LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/15 ts. 26-29
  • Loeto lo re Se Kitlang re lo Lebala Lwa Kwa Vanuatu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loeto lo re Se Kitlang re lo Lebala Lwa Kwa Vanuatu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Kopano mo Port-Vila
  • Bokopano jwa Rona le “Ba-Small Namba”
  • Go Falola Kgwanyape ya Uma
  • Morago ga Kgwanyape
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/15 ts. 26-29

Loeto lo re Se Kitlang re lo Lebala Lwa Kwa Vanuatu

FA SEFOFANE sa rona se tlhatloga mo lebaleng la difofane la Port-Vila go re busetsa kwa Nouméa, New Caledonia, re ne ra simolola go lemoga gore bontsi jwa dilo tse di neng tsa re diragalela mo loetong lwa rona e ne e le tse re neng re sa di lebelela. Dingwe tsa dilo tseo re neng re di gakologelwa thata e ne e le fela dipono le mekgwasa ya ditlhaketlhake tse dintle tsa Vanuatu le batho ba tsone ba ba pelonomi mme gape le maitemogelo a a tshosang a go falola setsuatsue se se kotsi mo setlhaketlhakeng sa boboatsatsi.

Vanuatu ke setlhopha sa ditlhaketlhake tse di ka tshwarang 80 tse di itirileng jaaka tlhaka y mo borwa-bophirima jwa Pacific, mo e ka nnang dikilometara di le 400 kafa bokone-botlhaba jwa New Caledonia. Go na le ditsala tsa rona tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba gasagasaneng mo ditlhaketlhakeng tseno ba le 84 mo diphuthegong di le pedi. Nna le mosadi wa me re ne re itumetse thata fa re ne re direlwa dithulaganyo tsa gore re ba etele. Fela jaaka gale, ke ne ka tlelwa ke dipotso di le dintsi mo tlhaloganyong. Re tla kopana le maemo a mofuta ofe? Baagi ba ditlhaketlhake tseo ba ntse jang? Mme, sa botlhokwa thata, ba tla arabela jang mo mafokong a a molemo a Bogosi?

Kopano mo Port-Vila

Re ne re bonala re tshwentswe ke go utlwalela gore lemororo bontsi jwa baagi ba koo e ne e le ba lotso lwa Melanesia, go na le dipuo tse di ka fetang lekgolo tse di buiwang mo ditlhaketlhakeng tseno. Mme re ne ra gomodiwa ke go fitlhela gore go ne go na le mofuta mongwe wa puo ya Pidgiñ English e e bidiwang Bislama e e neng e buiwa ke batho ka bontsi. Jalo go ne go se kitla go nna le bothata bo le bontsi jwa go buis ana le batho.

Lefelo la ntlha leo re neng ra ema kwa go lone e ne e le Port-Vila, motse-mogolo wa Vanuatu. Fano, re ne ra nna gone mo Kopanong ya Kgaolo ya “Kagiso ya Bomodimo.” Basupi ba lefelo leo ba ne ba dira ka bonatla go e baakanyetsa. Go ne go itumedisa thata go kopana le batla-kopanong ba ba neng ba tswa ditlhaketlhakeng tse di kgakala ba ba neng ba bolokile madi ka dikgwedi di le dintsi gore ba tle ba kgone loeto 100.

Holo e go neng go kopanetswe mo go yone e ne ya tlala go tswa fela mo letsatsing la ntlha la kopano. Batho ba ka feta 300 ba ne ba tla go bona diterama tsa Bibela tse di neng di supiwa ka divideotheipi. Selo seno se ne se tlhomologile thata, fa re akanya gore go na le baboledi ba Bogosi ba le 84 fela mo ditlhaketlhakeng tseo. Tota ruri, Jehofa o ntse a baakanyetsa thobo e e molemo mo mafatshenyaneng a mabotlana ano a a fa gare ga Lewatle la Pacific.

Bokopano jwa Rona le “Ba-Small Namba”

Mo letsatsing le le latelang, mokaulengwe yo mongwe wa lefelo leo o ne a tsamaya le nna ka sefofane se sebotlana mme ra leba kwa setlhaketlhakeng sa Malekula. Morago ga loeto lwa sefofane lo lo makgwakgwa lwa go kgaphea mo phefong, re ne ra kotamisa sefofane mo South West Bay. Tsala ya me o ne a ya go senka ntsalae gore a re adime mokoro. E ne e le yone tsela fela ya go fitlha kwa motsaneng wa Letokas, koo re neng re ya gone.

Fa re nt se re le mo loetong lwa rona ka mokoro re iphaphathile le lotshitshi, ke ne ka kgatlhwa thata ke bontle jwa tlholego jwa setlhaketlhake seno. Mekgokolosa ya mafika e e fologelang mo teng ga lewatle ruri e ne e kgatlhisa. Ditlhatshana tse ditalana di ne di le gongwe le gongwe, di kgabisitswe ka dithunya tse di tsabakelang kana di apesitswe ke merara, dimela, le ditlhare tse dintle. Dinonyane tse di mebalabala di ne di ntse di fofafofa mo ditlhareng, jaaka dithaga tsa kokonate.

Fa re ntse re le mo mokorong re ne re kgona go bona gape bontle jwa lewatle—lekekema la lewatle, dijo tsa baagi ba ditlhaketlhake. Batho go tswa dintlheng tsotlhe tsa lefatshe ba tla go shapa le go kgatlhegela bontle jwa lekekema le ditlhapi tsa boboatsatsi. Dikgopana le di-lobster le tsone di dintsi, mme baagi ba koo ba di tshwara ka letloa le go di tsoma ka digai gore ba di je.

Ka bonakonyana re ne ra lemoga mosi o o neng o tlhatloga mo masimong a kokonate kgakalanyana. O ne o re supegetsa gore re setse re gorogile kwa re yang teng, lekadiba le lentle gaufi le Bamboo Bay. Fa re ntse re atamela gaufi le lotshitshi, re ne ra dikaganyediwa ke maruarua ao a neng a tla go tshamekela fa go rona. Go tswa foo re ne ra bona banna bangwe ba tshotse mara le metswi mme ba ntse ba supa kwa le kwa ka ntlha ya boitumelo. Mo go bone, re ne ra bona bakaulengwe ba rona ba itumelela go tla ga rona.

Bano e ne e le Ba-Small Namba ba borwa jwa Malekula, mongwe wa merafe e e kwa thokothoko mo South Pacific. Ba nna mo metsaneng e e mo godimo ga dithaba e go tsayang mosepele wa malatsi a le mantsinyana go ya kwa go yone go tswa fa lotshitshing. Banna ba ne ba a tle ba apare “namba,” motseto o o logilweng ka matlhare a a ngapareditsweng mo banteng ya lekwati. Basadi ba ne ba apara mesese ya lotheka e mekhutshwane e e dirilweng ka bojang. Mo motsaneng mongwe le mongwe, gant si go na le kgotla e e tshwarelang mediro koo go direlwang teng mebino ya go ntsha ditlhabelo le ditiragalo tse dingwe. Lemororo bontsi jwa baagi ba metsana eno ba inaakantse le tsela ya botshelo ya bophirima, ditlwaelo tsa tumela-botlhodi le tsa tumela-badimo di santse di tlwaelesegile.

Go ne ga re itumedisa thata go bona le go dumedisa bakaulengwe. Banna e ne e le batho ba babotlana ka mmele mme ba nonofile thata. Boboi jwa bone le bopelonomi di ne tsa nkgatlha thata. Bangwe ba bana ba ne ba ntshaba ka go bo batho basweu ba ba neng ba ba itse gantsi e ne e le dingaka, mme bana ba ne ba gakologelwa dimao tsa bone!

Motse o ne o kgaogantswe gabedi ke masimo a kokonate a a fa gare. Bontlhanngwe jwa motse bo ne bo beetswe batho ba ba amogetseng boammaaruri, mme ka bofefo ke ne ka utlwa gore seno se dirwa ke eng. Gore ba tle ba emele boammaaruri le go tsweledisa thuto ya bone ya Bibela, bangwe ba ne ba tshwanetse go tshela kwa thoko ba itlhaotse mo baaging ba bangwe ba motse.

Dintlo di agiwa mo godimo ga mekoakoa ya letlhaka. Fa re sena go tsena mo go nngwe ya tsone, ke ne ka angwa ke mosi o montsi o o neng o tswa mo molelong o o neng o le fa gare ga ntlo. Mosi o ne wa dira gore matlho a me a babe, mme legale o ne o bile o leleka montsana le dintsi. Gautshwane, mo ntlwaneng e nngwe, mosadi mongwe o ne a apeile buluk, kana nama, e e neng e besitswe mo matlhareng a laplap, e le ntsho ke dintsi.

Re ne ra laletsa batho go tla thulaganyong ya dsnde mo matsboeng a Laboraro. ne e le puo e e malebana le ditiragalo tsa Basupi ba ga Jehofa e e nang le setlhogo se se reng Go Gatela-pele mo Lefatsheng Lotlhe go sa Kgathalesege Pogiso. Mongwe wa baboledi o ne a ile a re etelela pele mo loetong lwa letsatsi le le lengwe go ya go laletsa bangwe ba baagi ba metsana eno mo dithabeng. Ke ne ke tlhologeletswe go bona gore a jaana ba tla lala ba tlile. Ka maabanyane, lekawana lengwe le ne la goroga le tshotse bora jwa lone le metsu. O ne a setswe morago ke batho ba bangwe ba le bantsinyana. Ke ne ka itumedisiwa thata ke go bona gore boleele jwa mosepele ga bo a ba kganela gore ba ka tla mo pokanong eno.

Ka bonakonyana, re ne re dikaganyeditswe ke mara le metsu. Batho ba ka tshwara 80 ba ne ba tlile, mme re ne ra simolola thulaganyo. Go ne go tshegisa go utlwa medumonyana e ba neng ba e tsosa fa ba gakgamadiwa ke sengwe se ba neng ba se bona mo ditshwantshong.

Morago ga thulaganyo ya ditshwantsho, puisana e ne ya ikaega kaga mekgwa le ditlwaelo tsa batho ba lefelo leo. Banni ba metsana eo ba ne ba reetsa ka kelotlhoko mme ba amogela tlhagiso ya Bibela kgatlhanong le bodimona ka boitumelo e e go 1 Bakorintha 10:20, 21. Go ne go fetile lobaka ba ntse ba gana maiteko a barongwa ba dikereke tsa La-Bodumedi a go ba dira gore ba latele tsela e go tweng ke ya botshelo jwa Bokeresete. Bontlhanngwe e ne e le ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumalane le dithuto tsa motheo tseo di neng di rutwa ke barongwa bao mme ka ntlha e nngwe e ne e le ka go bo ba ne ba ntse ba sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bangwe ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete. Jaanong, banni ba metsana eo ba ne ba itumelela go utlwa ka ga tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tsosolosetsa lefatshe go nna paradaise le go tsosa baswi. Ruri sena se ne sa nkgakolola mafoko a ga Jesu a a go Yohane 8:32: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”

Tumelo ya batho bano le go rata Bibela ga bone le gone go ne ga ba tlisetsa kganetso. Dingwe tsa dikgosi tse di ratang bodumedi di ne tsa pateletsa babusiwa ba bone gore ba kokotele dibukana tsa rona mo mabating a bone jaaka sesupo sa gore ‘ga re batle dilo tseno mo go rona.’ Mme mofuta ono wa kgatelelo o ne o thusitse fela thata gore bangwe ba beng ba matlo ba batle thuto ya Bibela e le gore ba tle ba itse ka boammaaruri. Ke ne ka utlwa botlholm go Hogela ditsala tseno tse di tn()létn6 tM di ratang boammaaruri. Ke ne ka ba solofetsa gore ke tla boa gape mme ke etele motsana wa bone kwa dithabeng.

Go Falola Kgwanyape ya Uma

Loeto lwa rona lo ne lo akaretsa gore re eme mo Espiritu Santo, setlhaketlhake se sengwe se se kwa bokone mo Vanuatu. Koo re ne ra etela phuthego ya Luganville. Lemororo koo go ne go na le mogolwane a le mongwe fela mo phuthegong, go na le moya o montle mo ditsaleng. Mo puong ya Bibela ka Sontaga, re ne ra gakgamadiwa thata ka boitumelo ke go bona batho ba le 150, palo e e menaganeng seraro ya baboledi ba Bogosi.

Re ne ra tshwanelwa ke go boela kwa Port-Vila go ya go tshwara sefofane se se neng se tla re isa gae kwa Nouméa, New Caledonia. Fa re ntse re le mo Port-Vila, re ne ra utlwa mo dikgannyeng tsa Labotlhano motshegare gore kgwanyape ya Vma e ne e le mo tseleng. Batho ba ne ba sa gakgamadiwa thata ke seno, ka go bo mofuta ono wa bosa jwa loapi o tlwaelesegile thata ka nako eo ya ngwaga. Go tswa foo go ne ga begwa gore kgwanyape e ne e tla goroga ka 7:00 p.m. Re ne ra akofa ra romela molaetsa ka seteishene sa seromamowa sa lefelo leo gore nako ya dipokano tsa rona e ne e tla fetolwa. Ke ne ke tshwentswe gape ke mosepele wa rona wa sefofane wa go boela kwa Nouméa ka Sontaga.

Ka 5:30 p.m., phefo e ne e le maatla thata mo eleng gore e ne ya simolola go thuba dingwe tsa difensetere. Re ne ra lemoga gore re tshwanetse go pakela difensetere le mabati gore phefo e seka ya olesegela mo teng mme ya rutlolola thulelo. Re ne ra koega bomaterase, malao, dikobotlo, le ditafole mo difensetereng le mo mabating. Re ne re utlwa jaaka phefo e tshikhinya ntlo ka maatla, mme ka boitumelo sengwe le sengwe se ne sa itshwarelela. Moragonyana, re ne ra utlwalela gore diphefo tseo di ne di foka ka lobelo lwa dikilometara di le 240 ka oura mo bosigong joo.

Ka bonakonyana go ne ga nna tshisibalo. Re ne ra dirisa sebaka sena mme ra taboga ra ya go bona gore Basupi ba ntlo e re bapileng le yone ba ne ba ntse jang. Re ne ra gakgamadiwa ke go bona ditlhare di wetse mo segotlong sa bone mme lengwe la makotswana a kamore le ole. Bokgaitsadi bangwe ba le bararo ba ne ba katagane mo kamoreng e nngwe, ba lebeletse thuso. Re ne ra simolola go ipotsa gore bakaulengwe ba rona ba ne ba ntse jang. Rotlhe re ne ra rapelela gore ekete Jehofa o ka ba sireletsa.

Mo e ka nnang bosigogare, morago ga dioura di fera bobedi tse di lapisang, kgwanyape e ne ya leba kwa mawatleng a borwa. Mme ditladi le dipula di ne tsa tswelelapele. Ka ntlha ya dikgadima, re ne re kgona go bona disanka di rapalet se gongwe le gongwe. Mme ka bofefo ntlo le yone e ne ya simolola go na. Jaanong nako e ne e le 2:30 a.m., mme re ne ra bona gore go botoka gore re ye go bona seemo sa bakaulengwe ba rona.

Morago ga Kgwanyape

Mebila e ne e tletse ka matlhare le dikala tsa ditlhare, dikabetla tsa ditilo le ditafole, disanka le dilwana tsa ntlo. Dipale tsa tshipi tsa dipone di ne di sokegile le go wela fa fatshe. Re ne ra tshwanelwa ke go gobua mo matlakaleng. Re ne re bona namane e tona ya tshenyego fa pele ga rona. Mme morago ga moo re ne ra bona molebedi yo o okamelang le balelapa la gagwe ba roroma mo kareng ya bone. Borulelo jwa ntlo ya bone bo ne bo tserwe ke kgwanyape, mme ntlo e ne e senyegile. Re ne ra gomotsega go bona botlhe ba sa gobala.

Go ne ga lemosega gore kgwanyape eo e ne e le e e di fetileng tsotlhe ka tshenyo mo Vanuatu mo dingwageng tse 25. Mawatle a a kgaphaselang a ne a nwetsa dikepe tsotlhe, mme re ne ra utlwalela gore batho ba le 46 ba ne ba sule kana ba sa bonwe, bontsi jwa bano ba le mo dikepeng. Batho ba ba ka tshwarang 4 000 ba ne ba latlhegelwa ke magae a bone, mme go bolelwa fa tshenyego ya dijalo le dilwana e ne ya tshwara R400 000 000. Re ne ra itumelela go utlwa gore ga go ope wa bakaulengwe ba rona yo o neng a sule kana a gobetse.

Ka bonakonyana, komiti ya namolo e ne ya tlhongwa. Basupi ba ga Jehofa mo New Caledonia ba ne ba romela diponto tse di ka fetang sekete tsa dilwana, go akareletsa le dijo, diaparo, le dilwana tsa go thusa bakaulengwe go aga matlo a bone sesha. Setlhopha sa batho ba ba kgatlhegang kafa ntlheng e nngwe ya setlhaketlhake ba ne ba re itumelela thata fa ba re bona. Dijalo tsa bone di ne di senyegile, mme go ne go setse fela ntlo ya mofuta wa bogologolo eo e falotseng ditsuatsue. Re ne ra dira gore botlhe ba bone dijo tse di lekaneng ka malatsi a le mabedi, mme go tswa foo ra boela kwa Port-Vila.

Babusi ba lefelo leo le bone ba ne ba simolola go ntsha dithuso, le thuso e nngwe e e neng e tswa mo dinageng tse di bapileng e ne ya goroga. Fa sebodu se ntse se ntsifala, puso e ne ya gakolola batho gore ba kgophe leswe mo mebileng ka bofefo jo ba ka bo kgonang. Re ne ra ntsha dikakantsho dingwe kaga tiriso ya metsi gore malwetse a a tshwanang le letshoroma le letlhatso le letshololo a seka a anama.

Mo letsatsing le le latelang la Labone, se se neng sa itumedisa mongwe le mongwe ke gore, re ne ra kgona go supa ditshwantsho. Morago ga pokano, re ne re utlwa go dumaduma ga ditsala jaaka fa di ntse di tlotla. Bontsi jwa bone bo ne bo tshwenyegile ka ntlha ya go latlhegelwa ke dithoto tsa bone. Mme mongwe le mongwe o ne a bontsha moya o montle wa go ikemisetsa go thusa le go tlhokomela ba ba tlhokang. Abo se e ne e le pontsho ya kutlwano ya Bokeresete ruri!

Kgabagare, nako e ne ya tla ya gore re tlogele bakaulengwe ba rona ba ba rategang le bokgaitsadi. Re ne ra kgothadiwa thata-thata ke lorato lwa bone le tlhoafalo. Mathata ao re neng re a bone a ne a re atametsa thata-thata le ba bangwe. Fa sefofane sa rona se tlhatloga mo PortVila, keletso ya dipelo tsa rona e ne e le gore ekete re ka boa ra tla go ba bona gape.—E neetswe.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

(For fully formatted text, see publication)

VANUATU

ESPÍRITU SANTO

Luganville

MALEKULA

EFATE

Port-Vila

NEW CALEDONIA

Nouméa

[Ditshwantsho]

Port-Vila, motse-mogolo wa Vanuatu

Ke rerela mongwe wa baagi ba le’elo

Mongwe wa metse

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ba itumelela go utlwa mafoko a a molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela