LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wt kgao. 13 ts. 120-127
  • Boidiidi jo Bogolo fa Pele ga Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boidiidi jo Bogolo fa Pele ga Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa
  • Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lemoga Boidiidi jo Bogolo
  • Ba Itshupa ba Tshwanela
  • Melemo ya Gone Jaanong
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • “Bona! Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Boidiidi jo Bogolo bo Dira Tirelo e e Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ba Kailwe ba Tshwanela go Kaelwa go ya Kwa Metsweding ya Metsi a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
wt kgao. 13 ts. 120-127

Kgaolo Ya Lesometharo

Boidiidi jo Bogolo fa Pele ga Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa

1. (a) Pele batlhanka ba Modimo ba pele ga motlha wa Bokeresete kgotsa ba ba 144 000 ba amogela tuelo ya bone, ba tshwanetse ba diragalelwa ke eng pele? (b) Ke eng se se tla kgonegang ka “boidiidi jo bogolo” jo bo tshelang gone jaanong?

BATLHANKA ba ba ikanyegang ba Modimo go tloga ka Abele go fitlha ka Johane Mokolobetsi ba ne ba baya go dira thato ya Modimo kwa pele mo matshelong a bone. Mme botlhe ba ile ba swa, jaanong ba emetse go tsosediwa go tla go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ba ba 144 000 ba ba tla busang le Keresete mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo le bone ba tshwanetse ba swa pele ba ka newa tuelo ya bone. Le fa go ntse jalo, Tshenolo 7:9 e bontsha gore mo metlheng eno ya bofelo, go ne go tla nna le “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ba neng ba ka se swe mme ba ne ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. A o mongwe wa bone?

Go Lemoga Boidiidi jo Bogolo

2. Ke eng se se neng sa direga go fitlha go tlhaloganngwa sentle gore boidiidi jo bogolo jwa Tshenolo 7:9 ke bomang?

2 Ka 1923, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore “dinku” tsa setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Mathaio 25:31-46 le “dinku tse dingwe” tse a neng a di umaka jaaka go kwadilwe mo go Johane 10:16 ke batho ba ba tla nnang le tshiamelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Ka 1931 ba ba tlhalosiwang mo go Esekiele 9:1-11 go twe ba tshwailwe mo diphatleng le bone ba ne ba tsewa e le ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Go tswa foo ka 1935 go ne ga lemogwa gore boidiidi jo bogolo ke karolo ya setlhopha sa dinku tse dingwe se Jesu a neng a bua ka sone. Gompieno, boidiidi jono jo bogolo jo bo ratiwang bo fitlha go dimilione ka palo.

3. Ke ka ntlha yang fa polelwana “ba eme fa pele ga setulo sa bogosi” e sa bue ka setlhopha sa selegodimo?

3 Mo go Tshenolo 7:9 boidiidi jo bogolo ga bo bonwe bo le kwa legodimong. Lebaka la go bo “ba eme fa pele ga setulo sa bogosi” sa Modimo ga le kaye gore ba kwa legodimong. Ke fela gore ba mo Modimo a kgonang go ba bona teng. (Pesalema 11:4) Ntlha ya gore boidiidi jo bogolo, “jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala,” ga se setlhopha sa selegodimo e bonala fa re bapisa palo ya jone e e sa bolelwang le se se kwadilweng mo go Tshenolo 7:4-8 le Tshenolo 14:1-4. Mo ditemaneng tseno palo e e tsewang mo lefatsheng e isiwa legodimong e senolwa e le 144 000.

4. (a) ‘Pitlagano e kgolo’ e boidiidi jo bogolo bo e falolang ke eng? (b) Jaaka go boletswe mo go Tshenolo 7:11, 12, ke bomang ba ba lebeletseng boidiidi jo bogolo ba bo ba kopanela le jone mo kobamelong?

4 Tshenolo 7:14 e bolela jaana ka boidiidi jo bogolo: “Bano ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo.” Ba falola matshwenyego a a botlhoko go gaisa ape a a kileng a wela batho. (Mathaio 24:21) Fa ba leboga Modimo le Keresete ka ntlha ya poloko ya bone, foo dibopiwa tsotlhe tse di ikanyegang kwa legodimong di tla kopanela le bone di re: “Amen! Pako le kgalalelo le botlhale le ditebogo le tlotlo le maatla le nonofo di nne tsa Modimo wa rona ka bosaengkae le go ya go ile. Amen.”—Tshenolo 7:11, 12.

Ba Itshupa ba Tshwanela

5. Re ka itse jang gore ke eng se se tlhokegang go nna mo boidiiding jo bogolo?

5 Go bolokwa ga boidiidi jo bogolo go ralala pitlagano e kgolo go diragala tumalanong le ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo. Dinonofo tse di tlhaolang batho ba ba tla gololwang di tlhalosiwa sentle mo Baebeleng. Ka gone, go ka kgonega gore batho ba ba ratang tshiamo ba tseye kgato gone jaanong ka boikaelelo jwa gore ba itshupe ba tshwanela go falola. Ba tshwanetse go dira eng?

6. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore boidiidi jo bogolo bo ka tshwantshiwa le dinku?

6 Dinku di bonolo e bile di boikobo. Ka jalo fa Jesu a ne a bolela gore o na le dinku tse dingwe tse e neng e se tsa setlhopha sa selegodimo, o ne a bua ka batho ba ba neng ba ka se batle fela go tshelela ruri mo lefatsheng mme gape e le ba ba tla ikobelang dithuto tsa gagwe. O ne a re: “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago.” (Johane 10:16, 17) Bano ke batho ba ba reetsang Jesu tota e bile ba dira se a se bolelang, ba nna barutwa ba gagwe.

7. Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna le dinonofo dife?

7 Mongwe le mongwe wa balatedi bano ba ga Jesu a ka tlhoka dinonofo dife tse dingwe gore a gole? Lefoko la Modimo le araba jaana: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro . . . [mme] lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:22-24) Ba nna le dinonofo tse di godisang kutlwano ya batlhanka ba Modimo—“lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.

8. Boidiidi jo bogolo bo tla lebana le eng fa bo ntse bo tshegetsa masalela?

8 Boidiidi jo bogolo bo tshegetsa palo e nnye ya batho ba ba nang le tsholofelo ya selegodimo, ba ba etelelang pele mo tirong ya go rera. (Mathaio 24:14; 25:40) Dinku tse dingwe di ba tshegetsa jaana di ntse di itse gore di tla lebana le pogiso ka gonne kwa tshimologong ya metlha eno ya bofelo, Keresete Jesu le baengele ba gagwe ba ne ba koba Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong. Seno se ne sa lere “[tatlhego mo lefatsheng] ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:7-12) Ka gone, Satane o oketsa kganetso ya gagwe mo batlhankeng ba Modimo fa tsamaiso eno ya dilo e ntse e ya bokhutlong.

9. Batlhanka ba Modimo ba atlega go le kana kang fa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo, mme ka ntlha yang?

9 Le fa go na le pogiso e e botlhoko, tiro ya go rera e ntse e tswelela pele. Go ne go na le bareri ba le dikete di sekae fela kwa bofelong jwa Ntwa ya Lefatshe I, mme gompieno ba dimilione, gonne Jehofa o solofeditse jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” (Isaia 54:17) Tota le leloko la kgotlakgolo ya Bajuda le ne la lemoga gore tiro ya Modimo e ka se ka ya fenngwa. Le ne la raya Bafarasai ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana malebana le barutwa: “Ba leseng; (ka gonne, fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya;) go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.”—Ditiro 5:38, 39.

10. (a) “Letshwao” le le mo go ba boidiidi jo bogolo le kaya eng? (b) Batlhanka ba Modimo ba ikobela ‘lentswe le le tswang kwa legodimong’ jang?

10 Ba boidiidi jo bogolo ba tshwantshiwa e le ba ba tshwaetsweng poloko. (Esekiele 9:4-6) “Letshwao” ke bosupi jwa gore ba ineetse mo go Jehofa, ba kolobeditswe gore e nne barutwa ba ga Jesu, mme ba leka go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Ba ikobela ‘lentswe le le tswang legodimong’ fa le bolela jaana kaga mmuso wa lefatshe lotlhe wa ga Satane wa bodumedi jwa maaka: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.”—Tshenolo 18:1-5.

11. Ba boidiidi jo bogolo ba bontsha ka tsela efe ya botlhokwa gore ke batlhanka ba ga Jehofa?

11 Gape, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Maloko a ditumelo tsa lefatshe leno one a bolaya maloko a mangwe mo ntweng, gantsi e le fela ka gonne e le ba ditšhaba tse di sa tshwaneng! Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsamayeng mo tshiamong ga a tswe mo Modimong, le ene yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. . . . Re tshwanetse go ratana; e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya morwarraagwe.”—1 Johane 3:10-12.

12. Mo pitlaganong e kgolo, Jehofa o tla dirang ka ‘ditlhare’ tse e leng ditumelo tse di tlhagisang maungo a a se nang mosola?

12 Jesu o ne a bolela jaana: “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola; setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa leungo le le se nang mosola, le gone setlhare se se bodileng ga se ka ke sa ungwa leungo le le molemo. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se a rengwa mme se latlhelwa mo molelong. Ka jalo, ruri lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.” (Mathaio 7:17-20) Maungo a a tlhagisiwang ke ditumelo tsa lefatshe leno a bontsha gore ke ‘ditlhare’ tse di bodileng tse di tla tlogang di senngwa ke Jehofa mo pitlaganong e kgolo.—Tshenolo 17:16.

13. Boidiidi jo bogolo bo bontsha jang gore ba ‘eme ka kutlwano fa pele ga setulo sa bogosi’ sa ga Jehofa?

13 Tshenolo 7:9-15 e re bontsha dilo tse di tla diregang pele go bolokwa boidiidi jo bogolo. Ba bontshiwa ‘ba eme ka kutlwano fa pele ga setulo sa bogosi’ sa ga Jehofa, ba tshegetsa bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe. Ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana,” ba bontsha gore ba amogela setlhabelo se se letlanyetsang maleo sa ga Jesu. (Johane 1:29) Ba ineetse mo Modimong e bile ba tshwantsheditse seno ka go inwa mo metsing. Ka jalo ba na le boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo, jo bo tshwantshediwang ke diaparo tsa bone tse di telele tse ditshweu, mme ba mo direla “tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.” A go na le ditsela tse o ka dirang ka tsone gore botshelo jwa gago bo tsamaisane thata le se se tlhalosiwang fano?

Melemo ya Gone Jaanong

14. Tota le jaanong batlhanka ba ga Jehofa ba nna le melemo efe e e tlhomologileng?

14 O tshwanetse wa bo o lemogile melemo e e tlhomologileng e le jaanong e tlelang batho ba ba direlang Jehofa. Ka sekai, fa o ne o utlwa ka maikaelelo a ga Jehofa a tshiamo, o ne wa lemoga gore go na le tsholofelo e ntle ka isagwe. Ka jalo, jaanong o na le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong—go direla Modimo wa boammaaruri ka tebelelo e e itumedisang ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Ee, Kgosi Jesu Keresete “o tla ba kaela [boidiidi jo bogolo] go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo.”—Tshenolo 7:17.

15. Basupi ba ga Jehofa ba solegelwa molemo jang ke go tshegetsa melaometheo ya Baebele malebana le dikgang tsa bopolotiki le tsa boitsholo?

15 Mosola o o molemo thata o o bonwang ke boidiidi jo bogolo ke lorato, kutlwano le tirisanommogo ya batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Rotlhe re ikobela melao le melaometheo e e tshwanang e e mo Lefokong la Modimo ka gonne rotlhe re ja dijo tse di tshwanang tsa semoya. Ke gone ka moo re sa kgaoganngweng ke dikgopolo tsa bopolotiki kgotsa tsa ditšhaba. Gape re tshegetsa ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tse Modimo a batlang batho ba gagwe ba di tshegetsa. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka jalo, mo boemong jwa go nna le dikgotlhang, dikgaogano le boitsholo jo bo sa siamang jo bo tletseng mo lefatsheng, batho ba ga Jehofa ba na le se go ka tweng ke paradaise ya semoya. Ela tlhoko kafa boemo jono bo tlhalosiwang ka teng mo go Isaia 65:13, 14.

16. Le fa go na le mathata a a tlwaelegileng mo botshelong, ba boidiidi jo bogolo ba na le tsholofelo efe?

16 Nnyaa, batlhanka ba ga Jehofa ba e leng batho ga ba a itekanela. E bile ba amiwa ke mathata a a tlwaelegileng mo botshelong jwa lefatshe leno, jaaka go lebana le dinako tse di thata kgotsa go utlwisiwa botlhoko ke dintwa tsa ditšhaba le mororo ba se na molato. Gape ba a lwala, ba a boga le go swa. Mme ba na le tumelo ya gore mo lefatsheng le lesha, Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

17. Le fa re ka diragalelwa ke eng gone jaanong, ke isagwe efe e e itumedisang e e tla tlelang bao ba obamelang Modimo wa boammaaruri?

17 Tota le fa o ka swa gone jaanong ka ntlha ya botsofe, bolwetse, kotsi, kgotsa pogiso, Jehofa o tla go tsosa gore o boe o tshele mo Paradaiseng. (Ditiro 24:15) Foo o tla tswelela pele o ipelela mokete wa semoya ka Puso ya ga Keresete ya Mileniamo. O tla rata Modimo le go feta fa o ntse o bona maikaelelo a gagwe a diragala ka tsela e e gakgamatsang. Mme masego a a amang boitekanelo jwa gago a Jehofa a tla go nayang one ka nako eo a tla dira gore gape o mo rate le go feta pele. (Isaia 25:6-9) A bo batho ba Modimo ba emetswe ke isagwe e ntle jang ne!

Motlotlo wa Poeletso

• Baebele e amanya boidiidi jo bogolo le tiragalo efe e e sa tlwaelegang?

• Fa tota re batla go nna bangwe ba boidiidi jo bogolo joo jo bo amogelwang ke Modimo, re tshwanetse ra dira eng gone jaanong?

• Masego a boidiidi jo bogolo bo a itumelelang le a bo tla a itumelelang mo lefatsheng le lesha la Modimo a botlhokwa go le kana kang mo go wena?

[Setshwantsho mo go tsebe 123]

Dimilione tsa batho ba boidiidi jo bogolo ba obamela Modimo wa boammaaruri ka kutlwano

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela