A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
“MOYA: Karolo ya motho ya semoya e go tsewang gore e tswelela e tshela morago ga loso mme e ka bona boitumelo kana botlhoko mo seemong se e tla bong e le mo go sone mo isagweng.” (The Compact Edition of the Oxford English Dictionary) Ditumelo tse dintsi di dumalana le tlhaloso eno. New Catholic Encyclopedia e bua jaana: “Thuto ya gore moya wa motho ga o swe le gore o tswelela o tshela fa motho a sena go swa . . . ke nngwe ya metheo ya botlhalefi jwa Bokeresete le jwa thutobomodimo.”
Gongwe go tla go gakgamatsa go itse gore thuto eno ya motheo e tserwe mo batlhalefing ba baheitane. Bogologolo pele Jesu a tsholwa, go ne go dumelwa gore moya ke sengwe se se sa tshwaregeng se se neng se ka nna sa tshela kwantle ga mmele. O ne o ka kgona go falola fa mmele o swa, o tswelela o tshela o le mo popegong ya sepoko kana e le moya.
Bagerika ba ne ba tlhalosa tumelo eo ka botlhale jwa bone. Socrates, motlhalefi yo o itsegeng thata wa Mogerika, o ile a tsopolwa a re: “Moya, . . . fa o ka tsamaya o le phepa, o sa tsaya sepe go tswa mo mmeleng, . . . . o tsamaya e le sengwe se se tshwanang nao, o tsena mo bosabonaleng, mo bomodimong, mo bosasweng, le go nna botlhale, mme fa o goroga koo o a itumela, o golotswe mo diphosong, mo boeleeleng le mo poifong . . . le mo malwetsing otlhe a mangwe a batho, mme . . . o tshela ka boammaaruri le medimo.”—Phaedo, 80, D, E; 81, A.
Ga Se Thuto ya Bibela
He go tlile jang gore thuto eno ya seheitane ya go dumela gore moya ga o swe e rutiwe mo go Labodumedi le mo tumelong ya Sejuda?
New Catholic Encyclopedia e bua kgang eno mme e sa e tlhamalatse sentle fa e re: “Kgopolo ya gore moya o tswelela o tshela morago ga loso ga e bonale motlhofo mo Bibeleng.” Ba ne ba ka bo ba buile boammaaruri fa ba ka bo ba rile thuto ya go sa sweng ga moya ga e bonwe gotlhelele mo Bibeleng! Saetlopedia eo e dumela jaana: “Kgopolo kaga moya wa motho ka boyone mo T[esetamenteng] e K[gologolo] ga e tshwane le ya batlhalefi ba Bagerika le ya ba segompieno.”
Mo go se se bidiwang Tesetamente e Kgologolo, lefoko la Sehebera neʹphesh, leo ka tlwaelo le ranolwang jaaka “moya,” le tlhaga ka makgetlo a le 754. Mo go e e bidiwang Tesetamente e Ntšha, lefoko la Segerika psy·kheʹ, leo le lone ka tlwaelo le ranolwang jaaka “moya,” le tlhaga ka makgetlo a le 102. Fa re tlhatlhoba kafa mafoko ano a dirisiwang ka gone mo Bibeleng, re bona sengwe se se gakgamatsang.
Mo go Genesise 2:7 re bala gore Modimo o ne wa budulela moya wa botshelo mo dinkong tsa ga Adame, mme Adame “a dihèga mōea o o tshedileñ [ka Sehebera, neʹphesh].” Tlhokomela: Adame ga a ka a fiwa moya o o tshelang; o ne a nna one. Ka mafoko a mangwe, Adame yo a neng a sa tswa go bopiwa e ne e le moya! Ga go gakgamatse go bo New Catholic Encyclopedia e konela jaana: “Moya mo T[esetamenteng] e K[gologolo] ga o reye karolo ya motho, mme motho jaaka a ntse—motho jaaka setshedi.”
Dikwalo tse dingwe le tsone di tlhomamisa seno. Ka sekai, Duteronome 12:20 e bolela gore, “mōea oa gago o eletsa go ya nama.” Lefitiko 23:30 e bua jaana: “Leha e ka nna [“moya,” NW] ohe eo o dihañ tihō ñwe.” Mathaio 11:29 e bua jaana: “Me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.” Mme Pesalema 35:7 e bua jaana: “Ba epetse mōea oa me lemèna ka boomo.” Jaanong, ke eng se se ka kgonang go ja nama, sa dira tiro, sa lapolosiwa, sa bo sa tsenngwa mo mosimeng? A ke karolo nngwe ya semoya e e emeng e le nosi ya motho kana motho ka boene? Karabo ya seo e papametse.
Se se kgatlhang ke gore, motho ga se ene fela e leng moya. Genesise 1:20 e re bolelela gore Modimo o ne wa bua jaana mo lobakeng longwe lwa gagwe lwa popo: “A metse a nyeudisè thata [“meya,” NW].” Ee, ditlhapi le tsone ke meya! Mo lobakeng lo longwe gape lwa go bopa, Modimo o ne wa supa gore “dikgomo, le se se gagabañ, le diphōlōhōlō le dibatana tsa lehatshe” ke meya!—Genesise 1:24; bapisa Lefitiko 11:10, 46, NW; 24:18, NW; Dipalō 31:28, NW; Yobe 41:21, NW; Esekiele 47:9, NW.
Ka gone “mōea” mo Bibeleng ga o reye selo sengwe se se fitlhegileng sa semoya seo se tswang mo mmeleng fa o swa. O raya motho kana phologolo, kana botshelo jo motho kana phologolo e bo tshelang.
Go Diragala Eng Morago ga Loso?
Go phepafetse he gore Bibela ga e dumalane le kgopolo ya seheitane ya gore motho o na le moya o o sa sweng. O akanya gore ke mang yo a neng a ruta boammaaruri mabapi le seno? A ke batlhalefi ba baheitane ba Bagerika kana ke batho bao Modimo a neng a dirisana le bone? Eleruri, e ne e le batho ba Modimo, bao a neng a ba naya Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng.
Lefa go le jalo, potso e santse e sala, Go diragala eng ka moya morago ga loso? Ka phepafalo, ereka moya e le motho, moya o a swa fa motho a swa. Ka mafoko a mangwe, motho yo o suleng ke moya o o suleng. Go na le dikwalo tse dintsi tse di tlhomamisang seno. “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna,” Esekiele 18:4 e bua jalo. Re bala jaana mo go Yakobe 5:20: “Eo o shokololañ moleohi . . . [o] tla golola mōea mo loshuñ.” Dikwalo tse dingwe di supa gore moya o ka kgaolwa (Genesise 17:14), le go bolawa ka tšhaka (Pesalema 22:20), wa betwa (Yobe 7:15), le go kgangwa ke metsi (Yona 2:5). Moya o o tlhokafetseng kana o o suleng, ke motho yo o suleng.—Lefitiko 19:28; 21:1, 11.
Ka gone he, meya e e suleng e mo boemong bofe? Re ka bua motlhofo fela ra re, loso ke se se kgatlhanong le botshelo. Go ikutlwa ga rona go ikaegile ka mebele ya rona ya nama. Re kgona go bona, go utlwa, le go akanya fa fela matlho, ditsebe, le boboko, di dira sentle. Kwantle ga matlho ga re kake ra bona. Kwantle ga ditsebe ga re kake ra utlwa. Ga re kake ra dira sepe kwantle ga boboko. Fa motho a swa, ditokololo tsotlhe tseno tsa mmele ga di tlhole di dira. Ga re tlhole re le teng.
Moreri 9:5, 10 e dumalana le seno jaana: “Bashwi ga ba itse sepè . . . ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.” Ka mo go tshwanang Pesalema 146:3, 4 e bua jaana: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea [ka Seesemane, “spirit,” (NW) maatla a botshelo] oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” Ka jalo fa batho (meya) ba swa, ga ba tlhole ba le gone.
Go Tswa Thutong ya Boheitane go Nna Thuto ya Kereke
Bangwe ba ka nna ba botsa jaana ‘A Tesetamente e Ntšha ga e rute ka go sa sweng ga moya?’ Gotlhelele nnyaa. New Catholic Encyclopedia e dumela jaana: “T[esetamente] e N[tšha] e ikanyega tota mo thutong eno ya [Tesetamente e Kgologolo].” Ka mafoko a mangwe, “Tesetamente e Ntšha” e ruta gore moya wa swa. Jesu Keresete o ne a bontsha gore o ne a sa dumele gore moya ga o swe. O ne a bua jaana: “Lo boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.” (Mathaio 10:28) Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo le ene ka mo go tshwanang o ne a supa fa a dumela kgopolo ya “Tesetamente e Kgologolo” ya moya ka go tsopola Genesise 2:7 jaana: “Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa [“moya o,” NW] o tshedileñ.”—1 Bakorintha 15:45.
Go tlile jang gore kakanyo eno ya ga Plato e nne thuto ya kereke? Encyclopœdia of Religion and Ethics, e e kwadilweng ke James Hastings, e tlhalosa jaana: “Fa efangele ya Bokeresete e ne e tswa ka kgoro ya sinagoge ya Bajuda e ya mo lefelong la Puso ya Roma, kgopolo e e thailweng mo Sehebereng ya moya e ne ya fetisediwa mo kgopolong ya tikologo ya Bagerika, go sa akanngwe sepe ka gore go e amogela go tla felela ka eng.” Baruti ba kereke ba ne ba batla gore “lefatshe le le akanyang ka mokgwa wa Segerika le tlhaloganye” molaetsa wa bone ka go dirisa “mareo a a itsiweng le dikgopolo tsa botlhalefi jwa Segerika.” Baithutabodumedi ba Bajuda ka mo go tshwanang le bone ba ne ba simolola go supa fa ba “tlhotlheleditswe tota ke thuto ya ga Plato” mo dibukeng tsa bone.—Encyclopœdia Judaica.
Ka gone, thuto ya Bibela kaga moya e ne ya latlhiwa mme ya tseelwa sebaka ke thuto eo totatota e neng e le ya boheitane. Mme seno ga se kake sa buelelwa fa se siame ka lebaka la go bo go ne go dirwa jalo gore Bokeresete bo kgatlhe batho ba bantsi. Moaposetoloi Paulo fa a ne a ruta kwa Athena, kwa moding tota wa dingwao tsa Segerika, ga a ka a ruta thuto ya ga Plato kaga moya. Go na le moo, o ne a ruta thuto ya Bokeresete ya tsogo ya baswi le eleng lefa bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba Bagerika ba ne ba fitlhela go le bokete go amogela seo a neng a se bua.—Ditihō 17:22-32.
Eleruri, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa kgatlhanong le go kopanya boammaaruri jo bo thailweng mo Bibeleng le boheitane fa a ne a re: “Lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale?” (2 Bakorintha 6:14, 15) Ga go kake ga belaelwa gore Labodumedi e ile ya tlontlolola Modimo ka go letla thuto eno ya boheitane gore e nne thuto ya motheo ya botlhale jwa gagwe mmogo le ya bodumedi!
Tsholofelo ya Baswi
Batho ba gololesegile go dumela seo ba tlhophang go se dumela. Lefa go ntse jalo, ga re kake ra ganela gore thuto ya go sa sweng ga moya wa motho ga se ya Dikwalo. A gone he batho ba na le tsholofelo ya go tshela morago ga loso?
Morago ga gore Jobe a botse potso eno, “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela?” o ne a tswelela a naya karabo e e tlhotlheleditsweng. O ne a re: “[Jehofa] u nu u ka bitsa, ke ne ke tla gu araba: u nu u tla eletsa tihō ea diatla tsa gago.” (Yobe 14:14, 15) Ee, Bibela e naya botlhe bao Modimo o ba gakologelwang tsholofelo ya go tsosiwa mo baswing. O eletsa go tsosetsa batlhanka ba ba ikanyegang ba gagwe jaaka Jobe mo botshelong gape! Keresete Jesu o ne a tlhomamisa gore tsholofetso eno ke ya mmatota fa a ne a re: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”—Yohane 5:28, 29.
Fa nako ya go diragatsa boperofeti joo e tla, Isaia 25:8 e solofetsa gore, Modimo o tla ‘kometsa loso ka bosakhutleng.’ Seno se raya lefatshe leo mo go lone ‘go se kitlang go nna le losho’ jaaka Tshenolō 21:4 e bolela. A o ka rata go tshela mo lefatsheng le le senang diphitlho le mafelo a go tshwarela diphitlho, go sena difikantswe tsa mabitla kana mabitla, go sa tlhole go na le dikeledi tsa kutlobotlhoko fa e se tsa boitumelo fela?
Go boammaaruri gore o ka tswa o godisitswe o dumela mo thutong ya go sa sweng ga moya. Mme o ka nna le tumelo mo ditsholofetsong tse di gololang tsa Bibela ka go ithuta Bibela.a O ka ithuta gape se o tshwanetseng go se dira gore o bone tsholofetso ya Bibela, eseng ya go tshela jaaka moya o o sa sweng, mme o bone “botshelō yo bo sa khutleñ” mo lefatsheng la Paradaise!—Yohane 17:3; Luke 23:43.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa o eletsa go dira seno, ikutlwe o gololesegile go kwalela bagatisi ba makasine ono kana o ikgolaganye le Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona.