Kgaolo Ya Borataro
Kgang e Rotlhe re Tshwanetseng go Lebana le Yone
1, 2. (a) Satane o ne a tsosa kgang efe kwa Edene? (b) Re bona jang kgang eo mo go se a se buileng?
O AMEGA mo kgannyeng nngwe ya botlhokwa go gaisa tsotlhe tse batho ba kileng ba lebana le tsone. Gore o ema kae mo kgannyeng eno go tla laola gore isagwe ya gago ya bosakhutleng ke efe. Kgang eno e ne ya tsoga fa go tsuologwa kwa Edene. Ka nako eo Satane o ne a botsa Efa a re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” O ne a araba ka go re Modimo o boletse jaana malebana le setlhare se le sengwe: “Lo se ka lwa ja mo go sone . . . gore lo se ka lwa swa.” Go tswa foo Satane o ne a latofatsa Jehofa ka tlhamalalo a re o bua maaka, a bolela gore botshelo jwa ga Efa le fa e le jwa ga Adame bo ne bo sa ikaega ka gore ba utlwe Modimo. Satane o ne a bolela gore Modimo o tima dibopiwa tsa gagwe sengwe se se molemo—go kgona go ipeela ditekanyetso mo botshelong. Satane o ne a re: “Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”—Genesise 3:1-5.
2 Totatota, Satane o ne a re go ne go ka nna botoka gore batho ba itirele ditshwetso go na le go ikobela melao ya Modimo. Ka gone o ne a gwetlha tsela ya Modimo ya go busa. Seno se ne sa tsosa kgang e e botlhokwatlhokwa ya bolaodi jwa Modimo jwa lobopo lotlhe, ke gore, tshwanelo ya gagwe ya go busa. Go ne ga tsoga potso e e reng: Batho ba ka solegelwa molemo thata ke eng, tsela ya ga Jehofa ya go busa kgotsa puso e e sa laolweng ke ene? Jaanong, Jehofa o ne a ka nna a bolaya Adame le Efa ka yone nako eo, mme seo tota se ka bo se sa rarabolola kgang ya bolaodi ka tsela e e kgotsofatsang. Ka go letla gore batho ba tswelele pele ka lobaka lo lo rileng, Modimo o ne a ka kgona go bontsha gore tota go intsha kafa tlase ga taolo ya gagwe le melao ya gagwe go ne go ka felela ka eng.
3. Satane o ne a tsosa kgang efe e nngwe gape?
3 Go tlhasela ga ga Satane tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa ga go a ka ga khutla ka se se diragetseng kwa Edene. O ne a tsosa dipelaelo tsa gore a tota batho ba ikanyega mo go Jehofa. Eno e ne ya nna kgang e nngwe gape e e batlang e tshwana le ele ya ntlha. Kgwetlho ya gagwe e ne ya akaretsa bana ba ga Adame le Efa le barwa botlhe ba Modimo ba moya, tota le Morwa yo o ratwang thata wa ga Jehofa wa leitibolo. Ka sekai, mo metlheng ya ga Jobe, Satane o ne a bolela gore ba ba direlang Jehofa ba mo direla ka mabaka a bopelotshetlha e seng ka gonne ba rata Modimo le tsela ya gagwe ya go busa. O ne a bolela gore fa ba le mo mathateng, botlhe ba ne ba tla ineela mo dikeletsong tsa bopelotshetlha.—Jobe 2:1-6; Tshenolo 12:10.
Se Hisitori e se Supileng
4, 5. Hisitori e supile eng kaga go kaela ga motho dikgato tsa gagwe?
4 Ntlha nngwe e e botlhokwa thata mo kgannyeng eno ya bolaodi ke eno: Modimo ga a bopela batho gore ba itshelele fela ba sa busiwe ke ene ba bo ba atlege. O ne a dira gore ba ikaege ka melao ya gagwe e e siameng gore ba solegelwe molemo. Moporofeti Jeremia o ne a dumela jaana: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe. Nkgalemele, tlhe Jehofa.” (Jeremia 10:23, 24) Ka jalo Lefoko la Modimo le rotloetsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” (Diane 3:5) Fela jaaka Modimo a ne a dira gore batho ba laolwe ke melao ya gagwe ya tlholego gore ba tswelele pele ba tshela, o ne a dira le melao ya boitsholo, e fa e ikobelwa e neng e tla dira gore go nne le setšhaba se se utlwanang.
5 Go bonala sentle gore Modimo o ne a itse gore lelapa la batho le ne le ka se ka la kgona go ithulaganya kwantle ga bobusi jwa gagwe. Batho ba ile ba tlhoma ditsamaiso tse di farologaneng tsa bopolotiki, tsa ikonomi le tsa bodumedi e le fa ba leka go tswa mo taolong ya Modimo mme ba se ka ba atlega. Dipharologanyo tseno di dirile gore batho ba nne ba na le dikgotlhang tse di sa feleng, tse di felelang ka thubakanyo, ntwa le loso. ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Go diragetse sone fela seo mo hisitoring ya batho. Jaaka Lefoko la Modimo le boleletse pele, batho ba ba boikepo le batsietsi ba ntse ba “tswelela ba sulafalela pele.” (2 Timotheo 3:13) Mme mo lekgolong la bo20 la dingwaga, le ka lone batho ba ileng ba fitlhelela dilo tse dikgolo tsa saense le madirelo, go diragetse masetlapelo a a maswe go feta le fa e le leng pele. Mafoko a Jeremia 10:23 a supilwe ka tsela e e bonalang sentle—batho ba ne ba sa bopelwa go kaela dikgato tsa bone.
6. Go ise go ye kae Modimo o tla rarabolola jang kgang ya batho ya go intsha mo taolong ya gagwe?
6 Diphelelo tse di botlhoko thata tse di tsayang nako e telele tsa go tswa mo taolong ya Modimo di supile ka tsela e e feletseng gore puso ya motho ga e ka ke ya atlega le ka motlha. Puso ya Modimo ke yone fela e ka tlisang boitumelo, kutlwano, botsogo jo bontle le botshelo. Mme Lefoko la Modimo le bontsha gore go setse go le gaufi gore Jehofa a tlogele go itshokela go ipusa ga batho. (Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5) Go ise go ye kae, o tla tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho gore a tlhomamise gore e nna ene a busang lefatshe. Boporofeti jwa Baebele bo bolela jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [mebuso ya batho e e leng teng gone jaanong] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [kwa legodimong] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe [batho ga ba ne ba tlhola ba busa lefatshe gape]. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a leng teng gompieno], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.
Go Falolela mo Lefatsheng la Modimo le Lesha
7. Fa puso ya Modimo e fedisa puso ya motho, go tla falola mang?
7 Fa puso ya Modimo e fedisa puso ya motho, ke mang yo o tla falolang? Baebele e araba jaana: “Bathokgami [ba ba tshegetsang tshwanelo ya Modimo ya go busa] ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone [ba ba sa tshegetseng tshwanelo ya Modimo ya go busa], ba tla kgaolwa mo lefatsheng.” (Diane 2:21, 22) Ka tsela e e tshwanang, mopesalema o ne a bolela jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:10, 29.
8. Modimo o tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka botlalo jang?
8 Fa tsamaiso ya ga Satane e sena go senngwa, Modimo o tla tlisa lefatshe la gagwe le lesha, le le tla fedisang gotlhelele thubakanyo, dintwa, leuba, pogo, bolwetse le loso tse di sa bolong go bogisa batho ka dingwaga di le diketekete. Baebele e tlhalosa bontle masego a a tla tlelang batho ba ba kutlo jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Modimo o tla dirisa puso ya gagwe ya Bogosi jwa selegodimo bo busiwa ke Keresete go tlotlomatsa (go supa) ka botlalo tshwanelo ya Gagwe ya go nna Molaodimogolo wa rona, ke gore, Mmusi wa rona.—Baroma 16:20; 2 Petere 3:10-13; Tshenolo 20:1-6.
Kafa ba Ileng ba Arabela ka Teng mo Kgannyeng Eno
9. (a) Batho ba ba ileng ba nna ba ikanyega mo go Jehofa ba ile ba leba lefoko la gagwe jang? (b) Noa o ne a supa boikanyegi jwa gagwe jang, mme re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa gagwe?
9 Mo hisitoring yotlhe, go ile ga nna le banna le basadi ba tumelo ba ba ileng ba supa boikanyegi jwa bone mo go Jehofa jaaka Molaodimogolo. Ba ne ba itse gore matshelo a bone a ne a ikaegile ka gore ba mo reetse le go mo ikobela. Noa e ne e le mongwe wa bone. Ka jalo Modimo o ne a raya Noa a re: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me . . . Itirele araka.” Mme Noa o ne a utlwa kaelo ya ga Jehofa. Le fa batho ba bangwe ba motlha oo ba ne ba tlhagisiwa, ba ne ba tswelela pele le matshelo a bone jaaka e kete ga go tle go direga sepe se se sa tlwaelegang. Mme Noa o ne a aga araka e kgolo thata a bo a tswelela a rerela ba bangwe ka ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo. Pego e tswelela pele ka go re: “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.”—Genesise 6:13-22; Bahebera 11:7; 2 Petere 2:5.
10. (a) Aborahame le Sara ba ne ba tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa jang? (b) Dikai tsa ga Aborahame le Sara di ka re solegela molemo jang?
10 Aborahame le Sara le bone e ne e le dikai tse di molemo tsa go tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa, ba dira sengwe le sengwe se a neng a se ba laela. Ba ne ba nna kwa Ure wa Bakaladia, motse o o humileng. Mme fa Jehofa a ne a bolelela Aborahame gore a ye kwa nageng e nngwe, naga e a neng a sa e tlwaela, Aborahame o ne “a tsamaya fela jaaka Jehofa a buile le ene.” Ga go belaetse gore Sara o ne a na le botshelo jo bo ritibetseng—a na le legae, ditsala le ba losika. Le fa go ntse jalo, o ne a ineela mo go Jehofa le mo monneng wa gagwe mme a ya kwa nageng ya Kanana, le fa a ne a sa itse gore o tla kopana le maemo a a ntseng jang koo.—Genesise 11:31–12:4; Ditiro 7:2-4.
11. (a) Moshe o ne a tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa mo maemong afe? (b) Sekao sa ga Moshe se ka re solegela molemo jang?
11 Moshe e ne e le motho yo mongwe yo o neng a tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa. Mme o ne a dira jalo mo maemong a a bokete tota—fa a ne a tshwanelwa ke go buisana le Faro wa Egepeto ba lebanye difatlhego. Ga se gore Moshe o ne a itshepile. Aitse e bile o ne a ipelaela a re ga a kgone go bua sentle. Mme le fa go ntse jalo o ne a ikobela Jehofa. Ka tshegetso ya ga Jehofa le ka thuso ya ga morwarraagwe e bong Arone, Moshe o ne a nna a isa lefoko la ga Jehofa kwa go Faro yo o tlhogoethata. Tota le bangwe ba bomorwa Iseraele ba ne ba tshwaya Moshe diphoso ba sa mo rekegele. Le fa go ntse jalo, Moshe ka boikanyegi o ne a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se mo laela, mme o ne a dirisiwa go golola Iseraele kwa Egepeto.—Ekesodo 7:6; 12:50, 51; Bahebera 11:24-27.
12. (a) Ke eng se se bontshang gore go ikanyega mo go Jehofa ga go akaretse fela go dira se Modimo a dirileng gore se kwalwe? (b) Go tlhaloganya mofuta ono wa boikanyegi go ka re thusa jang gore re diragatse 1 Johane 2:15?
12 Batho ba ba neng ba ikanyega mo go Jehofa ba ne ba sa akanye gore se ba neng ba tshwanetse go se dira fela e ne e le go ikobela se Modimo a neng a dirile gore se kwalwe. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go hepisa Josefa gore a akafale le ene, go ne go se na taelo epe e e kwadilweng e e tswang kwa Modimong e e neng e thibela boaka. Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a itse ka thulaganyo ya lenyalo e Jehofa a neng a e tlhomile kwa Edene. O ne a itse gore Modimo a ka se itumelele gore motho a tlhakanele dikobo le mosadi wa monna yo mongwe. Josefa o ne a sa batle go leka Modimo gore a bone gore o ne a tla mo letla go tshwana le Baegepeto go ya bokgakaleng bofe. O ne a tshegetsa ditsela tsa ga Jehofa ka go tlhatlhanya ka ditirisano tsa Modimo le batho a bo a dirisa ka kelotlhoko se a neng a lemoga e le thato ya Modimo.—Genesise 39:7-12; Pesalema 77:11, 12.
13. Diabolo o ne a supiwa e le moaki jang malebana le (a) Jobe? (b) Bahebera ba bararo?
13 Batho ba ba itseng Jehofa tota ga ba mo tlogele, le fa ba ka lekiwa setlhogo jang. Satane o ne a bolela gore tota le ene Jobe—yo Jehofa a neng a mmua molemo thata—fa a ne a ka latlhegelwa ke dithoto tsa gagwe tse dintsi kgotsa a lwala o ne a tla latlha Modimo. Mme Jobe o ne a supa fa Diabolo e le moaki, le fa Jobe ka boene a ne a sa itse gore ke ka ntlha yang fa a aparetswe ke masetlapelo. (Jobe 2:9, 10) Makgolo a dingwaga moragonyana, Satane o ne a tswelela pele a leka go supela mafoko a gagwe ka go dira gore kgosi e e galefileng ya Babelona e tshosetse basha ba bararo ba Bahebera ka gore e tla ba bolaya mo moleteng o o tukang fa ba sa obamele setshwantsho se se tlhomilweng ke kgosi. Ba ne ba patelediwa go tlhopha gore a ba ne ba tla utlwa taelo ya kgosi kgotsa ba ne ba tla utlwa molao wa ga Jehofa o o iletsang kobamelo ya medingwana, mme ba ne ba itsise ka bopelokgale gore ba ne ba direla Jehofa le gore e ne e le ene Molaodi yo Mogolo Thata wa bone. Go ikanyega mo Modimong go ne go le botlhokwa thata mo go bone go feta botshelo jwa bone!—Daniele 3:14-18.
14. Rona batho ba ba sa itekanelang re ka supa jang gore tota re a ikanyega mo go Jehofa?
14 A dikai tseno di tshwanetse tsa dira gore re swetse ka gore motho o tshwanetse gore a bo a itekanetse gore a ikanyege mo go Jehofa, kgotsa gore motho yo o dirang phoso o paletswe gotlhelele? Le e seng! Baebele e re bolelela gore Moshe o ne a tle a tlhaele ka dinako dingwe. Le fa Jehofa a ne a utlwile botlhoko, o ne a sa latlhe Moshe. Baaposetoloi ba ga Jesu Keresete le bone ba ne ba na le makoa a bone. Jehofa ga a lebale gore re ruile bosaitekanelang, mme o a itumela fa re sa tlhokomologe thato ya gagwe ka boomo ka tsela epe fela. Fa e ka re ka ntlha ya bokoa ra iphitlhela re dirile phoso, go botlhokwa gore re ikwatlhae ka bopeloephepa mme re se ka ra tlwaela go dira phoso. Ka tsela eno re bontsha gore tota re rata se Jehofa a reng se molemo mme re tlhoile se a bontshang gore se bosula. Re ka nna le boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo, ka ntlha ya go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu se se letlanyetsang maleo.—Amose 5:15; Ditiro 3:19; Bahebera 9:14.
15. (a) Ke mang mo bathong botlhe yo o ileng a boloka bothokgami jo bo feletseng mo Modimong, mme seno se ne sa supa eng? (b) Se Jesu a se dirileng se re thusa jang?
15 Le fa go ntse jalo, a go ka tswa e le gore tota batho ba ka se ka ba kgona go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka mo go feletseng? Karabo ya potso eno e ne e kete ke “sephiri se se boitshepo” dingwaga di ka nna 4 000. (1 Timotheo 3:16) Le fa Adame a bopilwe a itekanetse, ga a ka a tlhoma sekao se se itekanetseng sa boineelo jwa bomodimo. Jaanong se ne se tla tlhomiwa ke mang? Ruri e ne e ka se nne ope wa bana ba gagwe ba baleofi. Motho a le esi yo o neng a ka se tlhoma e ne e le Jesu Keresete. (Bahebera 4:15) Se Jesu a neng a se fitlhelela se ne sa supa gore Adame o ka bo a bolokile bothokgami jo bo feletseng fa a ne a batla, e re ka a ne a tshela mo maemong a a botoka. Bothata bo ne bo se mo go se se dirilweng ke Modimo. Ka jalo Jesu Keresete ke ene sekao se re lekang go se etsa fa re bontsha go ikobela molao wa Modimo le fa re ineela mo go Jehofa, Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe.—Duteronome 32:4, 5.
Rona re Araba Jang?
16. Ke eng fa re tshwanetse go nna re itisitse malebana le boikutlo jwa rona ka bolaodi jwa ga Jehofa?
16 Mongwe le mongwe wa rona gompieno o tshwanetse a lebana le kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. Fa re boletse ka tlhamalalo gore re mo letlhakoreng la ga Jehofa, Satane o lwa le rona. O re gatelela go tswa dintlheng tsotlhe mme o tla tswelela pele a dira jalo go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya gagwe e e boikepo ya dilo. Re tshwanetse go nna re disitse. (1 Petere 5:8) Boitshwaro jwa rona bo bontsha gore re eme fa kae mo kgannyeng e kgolo ya bolaodi jwa ga Jehofa le mo kgannyeng e nngwe ya bobedi e e malebana le go ikanyega mo Modimong fa re lekwa. Go tla bo go le kotsi go leba boitshwaro jwa go sa ikanyege bo se botlhokwa fela ka gonne bo atile mo lefatsheng. Go nna le bothokgami go tlhoka gore re leke go dirisa melao ya ga Jehofa ya tshiamo mo kgannyeng nngwe le nngwe ya botshelo.
17. Ke eng malebana le matso a go aka le go utswa se se tshwanetseng sa dira gore re tile ditiro tseno?
17 Ka sekai, re ka se ka ra etsa Satane, yo e leng “ramaaka.” (Johane 8:44) Re tshwanetse go bua boammaaruri mo ditirong tsotlhe tsa rona. Mo tsamaisong ya ga Satane, gantsi basha ga ba bolelele batsadi ba bone boammaaruri. Mme basha ba Bakeresete ba tila go dira seno, ka jalo ba supa gore kgwetlho ya ga Satane fa a ne a re batho ba Modimo ba ne ba tla tlogela bothokgami jwa bone fa ba lekwa e ne e se boammaaruri. (Jobe 1:9-11; Diane 6:16-19) Gape go na le ditlwaelo dingwe tsa kgwebo tse di ka dirang gore motho a nne kafa letlhakoreng la ga “ramaaka” go na le la Modimo wa boammaaruri. Re tila ditlwaelo tse di ntseng jalo. (Mika 6:11, 12) Go utswa le gone ga go ka ke ga twe go siame, tota le fa motho yo o utswang a tlhoka kgotsa motho yo o tseelwang dilwana a humile. (Diane 6:30, 31; 1 Petere 4:15) Go utswa go nna go le kgatlhanong le melao ya Modimo le fa go setse e le mokgwa o o tlwaelegileng mo tikologong ya rona kgotsa e le gore go utswilwe sengwe se sennye.—Luke 16:10; Baroma 12:2; Baefeso 4:28.
18. (a) Kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, batho botlhe ba tla nna le teko efe? (b) Re tshwanetse ra itlwaetsa eng gone jaanong?
18 Ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, Satane le badimona ba gagwe ba tla bo ba le mo moleteng, ba sa kgone go tlhotlheletsa batho. A bo re tla gololesega jang ne! Mme morago ga dingwaga tse di sekete, ba tla gololwa ka nakonyana. Satane le bao ba mo latelang ba tla leka go tlhotlheletsa batho ba ba tsosolositsweng ba ba ntseng ba ikanyega mo Modimong. (Tshenolo 20:7-10) Fa e le gore re tla bo re na le tshiamelo ya gore re bo re tshela ka nako eo, re tla itshwara jang malebana le kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe? E re ka batho botlhe ba tla bo ba itekanetse ka nako eo, kgato epe fela ya go sa ikanyege e tla bo e le ya ka boomo mme e tla felela ka gore ba ba e dirang ba senyediwe ruri. A bo go le botlhokwa jang ne gore gone jaanong re itlwaetse go ikobela kaelo le fa e ka nna efe e Jehofa a re nayang yone, e ka tswa e le ka Lefoko la gagwe kgotsa ka phuthego ya gagwe! Fa re dira jalo, re bontsha gore eleruri re ineetse mo go ene jaaka Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe.
Motlotlo wa Poeletso
• Ke kgang efe e rotlhe re tshwanelwang ke go lebana le yone? Re ne ra tsena jang mo go yone?
• Ke eng se se tlhomologileng ka ditsela tse banna le basadi ba metlha ya bogologolo ba ileng ba ikanyega mo go Jehofa ka tsone?
• Ke eng fa go le botlhokwa gore re tlotle Jehofa ka boitshwaro jwa rona letsatsi le letsatsi?