniele ka bo ke le mo khutsafalong ka dibeke di le tharo tse di tletseng,” pego eno e bolela jalo. “Ga ke a ka ka ja dijo dipe tse di monate, le gone nama le bojalwa jwa mofine ga di a ka tsa tsena mo ganong la me, le gone ga ke a ka ka tlola gope, ga tsamaya dibeke tse tharo tse di tletseng tsa feta.” (Daniele 10:2, 3) “Dibeke tse tharo tse di tletseng,” kana malatsi a le 21, a go hutsafala le go itima dijo e ne e le lobaka lo loleele ka tsela e e sa tlwaelegang. Go ka direga gore lo ne lwa fela “ka letsatsi la 24 la kgwedi ya ntlha.” (Daniele 10:4) Ka gone, lobaka lwa ga Daniele lwa go itima dijo lo ne lwa akaretsa Tlolaganyo, e e neng e ketekwa mo letsatsing la bo 14 la kgwedi ya ntlha, Nisane, le moletlo o o neng o latela wa malatsi a le supa wa senkgwe se se sa bedisiwang.
8. E ne e le ka lobaka lofe pelenyana fa Daniele a ne a senka kaelo ya ga Jehofa ka tlhoafalo, mme go ne ga felela jang?
8 Daniele o ne a ile a diragalelwa ke selo se se tshwanang pelenyana. Ka nako eo, o ne a ipotsa dipotso kaga go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Jehofa malebana le go kgakgabadiwa ga Jerusalema dingwaga di le 70. Daniele o ne a dirang ka nako eo? “Ka lebisa sefatlhogo sa me kwa go Morena Modimo,” Daniele o ne a rialo, “go batla ka morapelo le mekokotlelo, ka go ikitsa go ja, le ka letsela la kgetse, le ka melora.” Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Daniele ka go romela moengele Gabariele kwa go ene ka molaetsa o o neng wa mo kgothatsa fela thata. (Daniele 9:3, 21, 22) A Jehofa jaanong o ne a tla dira ka tsela e e tshwanang mme a neele Daniele kgothatso e a neng a e tlhoka thata?
PONATSHEGELO E E BOIFISANG
9, 10. (a) Daniele o ne a le kae fa a ne a tlelwa ke ponatshegelo? (b) Tlhalosa se Daniele a se boneng mo ponatshegelong eno.
9 Daniele ga a swabisiwa. O tswelela pele go re bolelela se se diregang morago ga moo, a re: “Ya re . . . ke le fa nokeng e kgolo, e e leng Hitekele, ka tsholetsa matlho a me, ka leba, mme bonang, ga bo go le monna yo o apereng leloba, yo lotheka lwa gagwe lo tlamilweng ka gouta e e itshekileng ya Ufase.” (Daniele 10:4, 5) Hitekele e ne e le nngwe ya dinoka tse nnè tse metsi a tsone a neng a tswa kwa tshimong ya Edene. (Genesise 2:10-14) Ka Seperesia sa Bogologolo, Hitekele e ne e itsiwe e le Tigra, e leina la Segerika Tigris le tswang mo go yone. Kgaolo e e mo gare ga noka eno le ya Euferatese e ne ya bidiwa Mesopotamia, moo go bolelang “Naga E e Mo Gare ga Dinoka.” Seno se tlhomamisa gore fa Daniele a ne a amogela ponatshegelo eno, o ne a sa ntse a le mo lefatsheng la Babelonia, le mororo gongwe a ne a se mo motseng wa Babelona ka boone.
10 A bo Daniele a ne a bona ponatshegelo e e boifisang jang ne! Go phepafetse gore e rile a tsholetsa matlho ga a ka a bona motho fela yo o tlwaelegileng. Daniele o re naya tlhaloso ya seno fela jaaka se ntse: “Mmele wa gagwe o no o ntse jaaka legakwa, le sefatlhogo sa gagwe jaaka ponalo ya logadima, le matlho a gagwe jaaka dilampa tsa molelo, le mmala wa mabogo a gagwe le dinao tsa gagwe o no o ntse jaka kgotlho e e gotlhegileng, le go buiwa ga mafoko a gagwe go ne go ntse jaaka go bua ga bontsi jwa batho.”—Daniele 10:6.
11. Ponatshegelo eno e ne ya ama jang Daniele le banna ba ba neng ba na le ene?
11 Le fa ponatshegelo eno e ne e tsabakela thata jalo, ‘banna ba ke ne ke na nabo ga ba a ka ba bona ponatshegelo,’ Daniele a rialo. Ka ntlha ya lebaka lengwe le le sa tlhalosiwang “thoromo e kgolo [e ne ya] ba wela, mme ba tshaba ba ya go iphitlha.” Ka gone, Daniele o ne a sala a le mongwe fela mo losing lwa noka eno. O ne a tshositswe thata ke “ponatshegelo e kgolo e” mo a neng a bolela jaana: “[Ga] se ka ga sala thata epe mo go nna; gonne bontle jwa me bo ne bo fetogile sebodu mo go nna, mme ga ke a ka ka sala le nonofo epe.”—Daniele 10:7, 8.
12, 13. Ke eng se se bontshiwang ka morongwa yono ka (a) diaparo tsa gagwe? (b) ponalo ya gagwe?
12 Mma re lebe morongwa yono yo o sa tlwaelegang ka kelotlhoko, yo o tshositseng Daniele sekanakana. O ne a ‘apere leloba, lotheka lwa gagwe lo tlamilwe ka gouta e e itshekileng ya Ufase.’ Mo Iseraeleng wa bogologolo, moitlamo wa moperesiti yo mogolo, khiba ya gagwe, letlatla la gagwe la sehuba, le dipurapura tsa baperesiti ba bangwe, di ne di dirilwe ka letsela la leloba le le boleta le le tshopilweng mme di ne di kgabisitswe ka gouta. (Ekesodo 28:4-8; 39:27-29) Ka gone, diaparo tsa morongwa yono di bontsha gore o dira tiro e e boitshepo le e e nang le seriti.
13 Daniele gape o ne a tshositswe ke ponalo ya morongwa yono—marang a a tsabakelang thata a mmele wa gagwe o e keteng leje le le tlhokegang, kgalalelo e e fatlhang matlho ya sefatlhego sa gagwe se se phatsimang, matlho a gagwe a a bogale a e keteng a a tlhaba, le go tsabakela ga mabogo a gagwe a a nonofileng le dinao. Tota le lentswe la gagwe le le nang le taolo le ne le boifisa. Gotlhe mono go bontsha sentle gore e ne e le motho yo o sa tlwaelegang. “Monna yo o apereng leloba” yono ga se ope fa e se moengele wa maemo a a kwa godimo, yo o neng a direla mo lefelong le le boitshepo mo Jehofa a leng teng, le a lereng molaetsa a tswa kwa go lone.a
“MONNA YO O RATWANG THATA” O A NONOTSHIWA
14. Daniele o ne a tlhoka thuso efe gore a amogele molaetsa wa moengele?
14 Molaetsa o moengele wa ga Jehofa a neng a o tsholetse Daniele o ne o le boima e bile o raraane. Pele ga Daniele a ka o amogela, o ne a tlhoka go thusiwa gore a fole mo tlalelong e a neng a le mo go yone mo mmeleng le mo mogopolong. Ka go bonala moengele yono a ne a lemoga seo, o thusa Daniele ka lorato e bile o a mo kgothatsa. Mma re utlwe Daniele ka boene a re bolelela se se neng sa direga.
15. Moengele o ne a dirang go thusa Daniele?
15 “Ya re ke utlwa lentswe la mafoko a gagwe, foo ka bo ke wetse ka sefatlhogo sa me ke thulametse thata, sefatlhogo sa me se le fa fatshe.” Go ka direga gore poifo le go tshwenyega thata di ne di tsentse Daniele mo maibing. Moengele o ne a dirang go mo thusa? “Bonang,” go rialo Daniele, “seatla sa nkama, sa nkhubamisa ka mangole, le ka dikhuti tsa diatla tsa me fa fatshe.” Mo godimo ga moo, moengele o ne a kgothatsa moporofeti yono ka mafoko a a reng: “Daniele, wena monna yo o ratwang thata, tlhaloganya mafoko a ke a buang nao, mme o eme o thokgame; gonne ke le fano ke romilwe mo go wena.” Letsogo leno le le mo thusang le mafoko ano a a gomotsang a ne a tsitsibosa Daniele. Le mororo Daniele a ne a “roroma,” gone o ne a “ema.”—Daniele 10:9-11.
16. (a) Re bona jang gore Jehofa o araba dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ka bonako? (b) Ke ka ntlha yang fa moengele a ile a diega go tla go thusa Daniele? (Akaretsa le lebokoso.) (c) Moengele o ne a tsholetse Daniele molaetsa ofe?
16 Moengele o ne a bolela gore o tlile ka tlhamalalo go tla go nonotsha Daniele. “O se ka wa boifa, Daniele,” moengele o ne a rialo, “gonne e sa le ka tsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go tlhaloganya, le go ikisa tlase fa pele ga Modimo wa gago, mafoko a gago a utlwilwe; mme ke tsile ka ntlha ya mafoko a gago.” Morago ga moo moengele o tlhalosa gore o ntse a diegetseng. O ne a bolela jaana: “Kgosana ya bogosi jwa Peresia ya ganela le nna ka malatsi a le 21, mme bona, Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo, a tla go nthusa; mme ka sala teng le dikgosi tsa Peresia.” Ka thuso ya ga Mikaele, moengele o ne a kgona go diragatsa thomo ya gagwe, a tla mo go Daniele ka molaetsa ono o o potlakileng thata: “Jaana ke tsile go go tlhaloganyetsa se se tlaa dirafalelang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo; gonne ponatshegelo e sa na le malatsi a le mantsi.”—Daniele 10:12-14.
17, 18. Daniele o ne a thusiwa jang lekgetlho la bobedi, mme seo se ne sa mo kgontsha go dirang?
17 Mo boemong jwa gore Daniele a tsitsiboswe ke go itse gore o tlile go amogela molaetsa ono o o kgatlhang thata, go bonala dilo tse a neng a di utlwa di ile tsa mo ama ka tsela e e sa itumediseng. Pego e bolela jaana: “Ya re a sena go bua le nna ka fa mafokong a, ka digela matlho a me fa fatshe, ka nna semumu fela.” Mme morongwa wa moengele o ne a iketleeditse go mo thusa ka lorato—lekgetlho la bobedi. Daniele a re: “Bonang, mongwe yo o tshwanang le tshwano ya bomorwa batho a ama dipounama tsa me, foo ka tswa molomo ka bua.”b—Daniele 10:15, 16a.
18 Daniele o ne a nonotshiwa fa moengele a ama dipounama tsa gagwe. (Bapisa Isaia 6:7.) Ka jaana a ne a kgona go bua gape, Daniele o ne a kgona go tlhalosetsa morongwa yono wa moengele gore o ne a itshoketse bothata jo bo kanakang. Daniele o ne a re: “Morena wa me wee, mahutsana a me a boetse mo go nna ka ntlha ya ponatshegelo, mme ga ke a salelwa ke thata epe. Gonne motlhanka wa morena yo wa me, o ka bua jang le morena yo wa me? Gonne ka ga me, ka bonako fela ga bo go no go sa sale thata epe mo go nna, le gone go no go sa sale mowa ope mo go nna.”—Daniele 10:16b, 17.
19. Daniele o ne a thusiwa jang lekgetlho la boraro, mme ga felela jang?
19 Daniele o ne a sa ntshe ngongorego epe le fa e le go ntsha seipato. O ne a tlhalosa fela bothata jo a leng mo go jone, mme moengele o ne a amogela se a neng a se bua. Ka gone, Daniele o ne a thusiwa lekgetlho la boraro ke morongwa yono wa moengele. “Mongwe a nkama gape, yo o ponalo e tshwanang le ya motho, mme a nthatafatsa,” moporofeti yono o ne a rialo. Fa morongwa yono a sena go mo thatafatsa jalo ka go mo ama, o ne a bua mafoko ano a a gomotsang: “Wena monna yo o ratwang thata, se boife; kagiso e nne nao, nna thata. Ee, o nne thata.” Go mo ama jalo ka tsela e e lorato le mafoko ao a a agang a ne a bonala e le sone fela se Daniele a neng a se tlhoka. Ga felela jang? Daniele o ne a bolela jaana: “Ya re a bua le nna ka bo ke thatafala, mme ka re: ‘A Morena wa me a bue; gonne o nthatafaditse.’” Daniele jaanong o ne a siametse kabelo e nngwe gape e e gwetlhang.—Daniele 10:18, 19.
20. Ke ka ntlha yang fa go ile ga tlhokega boiteko gore morongwa wa moengele a diragatse thomo ya gagwe?
20 Fa moengele yono a sena go nonotsha Daniele le go mo thusa go nna le maatla gape mo mogopolong le mo mmeleng, o ne a boa gape a mmolelela se se mo lerileng. O ne a re: “A o itse ka fa ke tsileng mo go wena ka teng? Mme jaanong ke tlaa bowa ke ya go tlhabana le kgosana ya Peresia. Mme e tlaa re ke tswa, bona, kgosana ya Gerika e tlaa tla. Mme ke tlaa go bolelela se se kwadilweng mo lokwalong lwa boammaaruri; mme ga go na ope yo o emeng le nna ntlheng ya dilo tse, fa e se Mikaele kgosana ya lona.”—Daniele 10:20, 21.
21, 22. (a) Go tswa mo go se se diragaletseng Daniele, re ka ithutang ka ga tsela e Jehofa a dirisanang ka yone le batlhanka ba gagwe? (b) Daniele jaanong o ne a nonotsheditswe go dirang?
21 A bo Jehofa a le lorato e bile a le kakanyetso jang ne! Ka metlha o dirisana le batlhanka ba gagwe go ya ka bokgoni jo ba nang le jone le makoa a ba nang le one. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ba abela ditiro go ya ka se a itseng gore ba ka kgona go se dira, le mororo ka dinako tse dingwe ba ka nna ba ikutlwa ba ka se ka ba kgona go di dira. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o iketleeditse go ba reetsa mme a ba neye se ba se tlhokang gore a ba thuse go dira ditiro tse a di ba abetseng. E kete ka metlha re ka etsa Rraarona wa selegodimo, e bong Jehofa, ka go kgothatsa le go nonotsa baobamedi mmogo le rona ka lorato.—Bahebera 10:24.
22 Molaetsa ono o o kgothatsang wa moengele o ne wa kgothatsa Daniele fela thata. Le fa Daniele a ne a tsofetse, jaanong o ne a nonotshitswe e bile a siametse go amogela boporofeti jo bongwe gape jo bo tlhomologileng le go bo kwala gore re solegelwe molemo ke jone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Le mororo go sa umakwa leina la moengele yono, go bonala e le ene yo go neng ga utlwiwa lentswe la gagwe le laela Gabariele gore a ye go thusa Daniele ka ponatshegelo e a neng a sa tswa go e bona. (Bapisa Daniele 8:2, 15, 16 le 12:7, 8.) Mo godimo ga moo, Daniele 10:13 e bontsha gore Mikaele, “mongwe wa dikgosana tse dikgolo,” o ne a tla go thusa moengele yono. Ka gone, moengele yono yo go sa umakwang leina la gagwe o tshwanetse a bo a itumelela tshiamelo ya go dira gaufi thata le Gabariele le Mikaele.
b Le mororo ene moengele yo o neng a bua le Daniele a ka tswa a ile a ama dipounama tsa gagwe a ba a mo tsosa, tsela e tiragalo eno e tlhalosiwang ka yone fano e dira gore re dumele gore e ka tswa e ne e le moengele yo mongwe, gongwe Gabariele, yo o neng a dira seno. Se se leng teng ke gore Daniele o ne a nonotshiwa ke morongwa wa moengele.
O LEMOGILENG?
• Ke ka ntlha yang fa moengele wa ga Jehofa a ne a diega fa a tla go thusa Daniele ka 536/535 B.C.E.?
• Diaparo le ponalo ya morongwa wa moengele wa Modimo di ne di supa eng ka ene?
• Daniele o ne a tlhoka thuso efe, mme moengele o ne a e mo naya jang makgetlho a le mararo?
• Moengele o ne a tshwaretse Daniele molaetsa ofe?
[Lebokoso mo go tsebe 204, 205]
A ke Batlhokomedi ba Baengele Kana ke Babusi ba Badimona?
RE KGONA go ithuta go le gontsi mo go se buka ya Daniele e se buang ka baengele. E re bolelela ka seabe se ba nang le sone mo go diragatseng lefoko la ga Jehofa le matsapa a ba a tsayang go diragatsa ditiro tse a ba abetseng tsone.
Moengele wa Modimo o boletse gore fa a le mo tseleng a ya go bua le Daniele, o ne a kgorelediwa ke “kgosana ya bogosi jwa Peresia.” Fa morongwa yono wa moengele a sena go emelana le ene malatsi a le 21, o ne a kgona go tswelela pele fela ka thuso ya ga “Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo.” Moengele yono o ne a bolela gape gore o ne a tlile go tshwanelwa ke go lwa le mmaba yono gape mme gongwe a lwe gape le “kgosana ya Gerika.” (Daniele 10:13, 20) Ga se kgetsi e potlana, le mo moengeleng tota! Le fa go ntse jalo, dikgosana tseno tsa Peresia le Gerika e ne e le bomang?
Sa ntlhantlha, re ela tlhoko gore Mikaele o ne a bidiwa “mongwe wa dikgosana tse dikgolo” le “kgosana ya lona.” Moragonyana Mikaele o ne a bidiwa “kgosana e kgolo e e emelang bana ba batho ba [gaabo Daniele].” (Daniele 10:21; 12:1) Seno se bontsha gore Mikaele ke moengele yo Jehofa a mo abetseng go etelela Baiseraele pele kwa nageng.—Ekesodo 23:20-23; 32:34; 33:2.
Se se tshegetsang tshwetso eno ke polelo ya ga Juda ya gore “Mikaele tlhogo ya baengele a fapaana le Diabolo e bile a nganga kaga mmele wa ga Moshe.” (Jude 9) Boemo jwa ga Mikaele, thata, le taolo ya gagwe di ne di mo dira “tlhogo ya baengele” eleruri, mo go rayang “yo o kwa godimodimo mo baengeleng,” kana “moengele yo mogolo thata.” Ka mo go tshwanelang, boemo jono jo bo kwa godimo thata ga bo ka ke jwa newa ope fa e se Jesu Keresete, Morwa Modimo, pele ga botshelo jwa gagwe mo lefatsheng le morago ga jone.—1 Bathesalonika 4:16; Tshenolo 12:7-9.
A seno se raya gore Jehofa gape o tlhomile baengele go okamela ditšhaba tse di jaaka Peresia le Gerika gore ba di kaele mo mererong ya tsone? Gakologelwa gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a bua jaana a sa fitlhe sepe: “Mmusi wa lefatshe . . . ga go na jaaka a ka ntshwara.” Jesu gape o ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno . . . bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 14:30; 18:36) Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Go phepafetse gore ditšhaba tsa lefatshe ga di ise di ko di kaelwe kana di busiwe ke Modimo kana ke Keresete mme le jaanong ga di kaelwe le fa e le go busiwa ke bone. Le mororo Jehofa a letlelela “balaodi ba bagolo” go nna teng le go laola dilo tsa dipuso tsa lefatshe, ga a tlhome baengele ba gagwe gore ba ba okamele. (Baroma 13:1-7) “Dikgosana” dipe kana “babusi” bape bao ba ba okametseng ba ka tlhomiwa fela ke “mmusi wa lefatshe,” e bong Satane Diabolo. Ba tshwanetse ya bo e le babusi ba badimona e seng batlhokomedi ba e leng baengele. Ka jalo he, go na le mephato e e sa bonaleng ya badimona, kana “dikgosana,” e e tlhotlheletsang babusi ba ba bonalang, mme dikgotlhang tsa ditšhaba di bakwa ke se se fetang batho fela.
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 199]
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 207]