LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gf thuto 9 ts. 15
  • Ditsala Tsa Modimo ke Bomang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsala Tsa Modimo ke Bomang?
  • O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dimilione tsa Dibopiwa tsa Moya
    Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Batho e Nna Baengele fa ba Swa?
    Tsogang!—2006
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
gf thuto 9 ts. 15

THUTO 9

Ditsala Tsa Modimo ke Bomang?

Jesu Keresete e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo le baengele ba kaela tiro ya go rera

Jesu Keresete ke Morwa Modimo e bile ke tsala ya gagwe e kgolo, e e rategang thata. Pele ga Jesu a tshela jaaka motho mo lefatsheng, o ne a tshela kwa legodimong e le sebopiwa se se maatla sa moya. (Johane 17:5) Go tswa foo o ne a tla mo lefatsheng a tla go ruta batho boammaaruri ka Modimo. (Johane 18:37) Gape o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore a boloke batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong. (Baroma 6:23) Jesu jaanong ke Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, puso ya selegodimo e e tla tlisang Paradaise mo lefatsheng leno.—Tshenolo 19:16.

Baengele le bone ke ditsala tsa Modimo. Baengele ga ba a tshela mo lefatsheng e le batho. Ba bopilwe kwa legodimong pele ga Modimo a dira lefatshe. (Jobe 38:4-7) Go na le baengele ba le dimilionemilione. (Daniele 7:10) Ditsala tseno tsa Modimo tsa selegodimo di batla gore batho ba ithute boammaaruri ka Jehofa.—Tshenolo 14:6, 7.

Basupi ba ga Jehofa ba rerela mosadi

Modimo gape o na le ditsala mo lefatsheng; o di bitsa basupi ba gagwe. Mosupi kwa kgotlatshekelo o bolela se a se itseng ka mongwe kgotsa ka sengwe. Basupi ba ga Jehofa ba bolelela ba bangwe se ba se itseng ka Jehofa le boikaelelo jwa gagwe. (Isaia 43:10) Jaaka baengele, Basupi ba batla go go thusa gore o ithute boammaaruri ka Jehofa. Ba batla gore le wena o nne tsala ya Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela