LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/15 ts. 6
  • Mogodi yo o Bontshang Kanaanelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mogodi yo o Bontshang Kanaanelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Lebogelang Dilo Tsotlhe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Tlhokomela Dikgatlhego tsa Bagodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/15 ts. 6

Mogodi yo o Bontshang Kanaanelo

Mosadimogolo mongwe wa dingwaga tse 79 kwa Japane o ne a tlhotlheletsega go kwala lekwalo le le latelang morago ga a sena go bala tokololo ya Tora ya Tebelo ya June 1, 1987, ya setlhogo se se reng “Ke Mang Yo o Tla Tlhokomelang Batsofe?”

Go Bakaulengwe ba ke ba Tlotlang Thata,

Morago ga fa ke sena go ithuta tokololo ya June 1, 1987 mabapi le batsofe, ke ile ka fitlhela thuto eo e le e e gomotsang le ya bopelonomi. Fa ke sena go fitlha mo serapeng sa 11, ke ne ka tshwanela go dirisa sakatukwe ya me ka go bo ke ne ka nnela go lela mme ke sa kgaotse. Tseo e ne e le dikeledi tsa tebogo e kgolo. Abo seo e ne e le lorato le bopelonomi jang ne! Ke ne ke ka dira fela se Pesalema 150 e se bolelang—bakang Jah! Bakaulengwe ke lo romelela tebogo ya me e e boteng ka boikokobetso ka ntlha ya go gatisa ditlhogo tse di akanyetsang tseno tse di mabapi le go bontsha batsofe bopelonomi, mme lo sa tlogele lefa e le ntlha epe. Legale, ke lebogela ditlhogo tse di molemo tseo lo di gatisang mo kgweding nngwe le nngwe, mme ga ke na mafoko a a lekaneng go lo supegetsa kafa ke anaanelang ka gone. Ke boa gape ke lo leboga.

Ka boitumelo, mongwe le mongwe mo phuthegong ya rona o lorato ebile o pelonomi fela thata. Ba ntsaya ka dikara tsa bone re ya go rera ba bo ba mpusa, mme ka ntlha ya tirelo ya bone ya bopelonomi, ke mmulatsela yo o thusang. Ke leboga thatathata go bo letsatsi lengwe le lengwe ke kgona go tshela mo phuthegong e e molemolemo le e e sireletsang e e ntseng jaana.

Mo lefatsheng gompieno, koo batsofe ba ntseng ba ntsifala mme ba sa amogelwe, ga go na sepe se se tlhokegang thata go gaisa masego ao re a amogelang mo Modimong o o lorato jaana. Ke rapelela gore ekete ke ka thusa batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng go ithuta boammaaruri gore ba tle ba ipele le rona.

Ke isa pako go Jehofa le go lo leboga bakaulengwe ba me ba ba rategang. Tswee tswee intshwareleng ka mokwalo wa me o o sa siamang sentle, o o ntlhabisang ditlhong. Ekete Jehofa o ka lo segofatsa mme a lo fa botsogo jo bo molemo.

Mosadimogolo yo o sa tshwanelweng ke sepe sa tsone,

[Go saenne] Nogami

Mafoko a le maikutlo a a ntseng jaana di tiisetsa lebaka la gore lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete ga lo laolwe ke melelwane kana selekanyo sa bogodi. Basupi ba ga Jehofa, bannye le bagolo, ba bontsha gore ke barutwa ka go tshela fela jaaka Jesu a boletse: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela