LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/15 ts. 21
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Bomang Bao Eleng Baikeodi?
  • Motse wa “Kago ya Phemelo”
  • Tiragalo e e Diphatsa Ebile e Gakgamatsa
  • A Modimo ke Tharonngwe?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A Tota-Tota Ke Se Bibela E Se Rutang?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • “Tharo-Nngwe e e Tlotlegang”—A e Teng mo Bibeleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/15 ts. 21

Go Lemoga Dikgang

Ke Bomang Bao Eleng Baikeodi?

“Mo Bibeleng re ithuta gore Modimo ke Tharo-Nngwe,” Moporofesara Johan Heyns o ne a kwala jalo, yoo eleng moeteledipele wa semoya wa Kereke ya Dutoh Reformed ya Afrika Borwa, mo tokololong ya November 15, 1986 ya lekwalo-dikgang la Afrika Borwa Naweek-Volksblad. Malebana le bao ba bolelang gore Modimo ga a kake a nna gararo mme lefa go ntse jalo a le mongwe. moporofesara yoo o tswelela ka go re, “Kereke ya Bokeresete e ne ya bolela gore batho bano ba ne ba rera thuto ya maaka, mme ka gone kereke le yone e ba latofatsa jaaka baikeodi.”

Mme lefoko Tharo-Nngwe le fitlhelwa kae mo Bibeleng? Moporofesara Heyns ga a ka a bolela. Seno ga se gakgamatse ka gonne, jaaka The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana, “lefoko Tharo-Nngwe kana thuto e e tlhamaletseng ya yone ga e tlhage mo Tesetamenteng e Ntsha, kana gone gore Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba ikaeletse go ganetsa Shema [e leng go ipolela tumelo ga Bajuda] e e mo Tesetamenteng e Kgologolo: ‘A o ke o utlwe Iseraele: Morena Modimo wa rona ke Morena a le esi’ (Dute. 6:4).” Fa ele gore thuto ya Tharo-Nngwe ga ya rutiwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe kana gone gore e begilwe ka tlhamalalo mo Bibeleng, go tlile jang gore e aname? Lemororo Britannica e bolela gore sebokwanatlhoko sa thuto eno se mo “Tesetamenteng e Ntsha,” e dumalana gore “thuto eno e ile ya gola ka bonya go ralala makgolo a dingwaga le go ralala dikganetsano di le dintsi” le gore kwa bokhutlong jwa lekgolo Ia bone la dingwaga “thuto eno ya Tharo-Nngwe e ile ya nna le mo e ka nnang sebopego seo e saleng e nna le sone go tloga nako eo.”

Fa e le gore bao ba ganang go dumela gore Modimo ke boraro mo bongweng e le baikeodi, he go tweng ka Jesu Keresete ka namana? O ne a boeletsa mafoko a a fa godimo a Duteronome 6:4 jaana: “Yehofa Modimo oa rona, Yehofa o moñwe hèla.” (Mareko 12:29) Gape Jesu o ne a bolela jaana: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28) Jalo baikeodi ke bomang? Bao ba ngaparelang seo Jesu a se rutileng kana bao ba ngaparelang thuto eo e nnileng teng makgolo-kgolo a dingwaga morago ga loso lwa gagwe?​—Bapisa 1 Bakorintha 4:6 le 2 Yohane 9.

Motse wa “Kago ya Phemelo”

“Sydney gompieno ke motse o o thibeletsweng,” kanaanela kgang e e go The Sun-Herald e ne ya simolola jalo, e leng lekwalo-dikgang la Sydney. Australia. “Mafelo-bonno a gone ke dikago tsa phemelo tse di ageletsweng ka legora la tshipi, tse di lotletsweng sebedi ebile di disitswe ka didirisiwa tsa elektrone. Diterena tsa gone tsa bosigo go dirwa tshenyo mo go tsone, di ngapakilwe ebile di le lophaka ka mo go boifisang Mebila ya gone e fetoga e e sa bolokesegang go ya pele morago ga lotlatlana.”

Lemororo se se fa godimo e ka nna setshwantsho se se boifisang sa ditoropo tse dintsi tse dikgolo go dikologa Iefatshe. se baka kamego e kgolo malebana le batho ba Australia. Lefa go ntse jalo, diithuti tsa Bibela ga di gakgamadiwe ke go bona boikepo bo anama. Ka ntlhayang? Ka gonne ba gakologelwa mafoko a ga Jesu a boperofeti kaga maemo a mo motlheng wa rona. Jesu o ne a bolela gore “ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse. loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.” (Mathaio 24:12) Mme lemororo kanaanelakgang e e go The Sun-Herald e lela ka ntlha ya go aparelwa ke poifo goo go amang eo e kileng ya bo e bidiwa toropo e e lesego go gaisa ya Naga e e Lesego, “lesego” ga le kitla le khutlisa boikepo. Ke Jehofa fela, ka puso ya gagwe ya selegodimo, yo o tla dirang jalo. Pesalema 5:4 e re tlhomamisetsa gore Jehofa ga se “Modimo o o nañ le go kgatlhwa ke boikèpō: boshula ga bo ketla bo tlhōla le wèna.”

Tiragalo e e Diphatsa Ebile e Gakgamatsa

Bibela e laela Bakeresete gore ba ‘lthibe mo mading.’ (Ditihō 15:29) Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore tlhagiso eno ya Dikwalo e dira mo go jeng madi mmogo le mo ditshelong tsa madi. AIDS, eo e leng bolwetsi jo bo kotsi jo bo tlhaselang tsamaiso ya mmele ya go iphemela mo malwetsing, bo ka tshelwana go tswa mo ditshelong tsa madi. Mo tiragalong nngwe e e utlwisang botlhoko mme e gakgamatsa. lesea lengwe leo le tsetsweng le na le bolwetsi bongwe jo bo sewelo ebile bo le kotsi jwa go tlhaela iphemelo kgatlhanong le malwetsi joo bo bidiwang reticular dysgenesis le ne la dirwa karo ya moko le na le dikgwedi di le thataro. Karo e ne e akaretsa ditshelo tsa madi. Karo eo e ne ya lebega ekete e tla atlega go fitlhela dingaka di lemoga gore ditshelo tseo di neng di dirisiwa di ne di tsentse lesea leo bolwetsi jo bongwe jo bo kotsi. “Fa molwetsi a na le dingwaga di le 2 1/2 o kokotlegela sentle kwantle ga selo se le sengwe fela.” go bega Physician’s Weekly jalo. “Ngwana yoo o ne a newa diplatelete tsa morago ga karo pele ga go tlhatlhobelwa (dibokwanatlhoko tsa AIDS) go patelediwa mme jaanong le na le AIDS.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela