Kgaolo ya Bosomerobedi
Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
1, 2. (a) Mothubalobelo o tlhoka nonofo efe e e botlhokwa gore a atlege? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a bapisa botshelo jwa go ikanyega mo go direleng Jehofa le go thuba lobelo jang?
MOTHUBALOBELO o tsubalalela kwa moleng wa phenyo. O batla a feletswe ke maatla otlhe, mme e re ka a tla a lebile mokgele wa gagwe, o dirisa nonofo yotlhe ya gagwe go digela sebaka se se setseng. A itshoketse mesifa e e gonegileng, kgabagare o kgabaganya mola wa phenyo! Sefatlhego sa gagwe jaanong se lebega e le sa motho a wetse makgwafo e bile a itumeletse go fenya. Go itshoka go fitlha kwa bokhutlong go mo thusitse.
2 Mo bokhutlong jwa Daniele kgaolo 12, re bona moporofeti yono yo o rategang a le gaufi le mola wa phenyo wa “lobelo” lwa gagwe—botshelo jwa gagwe jwa go direla Jehofa. Fa moaposetoloi Paulo a sena go umaka dikai tse di farologaneng tsa tumelo mo gare ga batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga motlha wa Bokeresete, o ne a kwala jaana: “Jalo, he, ka gonne re na le bontsintsi jo bogolo jaana jwa basupi jo bo re dikanyeditseng, a le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, Jesu. Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.”—Bahebera 12:1, 2.
3. (a) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Daniele gore a ‘siane ka boitshoko’? (b) Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Daniele dilo dife tse tharo tse di tlhomologileng?
3 Daniele o ne a le gareng ga ‘bontsintsi jo bogolo jalo jwa basupi.’ Eleruri o ne a tshwanelwa ke go ‘siana ka boitshoko,’ mme go rata Modimo thata go ne ga mo tlhotlheletsa go dira jalo. Jehofa o ne a senoletse Daniele go le gontsi kaga isagwe ya dipuso tsa lefatshe, mme jaanong O ne a mo romelela kgothatso eno e e yang kwa go ene ka namana: “Mme wena, tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle; gonne o tlaa ikhutsa, mme o tlaa ema mo kabelong ya gago kwa bokhutlong jwa metlha.” (Daniele 12:13) Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Daniele dilo di le tharo tse di tlhomologileng: (1) gore Daniele o tshwanetse go “tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle,” (2) gore o ne a tla “ikhutsa,” le (3) gore o ne a tla “ema” gape mo isagweng. Mafoko ano a ka kgothatsa Bakeresete jang gompieno gore ba itshoke go fitlha ba fitlha kwa moleng wa phenyo mo lobelong lwa botshelo?
“TSAMAYA FELA GO TLE GO TSAMAYE BOKHUTLO BO TLE”
4. Moengele wa ga Jehofa o ne a rayang fa a ne a re “tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle,” mme ke ka ntlha yang fa seo e tshwanetse ya bo e ile ya nna kgwetlho mo go Daniele?
4 Moengele o ne a raya go reng fa a ne a raya Daniele a re: “Mme wena, tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle”? Bokhutlo jwa eng? Ebu, e re ka Daniele a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 100, go bonala go ne go buiwa ka bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe, jo go bonalang bo ne bo le gaufi thata.a Moengele o ne a kgothaletsa Daniele gore a itshoke ka boikanyegi go fitlha a swa. Mme go ne go se kitla go nna motlhofo go dira jalo. Daniele o ne a tshela go fitlha a bona Babelona e thankgolwa le masalela a batshwarwa ba Bajuda a boela kwa Juda le Jerusalema. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa itumedisa moporofeti yo o godileng yono fela thata. Le fa go ntse jalo, ga go na pego epe e e bontshang gore o ne a fuduga le bone. Ka nako eo o tshwanetse a bo a ne a tsofetse thata e bile a le bokoa. Kana gongwe e ne e le thato ya ga Jehofa gore a sale mo Babelona. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, motho a ka ipotsa fela gore a Daniele o ne a sa tswe pelo fa bagagabo ba tswa ba ya Juda.
5. Go na le bosupi bofe jwa gore Daniele o ne a itshoka go ya bokhutlong?
5 Ga go na pelaelo gore Daniele o ne a nonotshiwa thata ke polelo eno ya bopelonomi ya moengele: “Tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle.” Seno se ka re gakolola mafoko a Jesu Keresete a neng a a bua makgolo a ka nna marataro a dingwaga moragonyana: “Mme yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Ga go na pelaelo gore Daniele o ne a dira fela jalo. O ne a itshoka go ya bokhutlong, a siana lobelo lwa botshelo ka boikanyegi go fitlha a lo wetsa. Seno e ka tswa e le lengwe la mabaka a go bo go buiwa sentle jaana ka ene moragonyana mo Lefokong la Modimo. (Bahebera 11:32, 33) Ke eng se se neng sa kgontsha Daniele go itshoka go ya bokhutlong? Pego ya botshelo jwa gagwe e re naya karabo.
GO ITSHOKA E LE MOITHUTI WA LEFOKO LA MODIMO
6. Re itse jang gore Daniele e ne e le moithuti yo o tlhagafetseng wa Lefoko la Modimo?
6 Mo go Daniele, go itshoka go ya bokhutlong go ne go akaretsa go tswelela pele a ithuta ka ditsholofetso tse di itumedisang tsa Modimo a bo a tlhatlhanya thata ka tsone. Re a itse gore Daniele e ne e le moithuti yo o ineetseng wa Lefoko la Modimo. Go seng jalo, a ka bo a ile a itse jang tsholofetso ya ga Jehofa mo go Jeremia ya gore nako ya go ya botshwarwa e ne e tla nna dingwaga di le 70? Daniele ka boene o ne a kwala jaana: “Nna . . . ka tlhaloganya ka dikwalo palo ya dinyaga.” (Daniele 9:2; Jeremia 25:11, 12) Ntle le pelaelo, Daniele o ne a senka dibuka tsa Lefoko la Modimo tse di neng di le teng ka nako eo. Daniele o tshwanetse a bo a ile a fetsa diura di le dintsi a itumelela go bala dikwalo tsa ga Moshe, Dafide, Solomone, Isaia, Jeremia, Esekiele le go tlhatlhanya ka tsone—dingwe le dingwe fela tse a neng a kgona go di bona.
7. Fa re bapisa motlha wa rona le motlha wa ga Daniele, rona re na le melemo efe mo go ithuteng Lefoko la Modimo?
7 Go ithuta Lefoko la Modimo, go nwelelela mo go lone, go botlhokwa gore re tlhagolele boitshoko gompieno. (Baroma 15:4-6; 1 Timotheo 4:15) Mme rona re na le Baebele e e feletseng, e e akaretsang pego e e kwadilweng ya ka moo bongwe jwa boporofeti jwa ga Daniele bo neng jwa diragadiwa ka teng makgolo a dingwaga moragonyana. Mo godimo ga moo, re lesego gore re bo re tshela mo “motlheng wa bokhutlo,” o o boleletsweng pele mo go Daniele 12:4. Mo motlheng wa rona, batlodiwa ba segofaditswe ka temogo ya semoya, ba phatsima jaaka dibonesi tsa boammaaruri mo lefatsheng leno le le lefifi. Ka ntlha ya moo, bontsi jwa boporofeti jo bo tseneletseng jo bo mo bukeng ya Daniele, jo bongwe jwa bone a neng a sa bo tlhaloganye ka boene, bo na le mo gontsi mo bo go bolelang mo go rona. Ka gone, a re tsweleleng re ithuta Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, re sa tseye dilo tseno motlhofo. Go dira jalo go tla re thusa gore re itshoke.
DANIELE O NE A NNELA RURI MO THAPELONG
8. Daniele o ne a tlhoma sekao sefe mo kgannyeng ya thapelo?
8 Thapelo le yone e ne ya thusa Daniele go itshoka go ya bokhutlong. Letsatsi le letsatsi o ne a retologela kwa go Jehofa Modimo mme a bua le ene ka tshosologo le ka pelo e e tletseng tumelo le tsholofelo. O ne a itse gore Jehofa ke ‘Moutlwi wa thapelo.’ (Pesalema 65:2; bapisa Bahebera 11:6.) Fa pelo ya ga Daniele e ne e imeditswe ke kutlobotlhoko ka ntlha ya botsuolodi jwa Iseraele, o ne a tshololela Jehofa maikutlo a gagwe. (Daniele 9:4-19) Tota le fa Dario a ne a ntshitse taelo ya gore go lopiwe mo go ene fela ka malatsi a le 30, Daniele ga a ka a letla seo go mo thibela go rapela Jehofa Modimo. (Daniele 6:10) A ga go re ame maikutlo go bona monnamogolo yono yo o ikanyegang a tsena ka bopelokgale mo mongobong o o tletseng ditau go na le gore a tlogele tshiamelo e e molemolemo eno ya thapelo? Ga go na pelaelo gore Daniele o ne a ya kwa bokhutlong ka boikanyegi, a rapela Jehofa ka tlhoafalo letsatsi le letsatsi.
9. Ke ka ntlha yang fa le ka motlha re sa tshwanela go tsaya tshiamelo eno ya thapelo motlhofo?
9 Go rapela ga se selo se se thata. Re ka rapela mo e ka nnang nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe, re buela kwa godimo kana mo pelong. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya tshiamelo eno e e botlhokwatlhokwa motlhofo. Baebele e golaganya thapelo le boitshoko, bopelotelele, le go nna re tsogile semoyeng. (Luke 18:1; Baroma 12:12; Baefeso 6:18; Bakolosa 4:2) A ga go gakgamatse go bo re na le tsela eno e e sa thibelweng le e re ka e dirisang ka metlha ya go buisana le motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong? E bile o a re reetsa! Gakologelwa nako ele ya fa Daniele a ne a rapela, mme Jehofa a mo araba ka go romela moengele. Moengele o ne a goroga fa Daniele a sa ntse a rapela! (Daniele 9:20-21) Motlha wa rona ga se o mo go one re etelwang ke baengele ka tsela eo, mme Jehofa ga a ise a fetoge. (Malaki 3:6) Fela jaaka a utlwile thapelo ya ga Daniele, o tla utlwa le ya rona. Mme fa re rapela, re tla atamela gaufi le Jehofa, re nna le sebofo se se tla re thusang go itshoka go fitlha kwa bokhutlong, jaaka Daniele a ne a dira.
GO ITSHOKA JAAKA MORUTISI WA LEFOKO LA MODIMO
10. Ke ka ntlha yang fa go ruta Lefoko la Modimo go ne go le botlhokwa mo go Daniele?
10 Daniele o ne a tshwanelwa ke go “tsamaya fela go tle go tsamaye bokhutlo bo tle” ka kgopolo e nngwe gape. O ne a tshwanelwa ke go itshoka e le morutisi wa boammaaruri. Le ka motlha ga a ise a ko a lebale gore e ne e le mongwe wa batho ba ba itshenketsweng ba Dikwalo di buileng ka bone di re: “‘Lona lo basupi ba me,’ go bua Jehofa: ‘o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng.’” (Isaia 43:10) Daniele o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go diragatsa thomo eo. Go ka direga gore tiro ya gagwe e ne e akaretsa go ruta batho ba gagabo ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona. Ga re itse go le kalo ka ditirisano tsa gagwe le Bajudammogo le ene kwantle ga go golagana ga gagwe le ba le bararo ba ba bidiwang “bankana ba gagwe”—e bong Hanania, Mishaele, le Asaria. (Daniele 1:7; 2:13, 17, 18) Botsala jwa bone jo bogolo bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa thusa mongwe le mongwe wa bone go itshoka. (Diane 17:17) Daniele, yo Jehofa a neng a mo segofaditse ka temogo e e kgethegileng, o ne a na le go le gontsi go go ruta ditsala tsa gagwe. (Daniele 1:17) Mme o ne a na le tiro e nngwe gape ya go ruta e a neng a tshwanetse go e dira.
11. (a) Ke eng se se neng se tlhomologile ka tiro ya ga Daniele? (b) Daniele o ne a atlega go le kana kang mo go diragatseng kabelo ya gagwe e e sa tlwaelegang?
11 Go feta baporofeti bape ba bangwe, Daniele o ne a na le tiro ya go neela bosupi go batho ba maemo a a kwa godimo ba Baditšhaba. Le mororo gantsi a ne a tshwanelwa ke go itsise melaetsa e e sa rategeng, o ne a se ka a tshwara babusi bano jaaka e kete ke batho ba ba ferosang sebete kana ba ba kwa tlase ga gagwe ka tsela nngwe. O ne a bua le bone ka tlotlo le ka botswerere. Go ne go na le bangwe—ba ba tshwanang le dikgosana tsa kgaolo ya naga tse di lefufa, tse di neng di loga maano a a bosula—ba ba neng ba batla go bolaya Daniele. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba maemo a a kwa godimo ba ne ba mo tlotla. E re ka Jehofa a ne a kgontsha Daniele go tlhalosa diphiri dingwe tse di neng tsa akabatsa dikgosi le banna bangwe ba ba botlhale, moporofeti yono o ne a simolola go tlotlomadiwa. (Daniele 2:47, 48; 5:29) Ke boammaaruri gore fa a ntse a tsofala, o ne a ka se nne matlhagatlhaga jaaka fa a ne a ntse fa a sa le mosha. Mme ga go na pelaelo gore o ile a ya go swa a ntse a senka ka boikanyegi tsela epe fela e a neng a ka direla ka yone e le mosupi wa Modimo wa gagwe yo o rategang thata.
12. (a) Rona Bakeresete re tshwaregile mo tirong efe ya go ruta gompieno? (b) Re ka utlwa jang kgakololo ya ga Paulo ya go ‘tswelela re tsamaya ka botlhale malebana le ba ba kwa ntle’?
12 Mo phuthegong ya Bokeresete gompieno, re ka nna ra bona ditsala tse di ikanyegang tse di tla re thusang go itshoka, fela jaaka Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba thusana. Gape re a rutana, re “naana kgothatso.” (Baroma 1:11, 12) Jaaka Daniele, re na le tiro ya go supela ba ba sa dumelang. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ka gone re tshwanetse go lootsa bokgoni jwa rona gore re ‘tshware lefoko la boammaaruri sentle’ fa re bua le batho ka Jehofa. (2 Timotheo 2:15) Mme go tla re thusa fa re utlwa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale malebang le ba ba kwa ntle.” (Bakolosa 4:5) Botlhale jono bo akaretsa go nna tekatekano fa re dirisana le ba e seng badumedimmogo le rona. Ga re lebele batho bano kwa tlase, re iteba re le kwa godimo. (1 Petere 3:15) Go na le moo, re senka go ba gogela kwa boammaaruring, re dirisa Lefoko la Modimo ka botlhale le ka botswerere gore re fitlhelele dipelo tsa bone. Fa re atlega mo go fitlheleleng pelo ya mongwe, a bo seno se re itumedisa jang ne! Eleruri boipelo joo bo re thusa go itshoka go fitlha kwa bokhutlong, jaaka Daniele a ne a dira.
“O TLAA IKHUTSA”
13, 14. Ke ka ntlha yang fa Bababelona ba le bantsi ba ne ba tshoswa thata jaana ke go itse gore ba ne ba tlile go swa, mme pono ya ga Daniele e ne e farologane jang le ya bone?
13 Morago ga moo moengele o ne a tlhomamisetsa Daniele jaana: “O tlaa ikhutsa.” (Daniele 12:13) Mafoko ao a ne a bolelang? Ebu, Daniele o ne a itse gore o tlile go swa. Fa e sa le go tloga mo motlheng wa ga Adame go tla go fitlha mo go wa rona, loso e ntse e le bokhutlo jwa batho botlhe. Baebele e bitsa loso ka tshwanelo e re ke “mmaba.” (1 Bakorintha 15:26) Le fa go ntse jalo, mo go Daniele, go itse gore o ne a tlile go swa go ne go bolela sengwe se se farologaneng thata le se go neng go se bolela mo Bababeloneng ba ba neng ba tshela le ene. Mo go bone, e re ka ba ne ba nweleletse mo kobamelong e e raraaneng ya medimo ya maaka e ka nna 4 000, loso e ne e le selo se se boifisang thata ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Ba ne ba dumela gore morago ga loso, ba ba ileng ba se ka ba tshela monate kana ba ba neng ba sule loso lo lo setlhogo ba ne ba fetoga mewa e e tlileng go ipusolosetsa e e tshwenyang batshedi. Gape Bababelona ba ne ba dumela gore go na le lefatshe la baswi le le tshosang, le le tletseng ka bodimo ba ba tshosang ba ba nang le sebopego sa batho le sa diphologolo.
14 Mo go Daniele, loso lo ne lo sa bolele sepe sa dilo tseo. Makgolokgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Daniele, Kgosi Solomone o ne a tlhotlheleditswe ke Modimo go bolela jaana: “Baswi ga ba itse sepe.” (Moreri 9:5) Mme malebana le motho yo o swang, mopesalema o ne a kile a opela jaana: “Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.” (Pesalema 146:4) Ka jalo Daniele o ne a itse gore mafoko a moengele a mmoleletseng one a tla diragala. Loso lo ne lo bolela boikhutso. Ga go na go akanya, ga go na go ikwatlhaya mo go botlhoko, ga go na go tlhokofadiwa—ee, ga go na bodimo koo. Jesu Keresete o ne a bua ka tsela e e tshwanang fa Lasaro a ne a swa. O ne a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa.”—Johane 11:11.
15. Letsatsi la loso le ka gaisa jang letsatsi la go tsalwa?
15 Akanya ka lebaka le lengwe gape le le neng le dira gore Daniele a se tshosiwe ke go itse gore o tlile go swa. Lefoko la Modimo la re: “Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.” (Moreri 7:1) Go ka tla jang gore letsatsi la loso, le tota e leng nako ya go hutsafala, le gaise letsatsi le le itumedisang la go tsalwa? Selo sa konokono ke “leina.” “Setlolo se se tlhokegang” se ka ja madi a mantsi thata. Kgaitsadie Lasaro, e bong Maria, o kile a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka setlolo se se nkgang monate se se neng se ja madi a a neng a batla a lekana tuelo ya ngwaga otlhe! (Johane 12:1-7) Leina fela le ka nna jang tlhwatlhwakgolo jalo? Mo go Moreri 7:1, Baebele ya re, “leina le le molemo.” Se se botlhokwa thata ga se leina fela mme ke se le se emelang. Ka nako ya fa motho a tsalwa, ga go na sepe se se itsiweng ka ene, ga go na pego epe ya ditiro tsa gagwe tse di molemo, ga go na sepe se sentle se se ka gakologelwang ka botho le dinonofo tsa mong wa leina. Mme fa motho a swa, leina le bolela dilo tseno tsotlhe. Mme fa e le leina le le molemo mo ponong ya Modimo, le botlhokwa thata go feta dikhumo tsotlhe tse di gone.
16. (a) Daniele o ne a leka jang go itirela leina le le molemo le Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a ka ya go ikhutsa a na le tsholofelo e e feletseng ya gore o ne a kgonne go itirela leina le le molemo le Jehofa?
16 Botshelo jotlhe jwa gagwe, Daniele o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go itirela leina le le molemo le Modimo, mme Jehofa o ne a etse sotlhe seo tlhoko. O ne a lebeletse Daniele e bile a sekaseka pelo ya gagwe. Modimo o ne a dira se se tshwanang le mo go Kgosi Dafide yo o neng a opela jaana: “Jehofa, o mphukuditse, mme o nkitsile. O itse go dula ga me le go nanoga ga me, o tlhaloganyetsa mogopolo wa me kwa kgakala.” (Pesalema 139:1, 2) Gone ke boammaaruri gore Daniele o ne a sa itekanela. E ne e le setlogolwana sa ga Adame wa moleofi e bile e le leloko la setšhaba se se leofileng. (Baroma 3:23) Mme Daniele o ne a ikotlhaela boleo jwa gagwe mme a nna a leka go tsamaya le Modimo wa gagwe ka thokgamo. Ka gone moporofeti yo o ikanyegang yono o ne a na le tsholofelo ya gore Jehofa o ne a tla mo itshwarela maleo le gore o ne a se kitla a mo sekisetsa one gape. (Pesalema 103:10-14; Isaia 1:18) Jehofa o tlhopha go gakologelwa ditiro tse di molemo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Bahebera 6:10) Ka gone, moengele wa ga Jehofa o ne a bitsa Daniele gabedi a re ke “monna yo o ratwang thata.” (Daniele 10:11, 19) Seno se ne se bolela gore Modimo o ne a rata Daniele fela thata. Daniele o ne a ka ya go ikhutsa a kgotsofetse, a itse gore o itiretse leina le le molemo le Jehofa.
17. Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore re itirele leina le le molemo le Jehofa gompieno?
17 Mongwe le mongwe wa rona a ka nna a ipotsa jaana: ‘A ke itiretse leina le le molemo le Jehofa?’ Re tshela mo metlheng ya mathata. Ga se go itshosa fela mme ke go leba dilo fela jaaka di ntse go lemoga gore mongwe le mongwe wa rona a ka nna a swa nako nngwe le nngwe. (Moreri 9:11) Ka jalo a bo go le botlhokwa jang ne gore mongwe le mongwe wa rona a ikemisetse go itirela leina le le molemo le Modimo gone jaanong, ntle le go diega. Fa re dira jalo, ga re kitla re boifa loso. Ke go ikhutsa fela—go tshwana le go robala. Mme fela jaaka boroko, motho wa tsoga morago ga lone!
“O TLAA EMA”
18, 19. (a) Moengele o ne a raya goreng fa a ne a bolelela pele gore Daniele o ne a tla “ema” mo isagweng? (b) Ke ka ntlha yang fa Daniele a tshwanetse a bo a ne a itse ka tsholofelo ya tsogo?
18 Buka ya Daniele e konela ka nngwe ya ditsholofetso tse dintle thata tse Modimo o kileng wa di solofetsa batho. Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Daniele jaana: “O tlaa ema mo kabelong ya gago kwa bokhutlong jwa metlha.” Moengele o ne a raya go reng? Ebu, e re ka ‘go ikhutsa’ go a sa tswang go bua ka gone e ne e le loso, tsholofetso ya gore Daniele o ne a tla “ema” moragonyana e ne e ka bolela selo se le sengwe fela—go tsoga mo baswing!b Tota e bile, bakanoki bangwe ba gatelela gore Daniele kgaolo 12 ke yone lefelo la ntlha mo Dikwalong Tsa Sehebera le go buiwang ka tlhamalalo ka tsogo ya baswi mo go lone. (Daniele 12:2) Le fa go ntse jalo, ga ba bue boammaaruri mo ntlheng eno. Daniele o ne a itse tsholofelo ya tsogo sentle.
19 Ka sekai, ga go na pelaelo gore Daniele o ne a itse mafoko ano a Isaia a neng a a kwadile makgolo a le mabedi a dingwaga pelenyana: “Baswi ba gago ba tlaa tshela; ditoto tsa me di tlaa tsoga. Tsogang lo eme, lo opele lona ba lo agileng mo loroleng; gonne . . . lefatshe le tlaa tlhatsa baswi ba lone.” (Isaia 26:19) Bogologolo pele ga moo, Jehofa o ne a neile Elija le Elisha maatla a go tsosa baswi. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37) Le eleng pelenyana ga moo, Hana, mmaagwe moporofeti Samuele, o ne a bolela gore Jehofa o kgona go tsosa batho mo Sheole, e leng lebitla. (1 Samuele 2:6) Le eleng pelenyana ga moo, Jobe yo o ikanyegang o ne a tlhalosa tsholofelo ya gagwe ka mafoko ano: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape? Ke tla leta malatsi otlhe a tiro ya me e e patelediwang, go fitlha kgololo ya me e tla. O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.”—Jobe 14:14, 15, NW.
20, 21. (a) Daniele o na le tsholofelo ya gore o tla nna karolo ya tsogo efe? (b) Go bonala tsogo ya baswi mo Paradaiseng e tlile go diragala ka mokgwa ofe?
20 Jaaka Jobe, Daniele o ne a na le lebaka la go solofela gore Jehofa o ne a tla tlhologelelwa go mmusetsa mo botshelong gape letsatsi lengwe mo isagweng. Gape, go tshwanetse ga bo go ne go gomotsa thata go utlwa sebopiwa se se nonofileng sa semoya se mo tlhomamisetsa ka tsholofelo eno. Ee, Daniele o tla ema mo “tsogong ya basiami,” e e tla diregang mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. (Luke 14:14) Seo se tla bo se ntse jang mo go Daniele? Lefoko la Modimo le re bolelela go le gontsi ka seo.
21 Jehofa ke “Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, fa e se wa kagiso.” (1 Bakorintha 14:33) Ka jalo he, go a bonala gore tsogo ya baswi mo Paradaiseng e tla direga ka tsela e e rulaganeng. Gongwe go tla bo go fetile nakonyana morago ga Aramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Motlhala mongwe le mongwe wa tsamaiso ya bogologolo ya dilo o tla bo o tlositswe, e bile kwantle ga pelaelo go tla bo go dirilwe dithulaganyo tsa go amogela baswi gape. Malebana le gore baswi ba tla tsosiwa ka thulaganyo efe, Baebele e re bolelela jaana: “Mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe.” (1 Bakorintha 15:23) Go bonala go ka direga gore fa go tla mo ‘tsogong ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang,’ basiami ba tla tsoga pele. (Ditiro 24:15) Ka tsela eo, banna ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ba tshwanang le Daniele, ba tla kgona go thusa mo botsamaising jwa dilo tsa mo lefatsheng, go akaretsa le go ruta dikete tsa dimilione tsa batho ba ba “sa siamang” ba ba tla bong ba tsoseditswe mo botshelong.—Pesalema 45:16.
22. Dingwe tsa dipotso tse go se nang pelaelo gore Daniele o tla rata gore di arabelwe ke dife?
22 Pele Daniele a siamela go sikara boikarabelo jono, o tshwanetse a bo a tlile go botsa dipotso dingwe. Mo godimo ga moo, o ne a bua jaana malebana le bongwe jwa boporofeti jo bo boteng jo a bo neilweng: “Ka utlwa, mme ga ke a ka ka tlhaloganya.” (Daniele 12:8) A bo a tlile go itumela jang fa kgabagare a tlhaloganya masaitseweng ano! Ga go na pelaelo gore o tla batla go utlwa dintlha tsotlhe kaga Mesia. Ka kgatlhego e kgolo, Daniele o tla utlwa ka go latelana ga mebuso ya lefatshe go tloga mo motlheng wa gagwe go tla go fitlha mo go wa rona, gore “baitshepi ba Mogodimodimo” ba ba ikanyegang ke bomang—ba ba neng ba itshoka le fa ba ne ba bogisiwa mo “motlheng wa bokhutlo”—le ka go senngwa ga bofelo ga magosi otlhe a batho a senngwa ke Bogosi Jwa Modimo Jwa Bomesia.—Daniele 2:44; 7:22; 12:4.
KABELO YA GA DANIELE—LE YA GAGO—KWA PARADAISENG!
23, 24. (a) Lefatshe le Daniele a tla iphitlhelang a tsoseditswe mo go lone le tla farologana jang le le a le itseng? (b) A Daniele o tla bonelwa sebaka kwa Paradaiseng, mme re itse jang?
23 Daniele o tla batla go itse ka lefatshe le a tlileng go iphitlhela a le mo go lone ka nako eo—lefatshe le le farologaneng thata le la motlha wa gagwe. Dintwa tsotlhe le kgatelelo tse di neng di tletse mo lefatsheng le a neng a tshela mo go lone di tla bo di sa tlhole di le teng. Go tla bo go sa tlhole go na le kutlobotlhoko, le fa e le bolwetse, le fa e le loso. (Isaia 25:8; 33:24) Mme go tla bo go na le letlepu la dijo, matlo a mantsintsi, le tiro e e kgotsofatsang batho botlhe. (Pesalema 72:16; Isaia 65:21, 22) Batho e tla bo e le lelapa le le lengwe le le kopaneng, le le itumetseng.
24 Eleruri Daniele o tla bonelwa sebaka mo lefatsheng leo. Moengele o ne a mo raya a re: “O tla ema mo kabelong ya gago.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano e le ‘kabelo’ ke lone le le dirisiwang go raya ditsha tsa mmatota tsa lefatshe.c Daniele a ka tswa a ne a itse ka boporofeti jwa ga Esekiele jo bo neng bo bua ka go kgaoganngwa ga lefatshe le le tsosolositsweng la Iseraele. (Esekiele 47:13–48:35) Boporofeti jwa ga Esekiele bo bolelang mo go diragadiweng ga jone mo Paradaiseng? Gore batho botlhe ba Modimo ba tla bonelwa sebaka mo Paradaiseng, le gore lefatshe ka bolone le tla kgaoganngwa ka thulaganyo le ka tshiamo. Gone ke boammaaruri gore kabelo ya ga Daniele mo Paradaiseng ga e ne e nna lefatshe fela. E tla akaretsa seabe se a tla nnang le sone mo boikaelelong jwa Modimo mo go lone. Eleruri Daniele o tla newa tuelo e a e solofeditsweng.
25. (a) Dingwe tsa dilo tse o di ratang, tse o di lebeletseng tsa botshelo jwa mo Paradaiseng ke dife? (b) Ke ka ntlha yang go ka twe batho ba tshwanetse go nna mo Paradaiseng?
25 Mme jaanong go tweng ka kabelo ya gago? Le wena o ka nna le ditsholofetso tse di tshwanang. Jehofa o batla gore batho ba ba kutlo ba ‘eme’ mo kabelong ya bone, ba nne le sebaka sa bone mo Paradaiseng. Ako o akanye fela ka seo! Eleruri go tla bo go itumedisa tota go kopana le Daniele ka boene, mmogo le banna le basadi ba ba ikanyegang ba motlha wa Baebele. Mme gape go tla bo go na le ba bangwe ba le bantsintsi ba ba tla bong ba tsosiwa mo baswing, ba tlhoka go rutiwa gore ba itse ba bo ba rate Jehofa Modimo. Ako o ipone fela o tlhokometse legae la rona la lefatshe o thusa mo go le fetoleng gore e nne paradaise e e nang le dilo tsa mefuta e e farologaneng le bontle jwa go ya go ile. Akanya fela o rutiwa ke Jehofa, o ithuta go tshela ka tsela e a neng a batla batho ba tshela ka yone. (Isaia 11:9; Johane 6:45) Ee, o na le sebaka se e leng sa gago mo Paradaiseng. Le fa bangwe gompieno ba ka utlwa e kete Paradaise ke selo se se sa tlwaelegang, gakologelwa gore kwa tshimologong Jehofa o ne a diretse batho gore ba tshele mo lefelong le le ntseng jalo. (Genesise 2:7-9) Ka kgopolo eo, Paradaise ke legae la tlholego la dikete tsa dimilione tse di mo lefatsheng. Ke mo ba tshwanetseng go nna gone. Go e fitlhelela go tla bo go tshwana le go ya gae.
26. Jehofa o bontsha jang go lemoga ga gagwe gore go letela ga rona bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo ga go motlhofo?
26 Dipelo tsa rona di tlala ka kanaanelo fa re akanya ka seno sotlhe, a ga go jalo? A wena ka bowena ga o eletse go nna kwa go yone? Ke gone ka moo go sa gakgamatseng go bo Basupi ba ga Jehofa ba eletsa thata jaana go itse gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla tla leng! Go leta ga go motlhofo. Jehofa le ene o a itse gore ga go motlhofo, ka gonne o re kgothaletsa gore re nne re ‘letele’ bokhutlo ‘le fa bo ka diega.’ O raya gore go ka nna ga bonala e kete bo a diega mo go rona, ka gonne mo go yone temana eo, re tlhomamisediwa jaana: “Ga e ketla e diega.” (Habakuke 2:3; bapisa Diane 13:12.) Ee, bokhutlo bo tla tla ka nako e e tshwanetseng.
27. O tshwanetse go dirang gore o eme mo pele ga Modimo ka bosakhutleng?
27 O tshwanetse go dirang fa bokhutlo bo ntse bo atamela? Jaaka moporofeti wa ga Jehofa yo o rategang thata e bong Daniele, itshoke ka boikanyegi. Ithute Lefoko la Modimo ka tlhagafalo. Rapela ka tlhoafalo. Kopanela le badumedikawena ka lorato. Ruta ba bangwe boammaaruri ka tlhoafalo. Fa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo ntse bo atamela letsatsi le letsatsi, nna o ititeile sehuba gore o tla nna motlhanka yo o ikanyegang wa Mogodimodimo le mmueledi yo o ikanyegang wa Lefoko la gagwe. Ee, ka bojotlhe jwa gago, ela tlhoko boporofeti jwa ga Daniele! Mme e kete Morena Molaodimogolo Jehofa a ka go naya tshiamelo ya go ema mo pele ga gagwe ka boitumelo ka bosakhutleng!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Daniele o ne a isitswe botshwarwa kwa Babelona ka 617 B.C.E., gongwe a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome. O amogetse ponatshegelo eno a le mo ngwageng wa boraro wa ga Kurose, kana ka 536 B.C.E.—Daniele 10:1.
b Go ya ka The Brown-Driver-Briggs Hebrew and English Lexicon, lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le le ranotsweng ka gore “ema” le raya go “tsoga morago ga loso.”
c Lefoko leno la Sehebera le amana le lefoko le le bolelang “letlapana le le borethe,” gonne matlapa a mannye a ne a dirisiwa go tshela bola. Ka dinako tse dingwe lefatshe le ne le kgaoganngwa ka tsela eno. (Dipalo 26:55, 56) A Handbook on the Book of Daniel e bolela gore fano lefoko leno le bolela “se motho a se tlhaoletsweng (ke Modimo).”
O LEMOGILENG?
• Ke eng se se thusitseng Daniele go itshoka go ya bokhutlong?
• Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a sa tshosiwe ke go itse gore o ne a tlile go swa?
• Tsholofetso ya moengele ya gore Daniele o ‘tla ema mo kabelong ya gagwe’ e tla diragadiwa jang?
• Wena ka bowena o solegetswe molemo jang ke go ela tlhoko boporofeti jwa ga Daniele?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 307]
[Setshwantsho mo go tsebe 318]
Jaaka Daniele, a o ela tlhoko lefoko la Modimo la boporofeti?