Ikanye Jah Jehofa!
“Ikanyeñ mo go Yehofa ka bosakhutleñ; gonne mo go [Jah Jehofa] go na le lehika ya bosaeeñkae.”—ISAIA 26:4.
1, 2. Ke pina efe e e itumedisang ya pako e e tlhalosiwang go Isaia 26:1-6, mme ka ntlhayang?
GO DIGWA ga “motse oa merahe e e boitshègañ” go dira gore go nne le pina ya phenyo! (Isaia 25:3) Ka mo go tshwanetseng he, polelelo pele e e go Isaia kgaolo 26, temana 1 go ya go 6, e tlhagisa pina ya boipelo ya pako go Molaodi wa Lobopo Lotlhe Jehofa. Mme le gone jaanong e a opelwa “mo lehatshiñ ya Yuda,” Juda e le mo go rayang “Bokile.” Fano gape, King James Version e dirisa tlhaloso “MORENA JEHOFA” koo leina la bomodimo le patagantsweng. Mme a bo mafoko a pina eo a itumedisa thata jang ne jaaka fa a bonala go New World Translation, koo fano le mo dikarolong tse dingwe mo leina la bomodimo le tlhagang gone le kwadilweng kafa tshwanelong!
2 Mme jaanong reetsa pina e e monate eo: “Re na le motse o o thata; polokō o [Jehofa] tla e tlhōma, gore e nnè dithakō le diphemèlō. Bulañ dikgōrō, gore morahe o o siameñ, o o tshegetsañ boamarure o tsènè. Ena eo pelo ea gagwè e ikaegileñ mo go wèna, u tla mo nnisa mo kagishoñ e e tlhōmameñ; ka a ikantse mo go wèna. Ikanyeñ mo go Yehofa ka bosakhutleñ; gonne mo go MORÉNA YEHOFA go na le lehika ya bosaeeñkae. Gonne o holositse ba ba agileñ kwa godimo eboñ motse o o kwa godimo: o o beile kwa tlhatse, a o baea mo mbuñ tōta; a o tlisa le mo loroleñ hèla. Lonaō lo tla o gatakèla tlhatse; le tse e leñ dinaō tsa bahumanegi, le dikgatō tsa batlhoki.” Abo go ipedisa jang ne go nna gareng ga ba ba ikanyang bao jaanong ba tlhakanetseng mo go opeleng pina—Basupi ba ga Jehofa!
3. (a) “Morahe o o siameñ” ke eng, mme ke bomang ba ba tsenyeng ka “dikgōrō” tsa one tse di bulegileng? (b) Phuthego ya ga Jehofa e gatela pele jang e kitlanye go sa kgathalesege maiteko a mmaba go e senya?
3 Morena Jehofa—Jah Jehofa—ruri o tla isa kwa tlase baikgodisi mme a golole ba ba ikanyang mo go ene ka metlha yotlhe. Lemororo pele e ne e le “eo mmōtlana,” Iseraele wa semoya o fetogile “morahe o o thata,” “morahe o o siameñ.” Ka “dikgōrō” tse di bulegileng tsa phuthego ya ga Jehofa ya seka-motse, mo teng go ile ga tsena bontsi jo bogolo jwa balekane ba ba pelontle ba ba fetang dimilione tse tharo. Botlhe fela ba bopa bokaulengwe jwa merafe yotlhe, bao palo ya baagi ba one e fetang bobotlana merafe e le 57 eo e bopang seo se bidiwang go twe ke Merafe e e Kopaneng. Mme “morahe” wa Modimo le bao ba kopanelang le one ruri ba kitlane. Mo lefatsheng ka bophara, tshekamelo ya bone ke go utlwa melao-metheo ya gagwe ya tshiamo. “Dithakō” tsa phuthego tsa “morahe wa Modimo” di ntse jaaka thebe kgatlhanong le maiteko a ga Satane go senya boikanyego jwa go tshegetsa boammaaruri. Mmaba o ka se kgaupetse kgatelo-pele e e ikanyegang ya batho ba Modimo! Boikanyo jwa rona ka metlha yotlhe bo mo go ‘Jah Jehofa, lefika ja bosaengkae.’—Isaia 54:17; 60:22.
4, 5. (a) “Motse o o kwa godimo” ke eng, mme batho ba ga Jehofa ba o gataka jang ka tsela ya tshwantshetso? (b) Polelelo pele ya Isaia 26:10 e diragadiwa leng ka botlalo, mme ka tsela efe? (c) Ke tiragatso efe e nngwe e polelelo pele eno e nang nayo?
4 Jaaka re ntse re ntsha tlhagiso ya gore Jehofa o tloga a folosa “ba ba agileñ kwa godimo,” “Babelona o Mogolo,” ke mo go itumedisang pelo go bona batlhoki le bahumanegi ba lefatshe ba inaakanya le mafoko a a molemo a Bogosi. (Tshenolō 18:2, 4, 5) Ka tsela ya tshwantshetso, le bone ba gataka “motse o o kwa godimo,” eseng ka go tlhakanela mo tirong ya go senya, mme ka go tsaya karolo mo go boleleng letsatsi la ipusolosetso ya ga Jehofa mo tsamaisong e e bodileng eo. (Isaia 61:1, 2) Mo jaanong e setseng e le masome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha bopelonomi le eleng mo baikeping ka go ba etela kwa magaeng a bone ka molaetsa o o bolokang botshelo wa Bogosi. Mme phelelo e ile ya nna jaaka go tlhalositswe go Isaia 26:10: “Leha go ka iwa ntlheñ ea moikepi, leha go nntse yalo ga a ke a ithuta tshiamō; mo lehatshiñ ya thōkgamō o tla nna a shōkamisa hèla, a se ke a tlhokomèle borèna yoa ga Yehofa.”
5 Polelelo pele eno ya tsosoloso e diragala thatathata gompieno. Lemororo batho ba fiwa sebaka, ke ba sekae fela ba ba batlang gore ba fetole matshelo a bone gore Jehofa a tle a ba amogele mo “lehatshiñ ya thōkgamō.” Ba ba kgobang Jehofa le Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang ‘ba ka se tlhokomele borena jwa ga Jehofa,’ ka go bo ba se kitla ba falola gore ba ipelele masego a a gakgamatsang ao a tla tlelang setho morago ga leina la ga Jehofa le sena go itshepisiwa. (Isaia 11:9) Polelelo pele eno gape e ka dira le mo Paradaiseng ya lefatshe gareng ga bao ba tsositsweng mo mabitleng. Bafe le bafe ba ba ganang go dira kafa Modimo a batlang ka teng jaaka fa go phepafaditswe mo ‘dikwalong’ tsa bomodimo ka nako eo, maina a bone ga a ne a kwalwa mo ‘lokwalong lwa botshelo.’—Tshenolō 20:12, 15; bapisa Esekiele 33:11.
Jehofa o Laolela Kagiso
6. Ke mafoko afe ao batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba a goeletsang ka boipelo, mme ke ka ntlhayang go ntse jalo?
6 Lefa go le jalo, batho ba ba ikanyegang ba Modimo, ba kgatlhegela thatathata go bona Jah Jehofa a tlotlomadiwa, a galalediwa. Ba ikuela mo go ene gore a ‘laolele kagiso’ mo bathong ba gagwe, mme ka boipelo ba goeletsa ba re: “U atisitse morahe, Yehofa, u atisitse morahe; u galaledicwe: u katisitse melelwane eotlhe ea lehatshe.” (Isaia 26:12, 15) Mo mafatsheng a le 210 mo lefatsheng lotlhe, Jehofa o ntse a tsweletse ka go oketsa batho ba seka-dinku mo morafeng wa gagwe wa semoya. Makgolo le diketekete tsa ba ba sa tswang go kopanela baa kolobediwa. Ba ba ka fetang sephatlo sa milione sa babulatsela ba ba kgethegileng, ba ka metlha, le ba ba thusang ba tsena mo tirelong mo dikgweding tse di kgethegileng. Go agiwa Diholo tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano tse di oketsegileng. Makala a Watch Tower a ntse a atolosa Magae a one a Bethele le difeketiri ebile ba oketsa didirisiwa tse di gatisang. Kgolo e ntse e tsweletse!
7. Ke eng se se dirang gore phuthego ya ga Jehofa ya seka-motse e atologe jaana?
7 Katologo eno e nna gone ka go bo “Kgōsana ea Kagishō” o ntse a laola dikgang tsa batho ba Modimo mo lefatsheng. Ke fela jaaka Isaia a tlhalositse mo polelelo peleng ya gagwe ya pelenyana: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosing yoa gagwè go bo tlhomamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.” (Isaia 9:6, 7) Abo mafoko ao a ile a diragadiwa gompieno ka tsela e e molemo jang ne! Ba ba ikanyang Jehofa ba setse ba itemogela kagiso, tshiamiso, tshiamo, ya puso eo ya kgosana. E ba kopantse mmogo mo kutlwanong e e lorato e e ipelelwang fela ke barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu. (Yohane 13:34, 35) Mme ebile, ba ntse ba lebile pele ka tlhologelelo e kgolo go tla ga puso ya Bogosi jwa ga Jesu e e atamelang ka bofefo moo “kicō ea go itse Yehofa” e tla bong e khurumeditse lefatshe lotlhe.—Isaia 11:9; Daniele 2:35, 44, 45.
8. Ke eng se se kaiwang ke mafoko a ga Jehofa go Isaia 26:20, mme ‘matlonyana’ a amanngwa le eng?
8 Jaaka katologo ya Bogosi e ntse e tsamaela go ya setlhoeng sa yone, mokgosi wa ga Jehofa go Isaia 26:20 o ntse o tlhaeletsa: “Ntlo, wèna chaba ea me, u tsènè mo matlunyaneñ a gago, u icwalèlè meyakō u le kwa teñ; u iphitlhè ka lobaka lo lonyenyane, go tsamaee kgakalō e hete.” Kwantle ga pelaelo ‘matlonyana’ a polelelo pele eno a golagana thatathata le diphuthego tsa seka-motse tse di fetang 54 000 kana go feta tseo di thusang Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe gompieno. Se Jehofa a santseng a se gopotse se santse se tla bonwa. Mme re ka tlhomamisega gore fa a senya baikepi, o tla sireletsa batho ba ba ikantseng mo go ena, fela jaaka a ne a dira mo motlheng wa ga Isaia ka go busetsa morago Baasiria ba ba setlhogo.—Isaia 10:24-26.
Kgololo e a Tiisediwa!
9. (a) Kgosi Hesekia o ne a bontsha jang gore o ikantse mo go Jehofa? (b) Fa re bogisiwa kana re kgobiwa ke ba ba tlhoileng Jehofa, re tshwanetse go itshwara jang kafa tshwanelong?
9 Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba ikantse mo go ene fela jaaka go ne ga dira Kgosi Hesekia. O ne a ikaega gotlhelele ka Jehofa jaaka Molaodi wa gagwe wa Lobopo. Jalo he, e ne ya re fa matshosetsi a Asiria a le magolo, a rapela Jehofa ka mafoko ano: “Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o o dutseñ mo godimo ga dicheruba, ke wèna Modimo, E, wèna wesi hèla, oa magosi aotlhe a lehatshe; u dihile legodimo le lehatshe. Sekèga tsèbè ea gago, Yehofa, u utlwè, budulola matlhō a gago, Yehofa, u bōnè; me u utlwè mahoko aotlhe a ga Senakeribe, eo o romileñ gore go kgōywè Modimo o o tshedileñ.” (Isaia 37:16, 17) A fa o bogisiwa, o sotliwa, kana o kgojwa ke ba ba ilang Jehofa, a pelo ya gago ga e gakologelwe thapelo e e tshwanang le eno? Ka go ikanya ka botlalo mo go Jehofa, a ga o mo lope gore a tlose sekgobo mo leineng ja gagwe? Ke ka tsela eo Jesu a neng a ikutlwa ka yone kaga go swela mo thupeng ya tlhokofatso. O ne a ba a kopa gore senwelo seo a neng a tloga a se nwa ekete se ka ‘tloga’ mo go ene ka ntlha ya kgobo e kgolo mo go rraagwe.—Mathaio 26:39-44.
10. (a) Thapelo ya ga Hesekia e ne ya senolang kaga se a neng a amegile ka sone segolo? (b) Re ka tshwana jang le Hesekia fa re ntse re lebaganye le diteko pele fela ga Hara–Magedona?
10 Thapelo ya ga Hesekia e ne e bontsha gore o ne a sena boikutlo bope jwa bogagapa fa a ne a batla go gololwa mo Baasirieng. O ne a sa leke fela go iphalotsa. Go na le moo, o ne a amegile ka gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe le gore bolaodi jwa Gagwe bo tlotlomadiwe. Ka jalo, thapelo ya gagwe e ne ya wela ka mafoko a a reng: “Me ke gōna, yana, Yehofa Modimo oa rona, re halodisè mo seatleñ sa gagwè, gore magosi aotlhe a lehatshe a itse ha u le Yehofa, E, wèna wesi hèla.” (Isaia 37:20) Ka tsela e e tshwanang, fa re ntse re lebaganye le diteko tseo di tla tlang pele ga ntwa ya makgaola-kgang ya Hara–Magedona, a re gakologelweng gore polokesego ya rona ya sebele e tla morago ga go itshepisa leina la ga Jehofa. Ke fela jaaka Molaodi wa rona wa Lobopo a ne a bolela ga makgetlo a ka nna 60 ka moperofeti wa gagwe Esekiele: “Ba tla itse ha ke le Yehofa.”—Esekiele 38:23.
11. (a) Ke phoso efe eo Senakeribe a ileng a e dira, mme Jehofa o ne a reng malebana le seno? (b) Ponong ya se se neng sa diragalela Senakeribe, ke ikanyo efe e re ka nnang le yone?
11 Morago ga fa Hesekia a sena go rapela, Isaia o ne a itsise kgosi ka lefoko le Jehofa a le buileng kgatlhanong le Senakeribe. Abo motlhapatsi yoo wa Moasiria a ne a fositse jang ne mo go kgobeng Modimo o o tshedileng! Jehofa o ne a bolela jaana malebana le Senakaribe ka Isaia: “U kgobile ua ba ua tlhapatsa mañ? lencwe ya gago u le choleleditse mañ, ua pègèla mañ matlhō a gago godimo? ke Moitshepi oa Iseraela hèla.” Mme e ne e le Moitshepi wa Iseraele yo o neng a tsaya kgato mo bosigong joo! E ne ya nna moengele a le mongwe fela wa ga Jehofa yo o neng a bolaya masole a Baasiria a le 185 000 gore a nne “ditoto hèla,” bao e neng e le diganka tsa mophato wa ga Senakeribe. Kgosi eo e e ikgodisang e ne ya ikgogela morago ka ditlhong kwa Ninefe mme ya re dingwaga di sekae moragonyana ga moo a bolawa ke bomorwawe ka sebele fa a ntse a ganeletse mo kobamelong ya gagwe ya medimo ya disetwa. Re ka ikanya mo go Jehofa, re tlhomamisa ka botlalo gore O tla tlisa se se tshwanang mo go Satane le mo bathusing botlhe ba gagwe bao ka lonyatso ba ntseng ba kgoba le go bogisa Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 37:23, 36-38.
Go Busolosetsa “Babolaiwa”
12. (a) Isaia 26:21 e tlhalosa jang boikarabelelo jo bo tla nnang gone ka Hara–Magedona? (b) Ke bomang ba eleng “babolaiwa” ba ba tla lefediwang le eleng pele ga Hara–Magedona, mme jang?
12 E ne e le seemo sa tlhabano se se boitshegang ka nako eo, mme go santse go tla tiragalo e nngwe e e boitshegang ka “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:21) Jehofa o re laletsa gore re lebe bogolo jwa polao eo; “Gonne, bōnañ, Yehofa o cwa mo heloñ ga gagwè, a cwèla go beletsa banni ba lehatshe boikèpō yoa bōnè; lehatshe le yeōna le tla senola madi a yeōna, me ga le ketla le tlhōla le bipa babolaiwa ba yeōna.” (Isaia 26:21) Santlha, Jehofa o tla dira gore mebuso ya sepolotiki e diragatse katlholo mo batshegetsing ba bodumedi jwa maaka. Medimo ya bone ya maaka ga e ne e ba falodisa mo motlheng oo! A mopapa wa Roma a nne a kokoanye ditumelo tsotlhe tsa “Babelona o mogolo” go kopanela dithapelo tsa botlhakanela-tumelo. Ga go ope wa batshegetsi bano ba tlhakanelo-tumelo yo o tlotlang Modimo wa boammaaruri le yo o tshedileng, Jehofa. Dithuto tsa bone ke tse di phoso, tse eseng tsa Bibela, mme le tsone ditsela tsa bone. Ba ile ba bolaana go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga. Ba ile ba tsholola madi a Bakeresete ba ba sa tlhabaneng. Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, bontsi jwa badira-phoso bano ba ile ba tshegetsa babusa-esi ba ba setlhogo ba ba ileng ba bolaya Basupi ba ga Jehofa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso ka go ba thuntsha ka tlhobolo le ka go ba rema ka selepe. Fela jaaka Jehofa ka tlhamalalo a ile a bolela ka baperofeti ba gagwe, “babolaiwa” bao ba tla lefediwa.—Duteronome 32:41, 43; Isaia 1:24; 63:4; Tshenolō 17:15-18; 18:21, 24.
13. Isaia o bolelela pele eng mabapi le “letsatsi ya ga Yehofa,” mme mafoko ano a dira mo go bomang?
13 Morago ga fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa, Jehofa o tla itlhaganelela go tlhabana le baganetsi botlhe ba ba setseng ba Bogosi jwa ga Keresete. Go baganetsi botlhe ba ba ntseng jalo, gammogo le go “Babelona o mogolo,” lefoko la Modimo go Isaia 13:6, 9 le a dira: “Bōkōlèlañ; gonne letsatsi ya ga Yehofa le gauhi; le tla tla yaka tshenyègō e e cwañ mo go Mothataeotlhe. Bonañ letsatsi ya ga Yehofa leè tla, ya bolalome, ka chakgalō le bogale yo bo tukañ, go diha lehatshe chwahalō, le go senyetsa rure baleohi ba ba mo go yeōna.” Go tla bo go ntse fela jaaka mopesalema Dafide a ne a bolelela pele: “Yehofa o boloka botlhe ba ba mo ratañ; me baikepi botlhe o tla ba senya.”—Pesalema 145:20; Tshenolō 19:11-21.
14. Ke mafoko afe a mangwe a ga Isaia ao merafe e tla bong e dira sentle go a tlhokomela, mme ka ntlhayang?
14 Merafe e e mo lefatsheng e tla bo e dira sentle go reetsa mafoko a mangwe a ga Isaia go kgaolo 34, ditemana 1 go ya go 8: “Atamèlañ lona merahe, lo tlè go utlwa; lo reetseñ lona dichaba. . . . Gonne Yehofa o gakaletse merahe eotlhe, o shakgaletse ntwa eotlhe ea eōna; o e senyeditse rure, o e neetse go gailwa hèla. Babolaiwa ba bōnè ba tla latlhèlwa kwa ntlè, me sehoka sa ditoto tsa bōnè se tla phunyèga, le dithaba di tla nyèra ka madi a bōnè. . . . Gonne ke letsatsi ya pusholoshō ea ga Yehofa.” Gompieno, mo dipolotiking, mo dikgwebong tse dikgolo, le mo bodumeding jwa maaka, tshenyego le boitsholo jo bo sa siamang di atile thata. Mme Jehofa o rulaganyeditse gore go nne le lefatshe je le phepa. Ka ntlha ya seno, o ntse a phutha merafe—go ya phalolong—batho bao ba ikemiseditseng go fetola matshelo a bone gore ba mo direle ka tshiamo. Botlhe ba bangwe ba tshwanetse go nyelela mo letsatsing ya pusoloso ya gagwe.—Yeremia 25:31-33.
Paradaise ya Kagiso
15. Ke eng seo Isaia e se tlhalosang mo go kgaolo 35 mabapi le (a) gompieno? (b) isagwe?
15 Mo go Isaia kgaolo 35, moperofeti wa Modimo o tswelela a bua ka tsela ya tshwantshetso, go tlhalosa seemo sa batho ba ba tsosolositsweng ba ga Jehofa, ba gompieno ba ntseng ba mo ikantse ka metlha. Ka go bo ba phuthetswe mo paradaiseng ya semoya, bano ba tla “bōna kgalalèlō ya ga Jehofa, le boitlotlomaco yoa Modimo oa rona.” Ba bile gape ba solofetse go bona paradaise ya sebele le tiragatso ya tsholofetso e e reng: “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla; gonne metse a tla phunyèga mo nageñ, le dinokana mo sekakeñ.” (Isaia 35:1, 2, 5, 6) A o ipelela go nna le tebelelo eo? A o ikantse mo go Jehofa, o tlhomamisa gore o tla diragatsa ditsholofetso tseo?
16, 17. (a) Ke boikuelo bofe jo bo potlakileng jo Isaia a bo tlhagisang fa a ntse a tlhalosa Paradaise? (b) Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go arabela jang mo boikuelong jono?
16 Ka go ikanya mo go Jehofa, o ka nna wa nna le seabe mo go kgothatseng ba basha, gammogo le ba bangwe bao tumelo ya bone e tlhokang gore e tiisiwe. Fa a ntse a tlhalosa ka Paradaise, moperofeti Isaia o latlhela boikuelo jono jo bo potlakileng: “Thatahatsañ diatla tse di bokōa, lo lomaganyè mañōlè a a kgwetlhañ. Raeañ bōnè ba pelo e e lohaha, lo re, Thatahalañ, se boiheñ: bōnañ, Modimo oa lona o tla tla ka pusholoshō, le ka teheco ea Modimo; o tla tla, a lo boloka.” (Isaia 35:3, 4) Ee, re batla botlhe bao dipelo tsa bone di ratang tshiamo ba ikanya mo go Jehofa, gore ba tle ba goroge mo lefatsheng la Paradaise.
17 A mme he re tshegetseng botlhe ba ba repisang diatla gore ba ‘kgomarele thata lefoko la botshelo.’ A re tlameng bafe le bafe ba ba nang le mangole a a kgwetlhang, re ba thusa mo go tlhokafalang gone gore ba ‘tsamaye mo go tshwanetseng Jehofa go mo kgatlha gotlhe.’ (Bafilipi 2:16; Bakolosa 1:10) Ee, a re gomotseng bape ba ba ka neng ba hutsafetse mo dipelong, mme a re kgothatsanyeng, fa re lebaganye le diteko kana dipogiso, go ‘bua lefoko la Modimo re sena poifo.’ (Bafilipi 1:14; 1 Bathesalonia 5:14; Baefesia 5:15, 16) Mme he jaanong, e tla re fa letsatsi la ga Jehofa la pusoloso le tla, re ka tlhomamisega gore o tla re segofatsa jaaka fa a tla ‘go boloka batho ba gagwe.’ Mo letsatsing jeo, a o tla nna gareng ga bao ba ikantseng go Jehofa go bona poloko?
18. Ke tebelelo efe e e galalelang e e kwa pele ga bao ba ikantseng mo go Jehofa, mme jalo, ke eng se ba ititeileng sehuba go se dira?
18 Mo go bao ka metlha yotlhe ba ikanyang mo go Jehofa, a bo go na le tebelelo e e molemolemo jang ne go pota letsatsi leo ka kwa! Bagateledi ba ba leofileng ba tla bo ba nyeletse! Mo lefatsheng je lesha, barati ba ga Jah Jehofa ba tla tsosolosiwa ke Morwawe go nna ba ba itekanetseng ba ba senang boleo! A o tlhologeletswe go bona nako eo? Go ikanya mo go Jehofa go tla go gorosa mo letsatsing jeo je le molemolemo. Ee, ikanyeng mo go Jehofa ka metlha yotlhe, gonne seno se raya poloko!
Dipotso tsa Poeletso
◻ Pina ya phenyo e e go Isaia 26 e re kgothaletsa go dirang?
◻ “Motse o o kwa godimo” ke ofe o Jehofa a tla o isang kwa tlase, mme re o gataka jang?
◻ Ke eng se re se ithutang go tswa thapelong ya ga Hesekia fa a ne a lebaganye le matshosetsi a ga Senakeribe?
◻ “Babolaiwa” ba Isaia 26:21 ba tla lefediwa jang?
◻ Go tla felela ka eng fa re ikanya mo go Jah Jehofa?
[Lebokoso mo go tsebe 19]
A Ofisi ya ga Mopapa e Sekisiwe?
Fa e ne e tlhalosa dintlha ka kakaretso mo setlhogong sa ga Umberto Siniscalchi go Il Giornale ya Milan, World Press Review e ne ya tlhalosa ya re: “Kgotla-kgolo e e kwa godimo ya boikuelo ya Italy e kgalwa thatathata ka go bo e ne ya re ka July [1987], ya gana ditetlelelo tsa go tshwara badiri ba banka ya Vatican bao ba neng ba kopanyeleditswe mo tiragalong e e maswe ya boikanyologi mo Banco Ambrosiano.” Phetso ya yone, eo e neng e theilwe mo tumalanong ya bogologolo magareng ga Vatican le mmuso wa Italy, e ne ya dira gore modulasetilo wa banka, yo o leng bishopo-mogolo, gammogo le molaodi-mogolo wa banka le motlhokomela-dibuka tsa matlotlo yo mogolo ba nne ba ba sekeng ba bonwa molato. Tlhaloso e ne ya oketsa ka go re: “Ba ba neng ba kgala seno, lemororo ba ne ba sa nyatse phetso ya baatlhodi, ba ikutlwa gore tumalano eo e tlhabantshanya le motheo wa tsamaiso-puso ya Italy ka go dira gore bao ba dirileng melato mo lefatsheng la Italy ba bo ba nna ba ba sekeng ba bonwa molato. Batlhoma-molao bangwe ba gagamaletse gore ditsamaiso tsa dikgotla tsa Italy di dumalane go sekisa Ofisi ya ga Mopapa ka ntlha ya borukutlhi jo bo dirilweng mo Italy.”