Dipotso tse di Tswang go Babadi
▪ Pharologano ke eng fa gare ga go sa sweng le botshelo jo bo sa khutleng?
Botshelo jo bo senang bokhutlo bo tla ipelelwa ke batlodiwa bao ba amogelang botshelo jwa semoya kwa legodimong gammogo le batho bao Modimo o ba kayang a le ba ba siameng mo lefatsheng la Paradaise. Ka jalo fa o akanya gore go felela jang, go sa sweng kwa legodimong le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ke selo se le sengwe felago tshelela ruri. Lefa go le jalo, go na le dikakgelo tse dintsi tseo di ka dirwang ka go sa sweng. Lefoko la Segerika le le ranolwang jaaka “go sa sweng” (athanasia) le bopilwe go tswa mo poping ya lelatodi a le thanatos, eo a rayang “loso.” Ka jalo go sa sweng go naya tlhaloganyo ya ‘kwantle ga loso; kana go senang loso. Ka mo go tlhaloganyesegang, Jehofa ke ene motswedi wa botshelo jotlhe ebile ga a swe. (Pesalema 36:9; 90:1, 2) Seno se gatelelwa ke ntlha ya gore Morwa wa gagwe yo o galaleditsweng, yo jaanong a leng “maran a kgalalelo ea [Modimo], le sechwano sebele sa bomodimo yoa ona,” o tlhalosiwa jaaka “Kgosi ya dikgosi [batho] le Morena oa barena; Eo o nan le bosashwen a le esi.” (Bahebera 1:3; 1 Timotheo 6:15, 16) Ga go sebopiwa sepe Soo se ka nnang le botshelo jwa ga Jesu jwa bosasweng, joo bo mo farologanyang le batho kana meya e e swang. Mo godimo ga moo, re bala jaana: “Ka Keresete a cosicwe mo loshun, ga a tlhole a shwa gope; losho ga to tlhole to na le taolo mo go ena.”—Baroma 6:9.
Lefa bosasweng, totatota a le, botshelo jo bo sa khutleng, bosasweng go lebega bo raya se se fetang fela gore motho o tla tshelela ruri. Go lebega bo raya mofuta mongwe o o rileng wa botshelo, mme bo amanngwa gape le go sa boleng. Bibela a bua jaana ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya bao ba amogelang tuelo ya selegodimo: “Mo go bolan mo [mo mmeleng wa jone wa motho],go na le go apara bosabolen, le mo go shwan mo, go na le go apara bosashwen. Me a tla re mo go bolan mo go Sena go apara bosabolen, le mo go shwan mo go Sena go apara bosashwen, hon go tla dihala lehoko ye le kwadilwen, ga twe, Losho to medicwe ke phenyo.”—1 Bakorintha 15:53, 54.
Lefa go le jalo, Bibela ga a bue go le gontsi ka mofuta wa botshelo jo bo bidiwang jwa bosasweng. Re a itse gore batho ba ba swangle eleng batho ba ba itekanetseng ba ba lebeletseng pele botshelong jo bo sa khutleng mo lefatshengba tshwanetse go ja le go nwa gore ba tshele, eseng jalo ba a swa mme mebele ya bone a bole. (Genesise 2:9, 15, 16) Ga go belaetse gore bosasweng bo kopanyeletsa mofuta wa botshelo joo bo sa tlhokeng go otliwa ka tsela eo. Ka jalo go ka buiwa gore botlhe ba ba bonang bosasweng ga ba sa tlhole ba swa kana gore ‘loso ga to tlhole to na le thata mo go bone.’ Seno se dumalana, gape, le gore ba amogela bosaboleng Soo se bontshang gore mebele ya bone ya semoya kana dikarolo tsa bone ga di kake tsa senyega, tsa senngwa, kana tsa bola. (Bapisa 2 Bakorintha 5:1; Tshenolō 20:6.) Ka ditsela tseno, pharologano a ka bonwa fa gare ga bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng jwa batho.
Jehofa Modimo keene Moatlhodi yo o itekanetseng yo o duelang batlodiwa ka bosasweng. Fa ene ka botlhale jwa gagwe le temogo tse di ka se kang tsa lekanngwa a bona fa go tshwanetse gore ba lekilwe mme kwantle ga pelaelo ba tshwanelegela bosasweng, re ka solofela gore ba tla nna ba ntse ba ikanyega goyagoile. Botlhe bao Jehofa a ba atlholang a le bao ba tshwaneIwang ke botshelo jo bo sa khutleng, ekane ba tshela jaaka meya e e sa sweng kana jaaka batho ba ba itekanetseng, ba. tla kgona go mo obamela ka bosakhutleng. Ka jalo, kwa bokhutlong, botshelo jo bo sa khutleng jwa batho le bosasweng kwa legodimong a ntse ke botshelo jo bo senang bokhutlo.—Yohane 17:3.
▪ A go siame go konela ka gore go ya ka Yohane 20:25 letsogo lengwe le lengwe la ga Jesu le ne le kokotetswe ka lomapo?
Cyclopaedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga M’Clintock le Strong, e akgela jaana:
‘Go sentswe nako a ntsi le matsapa go ganetsanngwa ka gore a Morena o ne a kokotetswe ka dimapo tse tharo kana tse nne. Nonnus o tlhomamisa gore go ne ga dirisiwa di le tharo fela, mme o engwa nokeng ke Gregory Nazianzen. Ditumelo ka kakaretso di dumela gore go dirisitswe dimapo di le nne, eleng kgopolo eo a tshegediwang ka botlalo le ka dintlha tse di boammaaruri ke Curtius. Bangwe ba ne ba bolela gore go dirisitswe dimapo tsa bontsi jo bo ka nnang somenne.—Bolumo II, tsebe 580.
Mathaio 27:35 a bua fela go re: “E rile ba Sena go mmapola, ba kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.” Ga go neelwe dintlha dipe tse dl kalo, fela jaaka le mo go Mareko, Luke, le Yohane. Morago ga go tsoga ga ga Jesu, Thomase o ne a bua jaana: “Ha ke sa bone dintho tsa dimapo mo dia-fien tsa gagwe, ka tsenya monwana oa me mo dinthon tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo lotlhakorin loa gagwe, ga nketla ke dumela.” (Yohane 20:25) Jale lefa disenyi di ne di bofiwa ka megala mo mokgorong, Jesu ene o ne a kokotelwa. Bangwe ba ne ba swetsa ka gore go ya ka Yohane 20:25 go ne ga dirisiwa dimapo tse pedi fela, le le lengwe mo letsogong lengwe le lengwe. Mme a go dirisa ga ga Thomase bontsi (dimapo) go tshwanetse ga tlhaloganngwa gore ke yone tlhaloso e e tlhomameng e e supang gore Jesu o ne a kokotelwa ka lomapo mo letsogong lengwe le lengwe?
Jesu yo o tsositsweng o ne a bua jaana mo go Luke 24:39: “Leban diatla tsa me, le dinao tsa me, ha a le nna ka nosi.” Seno se akantsha gore maoto a ga Jesu le one a ne a kokotetswe. Ereka Thomase a sa bua sepe ka mabadi a dimapo a mo maotong a ga Jesu, go dirisa ga gagwe bontsi “dimapo“ekannayaboeneelegobua ka kakaretso ka dimapo tse dintsi tse di neng di dirisitswe mo go bapoleng Jesu.
Ka jalo, mo nakong eno ga go kake ga konelwa gore go ne go dirisitswe dimapo tse kae. Ditshwantsho dipe fela tsa ga Jesu fa a le mo mokgorong di tshwanetswe go tsewa jaaka dilo tse di dirilweng ke batshwantshi tseo di bontshang fela se se emelang dintlha tse dinnye tse re nang le tsone. Go tatalala ka, ntlha e e seng botlhokwa eno ga go a tshwanelwa go letliwa gore go hupetse boammaaruri jwa botlhokwatlhokwa jwa gore ‘re letlantswe le Modimo ka loso lwa Morwa wa one.’—Baroma 5:10.
▪ A setlhogo se se buang ka go amogelwa ke Modimo se raya gore Bakeresete ba ka nna ba bua le motho yoo pole a neng a tsewa jaaka “leloko le le amogelwang” mme moragonyana, a neng a tshwanelwa ke go tilwa ka ntlha ya go bo a dirile phoso?
Ee, se raya jalo. Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, a bontshitse lebaka la go bo go siame go ya ka Dikwalo gore re fetole tsela eo re febang motho yo o sa kolobediwang yo o nnang le seabe mo bodiheding jwa phatlalatsa le Basupi ba ga Jehofa ka yone. Pele, motho yo o ntseng jalo one a bidiwa “leloko le le amogelwang.” Fa morago ga moo a ne a roba melao ya Modimo mme a sa ikwatlhae, phuthego a ne a itsisiwe, mme ka jalo maloko a yone a ne a tila go nna le bokopano nae le go buisana le one.
Jaaka setlhogo seno sa bosheng jaana se bontshitse, Bibela a batla gore kgato ono ya go otlhaya a tsewe me kgannyeng ya bathe ba ba kolobeditsweng bao a long badiraphoso bao ba sa ikwatlhaeng. (1 Bakorintha 5:11-13; 2 Yohane 9-11) Leta go le jalo, boikarabelo jwa motho yo o sa kolobediwang yo o dirang tire nngwe e e chose ga bo tshwane le jwa motho yo o kolobeditsweng. (Luke 12:48) Ga a ise a kolobediwe mme ka jalo ga a ise a amogelwe fa pole ga Modimo, ka jalo go kgaolwa ga se kgato e e tshwanetseng mo kgannyeng ya gagwe. Totatota, jaanong ke motho wa lefatshe mme go ka dirisanwa le one jaaka motho wa lefatshe.
Mme he, go tweng, ka yoo pole a neng a bidiwa Ieloko le le amogeIwang” mme jaanong a sa tlhole a tshwanelegela bodihedi jwa phatlalatsa ka ntlha ya tsela nngwe ya gagwe e e phoso? Ereka a sa kgaolwa, o tshwanetse a tsholwa jaaka motho wa lefatshe yo a leng ene.a Legale, Tora ya Tebelo ya November 15 mo tsebeng 19 a ne ya gakolola gore Bakeresete ba ba tkanyegang ba itlhokomele ka tshwanelo. Ba ntse ba lemoga gore motho yo o sa kolobediwang yoo a ka nna a bo a ile a kopanela me, go direng chose lemororo a ntse a itse see Modimo o se batlang. Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetse ba itlhokomela me go ikopanyeng le motho wa go nna jalo. Fa go tsoga dipotso mabapi le gore to ka kopana le motho yoo go ya bokgakaleng bofe, bontsi jwa tsone di ka arabiwa ka go latela kgakololo ya Bomodimo. Re ka gakologelwa kgakololo e e jaaka e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 15:33 le Diane 13:20 mme ra ipotsa jaana: ‘Ke ne ke tla nna le bokopano jwa mofuta ofe ka tsela e e tshwanetseng le motho wa lefatshe yo o sa tsheleng go ya ka ditekanyetso tsa Bokeresete? Fa bagolwane ba lemoga gore motho wa lefatshe wa mofuta ono o kotsi ka tsela epe fela, ba ka nna ba tlhagisa ba ba leng me phuthegong kwa thoko bao ba lebegang ba le mo kotsing eo.
Fa nako a ntse a tsamaya, motho yo o sa kolobediwang yo a neng a le “leloko le le amogelwang” a ka nna a bonala ka me go lekaneng gore o a ikotlhaya, mme a ka nna a eletsa go nna le thuto ya Bibela gape. (Ditihō 26:20) A ka nna a buisana le bagolwane ba phuthego eo a kopanelang le yone ga jaanong, bao, fa go bonala go le botlhale go dira jalo, ba tla rulaganyetsang gore a nne le thuto ya Bibela. Go tla dirwa se se tshwanang gape fa me isagweng mongwe a sa tlhole a tshwanelegela go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mme moragonyana a bo a bontsha go ikotlhaya. Ka t1waelo, o tshwanetse a buisana le bagolwane ba babedi bao ba neng ba berekana le phoso ya gagwe kana ba babedi ba bangwe bao setlhopha sa bagolwane se neng sa ba tlhopha gore ba boeletse kgang ono fa a ne a kopa jalo.
Kafa tshwanelong, Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore go farologane go sekae ka batsadi bao ba tlhokomelang bana ba babotlana mo legaengbana ba babotlana bao ba ikaegileng ka batsadi ba bone semolao bao batsadi ba bone ba nang le boikarabelo jwa go ba tlamela ka dilo tsa nama. (Baefesia 6:1-4) Dikwalo di rwesa batsadi boikarabelo jwa gore ba rute bana ba bone le go ba kaela. Ka jalo batsadi (kana motsadi yo odumelang) a ka nna a itlhophela go tsamaisa thuto ya Bibela kwa thoko le ngwana yono yo o dirileng phoso kana go me kopanyeletsa me thulaganyong ya lelapa ya thuto ya Bibela le motlotlo wa Bibela.
Lemororo setlhogo sa Tora ono ya Tebeloya bosheng jaana se batla gore re fetole tsela eo re neng re akanya ka yone le eo re neng re dirisana ka yone, seno se dirilwe a le tumalanong le Dikwalo tseo di long molemo go “kabla ka tshiamo.”—2 Timotheo 3:16, 17.
▪ Go ya ka Tito 1:6, a bana ba kolobeditswe botlhe a le gore a tle a mo phuthegong?
Mo kgaolong ya ntlha ya Tito, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha ka ditshwanelego tsa banna bao ba direlang jaaka bagolwane ba phuthego. E nngwe ya tsone a ne a le gore mokaulengwe o ne a tshwanetse a nna “eo o Sonar) molato, . . . a na le bana ba ba dumelan.”
Seno se ne se se kake sa raya gore bang ba mogolwane ba tshwanetse ba be ba kolobeditswe botlhe, gonne ba bangwe ba bone a ka nna ya tswa a le masea. Ka jalo Tito 1:6 ka tshwanelo a tshwanetse ya bo e raya gore bana ba babotlana ba motho ba tshwanetse ba be ba kolobemotho ba tshwanetse ba bo ba tshwanelegele go nna mogolwane ditswe kana ba tshwanetse ba be ba ithuta boammaaruri jwa Bibela, ba bo amogela le go be dirisa mme ba berekela go ya kolobetsong, fa ba sa ntse ba le kafatlase ga molemo wa lelapa. (1 Bakorintha 7:14) MogoIwane o tshwanetse a bo a leka go diva bang ba gagwebarutwa,bone e le “ba ba sa bolelwen ka molato oa tlhapelo, kgotsa a le ba ba ganan taolo.”b
Re ka lemoga seno botoka ka go tlhokomela ka moo Bibela a dirisang lefoko “yo o dumelang” ka gone. Legate, motho a ka nna a nna le tumelo, kana a dumela, me dilong di le dintsi. (Ditihō 26:27, 28; 2 Bathesalonia 2:3, 11; Yakobe 2:19) Mme re fitlhela ‘go dumela’ gantsi go nyalanngwa le go amogela Bokeresete le go kolobediwa. (Ditihō 8:13; 18:8; bapisa 19:1-5.) Kolobetso segolobogolo e bontsha gore motho ke modumedi.—Ditihō 2:41, 44; 4:4, 32.
Bana bangwe ba babotlana ba mogolwane ba ka nna ba be ba ise ba lekane me mmeleng, me maikutlong, kana semoyeng go ka kolobediwa. Lefa go le jalo, Tito 1:6 a ba tlhalosa jaaka “bana ba ba dumelan” fa ba dira botswelelopele go isa kolobetsong, a le tumalanong le dingwaga tsa bone le boemo jwa bone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa mongwe yo o me maemong a a ntseng jalo a sa itse ka pono ono e e fetotsweng, go tla be go le molemo gore a lebisiwe kwa ditlhogong tseno tsa Tora ya Tebelo.
b Bona gape The Watchtower ya February 15, 1972, tsebe 126.