Go Lemoga Dikgang
Ditherisano Magareng ga Makatoliki le Ba-Marx
Kwa Budapest, Hungary, ka October 1986, baruti ba Katoliki ba le 15 le boramatlhale ba gone ba ne ba kopana le baramatlhale-tlhale ba Bo-marx ba le 15. Pokano eo e ne ya kokoanngwa ke ilatican Secretariat for Unbelieyers le Hungarian Academy of Science go tlotla ka go fetoga ga ditekanyetso tsa boitshwaro.
Mo gare ga Makatoliki ao a neng a le gone go ne go na le Oardinal Poupard, modula-setulo wa Secretariat for Unbelieyers, le Cardinal Koenig, yo e leng mankge wa dikamano tsa Kereke ya Katoliki le merafe ya sekomonise. Bo-Marx ba ne ba akaretsa ditlhogo tsa Hungarian Institute of Philosophy le ba Soyiet Institute of Scientific Atheism.
Le Monde ya letsatsi le letsatsi ya Fora e ne ya bega jaana: “Boramatlhale-tlhale ba Bo-Marx ba lemoga gore ba lebane le pheretlhego ya ditekanyetso tsa boitshwaro, eo ba lekanyang go nna masisi ga yone ka palo ya bao ba ipolayang, go dirisa diokobatsi, le go nwa tagi. Go ya ka boemedi jwa Katoliki, fa ba ntse ba batlana le tharabololo ba [e leng Ba-Marx] ikaega ka go dirisana mmogo ga dikereke tsa Bokeresete. Kafa letlhakoreng la Roma [Katoliki], boikaelelo jo bo ntlha pedi e ne e le go sekaseka botoka ka moo motho le melao ya boitshwaro di tsenang ka gone mo bathong ba Bo-Marx le go ‘tlhatlhoba motheo wa boitshwaro wa tirisano-mmogo e e nitameng magareng ga Bakeresete ba ba kwa Dinageng tsa Botlhaba [tsa bokomonisi] le Ba-Marx.’”
Tharabololo ya mmatota ya mathata a boitshwaro a motlha ono ga e kitla e fitlhelwa magareng ga dikgopolo tse di lwantshanang. Go na le moo, etla bonwa fa Bogosi jwa ga Jehofa mo matsogong a ga Morwawe. Jesu, bo menola tsamaiso ya ga jaanong ya dilo, a tlhoma lefatshe le lesha mo boemong jwa yone kafa tlase ga Bogosi joo jwa legodimo.—Daniele 2:44; Tshenolō 21:4, 5.
A ke Kgololesego ya Mmatota?
Thuta-Bomodimo ya kgololosego—e leng mokgatlho o o rotloetsang tirisa-dikgoka jaaka tsela ya “go golola bao ba humanegileng le ba ba gatelelwang” segolo-bogolo mo Mafatseng a a sa Tlhabologang, e tumela pele. Seno e ne e le setlhogo seo go neng go tlotliwa ka sone kwa Kopanong ya Bobedi ya Meraferafe ya Ecumenical Association of Third World Theologians eo e neng e tshwaretswe kwa Oaxtepec, Mexico, ka December 8-13, 1986. Ke ka ntlhayang fa bakanoki bano ba bodumedi ba ititeile sehuba go feta le fa e le leng pele malebana le mekgele ya bone ya phetogo ya loago?
Lemororo Vatican e ne ya golola tao e e neng e kgala thuta-bomodimo ya kgololesego ka 1985, Instruction on Christian Freedom and Liberation eo e golotsweng ka 1986 e ne ya bolela gore “go siame tota gore bao ba bogisiwang ke bao ba humileng kana bao ba nang le maatla a sepolotiki ba tseye kgato.” “Go kgaratlha go go tlhometseng ka dibetsa” jaanong go a dumelelwa jaaka “tsela e e ka dirisiwang fa tse dingwe tsotlhe di tlholegile.”
Lefa go ntse jalo, fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, a o ne a tsenatsena mo mekgatlhong ya lefatshe ya Ioago? Nnya, go nale moo, fa moaposetoloi Petere a ne a dirisa “chaka” go sireletsa Morwa Modimo, Jesu o ne a mo kgalemela ka go re: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52) Bibela e solofetsa gore kgololesego ya mmatota etla tla ka go tsenelela ga bomodimo fa Modimo a tla bo a sa fedise lehuma fela mo lefatsheng, go sukasukana ga meraferafe, go tlhaolwa ka ntlha ya lotso, le go gatelelwa mme gape le dikeledi, botlhoko, bohutsana, le loso. (Tshenolō 21:4) Kwantle ga pelaelo, eno e tla bo e le kgololesego ya mmatota!
Go Kolobediwa ga Bana go a Ganwa
Moruti mongwe wa Protestanta ya Jeremane go tswa kwa Frankfurt bosheng jaana o ile a bolelela balaodi ba kereke gore ka gone o ne a tlile go gana “go kolobetsa bana ba ba sa ikutlweng ba kereke ya gagwe.” Fa a ne a tlhalosa lebaka la go bo go kolobediwa ga gagwe ka namana jaaka lesea go ne go sa tshwanele leina kolobetso, Klaus Hoffmann yo o nang le dingwaga di le 58 o ne a bolela jaana: “Ga e a diragatsa patlafalo ya konokono ya kolobetso ya Bibela, eo e leng tumelo, kana gone gore e ne e na le letshwao le le tshwanetseng, e leng go nwediwa.” Fa a ne a tshegetsa pono ya gagwe, o ne a tlhopha gore a kolobediwe sesha mme ka gone “a kolobediwa kolobetso ya Bibela ya go nwediwa,” go bega lekwalo-dikgang la Jeremane jalo e leng Frankfurter Allgemeine Zeitung.
Sa ntlha, batlhankedi ba kereke ba ne ba ntsha Hoffmann mo ditirong tsotlhe ka nakwana, mme katlholo eo e ne ya fetolwa go nna “lefi ya dikgwedi di le tharo ka boikaelelo jwa go dira dipatlisiso.” Ka diphelelo dife? Lekwalo-dikgang leo le bega gore fa a ne a dira dipatlisiso mo kganyeng eno go ya pele go ne ga rurifatsa fela “kolobetso ya masea ga e tshegediwe ka gope gore mo teng ga Bibela. Gape mekwalo ya Bakeresete ba pele ga e bue sepe malebana le go simololwa ga tiro eno go fitlhela mo lekgolong la boraro la dingwaga.”
Ga go gakgamatse go bo. balaodi ba bodumedi ba umaka ngwao jaaka motheo-wa tiro eno. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dintlha tseno. go kolobediwa ga masea go ntse go tswela pele go dirwa go ralala bontsi jwa La-Bodumedi. A go tshegediwa ga yone ke baruti go go ntseng jalo go dira gore e siame? Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba kolobetse, eseng masea. mme badumedi bao ba neng ba rutilwe go boloka ditaelo tsa gagwe tsotlhe. Ene ka namana e ne e se lesea mme “a bo a le e ka ne e le dinyaga di le mashomè mararo” fa a ne a nwediwa mo metsing a Noka ya Joredane.—Luke 3:21-23; Mathaio 28:19, 20.