Kgaolo Ya Lesomethataro
“Ratanang ka Lorato lo Logolo”
1. Gantsi batho ba ba simololang go tla kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhiwa ke eng?
FA BATHO ba simolola go tla dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, gantsi ba kgatlhiwa ke lorato lo ba lo bonang teng. Ba lo bona mo tseleng e ba amogelwang ka yone le mo tseleng e batho ba dirisanang ka lorato ka yone. Baeng ba ba tlang kwa dikopanong tsa rona tse dikgolo le bone ba lemoga lorato lo. Mmegadikgang mongwe o ne a kwala jaana ka kopano nngwe e kgolo: ‘Go ne go se na ope yo o tagilweng ke diokobatsi kgotsa ke bojalwa. Go ne go se na ope yo o tlatlarietsang kgotsa yo o goakakang. Go ne go se na yo o kgarametsang yo mongwe. Go ne go se na yo o itshukunyetsang fela. Go ne go se na yo o roganang kgotsa yo o tlhapatsang. Go ne go sa dirisiwe metlae kgotsa puo epe e e leswe. Go ne go sa gogwe motsoko. Go ne go sa utswiwe. Go ne go se na yo o latlhelang dithini mo llonong. Go ne go sa tlwaelega tota.’ Sotlhe seno se supa lorato, mofuta wa lorato lo lo ‘sa itshwareng ka tsela e e sa tshwanelang, lo lo sa ipatleleng melemo ya lone fela.’—1 Bakorintha 13:4-8.
2. (a) Fa nako e ntse e ya, go tshwanetse ga diragala eng ka tsela e re bontshang lorato ka yone? (b) Re tshwanetse ra etsa Keresete ka go nna le lorato lwa mofuta ofe?
2 Lorato lwa bokaulengwe ke letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Fa re ntse re gola semoyeng, re ithuta go bontsha lorato ka tsela e kgolwane. Moaposetoloi Paulo o ne a rapelela gore lorato lwa Bakeresete ka ene lo “tote fela thata.” (Bafilipi 1:9) Moaposetoloi Johane o ne a bontsha gore lorato lwa rona e tshwanetse ya nna lwa go intsha setlhabelo. O ne a kwala jaana: “Re simolotse go itse lorato ka seno, ka gonne [Morwa Modimo] o ne a neela moya wa gagwe mo boemong jwa rona; mme re patelesega go neela meya ya rona mo boemong jwa bakaulengwe ba rona.” (1 Johane 3:16; Johane 15:12, 13) A ruri re ne re ka ntshetsa bakaulengwe ba rona botshelo jwa rona? Le fa gantsi maemo a sa tlhoke gore re dire jalo, re tsaya matsapa go ya bokgakaleng bofe go ba thusa gone jaanong, tota le fa go se motlhofo gore re dire jalo?
3. (a) Re ka bontsha lorato lwa rona ka botlalo jang go feta pele? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re ratane thata gone jaanong?
3 Re tshwanetse ra dira ditiro tse di bontshang moya wa go intsha setlhabelo mme gape re nne le lorato lwa mmatota ka bakaulengwe ba rona. Lefoko la Modimo le re rotloetsa jaana: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.” (Baroma 12:10) Rotlhe re ikutlwa jalo ka batho bangwe. Mme a re ka ithuta go rata le ba bangwe gape fela jalo? Fa bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo bo ntse bo atamela, go botlhokwa gore re atamele Bakeresete ka rona thata go feta le fa e le leng pele. Baebele ya re: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. . . . Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Petere 4:7, 8.
Fa go Nna le Mathata
4. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka tsoga mathata mo gare ga batho ba ba mo phuthegong? (b) Le fa e se ka dinako tsotlhe re ka ratang go diragatsa kgakololo ya Baebele, go e diragatsa go ka nna le melemo efe?
4 Gone ke boammaaruri, fa fela re sa itekanela, go tla nna le dinako tse ka tsone re tla dirang dilo tse di kgopisang ba bangwe. Bakaulengwe ba rona le bone ba ka re leofela ka ditsela tse di farologaneng. (1 Johane 1:8) Fa o iphitlhela o le mo seemong se se ntseng jalo, o tshwanetse wa dira eng? Dikwalo di re naya kaelo e re e tlhokang. Mme se di se buang se ka tswa se sa dumalane le se rona batho ba ba sa itekanelang re neng re ka se dira. (Baroma 7:21-23) Le fa go ntse jalo, fa re dirisa kgakololo e e mo Baebeleng ka tlhoafalo seo e tla nna bosupi jwa gore re eletsa thata go itumedisa Jehofa. Go dira jalo gape go tla dira gore re rate ba bangwe ka tsela e kgolwane.
5. Fa mongwe a re utlwisa botlhoko, ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ipusolosetsa?
5 Fa batho ba utlwisitswe botlhoko, ka dinako tse dingwe ba batla ditsela tsa go ipusolosetsa mo go yo o ba foseditseng. Mme seo se dira fela gore boemo bo nne maswe le go feta. Fa e le gore mongwe o tlhoka go busolosediwa, re tshwanetse ra tlogelela seo mo Modimong. (Diane 24:29; Baroma 12:17-21) Ba bangwe ba ka nna ba leka go tila go kopana le modiraphoso. Mme ga re a tshwanela go dira baobamedi ka rona jalo, ka gonne go rata bakaulengwe ba rona ke sengwe sa dilo tse di ka dirang gore kobamelo ya rona e amogelwe. (1 Johane 4:20) Ka gone, Paulo o ne a kwala jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakolosa 3:13) A o ka dira seo?
6. (a) Re tshwanetse go itshwarela mokaulengwe wa rona ga kae? (b) Re tshwanetse ra lemoga eng gore re kgone go emelana le boleo jo re bo direlwang?
6 Go tweng fa mongwe a nnela go re leofela kgapetsa kgapetsa mme a sa dire maleo a a masisi ao a ka a kobelwang mo phuthegong? Moaposetoloi Petere o ne a akantsha gore ka maleo a a seng magolo jaaka ao, motho a itshwarelwe “go fitlha go makgetlo a le supa.” Mme Jesu o ne a re: “E seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.” O ne a bontsha kafa re kolotang Modimo thata ka gone fa go bapisiwa le kafa motho ope fela a ka re kolotang ka gone. (Mathaio 18:21-35) Re leofela Modimo letsatsi le letsatsi ka ditsela tse dintsi—ka dinako tse dingwe re dira jalo ka go dira sengwe sa bopelotshetlha, ka se re se buang, se re se akanyang kgotsa ka se re sa se direng—le go lemoga re sa lemoge gore re a leofa. (Baroma 3:23) Le fa go ntse jalo, Modimo o tswelela pele go re utlwela botlhoko. (Pesalema 103:10-14; 130:3, 4) O batla gore re dirisane jalo le ba bangwe. (Mathaio 6:14, 15; Baefeso 4:1-3) Foo re tla bo re bontsha mofuta wa lorato lo lo ‘sa nneleng go gopola kutlwisobotlhoko.’—1 Bakorintha 13:4, 5; 1 Petere 3:8, 9.
7. Re tshwanetse ra dirang fa mokaulengwe a re kgotswetse?
7 Ka dinako tse dingwe re ka tswa re lemoga gore le fa re se na maikutlo ape a a bosula ka mokaulengwe wa rona, ene o re kgotswetse. Re ka tlhopha ‘go bipa ka lorato’ jaaka 1 Petere 4:8 e akantsha. Kgotsa re ka tsaya kgato pele mme ra bua le ene ra leka go dira gore go boe go nne le kagiso.—Mathaio 5:23, 24.
8. Fa modumedi ka rona a dira sengwe se se re kgopisang re tshwanetse ra dirang ka gone?
8 Go ka tswa e le gore modumedi ka wena o dira sengwe se se sa kgopiseng wena fela mme se kgopisa le ba bangwe. A go ne go ka se nne botoka gore o bue le ene? Gongwe. Fa o ne o ka mo tlhalosetsa bothata ka bowena ka tsela ya bopelonomi, gongwe go ka nna le matswela a a molemo. Mme sa ntlha o tshwanetse wa ipotsa jaana: ‘A ruri o dira sengwe se se seng kafa dikwalong? Kgotsa a bothata bo bakwa thata ke gore nna le ene re godisitswe le go thapisiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng?’ Ela tlhoko gore o se ka wa ipeela ditekanyetso o bo o atlhola ba bangwe ka tsone. (Jakobe 4:11, 12) Jehofa o amogela batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng a sa tlhaole e bile o pelotelele le bone fa ba ntse ba gola semoyeng.
9. (a) Fa go dirilwe phoso e e masisi mo phuthegong ke mang yo o tshwanetseng a tsaya kgato? (b) Ke leng yo o leofetsweng a nang le boikarabelo jwa go tsaya kgato pele, mme ka boikaelelo bofe?
9 Fa mongwe mo phuthegong a dira bosula bongwe jo bo masisi, jaaka boitshwaro jo bo sa siamang, go tshwanetse ga tsewa kgato ka bonako. Ke mang? Ke bagolwane. (Jakobe 5:14, 15) Le fa go ntse jalo, fa boleo bo diretswe mongwe, gongwe e le kgang ya tsa kgwebo kgotsa yo mongwe a sa dirisa loleme sentle mme a utlwisa yo mongwe botlhoko, foo yo o leofetsweng o tshwanetse a leka pele go bua le yo o dirileng molato ba le babedi fela. (Mathaio 18:15) Fa kgang e sa rarabologe, go tshwanetse ga tsewa dikgato tse dingwe gape, jaaka go bontshitswe mo go Mathaio 18:16, 17. Go rata mokaulengwe wa rona yo o dirileng phoso le go eletsa go mo ‘gapa’ go tla re thusa go dira seno ka tsela e e bontshang gore re batla go ama pelo ya gagwe.—Diane 16:23.
10. Fa go nna le bothata ke eng se se tla re thusang go leba kgang ka tsela e e tshwanetseng?
10 Fa go nna le bothata, e ka tswa e le jo bogolo kgotsa jo bonnye, re solegelwa molemo fa re leka go tlhaloganya gore Jehofa o bo leba jang. Ga a amogele mofuta le fa e ka nna ofe wa boleo, mme ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, batho ba ba dirang boleo jo bo masisi ba sa ikwatlhaye ba a ntshiwa mo phuthegong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, a re se lebaleng gore rotlhe re a tle re leofe ka ditsela tse di seng masisi go le kalo mme re tlhoka bopelotelele le kutlwelobotlhoko ya gagwe. Ka gone Jehofa o re tlhomela sekao se re tshwanetseng ra se latela fa re leofelwa ke ba bangwe. Fa re le kutlwelobotlhoko, re bontsha lorato lo lo tshwanang le lwa gagwe.—Baefeso 5:1, 2.
Batla Ditsela Tsa go ‘Pitlologa’
11. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kgothaletsa Bakorintha go ‘pitlologa’?
11 Paulo o ne a fetsa dikgwedi a aga phuthego ya kwa Korintha, kwa Gerika. O ne a dira ka natla go thusa bakaulengwe koo, e bile o ne a ba rata. Mme bangwe ba bone ba ne ba sa mo rate. Ba ne ba tshwayatshwaya diphoso thata. O ne a ba kgothaletsa go ‘pitlologa’ mo tseleng e ba bontshang lorato ka yone. (2 Bakorintha 6:11-13; 12:15) Rotlhe re tla bo re dira sentle fa re tlhatlhoba selekanyo se re bontshang ba bangwe lorato ka sone re bo re batla ditsela tse re ka pitlologang ka tsone.—1 Johane 3:14.
12. Re ka godisa jang lorato lo re ratang batho botlhe ba ba mo phuthegong ka lone?
12 A go na le bangwe mo phuthegong ba re fitlhelang go le thata go atamalana gaufi le bone? Fa re tsaya matsapa a go bipa bothata bope fela jo re ka tswang re na le jone le ba bangwe—fela jaaka re ne re ka rata ba dira ka rona—seno se ka thusa go dira gore re nne le kamano e ntle le bone. Gape re ka nna le maikutlo a a botoka ka bone fa re batla dinonofo tsa bone tse di molemo re bo re tlhoma mogopolo mo go tsone. Ruri seno se tla dira gore re ba rate go feta pele.—Luke 6:32, 33, 36.
13. Re ka pitlologa jang malebana le tsela e ka yone re bontshang ba ba mo phuthegong ya rona lorato?
13 Go a utlwala gore go na le dilo tse re ka se kang ra kgona go di direla ba bangwe. Re ka nna ra se ka ra kgona go dumedisa mongwe le mongwe kwa pokanong nngwe le nngwe. Re ka nna ra se ka ra kgona go laletsa batho botlhe fa re laletsa ditsala go tla dijong. A mme re ka pitlologa ka go dirisa metsotso e se kae fela go tlwaelana le mongwe mo phuthegong ya rona? A gangwe le gape re ka laletsa mongwe yo re sa mo tlwaelang gore a dire le rona mo bodireding jwa tshimo?
14. Fa re le mo gare ga Bakeresete ba re iseng re tsamaye re kopane le bone, re ka bontsha jang gore re ratana tota?
14 Dikopano tse dikgolo tsa Bokeresete di re naya sebaka se se molemo sa go pitlologa mo loratong lwa rona. Go ka tswa go na le diketekete tsa batho. Re ka se kgone go buisana le bone botlhe, mme re ka itshwara ka tsela e e bontshang gore re amegile thata ka gore dilo di ba tsamaele sentle go na le gore re amege fela ka gore dilo di tsamaele rona sentle. Ka nako ya go ikhutsa, re ka bontsha kgatlhego mo bathong ka go emelela re ya go buisana le bangwe ba ba gaufi le rona. Letsatsi lengwe batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng e tla bo e le bana ba motho, ba utlwana mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri le Rre wa batho botlhe. A bo go tla itumedisa jang ne go itsane! Re tla batla go dira jalo ka gonne re tla bo re na le lorato lo logolo. Ke eng fa o sa simolole gone jaanong?
Motlotlo wa Poeletso
• Fa go nna le mathata fa gare ga Bakeresete, a tshwanetse a rarabololwa jang, mme ka ntlha yang?
• Fa re ntse re gola semoyeng, lorato lwa rona le lone lo tshwanetse lwa gola ka ditsela dife?
• Go ka kgonega jang go bontsha lorato lo logolo e seng fela mo ditsaleng tsa rona tse re tlwaelaneng natso thata?
[Setshwantsho mo go tsebe 148]
Lorato lwa Bokeresete lo bontshiwa ka ditsela tse dintsi, jaaka kwa dipokanong tsa phuthego