Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A Jesu o ne a raya Judase fa a ne a raya Pilatwe are: “Ke gōna eo o ntsentseñ mo seatleñ sa gaga o na le boleo bogolo”?—Yohane 19:11.
Ga go bonale gare Jesu fano o ne a lebisitse go Judase kana go mothe mongwe fela yo o rileng. Go ne go na le batho ba le bantsinyana ba ba neng ba le molato mo ditiragalong tse di neng di kopanyelediwa mo go iseng Jesu fa pele ga ga Pilatwe le gore a lebagane le loso.
Gantsi, Judase ke ene a gakologelwang pele ka go bo moaposetoloi yo o bosula yoo o ne a fetoga mooki. (Yohane 6:64, 71; 12:4-6) Judase o ne a kopana le baperesiti ba bagolo, ba ba neng ba batla ‘go bolaya’ Jesu. Ba ne baduelaJudase dipapetlana tsa selefera di le 30 gore a mo oke. (Luke 22:2-6) Kwant le ga pelaelo, Judase he, o ne a nna le boleo jo bogolo mabapi le loso lwa ga Jesu.
Mme ga se Judase fela yo o neng a bolaya Jesu. Moperesiti yo mogolo Kaiafase o ne a tlhotlheleditse ba bangwe gare ba dire gore Jesu a bolawe. (Yohane 11:49, 50) Mathaio o anela gore fa “ditlhōgō tsa baperesiti, le lekgotla yeotlhe” le sena go bona Jesu molato, ba ne ba dira mmogo e le setlhopha. “Ditlhōgō cotlhe tsa baperisiti le bagolwane ba batho, ba gakololana kaga Yesu, go mmolaea. Me ba mo golèga, ba mo tsaea, ba ea go mo neèla Pilatwe molaodi.” (Mathaio 26:59-65; 27:1, 2) Mme gape, fa Pilatwe a sena go tlhoka Jesu molato, “machutichuti” a kopa gore Barabase a gololwe. Phapaanong le seo, ba ne ba goeletsa kaga Jesu ba re: “A a bapolwè.”—Mathaio 27:20-23; Yohane 18:40.
Jalo go bonala fa Jesu a ne a sa bue ka motho mongwe yo o rileng fa a ne a raya Pilatwe are: “Eo o ntsentseñ mo seatleñ sa gaga o na le boleo bogolo.” (Yohane 19:11) Lemararo Judase, “nwana oa tatlhègo,” a ne a na le molato o mogolo, ba le bantsi le bone ba ne ba nna le molato wa boleo jwa go bolaya Jesu. (Yohane 17:12) Ke sone seo mo letsatsing la Pentekosete moaposetoloi Petere a neng a ikuela mo Bajudeng gare ba ikwatlhaele boleo jwa bone jo bo masisi kgatlhanong le Morwa Modimo. (Ditihō 2:36-38) Bajuda bao ba ne ba le karolo ya marafe o o neng o tshwaetswe Modimo wa ga Jesu, Jehofa. Ba ne ba na le dipolelelopele tseo di neng di kgetholola Jesu jaaka Mesia. Mme ba le bantsi mo go bone ba ne ba bona dikgakgamatso tsa ga Jesu. Ka jalo ruri ba ne ba na le molato wa boleo go feta mogolwane yo o neng e se Mojuda yo o neng a bolela fa Jesu a sena molato.—Yohane 18:38.
◼ Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a bolelela Esekiele gore sefatlhego sa gagwe se ne se tla gwalala, jaaka difatlhego tsa Bajuda?
Esekiele e ne e le moperofeli wa Modimo, yo o neng a direla mo gare ga Bajuda bao ba neng ba isitswe bolshwarwa kwa Babelona. Go bonala fa balshwarwa banc ba ne ba akanya gare Jehofa o ne a tla ba golola ka bonako ka tsela nngwe gonne e ne e le balho ba gagwe ba ba itlhophetsweng. Ba ne ba sa amogele lebaka la gare seo se neng se ba tlhagetse se ne se ba diragalelse ka go bo ba ne ba tshwanelwa ke gare a se ka a ba amogela.
Ka jalo fa Jehofa a ne a laela Esekiele gore a “buè nabO ka mahoko a [Gagwe],” e ne e se kabelo e e bonolo. Fa Modimo o ne o baakanyetsa moperofeti yoo kabelo eo o ne wa mo tlhagisa ka gore “ga ba ketla ba gu reetsa; gonne ga ba ketla ba reelsa nna: ka go bo botlhe ba ntlo ea Iseraela ba phatla e e logwadi, le pelo e e leshōkō.”—Esekiele 3:4, 7.
Mo ntlheng eno Modimo o ne wa bolelela Esekiele jaana: “Bōna, ke gwaladitse sehatlhōgō sa gaga sa chwana le dihatlhōgō tsa bōnè, ke gwaladitse phatla ea gaga ea chwana le diphatla tsa bōnè. Ke thalahaditse phatla ea gaga ea nna yaka lencwètshipi ye le thata bogolo go lekgèthu: u se ka ua [ba] boiha.”—Esekiele 3:8, 9.
Batho bao ba ne ba le tlhogoe-thata ebile ba tsuolola. (Esekiele 2:6) A ba ne ba tla kgona go fenya morongwa yono wa Modimo kana go mo tshosa? Nnyaa. Ereka Esekiele a ne a engwa nokeng ke Modimo, o ne a se kitla a nna bonolo go gaisa jaaka ba ne ba ntse. Lekgethu ke letlapa le le thata tota, le le thata go gaisa tshipi. Fa e le gore Bajuda ba ba tlhogo-e-thata bano, ba ba sa reetseng ba ne ba ka tshwantshiwa le lekgethu, Esekiele le ene o ne a ka nna jalo. Le eleng go feta moo, o ne a tshwanetse go tshwana le teemane, eleng menerala o o thata go gaisa yotlhe; o thata jaana mo ebileng o ka kgonang go ngapa lekgethu.—Yeremia 17:1, 2.
Eleruri sena ga se reye gore batho ba Modimo gompieno ba tshwanetse ba go Isaya e le selo se se eletsegang gare ba nne le maikutlo a a thata, ba sa sisimoge maikutlo a motho yo mongwe, kana le eleng go nna setlhogo fa ba dira seo ba akanyang gore se siame. Tlhokomela seo moaposetoloi Petere a neng a se kgothaletsa mabapi le go dirisana le batho ba bangwe: “Nnañ maikutlō mañwe hèla lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana yaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobeco: Lo sa lehetse boshula ka boshula, Leha e le kgōbō ka kgōbō: me bogolo e nnè ka go segōhatsa.”—1 Petere 3:8, 9.
Go utlwela botlhoko le gone ke mangwe a maitlhomo a rona a mago-10 fa re abelana le ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi. (Mathaio 9:36-38) Mme fa re rakana le ba ba senang kgatlhego, re ganwa, kana re ganetswa ka tlhamalalo, ga re na re emisa go bolela molaetsa wa Modimo wa mo motlheng wa rona. Seno se kopanyeletsa go bolela gare o tla tloga a “itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (2 Bathesalonia 1:6-9) Ga re a tshwanelago boifa kana go tshaba. Ka jalo re tla nna thata jaaka teemane jaaka Esekiele a ne a Ishwanetse go nna.