LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/1 ts. 23-28
  • Nna le Tumelo Gore O Bone Botshelo jo Bosakhutleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Tumelo Gore O Bone Botshelo jo Bosakhutleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofelo ya Botshelo jo Bosakhutleng
  • Tsogo ya Baswi—Ba Tsosediwa Kae?
  • Bosasweng
  • ‘Ga Ba Kitla Ba Swa Gope’
  • Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Botshelo Morago ga Loso—Jang, Kae, Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tsholofelo e e Tlhomameng
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/1 ts. 23-28

Nna le Tumelo Gore O Bone Botshelo jo Bosakhutleng

“[Nna] le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—BAHEBERA 10:39.

1. Ke eng seo saetlopedia ya Katoliki e se dumelang kaga go dirisa ga Bibela lefoko “moya”?

GA GO gope koo Bibela e bolelang gore batho ba na le moya o o sa sweng oo o tswang mo mmeleng fa a swa mme o bo o tswelela o ntse o tshela mo lefelong la semoya. Le eleng New Catholic Encyclopedia e dumela gore: “Kgopolo ya gore moya o a tshela morago ga loso ga e bonwe mo Bibeleng. . . . Moya mo T[esetamenteng] e K[gologolo] ga o reye karolo ya motho, mme motho jaaka a ntse—motho jaaka selo se se tshelang. Ka mo go tshwanang, mo T[esetamenteng] e N[tšha] go raya botshelo jwa setshedi se go tweng motho: botshelo jwa motho ka boene.” Ka jalo batho ga ba na meya, mme ke meya.

2. (a) Tumelo ya gore moya ga o swe e simologile kae? (b) Boammaaruri ke bofe ka boemo jwa motho fa a sena go swa?

2 Jaaka setlhogo se se fetileng se bontshitse, tumelo ya gore moya ga o swe ke kgopolo ya seheitane eo e fitlhelwang mo hisitoring ya bogologolo. Mosimolodi wa yone ke mongwe yo a neng a ganetsa tlhaloso ya Modimo e e phepafetseng ya gore motho “o tla shwa” fa a tlhoka kutlo. (Genesise 2:17) E ne e le moganetsi, Satane Diabolo, yo a neng a re: “Rure ga lo ketla lo shwa.” (Genesise 3:4) Mme seo e ne e le maaka. (Yohane 8:44) Moragonyana, Satane o ne a simolola thuto ya go sa sweng ga moya wa motho. Mme boammaruri kaga boemo jwa motho morago ga loso bo bonwa mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo mo go Moreri 9:5: “Bashwi ga ba itse sepè.”—Bona gape Baroma 5:12.

Tsholofelo ya Botshelo jo Bosakhutleng

3. Bibela e bua thata ka tsholofelo efe?

3 Lemororo Bibela e bontsha ka phepafalo gore ga go na selo se se tshwanang le moya o o sa sweng, e bua go le gontsi kaga botshelo jo bosakhutleng. Tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng ke thuto ya motheo ya ga Jesu. O ne a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo o mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Malebana le bao ba neng ba tla dumela mo Modimong le mo go Keresete, Jesu o ne a re: “Me ke di naea botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 10:28) O ne a bua jaana a tlhomamisegile tota: “Eo o dumèlañ o na le botshelō yo bo sa khutleñ . . . O tla tshela ka bosakhutleñ.” (Yohane 6:47, 51) O ne a bua gape jaana: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.

4. Jesu o ne a bua eng kaga tsholofelo ya mo isagweng?

4 Ereka go sena moya o o sa sweng o o falolang loso, tsholofetso ya Bibela ya botshelo jo bosakhutleng e tla diragala jang? Jesu o ne a re naya tshedimosetso e e oketsegileng kaga seno fa a ne a etetse Maratha le Marie morago ga loso lwa kgaitsadiabone Lasaro. O ne a raya Maratha a re: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.” O ne a botsa Maratha jaana: “A mo ua go dumèla?” O ne a araba jaana: “E, Morèna; ke dumetse ha u le Keresete, Morwa Modimo.”—Yohane 11:25-27.

5, 6. Go tsosediwa ga ga Lasaro ke Jesu mo botshelong go ne go bontsha eng?

5 Go bontsha gore ene, jaaka Morwa Modimo, o ne a filwe maatla a go tsosetsa baswi mo botshelong, Jesu o ne a ya kwa lebitleng la ga Lasaro. Lasaro o ne a setse a sule ka malatsi a le manè, mme mmele wa gagwe o ne o setse o simolotse go bola. Lefa go ntse jalo, “[Jesu] a goa ka lencwe ye le godileñ, a re, Lasaro, cwa. Eo o na a shule a cwa, a sa hapilwe mabōgō le maoto ka matsela a phitlhō; sehatlhōgō sa gagwè le shōna se hapilwe ka letsela. Yesu a ba raea, a re, Mo hapololeñ, lo mo lesè a tsamaeè.” (Yohane 11:43, 44) Lasaro yo o suleng o ne a tsoseditswe mo botshelong!

6 Lasaro o ne a sa tsosiwa go tswa kwa legodimong kana gope fela kwa lefelong la semoya. O ne a sa ya kwa lefelong la semoya fa a ne a swa mme o ne a robetse mo lebitleng, koo baswi botlhe ba leng gone. (Pesalema 146:4; Yohane 3:13; Ditihō 2:34) Go ne go tla bo go sa utlwale go akanya gore moya o o sa sweng wa ga Lasaro o ne o ipelela monate kwa legodimong le gore moya oo o ne wa tsewa kwa legodimong mme wa kopanngwa le mmele o o sa itekanelang mo lefatsheng go tshela gape mo lefatsheng leo le tletseng ka tshotlego, bolwetsi, le loso. Mme ereka a ne a se kwa legodimong, go tsosediwa ga gagwe mo botshelong go ne ga itumelelwa, ka go bo go ne go raya gore o ne a tla tshela dingwaga tse di oketsegileng mme a kopane gape le bao a ba ratang. Moragonyana, o ne a tla swa gape.

7, 8. (a) Jesu o ne a tsosa baswi mo makgetlong afe a mangwe? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso tseo tsa go busetsa batho mo botshelong?

7 Fa Jesu a ne a tsosa mosetsanyana yo a neng a sule, batsadi ba gagwe ba ne “ba gakgamala ka kgakgamalō e kgolo.” (Mareko 5:42) Lefa go le jalo, kgabagare mosetsana yoo le ene o ne a swa. Fa Jesu a ne a tsosa morwa wa motlholagadi wa Naina, “poihō ea ba chwara botlhe; me ba galaletsa Modimo.” (Luke 7:16) Mme monna yoo le ene kgabagare o ne a swa. Mabapi le dikgakgamatso tseno, The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhomamisa jaana: “Bao ba neng ba tsosiwa ke Jesu mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng ba ne ba tshwanelwa ke go swa, mme go tsosiwa gono ga go otlelele go sa sweng.”

8 Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a tsosa bano mo baswing? E ne e se go ba naya botshelo jo bosakhutleng ka nako eo, mme go bontsha gore e ne e le Mesia le go bontsha gore Modimo o ne o mo neile maatla. Go ne go dira gore go dumelwe mo thulaganyong ya go tsosiwa ga baswi le botshelo jo bosakhutleng kafa tlase ga puso ya mo isagweng ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo ka Keresete.—Mathaio 6:9, 10; Yohane 11:41, 42.

9. Maratha le Paulo ba ne ba tlhaloganya thuto ya ga Jesu ka tsholofelo ya tsogo jang?

9 Maratha o ne a itse ka tsholofetso eo fa a ne a ntse a kopana le Jesu, ka go bo pelenyana o ne a kile a bua jaana le ene malebana le Lasaro: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” (Yohane 11:24) O ne a itse gore go tsosiwa ga baswi go ne go tla nna eseng mo letsatsing la gagwe (la ga Lasaro) la bofelo, mme mo isagweng, “ka letsatsi ya bohèlō”—Letsatsi la Katlholo, fa baswi botlhe ba tla bo ba tsosiwa kafa tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a itse seo, ka go bo o ne a re: “[Modimo] o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō.” (Ditihō 17:31) Paulo o ne a bua gape jaana: “Go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Ga a ka a bolela gore tsogo e ne e setse e diragala mme gore “go tla nna” jalo mo isagweng—kafa tlase ga puso ya Bogosi.

10. Ke kakgelo efe eo porofesa wa Mofora a e dirang ka ditumelo tsa Labodumedi ka tsogo ya baswi fa di bapisiwa le thuto e e phepafetseng ya Bibela?

10 Mo bukeng Immortality of the Soul or Resurrection of the Dead? porofesa wa Moporotesetanta wa Mofora Oscar Cullmann o kwadile jaana: “Go na le pharologano e kgolo fa gare ga go lebelela ga Bakeresete tsogo ya baswi le tumelo ya Segerika ya moya o o sa sweng. . . . Lemororo Bokeresete moragonyana bo ne bo golaganya ditumelo tse pedi tseno, mme gompieno Mokeresete yo o tlwaelegileng a di tlhakatlhakanya, ga ke bone lebaka la go fitlha seo nna le bakanoki ba bantsi ba bagolo re tsayang gore ke boammaaruri. . . . Botshelo le kgopolo ya jone mo Tesetamenteng e Ntšha go buiwa thata ka jone ka tumelo ya tsogo. . . . Motho, yo totatota a suleng, o busediwa mo botshelong ka tiro e ntšha ya go bopa ya Modimo.”

Tsogo ya Baswi—Ba Tsosediwa Kae?

11, 12. (a) Boikaelelo jwa Modimo ka motho le lefatshe leno ke eng? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe ga bo a fetoga?

11 Fa Modimo o ne o bopa batho, o ne wa ba naya lefatshe jaaka legae la bone la goyagoile, mme boikaelelo jwa gagwe e ne e le go tlatsa polanete eno ka batho ba ba siameng. (Genesise 1:26-28; Pesalema 115:16) Bibela e bua ka Jehofa jaaka “Modimo o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhomamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa.”—Isaia 45:18.

12 Lefa go fetile diketekete tsa dingwaga tsa bosaitekanelang le loso fa esale motho a tsuologa, e santse e le boikaelelo jwa Modimo gore lefatshe e nne legae la goyagoile la motho: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Pesalema 37:29) “Go segō ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lehatshe.” (Mathaio 5:5) Ka gone, fa Jesu a ne a tsosetsa baswi mo botshelong, o ne a ba tsosa gone mo lefatsheng, mme ba ne ka bonako fela ba lemogiwa ke ba bangwe gore ke batho bao ba neng ba sule. Seo se ne sa tlhomamisa gore kafa tlase ga puso ya Bogosi baswi ba tla tsosediwa mo botshelong gone mo lefatsheng go bona tshiamelo ya go tshelela ruri mo go lone. (Tshenolō 20:12, 13) Seo se tla diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka batho le ka lefatshe.—Isaia 46:9-11; 55:11; Tito 1:1, 2.

13. Ke bothata bofe jo dikereke tsa Labodumedi di lebaneng le jone, mme di leka go bo rarabolola jang?

13 Lefa go ntse jalo, ereka dikereke tsa Labodumedi di dumela gore moya ga o swe, seno se ba baya mo mathateng: Ba kgona jang go amanya tsogo ya “motho yo o feletseng,” jaaka go ne go bonala ka Jesu, le tumelo ya bone ya go sa sweng ga moya oo o setseng o ntse o tshela kwa legodimong kana kwa diheleng? The Catholic Encyclopedia e gatelela jaana: “The Fourth Lateran Council e ruta gore batho botlhe, e le ba ba amogelwang kana ba ba boikepo, ‘ba tla tsoga gape ka mebele ya bone ya jaanong.’” E oketsa jaana: “Jaaka mmele e le molekane wa moya mo dilong tse di phoso tseo o di dirang, ebile e le tsala ya one mo masegong a one, tshiamo ya Modimo go lebega e batla gore mmele o abalane le moya fa o otlhaiwa le fa o bona tuelo nngwe.” Go ya ka tumelo eno, mmele o tla kopanngwa le moya kwa legodimong kana kwa diheleng. Ka lobaka lo lokae? “Mebele e e tsositsweng ya baitshepi le baikepi e tla bolokwa mo bosasweng,” buka eo e bolela jalo.

14. Mokwadi wa Mo-Jesuit o leka go phepafatsa pono ya Labodumedi ka go tsosiwa ga mmele jang?

14 Mo bukeng The Future Life, e e kwadilweng ke Jesuit J. C. Sasia, re bala jaana: “Botshelo jwa kwa legodimong ka gone e tla nna jwa menate fela mme e le ka maikutlo a mantle [a mmele o kopantswe le moya].” Malebana le mebele eo e kopanngwang le meya ya yone kwa diheleng, buka eo e bua jaana: “Kwa diheleng, morago ga tsogo [ya mmele], maikutlo ape fela a mmele wa motho a tla bogisiwa . . . Go ikutlwa kana go ama go tla bogisiwa, ka boleo jwa mmele oo e le jone bo bakileng gore dilo tse di gannweng tseno di leofele Modimo. . . . Go kopana ga bone le mebele ya bone go tla dira gore ba tlhokofale le go hutsafala ka mo go oketsegileng.”

15. Ke ka ntlhayang fa go le makgapha go ruta gore Modimo o bogisa batho mo diheleng ka bosakhutleng?

15 Ka gone, go dumela kgopolo ya seheitane ya go sa sweng ga moya, go ne ga bulela Labodumedi tsela ya go amogela gape dikgopolo dingwe tsa seheitane tsa go bogisiwa botlhoko ga meya—le eleng mebele—ka bosakhutleng mo diheleng. Lefa go le jalo, malebana le tlwaelo ya bogologolo ya go fisa bana ba isediwa medimo ya maaka ditlhabelo, Jehofa o ne a bua jaana: “Me . . . ba hisa bana ba bōnè mo moleloñ, gore e nnè dichupèlō tse di hisediwañ Baale; e le se ke se kañ ka se laola, leha e le go se bua, le gōna ga sea ka sa tsèna mo mogopoloñ oa me.” (Yeremia 19:5) Ka jalo ke makgapha go ruta gore Modimo o bogisa batho ka bosakhutleng, fa Lefoko le eleng la gagwe le bontsha ka phepafalo gore baleofi ba ba sa ikwatlhaeng ba tla senngwa, ba tlosediwa ruri. “Motho moñwe le moñwe eo o se ketlañ a reetsa moperofeti [Jesu] eo, o tla senyediwa rure mo bathuñ.”—Ditihō 3:23; bona gape Mathaio 10:28; Luke 17:27; Yohane 3:16; 2 Petere 2:12; Yude 5.

Bosasweng

16. Bibela e ruta eng kaga bosasweng?

16 Lefa go le jalo, a Bibela ga e rute gore batho ba tla isiwa kwa legodimong go tshela botshelo jwa bosasweng koo? Ee, ya rialo. Mme seno ga se amane ka gope le bosasweng jwa moya. Bosasweng bo nna gone fa motho a tsosiwa jaaka sebopiwa sa moya (jaaka Jesu) mme eseng ka go nna ga gagwe le moya o o sa sweng oo o falotseng loso. Tuelo ya mo isagweng ya bosasweng e ne ya newa batho bangwe ba ba ikanyegang, ba ba tshwanang le Keresete mme e ne e tla bonwa fela fa Keresete a ne a busa mo Bogosing jwa selegodimo, mme eseng fela fa Jesu a ne a sena go tlhatlogela kwa legodimong mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Pesalema 110:1; 1 Bakorintha 15:53, 54.

17. Ke ba ba kae bao ba tla bonang bosasweng, mme ba na le karolo efe mo boikaelelong jwa Modimo ka lefatshe?

17 Mo godimo ga moo, ke ba sekae fela bao ba neng ba newa tsholofelo e e ntseng jalo mo lelapeng la motho. Jesu o ne a bitsa bano “lecomanyane.” (Luke 12:32) Setlhopha seno, seo palo ya sone eleng 144 000, se tsosediwa kwa botshelong jwa legodimo jaaka dibopiwa tsa semoya tse di sa sweng go ya go busa lefatshe le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa legodimo. (2 Petere 3:13; Tshenolō 7:4; 14:1, 4; 20:4) Fa nako e ntse e tsamaya lefatshe leo ba tla le busang le tla nna le batho ba ba itekanetseng, bao go sa belaetseng gore e tla bo e le dimilione tse di diketekete. Bontsi jwa batho bao e tla bo e le bao ba boetseng gape mo lefatsheng ka “cogō ya basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Lefa go le jalo, go tla nna le ba bangwe bao ba tla bonang botshelo mo lefatsheng le lesha kwantle ga bao ba tsositsweng mo baswing. Bano ke bomang?

‘Ga Ba Kitla Ba Swa Gope’

18. Mo godimo ga tsholofelo ya go tsosiwa ga batho ba ba suleng, ke selo sefe seo se gakgamatsang seo Jesu a neng a se bolelela pele?

18 Lefa tsholofelo e e tlhomameng ya batho ba ba suleng e le go tsosiwa, go na le tsholofelo e nngwe gape e e gakgamatsang mo motlheng wa rona. E amana le seo Jesu a neng a se bolelela Maratha. Morago ga go bua a re: “Eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela [mo tsogong ya baswi],” Jesu o ne a oketsa ka go re, “me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.” (Yohane 11:25, 26) Polelwana eno e e kwa bofelong, ke eo mo go yone Jesu a neng a bolelela pele selo seno se segolo: Nako e tla tla eo batho ba ba tshelang ba se kitlang ba swa ka gope! Mme e tla nna leng?

19. (a) Ke mo nakong efe eo tsholofelo ya go sa sweng gotlhelele e tla diragadiwang ka yone? (b) Bibela e tlhalosa jang bao ba nang le tsholofelo ya go sa sweng?

19 Jaanong—motlha ono wa rona—ke nako e tsholofetso eo e tla diragadiwang ka yone! Bosupi botlhe bo bontsha gore re setse re le gaufi thata le bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo. (Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5, 13) Ka gone, batho bao gompieno ba dumelang mo Modimong le mo go Morwawe ba na le tsholofelo e e kgatlhisang ya go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno mme ba tswelela ba ntse ba tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo—ba sa swe ka gope! Bano go buiwa ka bone mo go Tshenolō 7:9, 14 jaaka “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō . . . ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo,” bao ba bolokilweng ke Modimo ka gonne ba ne ba bontsha tumelo. Jesu o ne a bua ka go senngwa ga tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo jaaka “sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.”—Mathaio 24:21; bona gape Diane 2:21, 22; Pesalema 37:10, 11, 34.

20, 21. Ba ba dimilione gompieno ba bontsha jang tumelo ya bone mo Modimong le mo go Keresete, mme ke eng seo bontsi jwa bone bo se kitlang bo se tlhoka?

20 Go ralala lefatshe lotlhe, dimilione tsa boidiidi jo bogolo tseo di batlang go tshelela ruri mo lefatsheng di setse di dumela mo ditsholofetsong tsa Modimo le mo go yoo a mo neileng taolo ya “cogō le botshelō,” Jesu Keresete. Mme ba ile ba ineela mo Modimong, ba supa seno ka kolobetso ya metsi. (Mathaio 28:19, 20) Ba dumela gore ba bone poloko ka ntlha ya ‘Modimo wa bone o o dutseng mo setulong sa segosi, le Kwana,’ Jesu Keresete.—Tshenolō 7:10.

21 Boidiidi jo bogolo jwa bao ba falolang bokhutlo jwa lefatshe leno ga ba kitla ba tlhoka go tsosiwa mo baswing ka gonne ‘ga ba kitla ba swa gope’! A o tsaya dikgato tsa go nna mongwe wa setlhopha seno? Fa go ntse jalo, o bulegetswe ke tshiamelo e e gakgamatsang, le e e tlhomologileng jang ne—ya go falola bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo ya ga Satane le go tsenngwa mo nakong e ntšha e e siameng eo e tla go tlisetsang boitekanelo jo bo siameng le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise! (Luke 23:43; Tshenolō 21:4, 5) Ka go ithuta kaga go rata ga Modimo le go ganelela go go dira, o ka bontsha gore ga o mongwe wa “ba ba ikgogonèlañ kwa tatlhegoñ.” Mme o mongwe wa “ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bahebera 10:39; 1 Yohane 2:15-17; Tshenolō 7:15.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Tsholofelo ya boammaaruri ka batho ba ba suleng ke eng?

◻ Ke ka ntlhayang fa tumelo ya Labodumedi ya go tsosiwa ga mmele e le sengwe seo se tlhapatsang Modimo?

◻ Bibela e ruta eng ka bosasweng?

◻ Ke tsholofelo efe e e gakgamatsang eo batho ba ka nnang le yone gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela