LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 15 ts. 256-269
  • Dikgosi Tse di Lwantshanang di Tsena mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgosi Tse di Lwantshanang di Tsena mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “DI LAOTSE GO SENYA”
  • GO “TLHABANA LE KGOLAGANO E E ITSHEPILENG”
  • KGOSI E A ‘HUTSAFALA’ MO NTWENG
  • KGOSI E ‘DIRA SE E SE RATANG’
  • “DIBOLAO” DI TSWA MO KGOSING
  • ‘SELO SE SE FEROSANG SEBETE SE A TLHONGWA’
  • Kgosi Nngwe E Tlhapatsa Lefelo Le Le Boitshepo la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Kgosi ya Bokone” mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Dikgosi Tse di Lwang di Fitlha Kwa Bokhutlong Jwa Tsone
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • “Kgosi ya Bokone” ke Mang Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 15 ts. 256-269

Kgaolo ya Bosometlhano

Dikgosi Tse di Lwantshanang di Tsena mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

1. Rahisitori mongwe a re baeteledipele ba Yuropa ya lekgolo la bo19 la dingwaga e ne e le bomang?

“GO NA le diphetogo dingwe tse di diregang mo Yuropa wa lekgolo la bosomerobongwe la dingwaga tse di iseng di ko di direge le fa e le leng pele,” go kwala jalo rahisitori Norman Davies. O oketsa jaana: “Yuropa e ne e phophoma ka maatla go feta le fa e le leng pele: maatla mo go tsa setegeniki, maatla mo go tsa itsholelo, maatla mo go tsa setso, maatla mo dikontinenteng di sele.” Davies o bolela gore baeteledipele ba “‘lekgolo la dingwaga la maatla’ le le atlegileng la Yuropa, e simolotse e le Great Britain . . . mme mo masomeng a dingwaga moragonyana ya nna Jeremane.”

“DI LAOTSE GO SENYA”

2. Jaaka fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ntse le ya bokhutlong, ke mebuso efe e e neng ya tsaya seabe sa “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa”?

2 Jaaka fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ntse le ya bokhutlong, Mmusomogolo wa Jeremane e ne e le “kgosi ya botsheka” mme Boritane e ne e le “kgosi ya borwa.” (Daniele 11:14, 15) “Ka ga dikgosi tse tsoo pedi,” moengele wa ga Jehofa a rialo, “pelo tsa tsone di tlaa bo di laotse go senya, di tlaa bua maaka fa lomating lo le longwe fela lwa bojelo.” O ne a tswelela pele jaana: “Mme ga go ketla go tlhogonolofala; gonne bokhutlo bo tlaa nama bo nna ka lobaka lo lo laotsweng.”—Daniele 11:27.

3, 4. (a) Ke mang yo o neng a nna mmusimogolo wa ntlha wa Mmusomogolo wa Jeremane, mme go ne ga dirwa kgolagano efe? (b) Kaiser Wilhelm o ne a latela thulaganyo efe?

3 Ka January 18, 1871, Wilhelm I o ne a nna mmusimogolo wa ntlha wa Mmusomogolo wa Jeremane. O ne a tlhoma Otto von Bismarck gore a nne tautona. E re ka Bismarck a ne a tlhomile mogopolo wa gagwe thata mo go simololeng mmusomogolo o mosha, o ne a leka gore a se ka a lwa le dinaga tse dingwe mme a dira kgolagano le dinaga tse di kopaneng tsa Austria le Hungary mmogo le Italy, e e itsiweng e le Lekgotla la Triple Alliance (Lekgotla la Dinaga Tse Tharo Tse di Dirileng Kgolagano). Mme go ise go ye kae mekgele ya kgosi eno e ntšha ya botsheka e ne ya thulana le ya kgosi ya borwa.

4 Fa Wilhelm I le motlhatlhami wa gagwe, e bong Frederick III, ba sena go swa ka 1888, Wilhelm II wa dingwaga di le 29 o ne a nna mo setulong sa bogosi. Wilhelm II, kana Kaiser Wilhelm, o ne a patelela Bismarck go tlogela tiro mme a latela thulaganyo ya go atolosetsa tlhotlheletso ya Jeremane mo lefatsheng lotlhe. Rahisitori mongwe o bolela jaana: “Mo tlase ga ga Wilhelm II, [Jeremane] e ne ya simolola go nna mabela le go nna manganga.”

5. Dikgosi tse pedi tseno di ne tsa nna jang fa ‘lomating lo le longwe fela lwa bojelo,’ mme di ne di bua eng moo?

5 Fa Czar Nicholas II wa Russia a ne a bitsa konferense e e neng e tlile go buisana ka go dira kagiso kwa The Hague, kwa Netherlands, ka August 24, 1898, go ne go tletse dikgogakgogano mo gare ga ditšhaba tse di farologaneng. Konferense eno le e nngwe e e neng ya latela ka 1907 e ne ya bopa Kgotla ya Leruri ya Botsereganyi kwa The Hague. Fa Mmusomogolo wa Jeremane le Great Britain ba ne ba nna maloko a kgotla eno, ba ne ba lebega jaaka e kete ba rata kagiso. Ba ne ba nna “fa lomating lo le longwe fela lwa bojelo,” ba dira jaaka e kete ba a utlwana, mme ‘pelo tsa bone di ne di laotse go senya.’ Leano la bone le le logilweng ka botlhale la go ‘bua maaka fa lomating lo le longwe fela lwa bojelo’ ga le a ka la dira gore go nne le kagiso ya mmatota. Fa e le ka maikaelelo a bone a go fitlhelela maemo a a kwa godimo mo go tsa sepolotiki, tsa itsholelo, le tsa sesole, ‘ga go na sepe se se neng sa tlhogonolofala’ ka gonne bokhutlo jwa dikgosi tse pedi tseno “bo tlaa nama bo nna ka lobaka lo lo laotsweng” ke Jehofa Modimo.

GO “TLHABANA LE KGOLAGANO E E ITSHEPILENG”

6, 7. (a) Kgosi ya botsheka e ne ya “boela lefatsheng la ga gabo” jang? (b) Kgosi ya borwa e ne ya tsibogela jang tlhotlheletso e e golang ya kgosi ya botsheka?

6 Fa moengele wa Modimo a tswelela pele o ne a re: “Foo [kgosi ya botsheka] o tlaa boela lefatsheng la ga gabo ka thoto e le tona; mme pelo ya gagwe e tlaa tlhabana le kgolagano e e itshepileng; mme o tlaa dira go rata ga gagwe, a itse go boela lefatsheng la ga gabo.”—Daniele 11:28.

7 Kaiser Wilhelm o ne a boela kwa “lefatsheng,” kana boemong jwa lefatshe, jwa kgosi ya bogologolo ya botsheka. Jang? Ka go aga pusokgolo e boikaelelo jwa yone e neng e le go atolosa Mmusomogolo wa Jeremane le go atolosa tlhotlheletso ya one. Wilhelm II o ne a latelela mekgele ya go dira dinaga tse dingwe dikolone mo Afrika le kwa mafelong a mangwe. E re ka a ne a batla go gwetlha bolaodi jo bogolo jwa Boritane mo lewatleng, o ne a bopa sesole se se nonofileng sa mo lewatleng. “Mo sebakeng sa dingwaga di feta di le lesome go sekae fela, sesole sa mo lewatleng sa Jeremane se simolotse se na le nonofonyana fela e e seng ya sepe mme sa feleletsa se na le nonofo e e neng e fetwa ke ya Boritane fela,” go rialo The New Encyclopædia Britannica. Boritane yone e ne ya tshwanelwa ke gore e atolose thulaganyo ya yone ya sesole sa mo lewatleng e le gore e tle e boloke bolaodi jwa yone. Gape Boritane e ne ya tsenela ditherisano tsa entente cordiale (tumalano ya go dirisana mmogo) le Fora ya ba ya dira ditumalano tse di tshwanang le Russia, ka go dira jalo e bopa Lekgotla la Triple Entente (Lekgotla la Dinaga Tse Tharo Tse di Dumalaneng go Dirisana Mmogo). Yuropa jaanong e ne e kgaogane go nna dikampa di le pedi tsa sesole—kafa letlhakoreng le lengwe e le Lekgotla la Triple Alliance mme ka fa go le lengwe e le Lekgotla la Triple Entente.

8. Go tlile jang gore Mmusomogolo wa Jeremane o nne le ‘thoto e tona’?

8 Mmusomogolo wa Jeremane o ne wa nna manganga, mo go neng ga felela ka gore Jeremane e nne le ‘thoto e tona’ ka gonne e ne e le yone karolo e kgolo ya Lekgotla la Triple Alliance. Dinaga tse di kopaneng tsa Austria le Hungary le naga ya Italy e ne e le dinaga tsa Roma Katoliki. Ka gone, Lekgotla la Triple Alliance gape le ne la itumelela go amogelwa ke mopapa, mme kgosi ya borwa yone, eo karolo ya yone e kgolo ya Lekgotla la Triple Entente e neng e se ya Katoliki, e ne ya se ka ya amogelwa ka tsela eno.

9. Kgosi ya botsheka e ne ya “tlhabana le kgolagano e e itshepileng” jang mo pelong?

9 Go tweng ka batho ba ga Jehofa? Ba ne ba sa bolo go nna ba bolela gore “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe” di ne di tla fela ka 1914.a (Luke 21:24) Mo ngwageng oo, Bogosi jwa Modimo jo mo go jone go neng go busa Jesu Keresete, e bong Moruaboswa wa ga Kgosi Dafide, bo ne jwa tlhongwa kwa magodimong. (2 Samuele 7:12-16; Luke 22:28, 29) Morago kwa ka March 1880, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) o ne wa golaganya go busa ga Bogosi jwa Modimo le go fela ga “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe,” kana “metlha ya Baditšhaba.” (King James Version) Mme pelo ya kgosi ya botsheka ya Jeremane e ne e ‘tlhabana le kgolagano e e itshepileng ya Bogosi.’ Mo boemong jwa go amogela go busa ga Bogosi, Kaiser Wilhelm ‘o ne a dira go rata ga gagwe’ ka go buelela maano a gagwe a go busa lefatshe. Le fa go ntse jalo, ka go dira jalo o ne a jala peo ya Ntwa ya Lefatshe I.

KGOSI E A ‘HUTSAFALA’ MO NTWENG

10, 11. Ntwa ya Lefatshe I e ne ya simolola jang, mme seno se diragetse jang ka “lobaka lo lo laotsweng”?

10 Moengele o ne a bolelela pele jaana: “E tlaa re mo lobakeng lo lo laotsweng [kgosi ya botsheka] o tlaa boa, a ya kwa borwa; mme mo motlheng wa morago ga go ketla go nna jaaka mo motlheng wa pele.” (Daniele 11:29) ‘Lobaka lo lo laotsweng’ lwa Modimo lwa gore a fedise puso ya Baditšhaba ya lefatshe lo ne lwa tla ka 1914 fa a ne a tlhoma Bogosi jwa selegodimo. Ka June 28 ya one ngwaga oo, Kgosikgolo Francis Ferdinand wa Austria le mosadi wa gagwe ba ne ba lobelwa dintsi ke serukhutlhi sengwe sa Mo-Serb kwa Sarajevo, kwa Bosnia. Tiragalo eo e ne ya tlhosetsa Ntwa ya Lefatshe I.

11 Kaiser Wilhelm o ne a tlhotlheletsa dinaga tse di kopaneng tsa Austria le Hungary gore di ipusolosetse mo go Serbia. E re ka dinaga tseno tse di kopaneng tsa Austria le Hungary di ne di tshepile gore Jeremane e tla di thusa, di ne tsa bolotsa ntwa kgatlhanong le Serbia ka July 28, 1914. Mme Russia e ne ya tla go thusa Serbia. Fa Jeremane e ne e bolotsa ntwa kgatlhanong le Russia, Fora (e e neng e le mo Lekgotleng la Triple Entente) e ne ya thusa Russia. Go tswa foo Jeremane ya bolotsa ntwa kgatlhanong le Fora. Gore Paris e tsenege motlhofo, Jeremane e ne ya tlhasela Belgium, eo Boritane e neng e ile ya tlhomamisa gore e itlhaotse mo ntweng eno. Ka jalo Boritane ya bolotsa ntwa kgatlhanong le Jeremane. Ditšhaba tse dingwe le tsone di ne tsa simolola go amega, mme Italy ya tswa kafa letlhakoreng le e neng e le mo go lone pele. Ka nako ya ntwa, Boritane e ne ya sireletsa Egepeto e le gore e thibele kgosi eno ya botsheka gore e se ka ya tswalela Suez Canal le gore e se ka ya tlhasela Egepeto, e bong naga ya bogologolo ya kgosi ya borwa.

12. Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, dilo ga di a ka tsa “nna jaaka mo motlheng wa pele” ka tsela efe?

12 The World Book Encyclopedia ya re: “Le fa Dinaga tseno Tse di Dirileng Kgolagano Mmogo di ne di le dikgolo e bile di nonofile thata, go ne go bonala Jeremane e tlile go fenya ntwa.” Mo dintweng tse di fetileng tsa dikgosi tse pedi tseno, Mmusomogolo wa Roma, e le kgosi ya botsheka, o ne o fenya ka metlha. Mme mo lobakeng lono, ‘dilo di ne di se jaaka mo motlheng wa pele.’ Kgosi ya botsheka e ne ya latlhegelwa mo ntweng eno. Fa moengele a tlhalosa lebaka la seno, a re: “Dikepe tsa Kitime di tlaa tla go tlhabana nae; ke gone ka moo o tlaa hutsafalang.” (Daniele 11:30a) “Dikepe tsa Kitime” e ne e le eng?

13, 14. (a) “Dikepe tsa Kitime” tse di neng tsa tla go lwa le kgosi ya botsheka e ne segolobogolo e le eng? (b) Dikepe tse di oketsegileng tsa Kitime di ne tsa tla jang fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ntse e tsweletse?

13 Mo motlheng wa ga Daniele, Kitime e ne e le Kupero. Mo masimologong a ntwa ya ntlha ya lefatshe, Kupero e ne ya gapiwa ke Boritane. Mo godimo ga moo, go ya ka The Zondervan Pictorial Encyclopedia of the Bible, leina Kitime “le ne la nna le bokao jo bongwe gape jo bo akaretsang dinaga tsa Bophirima ka kakaretso, mme segolobogolo dinaga tsa Bophirima tse di fa lewatleng.” New International Version e ranola polelwana “dikepe tsa Kitime” e re ke “dikepe tsa mafatshe a a mo losing lo lo kafa bophirima.” Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, dikepe tsa Kitime e ne segolobogolo e le dikepe tsa Boritane, tse di kafa losing lo lo kafa bophirima lwa Yuropa.

14 Jaaka fa ntwa e ntse e tsweletse, Sesole sa Lewatle sa Boritane se ne sa nonotshiwa ke dikepe tse di oketsegileng tsa Kitime. Ka May 7, 1915, sekepe sa kafa tlase ga lewatle sa Jeremane e leng U-20 se ne sa nwetsa sekepe sa baagi sa Lusitania kafa losing lo lo kafa borwa jwa Ireland. Bangwe ba batho ba ba neng ba swa moo e ne e le Maamerika a le 128. Moragonyana, Jeremane e ne ya tsweletsa ntwa ya yone ka dikepe tsa kafa tlase ga lewatle go fitlha kwa Lewatleng la Atlantic. Morago ga moo, ka April 6, 1917, Poresidente wa United States e bong Woodrow Wilson o ne a bolotsa ntwa kgatlhanong le Jeremane. Ka nako eo kgosi ya borwa—e jaanong e leng Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika—e ne e lwa ka botlalo le kgosi ya moemakgatlhanong nae, e re ka jaanong e ne e okeditswe ka dikepe tsa ntwa tsa United States le mephato ya teng ya sesole.

15. Kgosi ya botsheka e ne ya ‘hutsafala’ leng?

15 E ne ya re fa kgosi ya botsheka e tlhaselwa ke Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika, e ne ya ‘hutsafala’ mme ya ineela ka November 1918. Wilhelm II o ne a tshabela kwa nageng ya bofaladi kwa Netherlands, mme Jeremane ya nna repaboliki. Mme kgosi ya botsheka e ne e ise e fetse.

KGOSI E ‘DIRA SE E SE RATANG’

16. Go ya ka boporofeti, kgosi ya botsheka e ne e tla tsibogela jang go fenngwa ga yone?

16 “[Kgosi ya botsheka] o tlaa boa, o tlaa galefela kgolagano e e itshepileng, mme o tlaa dira se o se ratang; mme o tlaa boa fela, mme o tlhokomela bone ba ba latlhileng kgolagano e e itshepileng.” (Daniele 11:30b) Moengele o ne a bolelela pele jalo, mme ga direga fela jalo.

17. Ke eng se se neng sa isa kwa go tsogeng ga ga Adolf Hitler?

17 Fa ntwa e sena go khutla, ka 1918, Dinaga Tse di Dirileng Kgolagano tsa bafenyi di ne tsa dira tumelano ya kagiso le Jeremane, e boikaelelo jwa yone e neng e le go e otlhaya. Batho ba Jeremane ba ne ba fitlhela ditumalano tseno di le thata go fitlhelelwa, mme repaboliki eno e ntšha e ne e koafetse e sa ntse e simolola fela. Jeremane e ne ya nna ya thetheekela dingwaga di le mmalwa e le mo tlalelong e kgolo mme ya nna le Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi, eo kgabagare e neng ya tlogela batho ba le dimilione di le thataro ba se na ditiro. Mo masimologong a dingwaga tsa bo1930, maemo a ne a siametse go tsoga ga ga Adolf Hitler. O ne a nna tautona ka January 1933 mme mo ngwageng o o latelang a nna poresidente ya se Banasi ba neng ba se bitsa Mmusomogolo wa Boraro.b

18. Hitler o ne a “dira se [a] se ratang” jang?

18 Ka bonako fela fa Hitler a sena go tsaya marapo, o ne a tlhasela setlhogo “kgolagano e e itshepileng,” e e emelwang ke bomorwarraagwe Jesu Keresete ba ba tloditsweng. (Mathaio 25:40) Ka go dira jalo o ne a dira ‘se a se ratang’ ka Bakeresete bano ba ba ikanyegang, a bogisa ba le bantsi ba bone setlhogo. Hitler o ne a atlega mo go tsa ikonomi le mo dilong tsa puso, a dira ‘se a se ratang’ le mo go tsone. Mo dingwageng di le mmalwa, o ne a dira gore Jeremane e nne puso e e tshwanetseng go tlotlwa mo lefatsheng.

19. Gore a tle a engwe nokeng, Hitler o ne a dira kgolagano le bomang?

19 Hitler o ne a “tlhokomela bone ba ba latlhileng kgolagano e e itshepileng.” E ne e le bomang? Go bonala e ne e le baeteledipele ba Labokeresete, ba ba neng ba bolela fa ba dirile kgolagano le Modimo mme ba tlogetse go nna barutwa ba ga Jesu Keresete. Hitler o ne a atlega mo go boneng kemonokeng ya “bone ba ba latlhileng kgolagano e e itshepileng.” Ka sekai, o ne a dira kgolagano le mopapa kwa Roma. Ka 1935, Hitler o ne a tlhoma lekgotla la Tirelo ya Merero ya tsa Kereke. Bongwe jwa maikaelelo a gagwe e ne e le go dira gore Kereke ya Evangelical e laolwe ke puso.

“DIBOLAO” DI TSWA MO KGOSING

20. Kgosi ya botsheka e ne ya dirisa “dibolao” dife, kgatlhanong le bomang?

20 Go ise go ye kae Hitler o ne a ya ntweng, jaaka fa moengele a ne a ile a bolelela pele jalo kwantle ga go dira phoso: “[“Masole a,” NW] tlaa nna ntlheng ya gagwe, mme ba tlaa tlhapatsa felo ga boitshepo, e bong kago ya tlhabanelo, mme ba tlaa tlosa tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe.” (Daniele 11:31a) “Masole” ano e ne e le mephato ya sesole e kgosi ya botsheka e neng ya a dirisa go lwa le kgosi ya borwa mo Ntweng ya Lefatshe II. Ka September 1, 1939, “masole” a Banasi a ne a tlhasela Poland. Malatsi a le mabedi moragonyana, Boritane le Fora ba ne ba bolotsa ntwa kgatlhanong le Jeremane go thusa Poland. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola jalo. Poland e ne ya phutlhama ka bonako, mme ka bonako morago ga moo, masole a Jeremane a gapa Denmark, Norway, Netherlands, Belgium, Luxembourg, le Fora. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Kwa bokhutlong jwa 1941, Jeremane ya Bonasi e ne e laola kontinente yotlhe.”

21. Dilo di ne tsa fetogela kgosi ya botsheka jang ka Ntwa ya Lefatshe II, mme ga felela jang?

21 Le mororo Jeremane le Soviet Union di ne di saenne Tumalano ya Botsala, Tirisanommogo, le go Tlhongwa ga Melelwane, Hitler o ne a tswelela a ya go tlhasela dinaga tsa Soviet ka June 22, 1941. Selo seno se ne sa dira gore Soviet Union a nne kafa letlhakoreng la Boritane. Sesole sa Soviet se ne sa lwa ka thata le fa mephato ya Jeremane e ne e simolotse ka ditlhaselo tse di bogale. Ka December 6, 1941, masole a Jeremane a ne a fenngwa kwa Moscow. Mo letsatsing le le latelang, tsala ya Jeremane, e bong Japane, e ne ya latlhela bomo mo Pearl Harbor, kwa Hawaii. Ya re fa Hitler a utlwa ka seno, a bolelela bathusi ba gagwe jaana: “Jaanong ga go ka ke ga direga gore re latlhegelwe mo ntweng eno.” Ka December 11, o ne a bolotsa ntwa kgatlhanong le United States ka mafega. O ne a tlhaetsa nonofo ya Soviet Union le United States matlho. E ne ya re fa masole a Soviet a tlhasela go tswa kafa botlhaba mme mephato ya Boritane le Amerika e tla go tswa kafa bophirima, dilo di ne tsa simolola go fetogela Hitler. Mephato ya Jeremane e ne ya simolola go latlhegelwa ke dinaga tsa yone ka go latelana ga tsone. Morago ga gore Hitler a ipolaye, Jeremane e ne ya ineela mo Dinageng tseno tse di dirileng Kgolagano, ka May 7, 1945.

22. Kgosi ya botsheka e ne ya ‘tlhapatsa jang felo ga boitshepo le go tlosa tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe’?

22 “[Masole a Banasi a] tlaa tlhapatsa felo ga boitshepo, e bong kago ya tlhabanelo, mme ba tlaa tlosa tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe,” moengele o ne a rialo. Kwa Juda wa bogologolo, felo ga boitshepo e ne e le karolo ya tempele e e kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, fa Bajuda ba ne ba gana Jesu, Jehofa o ne a ba gana le tempele ya bone. (Mathaio 23:37–24:2) Fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., tota tempele ya ga Jehofa e ntse e le ya semoya, lefelo la yone la boitshepo jwa maitshepo le le kwa magodimong mme lolwapa lwa yone lwa semoya lo le mo lefatsheng, moo bomorwarraagwe Jesu, Moperesiti yo Mogolo, ba ba tloditsweng ba direlang teng. Go tloga ka bo1930 go ya pele, “boidiidi jo bogolo” bo ntse bo obamela mmogo le masalela a a tloditsweng mme ka gone go ka bolelwa ga twe ba direla ‘mo tempeleng ya Modimo.’ (Tshenolo 7:9, 15; 11:1, 2; Bahebera 9:11, 12, 24) Mo mafatsheng a a laolwang ke kgosi ya botsheka, kgosi eno e ne ya tlhapatsa lolwapa lwa tempele lo lo mo lefatsheng ka go bogisa masalela a a tloditsweng le ditsala tsa bone e sa kgaotse. Pogiso eno e ne e le setlhogo thata mo e leng gore “tshupelo e e fisiwang ka metlha yotlhe”—setlhabelo sa go baka leina la ga Jehofa phatlalatsa—e ne ya tlosiwa. (Bahebera 13:15) Le fa go ntse jalo, le fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang bano ba ne ba bogisiwa mo go bosula jalo, bone mmogo le ba “dinku tse dingwe,” ba ne ba nna ba tswelela ba rera ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II.—Johane 10:16.

‘SELO SE SE FEROSANG SEBETE SE A TLHONGWA’

23. “Selo se se ferosang sebete” e ne e le eng mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

23 Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e tloga e fela, go ne ga direga selo se sengwe gape, fela jaaka moengele wa Modimo a ne a boleletse pele. “Ruri ba tla tlhoma selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo.” (Daniele 11:31b, NW) Jesu le ene o ne a kile a bua ka “selo se se ferosang sebete.” Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, e ne e le masole a Roma a a neng a tla mo Jerusalema ka 66 C.E. go tla go fedisa botsuolodi jwa Bajuda.c—Mathaio 24:15; Daniele 9:27.

24, 25. (a) “Selo se se ferosang sebete” mo metlheng ya gompieno ke eng? (b) ‘Selo se se ferosang sebete se ne sa tlhongwa’ leng mme gone jang?

24 “Selo se se ferosang sebete” se se “tlhomilweng” mo metlheng ya gompieno ke eng? Go bonala e le sengwe se se “ferosang sebete” se se itshemang go nna Bogosi jwa Modimo. Seno e ne e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, sebatana sa naga se se bohibidu jo bo letlhololo se se neng sa tsena mo moleteng o o se nang bolekanngo, kana sa se ka sa tlhola se nna gone e le mokgatlho wa lefatshe wa kagiso, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e runya. (Tshenolo 17:8) Le fa go ntse jalo, ‘sebatana seno sa naga’ se ne se tla “tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo.” Se ne sa dira jalo fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ka maloko a lone a ditšhaba di le 50 go akaretsa le tse pele e neng e le tsa Soviet Union, le ne le tlhongwa ka October 24, 1945. Ka gone “selo se se ferosang sebete” se se boleletsweng pele ke moengele—e bong lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—se ne sa tlhongwa.

25 Jeremane e ne e ntse e le mmaba yo mogolo wa kgosi ya borwa mo dintweng tsoopedi tsa lefatshe e bile e ntse e le ene kgosi ya botsheka. Ke mang yo o neng a tla latela mo boemong joo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Kgaolo 6 ya buka eno.

b Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma e ne e le mmusomogolo wa ntlha, mme Mmusomogolo wa Jeremane e ne e le wa bobedi.

c Bona Kgaolo 11 ya buka eno.

O LEMOGILENG?

• Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, ke mebuso efe e e neng e le kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa?

• Ka Ntwa ya Lefatshe I, diphelelo tsa ntwa di ne tsa bontsha jang gore “ga go ketla go nna jaaka mo motlheng wa pele” mo kgosing ya botsheka?

• Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, Hitler o ne a dira jang gore Jeremane e nne mmuso o o tshwanetseng go tlotlwa mo lefatsheng?

• Diphelelo tsa ntwa mo gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa ka Ntwa ya Lefatshe II e ne ya nna dife?

[Ditshwantsho mo go tsebe 268]

DIKGOSI MO GO DANIELE 11:27-31

Kgosi ya Botsheka Kgosi ya Borwa

Daniele 11:27-30a Mmusomogolo wa Boritane, e salwa

Jeremane (Ntwa ya morago ke Mmuso

Lefatshe I) wa Lefatshe wa

Maesemane le Maamerika

Daniele 11:30b, 31 Mmusomogolo wa Mmuso wa Lefatshe wa

Boraro wa ga Hitler Maesemane le Maamerika

(Ntwa ya Lefatshe II)

[Setshwantsho]

Poresidente Woodrow Wilson a na le Kgosi George V

[Setshwantsho]

Bakeresete ba le bantsi ba ne ba bogisiwa mo dikampeng tsa pogisetso

[Setshwantsho]

Baeteledipele ba Labokeresete ba ne ba ema Hitler nokeng

[Setshwantsho]

Sejanaga se Kgosikgolo Ferdinand a neng a lobelwa dintsi mo go sone

[Setshwantsho]

Masole a Jeremane, Ntwa ya Lefatshe I

[Setshwantsho mo go tsebe 257]

Kwa Yalta ka 1945, Tautona ya Boritane e bong Winston Churchill, Poresidente ya United States e bong Franklin D. Roosevelt, le Tautona ya Soviet e bong Joseph Stalin ba ne ba dumalana ka dithulaganyo tsa go gapa Jeremane, go bopa mmuso o mosha kwa Poland, le go tshwara konferense ya go tlhoma lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng

[Ditshwantsho mo go tsebe 258]

1. Kgosikgolo Ferdinand 2. Sesole sa mo lewatleng sa Jeremane 3. Sesole sa mo lewatleng sa Boritane 4. “Lusitania” 5. Maiphako a ntwa a United States

[Ditshwantsho mo go tsebe 263]

Adolf Hitler o ne a solofetse go fenya morago ga gore Japane, tsala ya Jeremane mo motlheng wa ntwa, e konopele bomo mo Pearl Harbor

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela