LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/15 ts. 4-7
  • Botshelo Morago ga Loso—Jang, Kae, Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo Morago ga Loso—Jang, Kae, Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Kgang Ya go Sa Swe ga Moya ke Yone Karabo?
  • Boemo Jwa Baswi
  • Sengwe le Sengwe sa Motho se a Swa
  • Tsogo ya Baswi—Nako e e Itumedisang
  • Go Tla Diragala Leng?
  • Tsela e Tsholofelo ya Tsogo e re Amang ka Teng
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Nna le Tumelo Gore O Bone Botshelo jo Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tsholofelo e e Tlhomameng
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/15 ts. 4-7

Botshelo Morago ga Loso—Jang, Kae, Leng?

MMOPI le Moneibotshelo wa batho o re tlhomamisa ka boene gore ga go reye gore fa motho a swa ga a kitla a tlhola a tshela morago ga foo. Mo godimo ga moo, Modimo o re tlhomamisa gore ga re kitla re tshela gape fela ka nakwana mme re ka lebelela go tshelela ruri re sa tlhoke go swa! Moaposetoloi Paulo o tlhalosa seno jaana ka tlhamalalo mme e le ka go tlhatswega pelo: “[Modimo] o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse [Keresete Jesu] mo baswing.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Ditiro 17:31.

Lefa go ntse jalo, go santse go na le dipotso tse tharo tse di botlhokwa tse di sa arabiwang: Motho yo o suleng a ka tsoga jang mo losong? Seno se tla diragala leng? Botshelo jo bosha joo bo tla nna kae? Go ile ga ntshiwa dikarabo tse di farologaneng mo lefatsheng lotlhe malebana le dipotso tseno, mme ntlha ya botlhokwa go bona boammaaruri jwa kgang eno ke go tlhaloganya sentle gore go diragalang ka batho fa ba swa.

A Kgang Ya go Sa Swe ga Moya ke Yone Karabo?

Tumelo e e anameng ke ya gore go na le karolo nngwe mo bathong botlhe e e sa sweng mme ke mebele ya bone fela e e swang. Gone tota o kile wa utlwa go buiwa jalo. Karolo eno e go tweng ga e swe go twe ke “moya [soul]” kana “moya [spirit].” Go twe fa mmele o swa, one o a tswa mme o bo o tswelela pele o tshela golo gongwe. Fa re tlhamalala fela, tumelo eo ga e tswe mo Baebeleng. Ke boammaaruri gore, Bahebera bangwe ba bogologolo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba lebeletse pele go bona botshelo morago ga loso, mme e ne e se gore go na le karolo nngwe mo go bone e e tswang. Ba ne ba lebeletse pele ka go tlhatswega pelo gore ba tla boa ba tshela gape mo lefatsheng mo isagweng ka go tsosiwa mo baswing ka kgakgamatso.

Tlhogo ya lotso, Aberahame, ke sekao se se tlhomologileng sa motho yo o neng a dumela mo tsogong ya baswi e e tlang. Fa e tlhalosa ka tsela e Aberahame a neng a iketleeditse go ntsha morwawe Isake setlhabelo ka teng, Bahebere 11:17-19 e re bolelela jaana: “Ka tumelo Aberahame, e rile a lekwa, a isa Isake tshupelo, . . . o ne a kaya gore Modimo o nonofile go ka mo tsosa, le fa e le mo baswing; mo o bileng a mo amogela ruri ka setshwantsho a tswa mo go bone,” e re ka Modimo a ne a sa batle gore Isake a ntshiwe setlhabelo. Bosupi jo bongwe jo bo supang gore Baiseraele ba ne ba ntse ba dumela gore ba tla boa ba tshela gape mo nakong e e tlang (go na le gore ka bonako fela ba tswelele pele ba tshela mo lefelong la moya), moporofeti Hosea o ne a kwala jaana: “Ke tlaa ba golola mo thateng ya phupu; ke tlaa ba rekolola mo losong.”—Hosea 13:14.

Bajuta ba ne ba simolola leng go akanya le go dumela mogopolo wa gore moya wa motho ga o swe? Encyclopaedia Judaica e dumela gore “gongwe e ne e le ka ntlha ya tlhotlheletso ya Segerika go bo thuto ya go sa swe ga moya e ile ya tsena mo Tsamaisong ya tumelo ya Sejuta.” Lefa go ntse jalo, tota le go fitlha ka nako ya ga Keresete, Bajuta ba ba tlhoafetseng ba ne ba santse ba dumela e bile ba ne ba solofetse nako ya go tsosiwa ga baswi mo isagweng. Re ka bona seno sentle mo motlotlong wa ga Jesu le Maretha ka loso lwa ga kgaitsadie e bong Lasaro: “Maretha a raya Jesu a re: ‘Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa.’ . . . Jesu a mo raya a re: ‘Kgaitsadio o tlaa ba a tsoga.’ Maretha a mo raya a re: ‘Ke a itse fa a tlaa ba a tsoga mo go tsogeng ka letsatsi la bofelo.’”—Johane 11:21-24.

Boemo Jwa Baswi

Fano gape, ga go tlhokege gore re fopholetse ka kgang eno. Boammaaruri jwa Baebele jo bo tlhamaletseng ke gore baswi ba “robetse,” ga ba utlwe sepe, ga ba ikutlwe gotlhelele kana ga ba itse sepe. Baebele ga e tlhalose boammaaruri joo ka tsela e e raraaneng le e go leng thata gore motho a e tlhaloganye. Akanya ka dikwalo tseno tse go leng motlhofo go di tlhaloganya: “Gonne batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, . . . Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.” (Moreri 9:5, 10) “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa [spirit] wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.”—Pesalema 146:3, 4.

Go a utlwala he, go bo Jesu Keresete a ne a bua ka loso jaaka boroko. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana ka motlotlo mongwe fa gare ga Jesu le barutwa ba gagwe: “A ba raya a re: ‘Lasaro, tsala ya rona, e robetse; mme ke a ya gore ke mo tsose mo borokong.’ Barutwa ba mo raya ba re: ‘Morena, fa a robetse, o tlaa fola.’ Jaana Jesu o ne a bua ka loso lwa gagwe; bone ba gopola fa a raya go ikhutsa ga boroko. Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: ‘Lasaro o sule.’”—Johane 11:11-14.

Sengwe le Sengwe sa Motho se a Swa

Fa motho a swa go raya gore sengwe le sengwe sa motho se a swa, ga go swe mmele fela. Go ya ka ditlhaloso tse di phepafetseng tsa Baebele, re tshwanetse ra swetsa gore motho ga a na moya o o sa sweng o o tswang fa mmele wa gagwe o swa. Dikwalo di supa ka phepafalo gore moya o ka swa. “Bonang mewa yotlhe ke ya me; jaaka mowa wa rra motho o ntse, mowa wa ngwana le one ke wa me; mowa o o leofang go tlaa swa one.” (Esekiele 18:4) Ga go na gope koo go buiwang ka dipolelwana “go sa swe” kana go “tswelela o tshela” tse go tweng motho o na le tsone.

New Catholic Encyclopedia e neela ditlhaloso tse di kgatlhang tseno malebana le mafoko a Sehebera le Segerika a a ranotsweng jaaka “moya [soul]” mo Baebeleng: “Moya mo Tesetamenteng e Kgologolo ke nepeš, mo Tesetamenteng e Ntšha ke [psy·kheʹ]. . . . Nepeš ke lefoko le le tswang mo moding wa ntlha o o ka tswang o raya go hema, mme ka jalo . . . e re ka mohemo o farologanya batshedi le baswi, lefoko nepeš le kaya botshelo, kana motho ka boene kana botshelo bongwe fela. . . . Ga go na kgaogano epe [go kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi] ya mmele le moya mo Tesetamenteng e Kgologolo. Moiseraele o ne a bona dilo ka tsela e e tshwanetseng, a di leba fela jaaka di ntse, mme ka gone o ne a tsaya batho jaaka batho ba ba feletseng e seng jaaka yo o nang le dikarolo tse di kgaoganeng. Le mororo lefoko nepeš, le ranolwa ka lefoko la rona la moya, le ka motlha ga le ke le kaya gore ke moya o o kgaoganeng le mmele kana motho ka boene. . . . Lefoko [psy·kheʹ] ke lefoko la Tesetamente e Ntšha le le tshwanang le nepeš. Le ka nna la kaya tshimologo ya botshelo, botshelo ka bojone, kana setshedi.”

Ka jalo o ka bona gore fa motho a sule, motho yo o neng a ntse a tshela, kana moya o o tshelang, ga o tlhole o tshela. Mmele o nna “lorole” kana dikarolwana tsa mmu, gongwe fa o fitlhwa kana ka ntlha ya go bola kana go akofisiwa ka go fisiwa ga setopo. Jehofa o ne a bolelela Atame jaana: “O lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Fa go ntse jalo, botshelo morago ga loso bo ka kgonega jang? Ke ka go bo Modimo o gakologelwa motho yo o suleng ka tsela ya gagwe. Jehofa o na le nonofo le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go bopa batho, ka jalo ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo a ka kgona go boloka tsela e motho a neng a ntse ka yone mo mogopolong wa gagwe. Ee, ditsholofetso tsotlhe tse motho yoo a nang natso tsa go tshela gape di ikaegile ka Modimo.

Ke sone se lefoko “moya [spirit]” le se kayang fa go twe o boela kwa Modimong o o o abileng. Fa mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa buka ya Moreri a tlhalosa tiragalo eno, o bolela jaana: “Mme lorole lwa boela mmung jaaka lo ne lo ntse, le mowa wa boela Modimong o o o abileng.”—Moreri 12:7.

Ke Modimo fela yo o ka dirang gore motho a tshele. Fa Modimo a ne a bopa motho kwa Etene mme a budulela “mowa wa botshelo” mo dinkong tsa gagwe a bo a tlatsa makgwafo a ga Atame ka moya, Jehofa o ne a dira gore maatla a botshelo a dire gore disele tsotlhe di tshele mo mmeleng wa gagwe. (Genesise 2:7) E re ka maatla ano a botshelo a ka fetisediwa mo baneng go tswa mo batsading ka go ithwala le go tsalwa, go a tshwanela gore go ka twe botshelo jwa motho bo tswa kwa Modimong, lefa gone bo tla ka batsadi.

Tsogo ya Baswi—Nako e e Itumedisang

Tsogo ya baswi ga e a tshwanela go tlhakanngwa le go tsalwa ka mmele o mosha, e leng selo se se sa tshegediweng ke Dikwalo tse di Boitshepo. Malebana le go tsalwa ka mmele o mosha go dumelwa gore fa motho a sena go swa, o tsalwa gape go tshela ka tsela nngwe kana tse di oketsegileng ka go latelana. Go twe a ka nna a boa a tshela mo boemong jo bo kwa godimo kana jo bo kwa tlase fa bo bapisiwa le botshelo jwa gagwe jwa pele, go ikaegile ka gore o itiretse leina le le ntseng jang ka nako ya fa a ne a santse a tshela pele ga foo. Go ya ka tumelo eno, motho a ka nna a “tsalwa gape” e le motho kana phologolo. Se se thulana gotlhelele le se Baebele e se rutang.

Lefoko “tsogo” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika e leng a·naʹsta·sis, le fa le tsewa fela jaaka le ntse le kayang “go ema gape.” (Baranodi ba Sehebera ba puo ya Segerika ba ranotse a·naʹsta·sis ka mafoko a Sehebera e leng techi·yathʹ ham·me·thimʹ, a a rayang “go tsosiwa ga baswi.”) Tsogo ya baswi e akaretsa go tsosolosiwa ga tsela ya motho ya botshelo, e leng tsela ya botshelo e Modimo a e bolokileng mo mogopolong wa gagwe. Go ya ka se Modimo a batlang go se dira ka motho yoo, o tla tsosiwa ka mmele wa nama kana ka mmele wa moya; lefa go ntse jalo, e ntse e le ene motho yole wa pele, a na le botho jo bo tshwanang e bile a gakologelwa dilo tse a neng a di itse pele a swa.

Ee, Baebele e bua ka mefuta e mebedi ya tsogo. E nngwe ke tsogo ya go ya kwa legodimong ka mmele wa moya; eno ke ya batho ba le mmalwanyana fela. Jesu Keresete o ne a tsosiwa ka tsela eo. (1 Petere 3:18) Mme o ne a supa gore bangwe ba ba tlhophilweng gare ga ba ba latelang dikgato tsa gagwe ba tla bona tsogo e e ntseng jalo, go simolola ka baaposetoloi ba ba ikanyegang, ba a neng a ba solofetsa jaana: “Ke ya go lo baakanyetsa bonno. . . . Ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng.” (Johane 14:2, 3) Baebele e tlhalosa seno jaaka ‘tsogo ya ntlha,’ e le ya ntlha ka ntlha ya nako le ka boemo. Dikwalo di tlhalosa batho ba ba tsosediwang jalo go ya kwa legodimong e le baperesiti ba Modimo le gore ba busa jaaka dikgosi le Keresete Jesu. (Tshenolo 20:6) ‘Tsogo ya ntlha’ ke ya palo e e lekanyeditsweng mme Dikwalo ka botsone di senola gore ke ba le 144 000 fela ba ba tla tsewang gare ga banna le basadi ba ba ikanyegang. Ba tla bo ba supile bothokgami jwa bone mo go Jehofa Modimo le Keresete Jesu go fitlha ba swa, e le batho ba ba neng ba bolelela ba bangwe ka tlhagafalo ka tumelo ya bone.—Tshenolo 14:1, 3, 4.

Kwantle ga pelaelo, tsogo ya baswi e tla nna nako e e itumedisang thata mo go bao ba tla tsosiwang go ya go tshela kwa legodimong. Mme boitumelo ga bo felele foo, ka gonne go solofediwa gape gore ba tla tsosediwa mo botshelong gone mo lefatsheng. Batho ba ba tla tsosiwang ba tla kopana le boidiidi jo bo sa lekanyediwang jo bo tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo. Fa moaposetoloi Johane a sena go bona palo e potlana ya ba ba tshwanelegelang tsogo ya selegodimo, o ne a fiwa ponatshegelo ya “boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” A bo e tla nna nako e e itumedisang jang ne fa dimilione tsa batho, gongwe diketekete tsa dimilione, di boa di tshela gape mo lefatsheng!—Tshenolo 7:9, 16, 17.

Go Tla Diragala Leng?

Boitumelo bope fela e tla nna jwa nakwana fa baswi ba ka tsogela mo lefatsheng le le tletseng ka ntwa, go tshololwa ga madi, kgotlelo le bothubaki—jaaka go ntse gompieno. Nnyaa, tsogo ya baswi e tshwanetse gore e lete pele gore go nne le “lefatshe le leša.” A o ke o akanye fela ka polanete e mo go yone go tla tlosiwang batho le ditsamaiso tsa ditiro tse gone jaanong di bonalang di ikaeletse go senya lefatshe le bontle jwa lone jo bo galalelang, re sa bue ka matlhotlhapelo a mangwe a a sa umakiweng a ba a tlisitseng mo baaging ba lone.—2 Petere 3:13; Tshenolo 11:18.

Kwantle ga pelaelo, nako ya go tsosiwa ga batho ka kakaretso e santse e tla. Lefa go ntse jalo, mafoko a a molemo ke gore ga go kgakala thata. Gone ke boammaaruri gore e tshwanetse go leta gore tsamaiso e e boikepo eno ya segompieno ya dilo e fedisiwe. Lefa go ntse jalo, go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore nako ya gore “sepitla se segolo” se tloge se simologe e gaufi, e e tla felelang ka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’—eo gantsi e bidiwang Haremagetone. (Mathaio 24:3-14, 21; Tshenolo 16:14, 16) Seno se tla fedisa boikepo jotlhe mo polaneteng e ntle eno e leng Lefatshe. Morago ga foo, go tla tla Puso ya ga Keresete Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete, fa lefatshe le tla bo le fetolwa go nna paradaise ka bonya ka bonya.

Baebele e senola gore ka nako eno ya puso ya Mileniamo, baswi ba tla tsosiwa. Ka nako eo go tla bo go diragadiwa tsholofetso eno e Jesu a neng a e dira fa a ne a santse a le mo lefatsheng: “Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa . . . ba tswele tsogelong.”—Johane 5:28, 29.

Tsela e Tsholofelo ya Tsogo e re Amang ka Teng

A bo tsholofelo eno ya go tsoga ga baswi e le tebelelo e e itumedisang jang ne ya isagwe—nako ya fa baswi ba tla bo ba tshela gape! A bo e re kgothatsa jang ne fa re ntse re lebana le botlhoko jwa go tsofala, bolwetse, masetlapelo le matlhoko a a sa lebelelwang, le dikgatelelo le mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo! E tlosa botlhoko jwa loso—e seng go tlosa bohutsana gotlhelele mme e re farologanya le batho ba ba senang tsholofelo ka isagwe. Paulo o ne a dumalana le tsela e e gomotsang e tsogo ya baswi e re amang ka yone ka mafoko ano: “Ga re rate lwa tlhoka go itse, bagaetsho, ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo. Gonne fa re dumela gore Jesu o ne a sule mme a ba a tsoga, fela jalo ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tlaa ba lere nae.”—1 Bathesalonika 4:13, 14.

Re ka tswa re setse re bone boammaaruri jwa mafoko a monna wa kwa Botlhaba e bong Jobe yo o neng a bolela jaana: “Motho o fela jaaka selo se se bodileng, jaaka kobo e e jelweng ke motoutwana. Motho yo o tsetsweng ke mosadi o malatsi makhutshwane mme o tletse mathata. O tswa jaaka sethunya mme a bo a swaba; jaaka moriti o o tshabang, ga a nnele ruri.” (Jobe 13:28–14:2, New International Version) Mme le rona re itse sentle gore botshelo ga bo a tlhomama e bile re itse boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko jwa gore “motlha le bowelo” bo ka re wela rotlhe. (Moreri 9:11) Kwantle ga pelaelo, ga go na ope wa rona yo o itumedisiwang ke mogopolo wa go lebana le loso. Lefa go ntse jalo, tsholofelo e e tlhomameng ya tsogo e thusa go tlosa poifo e kgolo ya loso.

Ka jalo, se kgobege marapo! Akanyetsa ka kwa ga loso lo lo ka nnang lwa go wela, akanya ka go tsosiwa ka kgakgamatso mo losong. Solofela go bona botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang o tlhatswegile pelo, mme o oketse boitumelo jwa gago ka kitso ya gore nako e e itumedisang eno e gaufi thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela