Tsholofelo e e Botoka ya Moya
MASOLE a Baroma a ne a sa lebelela seno. Fa ba ne ba phomegela kwa boitshireletsong jwa thaba ya kwa Masada, e e neng e le boiphemelo jwa bofelo jwa masole a batsuolodi a Bajuta, ba ne ba ipaakanyeditse go tlhasela baba ba bone, go utlwa batlhabani ba goa, go utlwa basadi le bana ba bokolela. Mo boemong jwa seo ba ne ba utlwa go thanthanyega ga kgabo ya molemo fela. Fa Baroma ba fitlha kwa boitshireletsong jo bo neng bo sha ka molelo, ba ne ba bona tiragalo ya mmatota e e boitshegang: baba ba bone—ba e neng e ka nna batho ba le 960—ba setse ba sule! Batlhabani ba Bajuta ba ne ba bolaile ba malapa a bone ka go latelana ga bone, morago ga moo ba bolaana ka bobone. Motho yo o neng a setse o ne a ipolaya.a Ke eng se se neng sa dira gore batho ba swe ba le bantsi jaana ka tsela e e boitshegang le ya go ipolaya?
Mokwalahisetori e bong Josephus yo o neng a tshela ka nako eo o bolela gore lebaka la seo thatathata e ne e le go bo ba ne ba dumela gore moya ga o swe. Eleazar Ben Jair, yo e neng e le moeteledipele wa Batlhagafalelasejuta kwa Masada, la ntlha o ne a lekile go tlhotlheletsa batho ba gagwe gore go ipolaya go ne go tla bontsha go tlotlega go na le go bolawa ke Baroma kana go nna makgoba a bone. E ne ya re fa a bona ba okaoka, o ne a simolola go bua polelo e e tlhotlheletsang malebana le moya. O ne a ba bolelela gore mmele ke selo fela se se imelang batho, se se kgoreletsang moya. “Mme fa se golotswe mo mmeleng o o bokete o o se gogelang mo lefatsheng le o o se tsentseng mo go one,” o ne a tswelela pele ka gore, “moya o boela kwa morago kwa lefelong la one, koo tota o neelwang maatla a a segofaditsweng le nonofo e e sa lekanyediwang gotlhelele, o bo o sa bonwe ka matlho a motho fela jaaka Modimo ka Boene a sa bonwe.”
Batho ba ne ba itshwara jang? Josephus o bega gore morago ga gore Eleazar a golole tlou le maroo mo ntlheng eno, “bareetsi botlhe ba gagwe ba ne ba kgaosetsa puo ya gagwe mme ba itlhaganelela go ya go bolaya ba tletse matlhagatlhaga a magolo.” Josephus o oketsa jaana: “Ba ne ba nanoga jaaka e kete ba ne ba tsenwe ke mowa, mongwe le mongwe a batla go nna wa ntlha go bolaya, . . . ka jalo keletso eo e ne ya dira gore ba bolaye basadi ba bone, bana ba bone le go ipolaya go se ope yo o neng a ka ba thiba kwa pele.”
Sekai seno se se boifisang se bontsha fela kafa thuto eno ya gore moya ga o swe e ka fetolang thata ka teng kgopolo e batho ba e tlwaetseng ya loso. Badumedi ba rutiwa gore ba tseye loso e le kgoro ya go golola moya gore o tshele botshelo jwa maemo a a kwa godimo mme ba se ka ba lo tsaya e le mmaba yo mogolo wa motho. Mme ke ka ntlha yang fa Bajuta bao ba Batlhagafalelasejuta ba ne ba dumela tsela eno? Batho ba le bantsi ba ne ba tla akanya gore dikwalo tsa bone tse di boitshepo, e leng Dikwalo tsa Sehebera, di ruta gore motho o na le moya o o tshelang mo go ene, e leng moya o o tswang mo go ene gore o tswelele pele o tshela morago ga loso. A tota go ntse jalo?
Moya mo Dikwalong Tsa Sehebera
Ka bokhutshwane, karabo ke nnyaa. Go tloga fela mo bukeng ya ntlhantlha ya Baebele ya Genesise, re bolelelwa gore moya ga se selo se o nang le sone, ke selo se o leng sone. Re bala jaana ka go bopiwa ga ga Atame, e bong motho wa ntlha: “Motho a direga mowa o o tshedileng.” (Genesise 2:7, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano go raya moya, neʹphesh, le bonala ka makgetlho a a fetang 700 mo Dikwalong tsa Sehebera, mme ga go na gope mo le neng le akantsha gore ke karolo ya motho e e kgaoganeng, ya selegodimo le ya semoya. Se se farologaneng le seo, moya o a tshwarega, ke selo sa mmatota, o na le mmele.
Leba ditemana tse di umakilweng fano mo Baebeleng ya gago, ka gonne lefoko la Sehebera neʹphesh le fitlhelwa mo go nngwe le nngwe ya tsone. Di bontsha sentle gore moya o ka tlhagelwa ke kotsi, ke mathata, tota le gone go utswiwa. (Duteronome 24:7; Baatlhodi 9:17; 1 Samuele 19:11); o ka tshwara dilo (Jobe 6:7); o ka tsenngwa mo diketaneng tsa tshipi (Pesalema 105:18); o ka eletsa go ja, o ka patikiwa ka go ikitsa go ja, o ka idibadiwa ke tlala le lenyora; le go tsenwa ke bolwetse jo bo bolayang kana go tlhobaela ka ntlha ya go hutsafala. (Duteronome 12:20; Pesalema 35:13; 69:10; 106:15; 107:9; 119:28) Ka mafoko a mangwe, e re ka moya e le wena, wena ka namana, moya wa gago o ka diragalelwa ke sepe fela se se ka go diragalelang.b
A jaanong seo se raya gore moya tota o ka swa? Ee. Go na le gore gotwe meya ya batho ga e swe, go buiwa ka yone mo Dikwalong tsa Sehebera e ‘kgaotswe,’ kana e bolaetswe go dira molato, e iteilwe ya bo ya swa, e bolailwe, e bile e kgabetletswe. (Ekesodo 31:14; Duteronome 19:6; 22:26; Pesalema 7:2) Esekiele 18:4 e bolela jaana: “Mowa o o leofang go tlaa swa one.” Go phepafetse gore meya ya batho e tlile go felela e sule, ka gonne rotlhe re leofile. (Pesalema 51:5) Monna wa ntlha, Atame, o ne a bolelelwa gore kotlhao ya boleo ke loso—e seng go isiwa kwa lefelong la meya le go nnela ruri o sa swe. (Genesise 2:17) Mme fa a sena go leofa, o ne a atlholwa jaana: “Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Fa Atame le Efa ba sena go swa, ba ne ba nna se gantsi Baebele e se bitsang ‘ditoto tsa batho’ kana “baswi.”—Dipalo 5:2; 6:6.
Ga go gakgamatse go bo The Encyclopedia Americana e bolela jaana ka moya mo Dikwalong tsa Sehebera: “Kgopolo ya motho e e mo Tesetamenteng e Kgologolo ke ya go kopana, e seng go kopana ga moya le mmele.” E oketsa jaana: “Nefesh . . . ga go ise go akanngwe ka gore e a tshela kwa ntle ga mmele.”
Ka jalo, Bajuta ba ba ikanyegang ba ne ba dumela gore loso ke eng? Ka tsela e e motlhofo fela, ba ne ba dumela gore loso ke pharologanyo ya botshelo. Pesalema 146:4 e bolela se se diragalang fa moya (spirit), kana maatla a botshelo, a tswa mo mmeleng wa motho: “Mowa [spirit] wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.”c Ka mo go tshwanang, Kgosi Solomone o ne a kwala gore baswi “ga ba itse sepe.”—Moreri 9:5.
Ke ka ntlha yang he, fa Bajuta ba le bantsi ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba jaaka Batlhagafalelasejuta ba kwa Masada, ba ne ba tlhatswegile pelo gore moya ga o swe?
Tlhotlheletso ya Segerika
Bajuta ba ne ba sa tseye kgopolo eno mo Baebeleng, mme ba ne ba e tsaya mo Bagerikeng. Mo bogareng jwa lekgolo la bosupa le la botlhano la dingwaga B.C.E., go bonala kgopolo eno e ne e tswa mo makokong a a belaetsang a bodumedi a Segerika e bo e fetoga go nna filosofi ya Segerika. Kgopolo ya go tshela morago ga loso koo meya e e bosula e tla bong e otlhaiwa ka tsela e e botlhoko e sale ka e ntse e kgatlhegelwa thata ke batho, mme kgopolo eno e ne ya tlhomiwa ya bo ya anama. Bafilosofi ba ne ba ganetsana ba sa fetse malebana le popego ya mmatota ya moya. Homer o ne a bolela gore moya o a tswa ka nako ya loso, o utlwala o suma, o tswirinya, kana o gwasa. Ka gone, Epicurus o ne a bolela gore tota moya o ne o na le boima e bile o na le mmele o monnye.d
Mme gongwe motho yo o neng a buelela thata gore moya ga o swe e ne e le mofilosofi wa Mogerika wa mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E. e bong Plato. Tsela e a neng a tlhalosa loso la morutisi wa gagwe e bong Socrates, e senola dikgopolo tse di tshwanang thata le tsa Batlhagafalelasejuta ba kwa Masada makgolokgolo a dingwaga morago ga moo. Fela jaaka mokanoki Oscar Cullmann a bolela, “Plato o bontsha kafa Socrates a swang ka gone ka kagiso le ka tsela e e ritibetseng. Loso lwa ga Socrates lo lontle thata. Ga gona sepe se se bonweng se tshosa ka loso fano. Socrates a ka se tshabe loso, ka gonne tota lo re golola mo mmeleng. . . . Loso ke tsala e tona ya moya. Ka jalo o a ruta; mme ka go dumalana sentlentle le thuto ya gagwe, o a swa.”
Go bonala e ne e le ka nako ya ga Maccabees, mo lekgolong la bobedi la dingwaga pele ga ga Keresete, moo Bajuta ba neng ba simolola go kopanya thuto eno le ya Bagerika. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Josephus o re bolelela gore Bafarasai le Baesene—ditlhopha tsa bodumedi tsa Sejuta tse di neng di nonofile—di inaakanya le thuto eno. Maboko mangwe a gongwe a neng a kwalwa mo motlheng oo a bolela ka tumelo e e tshwanang.
Lefa go ntse jalo, go tweng ka Jesu Keresete? A ene le balatedi ba gagwe ka mo go tshwanang ba ne ba ruta kgopolo eno e e tswang mo bodumeding jwa Segerika?
Tsela e Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Leba Moya ka Yone
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tseye moya jaaka Bagerika ba ne ba o tsaya. Ka sekai, akanya ka loso lwa ga Lasaro tsala ya ga Jesu. Fa e le gore Lasaro o ne a na le moya o o sa sweng o o neng wa tswa ka nako ya loso lwa gagwe, o gololesegile e bile o itumetse, a pego e e mo go Johane kgaolo 11 e ne e ka se ka ya balega ka tsela e e farologaneng? Eleruri Jesu o ne a tla bolelela balatedi ba gagwe gore Lasaro o a tshela e bile o itekanetse mme o tshela kwa legodimong; se se farologaneng le seo, o ne a bolela mafoko a a dumalanang le Dikwalo tsa Sehebera a bo a ba bolelela gore Lasaro o robetse, ga a ikutlwe. (Temana ya 11) Eleruri Jesu o ka bo a itumetse fa e le gore tsala ya gagwe e ne e itumelela botshelo jo bosha jo bo molemolemo; go na le moo, re mmona a lela phatlalatsa fa a utlwa ka loso lono. (Temana ya 35) Eleruri, fa e le gore moya wa ga Lasaro o ne o le kwa legodimong, o le mo boitumelong jwa go sa swe, Jesu o ka bo a sa nna setlhogo jaana mme a mmitse gape gore a tshele dingwaga di sekaenyana mo “kgolegelong” ya mmele o o sa itekanelang wa batho ba ba lwalang le ba ba swang.
A Lasaro o ne a tsoga mo losong a bo a tla go bolela ka malatsi a gagwe a a itumedisang a manè jaaka yo o neng e le moya o o gololesegileng, o o kgaoganeng le mmele? Nnyaa, go ne go sa nna jalo. Batho ba ba dumelang gore moya ga o swe ba tla araba ka gore ke ka go bo se se diragaletseng monna yono se ne se gakgamatsa thata go ka se tlhalosa. Mme kgang eo e ka se tlhatswe motho pelo; legale, a gone Lasaro o ka bo a sa ka a bolelela baratiwa ba gagwe gongwe seo fela—gore o diragaletswe ke sengwe se se gakgamatsang thata go ka se tlhalosa? Go na le moo, Lasaro ga a ise a ko a bue sepe ka dilo tse di neng tsa mo diragalela fa a sule. Akanya fela—o ne a sa bue ka kgang e e leng ya moruthutha mo bathong ba ba batlang go itse ka yone go feta epe e nngwe gape: gore loso lo utlwala jang! Go didimala ga gagwe go ka tlhalosiwa ka tsela e le nngwe fela. Go ne go sena sepe se a neng a ka se bua. Baswi ba robetse, ga ba utlwe sepe.
Ka jalo, a Baebele e bolela gore loso ke tsala ya moya, e leng mokgwa fela wa loeto lo lo fa gare ga ditiragalo tsa botshelo? Nnyaa! Bakeresete ba boammaaruri ba ba jaaka moaposetoloi Paulo, ba ne ba sa tseye loso e le tsala; e ne e le “mmaba wa bofelo.” (1 Bakorinthe 15:26) Bakeresete ga ba bone loso e le selo sa tlholego, mme ba se bona e le se se tshosang, se e seng sa tlholego, ka gonne totatota se bakilwe ke boleo le go tsuologela Modimo. (Baroma 5:12; 6:23) Ga e ise e ko e nne karolo ya boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho.
Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba na le tsholofelo fa go tla mo ntlheng ya go swa ga moya. Tsogo ya ga Lasaro ke nngwe ya dipego di le dintsi tsa Baebele tse di re bontshang ka phepafalo tsholofelo ya boammaaruri ya Dikwalo ka meya e e suleng—e leng tsogo. Baebele e ruta ka mefuta e mebedi e e farologaneng ya tsogo. Bontsi jo bogolo jwa batho ba ba robetseng mo mabitleng, e ka tswa e le basiami kana basiamolodi, bo solofetse go tsogela mo botshelong jo bo sa khutleng mo Paradaiseng gone mo lefatsheng. (Luke 23:43; Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Setlhotshwana se Jesu a neng a bolela gore ke “letsomanyane” la gagwe, se tla tsogela mo botshelong jwa bosasweng kwa legodimong e le batho ba moya. Bano, go akaretsa le baaposetoloi ba ga Keresete, ba tla busa le Keresete Jesu ba busa batho le go ba isa kwa boitekanelong.—Luke 12:32; 1 Bakorinthe 15:53, 54; Tshenolo 20:6.
Ke ka ntlha yang he, fa re fitlhela gore thuto ya dikereke tsa Labokeresete e se tsogo, mme e le go sa sweng ga moya? Akanya ka karabo e Werner Jaeger wa moithutabomodimo a neng a e neela mo makasineng wa The Harvard Theological Review bogologolo ka 1959: “Ntlha e nngwe e e botlhokwa thata mo hisitoring ya thuto ya Bokeresete e ne e le gore rara wa thutabomodimo wa Mokeresete e bong Origen, e ne e le mofilosofi wa ga Plato kwa sekolong sa ga Alexandria. O ne a oketsa thuto ya Bokeresete ka dithuto tse dintsi thata tsa moya, tse a neng a di tsere mo go Plato.” Ka jalo kereke e ne e dirile fela se Bajuta ba neng ba se dira mo makgolong a dingwaga pele ga moo! Ba ne ba tlogela dithuto tsa Baebele ba dumalana le filosofi ya Segerika.
Kwa Thuto Eno e Simologileng Teng Tota
Jaanong batho bangwe ba ka nna ba botsa jaana, ba batla go emela thuto ya go sa sweng ga moya, Ke ka ntlha yang fa go rutwa ka thuto e e tshwanang, ka ditsela tse di sa tshwaneng, ke batho ba le bantsi ba ditumelo tsa lefatshe? Dikwalo di ntsha lebaka le le utlwalang la go bo thuto eno e tletsetletse jaana mo ditumelong tsa lefatshe leno.
Baebele e re bolelela gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula” mme segolobogolo e senola Satane e le “kgosana ya lefatshe leno.” (1 Johane 5:19; Johane 12:31) Go phepafetse gore ditumelo tsa lefatshe le tsone di ile tsa tlhotlhelediwa ke Satane. Se se farologaneng le seo, ke tsone tse di dirileng gore go nne le mathata a magolo jaana le dintwa tse di mo lefatsheng la gompieno. Mme mo kgannyeng ya moya, di lebega tsotlhe di tshwana le mogopolo wa ga Satane sentlentle. Jang?
Gakologelwa maaka a a kileng a buiwa kwa tshimologong. Modimo o ne a boleletse Atame le Efa gore loso lo ne lo tla nna teng fa ba ne ba ka mo leofela. Mme Satane o ne a tlhomamisetsa Efa jaana: “Ruri ga lo ketla loo swa.” (Genesise 3:4) Ke boammaaruri gore Atame le Efa ba ne ba swa; ba ne ba boela mo leroleng fela jaaka Modimo a boletse. Satane, “rra one maaka,” ga a ise a ko a tlogele maaka a gagwe a kwa tshimologong. (Johane 8:44) Ditumelo di le dintsi tse di sa ruteng thuto ya Baebele kana di e tlhokomologa gotlhelele, di santse di anamisa kgopolo eno: ‘Ruri ga o ketla o swa. Mmele wa gago o ka senyega, mme moya wa gago o tla tshelela ruri—fela jaaka Modimo!’ Se se kgatlhang ke gore, gape Satane o ne a boleletse Efa gore o ne a tla “nna jaaka Modimo”!—Genesise 3:5.
Go molemo tota go nna le tsholofelo e e ikaegileng ka boammaaruri, mme e seng ka maaka kana difilosofi tsa batho. A bo go le molemo jang ne go tlhatswega pelo gore baratiwa ba rona ba ba suleng ga ba utlwe sepe mo mabitleng go na le gore re tshwenyege ka gore moya o o sa sweng o kae! Go robala ga batho ba ba suleng ga go a tshwanela go re tshosa kana go re tshwenya mo maikutlong. Ka tsela eno, re ka nna ra tsaya gore baswi ba mo lefelong le le babalesegileng la boikhutso. Ke ka ntlha yang fa le babalesegile? Ka gonne Baebele e re tlhomamisetsa gore baswi ba Jehofa a ba ratang ba tshela ka tsela e e kgethegileng. (Luke 20:38) Ba a tshela ka tsela ya gore o a ba gakologelwa. Eo ke kgopolo e e gomotsang tota ka gonne tsela e a gakologelwang dilo ka yone ga e a lekanyediwa. O tlhoafaletse go lere dimilionemilione tsa batho tse di rategang mo botshelong le go di naya sebaka sa go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Bapisa Jobe 14:14, 15.
Letsatsi le le itumedisang la tsogo le tla tla, e re ka ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa di tshwanetse go diragadiwa. (Isaia 55:10, 11) A o ko o akanye ka boperofeti jono fa bo tla go diragadiwa: “Mme baswi ba tla tshela, mebele ya bone e tla tsoga. Ba ba robetseng mo mmung ba tla tsoga e bile ba opela ka boipelo, ka gonne monyo ke monyo wa lesedi le le phatsimang, mme mmu o tla ntsha batho ba ba sa leng ka ba sule gore ba tsholwe gape.” (Isaia 26:19, The New English Bible) Ka jalo baswi ba ba robetseng mo mabitleng ba babalesegile jaaka lesea le le mo sebopelong sa ga mmaalo. Ba tla tloga ba ‘tsholwa,’ ba tshela gape mo lefatsheng la paradaise!
Ke tsholofelo efe e e ka nnang molemo go gaisa eo?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go begiwa gore basadi ba le babedi le bana ba le batlhano ba ne ba iphitlhile mme ba falola. Morago ga moo basadi bano ba ne ba bolelela bathopi ba bone ba Baroma sengwe le sengwe ka botlalo. Ke tsholofelo efe e e ka nnang molemo go gaisa eo?
b Ke boammaaruri gore fela jaaka mafoko a mangwe a mantsi a a dirisiwang ka ditsela di le dintsi, lefoko neʹphesh le lone le ka dirisiwa ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, le ka raya motho wa kafa teng, segolobogolo fa le raya maikutlo a a kwa teng. (1 Samuele 18:1) Gape le ka kaya botshelo jo motho a bo tshelang e le moya.—1 Dikgosi 17:21-23.
c Lefoko la Sehebera le le rayang “mowa,” ruʹach, le kaya “mohemo” kana “phefo.” Fa le raya batho, ga le bolele ka setshedi sa moya, mme go na le moo, fela jaaka The New International Dictionary of New Testament Theology e bolela, le bolela ka “maatla a botshelo a motho.”
d E ne e se ene wa bofelo go akanya ka mekgwa eno e e sa tlwaelegang. Kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, tota moitsesaense mongwe o ne a bolela gore o kadile meya ya batho ba le mmalwa ka go ntsha boima jwa bone jwa fa ba sena go swa mo bokimeng jwa bone jo ba bo kadileng ka bonako fela pele ba a swa.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bajuta ba e neng e le Batlhagafalelasejuta kwa Masada ba ne ba dumela gore loso lo ne lo tla dira gore meya ya bone e gololesege