LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ie ts. 19-20
  • Moya Go ya Ka Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya Go ya Ka Baebele
  • Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Moya” e le Setshedi
  • “Moya” e le Botshelo Jwa Setshedi
  • A o Na le Moya O o Sa Sweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Moya (Soul) ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
ie ts. 19-20

Moya Go ya Ka Baebele

“Motho a direga mowa o o tshedileng.”—GENESISE 2:7.

1. Ke eng se re tshwanetseng go se sekaseka go bona se Baebele e se rutang malebana le moya?

JAAKA re setse re bone, dithuto tse di kaga moya di dintsintsi e bile di farologane. Tota le e leng gareng ga batho ba ba ipolelang gore dithuto tsa bone di tserwe mo Baebeleng, go na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le gore moya ke eng le gore go direga eng ka one fa re swa. Mme gone, Baebele e ruta eng malebana le moya? Gore re bone karabo, re tshwanetse go sekaseka bokao jwa mafoko a Sehebera le a Segerika a a ranolwang go twe ke “moya” mo Baebeleng.

“Moya” e le Setshedi

2, 3. (a) Ke lefoko lefe le mo Dikwalong Tsa Sehebera le ranolwang go twe ke “moya” mme totatota lefoko leno le kaya eng? (b) Genesise 2:7 e bontsha jang gore lefoko “moya” le ka kaya motho ka bogotlhe ga gagwe?

2 Lefoko la Sehebera le le ranolwang go twe “moya” ke neʹphesh mme le tlhaga ka makgetlho a le 754 mo Dikwalong Tsa Sehebera (tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Kgologolo). Neʹphesh e kaya eng? Go ya ka The Dictionary of Bible and Religion, “gantsi e kaya setshedi ka bosone sotlhe fela, motho ka boene.”

3 Ka sekai, Genesise 2:7 e bolela jaana: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.” Ela tlhoko gore Adame o ne a sena moya; e ne e le moya—fela jaaka motho yo o fetogang ngaka e le ngaka. Ka jalo he, lefoko “moya” le kaya motho ka bogotlhe ga gagwe.

4, 5. (a) Umaka dikai tse di bontshang gore lefoko “moya” le raya motho ka bogotlhe ga gagwe. (b) The Dictionary of Bible and Religion e tshegetsa jang tlhaloso ya gore motho ke moya?

4 Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera di tshegetsa tlhaloso eno, tse mo go tsone re fitlhelang dipolelwana tse di jaaka tse di reng “fa moya o leofa” (Lefitiko 5:1, NW), “moya ope fela o o ka dirang tiro ya mofuta ofe fela” (Lefitiko 23:30, NW), “fa go ka direga gore motho mongwe o utswe moya” (Duteronome 24:7, NW), “mowa wa gagwe wa tshwenyega” (Baatlhodi 16:16), “lo tlaa nna lo tshwenya mowa wa me . . . lobaka lo lo kae?” (Jobe 19:2), le “ke nyera mowa ka go imelesega.”—Pesalema 119:28.

5 Ga go na sepe mo ditemaneng tseno se se supang gore moya ke seritinyana sengwe se se tswelelang pele se tshela morago ga loso. The Dictionary of Bible and Religion e bolela jaana: “Batho ba nako ya [Tesetamente e Kgologolo] ba ka se ka ba tlhaloganya motho fa a ka bolela gore ‘moya’ wa yo re mo ratang o dule mme o ile kwa go Morena kana go bolela gore ‘moya ga o swe.’”

6, 7. Ke lefoko lefe le le ranolwang e le “moya” mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme totatota lefoko leno le kaya eng?

6 Lefoko le le ranotsweng e le “moya” mo Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika (tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Ntšha) le le tlhagang ka makgetlho a a fetang lekgolo ke psy·kheʹ. Fela jaaka neʹphesh, gantsi lefoko leno le kaya motho ka bogotlhe ga gagwe. Ka sekai, akanya ka mafoko ano: “Moya wa me o tshwenyegile.” (Johane 12:27) “Poifo e ne ya simolola go wela moya mongwe le mongwe.” (Ditiro 2:43) “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) “Buang ka tsela e e nametsang le meya e e sulafetseng mogopolo.” (1 Bathesalonika 5:14) “Batho ba le mmalwa, e leng, meya e robabobedi, ba [ba] neng ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.”—1 Petere 3:20.

7 Ga go na pelaelo gore psy·kheʹ, fela jaaka neʹphesh, e kaya motho ka bogotlhe ga gagwe. Go ya ka mokanoki Nigel Turner, lefoko leno “le kaya se tota e leng motho, sebele sa gagwe, mmele o na le [moya] rûaḥ o Modimo a neng a o budulela mo go one. . . . Go gatelelwa thata gore le kaya motho ka bogotlhe ga gagwe.”

8. A diphologolo ke meya? Tlhalosa.

8 Mo Baebeleng lefoko “moya” ga le a lebisa fela mo bathong mme le lebisitse gape le mo diphologolong. Ka sekai, fa Genesise 1:20 e tlhalosa go bopiwa ga ditshedi tsa lewatle, e bolela gore Modimo o ne a laela jaana: “A metsi a saile ka losaisai lwa meya e e tshelang.” (NW) Mme mo letsatsing la popo le le latelang leo Modimo o ile a re: “A lefatshe le ntshe meya e e tshelang go ya ka mefuta ya yone, seruiwa le phologolo e e tsamayang le phologolo ya naga ya lefatshe go ya kafa mofuteng wa yone.” (Genesise 1:24, NW; bapisa Dipalo 31:28, NW.) Ka jalo, lefoko “moya” le ka kaya setshedi, e ka ne e le motho kana phologolo.

“Moya” e le Botshelo Jwa Setshedi

9. (a) Lefoko “moya” le ka kaya eng gape? (b) A seno se ganetsana le kgopolo ya gore moya ke motho ka boene?

9 Ka dinako tse dingwe lefoko “moya” le kaya botshelo jwa motho kana jwa phologolo. Seno ga se fetole tlhaloso ya Baebele ya gore moya ke motho kana phologolo ka boyone. Go tshwantsha: Ra re motho o a tshela, re raya gore ke motho yo o tshelang. Gape re ka nna ra re o na le botshelo. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o tshelang, ke moya. Mme e bile, fa motho a sa ntse a tshela, go ka nna ga twe o na le “moya.”

10. Supa dikai tse di bontshang gore lefoko “moya” le ka raya botshelo jwa motho kana jwa phologolo.

10 Ka sekai, Modimo o ne a bolelela Moshe jaana: “Banna botlhe ba ba neng ba tsoma moya wa gago ba sule.” (Ekesodo 4:19, NW) Ga go pelaelo gore baba ba ga Moshe ba ne ba senka go mmolaya. Re bona go dirisitswe “moya” ka tsela e e ntseng jalo le mo mafokong a a latelang. “Re ne ra boifela meya ya rona fela thata.” (Jošua 9:24, NW) “Ba ne ba nna ba tshaba go namola moya wa bone.” (2 Dikgosi 7:7, NW) “Motho yo o siameng o tlhokomela moya wa seruiwa sa gagwe.” (Diane 12:10, NW) “Morwa motho [o] ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) “O ne a nna gaufi thata le loso, a baya moya wa gagwe mo kotsing.” (Bafilipi 2:30) Mo makgetlhong ano otlhe lefoko “moya” le kaya “botshelo.”a

11. Go ka tweng ka tsela e Baebele e dirisang lefoko “moya” ka teng?

11 Ka jalo go ya kafa lefoko “moya” le dirisitsweng ka teng mo Baebeleng le kaya motho kana phologolo kana botshelo jwa motho yoo kana jwa phologolo eo. Tsela e Baebele e tlhalosang moya ka yone e motlhofo, ga e fetofetoge e bile ga e a tswakana le difilosofi tse di raraaneng le meetlo ya batho. Le fa go ntse jalo, go direga eng ka moya fa motho a swa? Gore re arabe potso eno, re tshwanetse pele ra tlhaloganya lebaka la go bo re swa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mathaio 10:28 le yone e dirisa lefoko “moya” go kaya “botshelo.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Tsotlhe ke meya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela