Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
“Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna le mororo aa swa, o tla tshela.”—JOHANE 11:25.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa moobamedi wa ga Jehofa a tlhoka go nna le tshepo ka tsholofelo ya tsogo?
TSHOLOFELO ya gago mo tsogong e nonofile go le kanakang? A e go nonotsha gore o se ka wa boifa go swa le go go gomotsa fa o swelwa ke mongwe yo o mo ratang? (Mathaio 10:28; 1 Bathesalonika 4:13) A o tshwana le batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba bogologolo, ba ba ileng ba itshokela go seolwa, go sotliwa, go tlhokofadiwa le go tsenngwa mo kgolegelong, ba nonotshiwa ke go dumela mo tsogong?—Bahebera 11:35-38.
2 Ee, moobamedi yo o peloephepa wa ga Jehofa ga a tshwanela go nna le dipelaelo dipe gore go tla nna le tsogo, e bile tshepo ya gagwe mo tsogong e tshwanetse go ama tsela e a tshelang botshelo jwa gagwe ka yone. Go a itumedisa go akanya ka ntlha ya gore ka nako e e beilweng ke Modimo, lewatle, loso le Hadese di tla ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme ba ba tsositsweng bano ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Tshenolo 20:13; 21:4, 5.
Dipelaelo Malebana le Botshelo Jwa Isagwe
3, 4. Ba le bantsi ba sa ntse ba dumela eng ka botshelo morago ga loso?
3 Labokeresete ga e bolo go ruta gore go na le botshelo morago ga loso. Setlhogo sengwe mo makasineng wa U.S. Catholic se ne sa bolela jaana: “Go ralala dingwaga, Bakeresete ba ile ba leka ka natla go amogela maswabi le dipogiso tsa botshelo jono ba solofetse botshelo jo bongwe, jwa kagiso le kgotsofalo, le jwa boitumelo.” Le mororo mo dinageng di le mmalwa tsa Labokeresete, batho ba sa tlhole ba kgatlhegela bodumedi e bile ba sa tlhole ba bo tshepa, ba le bantsi ba sa ntse ba akanya gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe morago ga loso. Mme go na le dilo tse dintsi tse ba sa tlhomamisegeng ka tsone.
4 Setlhogo sengwe mo makasineng wa Time se ne sa bolela jaana: “Batho ba sa ntse ba dumela mo [gore go na le botshelo morago ga loso]: ke fela gore ga ba tlhole ba gopola sentle gore thuto eno ya reng totatota, e bile ga ba tlhole ba utlwa baruti ba bone ba ruta thata ka yone.” Ke ka ntlha yang fa baruti ba bodumedi ba sa tlhole ba bua thata ka botshelo morago ga loso jaaka ba ne ba dira pele? Mokanoki mongwe wa bodumedi e bong Jeffrey Burton Russell o bolela jaana: “Ke akanya gore [baruti] ba batla go tila kgang eo ka gonne ba akanya gore ba tla tshwanela ke go fenya pele bothata jwa go belaela ga batho.”
5. Ba le bantsi ba leba jang thuto ya molelo wa dihele gompieno?
5 Mo dikerekeng di le dintsi, botshelo morago ga loso bo akaretsa legodimo le molelo wa dihele. Mme fa baruti ba etsaetsega go bua ka legodimo, ba etsaetsega le go feta go bua ka dihele. Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang longwe se ne sa bolela jaana: “Mo malatsing ano tota le dikereke tse di dumelang mo kotlhaong ya bosakhutleng mo diheleng tsa mmatota . . . ga di gatelele kgopolo eo.” Eleruri, bontsi jwa baithutabodumedi ba segompieno ga ba tlhole ba dumela gore dihele ke lefelo la mmatota la tlhokofatso, jaaka go ne go rutiwa mo Metlheng ya Bogare. Go na le moo, ba rata tlhaloso e e nang le “go utlwela botlhoko thata” ya dihele. Go ya ka baithutabomodimo ba le bantsi ba segompieno, baleofi ba ba kwa diheleng ga ba tlhokofadiwe ka tsela ya mmatota, mme ba boga ka ntlha ya go “kgaogana ga bone ka tsela ya semoya le Modimo.”
6. Bangwe ba lemoga jang gore tumelo ya bone e a tlhaela fa ba lebana le bomadimabe?
6 Go nolofatsa thuto ya kereke gore go se ka ga kgopisiwa batho ba motlha ono ba ba amegang ka bonako go ka nna ga thusa bangwe gore ba tile go se ratwe ke batho, mme go tlogela dimilione tsa batsenakereke ba ipotsa gore ba dumele eng. Ka jalo, fa ba lebana le loso ka tlhamalalo, gantsi batho bano ba fitlhela gore tumelo ya bone e a tlhaela. Ba ikutlwa jaaka mosadi mongwe yo o neng a swelwa ke maloko a le mmalwa mo lelapeng ka ntlha ya kotsi ya masetlapelo. Fa a ne a bodiwa gore a tumelo ya gagwe ya bodumedi e mo gomoditse, o ne a araba jaana a etsaetsega, “Ke akanya jalo.” Mme le fa a ka bo a ile a araba a tlhatswegile pelo gore tumelo ya gagwe e mo thusitse, go ne go tla mo solegela molemo go le kanakang fa dilo tse a di dumelang di ne di sa thewa mo motheong o o siameng? Eno ke kgang e e botlhokwa thata ka gonne, totatota, se dikereke di le dintsi di se rutang malebana le botshelo jwa isagwe se farologana thata le se Baebele e se rutang.
Pono ya Labokeresete ka Botshelo Morago ga Loso
7. (a) Dikereke tse dintsi di na le tumelo efe e e tshwanang? (b) Moithutabomodimo mongwe o ne a tlhalosa jang thuto ya moya o o sa sweng?
7 Le fa gone di na le fa di farologanang gone, mo e ka nnang ditumelo tsotlhe tsa Labokeresete di dumelana gore batho ba na le moya o o sa sweng o o falolang fa mmele o swa. Bontsi jwa tsone di dumela gore fa motho a swa, moya wa gagwe o ka nna wa ya legodimong. Bangwe ba boifa gore moya wa bone o ka nna wa ya kwa diheleng tsa molelo kana kwa pakatoring. Mme kgopolo ya moya o o sa sweng ke yone selo sa konokono fa ba akanya ka botshelo jwa mo isagweng. Moithutabomodimo e bong Oscar Cullmann, mo tlhamong e e gatisitsweng mo bukeng ya Immortality and Resurrection, o ne a akgela ka seno. O ne a kwala jaana: “Fa re ne re ka botsa Mokeresete yo o tlwaelegileng gompieno . . . gore o akanya gore thuto ya Tesetamente e Ntšha ke eng malebana le gore motho o felela kae morago ga loso, kwantle ga ba le mmalwa fela ba ba ka buang se se farologaneng re tla utlwa karabo e e reng: ‘Go sa sweng ga moya.’” Le fa go ntse jalo, Cullmann o ne a oketsa jaana: “Kgopolo eno e e amogelwang ke batho ba le bantsi ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse di sa tlhaloganngweng mo Bokereseteng.” Cullmann o ne a bolela gore fa a ne a bolela seno lekgetlho la ntlha, o ne a tsosa kgaruru. Le fa go ntse jalo, o ne a nepile.
8. Jehofa o ne a naya monna le mosadi wa ntlha tsholofelo efe?
8 Jehofa Modimo ga a ka a bopa batho gore ba ye legodimong fa ba sena go swa. Tota e bile e ne e se boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong gore ba swe. Adame le Efa ba ne ba bopilwe ba itekanetse mme ba ne ba filwe tshono ya gore ba tlatse lefatshe ka bana ba ba siameng. (Genesise 1:28; Duteronome 32:4) Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba tla swa fela fa ba sa utlwe Modimo. (Genesise 2:17) Fa ba ne ba ile ba nna ba le kutlo mo go Rraabone wa selegodimo, ba ka bo ba ile ba tswelela ba tshelela ruri mo lefatsheng.
9. (a) Boammaaruri ka moya wa motho ke eng? (b) Go diragala eng ka moya fa o swa?
9 Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Adame le Efa ba ne ba palelwa ke go utlwa Modimo. (Genesise 3:6, 7) Matswela a a utlwisang botlhoko a gone a tlhalosiwa jaana ke moaposetoloi Paulo: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Go na le gore ba tshelele ruri mo lefatsheng, Adame le Efa ba ne ba swa. Go ne ga diragala eng morago ga foo? A ba ne ba nna le meya e e sa sweng e jaanong e neng e ka isiwa kwa diheleng tsa molelo ka ntlha ya boleo jwa bone? Go farologana le seo, Baebele e bolela gore pele ga moo, fa a ne a bopiwa, Adame “a direga mowa o o tshedileng.” (Genesise 2:7) Motho ga a ka a newa moya; o ne a nna moya, motho yo o tshelang. (1 Bakorintha 15:45) Ebu, e ne e se Adame fela yo e leng “mowa o o tshedileng” mme, jaaka go bontshitswe mo puong ya Sehebera e Genesise e kwadilweng ka yone, diphologolo tsa maemo a a kwa tlase le tsone e ne e le “meya e e tshedileng”! (Genesise 1:24, NW) Fa Adame le Efa ba swa, ba ne ba nna meya e e suleng. Kgabagare, go ne ga diragala ka bone fela jaaka Jehofa a ne a bolelela Adame: “O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago go fitlhelela o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.
10, 11. New Catholic Encyclopedia e dumela eng malebana le thuto ya Baebele ka moya, mme seno se tshwana jang le se Baebele e se bolelang?
10 Tota e bile, New Catholic Encyclopedia e dumalana le seno. Mo setlhogong sa yone sa “Moya (mo Baebeleng),” e bolela jaana: “Ga go na kgaogano [go kgaogana ka dikarolo di le pedi] ya mmele le moya mo [“Tesetamenteng e Kgologolo,” kana mo Dikwalong Tsa Sehebera].” E oketsa ka gore mo Baebeleng, lefoko “moya” “le ka motlha ga le ke le raya moya o kgaogane le mmele kana motho ka boene.” Eleruri, gantsi moya “o raya sebopiwa ka bosone e ka tswa e le diphologolo kana batho.” Boammaaruri jo bo ntseng jalo bo a lapolosa, mme motho o ipotse fela gore ke ka ntlha yang fa batsenakereke ka kakaretso ba sa bolelelwe ka dilo tseno.
11 A bo batsenakereke ba ka bo ba thusitswe thata jang ne gore ba se ka ba tlhobaela le go boifa fa ba ne ba ka bo ba itse ka boammaaruri jo bo motlhofo jono jwa Baebele: “Mowa o o leofang go tlaa swa one,” e seng go boga mo molelong wa dihele! (Esekiele 18:4) Le fa seno se farologana thata le se Labokeresete e se rutang, se dumalana sentle le se monna yo o botlhale Solomone a neng a se bolela ka tlhotlheletso: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo [mo botshelong jono]; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe. Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong [lebitla la batho le le tlwaelegileng], kwa o yang gone.”—Moreri 9:5, 10.
12. Labokeresete e ne ya bona kae thuto ya yone malebana le moya o o sa sweng?
12 Ke ka ntlha yang fa Labokeresete e ruta selo se se farologaneng thata jaana le se Baebele e se bolelang? New Catholic Encyclopedia, mo setlhogong sa yone sa “Moya, Motho, Go sa Sweng ga,” e bolela gore Borara ba Kereke ba bogologolo ba ne ba tshegediwa mo tumelong ya bone ya go sa sweng ga moya, e seng ke Baebele, mme ke “baboki le batlhalefi dithuto tse di tlwaelegileng tsa ngwao ya Segerika . . . Moragonyana bakanoki ba ne ba tlhopha go dirisa Plato kana melaometheo ya ga Aristotle.” E bolela gore “tlhotlheletso ya dikgopolo tsa ga Plato le megopolo e mesha ya ga Plato”—go akaretsa le go dumela gore moya ga o swe—kgabagare e ne ya tsenngwa “mo teng ga thutabomodimo ya Bokeresete.”
13, 14. Ke ka ntlha yang fa go sa utlwale go solofela go sedifadiwa ke batlhalefi ba baheitane ba Bagerika?
13 A batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba tshwanetse go ya kwa batlhalefing ba Bagerika ba baheitane go ithuta ka sengwe se se botlhokwa se se jaaka tsholofelo ya botshelo morago ga loso? Le e seng. Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba ba nnang kwa Korintha, Gerika, o ne a bolela jaana: “Botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong; gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwara ba ba botlhale mo bohelepeng jwa bone.’ Mme gape: ‘Jehofa o itse gore dikakanyo tsa batho ba ba botlhale ga di na mosola.’” (1 Bakorintha 3:19, 20) Bagerika ba bogologolo e ne e le baobamedi ba medingwana. Ka jalo he, ba ka nna jang motswedi wa boammaaruri? Paulo o ne a botsa Bakorintha jaana: “Tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana? Gonne re tempele ya Modimo o o tshelang; fela jaaka Modimo o ne wa re: ‘Ke tla aga gareng ga bone ke ba ke tsamaya gareng ga bone, mme ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.’”—2 Bakorintha 6:16.
14 Tshenolo ya boammaaruri jo bo boitshepo e ne ya senolwa pele ka setšhaba sa Iseraele. (Baroma 3:1, 2) Morago ga 33 C.E., e ne ya senolwa ka phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Fa Paulo a ne a bua ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a bolela jaana: “Modimo o . . . senoletse rona [dilo tse di baakanyeditsweng ba ba mo ratang] ka moya wa gagwe.” (1 Bakorintha 2:10; bona gape Tshenolo 1:1, 2.) Thuto ya Labokeresete ya moya o o sa sweng e tserwe mo botlhajaneng jwa Segerika. Ga e a senolwa ka ditshenolo tse Modimo a di senoletseng Iseraele kana ka phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bakeresete ba ba tloditsweng.
Tsholofelo ya Mmatota ka Baswi
15. Go ya ka Jesu, tsholofelo ya mmatota ya baswi ke eng?
15 Fa e le gore ga go na moya o o sa sweng, tsholofelo ya baswi ya mmatota ke eng? Kwantle ga pelaelo, ke tsogo ya baswi, thuto ya konokono ya Baebele e bile e le tsholofetso e e itumedisang ya Modimo. Jesu o ne a bua ka tsholofelo ya tsogo ya baswi fa a ne a bolelela tsala ya gagwe Maratha jaana: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Johane 11:25) Go dumela mo go Jesu go raya go dumela mo tsogong ya baswi, e seng mo moyeng o o sa sweng.
16. Ke ka ntlha yang fa go utlwala go dumela mo tsogong ya baswi?
16 Jesu o ne a buile ka tsogo ya baswi pelenyana ga foo fa a ne a bolelela Bajuda bangwe jaana: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe mme ba tswe.” (Johane 5:28, 29) Se Jesu a se tlhalosang fano se farologana thata le moya o o sa sweng o o falolang fa mmele o swa mme o ya ka tlhamalalo kwa legodimong. Ke ‘go tswa’ mo nakong e e tlang ga batho ba ba neng ba ntse ba le mo mabitleng, ba le bantsi ba bone ka makgolokgolo a dingwaga kana tota le ka diketekete tsa dingwaga. Ke meya e e suleng e e boang e tshela. A ke selo se se ka se kang sa kgonega? E seng mo Modimong “yo o tshedisang baswi a ba a bitsa dilo tse di seyong jaaka e kete di ne di le gone.” (Baroma 4:17) Batho ba ba belaelang ba ka nna ba nyatsa kgopolo ya gore batho ba tla tsoga mo baswing, mme e dumalana sentle le lebaka la go bo “Modimo [a le] lorato” le gore ke “moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.”—1 Johane 4:16; Bahebera 11:6.
17. Modimo o tla fitlhelela eng ka tsogo ya baswi?
17 Gone mme, Modimo o tla duela jang ba ba neng ba itshupa ba “le boikanngo le eleng go ya losong” fa a sa ba tsose gore ba tshele gape? (Tshenolo 2:10) Tsogo ya baswi gape e dira gore Modimo a kgone go fitlhelela se moaposetoloi Johane a neng a kwala jaana ka sone: “Morwa Modimo o ne a bonatshiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Morago kwa mo tshimong ya Edena, Satane o ne a nna mmolai wa batho botlhe fa a ne a dira gore batsadi ba rona ba ntlha ba leofe le go swa. (Genesise 3:1-6; Johane 8:44) Jesu o ne a simolola go senya ditiro tsa ga Satane fa a ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna thekololo e e tshwanelang, a bulela batho tsela ya gore ba gololwe mo bokgobeng jwa boleo jo bo bakilweng ke go tlhoka kutlo ka boomo ga ga Adame. (Baroma 5:18) Go tsosiwa mo baswing ga ba ba swang ka ntlha ya boleo jono jwa ga Adame e tla nna tsela e nngwe ya go senya ditiro tsa ga Diabolo.
Mmele le Moya
18. Batlhalefi bangwe ba Bagerika ba ne ba tsibogela jang polelo ya ga Paulo ya gore Jesu o tsositswe mo baswing mme ka ntlha yang?
18 Fa moaposetoloi Paulo a ne a le kwa Athena, o ne a rerela setlhopha sa batho ba ba neng ba akaretsa batlhalefi ba Bagerika dikgang tse di molemo. Ba ne ba reetsa motlotlo wa gagwe o o malebana le Modimo o le mongwe wa boammaaruri le fa a ne a ikuela mo go bone gore ba sokologe. Mme ke eng se se neng sa diragala morago ga foo? Paulo o ne a konela puo ya gagwe ka go bolela jaana: “[Modimo] o tlhomile letsatsi le o ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo o mo tlhomileng, e bile o neile batho botlhe tlhomamisetso ka o mo tsositse mo baswing.” Mafoko ao a ne a baka khuduego. “E rile ba utlwa ka tsogo ya baswi, bangwe ba simolola go sotla.” (Ditiro 17:22-32) Moithutabomodimo e bong Oscar Cullmann o bolela jaana: “Mo Bagerikeng ba ba neng ba dumela gore moya ga o swe go ka tswa go ne go le thata le go feta jaaka go ne go ntse mo go ba bangwe gore ba amogele thero ya Bokeresete ya tsogo ya baswi. . . . Go ne go ka se direge gore thuto ya batlhalefi ba bagolo Socrates le Plato e tsamaisane [e dumalane] le ya Tesetamente e Ntšha.”
19. Baithutabomodimo ba Labokeresete ba ne ba leka jang go dumalanya thuto ya tsogo ya baswi le thuto ya moya o o sa sweng?
19 Le fa go ntse jalo, morago ga botlhanogi jo bogolo fa baaposetoloi ba sena go swa, baithutabomodimo ba ne ba dira ka natla go kopanya thuto ya Bokeresete ya tsogo ya baswi le tumelo ya ga Plato ya moya o o sa sweng. Fa nako e ntse e ya, bangwe ba ne ba dumalana ka tharabololo eno e e neng e sa tlwaelega: Fa motho a swa, moya o kgaogana (“o gololwa,” jaaka bangwe ba tlhalosa) le mmele. Morago ga foo, go ya ka Outlines of the Doctrine of the Resurrection, ka R. J. Cooke, ka Letsatsi la Katlholo “mmele mongwe le mongwe o tla boa o kopanngwa gape le moya wa one, le moya mongwe le mongwe le mmele wa one.” Go twe go kopanngwa gape ga mmele le moya wa one o o sa sweng mo nakong e e tlang ke tsogo ya baswi.
20, 21. Ke bomang ba ba ileng ba ruta boammaaruri ba sa fetoge ka tsogo ya baswi, mme seno se ile sa ba solegela molemo jang?
20 Kgopolo eno e sa ntse e le thuto ya konokono mo dikerekeng tse dikgolo. Le fa kgopolo e e ntseng jalo e ka tswa e utlwala mo moithutabomodimong, bontsi jwa batsenakereke ga ba e itse. Ba dumela fela gore ba tla ya ka tlhamalalo kwa legodimong fa ba swa. Ka ntlha ya seno, mo kgatisong ya May 5, 1995, ya Commonweal, mokwadi John Garvey o ne a latofatsa jaana: “Tumelo ya Bakeresete ba le bantsi [malebana le kgang ya botshelo morago ga loso] e bonala e dumalana thata le dikgopolo tsa ga Plato go na le sepe fela se e leng sa Bokeresete tota, mme ga e na motheo ope wa Baebele.” Eleruri, ka go tlogela Baebele ba latela Plato, baruti ba Labokeresete ba ile ba tima matsomane a bone tsholofelo ya Baebele ya tsogo ya baswi.
21 Kafa letlhakoreng le lengwe, Basupi ba ga Jehofa ba gana botlhalefi jwa boheitane mme ba tshegetsa thuto ya Baebele ya tsogo ya baswi. Ba fitlhela thuto e e ntseng jalo e aga, e kgotsofatsa e bile e gomotsa. Mo ditlhogong tse di latelang, re tla bona kafa thuto ya Baebele ya tsogo ya baswi e leng boammaaruri ka gone le kafa e utlwalang ka gone, mo go ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng mmogo le ba ba nang le tebelelo ya go tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo. Go ipaakanyetsa go sekaseka ditlhogo tseno, re akantsha gore o bale ka kelotlhoko kgaolo 15 ya lekwalo la ntlha le le kwaletsweng Bakorintha.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhagolela tumelo e e nonofileng mo tsogong ya baswi?
◻ Jehofa o ne a naya Adame le Efa tsholofelo efe?
◻ Ke ka ntlha yang fa go sa utlwale go batla boammaaruri mo botlhalefing jwa Segerika?
◻ Ke ka ntlha yang fa tsogo ya baswi e le tsholofelo e e utlwalang?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Fa ba ne ba leofa, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba latlhegelwa ke tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Bakanoki ba kereke ba ne ba tlhotlhelediwa ke tumelo ya ga Plato ya moya o o sa sweng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Musei Capitolini, Roma