“Lo Nnè Boitshèpō . . . ”
“Me yaka eo o lo biditseñ a le boitshèpō, le lona lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga Iona: Ka go kwadilwe, ga twe, Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.”—1 PETERE 1:15, 16.
1, 2. (a) Ke segopodiso sefe se se neng se gokeletswe mo seaparong sa moperesiti yo mogolo, mme tito ya sone e ne e le eng? (b) Ke ka ntlhayang fa go gakololwa ka boitshepo jwa ga Jehofa go tshwanela gompieno? (c) Ke kgothatso efe eo Petere a e neelang mabapi le boitshepo?
“BOITSHÈPÈLŌ YEHOFA.” Mafoko ano a a papametseng a ne a kwadilwe gore mongwe le mongwe a a bone, a setilwe mo sematleng sa gouta se se neng se gokeletswe mo seaparong sa moperesiti yo mogolo wa Iseraele. (Ekesodo 28:36-38) Go phatsima ga one go ne go gakolola motho gore Iseraele o ne a farologanele merafe ya baheitane eo e neng e obamela medimo e e seng phepa, gonne o ne a obamela Modimo o o boitshepo le o o phepa.
2 Fa o setse o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a tota o lemoga kafa Modimo o o mo obamelang eleng o o itshekileng, o o phepa, o o boitshepo, le o o tshiamo? Go gakololwa ka boammaaruri jo bo ntseng jalo jwa motheo go ka bonala ekete a go tlhokafale. Ebu, jaaka batho ba ga Jehofa, re ile ra segofadiwa ka go tlhaloganya “dilō tse di boteñ tsa Modimo”—dipolelelo-pele tsa Bibela tse di raraaneng, go dirisiwa ga melao-metheo ya Bibela, thuto ya motheo ya Bibela. (1 Bakorintha 2:10; bapisa Daniele 12:4.) Lefa go le jalo, go phepafetse gore bangwe ba tlhaela thata go lemoga gore Jehofa o hoitshepo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore ngwaga nngwe le nngwe diketekete di wela mo boitsholong jo bo sa siamang. Diketekete tse dingwe di ipaya mo kgobalong ka go ba dira ditiro tseo di ba bayang gaufi thata le go tlola molao wa Bibela. Ka phepafalo, bangwe ga ba tlhaloganye bomasisi jwa mafoko a a go 1 Petere 1:15, 16: “Yaka eo o lo biditseñ a le boitshèpō, le lona lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga lona: Ka go kwadilwe, ga twe, Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.”
Modimo o o Boitshepo, Baobamedi ba ba Boitshepo
3. Pina ya ga Moshe e supa eng mabapi le Jehofa?
3 ‘Motho yo o sa itekanelang—a o ka nna boitshepo? Legoka!’ gongwe o ka bua jalo. Lefa go ntse jalo, akanyetsa gore ke ka ntlhayang fa Petere a kgothaditse jalo. Moaposetoloi fano o ne a tsopola mafoko ao pele a neng a lebisiwa Iseraele ka bokhutshwanyane fela morago ga ba fuduga mo Egepeto. Ka kgololo eno ya dikgakgamatso, Jehofa o ne a ile a senolwa jaaka Mogolodi, Modiragatsi wa ditsholofetso, “monna oa ntwa.” (Ekesodo 3:14-17; 15:3) Mo pineng eo go neng go ipelelwa ka yone go fenngwa ga Egepeto mo Lewatleng le Lehibidu, Moshe o ne a senola karolo e nngwe gape kaga Jehofa: “Yehofa emañ eo o chwanañ nau mo medimoñ? Emañ eo o chwanañ nau, u le kgalalèlō mo boitshepoñ?” (Ekesodo 15:11) Fano e ne e le lantlha moo Jehofa a ileng a kaiwa jaaka yo o boitshepo.
4. (a) Jehofa o ‘kgalalelo mo boitshepong’ ka tsela efe? (b) Jehofa o ne a farologana jang le medimo ya Kanana?
4 Mafoko a Sehebera le Segerika a a kwadilweng ka gore “boitshèpō” mo Bibeleng a re akantsha ka ‘phatsimo, bosha, boitekanelo, bosenang-selabe, le bophepa.’ Ka gone Moshe o ne a kaya Jehofa jaaka yo o phepa-phepa, yo o senang lefa e le selabe sepe, yo o senang bogole, yo o ka sekang a itshokela leswe lefa e le lefe. (Habakuke 1:13) Jehofa o ne a farologana thata-thata le medimo ya lefatshe leo Baiseraele ba neng ba tloga ba le rua—Kanana. Mekwalo eo e ileng ya epololwa kwa Ras Shamra, ebong toropo e e kwa bokone jwa lotshitshi lwa Siria, e re latlhelela lesedi le sekae kaga medimo e mentsi-ntsi ya Kanana. Mekwalo eno e tlhalosa kaga medimo e e neng e “goga-gogana, e le pelotshetlha, e ipusolosetsa, e le bofafalele,” go ya ka buka ya The Canaanites, ya ga John Gray.
5, 6. (a) Go obamela medimo e e senang molemo o ne ga ama Bakanana jang? (b) Go obamela Modimo o o boitshepo go ne ga ama Baiseraele jang?
5 Mme ka mmannete, botshelo jwa Bakanana bo ne bo supa ka boatla jwa medimo e ba neng ba e obamela. The Religion of the People of Israel e tlhalosa jaana: “Ditiro tse di neng di dirwa fa go ediwa modimo mongwe di ne di tsewa jaaka tirelo go modimo oo . . . [Modimogadi wa tlhakanelo-dikobo] Ashetarete o ne a na le badiredi ba le mmalwa ba banna le ba basadi ba go neng go twe ke batho ba ba itshepisitsweng . . . Ba ne ba itshepiseditswe o mo direla jaaka diaka.” Mokwadi William F. Albright o ne a oketsa jaana: “Lefa go ntse jalo, se se maswe-maswe ke gore bopepe jwa tumelo ya bone bo tshwanetse wa bo bo ne bo feteleditse mo lesweng la matlabisa-ditlhong.” Kobamelo ya “medimako” ya serwe sa bonna, go ntsha bana ditlhabelo, maselamose, mereo, go nyalana ka losika, bosodoma, le go lala le dibatana—dilo tseno tsotlhe di ne tsa nna ‘ditiro tsa lefatshe’ la Kanana.—Ekesodo 34:13; Lefitiko 18:2-25; Duteronome 18:9-12.
6 Mo letlhakoreng je lengwe, Jehofa o “kgalalèlō mo boitshepoñ.” O ka seke a itshokele bofafalele jo bo ntseng jalo mo baobameding ba gagwe. (Pesalema 15) Jalo, ka go sa tshwaneng le medimo ya Bakanana e e leswefatsang, Jehofa o ne a goletsa batho ba gagwe. Ka go bua mafoko ao Petere a a tsopotseng moragonyana, gangwe le gape Jehofa o ne a re: “Lo tla nna boitshèpō: ka gonne Nna Yehofa Modimo oa lona ke boitshèpō.”—Lefitiko 11:44; 19:2; 20:26.
‘Molao o Boitshepo, o Tshiamo, le Molemo’
7, 8. (a) Baiseraele ba ne ba ka ‘nna boitshepo’ jang? (b) A o ko o tshwantshanye Molao wa ga Jehofa le Melao ya ga Hamurabi ya Babelona.
7 ‘Go nna boitshepo’ go ne go sa reye gore ba nne boitekanelo kana gore ba itire jaaka ba ba itshepileng; go ne go raya gore ba utlwe melao e mentsi-ntsi e e neng e neetswe Baiseraele ka Moshe. (Ekesodo 19:5, 6) Ka go farologana le melao e mengwe ya merafe, Molao wa Modimo o ne o ka kaiwa jaaka o o ‘boitshepo le o o tshiamo le molemo.’—Baroma 7:12.
8 Ke boammaaruri, Melao ya Babelona ya ga Hamurabi e go tweng e tsile pele ga Molao wa ga Moshe, e akaretsa dikgang tse di tshwanang. Dingwe tsa ditaolo tsa yone, jaaka go ne go ntse ka molao wa ‘leitlho le tswelwe ke leitlho,’ kana ipusolosetso, e tshwana fela le melao-metheo ya ga Moshe. Jalo ba ba kgalang ba bolela gore Moshe o ne a tabola melao ya gagwe fela mo melaong ya ga Hamurabi. Lefa go ntse jalo, se melao ya ga Hamutabi e neng e se dira fela e ne e le go galaletsa Hamurabi le go tsweledisa maikaelelo a gagwe a sepolotiki. Modimo o ne a neetse Iseraele molao wa gagwe ‘go ba thusa ka metlha yotlhe, gore ba tshele.’ (Duteronome 6:24) Mme ebile ga go na bosupi jo bo nonofileng jwa gore molao wa ga Hamurabi o ne o kile wa tlama ope semolao mo Babelona, fa e se fela “go thusa kafa molaong batho bape ba ba neng ba tlhoka kgakololo.” (The New Encyclopædia Britannica, kgatiso ya 1985, Bolumo 21, tsebe 921) Lefa go le jalo, Molao wa ga Moshe o ne o tlama ebile o na le dikotlhao tse di tshiamo tsa ba ba sa utlweng. Kwa bofelong, melao ya ga Hamurabi e tlhalosa kafa go ka dirisanngwang ka gone le badira-bosula; ke melao e le 5 fela mo go e 280 eo e iletsang dilo ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo jwa Molao wa Modimo e ne e le go kganela ditiro tse di bosula, eseng go di otlhaela.
9. Molao wa ga Moshe o ne o na le nonofo e e kana-kang mo matshelong a Bajuda?
9 Ereka Molao wa ga Moshe o ne o le ‘boitshepo, tshiamo, le molemo,’ o ne o nonofile thata mo matshelong a botho a Bajuda. O ne wa laola kobamelo ya bone, wa dira gore go nne Bosabata ba gore ba emise ditiro tsa bone, o ne o laola ditsamaiso tsa itsholelo tsa morafe, o tlhalosa ka diaparo tse di tlhokafalang, le go kaela dijo tse di tshwanetseng go jewa, tsela ya go tlhakanela dikobo, le mekgwa ya go tshela sentle. Molao wa ga Moshe gape o ne o tlhokomedisa le tsela eo mmele o neng o dira ka yone mo botshelong jwa gale le gale.
“Taolō ea ga Yehofa e Itshekile”
10. (a) Ke ka ntlhayang fa Molao o ile wa dirisanya thata le dikarolo tse di farologanyeng mo botshelong? (b) Molao o ne wa tlotlomatsa jang bophepa jwa mmele le botsogo jo bo molemo? (Akateletsa le mokwalo o o kwa tlase.)
10 Ditao tse di ntseng jalo tse di neng di akaretsa botshelo jwa malatsi otlhe di ne di na le boikaelelo jo bo tlotlegang: Go ntlafatsa Baiseraele—mo mmeleng, mo moyeng, mo tlhaloganyong, le mo boitsholong Ka sekai, melao e e neng e tlhoka gore ba tlhape, ba katele mantle a bone, ba kganelele ba ba neng ba na le malwetsi a a tshelanwang mo lefelong le le lengwe, le go tila dijo dingwe gotlhe go ne go thusa mo botsogong jo bo molemo le mo bophepeng jwa mmele.a—Ekesodo 30:18-20; Lefitiko kgaolo 11; Lef 13:4, 5, 21, 26; 15:16-18, 21-23; Duteronome 23:12-14.
11. Go nna yo o seng phepa kafa mokgweng go ne go raya eng?
11 Lefa go le jalo, botsogo jo bo itekanetseng le go kgopha leswe e ne e le dilo tse tota di tlang morago ga bophepa jwa semoya. Ke sone se fa mongwe a neng a ka ja dijo tse di neng di ilediwa, a neng a ka tlhakanela dikobo, kana a neng a ka tshwara sengwe se se suleng a neng a tsewa jaaka yo o seng phepa kafa mokgweng. (Lefitiko, dikgaolo 11, 15; Dipalō, kgaolo 19) Motho yo o ntseng jalo yo o seng phepa o ne a kganelwa gore o ka tlhakanela mo kobamelong—fa gongwe a bile a ka bolawa! (Lefitiko 15:31; 22:3-8) Mme dikiletso tse di ntseng jalo di ne di amana ka eng le bophepa jwa semoya?
12. Melao ya go nna phepa kafa mokgweng e ne e tlotlomatsa jang bophepa jwa semoya?
12 Kobamelo ya seheitane e ne e dirisana le diaka, kobamelo ya baswi, le tlhapelo. Mme The International Standard Bible Encyclopedia e bolela jaana: “Ga go na tlhakanelo-dikobo epe e e neng e dumelelwa go dirisiwa mo kobamelong ya ga Yahweh. Ka gone, tiro e e ntseng jalo mabapi le seno e ne e tsewa jaaka e e seng phepa. . . . Mo Iseraele baswi ba ne ba tshwarwa ka tsela e e ba tshwanetseng, mme ga go ka tsela epe ba neng ba sisimogwa ka mo go sa tshwanelang kana ba obamelwa . . . Moiseraele o ne a ka seka a nna le botsalano bope jo bongwe le mogabone wa moheitane mo meletlong, eo e neng e akareletsa mokete, ka ntlha ya gore dijo tsa bone di ne di se phepa.” Jalo he ditao tsa Molao di ne tsa dira “lomōta” loa tomologanyo mo dikarolong tsa bodumedi tse di neng di se phepa.—Baefesia 2:14.
13. Molao o ne o tlotlomatsa jang bophepa jwa tlhaloganyo?
13 Molao gape o ne o thusa mo bophepeng jwa tlhaloganyo jwa Baiseraele. Ka sekai, melawana ya one e e neng e amana le dikamano tsa sephiri tsa lenyalo, di ne di thusa mo go tlotlomatseng go akanya ga batho. (Lefitiko 15:16-33) Baiseraele ba ne ba ithuta go ikgapha mo dikgannyeng tsa go tlhakanela dikobo, ba sa ineele mo dikgotelong tse di feteletseng jaaka Bakanana. Molao o ne o bile gape o ruta badirisi ba one go laola maikutlo a bone le dikeletso tsa bone, o kgala go nna le mogopolo wa bogagapa.—Ekesodo 20:17.
14. Molao wa Modimo e ne e le wa mofuta wa one fela jang mabapi le go tlotlomatsa bophepa jwa boitsholo?
14 Lefa go le jalo, se se neng se tshwaega thata-thata, e ne e le go bo Molao o otlelela bophepa jwa boitsholo. Gone go ntse jalo, melao ya ga Hamurabi le yone e ne e kgala diphoso tse di ntseng jaaka boaka. Lefa go ntse jalo, setlhogo sengwe go The Biblical Archaeologist se ne sa tlhalosa jaana: “Ka go farologana le Bababelona le Baasiria ba ba neng ba tsaya gore boaka e ne e le molato fela o o kgatlhanong le ditshwanelo tsa ditsa-motho ebong monna, molao wa Testamente e Kgologolo o ne o bile gape o tsaya boaka jaaka phoso e e masisi kgatlhanong le boitsholo.”
15. (a) Supa kafa Moiseraele a ka nnang a bo a ile a dira boiteko jo bo nonotileng jwa go nna a le phepa. (b) Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke maiteko a a ntseng jalo?
15 Abo mafoko a mopesalema he a le boammaaruri jang ne: “Taolō ea ga Yehofa e itshekile, e tsenya matlhō lesedi.” (Pesalema 19:8) Ke boammaaruri, ka dinako tse dingwe go nna phepa go tlhoka boiteko jo bo nonotileng. Bommè ba ba sa tswang go tshola, dibekenyana fela morago ga go tshola bana ba bone, ba ne ba tshwanetse go ya Jerusalema gore ba ye go tsenelela mediro ya bointlafatso. (Lefitiko 12:1-8; Luke 2:22-24) Botlhe banna le basadi ba ne ba tlhokwa gore ba intlafatse kafa mokgweng morago ga go tlhakanela dikobo, gammogo le mo maemong a mangwe a a tshwanang. (Lefitiko 15:16, 18; Duteronome 23:9-14; 2 Samuele 11:11-13) Fa ka tiriso ya segakolodi ba ne ba latela Molao mme ba nna ba le phepa, ba ne ba tla ‘solegelwa molemo’—mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo boitsholong, le mo semoyeng. (Isaia 48:17) Mme gape, botlhokwa le bomasisi jwa go nna ba le phepa di ne di tla otlelelwa thata mo go bone. Mme ebile se segolo, maiteko a a ntseng jalo a a pelo-e-phepa a go ba boloka ba le boitshepo a ne a tla dira gore ba amogelwe ke Modimo.
Go Nna Phepa mo Lefatsheng le le Seng Phepa
16, 17. (a) Bakeresete gompieno ba tlhoka ote ba nne phepa ka selekanyo se se kana-kang? (b) Ke ka ntlhayang fa go nna motho a le bepa go le thata jaana gompieno? (c) Batho ba ba wa godimo ba ile ba palelwa jang ke go nna dikao tse di molemo?
16 Jaanong he re ka tlhaloganya sentle mafoko a ga Petere a a reng go Bakeresete: “Lo nnè yaka bana ba ba utlwañ, lo sa ipope kaha dithatoñ tsa lona tsa galè, tsa motlha oa go tlhōka go itse ga lona: Me yaka eo o lo biditseñ a le boitshèpō, le lona lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga lona.”—1 Petere 1:14-16.
17 Gone ke boammaaruri, seo ga se motlhofo. Gongwe le gongwe kwa re lebang gone, re bona batho ba ba dirang boferefere, ba ba sa ikanyegeng, ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang. The New York Times e ne ya bega jaana: “Palo e e ntseng e ya magoletsa ya Maamerika ke ba ba ikgethelang go nna mmogo pele ga ba nyalana.” Le eleng batho ba ba tlotlegang ba tlhoma sekao se se sa siamang. Bangwe ba batho ba ba tumileng thata mo lefatsheng gompieno mo go tsa metshameko, dipolotiki, le boitlosobodutu ke bao kwantle ga go iphitlha ba tlhakanelang mo mefuteng e e farologaneng ya boatla. “Ruri go a swabisa,” ga ikuela jalo morata-metshameko mongwe, “go tlhoma matlho a gago go mongwe jaaka sekao mme a bo a lemotshega jaaka yo o seng phepa.” Bothata ke eng? Batshameki ba le mmalwa ba ba tumileng ba ile ba ipolela gore ke badirisi ba dioko batsi ka tsela e e sa tshwanelang Abo e le gantsinyana jang ne batho bao ba lejwang jaaka megaka ba tshelang matshelo a a seng phepa, ee, le eleng matshelo a a kgamathetseng, jaaka baakahadi, bagokahadi, basodoma ba banna, basodoma ba basadi, magodu, maferefere, le ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi! Ba ka nna ba lebega ba le phepa mo mmeleng, mme melomo ya bone e tletse ka puo e e leswe le matlhapa. Ba ka nna ba bo ba ikgantsha ka go galaletsa botlhaswa phatlalatsa, ba ipelafatsa kaga maitsholo a bone a a sa siamang.
18. Batho ba le bantsi ba ba tshelang matshelo a a seng phepa ba ‘roba se ba se jadileng’ jang?
18 Lefa go le jalo, ga go motlhofo gore mafoko ano a Bibela a ka itebatswa: “Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ.” (Bagalatia 6:7, 8) Boitshwaro jwa bofafalele gantsi bo felela ka malwetsi, le e leng loso, ka ntlha ya malwetsi a a tshwanang le thosola, rasephiphi, le AIDS, fa re umaka fela a a itsegeng thata. Gantsi batho ba ba tshelang matshelo a bofafalele ka dinako tse dingwe ba nna le ditlhaloganyo le maikutlo a a tshwenyegileng bohutsana, le eleng go ipolaya. Mme jalo he, lemororo ba ba tlhakanelang mo ditlwaelong tsa boitsholo jo bo sa siamang ba ka nna ba sotla ba ba reng ba leka go ipoloka ba le phepa, ditshego tsa basotli di a tle di akofe di fele fa ba simolola go ‘roba se ba se jadileng.’—Bapisa Baroma 1:24-27.
19, 20. Baruti ba La-Bodumedi ba ile ba itshupa jang gore ba leswafetse kafa bodumeding le kafa boitsholong?
19 Mme ebile gape re tshela mo lefatsheng le le kgaoganyeng ka bodumedi Baruti ba ka nna ba tla ba apere diaparo tse dintle, tse di phepa, mme tota ba ruta ditiro le dithuto tsa motheo tse di itshekologileng tsa Sebabelona, jaaka kobamelo ya medimo ya disetwa, Tharonngwe, molelo wa dihele, go sa sweng ga moya wa motho, le pakatori. Ba tshwana fela le bagogi ba bodumedi bao Jesu a neng a re ka bone: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo chwana le diphupu tse di shweuhadicweñ, tse di bōnalañ di le dintle kaha ntlè, me mo teñ di tletse marapō a bashwi, le boitshekologō yotlhe hèla.”—Mathaio 23:27, 28.
20 Mme ebile baruti ba bipa boseng-phepa jwa matsomane a bone. Batho ba go itsegeng sentle gore ba na le boitsholo jo bo sa siamang ebile ga ba phepa—baakahadi, bagokahadi, basodoma—ba dumelelwa go tswelela fela ba sa twe sepe. Ka kgang eno, Newsweek e bega jaana: “Moitseanape wa tlhaloganyo wa Maryland ebong Richard Sipe, yo pele e neng e le moruti, o kaya gore mo e ka nnang 20 lekgolong mo baruting ba Katoliki ba U.S. ba le 57 000 ke basodoma . . . Bo-rakalaii ba bangwe ba akanya gore palo e e tlhomameng ya gompieno e ka nna ya atamela 40 lekgolong.” Moruti mongwe wa Mokatoliki ebong John J. McNeill (yo o dumetseng gore ke mosodoma) o buelela bosodoma phatlalatsa: “Go ratana ga basadi ba le babedi kana basodoma ba le babedi, fa fela seo e le lorato lo lo molemo lwa setho, ga se boleo mme ebile ga go tlhoanye baratani le tsamaiso a Modimo, mme go ka nna lorato lo lo itshepileng.”—The Christian Century.
21. Segopodiso se se reng “BOITSHÈPÈLO YEHOFA” se tshwanela jang mo go rona gompieno?
21 Segopodiso se se neng se gokeletswe mo seaparong sa moperesiti yo mogolo ke gone ruri he jaanong se tshwanelang thata o feta le elen pele: “BOITSHÈPÈLŌ YEHOFA.” (Ekesodo 28:36) Ee, Jehofa o tlhoka gore re nne phepa ka ditsela tsotlhe mme ebile o batla jalo! Mme motho o ka dira seo jang? Ke dikarolo dife tse di ka batlang o tlhokomelwa fela thata? Setlhogo se se lete aug se tla tlotla ka dipotso tseo.
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Melao ya ga Hamurabi e ne e sena dipaakanyetso tse di ntseng jalo; mme ebile ga go ise go ko go ñtlhelwe gope mo Baegepetong ba bogologolo moo go neng go na le molao o o tshwanang wa botsogo, lemororo ba ne ba na le kalafi e e kwa godimo thata mo go tsa melemo. Buka ya Ancient Egypt e bua jaana: “[Mo dikwalong tsa kalafi ya Seegepeto] mereo ya maselamose e tswakantswe le dithuso tsa kalafi tse di tlwaelegileng.” Lefa go ntse jalo, Molao wa Modimo o ne o sa tswakana le bodimona bope mme o ne o utlwala kafa boitseanapeng Ka sekai, ke fela mo metlheng ya segompieno jaana dingaka di ileng tsa bona gore go tlhapa morago ga go tshwara ditopo go a tlhokafala, mme e ne e le sengwe seo molao wa ga Moshe o ileng wa se tlhoka diketekete tsa dingwaga tse di fetileng!—Dipalō kgaolo 19.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Jehofa o ‘galalela mo boitshepong’ jang, mme.seno se raya eng mo baobameding ba gagwe?
◻ Molao wa ga Moshe o ne o farologana Jang le melao ya merafe yotlhe e mengwe?
◻ Molao wa ga Moshe o ne o tlotlomatsa jang bophepa jwa mmele, jwa semoya, jwa tlhaloganyo, le jwa boitsholo.
◻ Batho ba le bantsi ba ba tshelang matshelo a a seng phepa ba ‘roba se ba se jadileng’ jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Go obamela medimo e e senang molemo gs ne ga gogela itshwarang jo bo kwa tlase mo Bakananeng
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Courtesy of the British Museum, London
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Melao ya ga Hamurabi e ne ya tsamaisa dilo sentle mo pusan le go galale sa kgosi, mme e ne ya seka ya itshepisa sebabelona
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Louvre Museum, Paris