LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/1 ts. 18-23
  • Tsela eo O Tlhaloganyang Moya ka Yone E Ama Botshelo Jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela eo O Tlhaloganyang Moya ka Yone E Ama Botshelo Jwa Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Re Dirilwe Re Na le Moya O O Sa Sweng?
  • Kafa Bibela e Dirisang “Moya” ka Gone
  • Bakanoki ba le Bantsi Ba A Dumela
  • Ga Se Bibela Mme ke Batlhalefi
  • A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Moya (Soul) ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Moya Go ya Ka Baebele
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Thuto ya Maaka 1: Moya ga o Swe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/1 ts. 18-23

Tsela eo O Tlhaloganyang Moya ka Yone E Ama Botshelo Jwa Gago

“Me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.”—GENESISE 2:7.

1, 2. Ke eng seo ditumelo di le dintsi di se dumelang malebana le motho le moya?

MO E KA NNANG ditumelo tsotlhe di ruta gore motho o na le moya o o sa sweng. New Catholic Encyclopedia e bolela gore moya o “bopiwa ke Modimo mme o tsenngwa mo mmeleng fa motho a imiwa.” E bolela gore thuto ya gore moya ga o swe “ke ya motheo” mo dikerekeng tsa Labodumedi. Ka mo go tshwanang “kgopolo ya Bamoselema” jaaka The New Encyclopædia Britannica e bolela, ke gore “moya o nna gone ka nako e le nngwe fela le mmele; morago ga moo, o tshela o le nosi, mme go kopana ga one le mmele ke ga nakwana.”

2 Ditumelo tse di ntseng jalo di dumela gore moya o tswa mo mmeleng fa motho a swa mme o tshelela ruri, o felela kwa monateng kwa legodimong, kana o nna ka nakwana mo pakatoring, kana o bogisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Loso lo lejwa jaaka tsela ya go fetela mo botshelong jo bo sa khutleng mo lefelong la semoya. Jaaka mokwadi mongwe a ne a bua jaana mo bukeng We Believe in Immortality: “Ke leba Loso jaaka tiragalo e kgolo le e e galalelang. Ke leba Loso jaaka go golediwa ke Modimo.”

3. Ditumelo tse dintsi tsa kwa Botlhaba di dumela eng?

3 Bahindu, Babuda, le ba bangwe ba dumela gore moya wa motho o tswa mo go yo mongwe go ya go yo mongwe. Seno se akaretsa tumelo ya gore mo losong moya o fetisediwa mo setsheding se sengwe, kana o tsholwa gape jaaka motho yo mosha kana setshedi sengwe. Fa motho a ne a le molemo, go bolelwa gore moya wa gagwe o tla tsholwa gape e le motho wa maemo a a kwa godimo. Mme fa a ne a le bosula, o ne a tla tsholwa e le motho wa maemo a a kwa tlase kana le eleng phologolo kana tshenekegi.

4, 5. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go itse boammaaruri kaga moya?

4 Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore moya wa motho o a swa? Go tweng fa e le gore loso ga se “go golediwa ke Modimo,” ga se lebati la kabonako fela la go tsena mo botshelong jwa semoya kana go tsalwa o le motho o sele fa o swa? He tumelo ya moya o o sa sweng e ka re timetsa. Buka Official Catholic Teachings e bolela gore kereke e ganelela mo tumelong ya gore moya ga o swe ka gonne fa o sa e dumele “dithapelo tsa gago kana dilo tseo di dirwang kwa diphitlhong kana ditiro dingwe tsa bodumedi tseo di direlwang baswi di tla bo di sena bokao bope.” Ka jalo botshelo jwa motho, kobamelo, le isagwe ya gagwe di a amega.—Diane 14:12; Mathaio 15:9.

5 Go botlhokwa go itse boammaaruri kaga tumelo eno. Jesu o ne a re: “Me ba ba o ōbamèlañ [Modimo] ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Re fitlhela boammaaruri kaga moya wa motho mo Lefokong la Modimo, Bibela. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di na le seo Modimo o se senotseng ka boikaelelo jwa gagwe, ka jalo re ka tlhomamisega gore di re bolelela boammaaruri. (1 Bathesalonia 2:13; 2 Timotheo 3:16, 17) Jesu o ne a bua jaana fa a ne a rapela Modimo: “Lehoko ya gago ke boamarure.”—Yohane 17:17.

A Re Dirilwe Re Na le Moya O O Sa Sweng?

6. Ke eng seo pego ya Genesise e se re bolelelang ka phepafalo ka go bopiwa ga motho?

6 Genesise 2:7 e re bolelela jaana: “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; mme motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” Pego eno ga e re Modimo o ne a bopa moya o o sa sweng mo teng ga motho. E bolela gore fa maatla a Modimo a ne a naya mmele wa ga Adame nonofo, o ne a “dihèga mōea o o tshedileñ.” Ka jalo motho ke moya. Ga a na moya.

7. Ke ka ntlhayang fa batho ba ne ba bewa mo lefatsheng?

7 Modimo o ne a diretse Adame go tshela mo lefatsheng, eseng kwa legodimong. Lefatshe e ne e se fela lefelo leo Modimo o neng o leka go bona gore a Adame o ne a ka kgona go tshela kwa legodimong mo go lone. Modimo o ne wa bopela lefatshe go “uñwa,” mme Adame e ne e le moagi wa ntlha wa lone. (Isaia 45:18; 1 Bakorintha 15:45) Moragonyana, fa Modimo o ne o bopa Efa go nna mosadi wa ga Adame, boikaelelo jwa gagwe ka bone e ne e le gore ba tlatse lefatshe ka batho mme ba le dire paradaise eo e neng e tla nna legae la batho la bosakhutleng.—Genesise 1:26-31; Pesalema 37:29.

8. (a) Go nna gone ga ga Adame go ne go ikaegile ka eng? (b) Fa Adame a ne a se kile a leofa, o ne a ka bo a tswelela a tshela a le kae?

8 Ga go gope koo Bibela e bontshang gore karolo nngwe ya ga Adame e ne e sa swe. Go farologana le seo, go tshela ga gagwe go ne go ikaegile ka sengwe, go ikaegile ka go utlwa ga gagwe molao wa Modimo. Fa a ne a ka tlola molao oo go ne go tla diragala eng? A go ne go tla felela ka botshelo jo bo sa khutleng kwa lefelong lengwe la semoya? Gotlhelele nnyaa. Go na le moo, o ne a tla “shwa.” (Genesise 2:17) O ne a tla boela ko a neng a tswa gone: “U lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 2:7; 3:19) Adame o ne a ise a ko a tshele pele a bopiwa, mme o ne a seka a tshela morago ga gore a swe. Ka gone o ne a ka tlhopha mo dilong di le pedi fela: (1) kutlo le botshelo kana (2) go sa utlweng le loso. Fa Adame a ne a se kile a leofa, a ka bo a ile a tshelela ruri mo lefatsheng. O ne le ka motlha a ka seka a ya kwa legodimong.

9. Bibela e bitsa loso eng ka tshwanelo, mme ka ntlhayang?

9 Adame o ne a tlhoka kutlo, mme a swa. (Genesise 5:5) Loso e ne e le kotlhao ya gagwe. E ne e se kgoro eo e neng e mo isa kwa “tirong nngwe e e galalelang” mme e ne e le kgoro e e mo isang kwa go sa nneng gone. Ka gone, loso ga se tsala mme ke seo Bibela e se bitsang, “mmaba.” (1 Bakorintha 15:26) Fa Adame a ne a na le moya o o sa sweng o o neng o ka kgona go ya kwa legodimong fa a ne a ile a utlwa, he loso e ka bo e ne e le lesego. Mme e ne e se lone. E ne e le sengwe seo a hutsitsweng ka sone. Mme ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, go hutsiwa ka loso go ne ga fetela mo bathong botlhe ka botlhe e le ditlogolwana tsa gagwe.—Baroma 5:12.

10. Ke bothata bofe jo bo masisi jo bo nnang gone mo go dumeleng gore Adame o ne a na le moya o o sa sweng?

10 Mo godimo ga moo, fa e le gore Adame o ne a dirilwe a na le moya o o sa sweng oo o neng o ka bogisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele fa a ne a leofile, ke ka ntlhayang fa a ne a ile a seka a tlhagisiwa ka gone? Ke ka ntlhayang fa a ne a bolelelwa fela gore o ne a tla swa a bo a boela mo loroleng? Abo go ne go sa utlwale jang ne gore Adame a atlholelwe go ya go bogisiwa ka bosakhutleng ka ntlha ya go sa utlweng ga gagwe, mme lefa go le jalo a ne a sa tlhagisiwa ka gone! Lefa go ntse jalo, Modimo ‘ga o na tshiamololo.’ (Duteronome 32:4) Go ne go se botlhokwa gore Adame a tlhagisiwe ka molelo wa dihele wa meya e e sa sweng ya baikepi. Dihele tse di ntseng jalo di ne di seyo, lefa e le meya e e sa sweng. (Yeremia 19:5; 32:35) Ga go na pogiso ya bosakhutleng mo leroleng la mmu.

Kafa Bibela e Dirisang “Moya” ka Gone

11. (a) Mo Bibeleng lefoko la Setswana “moya” le tswa mo mafokong afe a Sehebera le a Segerika? (b) King James Version e ranotse lefoko le Sehebera le lefoko la Segerika le le dirisediwang “moya” jang?

11 Mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko la Setswana “moya” le tswa mo lefokong la Sehebera neʹphesh, leo le tlhagang ka makgetlo a a fetang 750. Lefoko le le tshwanang le lone mo Dikwalong tsa Segerika ke psy·kheʹ, leo le tlhagang ka makgetlo a a fetang 100. New World Translation of the Holy Scriptures e dirisa mafoko ano jaaka “moya.” Dibibela tse dingwe di ka dirisa mafoko mangwe a a farologaneng. Dingwe tsa ditsela tseo King James Version e ranolang neʹphesh ka tsone ke: keletso ya dijo, sebatana, mmele, mohemo, sebopiwa, (mmele) o o suleng, keletso, pelo, botshelo, motho, mogopolo, botho, bowena, moya, selo. Mme e ranola psy·kheʹ jaaka: pelo, botshelo, kgopolo, moya.

12. Bibela e dirisa mafoko ao a dirisediwang “moya” mo Sehebereng le mo Segerikeng jang?

12 Bibela e bitsa dibopiwa tsa lewatle neʹphesh jaana: “Ditshedi [“meya,” NW] cotlhe tse di nnañ mo metsiñ.” (Lefitiko 11:10) Lefoko leno gape le ka raya diphologolo tse di tshelang mo lefatsheng: “A lehatshe le ntshè dibopiwa [“meya,” NW] tse di tshedileñ kaha ditshikeñ tsa cōna, dikgomo, le se se gagabañ, le diphōlōhōlō le dibatana.” (Genesise 1:24) Neʹphesh ka makgetlo a le makgolokgolo e raya batho. “Meōea eotlhe e e duleñ mo mankopeñ a ga Yakobe ke meōea e mashomè a supa.” (Ekesodo 1:5) Sekai se sengwe sa psy·kheʹ e dirisiwa ka tsela eno se mo go 1 Petere 3:20. E bua ka araka ya ga Noa, “e bobōtlana, eboñ batho [“meya,” NW] ba ba hèrañ mebedi, ba bolokilweñ mo go eōna ka metse.”

13. Bibela e dirisa lefoko “moya” ka ditsela dife?

13 Bibela e dirisa lefoko “mōea” ka ditsela tse dingwe gape tse dintsi. Genesise 9:5 e bua jaana: “Madi a matshelō [“meya,” NW] a lona, ke tla a lōpa.” Fano moya o bolelwa gore o na le madi. Ekesodo 12:16 e bua jaana: “Ha e se se motho [“moya,” NW] o se yañ hèla, ke shōna shosi se se ka dihwañ ke lona.” Fano moya o bolelwa gore o a ja. Duteronome 24:7 e bua ka motho a “hitlhèlwa a ucwa moñwe [“moya,” NW] oa bana ba ga rraagwè.” Eleruri moya o o sa sweng ga se one o o neng wa utswiwa. Pesalema 119:28 e bua jaana: “Ke nyèra mōea ka go imelesèga.” Ka jalo moya o ka nyera. Bibela e bontsha gape gore moya ga o tshelele ruri. O a swa. “Ka gonne u golotse mōea oa me mo loshuñ.” (Pesalema 56:13) “A a se atamèlè setoto sa motho [“moya,” NW].” (Dipalō 6:6) “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) “Motho [“moya,” NW] moñwe le moñwe eo o se ketlañ a reetsa moperofeti eo, o tla senyediwa rure mo bathuñ.” (Ditihō 3:23) “A tla golola mōea mo loshuñ.”—Yakobe 5:20.

14. Bibela e bontsha ka phepafalo gore moya ke eng?

14 Ka phepafalo, go dirisa ga Bibela neʹphesh le psy·kheʹ go bontsha gore moya ke motho kana, mo kgannyeng ya diphologolo, ke sebopiwa. Ga se karolo nngwe e e sa sweng ya motho. Eleruri, neʹphesh e dirisediwa le eleng Modimo ka boone: “Eo o ratañ go thubaka, mōea oa gagwè oa [mo] ila.”—Pesalema 11:5.

Bakanoki ba le Bantsi Ba A Dumela

15. Dibuka tse dintsi tsa bakanoki di tlhalosa jang thuto ya go sa sweng ga moya?

15 Bakanoki ba bantsi ba dumela gore Bibela ga e bue gore moya ga o swe. The Concise Jewish Encyclopedia e bua jaana: “Bibela ga e bue ka thuto ya go sa sweng ga moya, ebile seno ga se bonwe gope ka phepafalo mo dikwalong dipe tsa borabi.” The Jewish Encyclopedia e bua jaana: “Tumelo ya gore moya o tswelela o tshela morago ga gore mmele o swe ke kgang ya batlhalefi kana eo e ikakanyeditsweng fela ke batho ba bodumedi go na le go nna ya tumelo, mme ka mo go tshwanelang ga e rutiwe ke Dikwalo Tse di Boitshepo.” The Interpreter’s Dictionary of the Bible e akgela jaana: “Neʹphesh . . . ga e tswelele e tshela kwantle ga mmele, e swa le one. . . . Ga go temana epe ya Bibela eo e buelelang polelo ya gore ‘moya’ o kgaogana le mmele fa o swa.”

16. Dikwalo tse dingwe di bolela eng ka moya?

16 Gape, Expository Dictionary of Bible Words e bua jaana: “‘Moya’ go T[esetamente] e K[gologolo], he, ga o supe gore karolo nngwe ya batho e tswelela e tshela morago ga loso. [Neʹphesh] ka gone e raya botshelo jaaka bo itsiwe ka mo go tlhomologileng ke batho. . . . Bokao jwa motheo jwa [psy·kheʹ] bo bonwa mo lefokong le le tshwanang le lone la T[esetamente] e K[gologolo], go na le go bona bokao mo ngwaong ya Segerika.” Mme The Eerdmans Bible Dictionary e bolela gore mo Bibeleng, lefoko moya “ga le reye karolo nngwe ya mmele, mme go na le moo motho a feletse. . . . Fa o tlhaloganya seno jaana, he batho ga ba na moya—mme ke meya.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

17. Metswedi e mengwe e mebedi ya Katoliki e dumela eng ka “moya”?

17 Le eleng New Catholic Encyclopedia e dumela jaana: “Mafoko a Bibela ao gantsi a dirisediwang moya a raya motho ka boene a feletse.” E oketsa jaana: “Ga go na dikarolo [go kgaoganngwa] tsa moya le mmele mo T[esetamenteng] e K[gologolo]. . . .Lereo [neʹphesh], lefa le ranotswe ka lefoko la rona moya, ga le reye moya jaaka sengwe se se kwa thoko mo mmeleng kana mo mothong ka boene. . . . Lereo [psy·kheʹ] ke lefoko la T[esetamente] e N[tšha] le le dumalanang le [neʹphesh]. . . . Kgopolo ya gore moya o tswelela o tshela morago ga loso ga e bonwe mo Bibeleng.” Mme Georges Auzou, Porofesa wa Katoliki wa Mofora wa Dikwalo tse di Boitshepo, o kwala jaana mo bukeng ya gagwe La Parole de Dieu (Lefoko la Modimo): “Kgopolo ya gore ‘moya’ o raya sengwe seo eleng fela sa semoya, sengwe seo se ka sekeng sa tshwarwa, seo se farologaneng le “mmele,” . . . ga e yo mo Bibeleng.”

18. (a) Saetlopedia nngwe e akgela jang ka go dirisa ga Bibela lefoko “moya”? (b) Baruti ba ile ba tsaya kgopolo ya gore go na le sengwe seo se falolang fa mmele o swa kae?

18 Ka gone, The Encyclopedia Americana e tlhokomela jaana: “Kgopolo ya Tesetamente e Kgologolo ka motho ke ya selo se le sengwe, eseng go kopana ga mmele le moya. Lemororo lefoko la Sehebera [neʹphesh] gantsi le ranolwa jaaka ‘moya,’ go tla bo go le phoso gore re le neye bokao jwa Segerika. . . . [Neʹphesh] ga e ise e ko e akanngwe jaaka sengwe seo se dirang kwantle ga mmele. Mo Tesetamenteng e Ntšha lefoko la Segerika [psy·kheʹ] gantsi le ranolwa jaaka ‘moya’ mme gape ga le a tshwanelwa go akanngwa go ya kafa batlhalefi ba Segerika ba neng ba le tlhaloganya ka gone. . . . Bibela ga e re neye tlhaloso e e phepafetseng ya ka moo motho a tshelang ka gone morago ga loso.” E oketsa jaana: “Baruti ba ile ba tshwanelwa ke go retologela mo dipuisanong tsa bone le batlhalefi gore ba kgone go bona bokao jwa go tlhalosa go tshela ga motho morago ga loso.”

Ga Se Bibela Mme ke Batlhalefi

19. Botlhale jwa Bagerika bo amana jang le tumelo ya go sa sweng ga moya?

19 Go boammaaruri gore baruti ba ile ba tsaya dikgopolo tsa batlhalefi ba baheitane go tlhama thuto ya go sa sweng ga moya. Dictionnaire Encyclopédique de la Bible (Encyclopedic Dictionary of the Bible) ya Sefora e bua jaana: “Kgopolo ya go sa sweng ga moya e tswa mo dikgopolong tsa Segerika.” The Jewish Encyclopedia e tlhomamisa jaana: “Bajuda ba ile ba dumela mo go sa sweng ga moya ba go tsaya mo dikgopolong tsa Bagerika mme segolobogolo mo botlhaleng jwa ga Plato, eleng gone kwa e tswang gone,” yo a neng a tshela mo lekgolong la bonè la dingwaga pele ga ga Keresete. Plato o ne a dumela go re: “Moya ga o swe le gone ga o kake wa direga sepe, mme meya ya rona e tla nna e tshela mo lefatsheng le lengwe!”—The Dialogues of Plato.

20. Botlhale jwa seheitane bo ne jwa tsenelela leng mo Bokereseteng?

20 Botlhale jono jwa seheitane bo ne jwa tsenelela leng mo Bokereseteng? The New Encyclopædia Britannica e bua jaana: “Bakeresete bao ba neng ba katisiwa mo botlhaleng jwa Segerika go tswa kwa bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga ba ne ba ikutlwa ba tlhoka go tlhalosa tumelo ya bone go ya ka dithuto tseo, ba batla go ikgotsofatsa ka se ba se ithutileng gape gore ba kgone go sokolola baheitane bao ba neng ba rutegile. Botlhale joo bo neng bo siame mo go bone e ne e le jwa ga Plato.” Ka jalo, jaaka Britannica e bolela, “batlhalefi ba pele ba Bakeresete ba ne ba amogela kgopolo ya Segerika ya gore moya ga o swe.” Le eleng Mopapa John Paul II o ne a bolela gore thuto ya gore moya ga o swe e dirisa “dikgopolo tsa batlhalefi bangwe ba Segerika.” Mme go amogela dikgopolo tseo tsa batlhalefi ba Segerika go raya gore Labodumedi e ile ya latlha boammaaruri jono jo bo tlhalosiwang motlhofo fela mo go Genesise 2:7 jo bo reng: “Motho a dihèga mōea o o tshedileñ.”

21. Go dumela mo go sa sweng ga moya go simologile kae kwa morago?

21 Lefa go ntse jalo, thuto ya gore moya ga o swe e simologile pele ga ga Plato. Mo bukeng The Religion of Babylonia and Assyria, eo e kwadilweng ke Morris Jastrow, re bala jaana: “Bothata jwa go sa sweng . . . bo ne jwa gapa maikutlo a baruti ba Sebabelona ka tlhoafalo. . . . Loso e ne e le tsela ya go fetela kwa botshelong jwa mofuta o mongwe.” Lefa go le jalo, buka Egyptian Religion, e e kwadilweng ke Siegfried Morenz, e bua jaana: “Baegepeto ba pele ba ne ba leba botshelo jwa morago ga loso jaaka go tsweledisiwa ga botshelo jwa mo lefatsheng.” The Jewish Encyclopedia e tlhokomedisa ka kamano e e fa gare ga ditumelo tseno tsa bogologolo le Plato fa e bolela gore Plato o ne a gogelwa kwa go nneng le kgopolo ya gore moya ga o swe “ke masaitsiweng a ga Orpheus le Eleusis ao a neng a kopanya dikgopolo tsa Babelona le tsa Egepeto.”

22. Ke ka ntlhayang fa re ka bolela gore peo ya thuto ya gore moya ga o swe eleruri e ne ya jalwa kgakala fela kwa tshimologong ya motho?

22 Ka gone, kgopolo ya gore moya ga o swe ke ya bogologolo. Ebile tota, medi ya yone e bonala e tswa kgakala fela kwa tshimologong ya motho! Morago ga gore Adame a bolelelwe gore o ne a tla swa fa a ne a ka seka a ikobela Modimo, mosadi wa ga Adame, Efa, o ne a bolelelwa se se farologaneng. O ne a bolelelwa jaana: “Rure ga lo ketla lo shwa.” Fano go ne ga jalwa dipeo tsa thuto ya gore moya ga o swe. Mme fa esale go tloga foo, ditso ka go tlhatlologana ga tsone di ile tsa amogela pono eno ya seheitane ya gore ‘ga lo kake lwa swa ka mmatota mme lo tla tswelela lo tshela.’ Seno se akaretsa le Labodumedi, eo e neng ya dira gore balatedi ba yone ba nne batenegi ba ba ganetsang boikaelelo jwa Modimo le go rata ga one.—Genesise 3:1-5; Mathaio 7:15-23; 13:36-43; Ditihō 20:29, 30; 2 Bathesalonia 2:3, 7.

23. Ke mang yo a neng a dira gore go nne le thuto ya go sa sweng ga moya, mme ka ntlhayang?

23 Ke mang yo a neng a dira gore batho ba dumele maaka ao? Jesu o ne a bolela gore yoo ke mang fa a ne a bua le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe jaana: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. . . . E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Ee, Satane ke ene yo a neng a godisa kgopolo ya go sa sweng ga moya go tlosa batho mo kobamelong ya boammaaruri. Ka jalo, tsela ya motho ya botshelo le tsholofelo ya gagwe ya isagwe di beilwe mo kotsing ka go dumela dithuto tseo di neng tsa gola go tswa mo maakeng a ntlha a a kwadilweng mo Bibeleng, lemororo ka nako eo go sa belaetse gore Efa o ne a tlhaloganya gore noga eo e ne e raya gore ga a kitla a swa mo nameng.

24. Ke dipotso dife tseo ka tshwanelo di ka bodiwang malebana le botshelo jo bo sa khutleng le bosasweng?

24 Bibela ga e rute gore batho ba na le moya o o sa sweng. Mme gone, ke ka ntlhayang fa e bua ka tsholofelo ya go tshelela ruri? Mo godimo ga moo, a Bibela, mo go 1 Bakorintha 15:53, ga e re: “Mo go shwañ mo, go na le go apara bosashweñ”? Me a Jesu ga a ya kwa legodimong morago ga go tsosiwa mo baswing, mme a ga a ruta gore bangwe le bone ba tla ya kwa legodimong? Dipotso tseno le tse dingwe di tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Ditumelo tse dintsi di dumela eng ka moya?

◻ Bibela e bontsha jang gore motho o ne a sa dirwa a na le moya o o sa sweng?

◻ Ke eng seo se phepafalang ka mafoko a Sehebera le Segerika ao Bibela e a dirisetsang lefoko “moya”?

◻ Bakanoki ba le bantsi ba bolela eng ka tsela eo Bibela e tlhalosang moya ka yone?

◻ Thuto ya go sa sweng ga moya e simologile kae bogologolo mo hisitoring ya motho?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Tsotlhe ke meya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela