Kgaolo Ya Masomeamabedi
Nna o Akantse Thata ka Letsatsi la ga Jehofa
1. Fa o ne o simolola go utlwa gore go gaufi gore re gololwe mo matlhokong a tsamaiso eno e kgologolo, o ne wa ikutlwa jang?
SENGWE sa dilo tsa ntlha tse o di ithutileng mo Baebeleng ke gore Jehofa o ikaeletse gore lefatshe lotlhe e nne paradaise. Mo lefatsheng le lesha leo, ntwa, bokebekwa, lehuma, bolwetse, pogo le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. Tota le batho ba ba suleng ba tla tshela gape. A isagwe e e itumedisang jang ne! Se se gatelelang kafa seo sotlhe se leng gaufi ka teng ke bosupi jwa gore Keresete o ntse a le teng e le Kgosi e e busang e sa bonale fa e sa le ka 1914 le gore fa e sa le ka nako eo re ntse re le mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno le le boikepo. Kwa bokhutlong jwa metlha eno ya bofelo, Jehofa o tla senya tsamaiso eno ya gompieno ya dilo a bo a tlisa lefatshe le lesha le le solofeditsweng!
2. “Letsatsi la ga Jehofa” ke eng?
2 Baebele e bitsa nako eno e e tlang ya tshenyego e re ke “letsatsi la ga Jehofa.” (2 Petere 3:10) Ke ‘letsatsi la bogale jwa ga Jehofa’ kgatlhanong le lefatshe lotlhe la ga Satane. (Sefania 2:3) Le konela ka “[ntwa] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe . . . [e e] bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera” e ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di nyelediwang mo go yone. (Tshenolo 16:14, 16) A tsela e o tshelang ka yone e a bontsha gore o dumela gore ‘letsatsi leno la ga Jehofa’ le gaufi?—Sefania 1:14-18; Jeremia 25:33.
3. (a) Letsatsi la ga Jehofa le tla tla leng? (b) Go nnile mosola jang go bo Jehofa a sa senola “letsatsi leo kgotsa nako”?
3 Baebele ga e re bolelele letlha ka tlhamalalo le Jesu Keresete a tla tlang ka lone e le Modiragatsakatlholo wa ga Jehofa kgatlhanong le tsamaiso ya ga Satane ya dilo. Jesu o ne a re: “Ka ga letsatsi leo kgotsa nako ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong kgotsa Morwa, fa e se Rara.” (Mareko 13:32) Fa go na le bape ba tota ba sa rateng Jehofa, ba tla rata go suteletsa letsatsi la gagwe kwa morago mo megopolong ya bone mme ba latelele dilo tsa lefatshe. Mme ba ba ratang Jehofa ka boammaaruri ba tla mo direla ka moya otlhe, go sa kgathalesege gore bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo bo tla leng.—Pesalema 37:4; 1 Johane 5:3.
4. Jesu o ne a ntsha tlhagiso efe?
4 Jesu o tlhagisa bao ba ratang Jehofa a re: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.” (Mareko 13:33-37) O re rotloetsa gore re se ka ra letla go ja le go nwa kgotsa “ditlhobaelo tsa botshelo” di gapa mogopolo otlhe wa rona mo re salang re sa tlhole re lemoga bomasisi jwa metlha eno.—Luke 21:34-36; Mathaio 24:37-42.
5. Jaaka Petere a tlhalositse, letsatsi la ga Jehofa le tla tlisa eng?
5 Petere le ene o re tlhagisa gore re nne re akantse ka “go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa, le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologang.” Dipuso tsotlhe tsa batho—“magodimo”—di tla senngwa, fela jaaka go tla senngwa setšhaba sa batho ba ba boikepo ka kakaretso—“lefatshe”—le “dilo tse di a bopang,” dikgopolo le ditiro tsa lefatshe le le bosula leno, jaaka boikutlo jwa lone jwa go tswa mo taolong ya Modimo le tsela ya lone ya botshelo ya boitsholo jo bo sa siamang le ya go rata dilo tse di bonalang. Tseno di tla emisediwa ke “magodimo a masha [Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo] le lefatshe le lesha [setšhaba se sesha sa batho ba mo lefatsheng]” tse go tla nnang “tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:10-13) Ditiragalo tseno tse di senyang lefatshe di tla simolola ka tshoganetso ka letsatsi le ka nako e e neng e sa lebelelwa.—Mathaio 24:44.
Nna o Lebeletse Sesupo
6. (a) Karabo ya ga Jesu fa a araba potso ya barutwa ba gagwe e dira go le kana kang mo bokhutlong jwa tsamaiso ya Sejuda? (b) Ke dikarolo dife tsa karabo ya ga Jesu tse di buang thata ka ditiragalo le maikutlo a batho go tloga ka 1914 go ya pele?
6 Ka ntlha ya metlha e re tshelang mo go yone, re tshwanetse go itse sentle dilo tsotlhe tse di akarediwang mo sesupong se se dikarolo dintsi sa metlha ya bofelo—“bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Gopola gore fa Jesu a ne a araba potso ya barutwa ba gagwe, e e kwadilweng mo go Mathaio 24:3, dingwe tsa dilo tse a di tlhalositseng mo ditemaneng tsa 4 go ya go 22 di ne tsa diragadiwa ka selekanyo se sennye mo tsamaisong ya Bajuda fa gare ga 33 le 70 C.E. Mme boporofeti jono bo diragadiwa ka tsela e kgolwane mo motlheng wa fa e sa le ka 1914, nako ya “go nna gone ga [ga Keresete le ya] bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Mathaio 24:23-28 e re bolelela se se neng se tla diragala go tloga ka 70 C.E. go fitlha ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. Ditiragalo tse di tlhalositsweng mo go Mathaio 24:29–25:46 di diragala mo motlheng wa bokhutlo.
7. (a) Ke eng fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go nna a ntshitse matlho dinameng go bona kafa maemo a jaanong a diragatsang sesupo ka teng? (b) Araba dipotso tse di kwa bofelong jwa serapa seno, o bontsha kafa sesupo se diragaditsweng ka teng fa e sa le ka 1914.
7 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ela tlhoko ditiragalo le maikutlo a a diragatsang sesupo. Go kopanya dilo tseno le boporofeti jwa Baebele go tla re thusa gore re nne re akantse thata ka letsatsi la ga Jehofa. Gape go tla re thusa gore re kgone go tlhatswa ba bangwe pelo fa re ba tlhagisa kafa letsatsi leo le leng gaufi ka teng. (Isaia 61:1, 2) Re akantse ka maitlhomo ano, a re sekasekeng dipotso tse di latelang tse di bontshang dikarolo dingwe tsa sesupo, jaaka di kwadilwe mo go Mathaio 24:7 le Luke 21:10, 11.
Jaaka go boleletswe pele, ‘setšhaba se ne sa tsogologela setšhaba le bogosi jwa tsogologela bogosi’ ka tsela efe e e sa tlwaelegang go simologa ka 1914? Go diragetseng malebana le dintwa fa e sa le ka nako eo?
Ka 1918, ke kgogodi efe ya bolwetse e e neng ya bolaya batho ba bantsi go feta ba ba bolailweng ke Ntwa ya Lefatshe I? Le fa motho a na le kitso ya tsa kalafi, ke malwetse afe a a sa ntseng a bolaya dimilione tsa batho?
Ditlhaelo tsa dijo di amile lefatshe go ya bokgakaleng jo bo kana kang le fa go ile ga nna le kgatelopele ya tsa saense mo lekgolong le le fetileng la dingwaga?
Ke eng se se tlhatswang pelo gore 2 Timotheo 3:1-5, 13 ga e tlhalose botshelo kafa bo ntseng bo le ka teng mo nakong eno yotlhe mme e tlhalosa maemo a a bosula a a ntseng a gakala fa re ntse re ya kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo?
Go Kgaoganngwa ga Batho
8. (a) Ke eng gape se sengwe, se se tlhalosiwang mo go Mathaio 13:24-30, 36-43, se Jesu a neng a se amanya le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo? (b) Setshwantsho sa ga Jesu se kaya eng?
8 Go na le ditiragalo tse dingwe tsa botlhokwa tse Jesu a neng a di amanya le bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo. Nngwe ya tsone ke go kgaoganngwa ga “bana ba bogosi” le “bana ba yo o boikepo.” Jesu o ne a bua kaga seno mo setshwantshong sa gagwe sa tshimo ya korong e mmaba a neng a jala mefero mo go yone. “Korong” mo setshwantshong sa gagwe e tshwantshetsa Bakeresete ba boammaaruri ba ba tloditsweng. “Mefero” ke ba ba ipolelang e le Bakeresete mme ba itshupa e le “bana ba yo o boikepo” ka gonne ba ngaparela lefatshe le Diabolo e leng mmusi wa lone. Bano ba kgaoganngwa le “bana ba bogosi [jwa Modimo]” mme ba tshwaetswe tshenyego. (Mathaio 13:24-30, 36-43) A seno tota se diragetse?
9. (a) Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, batho botlhe ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete ba ne ba kgaoganngwa ka tsela efe e kgolo? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba bontsha jang gore e ne e le batlhanka ba Bogosi ba boammaaruri?
9 Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, batho botlhe ba ba ipolelang e le Bakeresete ba ne ba kgaoganngwa ka ditlhopha tse pedi: (1) Baruti ba Labokeresete le balatedi ba bone, ba ba neng ba tshegetsa thata lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba (le jaanong e leng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng) mme ba ntse ba ikanyega mo ditšhabeng tsa bone, le (2) Bakeresete ba boammaaruri ba motlha oo wa morago ga ntwa, ba ba neng ba tshegetsa ka botlalo Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia, e seng ditšhaba tsa lefatshe. (Johane 17:16) Bano ba ne ba itshupa e le batlhanka ba boammaaruri ba Bogosi jwa Modimo ka go dira tiro ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Ka diphelelo dife?
10. Diphelelo tsa ntlha tsa tiro ya go rera ka Bogosi e ne e le dife?
10 Sa ntlha, go ne ga kokoanngwa masalela a ba ba tloditsweng ka moya wa Modimo, ba ba nang le tsholofelo ya go nna le Keresete ba le karolo ya Bogosi jwa selegodimo. Le fa ba ne ba gasame mo ditšhabeng, ba ne ba dirwa seoposengwe jaaka phuthego. Go setse go le gaufi gore go tshwaiwa ga batlodiwa bano go wele.—Tshenolo 7:3, 4.
11. (a) Ke tiro efe ya go kokoanya e e ntseng e tswelela pele, go dumalana le boporofeti bofe? (b) Go diragadiwa ga boporofeti jono go supa eng?
11 Go tswa foo, ka kaelo ya ga Keresete, go ne ga simologa go kokoanngwa ga “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” Bano ke ba “dinku tse dingwe” ba ba tla falolang ‘pitlagano e kgolo’ ba tsena mo lefatsheng la Modimo le lesha. (Tshenolo 7:9, 14; Johane 10:16) Tiro eno ya go rera ka Bogosi jwa Modimo pele bokhutlo bo tla e tswelela pele fela go fitlha le mo motlheng wa jaanong. Ka boikanyegi, boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe, jo jaanong bo fitlhang go dimilione, bo thusa masalela a a tloditsweng go bolela phatlalatsa molaetsa wa botlhokwa wa Bogosi. Molaetsa ono o utlwiwa ke ditšhaba tsotlhe.
Go Larile Eng Kwa Pele?
12. Go sa ntse go tla dirwa tiro e e kana kang ya go rera pele letsatsi la ga Jehofa le goroga?
12 Dilo tsotlhe tse di fa godimo di bontsha gore re gaufi le bokhutlo jwa metlha ya bofelo le gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. A mme go na le dipolelelopele tse di sa ntseng di tshwanetse go diragadiwa pele ga letsatsi leo le le boifisang le simologa? Ee. Selo sa ntlha ke gore go kgaoganngwa ga batho malebana le Bogosi ga go ise go fele. Kwa mafelong mangwe kwa go neng go na le kganetso e kgolo gone ka dingwaga tse dintsi, jaanong go na le koketsego ya barutwa ba basha. Tota le kwa batho ba ganang dikgang tse di molemo gone, go naya bosupi ga rona go bontsha bopelotlhomogi jwa ga Jehofa. Ka jalo a re tshwareng ka natla mo tirong! Jesu o re tlhomamisetsa gore fa tiro e wetse, bokhutlo bo tla tla.
13. Jaaka go kwadilwe mo go 1 Bathesalonika 5:2, 3, ke tiragalo efe ya botlhokwa e e sa ntseng e tla diragala, mme e tla re ama jang?
13 Boporofeti jo bongwe jo bo botlhokwa thata jwa Baebele bo bolelela pele jaana: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.” (1 Bathesalonika 5:2, 3) Go sa ntse go tla bonala gore polelo eo ya “kagiso le polokesego” e tla dirwa ka tsela efe. Mme kwantle ga pelaelo ga e ne e bolela gore baeteledipele ba lefatshe ruri ba rarabolotse mathata a batho. Ba ba nnang ba akantse ka letsatsi la ga Jehofa ga ba kitla ba tsiediwa ke polelo eo. Ba a itse gore ka bonako fela morago ga moo, go tla tla tshenyego ya tshoganyetso.
14. Ke dilo dife tse di tla diragalang ka pitlagano e kgolo, mme ka tatelano efe?
14 Kwa tshimologong ya pitlagano e kgolo, babusi ba tla fetogela Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, mme ba tla mo nyeletsa. (Mathaio 24:21; Tshenolo 17:15, 16) Morago ga moo, ditšhaba di tla tlhasela batho ba ba tshegetsang bolaodi jwa ga Jehofa, di kgotla bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le dipuso tsa bopolotiki le ba ba di tshegetsang, mme go tla felela ka gore ba senngwe gotlhelele. Eo e tla bo e le konelo ya Haramagedona ya pitlagano e kgolo. Foo Satane le badimona ba gagwe ba tla tsenngwa mo moleteng, ba bo ba sa tlhole ba kgona go tlhotlheletsa batho. Seno se tla bo se konela letsatsi la ga Jehofa le leina la gagwe le tla golediwang ka lone.—Esekiele 38:18, 22, 23; Tshenolo 19:11–20:3.
15. Ke ka ntlha yang fa go ka se nne botlhale go akanya gore letsatsi la ga Jehofa le sa ntse le le kgakala?
15 Bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla tla ka nako, go ya fela kafa Modimo a rulagantseng ka teng. Ga bo kitla bo diega. (Habakuke 2:3) Gakologelwa, go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. go ne ga tla ka bonako, fa Bajuda ba ne ba sa go lebelela, fa ba ne ba akanya gore kotsi e ne e fetile. Mme go tweng ka Babelona wa bogologolo? E ne e nonofile, e itshepile, e bile e sireleditswe ka dipota tse di boitshegang. Mme e ne ya wa mo bosigong bo le bongwe fela. Tsamaiso ya jaanong e e boikepo le yone e tla senngwa ka tshoganyetso fela jalo. Fa e senngwa, e kete re ka fitlhelwa re utlwana mo kobamelong ya boammaaruri, ka gonne re ne re ntse re akantse thata ka letsatsi la ga Jehofa.
Motlotlo wa Poeletso
• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne re akantse thata ka letsatsi la ga Jehofa? Re ka dira seo jang?
• Mongwe le mongwe wa rona o amiwa jang ke go kgaoganngwa ga batho mo go diragalang?
• Ke eng se se sa ntseng se larile kwa pele, pele letsatsi la ga Jehofa le simologa? Ka jalo mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse gore a bo a dira eng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 180, 181]
Metlha ya bofelo e tla tloga e khutla ka go senngwa ga tsamaiso ya ga Satane