A Bokeresete Jwa Boammaaruri bo Dira Gore Batho ba Feteletse Dilo?
LA-BODUMEDI e na le batho ba ba feteletsang dilo—go tswa mo bathong ba ba itatlhelang mo molelong ba supa go ganana ga sepolotiki go ya mo bathong ba ba sa amogeleng dipono tse di farologaneng tsa bodumedi tsa ba bangwe. Ka sekai, Botlhabanela-tumelo jwa ntlha bo ne jwa tlhotlhelediwa ke Kereke ya Katoliki go golola Jerusalema mo taolong ya batho ba e neng e ba tsaya jaaka baheitane Go ne ga simologa ka makoko a mararo a ditlhakana-tlhogo bao bothubaki jwa bone jo bo feteletseng bo neng jwa akaretsa go bolaiwa mo go setlhogo ga Bajuda ba ba senang molato mo Rhineland. Fa batlhabani ba Botlhabanelatumelo jono ba atlega mo go gapeng Jerusalema, masole ano a gotweng ke a Bokeresete a ne a eledisitse madi mo mebileng.
H. G. Wells mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Outline of History, o bua jaana ka Botlhabanela-tumelo jwa ntlha: “Polao e ne e sisimosa mmele: madi a ba ba fentsweng a ne a elela mo mebileng, mo banna ba neng ba gasiwa ke madi jaaka ba ntse ba tsamaya Fa bosigo bo goroga, ‘ba tletse dikeledi tsa boitumelo,’ batlhabanela-tumelo bano ba ne ba tla mo Aletareng morago ga ba sena go gamola segatisetso sa beine, mme ba tshwaragana ka diatla tsa bone tse di tletseng madi ba rapela.”
Mo Botlhabanela-tumelong jwa moragonyana jo bo neng bo laotswe ke Mopapa Innocent III, ba-Albi le ba-Waldo ba ba ratang kagiso, ba ba neng ba gana dithuto tsa Roma le go feteletsa dilo ga baruti, ba ne ba bolaiwa mo go setlhogo Mabapi le go feteletsa dilo mo ba neng ba go lebisitswe, Wells o ne a kwala jaana: “Balatera ba ne ba utlwile go lekane, ka gone Innocent III a bo a dira morero wa botlhabanela-tumelo kgatlhanong le makoko ano a a senang lesego, a ba a letlelela go kwalwa ga motho mongwe le mongwe yo o bosula yo o sasankegang . . . le go tenega ga mofuta ope fela mo go bonalang gareng ga babusiwa ba ba kagiso thata bao ba Kgosi-kgolo ya France. Dipego tsa bosetlhogo le letlhoo la botlhabanela-tumelo jono di maswe thata-thata fa di balwa go gaisa pego epe ya go bolaiwa mo go golo ga Bakeresete ba bolawa ke baheitane.”
Hisitori ya La-Bodumedi e tletse dipego tsa batho ba ba feteletsang dilo, mme gantsi ba ile ba supa maungo a thubakanyo Ka gone re ka konela ka gore go feteletsa dilo ga go supe maungo a a molemo. New Standard Dictionary of the English Language ya ga Funk le Wagnalls (tokololo ya 1929) e tlhalosa go feteletsa dilo ka tsela e e latelang: “Go ya bokgakaleng thata kana tlhagafalo ya go tlhakana tlhogo.” Mme e tswelela-pele go e tshwantsha ka mafoko ano: “Ga go na gope mo hisitoring fa go supilweng bosetlhogo jo bo kalo-kalo, go itlhokomolosa melao mo go kalo-kalo, le go feteletsa dilo go gaisa jaaka go dirile botlhabanela-tumelo.”
Gape go a kgatlhisa go tlhokomela tlhaloso e e neetsweng lefoko “go feteletsa dilo” ke Webster’s Third New International Dictionary, ya 1961. Ya re: ‘Go feteletsa dilo—ka Selatine, go tlhotlhelediwa ke modingwana 1. go tsenwa kana go lebega ekete o tsenwa ke badimo: fa go atolosiwa: go lwala tlhaloganyo, go tlhakana-tlhogo, botsenwa. 2. go laolwa, go diriwa, kana go bonwa ka go nna le tlhagafalo e kgolo thata: go ya bokgakaleng thata, go dira kwantle ga tlhaloganyo; go nna matlhagatlhaga mo go feteletseng, segolo-bogolo mo dikgannyeng tsa bodumedi.’ Fa re ntse re gakologetswe dintlha tseno, a go ka twe Bakeresete ba boammaaruri ba feteletsa dilo?
Ba Bonwa ka Maungo
Ereka maungo a supa setlhare sa one, ka mo go tshwanang matswela a ditiro tsa batho a ba tlhalosa gore ke batho ba mefuta ofe. Jesu Keresete, Mosimolodi wa Bokeresete, o ne a supa seno. O ne a re: “Setlhare se se molemō ga se kake sa uñwa louñō lo lo boshula, le gōna setlhare se se boshula ga se kake sa uñwa louñō lo lo molemō. Mme ke gōna lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.”—Mathaio 7:18, 20.
Jesu o ne a simolola Bokeresete e le setlhare se se molemo. Ka gone, ga bo kake jwa ungwa maungo a a bosula a go feteletsa dilo. Le ka motlha Jesu ga a ise a ke a kgothaletse balatedi ba gagwe go ikgobatsa mo mmeleng kana go gobatsa ba bangwe Mo boemong jwa seo, fa a tsopola nngwe ya ditaolo tse dikgolo, o ne a re: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Balatedi ba gagwe ba ne ba tshwanetse go nna bonolo le eleng mo babeng ba bone. Jesu o ne a re: “Ratañ baba ba lona, ba ba lo ilañ lo ba dihele molemō, Lo segōhatsè ba ba lo hutsañ, lo rapèlèlè ba ba lo gobololañ.”—Luke 6:27, 28.
Balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri ba ne ba tsamaya gareng ga batho ba merafe e e farologaneng eseng ka dibetsa le ka digai, mme eleng ka Lefoko la Modimo le le kwadilweng gammogo le dipuisanyo tsa kagiso. Ba ne ba sa tshole dibetsa tsa sesole ba di isa mo mafatsheng a mangwe gore ba tle ba bolaye, ba bogise, le go betelela bao ba ganang kolobetso ya Bokeresete. Mo boemong jwa moo, barutwa ba ga Jesu ba ne ba latela sekai sa gagwe sa kagiso sa go rerela botlhe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, ba ba kgothaletsa go akanyetsa boikitsiso jo ba bo neelwang mo Dikwalong. Maungo a tiro ya bone a ne a akaretsa leungo la moya wa Modimo—“loratō, le boitumèlō, le kagishō. le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.”—Bagalatia 5:22, 23.
Ga go na pharologanyo gompieno. Bokeresete jwa boammaaruri bo ntse bo supa maungo a a molemo. Setlhare, eleng phuthego ya Bokeresete, e Jesu a e jadileng mo dingwageng tse di fetang 1 900 tse di fetileng e ne e le molemo, mme e santse e le molemo Ka gone ga e kgone go supa maungo a a bosula, a a ferosang sebete, a thubakanyo a go feteletsa dilo. Mme he, ke ka ntlhayang fa go feteletsa dilo go tlwaelegile mo go kana mo go La-Bodumedi?
Moaposetoloi Paulo o ne a supa gore go ne go tla tla nako ya fa Bakeresete ba eseng bone ba neng ba tla nna gone. Ba ne ba tla nna le leina la Bokeresete mme ba sa bo supe mo matshelong a bone kana leungo le le molemo la jone. O ne a bolelela bagolwane ba ba tswang kwa Efeso jaana: “Kea itse ha e tla re ke sena go tsamaea go tla tsèna mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleñ lecomane: Le mo go lona ka losi go tla coga-banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshedisa barutwa moragō.” (Ditihō 20:29, 30) Mo bateneging bano go ne ga tlhagoga La-Bodumedi ka makgolo-kgolo a yone a diphuthego tsa bodumedi tse di ganetsanyeng tse di rutang dilo tse gotweng ke tsa Bokeresete. Tota, ke “dilō tse di shōkameñ,” megopolo ya batho eseng ya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. E ne ya nna gareng ga Bakeresete bano ba maaka mo maungo a a bosula a go feteletsa dilo a ileng a itshupa.
A Tlhagafalo ya Bokeresete ke ya go Feteletsa Dilo?
Ke boammaaruri gore go feteletsa dilo ke mokgwa mongwe wa tlhagafalo. Mme go feteletsa dilo ke “go ya bokgakaleng thata kana tlhagafalo ya go tlhakana-tlhogo,” eleng tlhagafalo “e re senang tlhaloganyo.” Seno ga seyo mo Bokereseteng jwa boammaaruri.
Gangwe le gape, Bibela e tlhagisa Bakeresete go dira dilo ka tlhaloganya. Ka sekai, Bafilipi 4:5 ya re: “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwe mo bathuñ botlhe.” Gape Bakeresete ba gakololwa go “[tila go] bua boshula kaga motho opè. ba se nne dikgañkgañ, ba nnè bonōlō, ba le boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe.”—Tito 3:2.
Ereka Basupi ba ga Jehofa ba etela batho mo magaeng a bone go bua kaga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, ba farologane le bontsi jwa bao ba iphakang go nna Bakeresete. Tlhagafalo eno mo bodiheding jwa Bokeresete ga se motheo ope wa go ba leba jaaka batho ha ba feteletseng dilo. Ke tlhagafalo e e nang le tlhaloganyo ya tiro e Jesu a neng a e dira le go laela balatedi ba gagwe go e dira. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Motho yo o beelang kwa thoko ditiro tsa botho tse dintsi tse di senyang nako gore a neele bontsi jwa nako ka moo a ka kgonang ka teng mo tirong ya go rera Bogosi ga se mofeteletsi wa dilo. Go na le moo, o bontsha go lemoga go potlaka ga go thusa ba bangwe go ithuta ka boammaaruri jo bo bolokang botshelo jwa lefoko la Modimo ka nako e khutshwane e e setseng ya tiro eno e e tshwanelwang ke go dirwa. Seno se a utlwala ebile se a thusa.
Mo boemong jwa go nna tiro ya go feteletsa dilo eo e gobatsang ba bangwe, tiro eno e aga tumelo mo Modimong le mo Lefokong la gagwe. E neela tsholofelo ba ba senang nayo, e tlisetsa bao ba leng mo ditumelo-botlhoding tsa La-Bodumedi kgololo le bao ba tlhokang kitso, ebile e fetola batho ba ba senang palo ba ha tletseng bothubaki ebile ba na le boitsholo jo bo maswe go nna Bakeresete ba ba phepa le ba ba kagiso. Maungo a a molemo ano a supa phuthego e e molemo.
Mo mafatsheng a feta 200. Basupi ba ga Jehofa ba boloka boikanyegi jwa bone mo Bogosing jwa Modimo, lemororo ba thibelwa kafa molaong mo mafatsheng a le mantsi. Boikanyego jwa bone mo Modimong, eleng Molaodi yo Mogolo le ka motlha bo ka seke bo supiwe jaaka go feteletsa dilo. Ke Mmusi yo Mogolo go ba feta botlhe, mme fa go na le thulano gareng ga melao ya gagwe le ya bo-goromente ba batho, Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go obamela ene. Mo go bo-goromente ba batho, fa gongwe melao ya lefelo e a itlhokomolosiwa ka ntlha ya go bo e thulana le melao ya ga goromente Ka mo go tshwanang, mo Bakereseteng melao ya batho e a itlhokomolosiwa fa e thulana le eo ya Molaodi wa Lobopo, ebong Jehofa Modimo. Ereka Mokeresete wa boammaaruri a ka seke a obamele melao e le mebedi e e thulanang, o dira se baaposetoloi ba neng ba se dira. Ba ne ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) Seno se a utlwala.
Tlhaloganyo e e tshwanang e bontshiwa ke Basupi ba ga Jehofa mabapi le mekete ya bomorafe le ya bodumedi eo e thulanang le Lefoko la Modimo. Go gana go tsaya karolo mo go se bontsi mo nageng bo se tlotlang ga se go feteletsa dilo. Go nna pharologanyo ka ntlha ya digakolodi tsa bone tsa bodumedi go baya Basupi mo seemong se le sengwe fela le Bakeresete ba pele, ba ba neng ba sa tseye karolo mo meketeng e e tumileng ya motlha wa bone. Ebile Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go neela lebaka la Dikwalo la go sa tseye karolo.—1 Petere 3:15.
Bangwe ba ka nna ba tsaya Basupi jaaka batho ba ba feteletseng dilo ka ntlha ya go gana ga bone go amogela go tshelwa madi, e leng mokgwa o o tumileng mo bontsing jwa dingaka Fano gape ke kgang ya go obamela molao wa Modimo. Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete ba laolwa gore ba “ithibè . . . mo madiñ.”—Ditihō 15:28, 29.
A motho ke mofeteletsi wa dilo fa, ka ntlha ya segakolodi, a gana tsamaiso ya tsa kalafi e e tlwaelegileng? Bangwe ba eseng Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ba tshaba go tsenwa ke AIDS kana malwetsi a mangwe Ka gone a ga go utlwale rao Basuping go kopa kalafi e e seng kgatlhanong le digakolodi tsa bone?
Mme he, go tshwanetse ga konelwa jang mo go seno? Gore Basupi ba ga Jehofa ga se batho ba ba feteletsang dilo ka ntlha ya gore ba farologane le bontsi mme ba ganelela mo go nneng kutlo mo Modimong. Lemororo ba na le tlhagafalo mo Modimong, ga ba na “go ya kgakala thata kana tlhagafalo e e senang tlhaloganyo” jaaka ekete ba na le badimo; kana le eleng go lebega ekete ba lwala tlhaloganyo, ba tlhakane-ditlhogo kana “ba a tsenwa.” Le ka motlha ga ba ise ba ke ba ikgobatse kana ba gobatsa ba bangwe ka ntlha ya tlhagafalo ya bone ya bodumedi Go na le moo, tumalanong le se Bibela e se buang kaga Bakeresete ba boammaaruri ba “kagishō le batho botlhe.”—Baroma 12:18.
Ka gone phuthego ya Bokeresete e Jesu Keresete a e simolotseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga e le setlhare se se molemo e tswelela gompieno go supa maungo a a molemo fela. Ka gone, ga go kake ga diragala gore Bokeresete jwa boammaaruri bo dire gore batho ba feteletse dilo.
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
Ga go na lebaka lepe la go tsaya Basupi ba ga Jehofa jaaka batho ba ba feteletsang dilo ka ntlha ya tlhagafala ya bone ya bodihedi jwa Bokeresete